Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lo se Lese go Phuthega Mmogo

Lo se Lese go Phuthega Mmogo

 Lo se Lese go Phuthega Mmogo

ikwalo di bolela jaana: ‘A re se leseng go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsane, re dira jalo le go feta e re ka lo bona letsatsi le atamela.’ (Bahebera 10:25) Go bonala sentle gore baobamedi ba boammaaruri ba tshwanetse go kopana mo lefelong la kobamelo go ‘akanyetsana gore ba tlhotlheletsane mo loratong le mo ditirong tse di molemo.’—Bahebera 10:24.

FA MOAPOSETOLOI PAULO a ne a kwala mafoko ano a a leng fa godimo mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa Rona, tempele e ntle kwa Jerusalema e ne e le lefelo la kobamelo la Bajuda. Gape go ne go na le disinagoge. Jesu o ne a ‘ruta mo sinagogeng le mo tempeleng, koo Bajuda botlhe ba neng ba phuthegela gone.’—Johane 18:20.

Paulo o ne a akantse ka mefuta efe ya mafelo a bokopanelo fa a ne a gakolola Bakeresete go phuthega mmogo gore ba kgothatsane? A dikago tse dikgolo tsa bodumedi tsa Labokeresete di tshwana le sepe se se neng se le teng mo thulaganyong ya tempele kwa Jerusalema? Batho ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete ba ne ba simolola leng go dirisa dikago tse dikgolo tsa bodumedi?

‘Ntlo e e Agetsweng Leina la Modimo’

Ditaelo tsa ntlha tse di malebana le lefelo la kobamelo ya Modimo di fitlhelwa mo bukeng ya Baebele ya Ekesodo. Jehofa Modimo o ne a laela setšhaba sa gagwe se a neng a se tlhophile—Baiseraele—go aga “motlaagana,” kgotsa “mogope wa bokopanelo.” Letlole la kgolagano le didirisiwa tse di farologaneng tse di boitshepo  di ne di tshwanetse go bewa mo go one. ‘Kgalalelo ya ga Jehofa e ne ya tlala ka motlaagana’ fa o ne o wediwa ka 1512 B.C.E. Mogope oo o o neng o kgona go tsholediwa o ne o le botlhokwa thata mo thulaganyong ya Modimo ya gore batho ba mo atamele ka dingwaga di feta makgolo a le manè. (Ekesodo, kgaolo 25-27; 40:33-38) Gape Baebele e tlhalosa mogope ono e le “tempele ya ga Jehofa” le ‘ntlo ya ga Jehofa.’—1 Samuele 1:9, 24.

Moragonyana, fa Dafide e ne e le kgosi kwa Jerusalema, o ne a bontsha kafa a neng a eletsa thata ka teng go aga ntlo e e nnetseng ruri gore Jehofa a galalediwe. Le fa go ntse jalo, e re ka Dafide e ne e le monna wa ntwa, Jehofa o ne a mo raya a re: “Ga o kitla o agela leina la me ntlo.” Go na le moo, O ne a tlhopha morwa Dafide e bong Solomone gore e nne ene a agang tempele. (1 Ditiragalo 22:6-10) Solomone o ne a kgakola tempele eo ka 1026 B.C.E., e sena go agiwa ka lobaka lwa dingwaga di le supa le sephatlo. Jehofa o ne a amogela kago eno, a re: “Ke itshepisitse ntlo eno e o e agileng ka go baya leina la me mo go yone ka bosakhutleng; mme matlho a me le pelo ya me ruri di tla itshupa di le mo go yone ka metlha.” (1 Dikgosi 9:3) Fa fela Baiseraele ba ne ba ka nna ba ikanyega, Jehofa o ne a tla amogela ntlo eo. Le fa go ntse jalo, fa ba ne ba ka fapoga mo go se se siameng, Jehofa o ne a ka se tlhole a amogela lefelo leo mme ‘ntlo eno ka boyone e ne e tla nna mekoa ya marope.’—1 Dikgosi 9:4-9; 2 Ditiragalo 7:16, 19, 20.

Fa nako e ntse e ya, Baiseraele ba ile ba tlogela kobamelo ya boammaaruri. (2 Dikgosi 21:1-5) “Ka jalo [Jehofa] a dira gore kgosi ya Bakaladia e ba tsogologele, e e neng ya . . . fisa ntlo ya Modimo wa boammaaruri a ba a rutla lobota lwa Jerusalema; mme ba fisa ditora tsotlhe tsa yone tsa bonno ka molelo le dilwana tsotlhe tsa yone tse di eletsegang, gore a bake tshenyo. Mo godimo ga moo, ba ba falotseng tšhaka a ba isa botshwarwa kwa Babelona, mme ba nna batlhanka ba gagwe le ba bomorwawe.” Baebele e bontsha gore seno se diragetse ka 607 B.C.E.—2 Ditiragalo 36:15-21; Jeremia 52:12-14.

Jaaka moporofeti Isaia a ne a boleletse pele, Modimo o ne a tsosa Kgosi Kurose wa Peresia gore a golole Bajuda mo taolong ya Babelona. (Isaia 45:1) Morago ga go ya botshwarwa dingwaga di le 70, ba ne ba boela kwa Jerusalema ka 537 B.C.E. ka boikaelelo jwa go aga tempele sesha. (Esera 1:1-6; 2:1, 2; Jeremia 29:10) Morago ga gore tiro ya go aga e diege, kgabagare tempele e ne ya wediwa ka 515 B.C.E. mme kobamelo ya Modimo e e itshekileng e ne ya tsosolosiwa. Le fa kago eno e ne e se ntle jaaka tempele ya ga Solomone, e ne ya nna e eme dingwaga di ka nna 600. Le fa go ntse jalo, tempele eno le yone e ne ya senyega ka gonne Baiseraele ba ne ba tlhokomologa kobamelo ya ga Jehofa. Fa Jesu Keresete a tla mo lefatsheng, Kgosi Herode o ne a ntse a aga tempele eno sesha kgato ka kgato. Ke eng se se neng se tla diragalela tempele eno?

‘Ga go Leje le le Tla Tlogelwang mo Godimo ga Leje le Lengwe’

Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana a bua ka tempele ya kwa Jerusalema: “Leje ga le kitla le tlogelwa ka gope fano le le mo godimo ga leje le lengwe mme le sa digelwa fa fatshe.” (Mathaio 24:1, 2) Tumalanong le mafoko ano, lefelo le le neng le itsege ka makgolo a le mantsi a dingwaga e le boremelelo jwa kobamelo ya Modimo le ne la senngwa ka 70 C.E. ke masole a Roma a a neng a tlile go emisa botsuolodi jwa Bajuda. * Tempele eo ga e a ka ya tlhola e agiwa gape. Ka lekgolo la bosupa la dingwaga, go ne ga agiwa lefelo la kobamelo la Bamoseleme le le bidiwang Dome of the Rock mme le gompieno le sa ntse le eme mo lefelong le pele e neng e le la kobamelo ya Bajuda.

 Balatedi ba ga Jesu ba ne ba tla latela thulaganyo efe ya kobamelo? A Bakeresete ba bogologolo ba e neng e le Bajuda ba ne ba tla tswelela pele ba obamela Modimo kwa tempeleng e e neng e tla tloga e senngwa? Bakeresete ba e neng e se Bajuda ba ne ba tla obamela Modimo kae? A dikago tsa bodumedi tsa Labokeresete di ne di tla emisetsa tempele? Puisano ya ga Jesu le mosadi wa Mosamarea e re naya lesedi ka kgang eno.

Go ne go fetile makgolokgolo a dingwaga Basamarea ba obamela Modimo kwa tempeleng e kgolo mo Thabeng ya Gerisime kwa Samarea. Mosadi wa Mosamarea o ne a raya Jesu a re: “Borraaronamogologolwane ba ne ba obamela mo thabeng eno; mme lona lo bolela gore Jerusalema ke lefelo le batho ba tshwanetseng ba obamela kwa go lone.” Jesu o ne a mo araba a re: “Ntumela, mosadi, Nako e etla ya fa lo se kitla lo obamela Rara mo thabeng eno le fa e le kwa Jerusalema.” Go ne go se kitla go tlhola go tlhokega tempele ya mmatota go obamela Jehofa, ka gonne Jesu o ne a tlhalosa jaana: “Modimo ke Moya, mme ba ba mo obamelang ba tshwanetse go obamela ka moya le ka boammaaruri.” (Johane 4:20, 21, 24) Moragonyana moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Baathena jaana: “Modimo yo o neng a dira lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone, e re ka, jaaka Yono a ntse, e le Morena wa legodimo le lefatshe, ga a nne mo ditempeleng tse di dirilweng ka diatla.”—Ditiro 17:24.

Go bonala sentle gore dikago tsa bodumedi tsa Labokeresete ga di amane ka gope le thulaganyo ya tempele ya Motlha wa pele ga Bokeresete. Mme Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa tlhoke go aga mafelo a a ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, fa baaposetoloi ba sena go swa, batho ba ne ba simolola go tlogela dithuto tsa boammaaruri—go tlhanoga—fela jaaka go ne go boleletswe pele. (Ditiro 20:29, 30) Dingwaga di le dintsi pele Mmusimogolo wa Roma e bong Constantine a sokologela mo Bokereseteng ka 313 C.E. jaaka go bolelwa, batho ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete ba ne ba simolola go fapoga mo go se Jesu a neng a se rutile.

Constantine o ne a nna le seabe mo go kopanyeng “Bokeresete” le bodumedi jwa boheitane jwa Roma. The Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Constantine ka boene o ne a laela gore go agiwe dikereke di le tharo tse dikgolo tsa Bakeresete kwa Roma: St. Peter’s, S. Paolo Fuori le Mura, le S. Giovanni kwa Laterano. O . . . ne a dira polane e e bopegileng jaaka sefapaano e e neng ya simolola go dirisiwa e le mokgwa wa go aga dikereke kwa Yuropa bophirima mo Metlheng yotlhe ya Bogare.” Kereke e Kgolo e e agilweng sesha ya ga St. Peter kwa Roma e sa ntse e tsewa e le boremelelo jwa Kereke ya Katoliki ya Roma.

Mokwalahisitori Will Durant o bolela jaana: “Kereke e ne ya simolola go dirisa mekgwa mengwe ya bodumedi le mefuta ya kobamelo e e neng e tlwaelegile kwa Roma [ya boheitane] pele ga motlha wa Bokeresete.” Eno e ne e akaretsa le “mokgwa wa go aga dikereke tse dikgolo.” Go tloga ka lekgolo la bo10 go ya go la bo15 la dingwaga, dikereke tse dinnye le tse dikgolo di ne tsa agiwa ka bontsi, go etswe tlhoko thata mokgwa o di agiwang ka one. Ke yone nako e ka yone go neng ga agiwa dikago di le dintsi tse dikgolo tsa Labokeresete tse ga jaana di tsewang e le digopodiso tse di kgabisang.

A batho ba lapologelwa semoyeng le go kgothadiwa ka metlha fa ba obamela mo kerekeng? Francisco wa kwa Brazil o bolela jaana: “Ke ne ka simolola go bona kereke e le selo se se lapisang tota mo bodumeding. Mmisa e ne e le moletlo o o se nang bokao jwa sepe o o dirwang gangwe le gape o o neng o sa nneye dilo tse tota ke neng ke di tlhoka. Ke ne ke itumela fa o fedile.” Le fa go ntse jalo, baobamedi ba boammaaruri ba laelwa gore ba kopane  mmogo. Ba tshwanetse go latela thulaganyo efe ya go kopana mmogo?

“Phuthego E e Mo Ntlong ya Bone”

Go tlhatlhoba tsela e badumedi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba kopana ka yone go re bontsha mokgwa o Bakeresete ba tshwanetseng go o latela fa ba kopana mmogo. Dikwalo di bontsha gore gantsi ba ne ba kopana mmogo mo magaeng a bone. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ntumedisetsang Periseka le Akhwila badirimmogo le nna mo go Keresete Jesu, . . . mme dumedisang phuthego e e mo ntlong ya bone.” (Baroma 16:3, 5; Bakolosa 4:15; Filemone 2) Lefoko la Segerika le le ranolwang go twe “phuthego” (ek·kle·siʹa) le ranolwa go twe “church [kereke]” mo dithanolong dingwe tsa Seesemane, tse di jaaka King James Version. Mme lefoko leno le kaya setlhopha sa batho ba ba kokoaneng mmogo ka boikaelelo jo bo tshwanang, e seng kago. (Ditiro 8:1; 13:1) Bakeresete ba boammaaruri ga ba tlhoke dikago tsa bodumedi tse di kgabisitsweng thata mo kobamelong ya bone.

Dipokano di ne di tshwarwa jang mo diphuthegong tsa Bakeresete ba bogologolo? Morutwa Jakobe o ne a dirisa mofuta wa lefoko la Segerika e leng sy·na·go·geʹ go kaya pokano ya Bokeresete. (Jakobe 2:2) Lefoko leno la Segerika le kaya “go kopanya” mme le dirisiwa le refosanngwa le lefoko ek·kle·siʹa. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, lefoko “sinagoge” le ne la simolola go kaya lefelo kgotsa kago e go neng go phuthegelwa mo go yone. Bakeresete ba ntlha ba Bajuda ba ne ba itse se se neng se dirwa kwa sinagogeng. *

Le fa Bajuda ba ne ba tshwarela mekete ya bone ya ngwaga le ngwaga kwa tempeleng kwa Jerusalema, disinagoge e ne e le mafelo a ba ithutang ka ga Jehofa le ka Molao mo go one. Go bonala dilo tse di neng di dirwa kwa sinagogeng di ne di akaretsa go rapela le go bala Dikwalo mmogo le go di tlhalosa ka botlalo le go kgothadiwa. Fa Paulo le ba bangwe ba ba neng ba na le ene ba tsena kwa sinagogeng kwa Antioka “batlhankedi ba ba okametseng ba sinagoge ba [ne ba] roma kwa go bone, ba re: ‘Banna, bakaulengwe, fa e le gore lo na le lefoko lengwe la kgothatso go le naya batho bano, le boleleng.’” (Ditiro 13:15) Fa Bakeresete ba ntlha ba Bajuda ba ne ba kopana mmogo mo magaeng a bone, ga go pelaelo gore ba ne ba dira ka tsela e e tshwanang, ba dira gore dipokano tsa bone e nne tse di rutang Dikwalo le tse di agang semoyeng.

 Diphuthego Tse di Agang

Fela jaaka Bakeresete ba bogologolo, gompieno Basupi ba ga Jehofa ba kopana mmogo go tla go ithuta Baebele le go ipelela botsalano jo bo molemo mo mafelong a kobamelo a a sa agiwang ka tsela e e raraaneng. Ba ne ba kopanela mo magaeng a bone ka dingwaga di le dintsi mme mo mafelong mangwe ba sa ntse ba dira jalo. Mme jaanong palo ya diphuthego e setse e feta 90 000 mme mafelo a konokono a ba kopanelang mo go one a bidiwa Diholo Tsa Bogosi. Dikago tseno ga di maphatsiphatsi e bile ga di lebege jaaka kereke. Ke dikago tse di tshwanelang sentle tse di sa kgabisiwang ka tsela e e feteletseng tse mo go tsone diphuthego tsa batho ba le 100 go ya go ba le 200 ba kgonang go kopana beke le beke mo dipokanong gore ba utlwe le go ithuta go tswa mo Lefokong la Modimo.

Bontsi jwa diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di kopana gararo ka beke. Pokano e nngwe ke puo ya phatlalatsa e e malebana le kgang nngwe e e amang batho. Morago ga foo go latela thuto ka kgang nngwe e e tswang mo Baebeleng kana boporofeti, go dirisiwa makasine wa Tora ya Tebelo. Pokano e nngwe ke sekolo se se diretsweng go thapisa batho go bolela molaetsa wa Baebele. E latelwa ke pokano e maitlhomo a yone e leng go naya dikakantsho tse di mosola tse di ka dirisiwang mo bodireding jwa Bokeresete. Gape Basupi ba kopana gangwe ka beke go tla go ithuta Baebele ka ditlhopha tse dinnye mo magaeng a bone. Batho botlhe ba a amogelwa mo dipokanong tseno tsotlhe. Ga go ke go tsewa dikoleke dipe.

Francisco, yo o umakilweng pelenyana, o ne a lemoga gore dipokano tse di neng di tshwarelwa kwa Holong ya Bogosi di ne di solegela molemo thata. A re: “Lefelo la ntlha la dipokano le ke neng ka le etela e ne e le kago nngwe e ntle kwa lefelong lengwe la toropo la kgwebo, mme ke ne ka tsamaya ke kgatlhegile tota. Batho ba ba neng ba le teng koo ba ne ba le botsalano e bile ke ne ke kgona go bona gore ba a ratana. Ke ne ke lebeletse pele go ya teng gape. Tota e bile ga ke ise nko ke fetwe ke pokano epe fa e sa le ka nako eo. Dipokano tseno tsa Bokeresete di a kgatlha, e bile di ntlamela ka dilo tse ke di tlhokang semoyeng. Tota le fa go na le sengwe se se dirileng gore ke ikutlwe ke kgobegile marapo, ke ya kwa Holong ya Bogosi ke tlhomamisegile gore ke tla boela gae ke kgothatsegile.”

Gape fa o le kwa dipokanong tsa Bokeresete tsa Basupi ba ga Jehofa o tla rutiwa Baebele, o tla tsalana le batho ba ba tla go agang e bile o tla nna le sebaka sa go baka Modimo. Re go laletsa ka lorato gore o tle dipokanong kwa Holong ya Bogosi e e gaufi le legae la gago. O tla itumelela go dira jalo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 11 Tempele eno e ne ya senngwa gotlhelele ke Baroma. Lobota Lwa Khutsafalo, lo Bajuda ba le bantsi ba tlang go rapela kwa go lone ba tswa kwa mafelong a a kwa kgakala, ga se karolo ya tempele eo. Ke karolo fela ya lobota lwa lolwapa lwa tempele.

^ ser. 20 Go lebega disinagoge di ne tsa simolola go dirisiwa mo dingwageng tse 70 tsa fa Bajuda ba ne ba ile botshwarwa kwa Babelona go se na tempele kgotsa ka bonako fela fa ba sena go boa kwa botshwarwa fa tempele e ntse e agiwa sesha. Ka lekgolo la ntlha la dingwaga, toropo nngwe le nngwe mo Palesetina e ne e na le sinagoge ya yone, mme metse e megolo yone e ne e na le disinagoge di feta e le nngwe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 4, 5]

Motlaagana le ditempele tse moragonyana e neng ya nna tsone di dirisiwang, e ne e le mafelo a a molemo a kobamelo ya ga Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Kereke e Kgolo ya ga St. Peter kwa Roma

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Bakeresete ba bogologolo ba ne ba kopana mmogo mo magaeng a bone

 [Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Basupi ba ga Jehofa ba tshwara dipokano tsa Bokeresete mo magaeng a bone le kwa Diholong Tsa Bogosi