Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Re Tlhoka Mafelo a Kobamelo?

A Re Tlhoka Mafelo a Kobamelo?

 A Re Tlhoka Mafelo a Kobamelo?

iketekete tsa baeti ba sedumedi ba ba apereng diaparo tse di mebalabala ba ba tswang kwa dikarolong tse di farologaneng tsa naga, ditlhopha tsa Ba-India ba ba latelang moribo wa meropa, ba bina ditantshe tse go dumelwang gore ke tsa motlha wa pele ga Ba-Spain ba gapa dikarolo tsa Amerika Borwa, le maloko a a tlhoafetseng a kereke, ba gogoba ka mangole go leka go feta mo boidiiding jwa batho gore ba fitlhe kwa lefelong la kobamelo mme ba tletse mo lebaleng le le fa pele la kereke le mo mebileng e e dikologileng kago eno e kgolo.’

KE KAFA lokwalodikgang lwa El Economista lo neng lwa tlhalosa boidiidi joo jwa batho ka gone ka December 2001. Ka nako eo batho ba ka nna dimilione di le tharo ba ne ba etela kago e kgolo ya kereke kwa Mexico City go supa tumelo ya bone mo Lekgarebaneng la Guadalupe. Dikago tse dingwe tsa bodumedi, tse di jaaka Kereke e Kgolo ya ga St. Peter kwa Roma le tsone di ngoka bontsintsi jwa baeng.

Batho ba le bantsi ba ba batlang go obamela Modimo ba tseela dikago tsa bodumedi kwa godimo. Maria wa kwa Brazil o bolela jaana: “Ke ne ke tsaya kereke e le lefelo le nka atamalanang le Modimo mo go lone. E ne e le lefelo le le boitshepo. Ke ne ke dumela gore go ya kerekeng go ne go itshekisa moya le gore ke ne ke tla bo ke leofa fa ke sa ye kwa Mmiseng le go ya go ipolela diphoso tsa me Sontaga sengwe le sengwe.” Consuelo wa kwa Mexico o bolela jaana: “Kereke e ne e nkama maikutlo thata; ke ne ke e tlotla tota. Fa ke le kwa go yone, ke ne ke ikutlwa e kete ke kwa legodimong.”

Le mororo batho bangwe ba tsaya dikereke e le mafelo a a botlhokwa, ba bangwe bone ba belaela gore a tota di botlhokwa gore e nne mafelo a kobamelo. Peter Sibert, yo e leng moruti wa Katoliki kwa Engelane o bolela jaana malebana le kafa batho ba sa tleng kerekeng thata ka teng: “[Batho] ba tlhopha dikarolo dingwe tsa bodumedi tse ba di ratang. Batho ba le bantsi ba ba godileng ke Bakatoliki e bile ba tshela tumalanong le se ba se dumelang—mme basha ga ba ikutlwe ba tshwanelwa ke go itlama.” Lokwalodikgang lwa November 20, 1998 lwa kwa Lontone lwa Daily Telegraph, lo ne lwa bolela jaana: “Fa e sa le ka 1979 dikereke di ka nna 1 500 di ile tsa tswalwa kwa Engelane fa go bapisiwa le dikereke di le 495 tse di neng  tsa bulwa le di le 150 tse di neng tsa agiwa sesha.”

Ka 1997, lokwalodikgang lwa Süddeutsche Zeitung lwa kwa Munich, Jeremane, lo ne lwa bega jaana: “Dikereke di fetotswe go nna mafelo a dibaesekopo le diphaposi tsa bonno: Badumedi ga ba ye kerekeng, mafelo a kobamelo a dirisediwa mabaka a mangwe. . . . Se e setseng e le mokgwa kwa Netherlands kgotsa kwa Engelane se setse se dirwa le kwa Jeremane.” Lo ne lwa oketsa jaana: “Go na le dikereke di le 30 kgotsa di le 40 tse di neng tsa rekisiwa ka tsela e e gakgamatsang kwa Jeremane mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng.”

A ruri Modimo o tlhoka go obamelwa mo dikagong tsa bodumedi? A le mo nakong e e fetileng go ne go na le dikereke tse dikgolo le tse di kgabisitsweng tse di umakiwang mo Dikwalong? Ke mefuta efe ya dikago tse di ileng tsa dirisediwa go obamela Modimo wa boammaaruri le yo o tshelang? Re ka ithuta eng mo go tsone malebana le kafa go tlhokegang ka teng gore go nne le mafelo a kobamelo le gore go tshwanetse ga dirwang kwa go one?