Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re ne Ra Tshwarelela mo Kabelong ya Rona

Re ne Ra Tshwarelela mo Kabelong ya Rona

 Kgang ya Botshelo

Re ne Ra Tshwarelela mo Kabelong ya Rona

JAAKA GO BOLETSE HERMANN BRUDER

Ke ne ke tshwanetse go tlhopha mo gare ga dilo tse pedi fela: ke nne dingwaga tse tlhano mo Sesoleng sa Fora se se Kwa Nageng e Sele kgotsa ke tsene mo kgolegelong kwa Morocco. Mma ke tlhalose gore go tlile jang gore ke nne mo dipharagobeng jaana.

KE TSHOLETSWE kwa Oppenau, kwa Jeremane, ka 1911, dingwaga tse tharo fela pele ga Ntwa ya Lefatshe I e simologa. Batsadi ba me, e bong Joseph le Frida Bruder, ba ne ba na le bana ba basimane le ba basetsana ba le 17. Ke ne ke le ngwana wa bone wa bo13.

Ke gakologelwa ke sa le monnye ke bona masole a a letsang mmino a gwanta mo mmileng o mogolo wa toropo ya rona. E re ka ke ne ke kgatlhilwe ke mmino wa mogwanto, ke ne ka sala baletsi morago go ya kwa seteisheneng mme ke ne ka kgona go bona Rre le banna ba bangwe ba apere diaparo tsa sesole ba palama terena. Basadi bangwe ba ba neng ba eme mo polatefomong ba ne ba lela fa ba bona terena e tsamaya. Morago ga moo, moruti wa rona o ne a baya thero kwa kerekeng, a bala maina a banna ba le banè ba ba neng ba swa ba lwela naga ya bone. O ne a tlhalosa a re: “Jaanong ba kwa legodimong.” Mosadi yo o neng a eme go bapa le nna o ne a idibala.

Rre o ne a tshwarwa ke letshoroma la mala fa a ne a le kwa ntweng kwa Russia. O ne a boela gae a koafetse thata mme o ne a isiwa kwa kokelong ya kwa gae ka yone nako eo. Moruti wa rona o ne a akantsha jaana: “Ya kwa kerekeng gaufi le mabitla mme o bue thapelo ya Rara wa Rona ga50 le Galaletsa Marea ga50. Morago ga moo, rrago o tla fola.” Ke ne ka dira jalo mme Rre a swa letsatsi le le latelang. Ntwa e ne e le selo se se utlwisang botlhoko le mo mosimaneng yo monnye tota.

 Kafa ke Boneng Boammaaruri ka Teng

Go ne go se motlhofo go bona tiro kwa Jeremane ka dingwaga tsa ntwa. Le fa go ntse jalo, fa ke sena go tlogela sekolo ka 1928, ke ne ka kgona go bona tiro ya go tlhokomela tshingwana kwa Basel, kwa Switzerland.

Ke ne ke le Mokatoliki yo o tlhoafetseng, fela jaaka Rre. Ke ne ke ikaeletse go nna moitlami wa Capuchin, kwa India. Fa nnake e bong Richard, yo ka nako eo e neng e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, a utlwa ka maikaelelo a me, o ne a tsaya loeto lo lo kgethegileng go ya kwa Switzerland go tla go leka go nthibela. O ne a ntlhagisa kafa go leng kotsi ka teng go ikanya batho, segolobogolo baruti, mme o ne a nkgothaletsa go bala Baebele le go ikanya yone fela. Le fa gone ke ne ke sa dumele, ke ne ka ipatlela Tesetamente e Ntšha mme ka simolola go e bala. Kgabagare ke ne ka simolola go lemoga gore dilo di le dintsi tse ke di dumelang di ne di sa dumalane le se Baebele e se rutang.

Sontaga sengwe ka 1933, fa ke ne ke le kwa ntlong ya ga Richard kwa Jeremane, o ne a nkitsise banyalani bangwe ba Basupi ba ga Jehofa. Fa ba lemoga gore ke bala Baebele, ba ne ba nnaya bukana e e nang le setlhogo se se reng The Crisis. * Fa ke tlogela go bala bukana eo e ne e setse e le bosigogare. Ke ne ke tlhomamisegile gore ke bone boammaaruri!

Basupi ba ga Jehofa kwa Basel ba ne ba nnaya dibolumo tse pedi tsa Studies in the Scriptures * le dimakasine le dibuka tse dingwe. E re ka ke ne ke kgatlhilwe thata ke se ke neng ke se bala, ke ne ka ikopanya le moruti wa kereke ya rona mme ka mo kopa gore a tlose leina la me mo dibukeng tsa kereke. Moruti o ne a galefile thata mme a ntlhagisa gore ke mo kotsing ya go felelwa ke tumelo. Mme gone seo se ne se se boammaaruri le e seng. Lekgetlho la ntlha mo botshelong jwa me ke ne ka simolola go nna le tumelo ya boammaaruri.

Bakaulengwe ba kwa Basel ba ne ba rulaganya go tsaya loeto lwa go ya kwa molelwaneng o o yang kwa Fora mo mafelobekeng ao go ya go rera. Mongwe wa bakaulengwe o ne a ntlhalosetsa ka bopelonomi gore ga ke a lalediwa ka gonne ke sa tswa go simolola go kopanela le phuthego. Ga ke a ka ka kgobega marapo, mme ke ne ka mo tlhalosetsa gore nka eletsa thata go simolola go rera. Fa mokaulengwe yono a sena go buisana le mogolwane yo mongwe, o ne a nkabela tshimo kwa Switzerland. Sontaga mo mosong, ke ne ka tsaya baesekele ya me ka leba motsaneng mongwe o o gaufi le Basel, ke tsere dibuka di le 4, dimakasine di le 28 le diboroutšhara di le 20 mo kgetsaneng ya me. Fa ke fitlha teng, batho ba le bantsi mo motsaneng ono ba ne ba ile kerekeng. Le fa go ntse jalo, ka ura ya 11, kgetsana ya me e ne e sa tlhole e na le sepe.

Fa ke bolelela bakaulengwe gore ke batla go kolobediwa, ba ne ba bua ka tlhoafalo ba mpotsa dipotso tse di kwa teng ka boammaaruri. Ke ne ka kgatlhwa thata ke tsela e ba tlhoafetseng ka yone le e ba neng ba ikanyega ka yone mo go Jehofa le phuthego ya gagwe. E re ka e ne e le mariga, mokaulengwe mongwe o ne a nkolobeletsa mo bateng mo legaeng la mogolwane mongwe. Ke gakologelwa kafa ke neng ke itumetse thata ka teng e bile ke utlwa ke na le maatla a magolo. E ne e le ka 1934.

Go Dira Kwa Polaseng ya Bogosi

Ka 1936 ke ne ka utlwa go twe Basupi ba ga Jehofa ba rekile setsha kwa Switzerland. Ke ne ka ithaopela go dira mo tshingwaneng ya teng. Ke ne ka itumela thata fa ba ne ba ntaletsa go ya go bereka kwa Polaseng ya Bogosi kwa Steffisburg, e e dikilometara di ka nna 30 go tswa mo Bern. Nako le nako fa go kgonega ke ne ke thusa le ba bangwe ka ditiro tsa bone kwa polaseng. Bethele e ne ya nthuta gore go botlhokwa thata go nna le moya wa tirisanommogo.

 Selo se se botlhokwa se ke neng ka se itumelela thata mo dingwageng tsa me fa ke ne ke le kwa Bethele e ne e le fa Mokaulengwe Rutherford a ne a re etela kwa polaseng ka 1936. E ne ya re fa a ne a bona tsela e ditamati tsa rona di leng dikgolo ka teng le tsela e dijalo tsa rona di neng di ungwa ka teng, o ne a nyenya a bontsha go itumela. E ne e le mokaulengwe yo o rategang thata!

Fa ke ntse ke direla kwa polaseng ka dingwaga tse di kwa godimonyana ga tse tharo, fa re ntse re ja dijo tsa sefitlholo go ne ga balwa lekwalo lengwe le le tswang kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa United States. Lekwalo leno le ne le gatelela gore go ne go potlakile go dira tiro ya go rera mme la laletsa botlhe ba ba ratang go ya go direla kwa dinageng di sele e le babulatsela. Ga ke a ka ka tlhola ke okaoka, mme ka ithaopa. Kabelo ya me e ne ya fitlha ka May 1939—Brazil!

Ka nako eo, ke ne ke kopanela le Phuthego ya Thun, gaufi le Polase ya Bogosi. Ka boSontaga, re ne re tle re tswe re le setlhopha go ya go rera kwa dithabeng tsa Alps, e leng loeto lwa diura di le pedi go tswa kwa Thun ka baesekele. Mo setlhopheng seno go ne go na le Margaritha Steiner. Ka bonako fela ke ne ka tlelwa ke kakanyo eno: A Jesu o ne a sa romele barutwa ba gagwe ka bobedi ka bobedi? E ne ya re fa ke umakela Margaritha fela gore ke abetswe go ya Brazil, o ne a mpolelela gore le ene o eletsa go ya go direla kwa tlhokego e leng kgolo gone. Re ne ra nyalana ka July 31, 1939.

Go Ema mo re Neng re sa Lebelela go Ema Teng

Mo bofelong jwa August 1939 re ne ra tswa ka sekepe kwa Le Havre, kwa Fora, re ya re lebile Santos, kwa Brazil. Dikamore tsotlhe tse di robalang batho ba babedi mo sekepeng di ne di tserwe, ka jalo re ne ra tshwanelwa ke go robala mo dikamoreng tse di farologaneng. Fa re le mo tseleng, re ne ra utlwalela gore Great Britain le Fora di ne di tsositse ntwa kgatlhanong le Jeremane. Setlhopha sa bapagami ba Bajeremane ba le 30 ba ne ba tsiboga ka go opela pina ya setšhaba ya Jeremane. Seno se ne sa galefisa kapotene thata mo a neng a fetola tsela mme a ya go ema kwa Safi, kwa Morocco. Bapagami ba ba neng ba tshwere makwalo a mosepele a Jeremane ba ne ba newa metsotso e le metlhano fela gore ba fologe. Re ne re le mo gare ga bone.

Re ne ra tshwarwa letsatsi le le lengwe fela kwa seteisheneng sa mapodise, morago ga moo ra tsenngwa mo beseng ya bogologolo re isiwa kwa kgolegelong e e kwa Marrakech, sekgala se se ka nnang dikilometara di le 140. Go ne ga latela malatsi a a boima. Disele tsa rona di ne di tletse thata e bile di le lefifi. Ntlwana ya boithomelo e re neng re e dirisa—e e neng e le lehuti fela mo boalong—e ne e nna e tletse ka metlha. Mongwe le mongwe wa rona o ne a amogela kgetsi e e leswe gore a robale mo go yone, mme bosigo dipeba di ne di re loma mo ditlhafung. Re ne re newa dijo gabedi ka letsatsi mo motemeng o o rusitseng.

Motlhankedi mongwe wa masole o ne a ntlhalosetsa gore nka gololwa fa ke ne nka dumalana go direla dingwaga di le tlhano mo Sesoleng sa Fora se se Kwa Nageng e Sele. Fa ke gana, ke ne ka tsenngwa diura di le 24 mo go se nka se tlhalosang fela ke re ke molete o o lefifi. Bontsi jwa nako eno ke ne ka e fetsa ke rapela.

Morago ga malatsi a le robedi, balaodi ba kgolegelo ba ne ba ntetla go bona Margaritha gape. O ne a otile tota, e bile a lela thata. Ke ne ka leka go mo kgothatsa kafa nka kgonang ka gone. Re ne ra thamathamisiwa ka dipotso ra ba ra romelwa kwa Casablanca ka terena, koo Margaritha a neng a gololwa gone. Ke ne ka romelwa kwa kampeng ya kgolegelo e e kwa Port Lyautey (e gone jaanong e leng Kenitra), e e sekgala sa dikilometara tse di ka nnang 180. Kemedi ya Switzerland e ne ya gakolola Margaritha gore a boele kwa Switzerland, mme ka boikanyego a gana go ntlogela kwa morago. Mo dikgweding tse pedi tse ke di ntseng kwa Port Lyautey, o ne a ntse a ya Casablanca letsatsi le letsatsi go nketela le go ntlisetsa dijo.

Ngwaga pelenyana ga moo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba sa tswa go golola buka e e reng Kreuzzug gegen das Christentum (Botlhabanelatumelo Kgatlhanong le Bokeresete) go bontsha batho gore Basupi ga ba nne le seabe mo pusong ya Bonasi. Fa ke ntse ke le mo kampeng ya kgolegelo, ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e kwa Bern e ne ya kwalela balaodi ba Fora e tsentse khopi ya buka eno go leka go bontsha gore ga re Banasi. Margaritha le ene o ne a thusa thata a etela batlhankedi ba puso a leka go ba bontsha gore ga re na molato. Kgabagare, kwa bofelong jwa ngwaga wa 1939, re ne ra bona tetla ya go tswa mo Morocco.

 E nnile fela fa re sena go pagama sekepe re leba Brazil gape fa re tla utlwalela gore dikepe tsa ka fa tlase ga metsi tsa Jeremane di ne di tlhasetse ditsela tse dikepe di tsamayang ka tsone mo lewatleng la Atlantic, le gore tota e bile sekepe se se neng se batliwa e ne e le sa rona. Le fa sekepe sa rona e leng Jamaique, e ne e se sekepe sa ntwa, se ne se tlhometse ditlhobolo kwa pele le kwa morago. Motshegare, kapotene o ne a se tsamaisa ka tsela e e motsopodia mme a ntse a hula a sa kgaotse. Bosigo re ne re tima dipone tsotlhe mo sekepeng gore re se ka ra bonwa ke Bajeremane. A bo re ne ra itumela jang fa kgabagare sekepe sa rona se goroga kwa Santos, kwa Brazil, ka February 6, 1940, dikgwedi di feta tlhano fa e sa le re dule kwa Yuropa!

Go Boela Gape Kwa Kgolegelong

Kabelo ya rona ya ntlha ya go rera e ne e le kwa Montenegro, e e leng toropo nngwe kwa kgaolong e e kafa borwa jwa Brazil, ya Rio Grande do Sul. Go bonala balaodi ba kereke ba ne ba boleletswe gore re etla. Fa re sena go rera diura di le pedi fela, mapodise a ne a re tshwara mme ba gapa direkoto tsa fonokerafa tse di neng di na le dithero tsa Baebele, ba tsaya le dibuka tsa rona le dikgetsi tsa rona tsa tshimo tse di neng di dirilwe ka letlalo la kamele tse re neng re di rekile kwa Morocco. Moperesiti le moruti mongwe yo o buang Sejeremane ba ne ba re letetse kwa seteisheneng sa mapodise. Ba ne ba ntse ba reeditse fa tlhogo ya mapodise e tshameka nngwe ya dipuo tsa ga Mokaulengwe Rutherford mo keramafonong ya rona, e le yone a neng a e gapile. Eleruri Mokaulengwe Rutherford o ne a bua boammaaruri fela jaaka bo ntse! Fa a fitlha mo karolong e e buang ka Vatican, moruti o ne a hibila mme a tswa a photsega mo phaposing.

Bishopo ya Santa Maria e ne ya kopa gore mapodise a re romele kwa Pôrto Alegre, e leng motsemogolo wa kgaolo eno mme mapodise a ne a re isa teng. Go ise go ye kae Margaritha o ne a gololwa mme a kopa thuso mo kemeding ya Switzerland. Kemedi eo e ne ya akantsha gore a boele kwa Switzerland. Le fano gape o ne a sa batle go ntlogela kwa morago. Margaritha e ne e le molekane yo o ikanyegang thata. Malatsi a le 30 moragonyana ke ne ka botsolodiwa mme ka gololwa. Mapodise a ne a re re itlhophele: gore morago ga malatsi a le lesome re bo re seyo mo kgaolong eno kgotsa go “lebana le ditlamorago fa re sa tswe.” Re ne ra tswa ra ya Rio de Janeiro, jaaka fa re ne re boleletswe ke ntlokgolo.

“Tsweetswee Bala Karata Eno”

Le fa re ile ra amogelwa ka tsela e e sa itumediseng jalo kwa tshimong ya Brazil, gone re ne re itumetse tota! Sa botlhokwa ke gore re ne re tshela,  dikgetsana tsa rona di ne di tletse ka dibuka, e bile re ne re tshwanelwa ke go rerela Rio de Janeiro yotlhe. Mme re ne re ka rera jang re sa itse Sepotokisi go le kalo? Re ne re dirisa karata ya boitshupo. “Por favor, leia este cartão” (“Tsweetswee bala karata eno”) e ne e le yone polelo ya ntlha ya Sepotokisi e re neng ra ithuta go e dirisa fa re rera. Mme go dirisa karata eno go ne ga dira gore re atlege fela thata! Mo kgweding e le nngwe fela re ne ra tsamaisa dibuka di feta 1 000. Ba le bantsi ba ba neng ba amogela dibuka tsa rona tsa Baebele moragonyana ba ne ba amogela le boammaaruri. Go bua boammaaruri fela, dibuka tsa rona di neetse bosupi jo bo molemo thata go feta tsela e rona re neng re ka bo neela ka yone. Seno se ne sa gatelela mo go nna gore go botlhokwa go dira gore dibuka tsa rona di fitlhe mo bathong ba ba kgatlhegang.

Ka nako eo Rio de Janeiro e ne e le motsemogolo wa Brazil, mme molaetsa wa rona o ne o amogelwa sentle thatathata mo dikagong tsa puso. Nna ka bonna ke ne ka nna le tshiamelo ya go rerela tona ya tsa madi le tona ya sesole. Mo makgetlhong ano, ke ne ke kgona go bona sentle gore moya wa ga Jehofa o a dira.

Tsatsi lengwe fa ke ntse ke rera mo lefelong lengwe la marekisetso mo garegare ga Rio, ke ne ka tsena mo Ntlokgolo ya Ditshekelo. Ke ne ka iphitlhela fela ke le mo teng ga phaposi nngwe ke dikologilwe ke banna ba apere diaparo tse dintsho, mo gare ga se se neng se bonala e kete ke phitlho. Ke ne ka atamela monna mongwe yo o neng a bonala e le yo o tlotlegang mo gare ga bone mme ka mo naya karata ya boitshupo. E ne e se phitlho. Tota ke tsene tsheko e ntse e tsweletse, mme motho yo ke neng ke bua le ene e ne e le moatlhodi. O ne a tshega mme a bontsha balebeledi gore ba se ka ba tshwenyega. O ne a amogela khopi ya buka ya Children * ka bopelotshweu mme a ntsha le moneelo. Fa ke tswa, mongwe wa balebeledi o ne a mpontsha letshwao le le neng le bonala sentle mo setswalong: Proibida a entrada de pessoas estranhas (Baeng Ga ba A Letlelelwa go Tsena).

Tshimo e nngwe gape e e neng e na le matswela a a molemo e ne e le boemakepe. Ka nako nngwe, ke ne ka kopana le monna mongwe yo o tsamaisang sekepe yo o neng a amogela dibuka tsa rona pele ga a boela tirong. Moragonyana re ne ra kopana le ene kwa kopanong. Lelapa lotlhe la gagwe le ne le amogetse boammaaruri, mme ene ka boene o ne a gatela pele sentle thata. Seno se ne sa re itumedisa fela thata.

Le fa go ntse jalo, ga se gore sengwe le sengwe se ne se tsamaya ka thelelo. Makwalo a rona a mosepele a dikgwedi di le thataro a ne a feletswe ke nako, mme re ne re lebane le bothata jwa go busediwa gae. Fa re sena go kwalela ntlokgolo re ba bolelela ka boemo jwa rona, Mokaulengwe Rutherford o ne a re kwalela lekwalo le le gomotsang a re kgothaletsa gore re itshoke e bile a akantsha gore re direng. Re ne re rata go nna kwa Brazil, mme ka 1945 mmueledi o ne a re thusa gore kgabagare re bone makwalo a mosepele a a sa felelweng ke nako.

Kabelo e e Tsayang Lobaka lo Loleele

Le fa go ntse jalo, pele ga moo, Jonathan, ngwana wa rona wa mosimane, o ne a tsholwa ka 1941, Ruth ka 1943, mme Esther ene ka 1945. Ke ne ka tshwanelwa ke go ya go bereka gore ke kgone go tlhokomela lelapa la rona le le neng le gola. Margaritha o ne a nna a tswelela ka tiro ya go rera nako e e tletseng go fitlha ngwana wa rona wa boraro a tsholwa.

Re ne re tlhola re bereka mmogo re le lelapa re rera mo marekisetsong a motse, mo diteisheneng tsa terena, mo mebileng, le mo mafelong a kgwebo.  Ka boMatlhatso bosigo, re ne re tsamaisa Tora ya Tebelo le Tsogang! re le mmogo, mme dinako tseno e ne e le dinako tse di itumedisang thata.

Kwa gae, ngwana mongwe le mongwe o ne a na le ditiro tsa gagwe tsa letsatsi le letsatsi. Tiro ya ga Jonathan e ne e le go phepafatsa setofo le ntlo ya boapeelo. Basetsana bone ba ne ba phepafatsa foriji, ba feela lebala, e bile ba poletšha ditlhako tsa rona. Seno se ne sa ba thusa gore ba ithute go dira dilo ka thulaganyo le go kgona go bereka ba sa bolelelwe. Gompieno bana ba rona ke dinatla e bile ba kgona go tlhokomela magae a bone le dilo tsa bone, mme seno se re itumedisa thata nna le Margaritha.

Gape re ne re lebeletse gore bana ba rona ba itshware sentle kwa dipokanong. Pele dipokano di simolola, ba ne ba nwa metsi le go ya kwa ntlwaneng. Mo dipokanong, Jonathan o ne a nna kafa molemeng wa me, Ruth kafa mojeng, go latele Margaritha, mme ka kwa mojeng wa gagwe go nne Esther. Seno se ne sa ba thusa gore ba kgone go reetsa ba bo ba amogele dijo tsa semoya ba sa ntse ba le bannye.

Jehofa o segofaditse maiteko a rona. Bana botlhe ba rona ba sa ntse ba direla Jehofa ka boikanyegi e bile ba nna le seabe ka boitumelo mo tirong ya go rera. Gone jaanong Jonathan ke mogolwane mo Phuthegong ya Novo Méier, kwa Rio de Janeiro.

Ka 1970, bana ba rona botlhe ba ne ba nyetse e bile ba dule mo gae, ka jalo nna le Margaritha ra swetsa go fuduga re ye go direla kwa go neng go na le tlhokego e kgolo gone. Re ne ra ya pele kwa Poços de Caldas, kwa Kgaolong ya Minas Gerais, e ka nako eo e neng e na le setlhopha se sennye sa baboledi ba Bogosi ba le 19. Ke ne ka kgobega marapo fa ke ne ke bona lefelo le ba kopanelang mo go lone—phaposi e e kafa tlase ga lefatshe e e se nang difensetere e bile e tlhoka go baakanngwa fela thata. Gone fela foo re ne ra simolola go batla Holo e e tshwanelang ya Bogosi, mme go ise go ye kae ra bona kago nngwe e ntle e e neng e le mo lefelong le lentle. Dilo di ne tsa fetoga fela thata! Dingwaga di le nnè le halofo moragonyana, palo ya baboledi e ne ya oketsega go nna 155. Ka 1989 re ne ra fudugela Araruama, kwa Rio de Janeiro, kwa re neng ra direla gone dingwaga di le robongwe. Ka nako eno re ne ra bona go simololwa diphuthego tse pedi tse disha.

Maduo a go Tshwarelela mo Kabelong ya Rona

Ka 1998, mathata a botsogo le go batla go nna gaufi le bana ba rona di ne tsa dira gore re fudugele kwa São Gonçalo, kwa Rio de Janeiro. Ke sa ntse ke le mogolwane koo. Re leka thata go nna le seabe ka metlha mo tirong ya go rera. Margaritha o rata go rerela batho mo suphamaketeng e e fa gaufi le rona, phuthego le yone ka bopelonomi e re abetse tshimo e e gaufi le legae la rona, mme seno se dira gore re kgone go rera fa botsogo jwa rona bo re letla.

Nna le Margaritha re ntse re le batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa ka dingwaga tse di fetang 60. Re iponetse ka borona gore ‘go le dipuso kgotsa dilo tse jaanong di leng fano kgotsa dilo tse di tlang kgotsa maatla kgotsa bogodimo kgotsa boteng kgotsa sebopiwa le fa e le sefe se sengwe, ga di ka ke tsa kgona go re kgaoganya le lorato lwa Modimo lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.’ (Baroma 8:38, 39) Mme go ne go itumedisa tota go bona go phuthiwa ga “dinku tse dingwe,” tse di nang le tsholofelo e e itumedisang ya go tshelela ruri mo lefatsheng le le itekanetseng, le le dikologilweng ke popo e ntle ya Modimo! (Johane 10:16) Fa re ne re fitlha kwa Rio de Janeiro ka 1940, go ne go na le phuthego e le nngwe fela, e na le baboledi ba le 28. Gompieno go na le diphuthego di le 250 le baboledi ba Bogosi ba feta 20 000 kgakala.

Go ne go na le dinako tse re neng re ka nna ra boela kwa go ba masika a rona kwa Yuropa. Mme Jehofa o re abetse gore re direle mono, mo Brazil. A bo re itumetse thata jang gore re tshwareletse mo kabelong ya rona!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 11 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme ga e tlhole e le teng.

^ ser. 12 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme ga e tlhole e le teng.

^ ser. 33 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme ga e tlhole e le teng.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Kwa Polaseng ya Bogosi, kwa Steffisburg, kwa Switzerland, kwa bofelong jwa bo1930 (ke kwa thoko kafa molemeng)

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Pelenyana fela ga lenyalo la rona, ka 1939

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Casablanca ka bo1940

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Re rera re le lelapa

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Re nna le seabe ka metlha mo tshimong gompieno