Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motlha wa go Ipela Kwa Dinageng Tsa Balkan

Motlha wa go Ipela Kwa Dinageng Tsa Balkan

 Motlha wa go Ipela Kwa Dinageng Tsa Balkan

E ne e le 1922. Baithuti ba ba Tlhoafetseng ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo, ba ne ba tshwere pokano kwa Innsbruck, Austria. Mongwe wa bareetsi e ne e le lekawana lengwe e bong Franz Brand, yo o tswang kwa Apatin e e kwa Vojvodina, Serbia. Fela fa sebui se umaka leina la Modimo, Jehofa, segopa sa batho se ne sa simolola go dira modumo o mogolo, se dira gore a se ka a kgona go tswelela pele, mme pokano ya emisiwa. Le fa go ntse jalo, se Franz a neng a se utlwa se ne sa mo ama thata, mme a simolola go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Eno e ne e le tshimologo e potlana ya kgolo e e kgatlhang ya semoya kwa go nngwe ya dinaga tsa Balkan.

GOMPIENO fa go buiwa ka Yugoslavia bontsi jwa batho ba akanya ka ntwa le kgailo ya batho. Batho ba akanya ka go gailwa ga batho ba bantsintsi, batshabi ba ba tlaletsweng, magae a a sentsweng le masiela a a mo tlalelong. Ga go na mafoko a a ka tlhalosang botlhoko le matlhotlhapelo a magolo a a bakilweng ke ntwa e e neng ya kgautlhanya Pheninsula ya Balkan go tloga ka 1991 go ya go 1995, e e ileng ya fedisa tsholofelo yotlhe ya gore batho ba tla tlisa isagwe ya katlego le thitibalo. Ntwa e dirile gore batho ba se pele e neng e le Yugoslavia ba lebane le mathata a ikonomi le lehuma le legolo. *

Ka ntlha ya go boga mo go kana kana, motho a ka se lebelele gore go ka nna le batho ba ba itumetseng mo karolong eno ya lefatshe. Le fa go ka utlwala go gakgamatsa jang, batho ba ba ntseng jalo ba teng. E bile ba ne ba nna le letsatsi le ba neng ba ipela thata ka lone go ela kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo20 la dingwaga. Franz Brand, lekawana le le umakilweng kwa tshimologong, o amana jang le kgang eno yotlhe?

Kgolo ya Semoya Kwa Dinageng Tsa Balkan

Franz Brand o ne a kgatlhilwe thata ke dithuto tsa boammaaruri tse a neng a di utlwile mme a swetsa ka gore o tshwanetse a anamisa dikgang tse di molemo. O ne a bona tiro ya go beola batho meriri kwa Maribor, toropo e e kwa Slovenia gaufi le molelwane wa Austria, mme a simolola go rerela batho ba ba neng ba tla gore a ba beole ba gantsi ba neng ba nna ba reeditse ka tidimalo fa ba ntse ba beolwa. Maiteko a gagwe a ne a felela ka gore go nne le setlhotshwana sa baboledi ba Bogosi kwa Maribor kwa bofelong jwa bo1920. Dipuo tsa Baebele di ne di neelwa mo resetšhurenteng, e  moragonyana e neng ya bidiwa ka tshwanelo go twe ke Resetšhurente ya Dijo Tsa Lewatle ya Novi svet (Lefatshe le Lesha).

Fa nako e ntse e ya, dikgang tse di molemo di ne tsa anama le naga yotlhe. Sengwe se se thusitseng gore go nne le kgolo eno ke go dirisiwa ga “Photo-Drama of Creation” (pontsho ya diura tse robedi e e neng e na le difilimi, diselaete le mantswe a a rekotilweng). Go tswa foo ka bo1930 fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa setlhogo kwa Jeremane, palo ya Basupi ba ba kwa Bogosing jwa Yugoslavia e ne ya oketsega ka ntlha ya babulatsela ba Bajeremane ba ba neng ba tshaba kwa nagagaeng ya bone. Go na le gore ba batle go tshela monate ba iketlile, ba ne ba dira maiteko a go ya go rera kwa mafelong a a kgakala a naga eno e e tletseng dithaba. Kwa tshimologong, molaetsa wa bone o ne o lebega o sa kgatlhegelwe thata. Mo masimologong a bo1940, ke baboledi ba le 150 fela ba ba neng ba bega tirelo ya tshimo.

Ka 1941, go ne ga simologa pogiso e e setlhogo mme ya tswelela pele go fitlha ka 1952. A bo go ne go itumedisa jang ne fa kgabagare Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kwadisiwa semolao ka September 9, 1953 mo pusong ya Bokomonise ya Mojenerale Tito! Mo ngwageng oo, go ne go na le baboledi ba le 914 ba dikgang tse di molemo, mme palo eno e ne ya oketsega ka iketlo. Ka 1991, palo ya baboledi e ne e setse e fitlhile kwa go 7 420 mme mo ngwageng oo go ne ga tla batho ba le 16 072 kwa Segopotsong.

Go tloga ka August 16 go ya go August 18, 1991, kopano ya ntlha ya ditšhabatšhaba ya Basupi ba ga Jehofa mo nageng eno e ne ya tshwarwa kwa Zagreb, Croatia. Go ne ga tla batho ba le 14 684 ba tswa mo nageng eno le kwa go tse dingwe. Kopano eno e e sa lebalegeng e ne ya baakanyetsa batho ba ga Jehofa diteko tse di neng di larile kwa pele. Dingwe tsa dipalangwa tsa bofelo go feta molelwane wa Croatia le Serbia e ne e le dibese tse di neng di isa batlakopanong ba kwa Serbia gae. Fa bese ya bofelo e sena go feta, molelwane o ne wa tswalwa mme ntwa ya simologa.

Batho ba ga Jehofa Ba na Le Mabaka a go Ipela

Dingwaga tsa ntwa di ne tsa tlisetsa Basupi ba ga Jehofa ba ba kwa dinageng tsa Balkan diteko tse dikgolo. Le fa go ntse jalo, ba ka itumela ka gonne Jehofa o segofaditse batho ba gagwe koo ka kgolo e e gakgamatsang. Fa e sa le ka 1991, palo ya baboledi ba Bogosi mo nageng e pele e neng e le Yugoslavia e oketsegile ka palo e e fetang diperesente di le 80. Mo ngwageng wa tirelo wa 2001 go ne ga nna le tlhora ya baboledi ba le 13 472.

Diofisi tse di kwa Zagreb le Belgrade (Serbia) di kile tsa bo di tlhokomela tiro ya Basupi ba ga Jehofa ba ba mo nageng yotlhe e pele e neng e bidiwa Yugoslavia. Ka ntlha ya kgolo le diphetogo tsa bopolotiki, go ne ga tlhokega gore go tlhongwe diofisi tse disha kwa Ljubljana (Slovenia) le Skopje (Macedonia), mmogo le go batla diofisi tse disha kwa Belgrade le Zagreb. Batho ba ka nna 140 ba direla mo diofising tseno. Bontsi jwa bone ba basha e bile ba tlhagafetse gape ba rata Jehofa. Ba le bantsi ba bone ba thusa mo go ranoleng dikgatiso tse di thusang go ithuta Baebele ka Se-Croatia, Se-Macedonia, Se-Serbia le Se-Slovenia. A bo go ipedisa jang ne gore bontsi jwa dimakasine le dibuka tsa Basupi ba ga Jehofa tsa dipuo tseno di gatisiwa nako e le nngwe fela le tsa Seesemane! Dikgatiso tseno di thusa batho ba le bantsi go bona kgomotso le tsholofelo.

Selo se sengwe se se ipedisang ke tshegetso ya batlhanka ba bantsi ba nako e e tletseng ba dinaga tse dingwe ba ba tshegetsang ka bopelotshweu. Go  agilwe Diholo tse dintle Tsa Bogosi di le mmalwa mo dingwageng tsa bosheng jaana, mme seo le sone se ipedisa diphuthego. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa ntse ba tla ipela le go feta. Seo se ne se tla direga jang?

Porojeke e e Tlhomologileng

Baboledi ba le bantsi ba ne ba tlhola ba ipotsa gore, ‘A re tla tsamaya re nna le Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka puo ya rona?’ Ngwaga le ngwaga ba ne ba nna ba solofetse go utlwa go itsisiwe kwa kopanong ya kgaolo gore e teng. Le fa go ntse jalo, porojeke eno e kgolo e ne e ka dirwa jang, e re ka ditlhopha tsa baranodi ba dipuo tseno di ne di tlhomilwe dingwaga di sekae tse di fetileng, mme go na le baranodi ba le mmalwa fela?

Fa Setlhopha se se Laolang se sena go sekaseka maemo, se ne sa dumela gore go simololwe tiro e e kopanetsweng e mo go yone ditlhopha tsa baranodi ba Se-Croatia, Se-Macedonia le Se-Serbia ba neng ba tla dirisana mmogo mme ka jalo setlhopha sengwe le sengwe se solegelwe molemo ke tiro le dikakantsho tsa ditlhopha tse dingwe. Setlhopha sa Se-Croatia ke sone se se neng se tla etelela pele.

Letsatsi la go Ipela

Basupi ba ga Jehofa ba kwa dinageng tsa Balkan ga ba kitla ba lebala letsatsi la July 23, 1999. Dikopano Tsa Kgaolo Tsa “Lefoko la Modimo la Boporofeti” di ne di tla tshwarwa ka nako e le nngwe kwa Belgrade, Sarajevo (Bosnia-Herzegovina), Skopje le Zagreb. Go ne ga feta nakwana go sa tlhomamisege gore a go ka kgonega gore kopano e tshwarwe kwa Belgrade ka gonne fa NATO e ntse e latlhela dibomo, go ne go sa letlelelwe dipokano dipe tsa phatlalatsa. A bo bakaulengwe ba ne ba itumetse jang ne go bo ba ne ba tla kgona go kopana mmogo morago ga go etsaetsega ka dikgwedi di le mmalwa! Le fa go ntse jalo, se se neng sa direga se ne se feta kgakala se ba neng ba se lebeletse.

Ka Labotlhano thapama, go ne ga dirwa kitsiso e e kgethegileng kwa ditoropong tsotlhe tse nnè tse dikopano di neng di tshwaretswe kwa go tsone. Batlakopanong ba ba 13 497 ba ne ba didimala ba letetse se se tlang. Fa kgabagare sebui se golola Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka Se-Croatia le Se-Serbia se bo se bolelela bareetsi gore setlhopha sa baranodi ba Se-Macedonia se ntse se tsweletse sentle ka tiro, batlakopanong ba ne ba palelwa ke go itshwara. Go ne ga nna le modumo o mogolo wa go opiwa ga diatla mme sebui sa palelwa ke go fetsa go bala kitsiso. Kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa Sarajevo, bareetsi ba ne ba re tu! ba gakgametse. Go tswa foo ba bo ba opa diatla lobaka lo loleele. Batho ba le bantsi kwa Belgrade ba ne ba rothisa dikeledi tsa boitumelo, mme sebui se ne sa tsenwa ganong gantsintsi ke go opiwa ga diatla pele se ka fetsa go bala kitsiso. A bo batho ba ne ba itumetse jang ne!

Mpho eno e ne e le botlhokwa le go feta ka gonne Basupi ba ga Jehofa ba ne ba neilwe tshwanelo ya go gatisa thanolo ya Baebele ya Se-Croatia mmogo le ya Se-Serbia. Ka jalo, Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ya puo nngwe le nngwe ya tseno tse pedi e ne ya kopanngwa go nna bolumo e le nngwe fela le thanolo ya Dikwalo Tsa Sehebera ya puo eo. Mo godimo ga moo, Baebele ya Se-Serbia e ne ya gatisiwa ka mokwalo wa Seroma le wa Se-Cyrillic.

Batho ba ga Jehofa kwa dinageng tsa Balkan ba lebogela masego le kaelo yotlhe e ba e neilweng mme ba dumalana le mafoko ano a ga Dafide: “Le fa gone ke tsamaya mo mokgatšheng wa moriti o montsho, ga ke boife sepe se se bosula, gonne [Jehofa] o na le nna.” Le fa ba ka tswa ba ntse ba lebana le mathata a a kana kang, ba ititeile sehuba go dira gore ‘boipelo jwa ga Jehofa e nne kago ya bone e e thata.’—Pesalema 23:4; Nehemia 8:10.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Naga e pele e neng e le Yugoslavia e ne e na le direpaboliki tse thataro—Bosnia-Herzegovina, Croatia, Macedonia, Montenegro, Serbia le Slovenia.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Setlhopha sa ntlha sa baboledi ba ba tswang kwa Maribor, Slovenia, se rera kwa kgaolong e e kwa kgakala