Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Godisa Bana Kwa Nageng e Sele Mathata le Maduo a Gone

Go Godisa Bana Kwa Nageng e Sele Mathata le Maduo a Gone

 Go Godisa Bana Kwa Nageng e Sele Mathata le Maduo a Gone

BATHO ba le dimilionemilione ba fuduga ka tsholofelo ya gore ba tla simolola botshelo sesha kwa nageng e sele. Kwa Yuropa jaanong go na le batho ba ba tswang kwa dinageng di sele ba feta dimilione tse 20, United States ke legae la batho ba feta dimilione tse 26 ba ba tsholetsweng kwa dinageng di sele, mme palo e e fetang diperesente di le 21 tsa baagi botlhe ba Australia ba tsholetswe kwa dinageng di sele. Gantsi malapa ano a a fudugang a tshwanelwa ke go lebana le bothata jwa go ithuta puo e ntšha le go tlwaela setso se sesha.

Gantsi bana ba kgona go ithuta puo e ntšha ka bonako ba bo ba simolole go akanya ka puo eo e ntšha. Mme batsadi ba bone ba ka tsaya lobaka lo loleele. Fa bana ba ntse ba gola mo nageng e batsadi ba bone ba sa e tlwaelang, mathata a puo a ka dira gore ba nne le bothata jwa puisano jo go ka nnang thata go bo fedisa.

Ga se fela gore puo e ntšha e fetola tsela e bana ba akanyang ka yone mme setso sa naga e ba fudugetseng mo go yone le sone se ka tlhotlheletsa tsela e ba ikutlwang ka yone. Batsadi ba ka fitlhela go le thata go tlhaloganya tsela e bana ba bone ba itshwarang ka yone. Ka jalo, batsadi ba ba fudugang ba ba lekang go godisetsa bana ba bone “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa” ba lebana le mathata a a sa tlwaelegang.—Baefeso 6:4.

Bothata Jwa go Fitlhelela Pelo le Mogopolo

Batsadi ba Bakeresete ba na le keletso le boikarabelo jwa go ruta bana ba bone ‘puo e e itshekileng’ ya boammaaruri jwa Baebele. (Sefania 3:9) Le fa go ntse jalo, fa bana ba itse puo ya batsadi ba bone go le gonnye fela le fa batsadi ba sa kgone go itlhalosa sentle ka puo e bana ba bone ba e tlwaetseng, batsadi ba ka jalela molao wa ga Jehofa jang mo dipelong tsa bana ba bone? (Duteronome 6:7) Bana ba ka tlhaloganya mafoko a batsadi ba bone ba a buang mme fa e le gore se se buiwang ga se fitlhelele pelo, bana ba ka nna ba ikutlwa ba latlhegile mme ba le mo ga bone.

Pedro le Sandra ba ne ba fudugela kwa Australia ba tswa kwa Amerika Borwa, mme ba lebana le bothata jono fa ba ntse ba godisa barwa ba bone ba babedi ba ba mo dingwageng tsa bolesome. * Pedro a re: “Fa o bua ka dikgang tsa semoya, o bua go tswa pelong e bile o bontsha maikutlo a gago. O tlhoka go tlhalosa dintlha tse di boteng le tse di nang le bokao, ka jalo o tshwanetse go dirisa mafoko a mantsi a a farologaneng.” Sandra o oketsa jaana: “Fa bana ba rona ba sa tlhaloganye puo ya gaetsho ka botlalo, ba ka koafala semoyeng. Ba ka nna ba se ka ba tlhola ba anaanela boammaaruri, ba sa tlhaloganye melaometheo ya se ba se ithutang. Tsela e ba tlhaloganyang dilo tsa semoya ka yone e ka fokotsega le kamano ya bone le Jehofa e ka senyega.”

 Gnanapirakasam le Helen ba ne ba fudugela kwa Jeremane ba tswa kwa Sri Lanka mme jaanong ba na le bana ba le babedi. Ba dumalana jaana: “Re akanya gore go botlhokwa thata gore bana ba rona ba bue puo ya garona ba ntse ba ithuta Sejeremane. Go botlhokwa gore ba kgone go re tlhalosetsa maikutlo a bone, ba bua go tswa pelong.”

Miguel le Carmen, ba ba neng ba fudugela kwa Australia ba tswa kwa Uruguay ba bolela jaana: “Batsadi ba ba mo seemong sa rona ba tshwanetse go dira matsapa a magolwane. Ba tshwanetse go ithuta puo e ntšha sentle gore ba kgone go e tlhaloganya le go tlhalosa dikgang tsa semoya ka yone kgotsa ba rute bana ba bone gore ba itse puo ya batsadi ba bone sentle.”

Tshwetso ya Lelapa

Sengwe sa botlhokwa mo botsogong jwa semoya jwa lelapa lepe fela le le fudugang ke go dira tshwetso ya gore ke puo efe e lelapa le tla e dirisang go ‘rutwa ke Jehofa.’ (Isaia 54:13) Fa e le gore go na le phuthego e e dirisang puo ya lelapa leno fa gaufi, le ka tlhopha go tshegetsa phuthego eo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, ba ka tlhopha go ya kwa phuthegong e e dirisang puo e e buiwang thata mo nageng e ba fudugetseng mo go yone. Ke dilo dife tse ba tshwanetseng go di ela tlhoko fa ba dira tshwetso eno?

Demetrios le Patroulla, ba ba fudugetseng kwa Engelane ba tswa kwa Cyprus mme ba godisa bana ba le batlhano koo, ba tlhalosa se se neng sa ba tlhotlheletsa go dira tshwetso: “Kwa tshimologong, lelapa la rona le ne le ya thutong kwa phuthegong e e dirisang Segerika. Le fa seno se ne se re thusa thata rona batsadi, se ne sa kgoreletsa bana ba rona go gola semoyeng. Le fa ba ne ba tlhaloganya Segerika go ya bokgakaleng jo bo rileng, ba ne ba sa kgone go tlhaloganya dintlha tse di kwa teng tsa semoya. Seno se ne sa bontshiwa ke gore ba ne ba sa gole ka bonako semoyeng. Lelapa la rona le ne la simolola go kopanela le phuthego e e dirisang Seesemane, mme ka bonako fela go ne ga bonala gore seno se solegetse bana ba rona molemo. Jaanong ba nonofile semoyeng. Go ne go se motlhofo go dira tshwetso ya gore re simolole go kopanela le phuthego e nngwe, mme go ile ga re solegela molemo.”

Lelapa le ne la tswelela pele le dirisa puo ya batsadi mme la nna le maduo a mantsi. Bana ba bone ba ile ba akgela jaana: “Go itse dipuo di le mmalwa go mosola. Le fa Seesemane e le yone puo e re e dirisang thata, re lemogile gore go itse ga rona Segerika go dirile gore re kgone go nna le botsalano jo bo gaufi le ba losika, bogolo jang le borraaronamogolo le bommaaronamogolo. Gape go dirile gore re nne kutlwelobotlhoko mo bathong ba ba fudugetseng mo nageng eno, e bile go re bontshitse gore re ka kgona go ithuta puo e nngwe. Ka jalo fa re setse re godile, lelapa la gaetsho le ne la fuduga gore le ye go thusa phuthego e e dirisang Se-Albania.”

Christopher le Margarita le bone ba ne ba fudugela kwa Engelane ba tswa kwa Cyprus mme ba godisa bana ba le bararo koo. Ba ne ba tlhopha go tshegetsa phuthego e e dirisang Segerika. Morwa  wa bone e bong Nikos, yo jaanong e leng mogolwane mo phuthegong e e dirisang Segerika o gakologelwa jaana: “Re ne ra kgothalediwa go kopanela le phuthego e e neng e sa tswa go tlhomiwa e e dirisang Segerika. Lelapa la rona le ne le leba seno e le kabelo ya puso ya Modimo.”

Margarita a re: “Fa morwa wa rona a na le dingwaga tse supa yo mongwe a na le dingwaga tse robedi, ba ne ba ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Rona batsadi re ne re tshwenyegile go se kae ka gonne ba ne ba sa tlhaloganye Segerika sentle. Le fa go ntse jalo, lelapa lotlhe le ne le baakanyetsa kabelo nngwe le nngwe mmogo mme re ne re dirisa diura di le dintsi re ba thusa ka dipuo tsa bone.”

Morwadiabone e bong Joanna o bolela jaana: “Ke sa ntse ke gakologelwa Rre a re ruta Segerika ka go kwala ditlhaka mo lomating lwa bokwalelo kwa gae, mme re ne re tshwanetse go di ithuta sentle. Batho ba le bantsi ba fetsa dingwaga di le dintsi ba ithuta puo, mme ka gonne Rre le Mmè ba ne ba re thusa, re ne ra ithuta Segerika ka nako e khutshwane.”

Malapa mangwe a tla tshegetsa phuthego e e dirisang puo ya naga ya bone ka gonne batsadi ba dumela gore ba ka oketsa ‘go tlhaloganya ga bone ga semoya’ ba bo ba gatele pele fa ba rutiwa ka puo ya ga bone. (Bakolosa 1:9, 10; 1 Timotheo 4:13, 15) Kgotsa lelapa le ka akanya gore go itse ga bone dipuo go ka thusa batho ba bangwe ba le bone ba fudugetseng koo go ithuta boammaaruri.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, lelapa le ka akanya gore le ka solegelwa molemo thata fa le kopanela le phuthego e e dirisang puo e e buiwang thata mo nageng e le fudugetseng mo go yone. (Bafilipi 2:4; 1 Timotheo 3:5) Fa tlhogo ya lelapa e  sena go tlotla ka seemo seno le lelapa, ke yone e tshwanetseng ya dira tshwetso ka thapelo. (Baroma 14:4; 1 Bakorintha 11:3; Bafilipi 4:6, 7) Ke dikakantsho dife tse di ka thusang malapa ano?

Dikakantsho Dingwe Tse di Mosola

Pedro le Sandra ba ba umakilweng kwa tshimologong ba re: “Re na le molao wa gore go buiwa Se-Spain fela mo lapeng gore re se ka ra lebala puo ya garona. Ga go motlhofo go tshegetsa molao ono ka gonne barwa ba rona ba itse gore re tlhaloganya Seesemane. Mme fa re sa tshegetse molao ono, ba ka tloga ba lebala Se-Spain.”

Miguel le Carmen, ba le bone ba nopotsweng pelenyana, ba akantsha jaana: “Fa batsadi ba dirisa puo ya ga bone mo thutong ya ka metlha ya lelapa le fa ba tshwere temana ya letsatsi, bana ga ba ne ba ithuta puo eno go le gonnye fela—mme ba tla ithuta go tlhalosa dintlha tsa semoya ka puo eo.”

Gape Miguel o akantsha jaana: “Dira gore go neela bosupi go nne monate. Tshimo ya rona e akaretsa karolo e kgolo ya toropo, mme re fetsa nako e ntsi re tsamaya ka koloi re batla batho ba ba buang puo ya garona. Re dirisetsa nako eo go tshameka metshameko e e theilweng mo Baebeleng le go bua ka dilo tsa botlhokwa. Ke leka go rulaganya mesepele e re e tsayang re ya go neela bosupi ka tsela ya gore re kgone go dira maeto a le mmalwa a go boela a a nang le matswela. Mme fa letsatsi le wela, bana ba tla bo ba nnile le bobotlana motlotlo o le mongwe fela o o nang le matswela.”

Go Lepalepana le Dipharologano Tsa Ditso

Lefoko la Modimo le kgothatsa basha jaana: “Reetsa kotlhao ya ga rrago, morwaaka, mme o se ka wa latlha molao wa ga mmago.” (Diane 1:8) Le fa go ntse jalo, go ka nna le mathata fa kotlhao ya rre le “molao” wa mmè di tlhotlhelediwa ke setso se se sa tshwaneng le se bana ba bone ba iphitlhelang ba le mo go sone.

Gone ke boammaaruri gore tlhogo nngwe le nngwe ya lelapa e tshwanetse ya itirela tshwetso ya gore e tla okamela lelapa la yone jang, mme ga e a tshwanela go tlhotlhelediwa ke malapa a mangwe go sa tlhokege. (Bagalatia 6:4, 5) Le fa go ntse jalo, puisano e e molemo fa gare ga batsadi le bana e ka dira gore go nne motlhofo gore batsadi ba amogele mekgwa e mesha.

Mme mekgwa e le mentsi e e atileng mo  dinageng tse di tlhabologileng e kotsi mo botsogong jwa semoya jwa Bakeresete. Boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, bopelotshetlha le botsuolodi gantsi di rotloediwa ka mmino le boitlosobodutu jo bo ratiwang thata. (Baroma 1:26-32) Batsadi ba Bakeresete ga ba a tshwanela go tlogela boikarabelo jwa bone jwa go laola mmino le botlosobodutu jo bana ba bone ba bo tlhophang fela ka gonne batsadi ba sa tlhaloganye puo. Ba tshwanetse go tlhoma kaelo e e tlhomameng. Le fa go ntse jalo, seno e ka nna bothata.

Carmen a re: “Gantsi ga re tlhaloganye mafoko a mmino o bana ba rona ba o reetsang. Moribo wa one o ka utlwala o siame, mme re ka se itse fa mafoko a one a ka raya dilo tse pedi tse di farologaneng kgotsa o dirisa mafoko a puotlaopo a a buang ka boitsholo jo bo sa siamang.” Ba kgonne go lepalepana jang le seemo seno? Miguel a re: “Re fetsa nako e ntsi re ruta bana ba rona kafa mmino wa boitsholo jo bo sa siamang o leng kotsi ka teng, mme re leka go ba thusa go tlhopha mmino o o ka amogelwang ke Jehofa.” Ee, motho o tlhoka go ntsha matlho dinameng le go akanya gore a lepalepane le dipharologano tsa ditso.—Duteronome 11:18, 19; Bafilipi 4:5.

Go Bona Maduo

Go godisa bana mo nageng e sele go tlhoka nako e ntsi le boiteko jo bogolo. Seo ke boammaaruri. Mme batsadi mmogo le bana ba ka nna le maduo a magolo ka ntlha ya matsapa a bone.

Azzam le mosadi wa gagwe, Sara, ba ne ba tswa kwa Turkey mme ba fudugela kwa Jeremane koo ba ileng ba godisa bana ba le bararo teng. Morwa wa bone yo mogolwane jaanong o direla kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Selters, kwa Jeremane. Azzam a re: “Mosola o mogolo mo baneng ke gore ba kgona go nna le dinonofo tse di tlhokegang mo ditsong ka bobedi.”

Antonio le Lutonadio ba ne ba tswa kwa Angola ba fudugela kwa Jeremane mme ba godisa bana ba le robongwe koo. Lelapa leno le bua Se-Lingala, Sefora le Sejeremane. Antonio a re: “E re ka re kgona go bua dipuo tse di farologaneng, lelapa la rona le kgona go rerela batho ba ba tswang kwa dinageng di le dintsi. Seno se a re itumedisa eleruri.”

Bana ba babedi ba banyalani bangwe ba Bajapane ba ba neng ba fudugela kwa Engelane ba akanya gore ba solegelwa molemo thata ke go itse Sejapane mmogo le Seesemane. Bana bano ba re: “Go itse dipuo tseno tse pedi go re thusitse go bona tiro. Re solegetswe molemo ke dikopano tse dikgolo tse di tshwarwang ka Seesemane. Gape re na le tshiamelo ya go direla mo phuthegong e e dirisang Sejapane, e e nang le tlhokego e kgolo.”

Lo ka Atlega

Go godisa bana o nna mo gare ga batho ba setso se e seng sa ga lona ke kgwetlho e batlhanka ba Modimo ba sa leng ba lebana le yone go tswa kwa metlheng ya Baebele. Batsadi ba ga Moshe ba ne ba atlega le fa a godiseditswe kwa Egepeto. (Ekesodo 2:9, 10) Bajuda ba le bantsi ba ba neng ba ile botshwarwa kwa Babelona ba ne ba godisa bana ba ba ileng ba iketleetsa go boela kwa Jerusalema go ya go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri.—Esera 2:1, 2, 64-70.

Le gompieno batsadi ba Bakeresete ba ka atlega. Ba ka nna le maduo a gore ba utlwe bana ba bone ba bua se banyalani bangwe ba neng ba utlwa se buiwa ke bana ba bone: “Lelapa la rona le kitlane ka gonne Rre le Mmè ba re tlhokomela ka lorato, e bile re sa le re kgona go buisana sentle le bone. Re itumelela go nna karolo ya lelapa le le mo lefatsheng lotlhe la batho ba ba direlang Jehofa.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Maina mangwe a fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Fa lo bua puo ya galona fela kwa gae go dira gore bana ba tlhaloganye puo eo go ya bokgakaleng jo bo rileng

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Fa bana ba bua puo e le nngwe le borraabonemogolo le bommaabonemogolo ba ka kgona go tswelela ba utlwana le bone

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Go ithuta Baebele le bana ba gago go godisa ‘go tlhaloganya ga bone ga semoya’