Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Ela Tlhoko Thata go Feta Kafa go Tlwaelegileng ka Teng’

‘Ela Tlhoko Thata go Feta Kafa go Tlwaelegileng ka Teng’

 ‘Ela Tlhoko Thata go Feta Kafa go Tlwaelegileng ka Teng’

“Go [tlhokega] gore re ele tlhoko thata dilo tse re di utlwileng go feta kafa go tlwaelegileng ka teng, gore le ka motlha re se ka ra katogela go sele ka bonya.”—BAHEBERA 2:1.

1. Bontsha kafa go iteega tsebe go ka bakang masetlapelo ka teng.

DIKOTSI tsa dikoloi di bolaya batho ba ka nna 37 000 ngwaga le ngwaga kwa United States fela. Baitse ba bolela gore bontsi jwa dikotsi tseno di ka tilwa fa bakgweetsi ba nna kelotlhoko thata mo tseleng. Bakgweetsi bangwe ba itewa tsebe ke matshwao le dipolakate kana ke go dirisa founo ya selula. Gape go na le ba ba ratang go kgweetsa ba ntse ba ja. Mo maemong ano otlhe, go iteega tsebe go ka baka masetlapelo.

2, 3. Ke kgakololo efe e Paulo a neng a e naya Bakeresete ba Bahebera mme ke ka ntlha yang fa kgakololo ya gagwe e ne e tshwanela?

2 Dingwaga di ka nna 2 000 pele ga go ka tlhamiwa koloi, moaposetoloi Paulo o ne a bolela ka ga tsela nngwe ya go iteega tsebe e e neng e le kotsi mo Bakereseteng bangwe ba Bahebera. Paulo o ne a gatelela gore Jesu Keresete yo o tsositsweng o ne a filwe maemo a a fetang a baengele botlhe, ka gonne o ne a ntse kafa seatleng sa Modimo sa moja. Go tswa foo moaposetoloi o ne a bolela jaana: “Ke gone ka moo go tlhokegang gore re ele tlhoko thata dilo tse re di utlwileng go feta kafa go tlwaelegileng ka teng, gore le ka motlha re se ka ra katogela go sele ka bonya.”—Bahebera 2:1.

3 Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba Bahebera ba ne ba tlhoka go ‘ela tlhoko thata dilo tse ba di utlwileng go feta kafa go tlwaelegileng ka teng’ ka ga Jesu? Ka gonne go ne go setse go fetile dingwaga di ka nna 30 fa e sa le Jesu a tlogile mo lefatsheng. Fa Mong wa bone a setse a seyo, Bakeresete bangwe ba Bahebera ba ne ba simolola go katoga mo tumelong ya boammaaruri. Ba ne ba itewa tsebe ke Tumelo ya Sejuda, e leng kobamelo e ba neng ba le mo go yone pele.

Ba ne ba Tlhoka go Ela Tlhoko Thata

4. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete bangwe ba Bahebera ba ka tswa ba ile ba raelesega go boela mo Tumelong ya Sejuda?

4 Ke ka ntlha yang fa go ne go ka direga gore Mokeresete a raelesege go boela mo Tumelong ya Sejuda? Tsamaiso ya Molao ya kobamelo e ne e akaretsa dilo tse di ka bonwang. Batho ba ne ba kgona go bona baperesiti le go utlwa monko wa ditlhabelo tse di fisiwang. Le fa go ntse jalo, mo dilong dingwe, Bokeresete bo ne bo farologane thata. Bakeresete ba ne ba na le Moperesiti yo Mogolo e bong Jesu Keresete mme go ne go setse go fetile dingwaga di le masome a mararo a seyo mo lefatsheng. (Bahebera 4:14) Ba ne ba na le tempele mme lefelo la yone le le boitshepo e ne e le legodimo ka bolone. (Bahebera 9:24) Go rupa ga  Bakeresete e ne e se ga senama mo go neng go laetswe ke Molao mme e ne e le “ga pelo ka moya.” (Baroma 2:29) Ka jalo, Bakeresete ba Bahebera ba ka tswa ba ile ba simolola go tsaya Bokeresete e le selo se se ikakanyediwang fela.

5. Paulo o ne a bontsha jang gore thulaganyo ya kobamelo e e tlhomilweng ke Jesu e ne e le ya maemo a a kwa godimo go feta ya Molao?

5 Bakeresete ba Bahebera ba ne ba tlhoka go lemoga sengwe se se botlhokwa ka thulaganyo ya kobamelo e e neng e tlhomilwe ke Keresete. E ne e theilwe thata mo tumelong go na le mo dilong tse di bonwang, le fa go ntse jalo e ne e le ya maemo a a kwa godimo go feta Molao o o neng wa tla ka moporofeti Moshe. Paulo o ne a kwala jaana: “Fa madi a dipodi le a dipoo le melora ya kgomo ya moroba e e kgatšhiwang mo go ba ba leswafaditsweng di itshepisa nama gore e nne phepa, madi a ga Keresete, yo ka moya wa bosakhutleng a neng a ikisa tshupelo kwa Modimong a se na molato, one a tla ntlafatsa digakolodi tsa rona mo ditirong tse di suleng go le kana kang gore re direle Modimo yo o tshelang tirelo e e boitshepo?” (Bahebera 9:13, 14) Ee, boitshwarelo jo bo bonwang ka go dumela mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu Keresete ke jwa maemo a a kwa godimo ka ditsela tse dintsi go feta jo bo neng bo bonwa ka ditlhabelo tse di neng di dirwa mo thulaganyong ya Molao.—Bahebera 7:26-28.

6, 7. (a) Ke seemo sefe se se neng se dira gore Bakeresete ba Bahebera ba tshwanelwe thata ke go ‘ela tlhoko dilo tse ba di utlwileng go feta kafa go tlwaelegileng ka teng’? (b) Fa Paulo a ne a kwalela Bahebera lokwalo, Jerusalema o ne a saletswe ke nako e kana kang? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

6 Go na le lebaka le lengwe la go bo Bakeresete ba Bahebera ba ne ba tlhoka go ela tlhoko thata dilo tse ba di utlwileng ka ga Jesu. O ne a boleletse pele gore Jerusalema e tla senngwa. Jesu o ne a re: “Malatsi a tla go tlela a baba ba gago ba tla agang legoratshireletso la dikota tse di motsu go go dikologa mme ba tla go dikanyetsa ba bo ba go tsenya mo tlalelong mo letlhakoreng lengwe le lengwe, ba tla go phatlakanyetsa fa fatshe le bana ba gago ba ba mo go wena, mme ga ba na ba tlogela leje mo godimo ga leje mo go wena, ka gonne o ne wa se ka wa lemoga nako ya go tlhatlhobiwa ga gago.”—Luke 19:43, 44.

7 Se se ne se tla diragala leng? Jesu ga a ka a bolela letsatsi le ura. Go na le moo, o ne a naya taelo eno: “Fa lo bona Jerusalema a dikologilwe ke masole a a thibeletseng, itseng gore go kgakgabadiwa ga gagwe go atametse. A ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng, mme a ba ba mo gare ga gagwe ba tloge, le ba ba mo mafelong a selegae a ba se ka ba tsena mo go ene.” (Luke 21:20, 21) Mo dingwageng tse 30 tsa fa Jesu a sena go bua mafoko ao, Bakeresete bangwe kwa Jerusalema ba ne ba lebala gore nako e potlakile mme ba iteega tsebe. Go ne go ntse jaaka e kete ba leba go sele ba ntse ba kgweetsa. Fa ba ne ba ka se fetole tsela e ba akanyang ka yone, ruri ba ne ba tla welwa ke masetlapelo. Jerusalema o ne a le gaufi le go  senngwa, le fa ba ne ba akanya jalo kgotsa nnyaa! * Gongwe kgakololo ya ga Paulo e ne ya nna tlhagiso mo Bakereseteng ba ba neng ba otsela semoyeng kwa Jerusalema.

Go Ela Tlhoko ‘Thata go Feta Kafa go Tlwaelegileng ka Teng’ Gompieno

8. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ‘ela tlhoko thata’ dithuto tsa boammaaruri tsa Lefoko la Modimo “go feta kafa go tlwaelegileng ka teng”?

8 Fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, re tshwanetse go “[ela] tlhoko thata” dithuto tsa boammaaruri tsa Lefoko la Modimo “go feta kafa go tlwaelegileng ka teng.” Ka ntlha yang? Ka gonne le rona re lebane le tshenyego e e tlogang e diragala, e seng ya setšhaba se le sengwe mme ya tsamaiso yotlhe ya dilo. (Tshenolo 11:18; 16:14, 16) Ke boammaaruri gore ga re itse letsatsi le ura e Jehofa a tla tsayang kgato eno ka yone. (Mathaio 24:36) Le fa go ntse jalo, re iponela ka matlho go diragadiwa ga dipolelelopele tsa Baebele tse di bontshang sentle gore re tshela mo “metlheng ya bofelo.” (2 Timotheo 3:1-5) Ka jalo, re tshwanetse ra itisa gore go se ka ga nna le sepe se se re itayang tsebe. Re tshwanetse go ela Lefoko la Modimo tlhoko le go nna re gopotse gore nako e potlakile. Fa re dira jalo ke gone fela re ka ‘atlegang mo go faloleng dilo tseno tsotlhe tse di laoletsweng go diragala.’—Luke 21:36.

9, 10. (a) Re ka bontsha jang gore re ela dilo tsa semoya tlhoko? (b) Lefoko la Modimo ke ‘lobone lwa lonao lwa rona’ le ‘lesedi la tsela ya rona’ jang?

9 Mo metlheng eno ya botlhokwa, re ka bontsha jang gore re ‘ela tlhoko thata’ dilo tsa semoya “go feta kafa go tlwaelegileng ka teng”? Tsela e nngwe ke ka go nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. Gape re tshwanetse go ithuta Baebele ka tlhoafalo gore re kgone go atamalana le Mokwadi wa yone e bong Jehofa. (Jakobe 4:8) Fa re ithuta re le rosi le go ya dipokanong gore re nne le kitso ka ga Jehofa, re tla tshwana le mopesalema, yo o neng a raya Modimo a re: “Lefoko la gago ke lobone lwa lonao lwa me, le lesedi la tsela ya me.”—Pesalema 119:105.

10 Baebele e nna ‘lesedi la tsela ya rona’ fa e re bolelela ka maikaelelo a Modimo ka isagwe. Gape ke ‘lobone lwa dinao tsa rona.’ Ka mafoko a mangwe, e ka re thusa gore re tseye kgato efe fa re lebana le mathata mo botshelong. Ke gone ka moo go leng botlhokwa gore “re ele tlhoko thata . . . go feta kafa go tlwaelegileng ka teng” fa re kopane le badumedi ka rona gore re tle go rutiwa le fa re bala Lefoko la Modimo re le rosi. Tshedimosetso e re e ithutang e tla re thusa go dira ditshwetso tse di siameng le tse di mosola, tse di itumedisang Jehofa e bile di ipedisa pelo ya gagwe. (Diane 27:11; Isaia 48:17) Re ka dira jang gore re oketse nako e re tlhomang mogopolo ka yone kwa dipokanong le fa re ithuta re le rosi gore re solegelwe molemo thata ke dijo tsa semoya tse re di newang ke Modimo?

Go Tokafatsa Tsela e re Tlhomang Mogopolo ka Yone Kwa Dipokanong

11. Ke ka ntlha yang fa go tlhoma mogopolo kwa dipokanong tsa Bokeresete go le thata ka dinako tse dingwe?

11 Ka dinako tse dingwe, go thata go tlhoma mogopolo kwa dipokanong tsa Bokeresete. Go ka nna motlhofo fela gore motho a iteege tsebe, gongwe fa ngwana a lela kgotsa mongwe yo o tseneng thari a batla manno. Re ka nna ra ikutlwa re lapile morago ga go bereka letsatsi lotlhe. Motho yo o beileng puo kwa seraleng a ka tswa a sa bue ka tsela e e kgatlhang go le kalo, mme go ise go ye kae re ka iphitlhela re setse re etile mogopolo—gongwe e bile re otsela! E re ka go newa tshedimosetso ya botlhokwa, re tshwanetse ra leka go tokafatsa tsela e re tlhomang mogopolo ka yone kwa dipokanong tsa phuthego. Mme re ka dira seo jang?

12. Ke eng se se ka dirang gore re kgone go tlhoma mogopolo kwa dipokanong?

12 Gantsi go motlhofo go tlhoma mogopolo mo dipokanong fa re baakanyeditse sentle. Ka jalo, ke ka ntlha yang fa o sa iphe nako gore o akanyetse go sa le gale tshedimosetso e go tla tlotliwang ka yone? Go tlhoka metsotso e se kae fela ka letsatsi go bala le go tlhatlhanya ka dikgaolo dingwe tsa Baebele tse di tlhophilweng gore di balwe mo bekeng. Fa re ka nna le thulaganyo, re ka bona le nako ya go baakanyetsa Thuto ya Buka ya Phuthego  le Thuto ya Tora ya Tebelo. Le fa re ka dirisa thulaganyo efe, re ka tlhomamisega ka seno: Go baakanyetsa go tla re thusa go tlhoma mogopolo mo tshedimosetsong e e ithutiwang kwa dipokanong tsa phuthego.

13. Ke eng se se ka re thusang gore re nne re tlhomile mogopolo mo go se go buiwang ka sone kwa dipokanong?

13 Mo godimo ga go baakanyetsa sentle, bangwe ba fitlhela gore ba kgona go reetsa botoka kwa dipokanong fa ba nnela kwa pele mo Holong ya Bogosi. Dilo tse dingwe tse di ka re thusang gore re se ka ra eta mogopolo ke go nna re lebile sebui, go leba mo Baebeleng ya gago fa go balwa temana le go kwala dintlha. Le fa go ntse jalo, go nna le pelo e e iketleeditseng go botlhokwa thata go feta mokgwa ope fela wa go tlhoma mogopolo. Re tshwanetse go tlhaloganya boikaelelo jwa go kopana ga rona mmogo. Lebaka la konokono la go bo re kopana le badumedi ka rona ke go obamela Jehofa. (Pesalema 26:12; Luke 2:36, 37) Go ya dipokanong ke tsela ya botlhokwa e re fepiwang semoyeng ka yone. (Mathaio 24:45-47) Gape go re naya sebaka sa go ‘tlhotlheletsana mo loratong le mo ditirong tse di molemo.’—Bahebera 10:24, 25.

14. Ke eng se tota se dirang gore pokano e atlege?

14 Bangwe ba ka nna ba lekanya boleng jwa pokano go ya ka bokgoni jwa go ruta jwa bao ba nang le seabe. Fa dibui di na le bokgoni, go ka twe ke pokano e e monate. Mme fa go lebega go sa rutiwe ka tsela e e tlhotlheletsang go ka twe ga e monate. Ke boammaaruri gore batho ba ba mo thulaganyong ba tshwanetse go dira bojotlhe jwa bone go dirisa bokgoni jwa go ruta mme bogolo jang ba leka go fitlhelela dipelo. (1 Timotheo 4:16) Le fa go ntse jalo, rona ba re reeditseng ga re a tshwanela go tshwayatshwaya diphoso go sa tlhokege. Le fa gone go le botlhokwa gore ba ba nnang le seabe ba bo ba kgona go ruta, ga se lone fela lebaka le le dirang gore pokano e atlege. A ga o dumalane le gore se re ka amegang thata ka sone ga e a tshwanela go nna tsela e sebui se bayang puo ka yone, mme e tshwanetse go nna gore re reetsa go le kana kang?  Fa re ya dipokanong re bo re tlhoma mogopolo mo go se se buiwang, re obamela Modimo kafa thatong ya gagwe. Ke sone se se dirang gore pokano e atlege. Fa re tlhoafaletse go nna le kitso ka ga Modimo, re tla solegelwa molemo ke dipokano, le fa sebui se ka tswa se na le bokgoni jo bo kana kang. (Diane 2:1-5) Ka gone, a re ititeyeng sehuba gore “re ele tlhoko thata . . . go feta kafa go tlwaelegileng ka teng” fa re le kwa dipokanong tsa rona.

Go Solegelwa Molemo ka Botlalo ke go Ithuta o le Esi

15. Go ithuta le go tlhatlhanya go ka re solegela molemo jang?

15 Re solegelwa molemo thata ke go ‘ela tlhoko go feta kafa go tlwaelegileng ka teng’ fa re ithuta re le rosi le fa re tlhatlhanya. Go bala le go tlhatlhanya ka Baebele le dikgatiso tsa Bokeresete go tla re naya sebaka sa botlhokwa sa go dira gore dithuto tsa boammaaruri tsa Lefoko la Modimo di nwelelele mo dipelong tsa rona. Seno le sone se tla ama thata tsela e re akanyang le go dira dilo ka yone. Eleruri go tla re thusa gore re itumelele go dira thato ya ga Jehofa. (Pesalema 1:2; 40:8) Ka jalo, re tshwanetse go tokafatsa tsela e re kgonang go tlhoma mogopolo ka yone gore re solegelwe molemo fa re ithuta. Re ka iteega tsebe motlhofo fela! Dilo tse dinnye tse di itayang tsebe—go lela ga founo kgotsa modumo mongwe di ka re faposa mogopolo. Kgotsa re ka tswa re na le bothata jwa go eta mogopolo. Re ka nna fa fatshe ka maitlhomo a mantle a go ikotla semoyeng mme go ise go ye kae megopolo ya rona e bo e akgaakgega. Re ka ‘ela tlhoko thata jang go feta kafa go tlwaelegileng ka teng’ fa re ithuta Lefoko la Modimo re le rosi?

16. (a) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re rulaganye nako ya go ithuta re le rosi? (b) O dirile jang gore o nne le nako ya go ithuta Lefoko la Modimo?

16 Go a thusa gore re itirele thulaganyo le go tlhopha lefelo le le siametseng go ithuta. Bontsi jwa rona ga re ke re bona nako ya go nna re le rosi. Re ka nna ra akanya gore tsela e dilo di diregang ka bonako ka yone letsatsi le letsatsi e dira gore re nne re tshwaregile ka metlha. Mme tota re tshwanetse go lwantsha bothata jono mme re iphe nako ya go nna re le rosi. Re ka se ka ra nna re letile gore sebaka sa go ithuta se itlele fela. Go na le moo, re tshwanetse go laola boemo ka go ipha nako ya go ithuta. (Baefeso 5:15, 16) Bangwe ba dirisa nako e khutshwane mo mosong fa go se na dilo tse dintsi tse di itayang tsebe. Ba bangwe ba fitlhela nako ya maitseboa e le yone e e botoka. Ntlha ke gore ga re a tshwanela go tlhokomologa botlhokwa jwa go tsenya kitso e e tlhomameng ka ga Modimo le Morwawe. (Johane 17:3) Ka jalo a re rulaganyeng nako ya go ithuta re le rosi go tswa foo re bo re ngaparela thulaganyo eo.

17. Go tlhatlhanya ke eng, mme go ka re solegela molemo jang?

17 Go tlhatlhanya—go akanya ka dilo tse re di ithutileng—go botlhokwa thata. Go re thusa go gatelela mo dipelong tsa rona dikgopolo tsa Modimo tse re di badileng. Go tlhatlhanya go re thusa go bona kafa re ka dirisang kgakololo ya Baebele ka teng gore re nne “badiri ba lefoko, mme e seng bautlwi fela.” (Jakobe 1:22-25) Mo godimo ga moo, go tlhatlhanya go re thusa gore re atamalane thata le Jehofa, ka gonne go dira gore re kgone go akanya ka dinonofo tsa gagwe le kafa di gatelelwang ka teng mo tshedimosetsong e re e ithutang.

18. Go tlhatlhanya ka tsela e e nang le matswela go tshwanetse ga dirwa mo maemong afe?

18 Re tshwanetse go dira gore re se ka ra iteega tsebe mo mogopolong gore re solegelwe molemo ka botlalo fa re ithuta le fa re tlhatlhanya. Fa re batla go tsenya tshedimosetso e e oketsegileng mo mogopolong wa rona fa re tlhatlhanya, ga re a tshwanela go itewa tsebe ke dilo tsa botshelo jwa gompieno. Go tlhatlhanya go tlhoka nako e bile go tlhoka gore re bo re le rosi, mme a bo go lapolosa jang go ja dijo tsa semoya le go nwa metsi a boammaaruri a a mo Lefokong la Modimo!

19. (a) Ke eng se se thusitseng batho bangwe go oketsa selekanyo se ba tlhomang mogopolo ka sone fa ba ithuta ba le bosi? (b) Re tshwanetse go nna le boikutlo bofe malebana le go ithuta mme re ka bona melemo efe mo tirong eno ya botlhokwa?

 19 Go tweng fa e le gore ga re kgone go tlhoma mogopolo lobaka lo loleele mme mogopolo o bo o simolola go akgaakgega morago ga go ithuta lobaka lo lo khutshwane fela? Bangwe ba ile ba fitlhela gore ba kgona go tokafatsa tsela e ba tlhomang mogopolo ka yone fa ba ithuta ka go simolola ba dirisa lobaka lo lo khutshwane go ithuta ba bo ba lo oketsa fa nako e ntse e ya. Boikaelelo jwa rona e tshwanetse ya nna go dirisa nako e e lekaneng fa re ithuta go na le go batla go fetsa ka bonako. Re tshwanetse go kgatlhegela thata se re se ithutang. Mme re ka batlisisa go ya pele ka go dirisa tshedimosetso e ntsi e re e newang ke setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. Go hukutsa “dilo tse di boteng tsa Modimo” go mosola thata. (1 Bakorintha 2:10) Go dira jalo go re thusa go oketsa kitso ya rona ka Modimo le go godisa bokgoni jwa rona jwa go lemoga. (Bahebera 5:14) Fa re ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo, gape re tla ‘tshwanelega sentle go ruta ba bangwe.’—2 Timotheo 2:2.

20. Re ka dira jang gore re nne le botsalano jo bogolo le Jehofa Modimo re bo re tswelele re na le jone?

20 Go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete le go ithuta re le rosi go tla re thusa thata go nna le botsalano jo bogolo le Jehofa le go tswelela re na le jone. Go bonala go ne go ntse jalo ka mopesalema yo o neng a bolela jaana a bua le Modimo: “A bo ke rata molao wa gago jang ne! Ke tlhatlhanya ka one letsatsi lotlhe.” (Pesalema 119:97) Ka gone, a re direng bojotlhe jwa rona gore re nne teng ka metlha kwa dipokanong, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo. Mme a re ipheng nako ya go ithuta Baebele le go tlhatlhanya. Re tla nna le masego a magolo fa re ela Lefoko la Modimo ‘tlhoko thata go feta kafa go tlwaelegileng ka teng.’

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Lokwalo lono lo lo neng lo kwaletswe Bahebera lo tshwanetse lwa bo lo kwadilwe ka 61 C.E. Fa e le gore go ntse jalo, go ne ga feta dingwaga di ka nna tlhano fela Jerusalema a bo a dikanyediwa ke masole a a thibeletseng a ga Cestius Gallus. Go ise go ye kae, masole ao a ne a boela morago, a naya Bakeresete ba ba ntshitseng matlho dinameng sebaka sa gore ba tshabe. Dingwaga di le nnè morago ga moo, motse o ne wa senngwa ke masole a Roma a eteletswe pele ke Mojenerale Titus.

A o A Gakologelwa?

• Ke ka ntlha yang fa bangwe ba Bakeresete ba Bahebera ba ne ba katoga mo tumelong ya boammaaruri?

• Re ka dira jang gore re nne re tlhomile mogopolo kwa dipokanong tsa Bokeresete?

• Ke eng se se tla re thusang gore re solegelwe molemo ke go ithuta Baebele re le rosi le go tlhatlhanya?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Bakeresete ba Bahebera ba ne ba tshwanetse go nna ba ntshitse matlho dinameng malebana le go senngwa ga Jerusalema mo go neng go atamela

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Batsadi ba ka thusa bana ba bone go solegelwa molemo kwa dipokanong tsa Bokeresete