Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha ba ba Tshwanang le Monyo o o Lapolosang

Basha ba ba Tshwanang le Monyo o o Lapolosang

 “Tlang Mo go Nna, . . . Mme ke Tla lo Lapolosa”

Basha ba ba Tshwanang le Monyo o o Lapolosang

GA GO na pelaelo gore fa Jesu Keresete a ne a re: “Tlang mo go nna, . . . mme ke tla lo lapolosa,” o ne a akaretsa balatedi ba gagwe ba babotlana. (Mathaio 11:28) Fa batho ba simolola go tlisa bana ba bone kwa go ene, barutwa ba gagwe ba ne ba leka go ba thibela. Mme Jesu o ne a re: “Lesang bana ba babotlana ba tle kwa go nna; lo se ka lwa leka go ba thiba.” E bile Jesu o ne a “tsaya bana ka mabogo mme a simolola go ba segofatsa.” (Mareko 10:14-16) Go a bonala gore Jesu o ne a tsaya bana ba le botlhokwa.

Baebele e bua ka makau le makgarebe a a ikanyegang, le basha le bana ba bannye, ba ba neng ba tlhoma sekao se se molemo sa go direla Modimo. Buka ya Dipesalema e bolelela pele ka ‘setlhopha sa makau’ se se lapolosang jaaka monyo. Gape e bua ka “makau” le “makgarebane” a a bakang leina la ga Jehofa.—Pesalema 110:3; 148:12, 13.

Lefelo le Basha ba ka Gatelang Pele mo go Lone

Go tshwantshanya basha le monyo go tshwanetse, ka gonne marothodi a monyo a amanngwa le bontsi le masego. (Genesise 27:28) Marothodi a monyo a bonolo, e bile a a lapolosa. Mo nakong eno ya go nna gone ga ga Keresete, basha ba le bantsi ba Bakeresete ba ithaopa ka go rata le ka tlhoafalo. Fela jaaka marothodi a a lapolosang a monyo, makgarebe le makau a mantsi a direla Modimo a itumetse e bile a thusa baobamedi ka bone.—Pesalema 71:17.

Basha ba Bakeresete ga ba lapolose ba bangwe fela; mme le bone ba a lapologelwa mo bodireding jwa bone. Phuthego ya Modimo ke lefelo le ba ka gatelang pele mo go lone. Makau le makgarebe ba na le kamano e e gaufi le Modimo ka gonne ba na le maitsholo a a siameng. (Pesalema 119:9) Gape mo phuthegong ba dira ditiro tse di molemo e bile ba bona ditsala tse di molemo—dilo tse di dirang gore ba nne le botshelo jo bo kgotsofatsang le jo bo nang le boikaelelo.

‘Phodiso le Tapologo’

A basha ba Bakeresete bone ba ikutlwa e le “marothodi a monyo”? A re tseye Tania, lekgarebe lengwe le le tsayang karolo mo ditirong tsa phuthego e bile ka boitumelo a dirisa diura tse di fetang 70 ka kgwedi mo bodireding. O ikutlwa jang? A re: “Ke ikutlwa ke lapologetswe e bile ke itumetse. Go bo Jehofa le phuthego ya gagwe ya mo lefatsheng e le karolo ya botshelo jwa me ke ‘phodiso le tapologo’ mo go nna.”—Diane 3:8.

Ariel, modiredi yo mongwe wa nako e e tletseng, o itumelela dijo tsa semoya tse a di newang ke phuthego. A re: “Fa ke ya dipokanong tsa Bokeresete, ke ya dikopanong tse dikgolo, le dikopanong tse dinnye, ke kgona go ja mo tafoleng ya ga Jehofa ya semoya, mme seno eleruri se a  ntapolosa semoyeng. Mme ke itumedisiwa ke go itse gore ke na le badirimmogo le nna mo lefatsheng lotlhe.” O bua jaana fa a tlhalosa selo se segolo se se dirang gore a lapologelwe: “Go lapolosa thata go bo Jehofa e le tsala ya me, segolobogolo fa ke utlwa kgotsa ke bona kafa lefatshe leno le sotlang batho thata ka teng.”—Jakobe 2:23.

Abishai yo o nang le dingwaga tse 20 o direla e le moreri wa nako e e tletseng e bile e le motlhanka wa bodiredi mo phuthegong. O tlhalosa maikutlo a gagwe ka mafoko ano: “Ke ikutlwa ke lapologetswe ka gonne ke itse kafa ke tshwanetseng go lebana ka teng le mathata a mantsi a a lebaneng basha gompieno. Boammaaruri jwa Baebele bo nthusitse gore ke tlhome mogopolo mo go se ke tshwanetseng go se dira gore ke kgone go direla Jehofa ka moya otlhe.”

Fa Antoine a ne a le mo dingwageng tsa bolesome, o ne a le pelokhutshwane. O kile a itaya mongwe yo a tsenang sekolo le ene ka setulo, mme a tlhaba yo mongwe ka pensele. Antoine e ne e se motho yo o lapolosang le eseng! Mme tao ya Baebele e ne ya fetola boitshwaro jwa gagwe. Gone jaana Antoine yo o nang le dingwaga tse 19, ke motlhanka wa bodiredi e bile ke mmulatsela mo phuthegong, mme o bolela jaana: “Ke leboga Jehofa go bo a ile a ntetla gore ke mo itse le go bo a nthusitse gore ke bone kafa go leng botlhokwa ka teng go nna le boikgapo le gore ke fetole mokgwa wa me. Ka jalo, ke kgonne go tila mathata a mantsi.”

Batho ba bangwe ba bona boitshwaro jo bo lapolosang jwa Bakeresete ba babotlana. Matteo ke Mosupi yo mmotlana kwa Italy. Morutabana wa gagwe o ne a dira tshwetso ya gore mongwe le mongwe yo o dirisang puo ya matlhapa mo tlelaseng o ne a tshwanetse go otlhaiwa ka go duedisiwa madi mangwe. Moragonyana, bana ba ne ba kopa gore molao oo o phimolwe ka gonne, ba ne ba re, “ga go kgonege gore motho a se ka a dirisa puo ya matlhapa.” Matteo o tlhalosa jaana: “Morutabana o ne a re go a kgonega, mme a dira sekai ka nna, jaaka ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, a nkakgola fa pele ga tlelase yotlhe ka gonne ke dirisa puo e e phepa.”Mo tlelaseng nngwe e e sa laolegeng kwa Thailand, morutabana o ne a biletsa Racha yo o nang le dingwaga tse 11 kwa pele ga tlelase mme a mo akgolela boitshwaro jwa gagwe, a re: “Ke ka ntlha yang fa lotlhe lo sa mo etse? O tlhoafetse mo dithutong tsa gagwe e bile o itshwere sentle.” Go tswa foo o ne a raya baithuti ba gagwe a re: “Le gale, ke akanya gore lotlhe lo tla tshwanelwa ke go nna Basupi ba ga Jehofa, jaaka Racha, gore lo tokafatse boitshwaro jwa lona.”

Go a itumedisa go bona diketekete tsa basha ba Bakeresete di ithuta go itse Jehofa botoka e bile ba dira thato ya gagwe. Basha ba ba ntseng jalo ba botlhale go feta dingwaga tsa bone. Modimo o ka ba thusa go atlega mo botshelong gone jaanong e bile o tla ba naya isagwe e e itumedisang thata mo lefatsheng le lesha le le tlang. (1 Timotheo 4:8) Basha bano ba farologane ka tsela e e lapolosang thata le basha ba bantsi ba ba sa kgotsofalang, ba ba kgobegileng marapo, ba tsamaiso eno ya dilo e e mo boemong jo bo maswe jwa semoya!