Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ga go Ise Go ke Go Nne le Motho yo Mongwe yo o Kileng a Bua Jaana”

“Ga go Ise Go ke Go Nne le Motho yo Mongwe yo o Kileng a Bua Jaana”

 “Ga go Ise Go ke Go Nne le Motho yo Mongwe yo o Kileng a Bua Jaana”

“Botlhe ba simolola go naya bosupi jo bo molemo ka ga gagwe le go gakgamalela mafoko a a ipedisang a a tswang mo molomong wa gagwe.”—LUKE 4:22.

1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa badiredi ba ba neng ba romilwe go ya go tshwara Jesu ba boile ba iphotlhere fela? (b) Ke eng se se bontshang gore badiredi bano e ne e se bone fela ba ba neng ba kgatlhiwa ke tsela e Jesu a neng a ruta ka yone?

BADIREDI ba ne ba sa kgona go diragatsa thomo ya bone. Ba ne ba romilwe gore ba ye go tshwara Jesu Keresete, mme ba ne ba boa ba iphotlhere fela. Baperesiti ba bagolo le Bafarasai ba ne ba batla tlhaloso ba re: “Ke ka ntlha yang lo sa mo tlisa fano?” Ee ruri, ke eng fa badiredi ba ne ba sa kgona go tshwara monna yo o neng a ka se ka a itwela? Badiredi ba ne ba tlhalosa jaana: “Ga go ise go ke go nne le motho yo mongwe yo o kileng a bua jaana.” Ba ne ba kgatlhilwe thata ke tsela e Jesu a neng a ruta ka yone mo ba neng ba palelwa ke go golega monna yono yo o ratang kagiso. *Johane 7:32, 45, 46.

2 Badiredi bao e ne e se bone fela ba ba neng ba kgatlhilwe ke tsela e Jesu a neng a ruta ka yone. Baebele e re bolelela gore batho ba ne ba tla ka bontsi jo bogolo e le fela gore ba mo utlwe fa a bua. Batho ba motse wa gagabo ba ne ba gakgamalela “mafoko a a ipedisang a a tswang mo molomong wa gagwe.” (Luke 4:22) Ka makgetlho a le mmalwa o ne a bua a le mo mokorong le boidiidi jo bogolo jwa batho ba ba neng ba phuthegetse mo losing lwa Lewatle la Galalea. (Mareko 3:9; 4:1; Luke 5:1-3) Ka lekgetlho lengwe, “boidiidi jo bogolo” bo ne jwa nna le ene ka malatsi a le mmalwa, e bile go se na se ba se jang.—Mareko 8:1, 2.

3. Lebaka la konokono le le neng le dira gore Jesu e nne morutisi yo o tlhomologileng jaana ke lefe?

3 Ke eng se se neng se dira gore Jesu e nne morutisi yo o tlhomologileng? Lorato e ne e le lone lebaka la konokono. * Jesu o ne a rata dithuto tsa boammaaruri tse a neng a di ruta, e bile o ne a rata batho ba a neng a ba ruta. Mme gape Jesu o ne a na le bokgoni jo bo sa tlwaelegang jwa go dirisa mekgwa e e nang le matswela ya go ruta. Mo ditlhogong tse di ithutiwang tse di mo makasineng ono, re tla tlhalosa mengwe ya mekgwa e e nang le matswela e a neng a e dirisa le kafa rona re ka e dirisang ka teng.

O ne A Bua ka Tsela e e Motlhofo e e Utlwalang Sentle

4, 5. (a) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a dirisa mafoko a a sa raraanang fa a ruta, mme ke eng fa go dira jalo e ne e le selo se se tlhomologileng? (b) Thero ya kwa Thabeng e bontsha jang gore Jesu o ne a ruta ka tsela e e motlhofo go tlhaloganngwa?

4 Go tlwaelegile gore batho ba ba rutegileng ba dirise mafoko a bareetsi ba bone ba sa a tlhaloganyeng. Mme fa batho ba bangwe ba sa tlhaloganye se re se buang, ba ka solegelwa molemo jang ke kitso ya rona? Fa Jesu a ruta, le ka motlha o ne a sa dirise mafoko a batho ba sa a tlhaloganyeng. Akanya fela gore o ne a na le mafoko a mantsi jang a a neng a ka a dirisa. Le fa go ntse jalo, le mororo a ne a na le kitso e ntsi, o ne a sa ikakanyetse ka boene mme o ne a akanyetsa bareetsi ba gagwe. O ne a itse gore ba le bantsi ba bone ba ne ‘ba sa rutega e bile e le  batho fela.’ (Ditiro 4:13) Gore a kgone go fitlhelela dipelo tsa batho, o ne a dirisa mafoko a ba neng ba ka a tlhaloganya. Mafoko a gagwe a ka tswa a ne a le motlhofo, mme a ne a na le dithuto tsa boammaaruri tse di boteng.

5 Ka sekai, akanya ka Thero ya kwa Thabeng, e e kwadilweng mo go Mathaio 5:3–7:27. Jesu a ka tswa a ile a dirisa metsotso e le 20 fela go neela thero eo. Le fa go ntse jalo, dithuto tsa yone di boteng, di tlhalosa ka botlalo dikgang tse di jaaka kgokafalo, tlhalo le lorato lwa dikhumo. (Mathaio 5:27-32; 6:19-34) Mme ga di na mafoko ape a a raraaneng kgotsa a a thata go tlhaloganngwa. Aitsane, ga go na lefoko lepe le tota le ngwana a neng a ka se le tlhaloganye motlhofo fela! Ga go gakgamatse gore fa a fetsa, boidiidi—jo bo ka tswang bo ne bo akaretsa balemi, badisa le batshwari ba ditlhapi ba le bantsi—“bo ne jwa tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta”!—Mathaio 7:28.

6. Naya sekai sa kafa Jesu a neng a bua mafoko a a neng a le motlhofo go tlhaloganngwa mme a na le bokao jo bogolo.

6 Gantsi Jesu o ne a dirisa dipolelwana tse di utlwalang sentle, tse dikhutshwane, go bua mafoko a a motlhofo go tlhaloganngwa mme a na le bokao jo bogolo. Mo metlheng eo, go ne go ise go nne le dibuka tse di ka gopotsang batho se ba se ithutileng, mme Jesu o ne a ruta ka tsela e ba neng ba ka se ka ba lebala molaetsa wa gagwe ka yone. Ela tlhoko dikai dingwe: “Ga go ope yo o ka nnang motlhanka wa beng ba babedi; . . . ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.” “Tlogelang go atlhola gore lo tle lo se ka lwa atlholwa.” “Lo tla lemoga batho bao ka maungo a bone.” “Batho ba ba tsogileng sentle ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba bobolang ba a e tlhoka.” “Botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.” “Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” * (Mathaio 6:24; 7:1, 20; 9:12; 26:52; Mareko 12:17; Ditiro 20:35) Le gompieno tota, dingwaga di ka nna 2 000 Jesu a sena go bua mafoko ao a a nang le bokao jo bogolo, batho ba sa ntse ba kgona go a gopola motlhofo.

O ne A Dirisa Dipotso

7. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a botsa dipotso?

7 Jesu o ne a dirisa dipotso ka tsela e e gakgamatsang. Gantsi o ne a dira jalo le fa a ne a ka kgona go bolelela bareetsi ba gagwe ntlha ka bokhutshwane fela. Ke ka ntlha yang he fa a ne a botsa dipotso? Gangwe le gape, o ne a dirisa dipotso tse di fatang maikutlo gore a senole maitlhomo a baganetsi ba  gagwe, ka go rialo a ba tswala molomo. (Mathaio 12:24-30; 21:23-27; 22:41-46) Le fa go ntse jalo, gantsi Jesu o ne a ipha nako ya go botsa dipotso gore a bolele dithuto tsa boammaaruri, a dire gore bareetsi ba gagwe ba ntshe maikutlo a bone, a rotloetse le go thapisa barutwa ba gagwe go akanya. A re sekasekeng dikai tse pedi, tse ka bobedi jwa tsone di amang moaposetoloi Petere.

8, 9. Jesu o ne a dirisa dipotso jang go thusa Petere go dira tshwetso e e siameng malebana le kgang ya go duela lekgetho la tempele?

8 Sa ntlha, gakologelwa nako e bakgethisi ba neng ba botsa Petere gore a Jesu o ne a duela lekgetho la tempele. * Petere, yo ka dinako tse dingwe a neng a itlhaganelela go bua, o ne a araba a re, “Ee.” Le fa go ntse jalo, nakwana moragonyana, Jesu o ne a mmeela mabaka jaana: “‘O akanyang, Simone? Dikgosi tsa lefatshe di amogela ditshwanelo kgotsa lekgetho la tlhogo mo go bomang? Mo go bomorwaatsone kgotsa mo go ba e leng batswakwa?’ E rile a re: ‘Mo go ba e leng batswakwa,’ Jesu a mo raya a re: ‘Ruri, he, bomorwaatsone ba gololesegile mo lekgethong.’” (Mathaio 17:24-27) Petere o ne a tshwanetse go tlhaloganya motlhofo gore Jesu o ne a kaya eng ka dipotso tsa gagwe. Ka ntlha yang?

9 Mo motlheng wa ga Jesu, go ne go itsege gore ba lelapa la segosi ba ne ba sa tlhoke go duela lekgetho. Ka gone, e re ka Jesu e ne e le Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Kgosi ya selegodimo e e neng e obamelwa kwa tempeleng, o ne a sa tlhoke go duela lekgetho. Ela tlhoko gore mo boemong jwa gore Jesu a bolelele Petere karabo e e siameng, o ne a dirisa dipotso ka tsela e e nang le matswela mme e le bonolo go thusa Petere go dira tshwetso e e siameng—gongwe le go mo thusa go bona botlhokwa jwa go akanya ka kelotlhoko pele a bua.

10, 11. Jesu o ne a tsiboga jang fa Petere a ne a kgaola tsebe ya monna mongwe mo bosigong jwa Tlolaganyo ya 33 C.E., mme seno se bontsha jang gore Jesu o ne a bona mosola wa dipotso?

10 Sekai sa bobedi se amana le se se neng sa direga mo bosigong jwa Tlolaganyo ka 33 C.E. fa segopa sa batho se ne se tla go tshwara Jesu. Barutwa ba ne ba botsa Jesu gore a ba mo lwele. (Luke 22:49) Petere ga a ka a emela karabo, mme o ne a kgaola tsebe ya monna mongwe ka tšhaka (le fa go ka direga gore Petere o ne a ikaeletse go mo gobatsa go feta foo). Petere o ne a dira se se sa tsamaisaneng le thato ya mong wa gagwe, ka gonne Jesu o ne a iketleeleditse ka botlalo go ineela gore a tshwarwe. Jesu o ne a tsibogela seo jang? E re ka a ne a le pelotelele ka dinako tsotlhe, o ne a botsa Petere dipotso tse tharo: “Senwelo se Rara a se nneileng, a ga ke a tshwanela go se nwa le fa go ka nna jang?” “A o akanya gore ga ke ka ke ka ikuela kwa go Rre gore a nneye mo go yone nako eno mephato e feta e le lesome le bobedi ya baengele? Mo kgannyeng eo, Dikwalo di ne di tla diragadiwa jang gore go tshwanetse ga diragala ka tsela eno?”—Johane 18:11; Mathaio 26:52-54.

11 Akanya go se go nene ka pego eo. Jesu, yo o neng a dikanyeditswe ke segopa sa batho ba ba galefileng, o ne a itse gore loso lwa gagwe lo atametse le gore go tlosiwa ga kgobo mo leineng la ga Rraagwe le go bolokwa ga batho go ne go ikaegile ka ene. Le fa go ntse jalo, o ne a ipha nako gone fela foo go gatelela dintlha dingwe tsa botlhokwa tsa boammaaruri mo mogopolong wa ga Petere ka go mmotsa dipotso. A seno ga se bontshe gore Jesu o ne a bona mosola wa dipotso?

 O ne A Dirisa Pheteletso e e Nang le Bokao jo bo Utlwalang

12, 13. (a) Pheteletso e e nang le bokao ke eng? (b) Jesu o ne a dirisa jang pheteletso e e nang le bokao go gatelela kafa go leng boeleele ka teng go tshwaya bakaulengwe ba rona diphoso tse e seng tsa sepe?

12 Gantsi Jesu mo bodireding jwa gagwe o ne a dirisa mokgwa o mongwe wa go ruta o o nang le matswela—pheteletso e e nang le bokao. Ono ke mokgwa wa go feteletsa dilo ka boikaelelo jwa go gatelela dintlha dingwe. Jesu o ne a dirisa pheteletso e e nang le bokao gore batho ba bone dilo ka leitlho la mogopolo ka tsela e e sa lebalesegeng. A re sekasekeng dikai di le mmalwa.

13 Mo Therong ya kwa Thabeng fa Jesu a ne a gatelela botlhokwa jwa gore batho ba ‘tlogele go atlhola’ ba bangwe, o ne a re: “Ka jalo, ke ka ntlha yang fa o leba lotlhaka lo lo mo leitlhong la mokaulengwe wa gago, mme o sa akanyetse tlhomeso e e mo leitlhong la gago?” (Mathaio 7:1-3) A o kgona go bona seno ka leitlho la mogopolo? Mongwe yo o ratang go tshwaya ba bangwe diphoso o ithaopela go ntsha lotlhakanyana fela mo “leitlhong” la morwarraagwe. Motho yono yo o tshwayang ba bangwe diphoso o ne a tla bo a bolela gore morwarraagwe ga a lebe dilo sentle gore a ka dira ditshwetso tse di siameng. Mme ene motho yo o tshwayang ba bangwe diphoso ga a kgone go dira ditshwetso tse di siameng ka gonne a kgorelediwa ke “tlhomeso”—kota kgotsa mosipuri o o ka dirisiwang go tshegetsa borulelo. A bo eno e le tsela e e sa lebalesegeng jang ne ya go gatelela kafa go leng boeleele ka gone go tshwaya bakaulengwe ba rona diphoso tse e seng tsa sepe mme e le gore rona re ka tswa re na le diphoso tse dikgolo!

14. Ke ka ntlha yang fa mafoko a ga Jesu malebana le go tlhotlha montsana le go kodumetsa kamela e ne e le pheteletso e e nang le bokao jo bogolo tota?

14 Ka lekgetlho le lengwe, Jesu o ne a kgala Bafarasai a re ke “bagogi ba ba foufetseng, ba [ba] tlhotlhang montsana mme [ba] kodumetsa kamela.” (Mathaio 23:24) Pheteletso eno e ne e na le bokao jo bogolo tota. Ka ntlha yang? Tsela e ka yone go neng go bontshiwa pharologanyo fa gare ga montsana o monnye le kamela, e e neng e le nngwe ya diphologolo tse dikgolo go gaisa tsotlhe tse di neng di itsewe ke bareetsi ba ga Jesu, e ne e kgatlha tota. Go fopholediwa gore bokete jwa kamela e e tlwaelegileng bo ka lekana le bokete jwa mentsana e ka nna dimilione di le 70! Gape Jesu o ne a itse gore Bafarasai ba ne ba tlhotlha beine ya bone ka sefo ya letsela. Batho bano ba ba gagamaletseng melao ba ne ba dira jalo gore ba se ka ba metsa montsana mme ka jalo ba bo ba sa nne phepa kafa mokgweng. Le fa go ntse jalo ba ne ba kodumetsa kamela ka tsela ya tshwantshetso, mme le yone e ne e se phepa. (Lefitiko 11:4, 21-24) Molaetsa wa ga Jesu o ne o utlwala sentle. Bafarasai ba ne ba diragatsa ka kelotlhoko thata le dilo tse dinnye tse di neng di batlwa ke Molao, mme ba ne ba tlhokomologa dilo tse di bokete segolo—“tshiamiso le kutlwelobotlhoko le boikanyegi.” (Mathaio 23:23) A bo Jesu a ne a senola sentle se tota ba leng sone!

15. Dingwe tsa dithuto tse Jesu a neng a di ruta fa a ne a dirisa pheteletso e e nang le bokao ke dife?

15 Jesu o ne a dirisa pheteletso e e nang le bokao mo bodireding jotlhe jwa gagwe. Akanya ka dikai dingwe. “Tumelo ya bogolo jwa tlhaka [e nnye] ya mosetara” e e neng e ka sutisa thaba—eno e ne e le tsela e e nang le matswela go gaisa tsotlhe tse Jesu a neng a ka di dirisa go gatelela gore tota le tumelo e nnye e ka dira dilo tse dikgolo. (Mathaio 17:20) Kamela e kgolo e leka go itshukunyetsa mo letshobeng la nnale e e rokang—a bo seo se tshwantshetsa sentle jang ne kafa mohumi a ketefalelwang ke dilo ka teng fa a leka go direla Modimo mme a ntse a tshela botshelo jwa go rata dikhumo! (Mathaio 19:24) A ga o kgatlhiwe ke tsela e Jesu a neng a dirisa dikapuo ka ditsela tse di farologaneng ka teng le kafa a neng a kgona go dirisa mafoko a se kae fela go nna le matswela a magolo?

Go Baya Mabaka ka Tsela E e Ka se Ganediweng

16. Ka metlha Jesu o ne a dirisa jang bokgoni jwa gagwe jwa go akanya ka botlhale?

16 E re ka Jesu a ne a na le mogopolo o o itekanetseng, o ne a na le bokgoni jwa go beela batho mabaka ka tsela e e utlwalang. Le fa go ntse jalo, le ka motlha o ne a sa dirise bokgoni joo ka tsela e e sa siamang. Fa a ruta, ka metlha o ne a dirisa bokgoni jwa gagwe jwa go akanya ka botlhale go tsweletsa thuto ya boammaaruri pele. Ka dinako tse dingwe, o ne a baya mabaka ka tsela e e utlwalang sentle gore a ganetse ditatofatso tsa maaka tsa baganetsi ba gagwe ba bodumedi. Ka makgetlho a le mantsi, o ne a baya mabaka ka tsela e e utlwalang gore a kgone go ruta barutwa ba gagwe dithuto tsa botlhokwa. A re sekasekeng tsela e Jesu a neng a na le bokgoni jwa go baya mabaka ka yone.

17, 18. Jesu o ne a baya mabaka ka tsela efe e e utlwalang sentle gore a ganetse ditatofatso tsa maaka tsa Bafarasai?

 17 Akanya ka nako ya fa Jesu a ne a fodisa monna mongwe yo o neng a laolwa ke madimona yo o neng a foufetse e bile a le semumu. Fa Bafarasai ba utlwa ka gone, ba ne ba re: “Motho yono o leleka madimona ka ntlha ya ga Belesebube [Satane], mmusi wa madimona.” Ela tlhoko gore Bafarasai ba ne ba dumela gore go tlhokega maatla a a fetang a motho go leleka madimona a ga Satane. Le fa go ntse jalo, ba ne ba bolela gore Jesu o dirisa maatla a ga Satane gore batho ba se ka ba dumela mo go ene. Jesu o ne a bontsha gore ba ne ba sa akanyetsa mabaka a bone ka botlalo ka go ba araba jaana: “Bogosi bongwe le bongwe jo bo kgaoganeng ka bojone bo a kgakgabala, le motse mongwe le mongwe kgotsa ntlo e e kgaoganeng ka boyone ga e na go ema. Ka yone tsela eo, fa Satane a leleka Satane, o kgaogane ka boene; bogosi jwa gagwe bo tla ema jang, he?” (Mathaio 12:22-26) Totatota Jesu o ne a re: ‘Fa e le gore, jaaka lo bolela, ke modiredi wa ga Satane, mme ke dirolola ditiro tsa ga Satane, go tla bo go raya gore Satane o dira kgatlhanong le maikaelelo a gagwe mme o tla tloga a wa.’ O ne a beile mabaka ka tsela e e utlwalang sentle, a ga go jalo?

18 Go tswa foo Jesu o ne a baya mabaka a mangwe gape malebana le kgang eno. O ne a itse gore bangwe ba Bafarasai ba ne ba lelekile madimona. Ka gone, o ne a botsa potso eno e e motlhofo mme e le e e fetsang kgang: “Fa ke leleka madimona ka Belesebube, bomorwalona [kgotsa barutwa ba lona] bone ba a leleka ka mang?” (Mathaio 12:27) Ka tsela nngwe, tota Jesu o ne a re: ‘Fa e le gore tota ke leleka madimona ka maatla a ga Satane, go tla bo go raya gore barutwa ba lona le bone ba dirisa maatla a gagwe.’ Bafarasai ba ne ba ka reng? Le ka motlha ba ne ba ka se ka ba dumela gore barutwa ba bone ba dirisa maatla a ga Satane. Jesu o ne a baya mabaka ka tsela e e ka se kang ya ganediwa a ba a dira gore se ba neng ba mo latofatsa ka sone se lebege se se na tlhaloganyo.

19, 20. (a) Jesu o ne a baya mabaka ka tsela efe e e kgothatsang? (b) Jesu o ne a dirisa jang polelwana e e reng ‘bogolo jang’ fa a ne a araba barutwa ba gagwe fa ba ne ba mo kopa gore a ba rute go rapela?

19 Mo godimo ga go baya mabaka gore a didimatse baganetsi ba gagwe, gape Jesu o ne a baya mabaka ka tsela e e tlhatswang pelo gore a rute dithuto tsa boammaaruri ka ga Jehofa tse di kgothatsang le tse di nametsang. Ka makgetlho a le mantsinyana, o ne a dirisa dipolelwana tse di bontshang selekanyo se dilo di farologanang ka sone, jaaka polelwana e e reng ‘bogolo jang,’ go thusa bareetsi ba gagwe go dirisa boammaaruri jo ba ntseng ba bo itse gore ba tlhaloganye jo bongwe. A re sekaseke dikai di le pedi fela.

20 Fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba mo kopa gore a ba rute go rapela, o ne a anela setshwantsho ka ga monna yo o neng a kopa thuso mo tsaleng ya gagwe mme yone e sa batle go mo thusa. Kgabagare tsala eno e ile ya mo thusa ka gonne o ile a mo “emelela ka bopelokgale.” Gape Jesu o ne a tlhalosa kafa batsadi ba ratang go ‘naya bana ba bone dimpho tse di molemo’ ka teng. Go tswa foo o ne a konela jaana: “Fa lona, le mororo lo le boikepo, lo itse kafa lo ka nayang bana ba lona dimpho tse di molemo ka gone, a bo Rara yo o kwa legodimong bogolo jang a tla naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang!” (Luke 11:1-13) Ntlha ya ga Jesu e ne e sa ikaega ka go tshwana ga maemo mme e ne e ikaegile ka go farologana ga one. Fa go kgonega gore tsala e e neng e sa ikaelela go thusa moagelani wa yone kgabagare e tlhotlhelediwe go mo thusa, le gone fa batsadi ba batho ba ba sa itekanelang ba kgona go naya bana ba bone dilo tse ba di tlhokang, a bo Rraarona yo o lorato wa selegodimo ene a ka kgona bogolo jang go naya batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang moya o o boitshepo fa ba mo rapela ka boikokobetso!

21, 22. (a) Jesu o ne a baya mabaka ka tsela efe fa a ne a naya kgakololo malebana le go lepalepana le bothata jwa go tlhobaela ka dikhumo? (b) E re ka re sa tswa go sekaseka mekgwa e se kae e Jesu a neng a ruta ka yone, re swetsa ka go reng?

21 Jesu o ne a baya mabaka ka tsela e e tshwanang  le eo fa a ne a naya kgakololo malebana le go lepalepana le bothata jwa go tlhobaela ka dikhumo. O ne a re: “Elang tlhoko sentle gore magakabe ga a jale peo le fa e le go roba, e bile ga a na bobolokelo le fa e le ntlo ya polokelo, mme le fa go ntse jalo Modimo o a a fepa. Lona lo botlhokwa go le kana kang go feta dinonyane? Elang tlhoko sentle kafa dithunya tsa masoma di golang ka gone; ga di dire ka natla le fa e le go otlha . . . Jaanong, fa Modimo a apesa jalo dimela mo nageng tse gompieno di leng gone mme ka moso di latlhelwang mo teng ga pesetso, a bo a tla apesa lona bogolo jang ne, lona ba lo nang le tumelo e potlana!” (Luke 12:24, 27, 28) Ee, fa e le gore Jehofa o tlhokomela dinonyane le dithunya, a bo a ka kgona bogolo jang go tlhokomela batlhanka ba gagwe! Go baya mabaka ka tsela e e ntseng jalo e e utlwalang sentle mme e le bonolo go tshwanetse ga bo go ile ga fitlhelela dipelo tsa bareetsi ba ga Jesu.

22 E re ka re sa tswa go sekaseka mekgwa e se kae e Jesu a neng a ruta ka yone, re ka kgona go swetsa motlhofo fela gore badiredi bao ba ba neng ba palelwa ke go mo tshwara ruri ba ne ba sa feteletse dilo fa ba ne ba re: “Ga go ise go ke go nne le motho yo mongwe yo o kileng a bua jaana.” Mme mokgwa wa go ruta o Jesu a ka tswang a itsege ka one thata ke wa go dirisa ditshwantsho. Ke ka ntlha yang fa a ne a dirisa mokgwa ono? Ke eng se se neng se dira gore ditshwantsho tsa gagwe di nne le matswela jaana? Dipotso tseno di tla arabiwa mo setlhogong se se latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 1 Badiredi bano e ka tswa e ne e le baemedi ba Sanehederine mme ba direla ka fa tlase ga baperesiti ba bagolo.

^ ser. 3 Bona setlhogo se se reng “Ke lo Tlhometse Sekao” le se se reng “Ntshale Morago ka Metlha,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya August 15, 2002.

^ ser. 6 Nopolo eno ya bofelo, e e fitlhelwang mo go Ditiro 20:35 e nopolwa ke moaposetoloi Paulo fela, le mororo molaetsa wa mafoko ao o fitlhelwa mo Diefangeleng. Paulo a ka tswa a ile a utlwa mafoko ao ka mongwe (gongwe ka morutwa mongwe yo o utlwileng Jesu a a bua kgotsa ka Jesu yo o tsositsweng) kgotsa ka go a senolelwa ke Modimo.—Ditiro 22:6-15; 1 Bakorintha 15:6, 8.

^ ser. 8 Bajuda ba ne ba tshwanetse go duela lekgetho la tempele la diderakema di le pedi ngwaga le ngwaga (mo e ka nnang tuelo ya malatsi a le mabedi). Madi a lekgetho a ne a tshwanetse go duelela go tlhokomelwa ga tempele, tiro e e neng e dirwa koo le ditlhabelo tse di neng di direlwa setšhaba letsatsi le letsatsi.

A o A Gakologelwa?

• Ke dikai dife tse di bontshang gore Jesu o ne a ruta ka tsela e e motlhofo go tlhaloganngwa le e e utlwalang sentle?

• Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a dirisa dipotso fa a ruta?

• Pheteletso e e nang le bokao ke eng, mme Jesu o ne a dirisa jang mokgwa ono wa go ruta?

• Jesu o ne a baya mabaka jang go ruta barutwa ba gagwe dithuto tse di boammaaruri tse di nametsang ka ga Jehofa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Jesu o ne a dirisa mafoko a a sa raraanang a batho fela ba neng ba ka a tlhaloganya

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Bafarasai ba ne ba ‘tlhotlha montsana mme ba kodumetsa kamela’