Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Morutisi yo Mogolo

Etsa Morutisi yo Mogolo

 Etsa Morutisi yo Mogolo

“Jalo tsamayang mme lo dire batho . . . barutwa . . . , lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.MATHAIO 28:19, 20.

1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa go ka twe rotlhe re barutisi ka tsela nngwe? (b) Bakeresete ba boammaaruri ba na le boikarabelo bofe jo bo sa tshwaneng le bope malebana le kgang ya go ruta?

AO MORUTISI? Ka tsela nngwe rotlhe re barutisi. Nako le nako fa o kaela motsamai yo o latlhegileng, o bontsha modiri ka wena tsela ya go dira tiro e e rileng, kgotsa o tlhalosetsa ngwana kafa a tshwanetseng go bofa ditlhako tsa gagwe ka teng, o a bo o ruta. Go thusa batho ba bangwe ka ditsela tseno go a re kgotsofatsa, a ga go jalo?

2 Bakeresete ba boammaaruri ba na le boikarabelo jo bo sa tshwaneng le bope malebana le kgang ya go ruta. Re laetswe gore re ‘dire batho barutwa, re ba rute.’ (Mathaio 28:19, 20) Le mo phuthegong, re a tle re rute. Banna ba ba tshwanelegang ba tlhomiwa go nna “badisa le barutisi,” gore ba age phuthego. (Baefeso 4:11-13) Basadi ba ba godileng ba tshwanetse go ‘ruta makgarebe se se molemo’ ka ditiro tsa bone tsa Bokeresete tse ba di dirang letsatsi le letsatsi. (Tito 2:3-5) Rotlhe re rotloediwa go kgothatsa badumedi ka rona, mme re ka tsaya kgakololo eo tsia ka go dirisa Baebele go aga ba bangwe. (1 Bathesalonika 5:11) A bo e le tshiamelo e kgolo jang ne go nna morutisi wa Lefoko la Modimo le go bolelela ba bangwe dilo tsa semoya tse di ka ba nayang melemo e e nnelang ruri!

3. Re ka dira jang gore tsela e re rutang ka yone e nne le matswela thata?

3 Le fa go ntse jalo, re ka dira jang gore tsela e re rutang ka yone e nne le matswela thata? Tsela ya botlhokwa ke ka go etsa Morutisi yo Mogolo, Jesu. Mme bangwe ba ka ipotsa gore, ‘Re ka etsa Jesu jang? O ne a itekanetse.’ Ke boammaaruri gore re ka se nne barutisi ba ba itekanetseng. Mme le fa re ka tswa re na le bokgoni jo bo kae, re ka dira bojotlhe jwa rona go etsa tsela e Jesu a neng a ruta ka yone. A re sekasekeng kafa re ka dirisang mekgwa e le menè e a neng a e dirisa—go bua ka tsela e e motlhofo go tlhaloganngwa, go dirisa dipotso tse di tlhotlheletsang, go baya mabaka ka tsela e e utlwalang le go dirisa ditshwantsho tse di tshwanelang.

Go Bua ka Tsela e e Motlhofo go Tlhaloganngwa

4, 5. (a) Ke ka ntlha yang fa selo sa konokono ka boammaaruri jwa Baebele e le gore bo motlhofo go tlhaloganngwa? (b) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go ela tlhoko mafoko a re a dirisang gore re rute ka tsela e e motlhofo go tlhaloganngwa?

4 Dithuto tsa boammaaruri tsa motheo tse di leng mo Lefokong la Modimo ga di a raraana. Fa Jesu a ne a rapela o ne a re: “Ke go baka phatlalatsa, Rara, . . . ka gonne o fitlhetse ba ba botlhale le ba ba bonokopela dilo tseno mme o di senoletse masea.” (Mathaio 11:25) Jehofa o senoletse batho ba ba peloephepa le ba ba ikokobeditseng maikaelelo a gagwe. (1 Bakorintha 1:26-28) Ka jalo, selo sa konokono ka boammaaruri jwa Baebele ke gore bo motlhofo go tlhaloganngwa.

5 Fa o tshwere thuto ya legae ya Baebele kgotsa o etela batho ba ba kgatlhegang, o ka ruta jang ka tsela e e motlhofo go tlhaloganngwa? Kana re ithutile eng mo Morutising yo Mogolo? Jesu o ne a dira gore bareetsi ba gagwe “ba ba sa rutegang e bile e le batho fela” ba kgone go mo tlhaloganya ka go dirisa puo e e tlhamaletseng e ba neng ba ka e tlhaloganya. (Ditiro 4:13) Ka jalo, selo sa ntlha se re tshwanetseng go se dira gore re rute ka tsela e e motlhofo go tlhaloganngwa, ke go ela tlhoko mafoko a re a dirisang. Ga re tlhoke go dirisa mafoko kgotsa dipolelwana tse go leng thata go di tlhaloganya go dira  gore batho ba bangwe ba tlhatswege pelo ka boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. “Puo e e feteletseng” jalo e ka tshosa batho, bogolo jang ba ba sa rutegang go le kalo kgotsa ba ba se nang bokgoni jo bo kalo. (1 Bakorintha 2:1, 2) Sekai sa ga Jesu se bontsha gore mafoko a a motlhofo go tlhaloganngwa a a tlhophilweng ka kelotlhoko a ka bolela boammaaruri ka tsela e e utlwalang sentle.

6. Re ka dira jang gore re tile go imetsa motho yo re ithutang Baebele le ene ka go mo naya tshedimosetso e ntsi thata?

6 Selo se sengwe se re ka se dirang gore re rute ka tsela e e motlhofo go tlhaloganngwa ke gore re tile go imetsa motho yo re ithutang Baebele le ene ka go mo naya tshedimosetso e ntsi thata. Jesu o ne a akanyetsa dilo tse barutwa ba gagwe ba neng ba sa kgone go di dira. (Johane 16:12) Le rona re tshwanetse go akanyetsa motho yo re ithutang le ene. Ka sekai, fa re tshwere thuto ka buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, ga re tlhoke go tlhalosa dintlha tsotlhe ka botlalo. * Le gone ga go tlhokege gore re fete fela ka bonako, jaaka e kete selo sa botlhokwa thata ke go wetsa selekanyo se se rileng sa tshedimosetso. Go na le moo, go molemo go tsamaya ka lobelo lo lo tla tshwanelang se moithuti a se tlhokang le se a se kgonang. Boikaelelo jwa rona ke go thusa motho yo re ithutang le ene go nna morutwa wa ga Keresete le moobamedi wa ga Jehofa. Re tshwanetse go dirisa selekanyo le fa e ka nna sefe sa nako e e tlhokegang go thusa moithuti yo o kgatlhegang gore a tlhaloganye sentle se a se ithutang. Ka jalo, boammaaruri bo ka mo ama pelo mme jwa mo tlhotlheletsa go tsaya kgato.—Baroma 12:2.

7. Ke dikakantsho dife tse di ka re thusang gore re rute ka tsela e e motlhofo go tlhaloganngwa fa re neela dipuo kwa phuthegong?

7 Fa re neela dipuo mo phuthegong, bogolo jang fa bangwe ba bareetsi e le batho ba ba simololang go tla, re ka bua jang puo e e “tlhaloganyesegang motlhofo”? (1 Bakorintha 14:9) Ela tlhoko dikakantsho tse tharo tse di ka thusang. Sa ntlha, tlhalosa mafoko ape a a sa tlwaelegang a o tla tshwanelwang ke go a dirisa. Tsela e re tlhaloganyang Lefoko la Modimo ka yone e dirile gore re nne le mafoko a a sa tlwaelegang. Fa re dirisa dipolelwana tse di jaaka “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” “dinku tse dingwe,” le “Babelona o Mogolo” re ka nna ra tlhoka go di tlhalosa ka mafoko a a motlhofo go tlhaloganngwa go dira gore bokao jwa one bo utlwale sentle. Sa bobedi, tila go dirisa mafoko a mantsi thata. Go dirisa mafoko a mantsi thata, o tlhalosa dilo ka tsela e e feteletseng, go ka dira gore bareetsi ba felelwe ke kgatlhego. Se se ka thusang gore o bue ka tsela e e utlwalang sentle ke gore o ntshe mafoko le dipolelwana tse di sa tlhokegeng. Sa boraro, o se ka wa leka go akaretsa tshedimosetso e ntsi thata. Fa re dira patlisiso re ka bona dintlha tse dintsi tse di kgatlhang. Mme go molemo gore o dirise tshedimosetso eo go rulaganya dintlha di se kae tsa konokono, o dirisa fela tshedimosetso e e tshegetsang dintlha tseo e bile e ka tlhalosiwa sentle mo nakong e e beilweng.

Go Dirisa Dipotso ka Tsela e e Tlhotlheletsang

8, 9. Re ka tlhopha jang potso e e tsamaisanang le seemo sa mong wa ntlo? Naya dikai.

8 Gakologelwa gore Jesu o ne a le setswerere mo go diriseng dipotso go dira gore barutwa ba gagwe ba ntshe maikutlo a bone le go ba rotloetsa le go ba thapisa go akanya. Jesu o ne a dirisa dipotso go fitlhelela le go tlhotlheletsa dipelo tsa bone ka tsela e e bonolo. (Mathaio 16:13, 15; Johane 11:26) Le rona re ka dirisa dipotso ka tsela e e tlhotlheletsang jaaka Jesu jang?

9 Fa re rera ka ntlo le ntlo, re ka dirisa dipotso go tsosa kgatlhego, gore re tle re kgone go bua ka Bogosi Jwa Modimo. Re ka tlhopha jang potso e e tsamaisanang le seemo sa mong wa ntlo? Nna o butse matlho. Fa o atamela ntlo, lebelela tikologo ya yone. A go na le ditshamekisi mo jarateng, go supa gore go na le bana mo gae? Fa go ntse jalo, re ka nna  ra botsa jaana, ‘A o kile wa ipotsa gore lefatshe le tla bo le ntse jang fa bana ba gago ba gola?’ (Pesalema 37:10, 11) A go na le diloko di le mmalwa mo kgorong e e ka kwa pele, kgotsa thulaganyo ya eleketeroniki ya go thibela magodu? Re ka botsa jaana: ‘A o akanya gore go tla ba ga tla nako e batho ba ba jaaka nna le wena ba tla ikutlwang ba babalesegile mo magaeng a bone le mo mmileng?’ (Mika 4:3, 4) A go na le tselana e e diretsweng setulo sa maotwana? Re ka botsa jaana: ‘A go tla ba ga nna le nako e ka yone batho botlhe ba tla bong ba na le botsogo jo bontle?’ (Isaia 33:24) Dikakantsho di le dintsi di ka fitlhelwa mo bukeng ya Go Fetolana ka Dikwalo. *

10. Re ka dirisa dipotso jang go ‘gelela’ dikakanyo le maikutlo a a mo pelong ya motho yo o ithutang Baebele, mme re tshwanetse go nna re akantse eng?

10 Re ka dirisa dipotso jang ka tsela e e molemo fa re tshwere dithuto tsa Baebele? Rona ga re kgone go bona se se mo pelong ya motho jaaka Jesu a ne a kgona. Le fa go ntse jalo dipotso tse di bodiwang ka botlhale mme di bontsha temogo di ka re thusa go ‘gelela’ dikakanyo le maikutlo a a mo pelong ya moithuti. (Diane 20:5) Ka sekai, a re re gongwe re ithuta kgaolo e e buang ka “Lebaka La go Bo go Tshela Botshelo Jwa Bomodimo go Itumedisa,” e e mo bukeng ya Kitso. E tlhalosa tsela e Modimo a lebang ka yone go sa ikanyege, kgokafalo le dikgang tse dingwe. Moithuti a ka araba dipotso tse di mo bukeng ka nepo, mme a gone o dumela se a se ithutang? Re ka botsa jaana: ‘A o bona tsela e Jehofa a lebang dikgang tseno ka yone e utlwala?’ ‘O ka dirisa melaometheo eno ya Baebele jang mo botshelong jwa gago?’ Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore o tshwanetse go nna le tlotlo, o naya motho yo o ithutang le ene seriti. Re ka se batle go botsa dipotso tse di tla tlhabisang motho yo o ithutang Baebele ditlhong kgotsa tse di tla mo tlontlololang.—Diane 12:18.

11. Dibui tsa phatlalatsa di ka dirisa dipotso ka ditsela dife tse di tlhotlheletsang?

11 Dibui tsa phatlalatsa le tsone di ka dirisa dipotso ka tsela e e tlhotlheletsang. Dipotso tse re sa letelang gore bareetsi ba di arabe di ka thusa bareetsi go akanya le go baya mabaka. Jesu o ne a tle a dirise dipotso tse di ntseng jalo. (Mathaio 11:7-9) Mo godimo ga moo, fa sebui se sena go dira matseno, se ka nna sa dirisa dipotso go bontsha dintlha tsa botlhokwa tse go tla tlotliwang ka tsone. A ka nna a re: “Mo motlotlong wa rona gompieno, re tlile go sekaseka dikarabo tsa dipotso tseno tse di latelang . . . ” Mme fa a konela, a ka umaka dipotso tseo go boeletsa dintlha tsa botlhokwa.

12. Naya sekai go bontsha kafa bagolwane ba Bakeresete ba ka dirisang dipotso ka teng go thusa modumedi ka bone gore a gomodiwe ke Lefoko la Modimo.

12 Fa bagolwane ba Bakeresete ba dira tiro ya bone ya bodisa, ba ka dirisa dipotso go thusa ‘moya o o tshwenyegileng maikutlo’ gore o gomodiwe ke Lefoko la ga Jehofa. (1 Bathesalonika 5:14) Ka sekai, fa mogolwane a batla go thusa mongwe yo o hutsafetseng, a ka mmontsha Pesalema 34:18. Ya re: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.” Fa mogolwane a batla go tlhomamisa gore motho yo o kgobegileng marapo yono o bona kafa temana eno e mo amang ka teng, a ka nna a botsa jaana: ‘Jehofa o gaufi le bomang? A o a tle o ikutlwe o “phatlogile pelo” e bile o “pitlagane moya”? Fa e le gore, jaaka Baebele e bolela, Jehofa o gaufi le batho ba ba ntseng jalo, a seo ga se reye gore o gaufi le wena?’ Go kgothatsa motho jalo ka bonolo go ka rudisa moya wa motho yo o hutsafetseng.—Isaia 57:15.

Go Baya Mabaka ka Tsela e e Utlwalang

13, 14. (a) Re ka beela motho mabaka jang fa a re ga a dumele mo Modimong yo o sa bonweng? (b) Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go lebelela gore batho botlhe ba tla tlhatswega pelo?

13 Fa re le mo bodireding, re batla go fitlhelela dipelo tsa batho ka go baya mabaka ka tsela e e utlwalang  le e e tlhatswang pelo. (Ditiro 19:8; 28:23, 24) A seno se raya gore re tshwanetse go ithuta go baya mabaka ka tsela e e raraaneng gore re tlhatswe batho ba bangwe pelo ka boammaaruri jwa Lefoko la Modimo? Nnyaa le e seng. Go baya mabaka ka tsela e e utlwalang ga go tlhoke go raraana. Gantsi go baya mabaka ka tsela e e motlhofo go tlhaloganngwa ke gone go nnang le matswela thata. Akanya ka sekai seno.

14 Re ka araba jang fa mongwe a re ga a dumele mo Modimong yo a sa mmoneng? Re ka nna ra baya mabaka re dirisa molao wa tlholego wa gore sengwe le sengwe se nna gone ka go bo se dirilwe. Fa re bona sengwe, re dumela gore go tshwanetse ga bo go na le sengwe se se se dirileng. Re ka nna ra re: ‘Fa o ne o le mo lefelong lengwe le le kwa kgakala o bo o bona ntlo e e agilweng sentle e e tletseng ka dijo, o ne o tla dumela ka yone nako eo gore mongwe o agile ntlo eo a bo a tlatsa dikhabote tsa yone ka dijo. Ka tsela e e tshwanang, fa re bona kafa dilo tsa tlholego di tlhamilweng ka gone le letlotlo la dijo tse di mo lefatsheng, a ga go utlwale go dumela gore di tshwanetse tsa bo di bakilwe ke Mongwe?’ Baebele e baya mabaka ka tsela eno e e motlhofo go tlhaloganngwa: “Ke boammaaruri gore, ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.” (Bahebera 3:4) Le fa go ntse jalo, le fa re ka baya mabaka ka tsela e e utlwalang go le kana kang, ga se batho botlhe ba ba tla tlhatswegang pelo. Baebele e re gopotsa gore batho ba ‘ba nang le tshekamelo e e siameng’ ke bone fela ba ba tla nnang badumedi.—Ditiro 13:48; 2 Bathesalonika 3:2.

15. Re ka baya mabaka jang go tlhalosa dinonofo tsa ga Jehofa le ditsela tsa gagwe, mme ke dikai dife tse pedi tse di bontshang kafa re ka dirisang mokgwa oo ka gone?

15 Fa re ruta, e ka ne e le mo bodireding jwa tshimo kgotsa mo phuthegong, re ka baya mabaka ka tsela e e utlwalang go tlhalosa dinonofo tsa ga Jehofa le ditsela tsa gagwe. Tsela nngwe e e nang le matswela thata ke ka go baya mabaka re dirisa polelwana e e reng ‘bogolo jang’ e Jesu a neng a tle a e dirise. (Luke 11:13; 12:24) E re ka mokgwa ono wa go baya mabaka o farologanya dilo, o ka dira gore dintlha di utlwale sentle. Go bontsha kafa thuto ya molelo wa dihele e se nang tlhaloganyo ka teng, re ka nna ra re: ‘Ga go na rre yo o lorato yo o ka otlhayang ngwana wa gagwe ka go tsenya letsogo la gagwe mo molelong. A bo kgopolo fela ya molelo wa dihele e tshwanetse ya bo e sa ratege bogolo jang mo go Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong!’ (Jeremia 7:31) Fa re batla go ruta gore Jehofa o tlhokomela mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe, re ka re: ‘Fa e le gore Jehofa o itse nngwe le nngwe ya dinaledi tse di dimilione di le diketekete ka maina, a bo a tshwanetse a bo a amega bogolo jang ka batho ba ba mo ratang le ba ba rekilweng ka madi a Morwawe a a tlhwatlhwakgolo!’ (Isaia 40:26; Ditiro 20:28) Go baya mabaka ka tsela eno e e tlhatswang pelo go ka re thusa gore re fitlhelele dipelo tsa batho ba bangwe.

Ditshwantsho Tse di Tshwanelang

16. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go dirisa ditshwantsho fa re ruta?

16 Ditshwantsho tse di tlhotlheletsang ke dilo tse di ka dirang gore batho ba kgatlhegele se re se rutang. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go dirisa ditshwantsho fa re ruta? Morutisi mongwe o ne a re: “Sengwe sa dilo tse go leng thata gore batho ba di dire ke go kgona go akanya ba sa bone sepe ka leitlho la mogopolo.” Ditshwantsho di dira gore re bone bokao jwa dilo ka leitlho la mogopolo, mme di re thusa thata gore re kgone go tlhaloganya dikgopolo tse disha. Jesu o ne a dirisa ditshwantsho ka tsela e e tlhomologileng. (Mareko 4:33, 34) A re sekasekeng kafa re ka dirisang mokgwa ono wa go ruta ka gone.

17. Ke dintlha dife tse nnè tse di dirang gore setshwantsho se tlhotlheletse?

17 Ke eng se se dirang gore setshwantsho se tlhotlheletse? Sa ntlha, se tshwanetse sa tshwanela bareetsi ba rona, sa bua ka maemo a batho ba ba re reeditseng ba ka a tlhaloganyang motlhofo. Re gakologelwa gore Jesu o ne a dira ditshwantsho tsa gagwe di le dintsi ka dilo tsa botshelo jo bo tlwaelegileng jwa bareetsi ba gagwe. Sa bobedi, setshwantsho se tshwanetse sa tsamaisana sentle le ntlha e e tlhalosiwang. Fa e le gore tota ga di tsamaisane, setshwantsho se ka mpa sa tlhakanya bareetsi ba rona tlhogo. Sa boraro, setshwantsho ga se a tshwanela go tlala ka tshedimosetso e e sa tlhokegeng. Gakologelwa gore Jesu o ne a tlhalosa dintlha tse di tlhokegang mme a sa bue dilo tse tota di sa tlhokegeng. Sa bonè, fa re dirisa setshwantsho, re tshwanetse go tlhomamisa gore bokao jwa sone bo utlwala sentle. E seng jalo, bangwe ba ka nna ba se  ka ba tlhaloganya ntlha e e tlhalosiwang ke setshwantsho.

18. Re ka tlhama jang ditshwantsho tse di tshwanelang?

18 Re ka tlhama jang ditshwantsho tse di tshwanelang? Ga re tlhoke go tlhama dipolelo tse ditelele tse di nang le ditlhaloso tse dintsi. Ditshwantsho tse dikhutshwane di ka nna le matswela tota. Leka fela go akanya ka dikai tsa ntlha e go tlotlwang ka yone. Ka sekai, a re re gongwe re tlotla ka kgang ya go itshwarela ga Modimo, mme re batla go tshwantsha ntlha e e bolelwang mo go Ditiro 3:19, e e reng Jehofa o ‘phimola,’ kgotsa o sutlha diphoso tsa rona. Seo ka bosone ke sekapuo se se utlwalang sentle, mme ke sekai sefe sa mmatota se re ka se dirisang go tshwantsha ntlha eno—sephimodi? sepontšhe? Re ka nna ra re: ‘Fa Jehofa a re itshwarela maleo, go ntse jaaka e kete o a sutlha ka sepontšhe (kgotsa sephimodi).’ Ga go thata gore motho a tlhaloganye ntlha ya setshwantsho se se motlhofo jalo.

19, 20. (a) Re ka bona kae ditshwantsho tse di molemo? (b) Dikai dingwe tsa ditshwantsho tse di tlhotlheletsang tse di mo dikgatisong tsa rona ke dife? (Bona le lebokoso.)

19 O ka bona kae ditshwantsho tse di tshwanelang, go akaretsa le dikai tsa dilo tse di diragetseng tota? Di batle mo botshelong jwa gago kgotsa mo ditseleng tse di farologaneng tse badumedi ka wena ba godileng ka tsone le mo dilong tse di ba diragaletseng. O ka tlhopha ditshwantsho mo dilong tse dingwe tse dintsi, go akaretsa dilo tse di tshelang le tse di sa tsheleng, dilwana tsa mo ntlong, kgotsa tiragalo nngwe e e sa tswang go direga e e itsegeng thata mo lefelong la lona. Sengwe se se ka thusang thata gore re bone ditshwantsho tse di molemo ke go nna re ntshitse matlho dinameng, re “leba ka kelotlhoko” dilo tse di diregang letsatsi le letsatsi go re dikologa. (Ditiro 17:22, 23) Buka nngwe e e malebana le go bua phatlalatsa e tlhalosa jaana: “Motho yo o buang phatlalatsa yo o elang tlhoko tsela e batho ba tshelang ka yone le ditiro tse di farologaneng tse di dirwang mo botshelong, yo o buang le batho ba mefuta yotlhe, yo o sekasekang dilo ka kelotlhoko le yo o botsang dipotso go fitlha a tlhaloganya, o tla nna le tshedimosetso e ntsi e e tla mo thusang go dira ditshwantsho fa go tlhokega.”

20 Go na le motswedi o mongwe gape o mogolo wa ditshwantsho tse di tlhotlheletsang—Tora ya Tebelo, Tsogang!, le dikgatiso tse dingwe tsa Basupi ba ga Jehofa. O ka ithuta go le gontsi ka go ela tlhoko kafa dikgatiso tseno di dirisang ditshwantsho ka teng. * Ka sekai, akanya ka setshwantsho se se dirisiwang mo serapeng sa 11 sa kgaolo 17 ya buka ya Kitso. Se bapisa botho jo bo sa tshwaneng jwa batho ba ba mo phuthegong le dikoloi tse di farologaneng tse di tsamayang fa thoko ga gago mo tseleng. Ke eng se se dirang gore se tlhotlheletse? Ela tlhoko gore se bua ka dilo tse di diragalang letsatsi le letsatsi, se tsamaisana thata le ntlha e e tlhalosiwang le gore bokao jwa sone bo utlwala sentle. Re ka dirisa ditshwantsho tse di mo dikgatisong tsa rona fa re ruta, gongwe re di fetola gore di tshwanele motho yo re ithutang Baebele le ene kgotsa gore re di dirise mo puong.

21. Go nna morutisi yo o nang le matswela wa Lefoko la Modimo go na le maduo afe?

21 Go nna morutisi yo o nang le matswela go na le maduo a magolo. Fa re ruta, re abela ba bangwe; re dirisa dingwe tsa dilo tsa rona go ba thusa. Go aba jalo go a itumedisa ka gonne Baebele ya re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Mo barutising ba Lefoko la Modimo, boitumelo joo bo tlisiwa ke go itse gore re abela batho ba bangwe sengwe se se nang le molemo wa mmatota le o o nnelang ruri—boammaaruri ka ga Jehofa. Re ka kgotsofadiwa le ke go itse gore re etsa Morutisi yo Mogolo, Jesu Keresete.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 9 Bona karolo ya “Diketapele Tsa go Dirisiwa mo Bodiheding jwa Tshimo,” mo go tsebe 9-15.—E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 20 Gore o bone dikai, sekaseka Watch Tower Publications Index 1986-2000, kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Illustrations [Ditshwantsho].”—E gatisitswe ka dipuo di le mmalwa ke Basupi ba ga Jehofa.

A o A Gakologelwa?

• Re ka ruta jang ka tsela e e motlhofo go tlhaloganngwa fa re tshwere thuto ya legae ya Baebele? fa re neetse puo mo phuthegong?

• Re ka dirisa dipotso jang ka tsela e e tlhotlheletsang fa re rera ka ntlo le ntlo?

• Re ka baya mabaka jang ka tsela e e utlwalang gore re tlhalose dinonofo tsa ga Jehofa le ditsela tsa gagwe?

• Re ka bona kae ditshwantsho tse di tshwanelang?

[Dipotso Tsa Thuto]

 [Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 23]

A o Gakologelwa Ditshwantsho Tseno?

Ditshwantsho tse di latelang ke di le mmalwa fela tse di tlhotlheletsang. Ke ka ntlha yang fa o sa lebe kgatiso e e supilweng mme o bone kafa setshwantsho se thusitseng ka teng go gatelela ntlha e go tlotliwang ka yone?

• Fela jaaka bajiminasi kgotsa balekane ba babedi ba ba relelang mo aeseng, go tlhokega thata gore motho yo o batlang go nna le lenyalo le le atlegileng a nne le molekane yo o molemo.—Tora ya Tebelo, May 15, 2001, tsebe 16.

• Go ntsha maikutlo a gago go tshwana le go kolopela mongwe bolo. O ka e kolopa ka bonolo kgotsa o ka e kolopa ka maatla mo e ka gobatsang mongwe.—Tsogang!, January 8, 2001, tsebe 10.

• Go ithuta go supa lorato go tshwana le go ithuta puo e sele.—Tora ya Tebelo, February 15, 1999, tsebe 18, 22-3.

• Badimona ba dirisa tirisabadimo go hepisa batho, fela jaaka batsomi ba dirisa serai go oka diphologolo. Se oka bao ba ba tlhaselang.—Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, tsebe 111.

• Tsela e Jesu a falotsang bana ba ga Adame ka yone e ka tshwantshiwa le monna mongwe yo o humileng thata yo o duelang molato otlhe wa khampani (o o bakilweng ke manejara yo o sa ikanyegeng) a bo a bula feketeri eo gape, mme seo se bo se solegela bahiriwa ba yone ba bantsi molemo.—Tora ya Tebelo, February 15, 1991, tsebe 13.

• Fela jaaka batho ba ba ratang ditshwantsho tsa bataki ba tla tsaya matsapa a magolo go baakanya ditshwantsho tse di senyegileng, Jehofa a ka tlodisa bosaitekanelang jwa rona matlho, a bona bomolemo jwa rona mme kgabagare a dira gore re bone botshelo jo bo itekanetseng jo Adame a bo latlhileng.—Tora ya Tebelo, February 15, 1990, tsebe 22.

[Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Bakeresete ba boammaaruri ke barutisi ba Lefoko la Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Bagolwane ba ka dirisa dipotso go thusa badumedi ka bone gore ba gomodiwe ke Lefoko la Modimo