Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baagelani ba ba Molemo ke Batho ba Botlhokwa

Baagelani ba ba Molemo ke Batho ba Botlhokwa

 Baagelani ba ba Molemo ke Batho ba Botlhokwa

“Moagelani yo o gaufi o botoka go na le morwarra motho yo o kgakala.”—Diane 27:10.

MORUTEGI mongwe wa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. o ne a botsa Jesu jaana: “Ke mang tota yo e leng moagelani wa me?” Fa Jesu a araba, ga a ka a mmolelela gore moagelani wa gagwe ke mang mme o ne a mmolelela gore moagelani wa mmatota ke motho yo o ntseng jang. O tshwanetse wa bo o itse setshwantsho sa ga Jesu. Batho ba le bantsi ba se bitsa setshwantsho sa Mosamarea yo o molemo mme se kwadilwe mo Efangeleng ya ga Luke. Jesu o ne a tlhalosa kgang eno jaana:

“Monna mongwe o ne a fologa a tswa Jerusalema a ya Jeriko mme a wela mo gare ga dinokwane, tse di neng tsa mo tsola tsa ba tsa mo itaaka, mme tsa tswa tsa tsamaya, di mo tlogela a le gaufi le go swa. Jaanong, ga diragala gore moperesiti mongwe a bo a fologa ka tsela eo, mme, e rile a mmona, a feta fela kafa letlhakoreng le lengwe. Molefi le ene ka tsela e e tshwanang, e rile a fitlha mo lefelong leno mme a mmona, a feta fela kafa letlhakoreng le lengwe. Mme Mosamarea mongwe yo o neng a tsamaya mo tseleng a tshogana ka a le fa go ene, ya re a mmona, a tlhotlheletsega go tlhomoga pelo. Jalo a mo atamela mme a hapa dintho tsa gagwe, a di tshela leokwane le beine. Go tswa foo a mo pega mo godimo ga phologolo ya gagwe mme a mo tlisa mo ntlong ya baeti a mo tlhokomela. Mme letsatsi le le latelang a ntsha didenario di le  pedi, a di naya mong wa ntlo ya baeti, a re, ‘Mo tlhokomele, mme le fa e le eng se o se dirisang mo godimo ga seno, ke tla go duela fa ke boela fano.’ Ke mang wa ba bararo bano yo mo go wena a bonalang a itirile moagelani wa monna yo o neng a wela mo gare ga dinokwane?”—Luke 10:29-36.

Go bonala morutegi yono a ne a tlhaloganya molaetsa wa setshwantsho seo. Kwantle ga go okaoka o ne a tlhalosa sentle gore moagelani wa monna yo o gobetseng e ne e le mang: “Ke ene yo o mo diretseng ka kutlwelobotlhoko.” Go tswa foo Jesu a mo raya a re: “Tsamaya mme le wena o dire fela jalo.” (Luke 10:37) A bo e le setshwantsho se se tlhotlheletsang jang ne se se bontshang gore go nna moagelani wa mmatota go kayang! Setshwantsho sa ga Jesu se ka nna sa bo sa re tlhotlheletsa gore re ipotse jaana: ‘Nna ke moagelani yo o ntseng jang? A lotso kgotsa setšhaba se ke tswang mo go sone ke tsone tse di tlhotlheletsang tsela e ke tlhophang baagelani ka yone? A mabaka ano a dira gore ke se ka ka ikutlwa ke na le boikarabelo jo bo kalo jwa go thusa motho ope fela yo ke bonang a le mo bothateng? A ke dira sotlhe se nka se kgonang go nna moagelani yo o molemo?’

Re ka Simolola ka go Dira Eng?

Fa re akanya gore re tlhoka go tokafatsa mo ntlheng eno, re tshwanetse go simolola ka boikutlo jwa rona. Re tshwanetse go amega thata ka gore re nne baagelani ba ba molemo. Gape seno se ka thusa gore re nne le baagelani ba ba molemo. Mo e batlileng e nna dingwaga di le dikete tse pedi tse di fetileng, Jesu o ne a gatelela molaomotheo o o botlhokwa oo malebana le ditirisano tsa batho mo Therong ya gagwe e e itsegeng thata ya kwa Thabeng. O ne a re: “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Fa o tlotla batho ba bangwe, o ba naya seriti e bile o le pelontle mo go bone, seno se ba kgothaletsa gore le bone ba go tshware ka tsela e e tshwanang.

Mo setlhogong se se reng “Go Rata Baagelani ba Gago,” se se neng se le mo makasineng wa The Nation Since 1865, Lise Funderburg yo e leng mmegadikgang e bile e le mokwadi o ne a umaka dilo dingwe tse di motlhofo tse batho ba ka di dirang go rotloetsa moya wa boagelani. O ne a kwala jaana: “Ke batla gore . . . batho ba kopanngwe ke ditiro tse dintsi tsa bopelontle tse baagelani ba di direlanang—tse di jaaka go tsaya makwalodikgang mo lebokosong la poso ba a isa kwa ntlong, go tlhokomela bana, go tla le sengwe kwa mabenkeleng. Ke batla gore go nne le kamano e e ntseng jalo mo lefatsheng le le ntseng le kgaoganela pele, le mo go lone batho ba ikutlwang ba sa sireletsega ka ntlha ya poifo le bokebekwa.” Go tswa foo o oketsa jaana: “Gone o tshwanetse wa simolola. Mme gongwe o ka simolola ka moagelani wa gago.”

Makasine wa Canadian Geographic le one o ne wa tlhalosa ntlha nngwe e e molemo e e ka thusang baagelani gore ba nne le kutlwano. Mokwadi Marni Jackson o ne a bolela jaana: “Fela jaaka motho a ka se ka a itlhophela maloko a lelapa, ga se ka metlha a ka itlhophelang baagelani ba gagwe. Boagelani bo tlhoka gore batho ba nne botlhale, ba bontshe maitseo ka tsela nngwe le go itshokelana.”

Baagelani ba ba Molemo ba Aba ka Bopelotshweu

Ke boammaaruri gore bontsi jwa rona re ka nna ra se ka ra gololesega go atamela baagelani ba rona. Go ka nna ga lebega go le botoka gore re se ka ra ikopanya le bone le gore re itlhaole. Le fa go ntse jalo, Baebele e bolela gore “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Ka jalo, moagelani yo o molemo o leka go tsaya matsapa gore a tlwaelane le batho ba a nnang gaufi le bone. Le fa e se gore tota o batla go nna le botsalano jo bo gaufi le bone, o leka go buisana le bone gangwe le gape, gongwe a simolola ka go nyenya ka botsalano kgotsa go dumedisa ka go tsholetsa letsogo.

Jaaka go boletswe fa godimo, “ditiro tse dintsi tsa bopelontle” tse baagelani ba di direlanang ke tsone tse tota di thusang gore ba nne le botsalano ba bo ba tswelele pele ba na le jone. Ka jalo ke selo se sentle gore o batle ditsela tse dinnye tse o ka bontshang moagelani wa gago bopelontle ka tsone, ka gonne gantsi seno se tla thusa gore lo dirisane mmogo lo bo lo tlotlane. Mo godimo ga moo, fa re dira jalo, re tla bo re latela kgothatso eno e e mo Baebeleng: “O se ka wa gana ka molemo mo go ba o ba tshwanetseng, fa go le mo maatleng a seatla sa gago go o dira.”—Diane 3:27; Jakobe 2:14-17.

Baagelani ba ba Molemo ba Amogela ka Kanaanelo

Go ne go ka nna molemo fa re ne re ka kgona go bolela gore batho botlhe ba amogela thuso le  dimpho ka go anaanela. Ka maswabi, ga go nne jalo ka metlha. Gantsi batho ba ile ba thusa ba bangwe kana ba ba fa dimpho ka maitlhomo a mantle mme tsa se ka tsa anaanelwa mo e leng gore motho yo o neng a aba go tswa pelong o ile a ipolelela a re, ‘Nka se tlhole ke go dira gape!’ Ka dinako tse dingwe, le fa o ka leka jang go dumedisa baagelani ba gago ka botsalano kana ka go tsholetsa letsogo, bone ba ka nna ba dumela ka tlhogo fela ba ikgolola.

Le fa go ntse jalo, go le gantsi e a bo e se gore motho yo o direlwang sengwe ga a leboge, le fa go ka tswa go lebega jalo. Gongwe tsela e a godisitsweng ka yone e dira gore a okaoke kgotsa a se ka a gololesega a bo a dire dilo jaaka e kete ga a kgathale kgotsa ga a botsalano. Ka fa letlhakoreng le lengwe, mo lefatsheng leno la batho ba ba sa lebogeng, batho bangwe ba ka nna ba tsaya botsalano jwa gago e le selo se se sa tlwaelegang kgotsa ba ka nna ba bo ba simolola go go belaela. Ba ka nna ba tlhoka go tlhomamisediwa ka tsela nngwe. Ka jalo, go simolola botsalano go ka nna ga tlhoka nako le bopelotelele. Le fa go ntse jalo, baagelani ba ba ithutang go aba ka bopelotshweu le go amogela ka kanaanelo ba thusa gore go nne le moya wa boagelani wa kagiso le boitumelo.

Fa go Tsoga Mathata

Moagelani yo o molemo o botlhokwa thata bogolo jang ka nako ya masetlapelo. Ka dinako tsa mathata, batho ba bontsha moya wa boagelani jwa boammaaruri. Go na le dipego tse dintsi tsa baagelani ba ba ileng ba dira ditiro tsa bopelotshweu ka dinako tseo. Go lebega masetlapelo a a amang batho botlhe a dira gore baagelani ba dirisane mmogo ka go rata le go thusana ka pelo yotlhe. Tota le batho ba ba sa dumalaneng ka mogopolo gantsi ba dirisana mmogo mo maemong ao.

Ka sekai, The New York Times e ne ya bega gore fa go ne go nna le thoromo ya lefatshe e e boitshegang kwa Turkey ka 1999, batho ba e neng e ntse e le baba ba ile ba nna seoposengwe jaaka baagelani. Mokwaladikgang mongwe wa Mogerika e bong Anna Stergiou o ne a kwala jaana mo lokwalodikgannyeng longwe lwa kwa Athena: “Re sa le re rutiwa ka dingwaga tse dintsi gore re tlhoe Ba-Turkey. Le fa go ntse jalo, ga re itumelele go bona ba utlwa botlhoko thata jaana. Re ne re utlwile botlhoko, re ne re lela jaaka e kete go bona masea a a suleng go ne go nyeletsa letlhoo le re neng re sa bolo go nna le lone.” Fa ditiro tsa namolo di ne di emisiwa semolao, ditlhopha tsa namolo tsa Bagerika di ne tsa gana go emisa tiro ya go batla bafalodi.

Go nna le seabe mo tirong ya namolo morago ga gore go nne le masetlapelo ruri ke tiro ya bopelontle le ya bogatlhamelamasisi e e bontshang moya wa boagelani. Le fa go ntse jalo, go falotsa botshelo jwa moagelani ka go mo tlhagisa pele ga masetlapelo ruri go ka tsewa e le tiro e e supang moya wa boagelani e e botlhokwa le go feta. Ka maswabi, ditiragalo tse di fetileng di bontsha gore gantsi batho ba ba tlhagisang baagelani ba bone ka masetlapelo a a tlang ga ba amogelwe, ka gonne ka nako ya fa go ntshiwa tlhagiso batho ba a bo ba sa bone masetlapelo ao. Gantsi batho ba ba ntshang tlhagiso ga ba dumelwe. Batho ba ba lekang go thusa batho ba ba sa lemogeng gore ba mo seemong se se kotsi ba tshwanetse go nna pelotelele le go intsha setlhabelo.

Tiro e Kgolo go di Gaisa Tsotlhe ya go Bontsha Moya wa Boagelani

Mo motlheng ono, batho ba tlile go diragalelwa ke sengwe se segolo go gaisa masetlapelo a tlholego. Ke kgato e e boleletsweng pele e Modimo Mothatayotlhe a tlileng go e tsaya ya go fedisa bokebekwa, boikepo le mathata a a tsamaisanang le jone  mo lefatsheng. (Tshenolo 16:16; 21:3, 4) Tiragalo eno e kgolo ga se sengwe fela se se ka nnang sa direga, ruri se tla direga! Basupi ba ga Jehofa ba tlhoafaletse go naya batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka teng kitso e ba e tlhokang gore ba falole tiragalo eno e e tlileng go tshikinya lefatshe mo bogautshwaneng. Ke gone ka moo ba nnang le seabe ka bopelotelele jaana mo tirong ya bone e e itsegeng thata ya go rera mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:14) Ba e dira ka go rata, ka gonne ba rata Modimo le moagelani.

Ka jalo, o se ka wa letla gore letlhoo kgotsa go tenegela batho go go thibele go reetsa fa Basupi ba go etela kgotsa ba kopana le wena felo gongwe. Ba leka go nna baagelani ba ba molemo. Ka jalo ba dumelele go ithuta Baebele le wena fa ba ithaopela go dira jalo. Ithute kafa Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsang ka teng gore go setse go le gaufi gore baagelani ba nne mmogo ka boitumelo. Ka nako eo, go tlhaolana ka lotso, ka bodumedi kgotsa ka maemo ga go kitla go tlhola go senya kamano e e lorato e bontsi jwa rona re e eletsang thata.

[Ditshwantsho mo go tsebe 6, 7]

Ke selo se sentle go dira ditiro tsa bopelontle mo lefelong la lona

[Motswedi wa Setshwantsho]

Globe: Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.