Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bokgoni Jwa go Akanya Bo ka Go Sireletsa Jang?

Bokgoni Jwa go Akanya Bo ka Go Sireletsa Jang?

 Bokgoni Jwa go Akanya Bo ka Go Sireletsa Jang?

GO A kgatlha go bona makhubu a matona, le fa go ntse jalo, a ka nna kotsi mo bathong ba ba tsamayang ka dikepe. Metsi ano a a ntseng a gogomoga a ka ba bolaya.

Ka tsela e e tshwanang, batlhanka ba Modimo ba ka nna ba lebana le mathata a a ntseng a oketsega a a ka ba fekeetsang. O ka tswa o lemogile gore diteko le dithaelo tse di tlang di tlhomagane jaaka makhubu di gatelela Bakeresete. Ruri o batla go di lwantsha ka boikemisetso, o ititeile sehuba gore o se ka wa senyegelwa ke bomoya jwa gago jaaka go thubegelwa ke sekepe. (1 Timotheo 1:19) Bokgoni jwa go akanya bo ka go thusa thata gore o kgone go iphemela. Jone ke eng, mme motho a ka nna le jone jang?

Lefoko la Sehebera le le ranotsweng go twe “bokgoni jwa go akanya,” mezim·mahʹ, le tswa mo lefokong le le kayang “go rulaganya kgotsa go loga maano.” (Diane 1:4) Ka jalo, dithanolo dingwe tsa Baebele di ranola mezim·mahʹ e le “bonokopela” kgotsa “ponelopele.” Bakanoki ba Baebele e bong Jamieson, Fausset le Brown ba tlhalosa mezim·mahʹ e le “go ntsha matlho dinameng mo go ka re thusang go falola se se bosula le go bona se se molemo.” Seno se kaya go akanyetsa ditlamorago tse di nnelang ruri le tsa nakwana tsa ditiro tsa rona. Fa re na le bokgoni jwa go akanya, pele re tsaya kgato re tla sekaseka ka kelotlhoko dilo tse re ka di dirang, bogolo jang fa go na le ditshwetso tsa botlhokwa tse di tshwanetseng go dirwa.

Fa motho yo o nang le bokgoni jwa go akanya a dira ditshwetso ka bokamoso kgotsa ka maemo a a leng mo go one jaanong, sa ntlha o leka go bona dikotsi kgotsa mamena a a ka nnang teng. Fa a setse a lemogile dikotsi tse di ka nnang teng, o leka go bona kafa a ka di tilang ka gone, a ntse a akantse kafa tikologo ya gagwe le batho ba a dirisanang le bone ba ka mo amang ka teng. Ka jalo, a ka rulaganya tsela e e tla nnang le diphelelo tse di molemo, gongwe ya ba ya mo tlisetsa masego a Modimo. A re sekasekeng dikai dingwe tse di mosola tse di tshwantshang dikgato tseno.

Tila Serai sa Boitsholo Jo bo Sa Siamang Jwa Tlhakanelodikobo

Ka dinako tse dingwe phefo e kgoromeletsa makhubu a a maatla go tlhabagana le karolo e e kwa pele ya sekepe. Batsamaisi ba sekepe ba mo kotsing ya go menogelwa ke sekepe fa ba ka se ka ba leka ka botswerere go ralala makhubu ao ba lebagane le one ka karolo e e kwa pele ya sekepe.

Le rona re mo seemong se se tshwanang e re ka re tshela mo lefatsheng la batho ba ba ratang go akanya thata ka tlhakanelodikobo. Letsatsi le letsatsi re lebana le dikgopolo le ditshwantsho tse di amanang le tlhakanelodikobo tse di tlang ka go latelana jaaka makhubu. Re ka se ka ra itlhokomolosa tsela e di ka amang ka yone keletso ya rona ya tlholego ya tlhakanelodikobo. Re tshwanetse go dirisa bokgoni jwa go akanya gore re lebane le thaelo re ititeile sehuba, go na le gore re itetle go tsena mo maemong a a kotsi.

Ka sekai, gantsi banna ba Bakeresete ba bereka le batho ba ba sa tlotleng basadi, ba ba leba e le didirisiwa fela tsa tlhakanelodikobo. Badirikabone ba ka  dira gore metlotlo ya bone e tlale ka metlae e e leswe le dipuo tse ditshesane tsa tlhakanelodikobo. Kgabagare seemo seno se ka dira gore Mokeresete a nne le dikgopolo tsa boitsholo jo bo sa siamang.

Mosadi wa Mokeresete le ene a ka nna a tshwanelwa ke go dira tiro ya boitshediso mme a nna le mathata. A ka nna a bo a bereka le banna le basadi ba ba sa lateleng melao e ene a e latelang ya boitsholo. Gongwe modiri ka ene wa monna o a mo kgatlhegela. Mo tshimologong, a ka nna a bo a mo tshwara sentle, e bile a mo tlotla ka ntlha ya bodumedi jwa gagwe. Fa monna yono a ntse a mo kgatlhegela jalo e bile ba nna ba bonana thata go ka nna ga tlhotlheletsa mosadi gore a batle go nna le botsalano jo bo gaufi le ene.

E re ka re le Bakeresete, bokgoni jwa go akanya bo ka re thusa jang fa re le mo maemong a a ntseng jalo? Sa ntlha, bo ka re thusa go lemoga dikotsi tsa semoya, mme sa bobedi, bo ka re rotloetsa go akanyetsa gore ke kgato efe e e tshwanetseng e re ka e tsayang. (Diane 3:21-23) Mo maemong a a tshwanang le ano, re ka nna ra tshwanelwa ke go bontsha badiri ka rona sentle gore ga re tshele jaaka bone ka ntlha ya dilo tse re di dumelang go ya ka Dikwalo. (1 Bakorintha 6:18) Tsela e re buang ka yone le e re itshwarang ka yone e ka gatelela se re se bolelang. Mo godimo ga moo, re ka nna ra tlhoka go fokotsa ditirisano tsa rona le bangwe ba badiri ka rona.

Le fa go ntse jalo, dikgatelelo tsa boitsholo jo bo sa siamang, ga di kwa tirong fela. Gape go ka nna le mathata fa banyalani ba letla mathata a koafatsa kutlwano ya bone. Modiredi mongwe yo o etang o ne a bolela jaana: “Ga go itiragalele fela gore lenyalo le thubege. Banyalani ba ka nna ba katologana ka iketlo, ba buisana kgotsa ba itisa mmogo sewelo. Ba ka nna ba leka go nna le dikhumo gore ba fedise bodutu mo lenyalong la bone. E re ka ba dira dilo mmogo sewelo, ba ka nna ba ikutlwa ba kgatlhegela batho ba bangwe ba bong bo sele.”

Modiredi yono yo o nang le maitemogelo o ne a tswelela jaana: “Banyalani ba tshwanetse gore ka metlha ba iphe nako ya go sekaseka gore a go na le sengwe se se koafatsang kamano ya bone. Ba tshwanetse ba rulaganya gore ba ka ithuta, ba rapela ba bo ba rera mmogo jang. Ba ka solegelwa molemo thata fa ba ka buisana ‘mo ntlong, mo tseleng, fa ba rapama le fa ba tsoga,’ fela jaaka batsadi le bana.”—Duteronome 6:7-9.

Go Itshokela Boitshwaro jo e Seng Jwa Bokeresete

Mo godimo ga go re thusa go lebana ka katlego le dithaelo tsa boitsholo, bokgoni jwa go akanya gape bo ka re thusa go itshokela mathata a re nnang le one le Bakeresete ka rona. Phefo e a tle e kgoromeletse makhubu kwa karolong e e kwa morago ya sekepe. Makhubu ano a ka tsholetsa karolo e e kwa morago ya sekepe mme a dira gore se tsamaye ka lekeke. Seno se dira gore sekepe se lebe go sele mme makhubu a lebagane le letlhakore la sone mo a ka se senyang.

Le rona re ka lebana le kotsi e e tswang kwa re neng re sa e lebelela gone. Re direla Jehofa re le “seoposengwe” le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba bantsi ba ba ikanyegang ba Bakeresete. (Sefania 3:9) Fa mongwe wa bone a sa itshware ka tsela ya Bokeresete, go ka lebega e kete o re swabisitse re ne re mo ikantse mme seo se ka re utlwisa botlhoko thata. Bokgoni jwa go akanya bo ka re thusa jang gore re se ka ra feteletsa dilo kgotsa ra utlwa botlhoko mo go feteletseng?

Gakologelwa gore “ga go na motho ope yo o sa leofeng.” (1 Dikgosi 8:46) Ka jalo ga re a tshwanela go gakgamadiwa ke gore ka dinako tse dingwe mokaulengwe wa Mokeresete a ka re tena kana a re kgopisa. E re ka re itse seno, re ka ipaakanyetsa go lebana le seemo seo re bo re tlhatlhanya ka gore re tshwanetse go itshwara jang. Moaposetoloi Paulo o ne a itshwara jang fa bangwe ba bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete ba ne ba bua ka ene ka tsela e e utlwisang botlhoko le e e lonyatso? Mo boemong jwa go dira dilo ka tsela e e seng ya semoya, o ne a swetsa ka gore go amogelwa ke Jehofa go botlhokwa thata go na le go amogelwa ke motho. (2 Bakorintha 10:10-18) Go nna le boikutlo jo bo ntseng jalo go tla re thusa go tila go dira dilo ka go tseega maikutlo fa re kgopisitswe ke mongwe.

Go batlile go tshwana le go thula sengwe ka monwana wa rona wa leoto. Fa seo se direga re ka nna ra se ka ra kgona go akanya sentle ka nakwana. Mme fa botlhoko bo sena go kokobela, re ka kgona go akanya le go dira dilo ka tsela e e tlwaelegileng. Ka tsela e e tshwanang, ga re a tshwanela go tsaya kgato ka yone nako eo fa mongwe a buile kgotsa a re diretse sengwe se se utlwisang botlhoko. Go na le moo, ema go se nene o bo o akanyetsa ditlamorago tsa go ipusolosetsa o sa akanya.

 Malcolm, yo o nang le dingwaga di le dintsi e le morongwa, o tlhalosa gore o dirang fa a kgopisegile. “Selo sa ntlha se ke se dirang ke go ipotsa dipotso tse di latelang: A ke galefetse mokaulengwe yo ka gonne botho jwa rona bo sa tsamaisane? A se a se buileng tota se botlhokwa? A bolwetse jwa malaria ke jone bo dirang gore ke kgopisege thata? A ke tla leba dilo ka tsela e sele morago ga diura di se kae?” Go le gantsi, jaaka Malcolm a ile a lemoga, kgotlhang e a bo e se botlhokwa mme e ka tlodisiwa matlho. *

Malcolm o oketsa jaana: “Ka dinako tse dingwe, le fa nka leka jang gore ke rarabolole kgang, mokaulengwe yo mongwe o nna a ntse a se botsalano. Ke leka go dira gore seo se se ka sa nkutlwisa botlhoko. Fa ke setse ke dirile sotlhe se nka se kgonang, ke leba kgang eno ka tsela e sele. Mo mogopolong wa me ke beela kgang eno kwa thoko gore e tla rarabologa fa nako e ntse e tsamaya mme ga ke e tseye e le sengwe se ke tshwanetseng go se rarabolola ka bonna. Ga ke ne ke e letla gore e nkoafatse semoyeng kgotsa e ame botsalano jwa me le Jehofa le bakaulengwe ba me.”

Fela jaaka Malcolm, ga re a tshwanela go letla gore fa mongwe a sa re tshwara sentle re bo re utlwa botlhoko mo go feteletseng. Mo phuthegong nngwe le nngwe go na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba itumetseng, ba ba ikanyegang. Go a itumedisa go tsamaya ‘re wa re tsoga’ le bone mo tseleng ya Bokeresete. (Bafilipi 1:27) Fa re nna re akantse ka tsela e Rraarona wa selegodimo a re tshegetsang ka lorato ka yone re tla kgona go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng.—Pesalema 23:1-3; Diane 5:1, 2; 8:12.

Go se Rate Dilo Tsa Lefatshe

Bokgoni jwa go akanya bo ka re thusa go lebana le bothata jo bongwe jo bo bofitlha. Ka dinako tse dingwe phefo e kgoromeletsa makhubu go lebagana le letlhakore la sekepe. Fa maemo a bosa e le a a tlwaelegileng, makhubu ano a ka faposa sekepe mo tseleng ya sone ka bonya ka bonya. Le fa go ntse  jalo, fa go tsogile matsubutsubu, makhubu a a itayang sekepe kafa letlhakoreng a ka se menola.

Ka tsela e e tshwanang, fa re ineela mo kgatelelong ya gore re itumelele sengwe le sengwe se re se newang ke lefatshe leno le le boikepo, mokgwa ono wa go tshela wa go rata dikhumo o ka re faposa semoyeng. (2 Timotheo 4:10) Fa re sa itlhokomele, kgabagare go rata lefatshe go ka dira gore re tlogele tsela ya rona ya Bokeresete gotlhelele. (1 Johane 2:15) Bokgoni jwa go akanya bo ka re thusa jang?

Sa ntlha, bo tla re thusa go bona gore dikotsi tse re ka nnang ra lebana le tsone tota ke dife. Lefatshe le dirisa maano otlhe a a ka kgonegang a phasalatso go leka go re gogela. Ka metlha le rotloetsa tsela e e rileng ya botshelo e go tsewang gore mongwe le mongwe o tshwanetse go e latela—botshelo jwa go rata go nna bomponeng jwa bahumi, jwa batho ba ba tseelwang kwa godimo le jwa ba ba lebegang ba atlegile. (1 Johane 2:16) Re solofediwa gore re tla ratiwa le go amogelwa ke batho botlhe, bogolo jang bankane ba rona le baagelani ba rona. Bokgoni jwa go akanya bo tla re thusa gore re se ka ra tlhotlhelediwa ke kgopolo eno, bo re gakolola kafa go leng botlhokwa ka teng gore re ‘se ka ra rata madi,’ e re ka Jehofa a solofeditse gore ‘ga a na go re tlogela ka gope.’—Bahebera 13:5.

Sa bobedi, bokgoni jwa go akanya bo tla re thibela gore re se ka ra latela batho ba ba ‘fapogileng mo boammaaruring.’ (2 Timotheo 2:18) Go thata tota go ganetsa batho ba re ntseng re ba rata e bile re ba ikanya. (1 Bakorintha 15:12, 32-34) Tota le fa re ka tlhotlhelediwa go se kae fela ke batho ba ba tlogetseng tsela ya Bokeresete, seo se ka re busetsa morago semoyeng mme kgabagare sa re tsenya mo kotsing. Re ka tshwana le sekepe se se fapogang go se nene mo tseleng ya sone e e tshwanetseng. Fa e le gore se tsaya mosepele o moleele, se ka iphitlhela se katogile lefelo le se yang kwa go lone ka sekgala se seleele thata.—Bahebera 3:12.

Bokgoni jwa go akanya bo ka re thusa go bona gore boemo jwa rona jwa semoya ke bofe le gore bo tla bo bo ntse jang mo isagweng. Gongwe re lemoga gore re tshwanetse go nna le seabe se segolwane mo ditirong tsa Bokeresete. (Bahebera 6:11, 12) Ela tlhoko kafa mosha mongwe wa Mosupi a neng a dirisa bokgoni jwa go akanya ka teng go mo thusa go latelela mekgele ya semoya: “Ke ne ke na le sebaka sa go latelela tiro ya go kwala dikgang. Tiro eno e ne e nkgatlha thata, mme ke ne ka gakologelwa temana e e mo Baebeleng e e reng ‘lefatshe le a feta,’ mme ‘yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.’ (1 Johane 2:17) Ke ne ka akanya gore se ke se dirang mo botshelong jwa me se tshwanetse sa tsamaisana le se ke se dumelang. Batsadi ba me ba ne ba tlogetse tumelo ya Bokeresete, mme ke ne ke sa batle go ba latela. Ka jalo ke ne ka swetsa ka gore ke tshele botshelo jo bo nang le bokao mme ka tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng ke le mmulatsela wa ka metlha. Go setse go fetile dingwaga di le nnè ke dira tiro e e kgotsofatsang, mme ke a itse gore ke dirile tshwetso e e siameng.”

Go Lebana le Matsubutsubu a Semoya ka Katlego

Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re dirise bokgoni jwa go akanya gompieno? Batsamaisi ba dikepe ba tshwanetse go nna ba ntshitse matlho dinameng gore ba bone dilo tse di supang gore go ka nna le kotsi, bogolo jang fa go tsoga matsubutsubu. Fa go tsidifala ka bofefo le diphefo di tsubutla, ba khurumetsa sekepe ba bo ba ipaakanyetsa sepe fela se se ka diragalang. Fela jalo, le rona re tshwanetse ra ipaakanyetsa go lebana le mathata a magolo a a jaaka matsubutsubu fa tsamaiso eno e e boikepo e ntse e ya bofelong. Boitsholo jwa batho bo ntse bo senyegela pele le ‘batho ba ba boikepo ba sulafalela pele.’ (2 Timotheo 3:13) Fela jaaka batsamaisi ba dikepe ba reetsa dipego tsa tepoloapi ka metlha, le rona re tshwanetse go tsaya tsia ditlhagiso tsa boporofeti tsa Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng.—Pesalema 19:7-11.

Fa re dirisa bokgoni jwa go akanya, re dirisa kitso e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng. (Johane 17:3) Re ka kgona go bonela pele mathata a a ka tlhagang mme ra bona tsela e re ka a rarabololang ka yone. Ka go dira jalo re ka ititaya sehuba gore re se faposiwe mo tseleng ya Bokeresete, mme re theye “motheo o o molemo wa isagwe” ka go tlhoma le go latelela mekgele ya semoya.—1 Timotheo 6:19.

Fa re dibela botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya, ga re tlhoke go “boifa sepe sa tshoganyetso se se boifisang.” (Diane 3:21, 25, 26) Go na le moo, re ka gomodiwa ke tsholofetso eno ya Modimo: “Fa botlhale bo tsena mo pelong ya gago le kitso e nna monate mo moyeng wa gago, bokgoni jwa go akanya bo tla nna bo go lebeletse, temogo e tla go dibela.”—Diane 2:10, 11.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 19 Bakeresete ba tshwanetse ba leka go agisana, go dumalana le kgakololo e e mo go Mathaio 5:23, 24. Fa kgang eo e ama maleo a a masisi, ba tshwanetse ba leka go gapa mokaulengwe wa bone jaaka go tlhalositswe mo go Mathaio 18:15-17. Bona Tora ya Tebelo ya October 15, 1999, tsebe 17-22.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Go buisana ka metlha go nonotsha lenyalo