Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Yoga—A ke Go Itshidila Mmele Fela Kgotsa Sengwe se se Fetang Seo?

Yoga—A ke Go Itshidila Mmele Fela Kgotsa Sengwe se se Fetang Seo?

 Yoga—A ke Go Itshidila Mmele Fela Kgotsa Sengwe se se Fetang Seo?

GOMPIENO batho ba le bantsi ba akanya thata ka go nna le mebele e mesesane e e itekanetseng. Seno se dirile gore ba le bantsi ba tsenele mafelo a go itshidila mmele le ditlelapa tsa boitekanelo go bona thuso. Ka ntlha ya lebaka le le tshwanang, batho ba le diketekete kwa dinageng tsa Bophirima le bone ba tsenetse tsela eo ya go itshidila mmele ya kwa dinageng tsa Botlhaba e e bidiwang yoga.

Batho ba ba tshwenyegileng thata mo tlhaloganyong, mo maikutlong le ba ba kgobegileng marapo le bone ba tsenetse tsela eno ya go itshidila mmele e e bidiwang yoga go bona kgomotso le tharabololo ya mathata a bone. Segolobogolo fa e sa le go tloga ka dingwaga tsa bo1960, e leng dingwaga tse go neng go na le batho ba ba neng ba ipitsa mahipi le digongwana tsa basha ba ba rotloetsang kagiso ba ba ipitsang flower children, batho ba kwa dinageng tsotlhe tsa Bophirima ba ne ba simolola go kgatlhegela bodumedi jwa kwa dinageng tsa Botlhaba le mekgwa ya jone ya tirisabadimo. Ditshameki tsa dibaesekopo le diopedi tsa mmino wa rock di dirile gore bontsi jwa batho bo rate go tlhatlhanya ka tsela e e feteletseng e re ka se e le karolo ya yoga. E re ka batho ba le bantsi ba setse ba kgatlhegela tsela ya go itshidila mmele ya yoga, re ka nna ra botsa jaana: ‘A yoga ke tsela fela ya go itshidila mmele e e tla nayang motho yo o e tsenetseng mmele o mosesane o o itekanetseng le go ritibala mo mogopolong? A motho a ka tsenela tsela ya go itshidila mmele ya yoga a sa amane le bodumedi jwa yone? A tsela ya go itshidila mmele ya yoga e tshwanela Bakeresete?’

Tshimologo ya Yoga

Tshimologo ya lefoko “yoga” e amana le tshimologo ya lefoko la Setswana “jokwe.” Lefoko leno le raya go tshwaraganya, go golega dilo ka jokwe, go tsenya mo jokweng kgotsa go laola. Mo mothong wa Mohindu, yoga ke tsela ya go golagana le moya o o fetang batho ka nonofo. E tlhalosiwa gotwe ke “go golegelela maatla otlhe a mmele, a tlhaloganyo, le a moya mo Modimong.”

Yoga e simologile kae? Go dirilwe ditshwantsho  tsa batho ba ba ntseng ka ditsela tse di farologaneng tsa yoga kwa Indus Valley e gompieno e leng Pakistan. Baithutamarope ba re Indus Valley e tlhabologile fa gare ga mileniamo wa boraro le wa bobedi B.C.E., motlha o o neng o le gaufi thata le wa setso sa Mesopotamia. Kwa mafelong ano ka bobedi, go dirwa ditshwantsho tsa motho yo o emelang modimo mongwe, yo o rwesitsweng dinaka tsa phologolo mme a dikologilwe ke diphologolo mme seno se re gopotsa Nimerode, “motsomi yo o thata.” (Genesise 10:8, 9) Bahindu ba re ditshwantsho tsa batho ba ba ntseng ka tsela ya se-yoga, ke ditshwantsho tsa modimo Siva, morena wa diphologolo le morena wa kobamelo ya yoga yo gantsi a newang kobamelo ya lingam e leng kobamelo ya dirwe tsa tlhakanelodikobo. Ka jalo, buka e e bidiwang Hindu World e bitsa yoga e re ke “molao wa go itima dilo di le dintsi o o simologileng pele ga Dipuo Tsa Kwa Indonesia le Tsa Kwa Yuropa tse di nang le dikgopolo di le dintsi tsa bogologolo le meletlo ya teng.”

Kwa tshimologong, mefuta ya kobamelo ya yoga e ne e rutwa ka molomo fela. Morago ga moo, motlhalefi mongwe wa Moindia e bong Patañjali o ne a kwala buka e kgolo e e bidiwang Yoga Sutra e leng buka ya konokono e e rutang ka kobamelo ya yoga. Go ya ka Patañjali yoga ke “thulaganyo ya go leka go fitlhelela boitekanelo ka go leka go laola mmele le tlhaloganyo.” Go tloga fela kwa yoga e simologileng teng go tla go fitlha gompieno e ntse e le karolo ya konokono ya madumedi a dinaga tsa Botlhaba, segolobogolo madumedi a Bohindu, Bojaini le Bobuda. Bangwe ba ba tsenetseng kobamelo ya yoga ba dumela gore e tla dira gore ba fitlhelele moksha kgotsa kgololesego ka go kopana le moya mongwe o o maatla.

Ka jalo re botsa gape gore: ‘A motho a ka tsenela yoga gore a nne le mmele o o itekanetseng le mogopolo o o ritibetseng a sa amane ka gope le bodumedi jwa yone?’ Fa re leba kwa yoga e simologileng teng re araba ka gore nnyaa.

Ke Eng se Yoga E ka Se Dirang mo go Wena?

Boikaelelo jwa yoga jwa go laola mmele wa gago bo ka dira gore o feleletse o “golagane” kgotsa o kopane le moya o o fetang batho ka nonofo. Mme e ka tswa e le moya ofe oo?

Mokwadi wa buka ya Hindu World e bong Benjamin Walker, o bolela jaana ka yoga: “E ka tswa e ne e le tsela ya bogologolo ya go dira maselamose, mme bokao jwa lefoko yoga bo sa ntse bo na le bodimona le boloi.” Bafilosofi ba Bahindu ba dumela gore kobamelo ya yoga e ka naya motho maatla a a fetang a batho le fa gone ba bolela gore ono ga se one fela mokgele wa go tsenela yoga. Ka sekai, mo bukeng ya Indian Philosophy, moporesidente wa pele wa India e bong Dr. S. Radhakrishnan o bua ka motho yo o tsenetseng yoga gore go “laola mmele wa gagwe ka ditsela tse a nnang ka tsone go dira gore a se ka a rata mogote o o feteletseng le serame se se feteletseng. . . . Motho yo o tsenetseng kobamelo eno o kgona go bona le go utlwa a le kgakala . . . Batho ba teng ba kgona go buisana yo mongwe a le kgakala thata le yo mongwe ba sa dirise didirisiwa dipe tsa tlhaeletsano. . . . Motho yo o tsenetseng kobamelo ya yoga a ka kgona go dira gore mmele wa gagwe o se ka wa bonala.”

Setshwantsho sa motho yo o tsenetseng kobamelo ya yoga yo o robetseng mo godimo ga bolao jwa dipekere kgotsa yo o tsamayang mo godimo ga magala a a fisang, se ka lebega se le boammaaruri tota mo bathong bangwe mme mo go ba bangwe se ka lebega e le motlae fela. Mme tseo ke dilo tse gantsi di diregang kwa India, fela jaaka tlwaelo ya teng ya gore motho a fetse diura di le dintsi a eme ka leoto le le lengwe a lebile letsatsi le tlwaelo ya gore motho a tshware moya a sa heme lobaka lo loleele a bo a katelwa ka fa tlase ga mmu lobaka lo loleele. Ka June 1995 The Times of India e bega gore mosetsanyana wa dingwaga di le tharo le halofo o ne a le mo maibing mme ga fetisiwa koloi ya boima jwa dikilogerama di le 750 mo dimpeng tsa gagwe. Se se neng sa gakgamatsa boidiidi, ke gore fa a ema foo, o ne a sa gobala ka gope. Pego eo e oketsa jaana: “Ao e ne e le maatla a yoga.”

Kwantle ga pelaelo ga go motho ope yo o ka kgonang go dira dikgakgamatso tse di ntseng jalo. Le fa go ntse jalo Mokeresete a ka botsa jaana: Ditiro tseno di supa eng? A di tswa kwa go Jehofa Modimo “Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe,” kana di tswa kwa motsweding mongwe? (Pesalema 83:18) Baebele e tlhalosa ntlha eno ka phepafalo. Fa Baiseraele ba ne ba tloga ba tsena mo Nageng e e Solofeditsweng e go neng go nna Bakanana mo go yone, Jehofa o ne a laela Moshe go bolelela bana ba Iseraele jaana: “O se ka wa  ithuta go dira kafa dilong tse di makgapha tsa ditšhaba tseo.” Ke eng ‘dilo tse di makgapha’ tseo? Moshe o ne a tlhagisa kgatlhanong le “ope yo o dirisang boitseanape, yo o dirang maselamose kgotsa ope yo o batlang ditshupo dipe kgotsa moloi.” (Duteronome 18:9, 10) Dilo tseno di makgapha mo Modimong ka gonne ke ditiro tsa bodimona le tsa boleo.—Bagalatia 5:19-21.

Ga se Ya Bakeresete

Go sa kgathalesege gore barutisi ba tsa boitekanelo ba reng ka yoga ga e felele fela ka go itshidila mmele. Buka e e reng, Hindu Manners, Customs and Ceremonies e tlotla ka se se neng sa diragalela batho ba ba neng ba le basha mo kobamelong ya yoga ba ba neng ba rutwa ke morutisi wa yone. Mongwe wa bone o nopolwa a re: “Ke ne ka dira selo se motho a ka se kang a kgona go se dira sa go nna lobaka lo loleele ka mo nka kgonang ka gone ke sa heme, mme ke ne ke hema fela fa ke utlwa gore ke tloga ke idibala. . . . Nako nngwe go le sethoboloko, ke fa ke akanya gore ke bone ngwedi e e phatsimang e go neng go lebega e akgaakgegela mo matlhakoreng otlhe. Nako nngwe gape ke ne ke ikakanya ke bipilwe ke lefifi le lentshontsho go le motshegare. Morutisi wa me . . . o ne a itumela thata fa ke mmolelela dipono tse ke di boneng. . . . O ne a ntlhomamisetsa gore go ise go ye kae, ke tla diragalelwa ke dilo tse di gakgamatsang thata.” Monna wa bobedi o bolela jaana: “O ne a mpatelela go leba kwa loaping letsatsi le letsatsi ke sa bonye le fa e le go fetola tsela e ke neng ke dutse ka yone. . . . Ka dinako tse dingwe ke ne ke akanya gore ke bona ditlhase tsa molelo mo loaping; mme ka dinako tse dingwe e ne e kete ke bona dikgolokwe tsa molelo le masedi a mangwe. Morutisi wa me o ne a kgatlhwa thata ke tsela e ke neng ke atlegile ka yone.”

Go bonala barutisi ba yoga ba ne ba akanya gore go bona dilo tse di sa tlwaelegang tseno e ne e le matswela a a molemo a go itshidila mmele ka go dirisa yoga. Ee, mokgele mogolo wa yoga ke go fitlhelela moksha e e tlhalosiwang e le go kopana le moya mongwe o o maatla o e seng motho. E tlhalosiwa go twe “ke (maikaelelo) a go emisa tsela e boboko bo dirang ka yone.” Ka phepafalo ono ga se mokgele o o beetsweng Bakeresete bao ba tlhagisiwang jaana: “Lo ise mebele ya lona setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong, e leng tirelo e e boitshepo ka maatla a lona a go akanya. Mme tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo, mme lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.”—Baroma 12:1, 2.

Motho ke ene a itlhophelang gore o batla go itshidila mmele ka tsela efe. Le fa go ntse jalo Bakeresete ga ba ne ba letla sepe—e ka tswa e le go itshidila mmele, go ja, go nwa, boitlosobodutu kgotsa sengwe se sele—go senya kamano ya bone le Jehofa Modimo. (1 Bakorintha 10:31) Go na le ditsela tse di farologaneng tse ba ba itshidilang mmele gore ba itekanele ba ka di dirisang tse di sa ba tsenyeng mo kotsing ya go dirisana le meya kgotsa boloi. Ka go tila mekgwa le ditumelo tsa bodumedi jwa maaka, re ka lebelela pele go bona masego a Modimo a tsamaiso e ntšha ya tshiamo e mo go yone re tla ipelelang botsogo jo bo itekanetseng jwa mmele le tlhaloganyo ka bosakhutleng.—2 Petere 3:13; Tshenolo 21:3, 4.

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Ba le bantsi ba itumelela go itshidila mmele ka tsela e e sa direng gore ba dirisane le meya