Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Tsofetse Mme ke Kgotsofetse ka Dingwaga

Ke Tsofetse Mme ke Kgotsofetse ka Dingwaga

 Kgang ya Botshelo

Ke Tsofetse Mme ke Kgotsofetse ka Dingwaga

JAAKA GO BOLETSE MURIEL SMITH

Ke ne ka utlwa modumo o mogolo wa go kokota fa kgorong. Ke ne ke tlile gae go tla go ja dijo tsa motshegare, morago ga go bereka ka natla mo mosong ke rera. Jaaka ke ne ke tlwaetse, ke ne ka bedisa metsi go itirela tee mme ke ne ke tloga ke nna fa fatshe gore ke ikhutse ka sebaka sa halofo ya ura. Motho yo o neng a kokota o ne a sa kgaotse, mme ke ne ka ya kwa kgorong ke ipotsa gore ke mang yo o kokotang ka nako eo. Go ise go ye kae ke ne ka lemoga gore ke mang. Banna ba le babedi ba ba neng ba le fa kgorong ba ne ba ikitsise gore ke mapodise. Ba ne ba mpolelela gore ba ne ba tlile go phuruphutsa ntlo ba batla dibuka tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa—mokgatlho o o thibetsweng.

Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thibetswe kwa Australia, mme go tlile jang gore ke nne mongwe wa bone? Seno se simologile fa ke ne ke amogela mpho go tswa mo go mmè ka ngwaga wa 1910 fa ke ne ke le dingwaga di le lesome fela.

LELAPA la gaetsho le ne le nna mo ntlong e e agilweng ka dikgong kwa Bokone jwa Sydney kwa Crows Nest. E ne ya re fa ke tswa sekolong letsatsi lengwe, ka fitlhela mmè a bua le monna mongwe fa kgorong. Ke ne ke shwegashwega ke batla go itse gore monna yono yo ke sa mo itseng yo o apereng sutu a tshotse beke e e tletseng dibuka ke mang. Ke ne ka kopa go ba sia ba le nosi mme ka tsena mo ntlong. Le fa go ntse jalo, morago ga metsotso e se kae Mmè o ne a mpitsa. O ne a nthaya a re: “Monna yono o tshwere dibuka tse dintle tota mme tsotlhe di bua ka Dikwalo. Jaanong e re ka re tlile go  keteka matsalo a gago mo bogautshwaneng, gongwe o ka reka mosese o mosha kgotsa dibuka tseno. O tlhopha eng?”

Ke ne ka araba ka re, “Mma, nka rata go tsaya dibuka.”

Ka jalo fa ke le dingwaga di le lesome fela ke ne ke setse ke na le dibolumo di le tharo tsa Studies in the Scriptures, tse di kwadilweng ke Charles Taze Russell. Monna yo o neng a le mo kgorong yono o ne a kopa mmè gore a di ntlhalosetse e re ka go ne go se kitla go nna motlhofo gore ke di tlhaloganye. Mmè o ne a solofetsa gore o tla dira jalo. Ka maswabi, Mmè o ne a tlhokafala ka bonako fela morago ga tiragalo eo. Rre o ne a dira ka natla go tlhokomela nna, nkgonne le kgaitsadiake, le fa go ntse jalo, ke ne ke na le maikarabelo a a oketsegileng a ke neng ke tshwanetse go a dira mme go ne go se motlhofo go a diragatsa. Re ne ra diragalelwa ke masetlapelo a mangwe gape.

Ka 1914 go ne ga runya ntwa ya lefatshe ya ntlha mme ngwaga morago ga moo, rraarona yo o rategang o ne a bolawa. E re ka jaanong re ne re le dikhutsana, nkgonne le kgaitsadiake ba ne ba romelwa gore ba ye go nna le ba losika mme nna ka romelwa kwa kholetšheng ya Katoliki e e nang le marobalo. Ka dinako tse dingwe ke ne ke na le bothata jwa go jewa ke bodutu fela thata. Mme gone ke itumelela tshono e ke neng ka e newa ya go tswelela ke ithuta mmino, segolobogolo piano. Morago ga dingwaga di le mmalwa, ke ne ka aloga mo kholetšheng. Mme ka 1919 ke ne ka nyalwa ke Roy Smith morekisi wa diletswa tsa mmino. Ka 1920, re ne ra nna le bana, mme ke ne ka boa ka tshwarega gape ka go dira dilo tsa letsatsi le letsatsi tsa botshelo. Mme go ne ga diragalang ka dibuka tsele?

Moagisani o a Ntherela

Ke ne ka fetsa dingwaga tseo tsotlhe ke ntse ke na le “dibuka [tseo] tsa Baebele.” Le fa tota ke ne ke ise ke di bale, ke ne ke itse sentle gore molaetsa wa tsone o botlhokwa. Mme letsatsi lengwe fa dingwaga tsa bo1920 di tloga di wela, Lil Bimson, mongwe wa baagisani ba rona o ne a nketela. Re ne ra tsena ka fa phaposing ya bonno, ra nna fa fatshe mme ra nwa tee.

Ka tshoganyetso fela, o ne a botsa jaana: “A le wena o na le dibuka tseno!”

“Dibuka dife?” Ka botsa ke gakgametse.

O ne a supa dibuka tsa Studies in the Scriptures tse di neng di le mo rakeng ya dibuka. Lil o ne a di adima a ya gae ka tsone mo letsatsing leo, mme a fitlha a di bala ka kgatlhego. Go ise go ye kae, go ne ga bonala sentle gore o kgatlhilwe ke se a se badileng mo go tsone. Lil o ne a kopa dibuka tse di oketsegileng go tswa go Baithuti ba Baebele jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe jalo ka nako eo. Mo godimo ga moo, o ne a re bolelela dilo tsotlhe tse a neng a di ithuta. Nngwe ya dibuka tse a neng a di romelelwa e ne e le The Harp of God, mme e ne ya feleletsa e le mo ntlong ya rona. Kgabagare mokgele wa me wa go direla Jehofa o ne wa simolola fa ke ne ke ipha nako ya go bala kgatiso eno e e theilweng mo Baebeleng. Mme la bofelo ke ne ka bona dikarabo tsa dipotso tsa botlhokwa tse kereke ya me e neng e palelwa ke go di araba.

Se se neng sa intumedisa ke gore Roy o ne a reetsa molaetsa wa Baebele ka kelotlhoko, mme roobabedi re ne ra nna baithuti ba ba tlhoafetseng ba Baebele. Mo nakong e e fetileng, Roy e ne e le leloko la mokgatlho mongwe o o bidiwang Freemasons. Lelapa la rona le ne le kopane mo kobamelong ya boammaaruri, mme mongwe wa bakaulengwe o ne a tshwarela lelapa lotlhe thuto ya Baebele gabedi ka beke. Re ne ra kgothadiwa ka mo go oketsegileng fa re ne re simolola go nna teng kwa dipokanong tse di tshwarwang ke Baithuti ba Baebele. Lefelo le di neng di tshwarelwa kwa  go lone kwa Sydney e ne e le holo e e hirilweng mo torotswaneng ya Newtown. Ka nako eo, go ne go na le Basupi ba le 400 fela mo nageng yotlhe, ka jalo seno se ne se raya gore bakaulengwe ba le bantsi ba ba neng ba tla dipokanong ba ne ba tsaya loeto lo loleele thata.

Ka metlha fa re ya dipokanong jaaka lelapa, re ne re kgabaganya Boemakepe Jwa Sydney. Pele ga Borogo Jwa Boemakepe Jwa Sydney bo agiwa ka 1932, go ne go tshwanetse ga kgabaganngwa ka mokoro. Go sa kgathalesege gore leeto le ne le le leleele go le kana kang le gore le ne le ja madi a le kae, re ne re leka gore re se ka ra foswa ke dijo dipe tsa semoya tse Jehofa a neng a re di baakanyeditse. Go ne go le botlhokwa gore re nitame mo boammaaruring e re ka re ne re gomagomelwa ke ntwa ya bobedi ya lefatshe e bile lelapa la rona le ne le tlile go amiwa ka tlhamalalo ke kgang ya boitlhaodi.

Nako ya Diteko le Matswela a Tsone

Tshimologo ya dingwaga tsa bo1930 e ne e le e e itumedisang mo go nna le ba lelapa la me. Ke ne ka kolobediwa ka 1930 mme ka 1931, ke ne ke le gone kwa kopanong e e sa lebalesegeng ya fa rotlhe re ne re ema ka dinao mme re dumela go amogela leina le lentle la Basupi ba ga Jehofa. Nna le Roy re ne ra leka go tshelela leina leo ka go nna le seabe mo ditirong tsotlhe tsa go rera le matsholo a phuthego e neng e re kgothaletsa go nna le seabe mo go one. Ka sekai, ka 1932 re ne ra nna le seabe mo letsholong la go tsamaisa bukana e e kgethegileng e boikaelelo jwa yone e neng e le go fitlhelela batho ba le bantsi ba ba neng ba tlile go bogela pulo ya Borogo Jwa Boemakepe Jwa Sydney. Tiragalo e nngwe ya botlhokwa e ne e le go dirisa dikoloi tse di nang le dibuelagodimo, mme re ne ra nna le tshiamelo ya gore koloi ya rona le yone e tsenngwe sebuelagodimo. Ka go dirisa botegeniki jono, re ne ra dira gore batho ba Sydney ba utlwe dithuto tse di gatisitsweng tsa Baebele tse di neelwang ke Mokaulengwe Rutherford mo mebileng.

Le fa go ntse jalo, dinako di ne tsa fetoga gape mme tsa nna thata le go feta. Ka 1932 Leuba le Legolo le ne la wela Australia mme nna le Roy re ne ra fetsa ka gore re tlhofofatse botshelo jwa rona. Tsela nngwe e re neng ra dira seno ka yone, e ne e le go fudugela gaufi le phuthego, mme ka go dira jalo re ne ra fokotsa thata ditshenyegelo tsa rona tsa loeto. Mathata a ikonomi e ne e se sepe fa a bapisiwa le matshosetsi a Ntwa ya Lefatshe II a a neng a wela lefatshe lotlhe.

E re ka Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba ne ba reetsa taolo ya ga Jesu ya go se nne karolo ya lefatshe ba ne ba bogisiwa mme pogiso eo e ne e le teng le kwa Australia. E re ka bangwe ba ne ba tshositswe ke ntwa, ba ne ba re bitsa Makomonise. Baganetsi bano ba ne ba bua maaka a gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dirisa diteishene di le nnè tsa radio tse ba neng ba na le tsone kwa Australia go romela melaetsa kwa masoleng a Japane.

Bakaulengwe ba ba botlana ba ba neng ba bilediwa bosoleng ba ne ba lebana le kgatelelo e kgolo ya gore ba ineele. Ke itumelela go bolela gore barwa ba rona ba bararo ba ne ba emela tumelo ya bone mme ba nna ba ntse ba bolokile boitlhaodi. Morwa wa rona yo mogolo e bong Richard o ne a atlholelwa dikgwedi di le 18 mo kgolegelong. Mme morwa wa rona wa bobedi e bong Kevin o ne a ikwadisa jaaka motho yo segakolodi sa gagwe se sa mo letleng go tsenela bosole. Le fa go ntse jalo, ka maswabi morwa wa rona yo mmotlana Stuart, o ne a tlhokafala mo kotsing ya tsela a palame sethuthuthu a ya tshekong ya bofelo e e amanang le kgang ya boitlhaodi. Kotsi eno e ne ya re utlwisa botlhoko tota mo maikutlong. Le fa go ntse jalo, go nna re tlhomile mogopolo mo Bogosing le mo tsholofetsong ya ga Jehofa ya go tsosa baswi go ne ga re thusa go itshoka.

Ga ba A ka Ba Fitlhelela Mokgele wa Bone

Ka January 1941, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Australia ba ne ba thibelwa. Mme jaaka baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba dira, nna le Roy re ne ra utlwa Modimo e le mmusi go na le go utlwa batho mme re ne ra fetsa dingwaga di le pedi le halofo re rera ka go iphitlha. Eno ke yone nako e mapodise a mabedi a a neng a sa apara diaparo tsa sepodise a neng a tla go kokota fa kgorong ya me. Go ne ga diragalang?

Ke ne ka ba kopa gore ba tsene mo ntlong. E ne ya re fa ba tsena ka ba botsa ka re, “A lo ka ntetla go fetsa tee ya me pele, pele lo simolola go phuruphutsa ntlo?” Se se gakgamatsang ke gore ba ne ba dumela mme ke ne ka ya ka fa boapeelong go ya go rapela Jehofa le go leka go akanya gore nka dirang. Fa ke boa, lepodise lengwe le ne le tsene mo phaposing e re ithutelang mo go yone mme le tsere sengwe le sengwe se se neng se na le letshwao la  Watchtower, go akaretsa le dibuka tse di mo bekeng ya me ya go neela bosupi le Baebele.

Le ne la mpotsa jaana: “A wa tlhomamisega gore ga go na dibuka dingwe gape tse o di fitlhileng mo mabokosong? Re lomilwe tsebe gore o ya dipokanong beke le beke kwa holong e e kwa bofelong jwa mmila ono le gore lo ya le dibuka di le dintsi teng.”

Ke ne ka araba ka re: “Ee go ntse jalo, mme ga di yo koo gone jaanong.”

O ne a re: “Ee, re a itse Mohumagadi Smith. Gape re a itse gore lo baya dibuka tseno mo matlong a batho mo kgaolong eno yotlhe.”

Ba ne ba fitlhela mabokoso a le matlhano a a nang le dibukana tsa setlhogo se se reng Freedom or Romanism mo phaposing ya morwaarona.

O ne a botsa jaana: “A o a tlhomamisega gore ga go na dibuka tse dingwe gape kwa karatšheng?”

Ke ne ka re, “Nnyaa ga di yo.”

Morago ga moo, o ne a bula khabote e e neng e le mo phaposing ya bojelo. O ne a fitlhela diforomo tse di sa kwalwang sepe tse di dirisediwang go tlatsa pego ya phuthego. O ne a di tsaya mme a gatelela gore o batla go ya go tlhola kwa karatšheng.

Ke ne ka re, “Ntshale morago he.”

Ba ne ba ntshala morago go ya kwa karatšheng, mme fa ba sena go e phuruphutsa ba ne ba tsamaya.

Tota, mapodise ao a ne a akanya gore a fitlheletse mokgele wa one ka go tsaya mabokoso a matlhano ao! Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa o fitlhelela. Lebaka ke gore, mo metlheng eo ke ne ke le mokwaledi wa phuthego, mme ke ne ke na le lenaane la baboledi ba phuthego le tshedimosetso e nngwe e e botlhokwa mo ntlong. Se se itumedisang ke gore bakaulengwe ba ne ba re tlhagisitse gore re nne re ipaakanyeditse gore ba ka nna ba tla go phuruphutsa, mme ke ne ke fitlhile dipampiri tseno ka kelotlhoko. Ke ne ke di tsentse mo teng ga dienfelopo mme ke bo ke di tsenya kwa tlase mo teng ga meteme e e tsenyang matlhare a tee, sukiri le boupe. Gape ke ne ke tsentse tse dingwe tsa tsone mo teng ga ntlwana ya dinonyane e e neng e le gaufi le karatšhe. Ka jalo mapodise ano a ne a feta fela fa go yone tshedimosetso e ba neng ba e batla.

Go Tsenela Tirelo ya Nako e e Tletseng

Ka 1947, bana ba rona ba ba neng ba setse ba godile ba ne ba na le malapa a bone. Ka nako eo, nna le Roy re ne ra swetsa ka gore re ne re ka kgona go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng. Go ne go na le tlhokego kwa tshimong e e kwa Borwa Jwa Australia, ka jalo, re ne ra rekisa ntlo ya rona mme ra reka kharabane e re neng ra e bitsa Mizpah e e rayang “Watchtower.” Tsela eno ya botshelo e ne ya dira gore re kgone go rera kwa mafelong a a kgakala. Gantsi re ne re bereka tshimo e e kwa thoko kwa magaeng. Ke santse ke gakologelwa dinako tseo tse di itumedisang. Nngwe ya dithuto tse ke neng ke na le tsone e ne e le ya mosadi mongwe yo o neng a bidiwa Beverly. Pele ga a kolobediwa o ne a fuduga. Akanya fela gore ke ne ka itumela jang fa dingwaga moragonyana kgaitsadi mongwe a ne a tla kwa go nna kwa kopanong mme a mpolelela gore ke ene Beverly! A bo go itumedisa jang ne go bona gore morago ga dingwaga tseo tsotlhe o ne a ntse a direla Jehofa le monna wa gagwe le bana.

Ka 1979, ke ne ka nna le tshiamelo ya go ya Sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela. Sengwe sa dilo tse di neng tsa gatelelwa kwa sekolong seo e ne e le gore, gore re kgone go itshoka mo bodireding jwa bobulatsela, re tshwanetse go nna le thulaganyo e e molemo ya go ithuta. Ke ne ka fitlhela seo se le boammaaruri. Ke feditse botshelo jwa me jotlhe ke ithuta, ke nna teng mo dipokanong le mo bodireding. Tota ke go leba e le tshiamelo go bo ke nnile mmulatsela ka dingwaga di feta 50.

 Go Itshokela Mathata a Botsogo

Le fa go ntse jalo, masomesome a dingwaga a a fetileng e nnile a a gwetlhang tota. Ka 1962 go ne ga fitlhelwa gore ke ne ke tshwere ke bolwetse jwa matlho jo bo bidiwang glaucoma. Ka nako eo, bo ne bo sena kalafi mme bothata jwa me jwa go bona bo ne jwa gola thata. Roy le ene o ne a nna le bothata jwa botsogo mme ka 1983 o ne a swa mohama mme a sala a golafetse go se kae a sa kgone le go bua. O ne a tlhokafala ka 1986. O ne a ntshegeditse tota fa ke le mo bodireding jwa nako e e tletseng mme ke a mo gopola.

Go sa kgathalesege mathata ao ke ne ka leka go nna ke ntse ke na le thulaganyo e e molemo ya go dira dilo tsa semoya. Ke ne ka reka kolotsana e e tshwanelang tirelo ya tshimo ya mo lefelong la rona la selegae, mme ka tswelela ke bulatsela ke thusiwa ke morwadiake Joyce. Bothata jwa me jwa go bona bo ne jwa etegela go fitlha leitlho la me le lengwe le sa tlhole le kgona go bona gotlhelele. Dingaka di ne tsa ntsenya le lengwe la galase. Mme ka go dirisa galase e e godisang ditlhaka le dikgatiso tsa mokwalo o mogolo ke ne ke kgona go dirisa diura di le tharo go ya go di le tlhano ka letsatsi ke ithuta ke bona go le gonnye fela ka leitlho le le lengwe.

Nako ya go ithuta e ne e le e e itumedisang tota mo go nna. Ka jalo o ka akanya fela gore ke ne ka tshoga jang fa go ne go re tsho! mme ke sa tlhole ke bona sepe mo thapameng nngwe fa ke ntse ke ithuta. E ne e kete mongwe o timile dipone. Ke ne ke sa tlhole ke kgona go bona gotlhelele. Ke ne ka kgona jang go tswelela ke ithuta? Le fa jaanong ke sa utlwe sentle, ke dirisa dikhasete mme ke tshegediwa le ke ba lelapa la me gore ke tswelele ke nonofile semoyeng.

Go Itshoka go ya Bokhutlong

E re ka jaanong ke le mo dingwageng tsa bo makgolo, ke ile ka tlelwa ke makoa a mangwe gape a botsogo mme ke ne ka tshwanelwa ke go fokotsa bontsi jwa dilo tse ke di dirang. Ka dinako dingwe ke ikutlwa ke sa itse gore ke direng. Tota e bile, e re ka ke sa tlhole ke kgona go bona gotlhelele ruri ga ke itse gore ke direng! Nka rata go nna le dithuto tse dingwe gape tsa Baebele, mme ka ntlha ya tsela e botsogo jwa me bo ntseng ka yone, ga ke kgone go tswa ke ya go di batla. Mme kwa tshimologong, seno se ne se nkhutsafatsa thata. Ke ne ka tshwanelwa ke go amogela bokoa jwa me mme ke ithute go tshela ka jone. Seno se ne se se motlhofo. Le fa go ntse jalo, ke itumela tota gore kgwedi le kgwedi ke bo ke kgona go bega nako e ke e dirisitseng go bua le ba bangwe ka Modimo wa rona yo mogolo Jehofa. Fa baoki, bagwebi le batho ba bangwe ba tla kwa go nna, ke dirisa sebaka seo ka botlhale go bua le bone ka Baebele.

Mangwe a masego a ke a itumelelang thata ke go bona kokomana ya bonè ya lelapa la me e direla Jehofa ka boikanyegi. Bangwe ba bone ke babulatsela kwa mafelong a go nang le tlhokego kwa go one, bangwe ke bagolwane kana batlhanka ba bodiredi mme ba bangwe ba kwa Bethele. Fela jaaka ba bangwe ba e leng dithaka tsa me, ke ne ke lebeletse gore bokhutlo jwa tsamaiso eno bo tla goroga ka bonako. Mme ke bone koketsego e e seng kana ka sepe mo dingwageng di le masome a supa tsa bodiredi jwa me! Ruri ke itumelela go bo ke nnile le seabe mo go direng tiro e kgolo jaana.

Baoki ba ba nketelang ba re tumelo ya me e tshwanetse ya bo e le yone e e mpolokang ke tlhagafetse. Ke dumalana le bone. Go tlhagafala mo go direleng Jehofa go dira gore motho a tshele botshelo jo bo molemo e le tota. Mme jaaka Kgosi Dafide nka bolela gore ke tsofetse mme ke kgotsofetse ka dingwaga.—1 Ditiragalo 29:28.

(Kgaitsadi Muriel Smith o tlhokafetse ka April 1, 2002, fa setlhogo seno se ne se felelediwa. O ne a setse ka kgwedi e le nngwe fela gore a nne le dingwaga di le 102, ruri o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go ikanyega le sa go itshoka.)

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Fa ke ne ke le dingwaga di le tlhano le fa ke le dingwaga di le 19 fa ke kopana le monna wa me, Roy

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Koloi ya rona le kharabane e re neng ra e bitsa Mizpah

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Ke na le monna wa me Roy, ka 1971