Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Iteka ka Tlhoafalo—Jehofa o go Segofatsa Leng?

Go Iteka ka Tlhoafalo—Jehofa o go Segofatsa Leng?

 Go Iteka ka Tlhoafalo—Jehofa o go Segofatsa Leng?

“NTESA ke tsamaye, gonne bo sele.”“Ga ke tle go go lesa o tsamaya go fitlha o ntshegofatsa pele.”

“Leina la gago ke mang?”

“Jakobe.”

“Leina la gago ga le kitla le tlhola le bidiwa Jakobe mme le tla bidiwa Iseraele, gonne o lole le Modimo le batho mo e leng gore kwa bofelong o ne wa fenya.”—Genesise 32:26-28.

Puisano e e kgatlhang eno e nnile teng ka ntlha ya maatla a a seng kana ka sepe a Jakobe yo o nang le dingwaga di le 97 a neng a na le one. Baebele e tlhalosa gore o ne a lwa kgotsa a mekamekana le moengele bosigo jotlhe. Ka ntlha yang? Jakobe o ne a tshwenyegile thata ka tsholofetso e Jehofa a neng a e solofeditse rraagwemogologolwane—boswa jwa gagwe.

Dingwaga di le dintsi pele ga moo, mogolowe Jakobe e bong Esau o ne a mo tseela botsalwapele ka go bo ananya ka sejana se se nang le logodu. Jaanong Jakobe o utlwalela gore Esau o atamela a na le banna ba le 400. E re ka Jakobe a ne a tlhobaela ka lebaka le le utlwalang, o batla go tlhomamisediwa gore tsholofetso ya ga Jehofa ya gore lelapa la gagwe le tla segofala ka kwa moseja ga Noka ya Joredane e tla diragala. Jakobe o tsaya kgato tumalanong le dithapelo tsa gagwe. O romela dimpho tsa bopelotshweu kwa go Esau yo o ntseng a atamela. Gape o tsaya kgato ya go iphemela, ka go kgaoganya bothibelelo jwa gagwe go nna dikarolo tse pedi a bo a kgabagantsha basadi ba gagwe le bana matsibogo a Jaboke. O tswelela pele go iteka ka natla a ntse a lela, a mekamekana le moengele bosigo jotlhe gore ‘a tle a rapelele gore a amogelwe.’—Hosea 12:4; Genesise 32:1-32.

Akanya ka sekai sa pele, sa ga Ragele, mosadi wa bobedi wa ga Jakobe e bile e le wa ntlha go ratwa ke ene. Ragele o ne a itse sentle tsholofetso ya ga Jehofa ya go segofatsa Jakobe. Kgaitsadie e bong Lea, mosadi wa ntlha wa ga Jakobe, o ne a segofadiwa ka bana ba le banè ba basimane fa Ragele ene a ne a le moopa. (Genesise 29:31-35) Go na le gore a ikutlwele botlhoko, o ne a tswelela a kopa Jehofa ka thapelo a bo a dira tumalanong le dithapelo tsa gagwe. Fela jaaka mmaagwemogologolwane e bong Sara a ne a dira mo go Hagare, Ragele o ne a tlisetsa Jakobe lelata la gagwe e bong Bileha gore a nne mosadi wa gagwe wa bobedi gore, jaaka Ragele a bolela, “nna, e leng nna, ke tle ke bone bana ka  ene.” * Bileha o ne a tsholela Jakobe barwa ba babedi—Dana le Nafetali. Fa Nafetali a tsholwa, Ragele o bolela kafa a neng a kgaratlha ka gone mo maikutlong, a re: “Ke sokasokane le morwadiarre ka tshokatshokano e e batlang maatla a magolo. Mme ke fentse!” Ragele o segofadiwa ka barwa ba bangwe gape ba gagwe, e bong Josefa le Benjamine.—Genesise 30:1-8; 35:24.

Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a segofatsa go kgaratlha ga ga Jakobe le Ragele? Ba ne ba nna ba tlhomile mogopolo mo go direng thato ya ga Jehofa le go anaanela boswa jwa bone. Ba ne ba rapelela tshegofatso ya gagwe ka tlhoafalo mo matshelong mme ba dira tumalanong le thato ya Modimo le dithapelo tsa bone.

Fela jaaka Jakobe le Ragele, ba le bantsi gompieno ba ka kgona go supa gore motho o tshwanetse go iteka ka natla fa a batla gore Jehofa a mo segofatse. Gantsi mo nakong eo, ba a lela e bile ba kgobega marapo. Mmè mongwe wa Mokeresete e bong Elizabeth o gakologelwa kafa a neng a iteka ka natla ka gone gore a boe gape a nne teng ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete morago ga go se nne teng mo go tsone lobaka lo loleele. E ne e le kgwetlho tota go ya kwa Holong ya Bogosi e e leng gaufi le ene e re ka a ne a na le bana ba batlhano ba bannye ba basimane le monna yo e seng Mokeresete, mme a tshwanetse go tsaya loeto lwa dikilometara di le 30. “Ke ne ke tlhoka go iteka ka natla tota gore ke nne teng kwa dipokanong ka metlha, ka gonne ke ne ke itse gore di tla solegela nna le bomorwaake molemo. Go ne ga nthusa go bona gore go dira jalo go ne go le mosola.” Jehofa o ne a segofatsa maiteko a gagwe. Mo go ba le bararo ba barwa ba gagwe ba ba tlhagafetseng mo phuthegong ya Bokeresete, ba le babedi ba bone ba mo bodireding jwa nako e e tletseng. E re ka a itumelela kgatelopele ya bone ya semoya, o bolela jaana: “Ba godile go mpheta semoyeng.” Maiteko a gagwe a ile a segofadiwa fela thata!

Boiteko jo bo Dirwang ka Tlhoafalo jo Jehofa a bo Segofatsang

Eleruri, go iteka ka tlhoafalo le go dira ka thata go na le maduo a gone. Fa re iteka ka natla mo go direng tiro nngwe kana kabelo e re e neilweng, re tla kgotsofala fela thata. Eno ke tsela e Jehofa a re dirileng ka yone. Kgosi Solomone o ne a kwala jaana: “Motho mongwe le mongwe a je a bo a nwe mme a bone molemo ka ntlha ya tiro yotlhe ya gagwe ya bonatla. Ke mpho ya Modimo.” (Moreri 3:13; 5:18, 19) Le fa go ntse jalo, gore Modimo a re segofatse, re tshwanetse go tlhomamisa gore maiteko a rona a dirwa ka tsela e e siameng. Ka sekai, a re ka lebelela gore Jehofa a re segofatse fa re tshela botshelo jo bo dirang gore dilo tsa semoya di tseye maemo a bobedi? A Mokeresete yo o ineetseng a ka lebelela gore a amogelwe ke Jehofa fa a amogela tiro, kgotsa go tlhatlosiwa maemo mo go tla dirang gore ka metlha a se ka a nna teng mo dipokanong tse di rutang tsa Bokeresete le tse di agang tumelo?—Bahebera 10:23-25.

Fa motho a fetsa botshelo jotlhe jwa gagwe a gagamalela mekgele ya lefatshe kgotsa dikhumo, seno ga se bolele gore o tla ‘bona molemo’ fa a dira seno a tlhokomologile dilo tsa semoya. Jesu o ne a tlhalosa ditlamorago tsa maiteko a a dirwang ka tsela e e sa siamang mo setshwantshong sa gagwe sa mojadi. Fa a bua ka peo “e e jetsweng mo mitlweng,” Jesu o ne a tlhalosa gore yono “ke yo o utlwang lefoko, mme tlhobaelo ya tsamaiso eno ya dilo le maatla a a tsietsang a dikhumo a hupetse lefoko, mme a nne yo o sa ungweng.” (Mathaio 13:22) Paulo le ene o ne a tlhagisa ka serai se se  tshwanang mme a oketsa ka gore ba ba gagamalelang dikhumo ba “wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyong.” Ke eng se motho a ka se dirang fa a wetse mo tseleng eno e e ka senyang bomoya jwa gagwe? Paulo o tswelela pele jaana: ‘Tshaba dilo tseno mme o se ka wa solofela mo dikhumong tse di sa tlhomamang, mme o solofele mo Modimong, yo o re nayang dilo tsotlhe ka tsela e e humileng gore re di ipelele.’—1 Timotheo 6:9, 11, 17.

Go sa kgathalesege gore re na le dingwaga di le kae kgotsa gore re diretse Jehofa lobaka lo lokae, rotlhe re ka solegelwa molemo ke go etsa sekao sa maiteko se re se bontshitsweng ke Jakobe le Ragele. Fa ba ne ba batla go amogelwa ke Modimo, ba ne ba se ka ba lebala boswa jo ba neng ba na le jone, go sa kgathalesege gore maemo a bone a ne a tshosa kgotsa a ne a kgoba marapo go le kana kang. Gompieno, re ka nna le dikgatelelo le mathata tse di tshosang, tse di kgobang marapo kgotsa tse di hutsafatsang ka tsela e e tshwanang. Re ka nna ra raelesega go ineela le go fenngwa ke tlhaselo ya ga Satane. A ka nna a dirisa sengwe le sengwe se a ka kgonang go se dirisa, e ka tswa e le boitlosobodutu, metshameko kgotsa dilo tse re ratang go di dira, mekgele kgotsa dikhumo gore a fitlhelele maikaelelo a gagwe. Go ka lebega e kete dilo tse a re solofetsang tsone di tla nna le matswela a a siameng, mme gantsi ga go nne jalo. Batho ba gantsi Satane a ba tsietsang kgotsa a ba raelang gore ba gagamalele dilo tse di ntseng jalo gantsi ba feleletsa ba swabile tota. Jaaka Jakobe le Ragele wa bogologolo, a re tlhagoleleng moya wa go iteka ka tlhoafalo mme re fenye maano a ga Satane.

Diabolo o tla leka thata go dira gore re ineele, re akanya gore ‘ga go sepe se re ka se dirang ka boemo jwa rona. Ga go tlhokege gore re nne re kgaratlhe.’ Go botlhokwa tota gore rotlhe re itise gore re se ka ra nna le maikutlo a a kotsi a go akanya gore ‘ga go ope yo o nthatang’ e bile ‘Jehofa o ntebetse.’ Go nna re akanya jalo go ka nna kotsi mo go rona. A gongwe seno se ka tswa se raya gore re latlhetse seditse, ga re tlhole re iteka ka natla go fitlha re segofadiwa? Gakologelwa gore Jehofa o segofatsa boiteko jo re bo dirang ka tlhoafalo.

Tswelela o Kgaratlha Gore Jehofa a go Segofatse

Bomoya jwa rona bo ikaegile thata ka go anaanela ga rona dilo di le pedi tsa konokono mo botshelong jwa rona jaaka batlhanka ba ga Jehofa. (1) Ga go ope yo o sa tlelweng ke mathata, malwetse kgotsa dinako tse di thata mo botshelong, (2) Jehofa o reetsa selelo sa ba ba ikuelang kwa go ene ka tlhoafalo gore a ba thuse mme o a ba segofatsa.—Ekesodo 3:7-10; Jakobe 4:8, 10; 1 Petere 5:8, 9.

Go sa kgathalesege gore maemo a gago a ka tswa a le boima go le kana kang kgotsa gore o ikutlwa o le bokoa go le kana kang, o se ke wa ineela mo “[boleong] jo bo re rareetsang motlhofo”—go tlhoka tumelo. (Bahebera 12:1) Tswelela o iteka ka natla go fitlha o segofadiwa. Nna pelotelele, o gakologelwe Jakobe yo o godileng yo o neng a kgaratlha bosigo jotlhe gore a segofadiwe. Jaaka molemirui yo o lemang ka nako ya dikgakologo a bo a letela nako ya thobo, leta ka bopelotelele gore Jehofa a segofatse tiro ya gago ya semoya, go sa kgathalesege gore o akanya gore e nnye go le kana kang. (Jakobe 5:7, 8) Mme ka metlha, gakologelwa mafoko a ga mopesalema a a reng: “Ba ba jalang peo ka dikeledi ba tla roba ba goa ka boipelo.” (Pesalema 126:5; Bagalatia 6:9) Nna o tlhomame mme o nne mongwe wa ba ba itekang ka natla.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Go nna le bagadingwana go ne go dumelelwa pele go nna le kgolagano ya Molao e bile go ne go tshegediwa ke Molao. Modimo o ne a bona go sa tshwanele gore a busetse molao wa ntlha wa go nna le molekane a le mongwe fela wa lenyalo o a neng a o tlhomile kwa tshimong ya Edene go fitlha mo motlheng wa ga Jesu Keresete, mme o ne a tlhomile molao wa go sireletsa bagadingwana. Bogadingwana bo ne bo thusa gore setšhaba sa Iseraele se oketsege ka bonako.