Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Ntlafatsa Batho ba Gagwe ka Lesedi

Jehofa o Ntlafatsa Batho ba Gagwe ka Lesedi

 Jehofa o Ntlafatsa Batho ba Gagwe ka Lesedi

“Tsoga, wena mosadi, phatsimisa lesedi, gonne lesedi la gago le tlile le kgalalelo ya ga Jehofa e go phatsimetse.”—ISAIA 60:1.

1, 2. (a) Batho ba mo seemong sefe? (b) Ke mang yo o bakelang batho lefifi?

“A TLHE re ka bo re na le mongwe wa go tshwana le Isaia kgotsa Moitshepi Paulo!” Seo e ne e le selelo sa kutlobotlhoko sa Poresidente wa United States e bong Harry Truman morago kwa ka bo1940. Ke ka ntlha yang fa a ne a bolela mafoko ao? Ka gonne o ne a bona go tlhokega baeteledipele ba ba nang le maitsholo a maemo a a kwa godimo thata mo motlheng wa gagwe. Batho ba ne ba sa tswa go feta mo motlheng o o lefifi go gaisa yotlhe ya lekgolo la bo20 la dingwaga, e leng ntwa ya bobedi ya lefatshe. Mme le fa ntwa e ne e fedile, lefatshe le ne le se mo kagisong. Lefifi le ne la tswelela pele. Ee ruri, le e leng morago ga dingwaga di le 57 ntwa eo e fetile, lefatshe le sa ntse le le mo lefifing. Fa Poresidente Truman a ka bo a tshela gompieno, eleruri o ne a ntse a tla bona go tlhokega baeteledipele ba ba nang le maitsholo ba ba jaaka Isaia kgotsa moaposetoloi Paulo.

2 Ga re itse gore a Poresidente Truman o ne a itse seno, mme moaposetoloi Paulo o ne a bua ka ga lefifi le le neng le aparetse batho, a bo a tlhagisa batho ka lone mo go se a neng a se kwala. Ka sekai, o ne a tlhagisa badumedi ka ene jaana: “Re lwa, e seng le madi le nama, mme le dipuso, le balaodi, le babusi ba lefatshe ba lefifi leno, le mephato ya meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo.” (Baefeso 6:12) Mafoko ano ga a bontshe fela gore Paulo o ne a itse ka lefifi la semoya le le neng le aparetse lefatshe mme gape a bontsha gore o ne a itse motswedi wa lone wa nnete—mephato e e nonofileng ya bodimona e e tlhalositsweng e le “babusi ba lefatshe.” E re ka lefifi la lefatshe leno le bakwa ke meya e e nonofileng, ke eng se batho fela ba ka se dirang go le tlosa?

3. Le fa batho ba ne ba aparetswe ke lefifi, ke eng se Isaia a neng a se bolelela pele ka batho ba ba ikanyegang?

3 Isaia le ene o ne a bua ka lefifi le le neng le aparetse batho. (Isaia 8:22; 59:9) Le fa go ntse jalo, o ne a tlhotlhelediwa go bolelela pele ka motlha wa rona gore tota le mo metlheng eno e e lefifi, Jehofa o ne a tla dira gore batho ba ba ratang lesedi ba nne le isagwe e e phatsimang. Ee, le fa Paulo le Isaia ka bobone ba seyo mo gare ga rona, gone re ka kaelwa ke mekwalo ya bone e e tlhotlheleditsweng. Go bona kafa seno e leng tshegofatso e kgolo ka teng mo bathong ba ba ratang Jehofa, a re sekasekeng mafoko a ga Isaia a boporofeti a a mo kgaolong ya bo60 ya buka ya gagwe.

Mosadi yo go Porofetiwang ka Ene o Phatsimisa Lesedi

4, 5. (a) Jehofa o laela mosadi mongwe gore a direng, mme o mo solofetsa eng? (b) Ke tshedimosetso efe e e kgatlhang e e fitlhelwang mo go Isaia kgaolo 60?

4 Mafoko a ntlha a Isaia 60 a bua ka mosadi mongwe yo o mo khutsafalong tota—o rapaletse fa fatshe mo lefifing. Ka tshoganyetso, lesedi le phunyeletsa mo letobong, mme Jehofa o tlhaeletsa jaana: “Tsoga, wena mosadi, phatsimisa lesedi, gonne lesedi la gago le tlile le kgalalelo ya ga Jehofa e go phatsimetse.” (Isaia 60:1) Ke nako ya gore mosadi yono a eme ka dinao mme a bontshe lesedi la Modimo, e leng kgalalelo ya gagwe. Ka ntlha yang? Re bona karabo mo temaneng e e latelang: “Bona! lefifi le tla bipa lefatshe, le letobo le lentshontsho le tla bipa ditlhopha tsa ditšhaba; mme Jehofa o tla go phatsimela, le kgalalelo ya gagwe e tla bonwa mo go wena.” (Isaia  60:2) Fa mosadi a ikobela taolo ya ga Jehofa, o tlhomamisediwa gore go tla nna le diphelelo tse di molemo. Jehofa a re: “Ruri ditšhaba di tla ya kwa leseding la gago, le dikgosi kwa phatsimong ya go phatsima ga gago.”—Isaia 60:3.

5 Mafoko ano a a kgatlhang a a mo ditemaneng tseno tse tharo ke ketapele le tshobokanyo ya ditemana tse dingwe tsotlhe tsa Isaia kgaolo 60. E bolelela pele se se neng sa diragalela mosadi mongwe yo go porofetiwang ka ene mme e tlhalosa kafa re ka nnang mo leseding la ga Jehofa ka teng le fa batho ba aparetswe ke lefifi jaana. Le fa go ntse jalo, ditshwantsho tse di mo ditemaneng tseno tse tharo tse di simololang di emela eng?

6. Mosadi yo go buiwang ka ene mo go Isaia kgaolo 60 ke mang, mme o emelwa ke bomang mo lefatsheng?

6 Mosadi yo go buiwang ka ene mo go Isaia 60:1-3 ke Siona, e leng phuthego ya ga Jehofa ya selegodimo ya dibopiwa tsa semoya. Gompieno mo lefatsheng, Siona o emelwa ke masalela a “Iseraele wa Modimo,” phuthego ya ditšhabatšhaba ya Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya, ba ba solofetseng go ya go busa le Keresete kwa legodimong. (Bagalatia 6:16) Kgabagare, setšhaba seno sa semoya se nna le maloko a le 144 000, mme fa Isaia kgaolo 60 e diragadiwa gompieno e ama thata ba ba tshelang mo lefatsheng mo “metlheng ya bofelo.” (2 Timotheo 3:1; Tshenolo 14:1) Boporofeti jono gape bo bua thata ka ditsala tsa Bakeresete bano ba ba tloditsweng, “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe.”—Tshenolo 7:9; Johane 10:16.

7. Siona o ne a le mo seemong sefe ka 1918, mme seno se ne se boleletswe pele jang?

7 A go kile ga nna le motlha o ka one “Iseraele wa Modimo” a neng a rapaletse mo lefifing, jaaka go tshwantsheditswe ke mosadi yo o mo boporofeting? Ee, seno se diragetse dingwaga di feta di le 80 tse di fetileng. Ka ntwa ya ntlha ya lefatshe, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba dira ka thata go leka go dira gore tiro ya go neela bosupi e tswelele pele. Mme ka 1918, ngwaga o ntwa e fedileng ka one, tiro e e rulagantsweng ya go rera e ne ya batla e ema gotlhelele. Joseph F. Rutherford, yo o neng a okametse tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe, le Bakeresete ba bangwe ba ba neng ba eteletse pele, ba ne ba atlholelwa lobaka lo loleele mo kgolegelong ka ditatofatso tsa maaka. Mo bukeng ya Tshenolo, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba neng ba le mo lefatsheng ka nako eo, ba ne ba tlhalosiwa ka tsela ya boporofeti e le ditopo tse di rapaletseng “mo tseleng e e atlhameng ya motse o mogolo o ka tlhaloganyo ya semoya o bidiwang Sodoma le Egepeto.” (Tshenolo 11:8) Ruri eo e ne e le nako e e lefifi mo go Siona, jaaka a emelwa ke bana ba gagwe ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng!

8. Go ne ga nna le phetogo efe e kgolo ka 1919, mme ga felela ka eng?

 8 Le fa go ntse jalo, go ne ga nna le phetogo e kgolo ka 1919. Jehofa o ne a phatsimisetsa Siona lesedi! Ba ba setseng ba Iseraele wa Modimo ba ne ba ema ka dinao go bontsha lesedi la Modimo, ba simolola gape tiro ya go bolela dikgang tse di molemo ba se na poifo. (Mathaio 5:14-16) Ka ntlha ya go tlhoafala gape ga Bakeresete bano, batho ba bangwe ba ne ba gogelwa mo leseding la ga Jehofa. Kwa tshimologong, bano ba ba sa tswang go goroga ba ne ba tlodiwa go nna bangwe ba maloko a Iseraele wa Modimo. Ba bidiwa dikgosi mo go Isaia 60:3, e re ka ba tla nna baruaboswa mmogo le Keresete mo Bogosing jwa Modimo jwa selegodimo. (Tshenolo 20:6) Moragonyana, boidiidi jo bogolo jwa dinku tse dingwe bo ne jwa simolola go gogelwa mo leseding la ga Jehofa. Bano ke “ditšhaba” tse di umakiwang mo boporofeting.

Bana ba Mosadi ba Tla Gae!

9, 10. (a) Mosadi o ne a bona eng se se kgatlhang, mme seno se ne se tshwantshetsa eng? (b) Siona o ile a itumedisiwa ke eng?

9 Jaanong Jehofa o simolola go ntsha tshedimosetso e e oketsegileng malebana le se se kwadilweng mo go Isaia 60:1-3. O naya mosadi yono taelo e nngwe gape. Reetsa se a se bolelang: “Tsholetsa matlho a gago gotlhe fela o bone!” Mosadi o utlwa taelo, mme o bona selo se se itumedisang tota! Bana ba gagwe ba tla gae. Temana eno e tswelela pele jaana: “Botlhe ba phuthilwe mmogo; ba tlile kwa go wena. Bomorwao ba ntse ba tla ba tswa kgakala, le bomorwadio ba ba tla tlhokomelwang mo letlhakoreng.” (Isaia 60:4) Tiro ya go rera ka Bogosi mo lefatsheng lotlhe e e neng ya simolola ka 1919, e ne ya gogela batho ba basha ba le diketekete mo tirelong ya ga Jehofa. Bano le bone e ne ya nna ‘barwa’ le ‘barwadi’ ba Siona, maloko a a tloditsweng a Iseraele wa Modimo. Ka jalo, Jehofa o ne a ntlafatsa Siona ka go tlisa ba bofelo ba setlhopha sa ba ba 144 000 mo leseding.

10 A o kgona go akanya kafa Siona a ipelelang ka teng go bo a na le bana ba gagwe? Le fa go ntse jalo, Jehofa o naya Siona mabaka a mangwe a go ipela. Re bala jaana: “Ka nako eo o tla leba mme o phatsime, mme pelo ya gago e tla roroma e bo e buduloge, ka gonne mahumo a lewatle a tla tla kwa go wena; dikhumo tsa ditšhaba di tla tla kwa go wena.” (Isaia 60:5) Go dumalana le mafoko ao a boporofeti, fa e sa le ka bo1930, bontsintsi jwa Bakeresete ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng bo ne jwa thelegela mo Siona. Ba dule mo ‘lewatleng’ la batho ba ba itomologantseng le Modimo mme ba emela dikhumo tsa ditšhaba. Ke “dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba tsotlhe.” (Hagai 2:7; Isaia 57:20) Ela tlhoko gape gore batho bano ba e leng “dilo tse di eletsegang” ga ba tswe ba ya go direla Jehofa, mongwe le mongwe ka tsela ya gagwe. Nnyaa, ba oketsa bontle jwa Siona ka go tla go obamela le barwarraabone ba ba tloditsweng, ba nna “letsomane le le lengwe” le bone, ba na le “modisa a le mongwe.”—Johane 10:16.

Barekisi le Badisa ba Tla Siona

11, 12. Tlhalosa boidiidi jwa batho ba ba bonwang ba ya Siona.

11 Go phutha mono mo go boleletsweng pele go felela ka gore go nne le koketsego e kgolo ya batho ba ba bakang Jehofa. Seno se bolelelwa pele mo mafokong a a latelang a boporofeti. Akanya o eme mo Thabeng ya Siona le mosadi yo o tlhalositsweng mo boporofeting. Fa o leba kwa botlhabatsatsi, o bonang? “Bontsi jo bo boitshegang jwa dikamela bo tla go bipa, dikamelana tse ditonanyana tsa kwa Midiana le kwa Ifa. Tsotlhe tse di tswang kwa Sheba—di tla tla. Di tla tshola gouta le lebano. Mme di tla itsise dipako tsa ga Jehofa.” (Isaia 60:6) Boidiidi jwa barekisi ba kaela mekoloko ya bone ya dikamela mo ditseleng tse di yang kwa Jerusalema. Ebu, dikamela tseno di ntse jaaka morwalela o o apesitseng naga! Barekisi ba tshwere dimpho tsa botlhokwa, “gouta le lebano.” Mme barekisi bano ba tla mo leseding la Modimo gore ba mmake phatlalatsa, ba “itsise dipako tsa ga Jehofa.”

12 Barekisi ga se bone fela ba leng mo mosepeleng. Badisa le bone ba thelegela kwa Siona. Boporofeti bo tswelela pele jaana: “Matsomane otlhe a Kedare—a tla phuthelwa mmogo kwa go wena. Diphelefu tsa ga Nebaiothe—di tla go direla.” (Isaia 60:7a) Merafe ya barui e tla mo motseng o o boitshepo e tlisetsa Jehofa se  se molemolemo sa matsomane a yone. Ba bile ba ithaopela go direla Siona! Jehofa o amogela batswakwa bano jang? Modimo ka boene o araba jaana: “Di tla tla mo sebesong sa me ka kamogelo, mme ke tla dira gore ntlo ya me ya bontle e nne ntle.” (Isaia 60:7b) Jehofa o amogela ditshupelo le tirelo ya batswakwa bano ka pelontle. Go nna teng ga bone go ntlafatsa tempele ya gagwe.

13, 14. Ke eng se se bonwang se tswa kwa bophirima?

13 Jaanong retolosa tlhogo o keleke kwa ntlheng ya bophirima. O bona eng? Felo gongwe kwa kgakala, go na le sengwe se se lebegang e kete leru le lesweu le ikadile mo godimo ga lewatle. Jehofa o botsa potso e le wena o ipotsang yone: “Ke bomang bano ba ba tlang ba fofa fela jaaka leru, le jaaka maeba a ya kwa marobeng a e leng matlo a one?” (Isaia 60:8) Jehofa o ikaraba jaana: “Ditlhaketlhake di tla nna di solofela mo go nna, dikepe tsa Tareshishe fela jaaka la ntlha, gore di tlise bomorwao go tswa kgakala, selefera ya bone le gouta ya bone e na le bone, mo leineng la ga Jehofa Modimo wa gago le mo Moitsheping wa Iseraele, gonne o tla bo a go ntlafaditse.”—Isaia 60:9.

14 A o kgona go bona tiragalo eno ka leitlho la mogopolo? Leru lele le lesweu jaanong le setse le atametse mme le lebega jaaka marontho a mantsintsi kgakala kwa bophirima. Le lebega jaaka setlhopha sa dinonyane di ntse di fofafofa mo godimo ga makhubu. Mme fa di ntse di atamela, o bona gore ke dikepe tse di phutholotseng diseile tsa tsone gore di tshware phefo. Dikepe tse di yang ntlheng ya Jerusalema di dintsi mo di lebegang e kete ke setlhopha sa maphoi. Setlhopha seno sa dikepe se tsamaya ka lobelo lo logolo go tswa kwa mafelong a a kgakala a dikepe di emang kwa go one, se tlisa badumedi mo Jerusalema go tla go obamela Jehofa.

 Phuthego ya ga Jehofa e a Gola

15. (a) Mafoko a Isaia 60:4-9 a bolelela pele koketsego efe? (b) Bakeresete ba boammaaruri ba bontsha boikutlo bofe?

15 A bo temana 4 go ya go 9 di tshwantsha sentle jang ne ka tsela ya boporofeti koketsego e e diragetseng mo lefatsheng lotlhe fa e sa le ka 1919! Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a segofatsa Siona ka koketsego e e kana kana? Ka gonne fa e sa le ka 1919, Iseraele wa Modimo o ile a nna kutlo mme a phatsimisa lesedi la ga Jehofa ka metlha. Le fa go ntse jalo, a o etse tlhoko gore go ya ka temana 7, batho bano ba ba sa tswang go goroga ba “tla mo sebesong sa [Modimo]”? Sebeso ke fa ditlhabelo di dirwang teng, mme karolo eno ya boporofeti e re gopotsa gore go direla Jehofa go akaretsa go intsha setlhabelo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ke a lo rapela . . . gore lo ise mebele ya lona setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong, e leng tirelo e e boitshepo ka maatla a lona a go akanya.” (Baroma 12:1) Go dumalana le mafoko a ga Paulo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba kgotsofalele fela go nna teng mo ditirelong tsa bodumedi gangwe fela ka beke. Ba dirisa nako ya bone, maatla le dithoto gore ba tsweledise kobamelo e e itshekileng pele. A go nna teng ga baobamedi ba ba ineetseng jalo ga go ntlafatse ntlo ya ga Jehofa? Boporofeti jwa ga Isaia bo boletse gore go tla e ntlafatsa. Mme re ka tlhomamisa gore baobamedi ba ba tlhoafetseng jalo le bone ba bantle mo matlhong a ga Jehofa.

16. Ke bomang ba ba ileng ba thusa mo tirong ya go aga sesha mo metlheng ya bogologolo, mme ke bomang ba ba ileng ba dira jalo mo metlheng ya gompieno?

16 Batho bano ba ba sa tswang go goroga ba batla go dira. Boporofeti bo tswelela pele jaana: “Batswakwa ba tla aga dipota tsa gago, mme dikgosi tsa bone di tla go direla.” (Isaia 60:10) Bogologolo fa mafoko ano a ne a diragadiwa la ntlha ka go boa ga batshwarwa kwa Babelona, dikgosi le batho ba bangwe go tswa ka ditšhabeng tse dingwe ba ile ba thusa mo go ageng tempele le motse wa Jerusalema sesha. (Esera 3:7; Nehemia 3:26) Mafoko ano a diragaditswe mo motlheng wa rona ka gore boidiidi jo bogolo bo tshegetse masalela a batlodiwa mo go godiseng kobamelo ya boammaaruri. Ba ile ba thusa go aga diphuthego tsa Bokeresete mme ka jalo ba nonotsha “dipota” tsa phuthego ya ga Jehofa e e ntseng jaaka motse. Gape ba thusa mo tirong ya mmatota ya go aga—go aga Diholo Tsa Bogosi, Diholo Tsa Dikopano le dikago tsa Bethele. Ka ditsela tseno tsotlhe, ba tshegetsa barwarraabone ba ba tloditsweng go tlhokomela dilo tse di tlhokwang ke phuthego ya ga Jehofa e e golang!

17. Tsela nngwe e Jehofa a ntlafatsang batho ba gagwe ka yone ke efe?

17 A bo mafoko a bofelo a Isaia 60:10 a kgothatsa jang ne! Jehofa a re: “Ke tla bo ke go iteile mo bogaleng jwa me, mme mo kamogelong ya me ke tla go utlwela botlhoko.” Ee, bogologolo ka 1918/19, Jehofa o ile a otlhaya batho ba gagwe. Mme tseo di fetile. Jaanong ke nako ya gore Jehofa a nne pelotlhomogi mo batlhankeng ba gagwe ba ba tloditsweng le mo ditsaleng tsa bone tsa dinku tse dingwe. Seno se supiwa ke gore o ba segofaditse ka koketsego e e gakgamatsang, a ‘ba ntlafatsa,’ jaaka go ka tualo.

18, 19. (a) Jehofa o solofetsa eng malebana le ba basha ba ba tlang mo phuthegong ya gagwe? (b) Ditemana tse di setseng tsa Isaia kgaolo 60 di re bolelela eng?

18 Ngwaga le ngwaga “batswakwa” ba basha ba le dikete di le makgolokgolo ba kopanela le phuthego ya ga Jehofa, mme tsela e tla nna e bulegile gore go ka tla ba bangwe ba bantsi. Jehofa o raya  Siona a re: “Dikgoro tsa gago di tla nna di butswe ka metlha; ga di kitla di tswalwa motshegare le fa e le bosigo, gore o tlisediwe dikhumo tsa ditšhaba, mme dikgosi tsa bone di tla bo di eteletse pele.” (Isaia 60:11) Baganetsi bangwe ba leka go tswala “dikgoro” tse, mme re a itse gore ba ka se kgone. Jehofa ka boene o boletse gore le fa go ka nna jang, dikgoro di tla nna di butswe. Koketsego e tla tswelela pele.

19 Go na le ditsela tse dingwe gape tse Jehofa a segofaditseng batho ba gagwe ka tsone mo metlheng eno ya bofelo, a ba ntlafatsa. Ditemana tse di setseng tsa Isaia 60 di bolela ka tsela ya boporofeti gore ditsela tseo ke dife.

A o Ka Tlhalosa?

• “Mosadi” wa Modimo ke mang, mme o emelwa ke bomang mo lefatsheng?

• Bana ba Siona ba ne ba rapaletse leng, mme ba ne ba ‘tsoga’ leng le gone jang?

• Jehofa o ne a dirisa ditshwantsho tse di farologaneng jang go bolelela pele ka koketsego e e leng teng gompieno ya bareri ba Bogosi?

• Jehofa o dirile gore lesedi la gagwe le phatsimele batho ba gagwe ka ditsela dife?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

“Mosadi” wa ga Jehofa o laelwa gore a tsoge

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Setlhopha sa dikepe se lebega jaaka maeba a le kgakala