Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sengwe se Segolo go Feta Matlotlo a Egepeto

Sengwe se Segolo go Feta Matlotlo a Egepeto

 Sengwe se Segolo go Feta Matlotlo a Egepeto

MOSHE ke mongwe wa batho ba bagolo mo hisitoring. Dibuka di le nnè tsa Baebele—go simolola ka Ekesodo go fitlha ka Duteronome—di bua thata ka tsela e Modimo a neng a dirisana le Baiseraele ka yone fa ba ne ba eteletswe pele ke Moshe. O ne a kaela Phudugo ya bone go tswa kwa Egepeto, a nna motsereganyi wa kgolagano ya Molao, a bo a etelela Baiseraele pele go ya kwa molelwaneng wa Naga e e Solofeditsweng. Moshe o ne a godisediwa mo lelapeng la ga Faro, mme o ne a nna moeteledipele wa batho ba Modimo mmogo le moporofeti, moatlhodi le mokwadi yo o tlhotlheleditsweng ke Modimo. Mme le fa go ntse jalo, e ne e le “motho yo o boikokobetso thata go gaisa batho botlhe.”—Dipalo 12:3.

Dilo di le dintsi thata tse Baebele e di tlhalosang ka Moshe ke tsa fa a le mo dingwageng di le 40 tsa bofelo tsa botshelo jwa gagwe, di akaretsa nako ya fa Baiseraele ba ne ba gololwa mo bokgobeng go fitlha fa Moshe a swa a le dingwaga di le 120. Go simolola fa a le dingwaga di le 40 go ya go di le 80 e ne e le modisa kwa Midiana. Mme buka nngwe e bolela jaana, “gongwe karolo e e kgatlhang thata ya botshelo jwa gagwe, mme e le e e neng e sa itsege go le kalo” e ne e le dingwaga tsa gagwe tsa ntlha di le 40 go simolola fa a tsalwa go fitlha fa a tshabela kwa Egepeto. Mme ke eng se re se ithutang ka lobaka loo lwa nako? Maemo a Moshe a godiseditsweng mo go one a ile a dira gore a gole e le motho yo o ntseng jang? O ne a lebana le ditlhotlheletso dife fa a ntse a gola? O ne a tshwanelwa ke go lebana le dikgwetlho dife? Mme seno sotlhe se re ruta eng?

Bokgoba Kwa Egepeto

Buka ya Ekesodo e bolela gore Faro mongwe o ne a simolola go boifa Baiseraele ba ba neng ba nna kwa Egepeto ka ntlha ya go bo ba ne ba oketsega ka palo. E re ka a ne a ithaya a re o dira dilo ka “botlhale” o ne a leka go fokotsa palo ya bone ka go ba tsenya mo bokgobeng jo bo gatelelang ba itewa ke bakgokgontshi—jwa go sikara mekgweleo, go dira dikika tsa letsopa le go dira palo e e neng e batlega ya ditena letsatsi le letsatsi.—Ekesodo 1:8-14; 5:6-18.

Tsela e lefatshe la Egepeto le Moshe a neng a tsalelwa mo go lone le tlhalosiwang ka yone fano, e dumalana sentle le bosupi jwa hisitori. Pampiri ya bogologolo ya lotlhaka le mokwalo mo letlapeng lengwe la phupu di tlhalosa tsela e makgoba a neng a dira ditena ka seretse ka gone mo mileniamong ya bobedi B.C.E. kgotsa pele ga moo. Badiredi bagolo ba ba neng ba na le boikarabelo jwa go bona gore ditena di teng, ba ne ba bopa ditlhopha tsa makgoba a  le makgolokgolo, e le ditlhopha tsa ba le 6 go ya go ba le 18 ba ba neng ba eteletswe pele ke foromane kana moeteledipele wa setlhopha. Ba ne ba tshwanetse go epa letsopa le ba neng ba dira ditena ka lone ba bo ba le isa kwa lefelong la ditena le pakilwe mo godimo ga lotlhaka lo lo omeletseng. Badiri ba ditso tse di farologaneng ba ne ba gelela metsi, ba bo ba a tlhakanya le letsopa le lotlhaka ka digarawe. Ba ne ba foroma ditena di le dintsi tse di khutlonnè-tsepa ba bo ba di tlhomaganya fa fatshe. Morago ga moo, makgoba a ne a rwala ditena tseno tse di neng di omisitswe ke letsatsi ka jokwe a di isa kwa lefelong la go aga, le ka dinako tse dingwe a neng a tlhatloga fa a ya kwa go lone. Balebedi ba Baegepeto ba ba neng ba tshwere dikubu ba ne ba nna kgotsa ba tsamayatsamaya ba lebile fa tiro e ntse e tsweletse.

Pampiri nngwe ya bogologolo e go neng go balelwa mo go yone e umaka gore makgoba a le 602 a ne a dira ditena di le 39 118 e leng palogare ya ditena di le 65 tse di neng di dirwa ke motho a le mongwe ka diura tsa tiro. Lokwalo lwa lekgolo la dingwaga la bo13 B.C.E. le bolela jaana: “Banna ba ne ba dira palo e e batlegang ya ditena letsatsi le letsatsi.” Sotlhe seno se re gopotsa thata ka tiro e e boima e go neng go lebeletswe gore Baiseraele ba e dire jaaka go tlhalosiwa mo bukeng ya Ekesodo.

Go gatelelwa ga Bahebera bano ga go a ka ga fokotsa palo ya bone. Go na le moo, “fa [Baegepeto] ba nna ba ba gatelela, bone ba nna ba ntsifala . . . mo ba neng ba nna le poifo e e lwatsang ka ntlha ya bomorwa Iseraele.” (Ekesodo 1:10, 12) Ka jalo, santlha Faro o ne a laela babelegisi ba Bahebera mme morago ga moo batho botlhe ba gagwe gore ba bolaye ngwana mongwe le mongwe wa mosimane yo o neng a sa tswa go tsalwa wa Moiseraele. Mo maemong ano a boifisang, Jokebede le Amerame ba ne ba tshola ngwana yo montle wa mosimane e bong Moshe.—Ekesodo 1:15-22; 6:20; Ditiro 7:20.

O ne A Fitlhwa, a Bonwa A bo A Ikgodisetswa

Batsadi ba ga Moshe ba ne ba seka ba reetsa taolo ya ga Faro ya go bolaya bana mme ba fitlha mosimanyana wa bone. A ba ne ba dira jalo go sa kgathalesege ditlhodi le batlhatlhobi ba ba neng ba ntse ba tsamayatsamaya ba batlana le bana? Ga re ka ke ra tlhomamisega ka seno. Le fa go ntse jalo, morago ga dikgwedi di le tharo batsadi ba ga Moshe ba ne ba sa tlhole ba kgona go mo fitlha. Ka jalo, mmaagwe yo o neng a amegile thata o ne a dira seroto sa lotlhaka a se kaba ka boka gore se seka sa tsena metsi mme a tsenya ngwana wa gagwe mo go sone. Tota re ka re Jokebede o ne a reetsa taolo ya ga Faro ya go latlhela ngwana mongwe le mongwe wa mosimane wa Mohebera yo o sa tswang go tsalwa mo nokeng ya Nile. Miriame e bong kgaitsadia Moshe, o ne a ema gaufi le yone gore a mo dise.—Ekesodo 1:22–2:4.

Ga re itse gore a Jokebede o ne a batla gore Moshe a itshelelwe ke morwadia Faro fa a tla go tlhapa mo nokeng, mme go ne ga diragala fela jalo. Morwadia kgosi o ne a lemoga gore yono e ne e le ngwana wa Bahebera. O ne a tla dirang ka ene? A o ne a tla laela gore a bolawe e le go utlwa taelo ya rraagwe? Nnyaa, jaaka mosadi mongwe le mongwe, o ne a tla tshwara thipa ka fa bogaleng. O ne a tla mo utlwela botlhoko.

 Ka ponyo ya leitlho ke fa Miriame a setse a le gaufi le morwadia kgosi. Mme a mmotsa a re, ‘A nka ya go go biletsa mosadi wa Mohebera gore a go amusetse ngwana yono?’ Bangwe ba gakgamadiwa thata ke mafoko ano. Kgaitsadie Moshe o farologana thata le Faro yo o neng a loga maano le bagakolodi ba gagwe gore ba direle Bahebera ka “botlhale.” Eleruri botshelo jwa ga Moshe bo ne jwa sireletsega fa morwadia kgosi a ne a dumalana le leano la ga kgaitsadie Moshe. Morwadia Faro a mo raya a re, “tsamaya!” mme Miriame a ya go bitsa mmaagwe ka bonako. Fa ba se na go dumalana Jokebede o ne a thapiwa gore a godise morwawe ka tsela ya segosi.—Ekesodo 2:5-9.

Tsela e morwadia kgosi a leng boutlwelobotlhoko ka yone e farologane le bosetlhogo jwa ga rraagwe. Ga se gore o ne a tsieditswe kgotsa a sa itse gore ngwana yono ke wa ga mang. Go mo utlwela botlhoko go tswa pelong go ne ga mo tlhotlheletsa gore a mo itseele mme go dumalana ga gagwe le leano la gore moamusi wa Mohebera a mo ikgodisetse go senola gore o ne a sa dumalane le bosetlhogo jwa ga rraagwe.

Go Godisiwa le go Rutwa ga Gagwe

Jokebede “a tsaya ngwana a mo amusa. Mme ngwana a gola. Foo a mo tlisa kwa go morwadia Faro, mme a nna morwawe.” (Ekesodo 2:9, 10) Baebele ga e re bolelele gore Moshe o ne a nna le batsadi ba gagwe ba ba mo tsetseng lobaka lo lo kae. Bangwe ba akanya gore gongwe e ne ya nna go fitlha ka nako ya fa ba ne ba mo kgwisa—dingwaga di le pedi kana di le tharo—mme go ka tswa go tsere lobaka lo lo fetang loo. Buka ya Ekesodo e bolela fela gore o ne “a gola” a na le batsadi ba gagwe, mo go rayang gore e ne ya nna go fitlha a le dingwaga dipe fela tse di rileng. Ga go belaetse gore Amerame le Jokebede ba ne ba dirisa nako eo go dira gore morwaabone a itse gore ke Mohebera le go mo ruta ka Jehofa. Go ne go tla bonala mo isagweng gore ba atlegile go le kana kang go dira gore Moshe a nne le tumelo le go rata tshiamo.

Fa Moshe a busediwa kwa go morwadia Faro o ne a rutwa “botlhale jotlhe jwa Baegepeto.” (Ditiro 7:22) Seno se ne se tla raya go naya Moshe thapiso e e neng e tla dira gore a tshwanelegele go direla mo pusong. Thuto e e seng kana ka sepe ya Egepeto e ne e akaretsa dipalo, mofuta mongwe wa dipalo o o bidiwang geometry, go dira dipolane tsa go aga, go aga le ditiro tse dingwe tsa botaki le saense. Go bonala lelapa la segosi le ne le tla batla gore a rutwe bodumedi jwa Seegepeto.

Moshe a ka tswa a ile a bona thuto ya maemo a a kwa godimo a na le bana ba bangwe ba ba tswang mo malapeng a segosi. Ba bangwe ba ba neng ba bona thuto eno ya maemo a a kwa godimo e ne e le “bana ba babusi ba dinaga di sele ba ba neng ba romelwa kwa Egepeto e le batshwarwakananyo gore ba ‘rutwe’ dilo tse disha morago ga moo ba bo ba busediwa gae gore ba ye go busa e le dikgosana” tse di ikanyegang mo go Faro. (The Reign of Thutmose IV, by Betsy M. Bryan) Go bonala mafelo a go tlhokomela bana a a neng a tshwaragane le matlo a segosi a ne a thapisetsa basha gore e nne badiredi mo malwapeng a segosi. * Mekwalo mengwe ya Metlha ya Bogare ya Egepeto le ya Bogosi jo Bosha e senola gore batlhokomedi ba le mmalwa ba ga Faro le batlhankedi bangwe ba maemo a a kwa godimo ba e neng e le badiredi ba puso ba ne ba sa ntse ba bidiwa ka sereto sa tlotlo sa “Ngwana yo o Amogetseng Tlhokomelo ya Segosi” le fa ba setse ba godile.

Botshelo jwa go nna modiri mo ntlong ya segosi bo ne bo tla leka Moshe. Bo ne bo dira gore motho wa teng a hume, a tshele mo manobonobong a bo a nne le taolo. Gape bo ne bo tlisetsa motho diteko tsa boitsholo. Moshe o ne a tla lebana jang le maemo ano? A o ne a tla ikanyega? A o ne a tla obamela Jehofa ka peloyotlhe, e le wa losika lwa Bahebera ba ba  bogisiwang kgotsa a o ne a tla eletsa dilo tsotlhe tse Egepeto ya boheitane e neng e tla mo naya tsone?

Go Dira Tshwetso e e Botlhokwatlhokwa

Fa Moshe a le dingwaga di le 40 e leng nako e ka yone a ka bong a le Moegepeto yo o feletseng, o ne “a tswela kwa go bomorwarraagwe gore a tle a lebe mekgweleo e ba neng ba e sikara.” Se a neng a se dira morago ga moo o ne a sa se direle monate fela; o ne a batla go ba thusa tota. Fa a ne a bona Moegepeto a itaya Mohebera, o ne a tsereganya mme a bolaya mogateledi. Seo se ne se supa gore pelo ya ga Moshe e ne e na le bomorwarraagwe. Go bonala monna yono yo o bolaetsweng mo tirong e ne e le modiredimogolo. Mo Baegepetong botlhe, go ne go na le mabaka a a utlwalang a gore Moshe a ikanye Faro. Mme tota Moshe o ne a tlhotlhelediwa ke go rata tshiamiso, nonofo e a neng a e bontsha mo letsatsing le le latelang fa a ne a le kgatlhanong le Mohebera mongwe yo o neng a itaya mong ka ene go sa tshwanela. Moshe o ne a eletsa go golola Bahebera mo bokgobeng jo bo setlhogo, mme e ne ya re fa Faro a lemoga gore o mo tlhanogetse a leka go mmolaya, mme Moshe a patelesega go tshabela kwa Midiane.—Ekesodo 2:11-15; Ditiro 7:23-29. *

Nako ya ga Moshe ya go batla go golola batho ba Modimo e ne e sa tsamaisane le ya ga Jehofa. Le fa go ntse jalo ditiro tsa gagwe di ne di bontsha gore o na le tumelo. Bahebera 11:24-26 e bolela jaana: “Ka tumelo Moshe, e rile a setse a godile, a gana go bidiwa morwa morwadia Faro, a tlhopha go tshwarwa setlhogo le batho ba Modimo go na le go ja monate wa boleo ka nakwana.” Ka ntlha yang? “Ka gonne o ne a tsaya fa go kgojwa ka ntlha ya ga Keresete e le dikhumo tse dikgolo go feta matlotlo a Egepeto; gonne o ne a leba ka tlhomamo kwa go neweng maduo.” Go dirisiwa ga lefoko leno “Keresete” ka tsela e e tlhomologileng mo go rayang “motlodiwa” go tshwanela Moshe tota ka gonne moragonyana o ne a amogela thomo e e kgethegileng e e tswang kwa go Jehofa.

Akanya fela! Moshe o ne a bona kgodiso e e neng e ka bonwa fela ke motho yo o tswang mo lelapeng la segosi la Egepeto. Maemo ao a ne a tla dira gore a tshele botshelo jwa manobonobo, mme le fa go ntse jalo o ne a gana dikhumo tseo tsotlhe. O ne a se ka a leba go nna mo lelapeng la ga Faro wa mogateledi go le botlhokwa go feta go rata Jehofa le tshiamiso. Go itse le go tlhatlhanya ka ditsholofetso tse Modimo a di solofeditseng borraagwemogologolwane e bong Aberahame, Isake le Jakobe go ne ga dira gore Moshe a itlhophele go amogelwa ke Modimo. Mme ka ntlha ya seo Jehofa o ne a kgona go dirisa Moshe gore a fitlhelele maikaelelo a Gagwe a botlhokwatlhokwa.

Rotlhe re tshwanetse go dira ditshwetso tsa gore ke dilo dife tse di botlhokwa thata. Gongwe jaaka Moshe, o tlhoka go dira tshwetso e e boima. A o tshwanetse go tlogela mekgwa kana menate e e rileng, go sa kgathalesege gore go dira jalo go thata go le kana kang? Fa e le gore ke tshwetso e o tshwanetseng go e dira, gakologelwa gore Moshe o ne a leba go tsalana le Jehofa go le botlhokwa go feta matlotlo otlhe a Egepeto mme ga a ka a ikotlhaela seo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 17 Thuto eno ya go ba thapisetsa go nna badiredi ba puso e ka tswa e tshwana le e e neng ya amogelwa ke Daniele le ditsala tsa gagwe kwa Babelona. (Daniele 1:3-7) Bapisa Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!, kgaolo 3, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 20 Se se bontshang gore Moshe o ne a rata tshiamiso se bontshiwa gape ke fa a ne a femela badisa ba basadi ba ba neng ba sa tshwarwe sentle kwa Midiane kwa a neng a tshabetse gone.—Ekesodo 2:16, 17.

[Lebokoso mo go tsebe 11]

Tiro ya go Amusa

Gantsi bommè ba amusa masea a bone. Le fa go ntse jalo, mokanoki Brevard Childs o bolela jaana mo go Journal of Biblical Literature, “ka dinako dingwe ba malapa a segosi [gaufi le Dinaga Tsa Botlhaba] ba ne ba thapa moamusi. Mokgwa ono o ne gape o dirisiwa fa mmè a ne a sa kgone go otla ngwana wa gagwe kana fa mmangwana a ne a sa itsiwe. Moamusi o ne a na le boikarabelo jwa go godisa ngwana le go mo amusa ka dinako tse a di beetsweng.” Tiro ya go amusa e e neng e dirwa bogologolo gaufi le Dinaga Tsa Botlhaba, e dipampiri dingwe di le mmalwa tsa lotlhaka di tlotlang ka yone, e sa ntse e dirwa le gompieno. Dipampiri tseno di supa gore mokgwa ono o ne o aname thata mo metlheng ya Basumeria go fitlha mo metlheng ya bofelo ya Tlhotlheletso ya Segerika e e neng e le teng kwa Egepeto. Dipampiri tseno di ne di bua thata ka batho ba ba neng ba dira tiro eno, gore e ne e ba tsaya lobaka lo lo kae, maemo a tiro a ne a ntse jang, ditaelo tsa go otla bana, go otlhaiwa ga bone fa ba sa dira tiro ya bone, e ne e bua ka madi a ba neng ba a amogela le gore ba ne ba duelwa jang. Childs o tlhalosa gore gantsi “tiro ya go amusa e ne e tsaya lobaka lwa dingwaga di le pedi go ya go di le tharo. Moamusi o ne a godisetsa ngwana kwa ntlong ya gagwe mme ka dinako tse dingwe o ne a kopiwa go busetsa ngwana kwa go mmaagwe gore a ye go tlhatlhobiwa.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Mokgwa wa go dira ditena kwa Egepeto ga wa fetoga fa e sale mo motlheng wa ga Moshe jaaka go bontshiwa mo ditshwantshong tse di takilweng tsa bogologolo

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Kwa godimo: Pictorial Archive (Hisitori ya Dinaga Tse di Leng Gaufi le Botlhaba) Est.; kwa tlase: Erich Lessing/Art Resource, NY