Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mathata a Batho a Tloga a Fela!

Mathata a Batho a Tloga a Fela!

 Mathata a Batho a Tloga a Fela!

“MAITEKO a go thusa batho ga a ne a nna le mosola ope fa a se karolo e kgolo ya sepolotiki e boikaelelo jwa yone e leng go rarabolola mathata a a bakang ntwa. Bosupi bo bontshitse gangwe le gape gore tiro ya go thusa ba bangwe ka boyone fela, ga e ka ke ya rarabolola mathata a sepolotiki.”—The State of the World’s Refugees 2000.

Go sa kgathalesege maiteko a magolo a go thusa ba bangwe, mathata a batho a ntse a oketsega. A boradipolotiki ba ka kgona go nna le tharabololo e e tla nnelang ruri ya mathata? Ruri ga go lebege jalo. Mme re ka leba kae go bona tharabololo? Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa ka fa Modimo a tla fedisang mathata a batho ka gone mo ditemaneng dingwe tse di botlhokwa kwa tshimologong ya lekwalo le a neng a le kwalela Bakeresete ba kwa Efeso. O ne a tlhalosa gape gore Modimo o tla dirisa eng go a rarabolola—se se tla fedisang dilo tsotlhe tse di bakang mathata a re nang le one gompieno. Ke ka ntlha yang fa o sa sekaseke se Paulo a se buang ka seno? Ditemana tseo di mo go Baefeso 1:3-10.

“Go Phuthela Dilo Tsotlhe Mmogo Gape mo go Keresete”

Moaposetoloi o ne a re boikaelelo jwa Modimo ke gore go direge se a se bitsang “tsamaiso [kana go laola merero] fa tekanyo ya dinako tse di tlhomilweng e fela.” Seno se bolelang? Se bolela gore Modimo o tlhomile nako e a tla tsayang kgato ya “go phuthela dilo tsotlhe mmogo gape mo go Keresete, dilo tse di kwa magodimong le dilo tse di mo lefatsheng.” (Baefeso 1:10) Ee, Modimo o rulagantse gore dilo tsotlhe tse di kwa legodimong le tse di mo lefatsheng di boele mo taolong ya gagwe. Fa a ne a akgela malebana le lefoko le fano le ranotsweng ka gore “go phuthela dilo tsotlhe mmogo gape,” mokanoki wa Baebele e bong J. H. Thayer o ne a bolela jaana: “O kopanya gape . . . dilo tsotlhe le batho (ba go fitlha jaanong ba kgaogantsweng ke boleo) gore ba nne seoposengwe mo go Keresete.”

Seno se bontsha lebaka la go bo go le botlhokwa  gore Modimo a dire jalo a lebile se se ba kgaogantseng kwa tshimologong. Kwa tshimologong ya hisitori ya batho, batsadi ba rona ba ntlha e bong Adame le Efa, ba ne ba latela Satane Diabolo mo go tsuologeleng Modimo. Ba ne ba batla kgololesego ya go itirela tshwetso ya se se molemo le se se bosula. (Genesise 3:1-5) Go ya ka molao wa Modimo wa tshiamiso, ba ne ba lelekwa mo lelapeng la Modimo mme ba latlhegelwa ke botsalano le ene. Ba ne ba tlisetsa batho bosaitekanelang jo bo nang le matswela a a botlhoko a re a utlwang gompieno.—Baroma 5:12.

Go Letla Boikepo ka Nakwana

Bangwe ba ka nna ba botsa jaana: ‘Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a ba letla go dira jalo? Ke ka ntlha yang fa a ne a seka a dirisa maatla a gagwe a magolo go dira gore go dirwe thato ya gagwe, gore a thibele bohutsana le matshwenyego a re nang le one gone jaanong?’ Re ka nna ra raelesega go akanya jalo. Mme go dirisa maatla a magolo jalo go ne go tla supa eng? A o rata motho ope fela yo o nyeletsang kganetso yotlhe e santse e simolola ka go bo a na le maatla a go dira jalo? Le eseng.

Tota batsuolodi bao ba ne ba se kgatlhanong le maatla a Modimo. Ba ne ba le kgatlhanong le tsela e e siameng ya gagwe ya go busa. Go rarabololela ruri kgangkgolo e e neng ya tsosiwa, Jehofa o letlile dibopiwa tsa gagwe gore di tsamaise merero ya tsone ka sebaka se se rileng sa nako di sa kaelwe ke ene. (Moreri 3:1; Luke 21:24) Fa nako eo e fela, o tla tsaya marapo go laola lefatshe lotlhe. Ka nako eo go tla bo go phepafetse sentle gore tsela e a busang ka yone, ke yone fela e e ka tlisetsang baagi ba lefatshe kagiso ya leruri, boitumelo le masego. Ka nako eo bagateledi botlhe ba lefatshe ba tla senyediwa ruri.—Pesalema 72:12-14; Daniele 2:44.

“Pele ga Lefatshe le Thaiwa”

Ke bogologolo Jehofa a ntse a ikaeletse go dira seno sotlhe. Paulo a re e ne e le “pele ga lefatshe le thaiwa.” (Baefeso 1:4) Seo e ne e se pele ga lefatshe le bopiwa kana pele Adame le Efa ba bopiwa. Lefatshe leo le ne le le “molemo tota,” mme botsuolodi bo ne bo ise bo nne teng. (Genesise 1:31) Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka “lefatshe” lefe he? Lefatshe le e neng e le bana ba ga Adame le Efa—lefatshe la batho ba ba nang le boleo e bile ba sa itekanela ba na le tebelelo ya go rekololwa. Pele ga go tsholwa bana bape, Jehofa o ne a setse a itse ka fa a neng a tlile go rekolola ditlogolwana tsa ga Adame ka gone.—Baroma 8:20.

Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore Molaodimogolo wa lobopo lotlhe o tla rarabolola mathata ka tsela e batho ba a rarabololang ka yone. E re ka ba lemoga gore go ka nna ga tlhaga maemo a tshoganyetso ba dira dithulaganyo tse di raraaneng tsa go a rarabolola. Se Modimo mothatayotlhe a se dirang fela ke go tlhoma boikaelelo jwa gagwe a bo a bo diragatsa. Le fa go ntse jalo, Paulo o tlhalosa ka fa Jehofa a swetsang go dira seno ka gone gore a golole batho ka bosakhutleng. Ke eng se a neng a tla se dira?

Ke Mang yo o Tla Tlisang Kgololo?

Paulo o tlhalosa gore barutwa ba ba tloditsweng ka moya ba ga Keresete ba na le seabe se se botlhokwa thata mo go fediseng mathata a a bakilweng ke boleo jwa ga Adame. Paulo a re, Jehofa o “ne a re tlhopha re le seoposengwe le [Keresete]” gore re buse le Jesu mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo. Fa Paulo a tlhalosa seno go ya pele a re Jehofa “o ne a re tlhomamisa e sale pele gore re amogelwe jaaka bana ba gagwe ka Jesu Keresete.” (Baefeso 1:4, 5) Ke boammaaruri gore Jehofa o ne a se ka a ba tlhopha kgotsa a ba tlhomamisa ka bongwe ka bongwe. Go na le moo, o ne a ba tlhomamisa jaaka setlhopha sa batho ba ba ikanyegang le ba ba ineetseng ba ba tla dirang mmogo le Keresete mo go fediseng mathata a Satane Diabolo mmogo le Adame le Efa ba a tliseditseng batho.—Luke 12:32; Bahebera 2:14-18.

A bo seno se gakgamatsa jang ne! Fa Satane a ne a simolola go tlhasela bolaodi jwa Modimo, o ne a bolela gore dibopiwa tsa Modimo tse e leng batho ba ne ba na le bokoa bongwe—jwa gore fa ba ne ba ka bogisiwa thata kana ba raelwa, botlhe ba ne ba tla tsuologela puso ya Modimo. (Jobe 1:7-12; 2:2-5) Fa nako e ntse e tsamaya, Jehofa Modimo o ne a bontsha gore o tshepa dibopiwa tsa gagwe tsa mo lefatsheng ka go  itlhophela bangwe mo lelapeng le le nang le boleo la ga Adame gore ba nne bana ba gagwe ba semoya ka go bontsha “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa gagwe jo bo galalelang” ka tsela e kgolo. Maloko a setlhopha se sennye seno, a ne a tla isiwa kwa legodimong go ya go direla teng. Ka boikaelelo bofe?—Baefeso 1:3-6; Johane 14:2, 3; 1 Bathesalonika 4:15-17; 1 Petere 1:3, 4.

Moaposetoloi Paulo a re bana bano ba Modimo a ba itlhophetseng, ba nna “baruaboswammogo le Keresete” mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo. (Baroma 8:14-17) E re ka e tla bo e le dikgosi le baperesiti, ba nna le seabe mo go gololeng batho mo bohutsaneng le mo matshwenyegong a ba nang le one jaanong. (Tshenolo 5:10) Ke boammaaruri gore “popo yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo go fitlha jaanong.” Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae bana bano ba Modimo a ba itlhophetseng ba tla dira mmogo le Jesu Keresete mme batho botlhe ba ba kutlo “ba tla gololwa mo go nneng motlhanka wa go bola mme [ba] nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo” gape.—Baroma 8:18-22.

‘Kgololo ka Thekololo’

Modimo o dirile gore seno sotlhe se kgonege ka go bontsha batho ba lefatshe ba ba kgonang go gololwa bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang jo bogolo le jo bo galalelang—setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete. Paulo o kwala jaana: “Ka [Jesu Keresete] re gololwa ka thekololo ka madi a gagwe, ee, boitshwarelo jwa ditlolo tsa rona, go ya ka dikhumo tsa bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang.”Baefeso 1:7.

Jesu Keresete ke motho wa konokono mo go diragatseng maikaelelo a Modimo. (Bahebera 2:10) Setlhabelo sa gagwe sa thekololo se naya Jehofa lebaka le le utlwalang la go tlhopha bangwe ba ditlogolwana tsa ga Adame go ba tsenya mo lelapeng la gagwe la selegodimo le go golola batho mo diphelelong tsa boleo jwa ga Adame, a sa tlhokomologe melao le melaometheo ya Gagwe. (Mathaio 20:28; 1 Timotheo 2:6) Jehofa o dirile dilo ka tsela e e tlotlomatsang tshiamo ya gagwe le go diragatsa se tshiamiso ya gagwe e se batlang.—Baroma 3:22-26.

“Sephiri se se Boitshepo” sa Modimo

Modimo o feditse diketekete tsa dingwaga a sa senole gore tota o ne a tlile go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jang mo lefatsheng. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. “o ne a itsise [Bakeresete] sephiri se se boitshepo sa thato ya gagwe.” (Baefeso 1:9) Paulo le Bakeresete ka ene ba ba tloditsweng ba ne ba tlhaloganya sentle seabe se segolo se Jesu Keresete a neng a se neilwe sa go diragatsa boikaelelo jwa Modimo. Gape ba ne ba simolola go anaanela seabe sa bone sa botlhokwa jaaka baruaboswammogo le Keresete mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo. (Baefeso 3:5, 6, 8-11) Ee, puso ya Bogosi e mo go yone go busang Jesu Keresete le babusimmogo le ene ke sedirisiwa se Modimo a tla se dirisang go tlisa kagiso ya leruri e seng fela kwa legodimong mme gape le mo lefatsheng. (Mathaio 6:9, 10) Ka yone, Jehofa o tla busetsa lefatshe leno mo maemong a a neng a ikaeletse gore le nne mo go one kwa tshimologong.—Isaia 45:18; 65:21-23; Ditiro 3:21.

Nako ya gagwe e a e tlhomileng ya gore a tseye kgato ka tlhamalalo go tlosa kgatelelo yotlhe mo lefatsheng le go tlhoka tshiamiso e setse e le gaufi. Mme tota, Jehofa o ne a simolola tiro eno ya go tsosolosa ka Pentekosete ya 33 C.E. Jang? Ka nako eno o ne a simolola go phutha “dilo tse di kwa magodimong,” e leng ba ba tla busang le Keresete kwa legodimong. Bano ba ne ba akaretsa  Bakeresete ba kwa Efeso. (Baefeso 2:4-7) Bosheng jaana mo motlheng wa rona Jehofa o ntse a phutha “dilo tse di mo lefatsheng.” (Baefeso 1:10) Ka tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe, o itsise ditšhaba tsotlhe dikgang tse di molemo tsa puso ya gagwe ya Bogosi e mo go yone go busang Jesu Keresete. Ba ba di tsibogelang ba setse ba ntse ba phuthelwa mo lefelong le ba tla sirelediwang le go fodisiwa semoyeng mo go lone. (Johane 10:16) Go ise go ye kae, mo lefatsheng le le phepafaditsweng la paradaise, ba tla gololwa gotlhelele mo tshiamololong yotlhe le mo pogong.—2 Petere 3:13; Tshenolo 11:18.

Go setse go dirilwe “kgatelopele e e seng kana ka sepe” mo maitekong a go thusa batho ba ba gateletsweng. (The State of the World’s Children 2000) Le fa go ntse jalo, kgato e e di gaisang tsotlhe ya go dira jalo e tla nna fa Keresete Jesu le babusimmogo le ene ba tsaya marapo ka puso ya Bogosi jwa selegodimo e e leng gaufi. Ba tla fedisa dilo tsotlhe tse di bakang ntwa le masula a mangwe otlhe a a re tlelang. Ba tla fedisa mathata otlhe a batho.—Tshenolo 21:1-4.

[Ditshwantsho mo go tsebe 4]

Maiteko a go thusa batho ga a rarabolola mathata a batho

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete se golotse batho mo boleong jwa ga Adame

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go a kgonega go bona tshireletsego le phodiso ya semoya gompieno

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Go ise go ye kae, Puso ya Bomesia e tla golola batho gotlhelele mo mathateng