Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Latela Sekao sa Dikgosi

Latela Sekao sa Dikgosi

 Latela Sekao sa Dikgosi

“A ikwalele sekaelo sa molao ono mo bukeng . . . Mme e nne mo go ene, mme a e bale malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe.”—DUTERONOME 17:18, 19.

1. Mokeresete a ka rata go tshwana le bomang?

GA GO motlhofo gore o ipone o le kgosi kana kgosigadi. Ke Mokeresete ofe yo o ikanyegang kana moithuti ofe wa Baebele yo o neng a ka ipona a na le taolo ya segosi e e tshwanang le ya Dikgosi tse di molemo jaaka Dafide, Josia, Hesekia kgotsa Jehoshafate? Mme gone, o ka kgona go tshwana le tsone e bile o tshwanetse go dira jalo ka tsela nngwe e e kgethegileng. Ke tsela efe eo? Mme ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go tshwana le tsone ka tsela eo?

2, 3. Ke eng se Jehofa a neng a se bonela pele ka kgosi e e tlhomilweng ke batho, mme kgosi eo e ne e tshwanetse go dirang?

2 Mo motlheng wa ga Moshe, dingwagangwaga pele Modimo a dumelela Baiseraele go nna le kgosi ya bone, O ne a bonela pele gore batho ba Gagwe ba ne ba tla rata go nna le kgosi ya bone. Ka jalo, o ne a tlhotlheletsa Moshe gore a kwale ditaelo tse di tshwanetseng mo kgolaganong ya Molao. Ditaelo tseno e ne e le tsa go ruta dikgosi.

3 Modimo o ne a re: “Fa kgabagare o tsena mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago a le go nayang, . . . mme o rile, ‘Mma ke itlhomele kgosi gore e nkokamele jaaka ditšhaba tsotlhe tse di ntikologileng’; ruri o tshwanetse gore o itlhomele kgosi e Jehofa Modimo wa gago a tla e tlhophang. . . . Mme go tla diragala gore fa a tsaya manno a gagwe mo setulong sa bogosi jwa gagwe, a ikwalele sekaelo sa molao ono . . . Mme e nne mo go ene, mme a e bale malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe, gore a ithute go boifa Jehofa Modimo wa gagwe gore a boloke mafoko otlhe a molao ono le melawana eno ka go e dira.”—Duteronome 17:14-19.

4. Ditaelo tse Modimo a neng a di naya dikgosi di ne di akaretsa eng?

4 Eleruri, kgosi e Jehofa a neng a tla e tlhophela baobamedi ba gagwe, e ne e tshwanetse go itirela khopi ya mekwalo e o e fitlhelang mo Baebeleng ya gago. Morago ga moo, kgosi e ne e tshwanetse go e bala gangwe le gape letsatsi le letsatsi. Seo e ne e se go ikatisa mogopolo fela. E ne e le go ithuta mo go neng go tshwanetse ga mo solegela molemo. Kgosi e Jehofa a neng a tla e amogela e ne e tshwanetse go ithuta ka tsela eo gore e nne le pelo e e siameng. Gape o ne a tshwanetse go ithuta mekwalo eo e e tlhotlheleditsweng gore e nne kgosi e e atlegileng le e e nang le temogo.—2 Dikgosi 22:8-13; Diane 1:1-4.

Ithute Jaaka Kgosi

5. Kgosi Dafide o ne a kwalolola dikarolo dife tsa Baebele a bo a di bala, mme o ne a ikutlwa jang ka seo?

5 O akanya gore go ithuta ka tsela e e ntseng jalo go ne go tla tlhoka gore Dafide a dire eng fa a nna kgosi ya Iseraele? O ne a tla tshwanelwa ke go dira khopi ya Dibuka Tsa Ntlha Tse Tlhano (Genesise, Ekesodo, Lefitiko, Dipalo, Duteronome). Akanya fela gore seo se tshwanetse sa bo se ile sa ama jang mogopolo le pelo tsa ga Dafide gore a dirise matlho le diatla go kwala khopi ya Molao. Gape go bonala Moshe a ne a kwala buka ya Jobe le Pesalema 90 le 91. A le tseo Dafide o ne a di kwalolola? Gongwe go ka tswa go ntse jalo. Gape a ka tswa a ne a na le dibuka tsa Joshua, Baatlhodi  le Ruthe. Ka jalo o ka bona gore Kgosi Dafide o ka tswa a ne a na le karolo e kgolo mo Baebeleng e a neng a tshwanetse go e bala le go e tlhaloganya. Mme go na le lebaka la go dumela gore o ne a dira fela jalo, ela tlhoko se a se buang ka Molao wa Modimo o o fitlhelwang mo go Pesalema 19:7-11.

6. Re ka tlhomamisega jang gore Jesu o ne a rata Dikwalo jaaka rraagwemogologolwane Dafide?

6 Dafide yo Mogolwane—Jesu, Morwa Dafide—o ne a latela sekao se se tshwanang. Jesu o ne a tlwaetse go ya kwa sinagogeng ya lefelo la gaabo beke le beke. Fa a le koo, o ne a reetsa fa go balwa Dikwalo di bo di tlhalosiwa. Mo godimo ga moo, ka dinako dingwe Jesu o ne a balela Lefoko la Modimo kwa godimo a bo a tlhalosa ka fa le dirang ka gone. (Luke 4:16-21) Re kgona go bona tsela e a neng a tlwaelane le Dikwalo ka yone. Bala dipego tsa Diefangele mme o ele tlhoko makgetlo a Jesu a neng a bua jaana ka one, “go kwadilwe,” kana ditsela tse dingwe tse a umakang ditemana dingwe tse di rileng tsa Dikwalo ka tsone. Ka sekai, mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng jaaka e begilwe ke Mathaio, Jesu o ne a nopola Dikwalo Tsa Sehebera makgetlo a le 21.—Mathaio 4:4-10; 7:29; 11:10; 21:13; 26:24, 31; Johane 6:31, 45; 8:17.

7. Jesu o ne a farologana jang le baeteledipele ba bodumedi?

7 Jesu o ne a latela kgakololo e e mo go Pesalema 1:1-3 e e reng: “Go itumela motho yo o sa tsamayang mo kgakololong ya baikepi, . . . mme o natefelelwa ke molao wa ga Jehofa, o balela molao wa gagwe kwa tlase motshegare le bosigo. . . . Mme sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.” A bo a ne a farologana jang ne le baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe ba ba neng ba “ipeile mo setulong sa ga Moshe” mme ba tlhokomologa “molao wa ga Jehofa”!—Mathaio 23:2-4.

8. Ke ka ntlha yang fa go bala Baebele ga baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda le go e ithuta go ne go sa ba tswele mosola ope?

8 Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka nna ba akabadiwa ke mafoko mangwe a bangwe ba ka a tlhaloganyang a raya gore Jesu o ne a sa kgothaletse batho go bala Baebele. Mo go Johane 5:39, 40, re bala gore Jesu o ne a raya bangwe mo motlheng wa gagwe a re: “Lo hukutsa Dikwalo, ka gonne lo akanya gore ka tsone lo tla nna le botshelo jo bo sa khutleng; mme tseno ke tsone tota tse di nayang bosupi ka ga me. Mme le fa go ntse jalo ga lo batle go tla mo go nna gore lo tle lo nne le botshelo.” Fa Jesu a ne a bua jalo, o ne a sa reye gore Bajuda ba ba neng ba mo reeditse ba se ka ba ithuta Dikwalo. Go na le moo, o ne a senola bosaikanyegeng kana boitimokanyi jwa bone. Ba ne ba lemoga gore Dikwalo di ne di ka ba isa botshelong jo bo sa khutleng, mme tsone Dikwalo tseo tse ba neng ba di hukutsa di ne di tshwanetse gore gape di ba ise kwa go Mesia Jesu. Le fa go ntse jalo, ba ne ba se ka ba mo amogela. Ka jalo, go ithuta go ne go sa ba tswele mosola ope ka gonne e ne e le baitimokanyi, ba sa rutege.—Duteronome 18:15; Luke 11:52; Johane 7:47, 48.

9. Baaposetoloi le baporofeti ba bogologolo ba re tlhometse sekao sefe se se molemo?

9 A bo ba ne ba farologane jang ne le barutwa ba ga Jesu le baaposetoloi! Ba ne ba ithutile “mekwalo e e boitshepo, . . . e e kgonang go tlhalefisa [motho] gore a bone poloko.” (2 Timotheo 3:15) Ka tsela eno ba ne ba tshwana le baporofeti ba bogologolo ba ba neng “ba tlhotlhomisa ka manontlhotlho ba bo ba batlisisa ka kelotlhoko.” Baporofeti bano ba ne ba sa tseye go batlisisa gono e le go ithuta ka tlhoafalo mo go tsayang dikgwedinyana di se kae fela kana ngwaga. Moaposetoloi Petere a re “ba ne ba nna ba tlhotlhomisa,” segolobogolo ka Keresete le seabe sa gagwe se  se galalelang sa go boloka batho. Petere o ne a nopola dibuka tsa Baebele makgetlo a le 34 mo lekwalong la gagwe la ntlha.—1 Petere 1:10, 11.

10. Ke ka ntlha yang fa mongwe le mongwe wa rona a tshwanetse go rata go ithuta Baebele?

10 Go phepafetse gore dikgosi tsa kwa Iseraele wa bogologolo di ne di neilwe kabelo ya go ithuta Lefoko la Modimo ka kelotlhoko. Jesu o ne a latela sekao seno. Mme go le ithuta e ne e se tiro e e potlana mo go ba ba neng ba tla busa le Keresete e le dikgosi kwa legodimong. (Luke 22:28-30; Baroma 8:17; 2 Timotheo 2:12; Tshenolo 5:10; 20:6) Go botlhokwa gore botlhe gompieno ba ba tla bonang masego a go tshela mo lefatsheng mo pusong ya Bogosi ba latele sekao sa dikgosi.—Mathaio 25:34, 46.

O Tshwanetse go Ithuta Jaaka Dikgosi

11. (a) Ke eng se se ka diragalang fa Bakeresete ba sa ithute? (b) Re tla bo re dira sentle go ipotsa dipotso dife?

11 Re ka bua re tlhomamisegile gore Mokeresete mongwe le mongwe wa boammaaruri o tshwanetse go ithuta Baebele ka namana. Ga se se motho a se dirang fela fa a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa lekgetlo la ntlha. Rotlhe re tshwanetse go ititaya sehuba gore ga re ne re tshwana le bangwe ba motlha wa ga moaposetoloi Paulo ba kgabagare ba neng ba tlogela go ithuta. Ba ne ba ithuta “dilo tsa tshimologo tsa ditaelo tse di boitshepo tsa Modimo,” tse di jaaka “thuto ya motheo ya ntlhantlha ka ga Keresete.” Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba tswelela go ithuta mme ka jalo ba ne ba se ka ba “gagamalela kwa go goleng sentle.” (Bahebera 5:12–6:3) Re ka nna ra ipotsa jaana: ‘Ke ikutlwa jang ka go ithuta Lefoko la Modimo le fa ke feditse masomesome a dingwaga ke kopanela le phuthego ya Bokeresete kana ke simolotse go kopanela le yone bosheng fela jaana? Paulo o ne a rapelela Bakeresete ba motlha wa gagwe gore ba ‘oketsege mo kitsong ya boammaaruri ka ga Modimo.’ A ke bontsha gore ke eletsa go dira jalo?’—Bakolosa 1:9, 10.

12. Ke eng fa go le botlhokwa gore re tswelele re rata Lefoko la Modimo?

12 Go rata Lefoko la Modimo go tla dira gore o nne le mekgwa e e molemo ya go ithuta. Pesalema 119:14-16 e bontsha gore fa o ithuta Lefoko la Modimo ka metlha o bo o tlhatlhanya ka lone le tla go natefelela. Seno gape se boammaaruri go sa kgathalesege gore o na le lobaka lo lo kae o le Mokeresete. Go gatelela seno, akanya ka sekao sa ga Timotheo. Le mororo mogolwane yono wa Mokeresete e ne e setse e le “lesole le le molemo la ga Keresete Jesu,” Paulo o ne a mo kgothaletsa go dira bojotlhe jwa gagwe go ‘tshwara lefoko la boammaaruri sentle.’ (2 Timotheo 2:3, 15; 1 Timotheo 4:15) Go phepafetse gore go dira “bojotlhe” jwa gagwe go raya go nna le mekgwa e mentle ya go ithuta.

13. (a) O ka dira jang gore o nne le nako e e oketsegileng ya go ithuta Baebele? (b) Ke diphetogo dife tse o ka di dirang gore o nne le nako ya go ithuta?

13 Gore o nne le mekgwa e e molemo ya go ithuta, beela nako kwa thoko ya go ithuta Baebele ka metlha. O ntse o dira jang mo kgannyeng eno? Go sa kgathalesege gore o araba jang, a o akanya gore go dirisa nako e e oketsegileng o ithuta go tla go solegela molemo? O ka nna wa ipotsa jaana, ‘nka dira jang gore ke nne le nako ya go dira jalo?’ Bangwe ba okeditse nako ya bone ya go ithuta Baebele ka tsela e e nang le matswela ka go tsoga go sa le gale mo mosong. Ba ka dirisa metsotso e le 15 go bala Baebele kana go ithuta dilo dingwe tse ba ipeetseng mokgele wa go di ithuta. Fa go kgonega, go ka nna jang fa o ka fetola thulaganyo ya gago ya beke le beke go sekae? Ka sekai, fa o tlwaetse go fetsa malatsi a le mantsi o bala lokwalodikgang kana o lebeletse dikgang tsa maitseboa mo thelebisheneng, a o ka kgona go tlodisa letsatsi le le lengwe ka beke o sa dire jalo? O ka dirisetsa nako eo go ithuta Baebele ka mo go oketsegileng. Fa o ne o ka dira gore o tlolwe ke dikgang letsatsi le le lengwe fela o bo o dirisa nako ya metsotso e le 30 kana go feta o ithuta ka namana, o tla nna le diura tse di oketsegileng di le 25 ka ngwaga. A ko o akanye fela ka melemo ya go nna le diura di le 25 tse di oketsegileng tsa go bala kana go ithuta Baebele! Kakantsho e nngwe ke eno: Mo bekeng yotlhe e e tlang sekaseka ditiro tse o di dirang kwa bokhutlong jwa letsatsi lengwe le lengwe. Leka go bona gore a go na le sengwe se o ka se kang wa se dira gore o nne le nako e e oketsegileng ya go bala kana go ithuta Baebele.—Baefeso 5:15, 16.

14, 15. (a) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ipeela mekgele fa re ithuta? (b) O ka itlhomela mekgele efe ya go bala Baebele?

 14 Ke eng se se tla dirang gore go ithuta go nne motlhofo go bo go itumedise? Ke go ipeela mekgele. O ka itlhomela mekgele efe ya go ithuta e o ka kgonang go e fitlhelela? Ba le bantsi ba simolola ka go ipeela mokgele wa go bala Baebele yotlhe pele. Gongwe go tla go fitlha jaanong, o ka tswa o badile dikarolo dingwe tsa Baebele mme di go solegetse molemo. A jaanong o ka ipeela mokgele wa go bala Baebele yotlhe? O ka nna wa simolola ka go bala Diefangele di le nnè, morago ga moo o bo o bala Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Fa o setse o di badile e bile di go solegetse molemo, mokgele wa gago o o latelang e ka nna ya nna go bala dibuka tsa ga Moshe ka go latelana le dibuka tsa Baebele tsa hisitori go ya go fitlha kwa go Esethere. Fa o ka kgona go dira jalo, o tla lemoga gore go a kgonega go bala Baebele yotlhe. Mosadi mongwe yo o neng a le dingwaga di ka nna 65 fa a nna Mokeresete, o ne a kwala letlha le a simolotseng go bala Baebele yotlhe ka lone mo teng ga khabara ya Baebele ya gagwe mme moragonyana a kwala le a e weditseng ka lone. Gone jaanong o setse a e badile makgetlho a le matlhano! (Duteronome 32:45-47) Mme go na le go bala Baebele mo khomputareng kana mo pampiring, o e bala a e tshotse ka diatla.

15 Bangwe ba ba setseng ba fitlheletse mokgele wa go bala Baebele yotlhe, ba tsaya dikgato tse dingwe tsa go tswelela ba ithuta ka tsela e e nang le matswela. Tsela nngwe ke ka go ithuta dintlha dingwe tsa buka ya Baebele pele ba e bala. Mo bukeng ya “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola” le mo go ya Insight on the Scriptures, go na le tshedimosetso e e molemo thata ya hisitori ya tsone, mokgwa o di kwadilweng ka one le melemo e re ka e bonang mo go nngwe le nngwe ya dibuka tseno tsa Baebele. *

16. Re tshwanetse gore re se ka ra latela sekao sefe fa re ithuta Baebele?

16 Fa o ithuta o se ka wa dira ka tsela e bakanoki bangwe ba Baebele ba dirang ka yone. Ba tlhoma mogopolo mo go sekasekeng ditemana jaaka e kete Baebele ke buka e e kwadilweng ke batho. Fa bangwe ba bone ba bala buka nngwe le nngwe ya Baebele, ba tsaya gore e lebisitswe go setlhopha se se rileng sa batho kgotsa ba leka go ikakanyetsa se mokwadi wa buka eo a neng a se gopotse. Go akanya jalo go ka felela ka gore batho ba tseye dibuka tsa Baebele e le hisitori fela kana ba di lebe e le tsa go tokafatsa bodumedi. Bakanoki bangwe ba tshwaregile thata ka go ithuta mafoko jaaka go ithuta dibuka tse di buang ka Baebele. Ba tshwarega thata ka go ithuta tshimologo ya mafoko le go tlhalosa bokao jwa mafoko a Sehebera le Segerika go na le go tlhoma mogopolo mo molaetseng o o botlhokwa wa Modimo. A o akanya gore go ithuta Baebele ka tsela eo go ka tlhotlheletsa tumelo ya gago le go e nonotsha?—1 Bathesalonika 2:13.

17. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leba Baebele e le e e nang le molaetsa wa batho botlhe?

17 A ditshwetso tsa bakanoki bano di a utlwala? A ke boammaaruri gore buka nngwe le nngwe ya Baebele e na le ntlha e le nngwe fela ya konokono kana gore e kwaletswe setlhopha se se rileng fela sa batho? (1 Bakorintha 1:19-21) Boammaaruri ke gore dibuka tsa Lefoko la Modimo di solegela batho ba dingwaga tsotlhe le ditso tsotlhe molemo ka bosakhutleng. Tota le fa buka e ne e kwaletswe motho a le mongwe fela jaaka Timotheo kgotsa Tito, kgotsa e kwaletswe setlhopha se se rileng sa batho gongwe Bagalatia kana Bafilipi, rotlhe  re tshwanetse go ithuta dibuka tseno. Di botlhokwa mo go mongwe le mongwe wa rona, e bile nngwe le nngwe ya dibuka tseno e ka tlotla ka ditlhogo tse di farologaneng le go solegela babadi ba tsone molemo. Ee, molaetsa wa Baebele ke wa batho botlhe mme seno se re thusa go tlhaloganya lebaka la go bo e ranoletswe mo dipuong tsa batho botlhe.—Baroma 15:4.

E Solegela Wena le ba Bangwe Molemo

18. O ka ipotsa dipotso dife fa o ntse o bala Lefoko la Modimo?

18 Fa o ntse o ithuta Baebele, o tla fitlhela go le mosola go e tlhaloganya le go leka go bona kafa dintlha tsa yone di amanang sentle ka gone. (Diane 2:3-5; 4:7) Se Jehofa a se senotseng ka Lefoko la gagwe se amana thata le boikaelelo jwa gagwe. Ka jalo fa o ntse o e bala, leka go bona kafa dintlha le kgakololo ya yone di amanang le boikaelelo jwa gagwe ka gone. O ka nna wa ipotsa gore tiragalo nngwe, ntlha kgotsa boporofeti bongwe di amana jang le boikaelelo jwa ga Jehofa. Ipotse jaana: ‘Seno se mpolelela eng ka Jehofa? Se amana jang le go diragadiwa ga boikaelelo jwa Modimo ka Bogosi jwa gagwe?’ Gape o ka nna wa ipotsa jaana: ‘Nka dirisa tshedimosetso eno jang? A nka e dirisetsa go ruta ba bangwe kgotsa go ba naya kgakololo e e theilweng mo Dikwalong?’—Joshua 1:8.

19. Ke mang yo o solegelwang molemo fa o tlotlela ba bangwe dilo tse o di ithutileng? Tlhalosa.

19 Go molemo gore o akanye ka ba bangwe fa o ntse o bala. Fa o ntse o bala Baebele le go e ithuta, o tla ithuta dilo dingwe tse disha le go tlhaloganya dilo ka tsela e ntšha. Leka go tsenya dilo tseno mo metlotlong e e agang e o nnang le yone le ba lelapa la gago le ba bangwe. Fa o dira jalo ka dinako tse di tshwanetseng le gone o ikokobeditse ga go pelaelo gore metlotlo e e ntseng jalo e tla nna le matswela. Ga go pelaelo gore fa o tlotla ka tlhagafalo ka dilo tse o di ithutileng kgotsa tse o fitlhetseng di kgatlha, seno se tla dira gore ba bangwe le bone ba di kgatlhegele thata. Mo godimo ga moo le wena o tla solegelwa molemo. Ka tsela efe? Baitse ba etse tlhoko gore motho o gakologelwa dilo tse a di ithutileng lobaka lo loleele fa a di dirisa kgotsa a di boeletsa di sa ntse di le disha mo mogopolong wa gagwe, ka go di tlotlela ba bangwe. *

20. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go bala Baebele ka metlha?

 20 Ga go pelaelo gore nako le nako fa o bala buka nngwe ya Baebele o tla ithuta dilo tse disha. O tla kgatlhwa ke ditemana dingwe tse pele di neng di sa go kgatlhe. O tla di tlhaloganya botoka. Seno se tla gatelela gore go na le go tsaya dibuka tsa Baebele e le tse di kwadilweng ke batho fela, re tshwanetse go di leba e le matlotlo, e le tse re tshwanetseng go di ithuta ka metlha e bile e le tse di re solegelang molemo. Gakologelwa gore kgosi e e jaaka Dafide o ne a tshwanetse go e “bala malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe.”

21. O tla solegelwa molemo jang fa o oketsa go ithuta ga gago Lefoko la Modimo?

21 Ee, ba ba iphang nako ya go ithuta Baebele ka tlhagafalo ba solegelwa molemo thata. Ba tla nna le matlotlo a semoya le botlhale. Kamano ya bone le Modimo e tla nonofa. Gape ba tla solegela ba lelapa la bone, bakaulengwe le bokgaitsadi molemo mo phuthegong ya Bokeresete le ba e sa ntseng e tla nna baobamedi ba ga Jehofa.—Baroma 10:9-14; 1 Timotheo 4:16.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 15 Didirisiwa tseno tsa go ithuta di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme di teng ka dipuo di le dintsi.

^ ser. 19 Bona Tora ya Tebelo ya August 15, 1993, ditsebe 13-14.

A o A Gakologelwa?

• Dikgosi tsa Iseraele di ne di tshwanetse go dira eng?

• Jesu le baaposetoloi ba re tlhometse sekao sefe sa go ithuta Baebele?

• O ka dira diphetogo dife go bona nako e e oketsegileng ya go ithuta?

• O tshwanetse go ithuta Lefoko la Modimo ka boikutlo bofe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 15]

“Mo Diatleng Tsa Rona”

“Fa re batla . . . go dira patlisiso mo Baebeleng, sedirisiwa se se molemo sa go dira jalo ke Internet. Mme fa re batla go bala Baebele, go e ithuta, go akanya ka yone le go tlhatlhanya ka yone, re tshwanetse go dira jalo e le mo diatleng tsa rona gonne eo ke yone fela tsela ya go e tsenya mo megopolong le mo dipelong tsa rona.”—Gertrude Himmelfarb, porofesa yo o rotseng tiro wa kwa City University, New York.