Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Maduo a go Dira Ditiro Tsa Boineelo Jwa Bomodimo

Maduo a go Dira Ditiro Tsa Boineelo Jwa Bomodimo

 Polelo ya Botshelo

Maduo a go Dira Ditiro Tsa Boineelo Jwa Bomodimo

JAAKA GO BOLETSE WILLIAM AIHINORIA

Ke ne ka tsosiwa mo gare ga mpa ya bosigo ke go utlwa Rre a bokolela jaaka a ne a tlhola a dira. O ne a pitika fa fatshe a itshwere mpa. Nna le Mmè le kgaitsadiake re ne ra kgobokana go mo dikologa. Fa e kete setlhabi se a kokobela, o ne a nna sentle, a hemela kwa godimo, a bo a re: “Basupi ba ga Jehofa ke bone fela ba nang le kagiso mo lefatsheng.” Mafoko ano a ne a akabatsa, mme ke ne ka akanya thata ka one ka gonne ke ne ke ise ke tsamaye ke utlwe ka Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke ipotsa gore o raya jang.

SEO se diragetse ka 1953 fa ke ne ke na le dingwaga tse thataro. Ke goletse mo lelapeng la rre yo o nyetseng lefufa kwa Ewossa, e leng motse o batho ba one ba tshelang ka temothuo kwa bogarebophirima jwa Nigeria. Ke ne ke le ngwana wa bobedi, mme e le nna ngwana wa ntlha wa mosimane mo lelapeng le kgabagare le ileng la gola mme la akaretsa basadi ba le 3 ba ga Rre le bana ba le 13. Rotlhe re ne re nna mo ntlong ya mmu ya ga Rremogolo ya diphaposi tse nnè e e neng e ruletswe ka bojang. Lelapa la rona le ne le akaretsa le Mmemogolo le barwarraagwe Rre ba bararo le malapa a bone.

Ke godile bokete. Mme seo se ne se bakiwa thata ke go lwala ga ga Rre. O ne a na le setlhabi se se sa foleng mo maleng se se neng sa mo tshwenya go fitlha a swa dingwaga di le dintsi moragonyana. Bolwetse jwa gagwe jo bo sa itseweng bo ne jwa palela kalafi ya mere mmogo le e e tlwaelegileng e e neng e ka rekwa ke lelapa la mo Afrika le le itshedisang ka go lema. Re ne re tlhola re lala bosigo jotlhe re lela fa thoko ga ga Rre fa a ntse a pitika fa fatshe  a le mo ditlhabing go fitlha mokoko o lela moso o o latelang. Gantsi o ne a tsamaya le Mmè ba ya go batla kalafi ya bolwetse jwa gagwe, ba tlogela nna le bana ba kwa gae re tlhokometswe ke Mmemogolo.

Lelapa la gaetsho le ne le tshela ka go lema le go rekisa yam, cassava, le di-kola nut. Gape re ne re a tle re beeletse rabara gore re oketse lotseno lwa rona lo e seng lwa sepe. Sejo sa rona se segolo e ne e le yam. Re ne re ja yam mo mosong, re e thuga tshokologo, re bo re e ja gape maitseboa. Re ne re a tle re fetole dijo tsa rona go se kae ka go ja plantain e e besitsweng.

Kobamelo ya bagologolwane e ne e na le seabe se segolo mo botshelong jwa rona. Lelapa la gaetsho le ne le ba isetsa dijo ka go di baya fa pele ga dithobane tse di gokeletsweng dikgapetla tsa ditshedi dingwe tsa lewatle. Gape Rre o ne a obamela modingwana mongwe gore a kobe meya e e bosula le baloi.

Fa ke ne ke na le dingwaga tse tlhano, re ne ra fuduga ka nakwana mo motseng wa rona ra ya kwa masimong a a neng a le bokgakala jwa dikilometara di le 11. Fa re le koo Rre o ne a tshwarwa ke bolwetse bongwe jwa dibokwana, jo bo neng jwa mo okeletsa matlhoko ka a ne a ntse a na le setlhabi mo maleng. O ne a sa kgone go bereka motshegare, mme bosigo o ne a tlhaselwa ke ditlhabi mo maleng. Ke ne ka tshwarwa ke bolwetse jwa jigger, kgotsa sandflea, jo e leng mofuta mongwe wa bolwetse jo bo anamisiwang ke dinta. Kwa bofelong re ne re tshela fela ka se re se fiwang ke ba losika. Go na le go swela mo lesweng la tshotlego, re ne ra boela kwa motseng wa gaetsho kwa Ewossa. Rre o ne a sa batle gore nna, morwa wa gagwe wa ntlha, ke nne motho fela yo o itshedisang ka go lema. O ne a akanya gore fa nka rutega sentle ke ne ke tla kgona go tokafatsa botshelo jwa lelapa la gaetsho le go thusa go godisa bana ba kwa gae.

Go Itse ka Madumedi a a Farologaneng

Fa re setse re boetse kwa motseng wa gaetsho, ke ne ka kgona go simolola sekolo. Se se ne sa dira gore ke simolole go itse ka madumedi a Labokeresete. Mo dingwageng tsa bo1950 thuto ya kwa Bophirima e ne e tsamaisana thata le bodumedi jwa babusi ba ba neng ba busa naga eno ba tswa kwa dinageng di sele. E re ka ke ne ke tsena sekolo sa poraemari sa Katoliki, go ne go raya gore ke tshwanetse go nna Mokatoliki wa Roma.

Ka 1966, ka ngwaga o ke neng ke tshwara dingwaga di le 19 ka one, ke ne ka amogelwa kwa Sekolong se Segolwane sa Pilgrim Baptist kwa toropong ya Ewohinmi, e e bokgakala jwa dikilometara di le 8 go tswa kwa Ewossa. Fa ke le koo, ke ne ka rutiwa bodumedi jo bongwe. E re ka jaanong ke ne ke le mo sekolong sa Porotesetanta, baruti ba Katoliki ba ne ba nkganela go kopanela mo Mmiseng wa Sontaga.

Ke ne ka bona Baebele lekgetlho la ntlha fa ke ne ke le kwa sekolong seno sa Baptist. Le fa gone ke ne ke ntse ke ya kwa kerekeng ya Katoliki, ke ne ke ipalela Baebele Sontaga sengwe le sengwe fa tirelo ya kereke ya Katoliki e sena go tswa. Ke ne ke kgatlhwa ke dithuto tsa ga Jesu Keresete, di ne di dira gore ke eletse go tshela botshelo jwa boineelo jwa bomodimo jo bo nang le boikaelelo. Fa ke ntse ke bala Baebele, ke ne ka ferosiwa sebete ke go bona boitimokanyi jwa baeteledipele bangwe ba bodumedi le botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang jwa batho ba bodumedi. Dilo tse ke neng ke bona di dirwa ke batho ba ba ipitsang Bakeresete di ne di farologane thata le se Jesu le barutwa ba gagwe ba neng ba se ruta le go se dira.

Ke ne ka tshosiwa thata ke ditiragalo dingwe. Ka nako nngwe fa ke ne ke ya kwa lebenkeleng la motho yo o neng a ruta katekesima go ya go reka rosari, ke ne ka bona pheko ya juju e kgwageditswe mo kgorong ya lebenkele leo. Mo lekgetlhong le lengwe, mogokgo wa sekolo sa Baptist o ne a leka  go mpetelela. Moragonyana ke ne ka utlwa gore e ne e le mosodoma e bile o ne a kile a betelela ba bangwe. Ke ne ka akanya ka dilo tseno, ka ipotsa gore, ‘A Modimo o amogela madumedi a maloko a one, tota le baeteledipele ba one ba sa bonweng molato ka maleo a bone a a masisi?’

Go Fetola Bodumedi

Le fa go ntse jalo, ke ne ke rata se ke neng ke se bala mo Baebeleng, mme ka ititaya sehuba gore ke tla tswelela pele ke e bala. Ke gone ke neng ka simolola go akanya ka mafoko a ga Rre ao a neng a a buile dingwaga di ka nna 15 pele ga foo: “Basupi ba ga Jehofa ke bone fela ba nang le kagiso mo lefatsheng.” Mme ke ne ke boifa ka gonne basha ba Basupi mo sekolong sa rona ba ne ba sotliwa e bile ka dinako tse dingwe ba otlhaiwa ka gonne ba sa obamele le rona mo tirelong ya mo mosong. Mme dilo dingwe tse ba neng ba di dumela di ne di utlwala di sa tlwaelega. Ka sekai, ke ne ke fitlhela go le thata go dumela gore batho ba ba yang legodimong ke ba ba 144 000 fela. (Tshenolo 14:3) E re ka ke ne ke eletsa go ya legodimong, ke ne ke ipotsa gore a palo eno e ne e sa wela pele ke tsholwa.

Go ne go bonala sentle gore Basupi ba ne ba na le maitshwaro le maikutlo a a farologaneng le a batho ba bangwe. Ba ne ba sa dire ditiro tsa boitsholo jo bo sa siamang le tsa thubakanyo jaaka basha ba bangwe mo sekolong. Ke ne ke bona ba farologane le lefatshe tota, fela jaaka ke ne ke badile mo Baebeleng gore batho ba bodumedi jwa boammaaruri ba tshwanetse go farologana le lone.—Johane 17:14-16; Jakobe 1:27.

Ke ne ka swetsa ka gore ke tlhotlhomise go ya pele. Ka September 1969, ke ne ka kgona go nna le buka ya “Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng.” Mo kgweding e e latelang, mmulatsela mongwe, jaaka badiredi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwa, o ne a simolola go ithuta le nna. Thuto ya me ya ntlha e ne ya nthotloetsa gore ke simolole go bala buka ya Boamarure bosigo bongwe go le Matlhatso mme ka e fetsa thapama letsatsi le le latelang. Ka yone nako eo, ke ne ka simolola go bolelela baithuti ka nna dilo tse di gakgamatsang tse ke neng ke di badile. Baithuti le barutabana ba ne ba akanya gore bodumedi jwa me jo bosha bo ne bo ntsentsha. Mme ke ne ke itse gore ga ke tsenwe.—Ditiro 26:24.

Batsadi ba me ba ne ba bolelelwa gore ke ruta bodumedi jo bosha. Ba ne ba re ke boele gae ka bonako gore ba tle go bona gore bothata jwa me ke eng. Go ne go se na ope yo nka kopang kgakololo  mo go ene ka gonne Basupi botlhe ba ne ba ile kwa kopanong ya bone ya kgaolo kwa Ilesha. Fa ke boela gae, Mmè le ba bangwe ba losika ba ne ba ntlhasela ka dipotso e bile ba nkgala. Ke ne ka leka kafa nka kgonang ka teng go buelela se ke neng ke se bala mo Baebeleng.—1 Petere 3:15.

Fa rangwane a sena go palelwa ke go supa gore Basupi ba ga Jehofa ke barutisi ba maaka, o ne a leka tsela e nngwe. O ne a nkopa jaana ka tlhoafalo: “Gakologelwa gore o etse go ithuta kwa sekolong. Fa o tlogela go ithuta o bo o rera, o ka se tsoge o feditse sekolo. Jaanong gongwe go ka nna botoka gore o fetse sekolo pele e bo e le gone o ka tsenang mo bodumeding jono jo bosha.” Ka nako eo go ne go bonala go utlwala, ka jalo ka tlogela go ithuta le Basupi.

Ka December 1970, fela fa ke sena go aloga, ke ne ka tlhamalalela kwa Holong ya Bogosi, mme ke ntse ke ya dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa fa e sale ka nako eo. Ka August 30, 1971, ke ne ka bontsha boineelo jwa me mo Modimong ka go kolobediwa. Seno se ile sa gamaregisa batsadi ba me mmogo le motse otlhe. Ba ne ba re ke ba swabisitse ka gonne e ne e le nna ngwana wa ntlha mo tikologong ya Ewossa go newa basari ya puso. Ba le bantsi ba ne ba solofetse go le gontsi mo go nna. Ba ne ba solofetse gore ke ne ke tla dirisa thuto ya me go tlhabolola motse.

Ditlamorago Tsa go Fetola Bodumedi

Lelapa la gaetsho le banna ba bagolwane ba motse ba ne ba romela setlhopha sa batho ba ba neng ba tla go leka go ntlhotlheletsa gore ke tlogele tumelo ya me. Ba ne ba dira jalo gape ba etla ba mphutsa. Ba ne ba re: “Fa o sa tlogele bodumedi jono, ga o ka ke wa nna le bokamoso. Ga o kitla o bona tiro. Ga o ne o ikagela ntlo. Ga o kitla o kgona go nyala le go nna le lelapa.”

Le fa ba ne ba boletse gore ke tla diragalelwa ke dilo tse di bosula, ke ne ka bona tiro ya go nna morutabana dikgwedi di le lesome ke sena go fetsa sekolo. Ka October 1972, ke ne ka nyalana le mosadi wa me yo o rategang e bong Veronica. Moragonyana puso e ne ya nthapisa gore ke nne molemisi. Ke ne ka reka koloi ya me ya ntlha, mme ka simolola go aga ntlo ya rona. Ka November 5, 1973, morwadiarona wa ntlha e bong Victory o ne a tsholwa, mme mo dingwageng tse di latelang re ne ra nna gape le Lydia, Wilfred le Joan. Ka 1986 gofejane wa rona e bong Micah o ne a tsholwa. Botlhe e nnile bana ba ba rategang thata, boswa jo bo tswang kwa go Jehofa.— Pesalema 127:3.

Fa ke leba kwa morago, nka re dilo tsotlhe tse di bosula tse batho ba motse ba neng ba nkeleletsa tsone di ile tsa fetoga masego. Ke gone ka moo ke neng ka taya morwadiarona wa ntlha leina la Victory (le le rayang phenyo). Bosheng jaana, batho ba motse ba ne ba nkwalela ba re: “Tsweetswee boela gae o tle go re thusa go tlhabolola motse ka ke fa Modimo o a go segofatsa.”

Go Godisetsa Bana mo Tseleng ya Bomodimo

Nna le mosadi wa me re ne re itse gore re ka se diragatse boikarabelo jwa rona jo re bo neilweng ke Modimo jwa go godisa bana mme re ntse re latelela dikhumo. Ka gone, re ithutile go kgotsofalela go tshela botshelo jo bo sa raraanang. Re rata go tshela jaana go na le go lebana le ditlamorago tse di ka nnang teng tsa go tshela ka tsela e sele.

Mo nageng ya rona, go tlwaelegile gore malapa a kopanele ntlo le a mangwe, a dirisa ntlwana e le nngwe fela ya botlhapelo le ya boapeelo le dilo tse dingwe fela jalo. Re ile ra itumelela gore kwa toropong nngwe le nngwe e ke neng ke romelwa kwa go yone ke le modirelapuso, re ne re kgona go hira mafelo a bonno a a sa kopanelweng. Ee gone, mafelo ao a bonno a ne a ja madi a mantsi go feta a mangwe, mme go nna mo go one go ne go thusa bana ba rona gore ba se ka ba nna le dilo tse dintsi tse di ka ba tlhotlheletsang go dira bosula. Ke leboga Jehofa gore mo dingwageng tse di ntseng di feta, re ile ra kgona go godisetsa bana ba rona mo tikologong e e siameng ya semoya.

Mo godimo ga moo, mosadi wa me o ntse a nna mo gae gore a kgone go sala le bana ba rona le go ba tlhokomela. Fa ke tswa tirong, re leka go dira dilo mmogo re le lelapa. Sengwe le sengwe se re se dirang, re se dira mmogo. Seno se akaretsa thuto ya lelapa ya Baebele, go baakanyetsa dipokano tsa phuthego le go nna teng kwa go tsone, go nna le seabe mo bodireding jwa Bokeresete mmogo le go itlosa bodutu.

Re ile ra leka go latela kgakololo e e mo go Duteronome 6:6, 7, e e rotloetsang batsadi go ruta bana ba bone ka dinako tsotlhe, e seng kwa gae  fela. Seno se dirile gore bana ba batle ditsala mo phuthegong e seng kwa ntle. Ba ithutile mo sekaong sa rona gore ba ele tlhoko batho ba ba itsalanyang le bone ka gonne nna le Veronica ga re senye nako e ntsi thata le batho ba ba sa dumeleng se re se dumelang.—Diane 13:20; 1 Bakorintha 15:33.

Ke boammaaruri gore bana ba rona ga ba a tlhotlhelediwa fela ke tsela e re neng re ba kaela le go ba ruta ka yone. Re ne re tlwaetse go amogela Bakeresete ba ba tlhoafetseng mo legaeng la rona, bontsi jwa bone e le badiredi ba ba etang ba Basupi ba ga Jehofa, mme le gompieno re ntse re ba amogela. Nako e Bakeresete bano ba ba godileng ba e nnileng le lelapa la rona e file bana ba rona sebaka sa gore ba ithute sengwe mo botshelong jwa bone jwa go intsha setlhabelo. Seno se gateletse thuto ya rona mo baneng ba rona, mme ba dirile gore boammaaruri jwa Baebele bo laole matshelo a bone.

Maduo a go Nna le Boineelo Jwa Bomodimo

Gompieno nna le mosadi wa me, mmogo le bana ba rona ba le banè re mo bodireding jwa nako e e tletseng. Ke ne ka simolola go bula tsela ka 1973. Fa dingwaga di ntse di feta, ke ne ka tshwanela gore ke kgaotse bodiredi jwa me jwa nako e e tletseng gangwe le gape ka ntlha ya maemo a itsholelo. Ka dinako tse dingwe, ke ile ka nna gape le tshiamelo ya go ruta mo Sekolong sa Bodiredi sa Bogosi se go thapisiwang balebedi ba Bakeresete ba Basupi ba ga Jehofa mo go sone. Gone jaanong ke na le tshiamelo ya go direla mo Komiting ya Puisano le Dikokelo, le go nna molebedi wa motsemogolo wa Uhonmora.

Bomorwadiake ba ntlha ba babedi e bong Victory le Lydia, ba nyetswe ke bagolwane ba Bakeresete ba ba molemo e bile ba itumetse. Bone le banna ba bone ba direla kwa ofising ya lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa Igieduma, kwa Nigeria. Morwa wa rona wa ntlha e bong Wilfred, ke motlhanka wa bodiredi mme yo mmotlana e bong Micah, gangwe le gape e nna mmulatsela yo o thusang. Ka 1997, Joan o ne a fetsa mo sekolong se segolwane mme a tsenela tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha.

Sengwe sa dilo tse ke ileng ka di itumelela thata mo botshelong jwa me ke go thusa ba bangwe go direla Jehofa Modimo. Batho bao ba akaretsa bangwe ba losika lwa gaetsho. Rre o ne a leka go direla Jehofa, mme o ne a busediwa morago ke go bo a ne a nyetse lefufa. Ke sale ke rata batho go tloga bosheng jwa me. Fa ke bona tsela e ba bangwe ba bogang ka yone, ke bona e kete mathata a me ga se a sepe. Ke akanya gore ba lemoga gore ke batla go ba thusa ka pelo yotlhe, mme seno se dira gore ba bue le nna ka kgololesego fela.

Mongwe wa ba ke neng ka ba thusa go itse ka maikaelelo a Modimo ke lekawana lengwe le le neng le lwala thata e bile le sa kgone go tswa mo bolaong. O ne a bereka mo khampaning nngwe ya motlakase mme a itewa ke motlakase botlhoko fa a ntse a dira mme a swa ditokololo go tswa mo sehubeng go ya kwa tlase. O ne a dumela go ithuta Baebele mme ka iketlo a simolola go dirisa se a se ithutileng. Fa a ne a kolobediwa ka October 14, 1995, mo molatswaneng o o gaufi le legae la rona, e ne e le la ntlha mo dingwageng di le 15 a tswa mo bolaong jwa gagwe. O ne a re ga a ise a ko a tsamaye a itumele jaaka mo letsatsing leo. Gone jaanong ke motlhanka wa bodiredi mo phuthegong.

Ruri ga ke ikwatlhaele go bo dingwaga di le 30 tse di fetileng ke ile ka tlhopha go direla Jehofa mmogo le batho ba gagwe ba ba utlwanang, ba ba ineetseng. Ke bone lorato lwa mmatota mo go bone. Le fa Jehofa a ne a sa re solofetsa tuelo ya botshelo jo bo sa khutleng, ke ne ke ntse ke tla rata go tshela botshelo jwa boineelo jwa bomodimo. (1 Timotheo 6:6; Bahebera 11:6) Ke jone jo bo neng jwa nkaela le go tlhamalatsa botshelo jwa me, mme jwa tlisetsa nna le ba lelapa la me kgotsofalo, le boitumelo.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ke na le mosadi wa me le bongwanake ka 1990

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke na le mosadi wa me le bongwanake le bagwe ba rona ba babedi