Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Molato wa ga Mang wa Gago Kgotsa wa Dijini Tsa Gago?

Ke Molato wa ga Mang wa Gago Kgotsa wa Dijini Tsa Gago?

 Ke Molato wa ga Mang wa Gago Kgotsa wa Dijini Tsa Gago?

BAITSESAENSE ba tshwere ka thata go batlana le dijini tse di bakang mokgwa wa go nna lekgoba la bojalwa, wa bosodoma, tse di bakang boitsholo jo bo botlhaswa, bothubaki, boitshwaro jo bo sa tlwaelegang, tota le loso ka bolone. A re ne re ka se wele makgwafo fa re ne re ka lemoga gore ga se rona re laolang se re se dirang mme se laolwa ke dijini tsa rona? Go tlwaelegile gore re pege mongwe kgotsa sengwe molato fa re dirile diphoso dingwe.

Fa e le gore molato ke wa dijini, baitsesaense ba bolela gore ba ka kgona go di fetola, ba di baakanya gore ba fokotse mekgwa e e sa rategeng e di e tlisang. Bosheng jaana ba ile ba kgona go ithuta dijini tsotlhe tsa motho, mme seo se nonotshitse ditsholofelo tseo.

Le fa go ntse jalo, ba dumela jalo ka gonne ba akanya gore ruri dijini tse re tsetsweng re na le tsone, ke tsone tse di bakang maleo le diphoso tsotlhe tse re di dirang. A borasaense ba ba batlisisang ka dijini ba bone bosupi jo bo lekaneng jwa gore dijini tsa rona di molato? Ga go na pelaelo gore karabo ya potso eno e tla ama thata tsela e re itebang ka yone le e re lebang isagwe ya rona ka yone. Le fa go ntse jalo, pele re sekaseka bosupi jono, go tlhatlhoba gore batho ba simologile jang go tla re naya lesedi.

Kafa go Simologileng ka Teng

Batho ba le bantsi ba itse, kgotsa re ka re ba kile ba utlwa ka pego ya go leofa ga batho ba ntlha ba babedi e bong Adame le Efa kwa tshimong ya Edene. A ba bopilwe ba na le bogole bongwe mo dijining tsa bone go tloga fela kwa tshimologong, mofuta mongwe wa phoso e e diragetseng fa ba bopiwa e e neng ya dira gore ba ganelele mo go direng boleo le go tlhoka kutlo?

Mmopi wa bone e bong Jehofa Modimo, yo ditiro tsotlhe tsa gagwe di itekanetseng, o ne a bolela gore popo ya gagwe ya maemo a a kwa godimo mo lefatsheng e ne e le “molemo tota.” (Genesise 1:31; Duteronome 32:4) Go bontsha gore o ne a kgotsofetse ka tiro ya gagwe, o ne a segofatsa banyalani bano ba ntlha mme a ba laela gore ba ate, ba tlatse lefatshe ka batho, ba laole popo ya gagwe mo lefatsheng. Ruri motho yo o sa tlhomamisegang ka tiro ya gagwe a ka se dire jalo.—Genesise 1:28.

Baebele e re bolelela jaana ka go bopiwa ga batho ba ntlha ba babedi: “Modimo a bopa motho mo setshwanong sa gagwe, a mmopa mo setshwanong sa Modimo; a ba bopa monna le mosadi.” (Genesise 1:27) Seno ga se bolele gore batho ba ne ba dirilwe gore ba tshwane le Modimo ka tebego, ka gonne “Modimo ke Moya.” (Johane 4:24) Go na le moo, go raya gore batho ba ne ba neilwe dinonofo tsa bomodimo, ba na le bokgoni jwa go bona se se siameng le se se phoso, ke gore ba na le segakolodi. (Baroma 2:14, 15) Gape ba ne ba na le kgololesego ya go itlhophela, ba na le bokgoni jwa go  sekaseka kgang le go dira tshwetso ya gore ke kgato efe e e tshwanetseng go tsewa.

Le fa go ntse jalo, batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba sa tlogelwa fela ba se na se se ba kaelang. Go na le moo, ba ne ba tlhagisiwa ka ditlamorago tsa go dira se se sa siamang. (Genesise 2:17) Ka jalo bosupi bo bontsha gore fa Adame a ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso malebana le boitsholo, o ne a tlhopha go dira se a neng a bona se le molemo ka nako eo. Le ene o ne a dira se se sa siamang jaaka mosadi wa gagwe go na le gore a akanye ka kamano ya gagwe le Mmopi wa gagwe kgotsa gore kgato ya gagwe e tla ama botshelo jwa gagwe jang. Moragonyana o ne a leka le go tshwaya Jehofa phoso, a bolela gore mosadi yo A neng a mo mo neile o ne a mo tsieditse.—Genesise 3:6, 12; 1 Timotheo 2:14.

Tsela e Modimo a neng a tsibogela boleo jwa ga Adame le Efa ka yone e re naya lesedi. Ga a a ka a leka go baakanya sengwe mo dijining tsa bone se go tweng ke ‘phoso e e diragetseng fa ba bopiwa.’ Go na le moo, o ne a diragatsa se a neng a ba boleletse gore e tla nna ditlamorago tsa ditiro tsa bone, mme ga felela ka gore kgabagare ba swe. (Genesise 3:17-19) Hisitori eno ya kwa tshimologong e dira gore re tlhaloganye botoka tsela e batho ka tlholego fela ba itshwarang ka yone. *

Bosupi Kgatlhanong le Kgopolo ya Thutotshelo

Baitsesaense ba feditse lobaka lo loleele ba mekamekana le tiro e e seng kana ka sepe ya go batlana le kafa dijini di bakang malwetse a batho le tsela e ba itshwarang ka yone ka teng le kafa dijini di ka dirisiwang ka teng go fodisa malwetse. Fa ditlhopha tse thataro tsa babatlisisi di sena go bereka lobaka lwa dingwaga di le lesome, di ile tsa kgona go bona jini e e amanang le bolwetse jwa Huntington, le fa babatlisisi bano ba sa itse kafa jini eno e bakang bolwetse jono ka teng. Le fa go ntse jalo, fa Scientific American e ne e bega ka patlisiso eno, e ne ya nopola moitsethutotshelo mongwe wa kwa Harvard e bong Evan Balaban, yo o neng a re “go bonala go tla nna thata tota go bona dijini tse di dirang gore batho ba itshware ka tsela e e sa tlwaelegang.”

Tota e bile, patlisiso e e neng ya dirwa ya go leka go amanya dijini dingwe tse di rileng le tsela e batho ba itshwarang ka yone ga e a atlega. Ka sekai, mo go Psychology Today, pego e e buang ka maiteko a go batla dijini tse di dirang gore motho a tshwenyege thata mo maikutlong e tlhalosa jaana: “Tshedimosetso ya dipalo tsa batho ba ba tsenwang ke malwetse a a atileng a tlhaloganyo e bontsha sentle gore ga go ka ke ga twe malwetse a a ntseng jalo a bakwa ke dijini fela.” Pego eno e ntsha sekai: “Peresente e le 1 ya Baamerika ba ba belegweng pele ga 1905 ba ne ba na le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong fa ba na le dingwaga di le 75. Mme diperesente di le 6 tsa Baamerika ba ba belegweng masome a matlhano a dingwaga moragonyana ba tshwenyega thata mo maikutlong fa ba na le dingwaga di le 24!” Ka jalo e konela ka go re dilo tse di ka kwa ntle ga mmele wa motho kgotsa  tsa loago ke tsone fela di ka dirang gore go nne le diphetogo tse dikgolo jalo mo lobakeng lo lo khutshwanyane jaana.

Dipatlisiso tseno le tse dingwe tse dintsi di re bontsha eng? Gore le fa dijini di ka tswa di na le seabe mo go direng gore re nne le botho jo re nang le jone, go phepafetse gore go na le dilo tse dingwe gape tse di re tlhotlheletsang. Selo sa konokono se se ka dirang jalo ke tikologo ya rona, e e fetogileng fela thata mo metlheng ya segompieno jaana. Ka sekai, fa buka ya setlhogo se se reng Boys Will Be Boys e bua ka dilo tse basha ba gompieno ba itlosang bodutu ka tsone, e tlhalosa gore go bonala go ka se kgonege gore bana ba nne le mekgwa e e siameng ya boitsholo fa ba “gola ba leba difilimi di le dintsintsi tsa thelebishene tse mo go tsone batho ba tlhaselwang, ba thuntshiwang, ba tlhabiwang, ba ntshiwang mala, ba kgemethiwang, ba manololwang letlalo kgotsa ba kgaolwang ditokololo tsa mmele, fa bana ba gola ba reetsa mmino o o tlotlomatsang go betelela, go ipolaya, diokobatsi, bojalwa le botlhogoethata.”

Go phepafetse gore Satane, e bong “mmusi wa lefatshe leno,” o dirile gore go nne le tikologo e e tsamaisanang le dikeletso tse di bosula tse batho ba nang le tsone. Mme ke mang yo o ka ganelang gore rotlhe re tlhotlhelediwa thata ke tikologo e e ntseng jalo?—Johane 12:31; Baefeso 6:12; Tshenolo 12:9, 12.

Se se Bakang Mathata a Batho

Jaaka re setse re bone, mathata a batho a simologile fa batho ba ntlha ba babedi ba ne ba leofa. Ga felela jang? Le mororo bana ba ga Adame ka dikokomana tsa bone e se bone ba bakileng boleo jwa ga Adame, gone mme botlhe ba tsholwa ba ruile boleo, bosaitekanelang le loso. Baebele e tlhalosa jaana: “Ke gone ka moo, fela jaaka boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”—Baroma 5:12.

Bosaitekanelang jwa motho bo dirile gore dilo di se ka tsa mo tsamaela sentle. Mme seo ga se mo golole gore a se ka a lebana le ditlamorago tsa tsela e a itshwarang ka yone. Baebele e bontsha gore batho ba ba dumelang mo thulaganyong ya ga Jehofa ya gore ba bone botshelo ba bo ba tshela go ya ka melao ya Modimo, o tla ba amogela. Ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jwa lorato, Jehofa o ile a dira thulaganyo ya bopelotlhomogi ya go golola batho, go rekolola se Adame a se latlhileng, jaaka fa go ka tualo. Thulaganyo eo ke thekololo ya setlhabelo sa Morwawe yo o itekanetseng, e bong Jesu Keresete, yo o neng a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16; 1 Bakorintha 15:21, 22.

Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha fa a anaanela thulaganyo eno thata. O ne a bolela jaana: “A nna motho yo o tlhomolang pelo! Ke mang yo o tla nnamolang mo mmeleng o o diragalelwang ke loso lono? Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete Morena wa rona!” (Baroma 7:24, 25) Paulo o ne a itse gore fa a ne a ka leofa ka ntlha ya bokoa, o ne a ka kopa Modimo gore a mo itshwarele a dirisa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete. *

Jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, gompieno batho ba le bantsi ba pele ba neng ba tshela botshelo jwa boitsholo jo bo maswe thata kgotsa ba tsela ya bone ya botshelo e neng e setse e tlhobogilwe ba ile ba ithuta kitso e e tlhomameng ya boammaaruri jwa Baebele, ba dira diphetogo tse di tlhokegang ba bo ba nna mo seemong sa gore ba ka amogelwa ke Modimo. Go ne go se motlhofo gore ba dire diphetogo tse ba neng ba tshwanetse go di dira, mme ba le bantsi ba sa ntse ba tshwanelwa ke go lwantshana le mekgwa mengwe e e kotsi. Mme ka thuso ya Modimo, ba kgona go boloka bothokgami le go itumelela go mo direla. (Bafilipi 4:13) Akanya ka sekai se le sengwe fela sa motho yo o neng a dira diphetogo tse dikgolo gore a itumedise Modimo.

Boitemogelo jo bo Kgothatsang

“Fa ke ne ke sa ntse ke le mosimanyana ke tsena kwa sekolong se se nang le bonno le dijo, ke ne ka  simolola go nna le mekgwa ya bosodoma, le fa ke ne ke sa tseye gore ke mosodoma. Batsadi ba me ba ne ba tlhalane, mme ke ne ke eletsa go bontshiwa lorato lwa botsadi lo ke neng ke ise ke ko ke lo bontshiwe. Fa ke sena go fetsa sekolo, ke ne ka ya bosoleng ka gonne re ne re patelediwa go ya. Go ne go na le setlhopha sa basodoma mo bonnong jwa masole jo bo neng bo le gaufi le jo ke neng ke nna mo go jone. Ke ne ka simolola go rata mokgwa wa bone wa botshelo, mme ka itsalanya le bone. Fa ke sena go itsalanya le bone ka lobaka lwa ngwaga, ke ne ka simolola go itsaya ke le mosodoma. Ke ne ka akanya jaana: ‘Ke kafa ke ntseng ka teng, mme nka se kgone go dira sepe ka gone.’

“Ke ne ka simolola go ithuta puo ya basodoma ya lingo le go ya diphathing tsa basodoma, koo mongwe le mongwe a neng a ka dirisa diokobatsi le bojalwa gone. Le mororo seno sotlhe se ne se lebega se kgatlha thata e bile se gogela, tota se ne se ferosa sebete. Mo pelong ke ne ke utlwa fela gore botsalano jo bo ntseng jalo e ne e se jwa tlholego e bile bo se na molemo wa sepe.

“Fa ke le kwa torotswaneng nngwe, ke ne ka bona Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa dipokano di ntse di tsweletse. Ke ne ka tsena mme ka reetsa puo, e e neng e bua ka maemo a a tlileng go nna teng mo Paradaiseng e e tlang. Morago ga pokano eo ke ne ka kopana le Basupi bangwe mme ba ntaletsa gore ke tle kopanong. Ke ne ka ya, mme ka bona selo se ke neng ke ise ke ko ke se bone—malapa a a itumetseng a obamela mmogo. Ke ne ka simolola go ithuta Baebele le Basupi.

“Ke ne ka simolola go dirisa se ke neng ke se ithuta mo Baebeleng le fa go ne go se motlhofo go dira jalo. Ke ne ka kgona go tlogela mekgwa yotlhe ya me e e leswe. Fa ke sena go fetsa dikgwedi di le 14 ke ithuta, ke ne ka neela botshelo jwa me mo go Jehofa mme ka kolobediwa. Ke ne ka nna le ditsala tsa boammaaruri e le la ntlha mo botshelong jwa me. Ke ile ka kgona go thusa ba bangwe go ithuta boammaaruri jwa Baebele, mme gone jaanong ke motlhanka wa bodiredi mo phuthegong ya Bokeresete. Ruri Jehofa o ntshegofaditse.”

Re na Le Boikarabelo

Go bolela gore fa re itshwara ka tsela e e sa siamang e a bo e le molato wa dijini fela ga go ka ke ga re thusa ka sepe. Psychology Today e bolela gore go dira jalo go ka se ka ga re thusa go rarabolola kgotsa go fenya mathata a rona mme “go ka tswa go re ruta gore ga go na se re ka kgonang go se dira mme seo ke sone se se bakang mathata a le mantsi a re nang le one. Go na le gore seno se fokotse mathata ano, go bonala se a okeditse.”

Ke boammaaruri gore re tshwanetse go lwantshana le ditlhotlheletso tse dikgolo tse di maatla, go akaretsa le mekgwa ya rona ya boleo le maiteko a ga Satane a go re faposa gore re se ka ra utlwa Modimo. (1 Petere 5:8) Gape ke boammaaruri gore dijini tsa rona di ka nna tsa re tlhotlheletsa ka ditsela tse di farologaneng. Le fa go ntse jalo, go na le kwa re ka bonang thuso teng. Bakeresete ba boammaaruri ba na le tshegetso e e nonofileng—Jehofa, Jesu Keresete, moya o o boitshepo wa Modimo, Lefoko la gagwe Baebele le phuthego ya Bokeresete.—1 Timotheo 6:11, 12; 1 Johane 2:1.

Pele setšhaba sa Iseraele se tsena mo Nageng e e Solofeditsweng, Moshe o ne a gakolola batho ka boikarabelo jo ba neng ba na le jone fa pele ga Modimo, a re: “Ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, tshegofatso le phutso; mme o tlhophe botshelo gore o nne o ntse o tshela, wena le bana ba gago, ka go rata Jehofa Modimo wa gago, ka go reetsa lentswe la gagwe le ka go mo ngaparela.” (Duteronome 30:19, 20) Le gompieno mongwe le mongwe yo o nang le maikarabelo o patelesega go itirela tshwetso gore a o tla direla Modimo le go tshela go ya ka melao ya gagwe. Ke wena yo o tla itlhophelang.—Bagalatia 6:7, 8.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 10 Bona Tsogang! ya October 8, 1996, ditsebe 17-22.

^ ser. 19 Bona buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, ditsebe 62-9, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

A Adame le Efa ba ne ba bopilwe ka tsela e e neng ya dira gore ba ganelele mo go direng boleo ka ntlha ya bogole bongwe mo dijining tsa bone?

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

A mongwe le mongwe o tshwanetse go sikara maikarabelo a ditshwetso tse a di dirang?

[Motswedi wa Setshwantsho]

Drug user: Godo-Foto

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Maiteko a go batlana le tsela e dijini di dirang gore batho ba itshware ka yone ga a atlega

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Go dirisa se Baebele e se buang go ka thusa ba ba dipelo di ikanyegang gore ba fetoge