Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Galaletsa Modimo Kwa Dithabeng Tsa Ditlhaketlhake Tsa Philippine

Go Galaletsa Modimo Kwa Dithabeng Tsa Ditlhaketlhake Tsa Philippine

 Go Galaletsa Modimo Kwa Dithabeng Tsa Ditlhaketlhake Tsa Philippine

Fa o akanya gore Philippine ke setšhaba sa batho ba ba nnang kwa ditlhaketlhakeng, o nepile. Mme gape ke naga e e nang le dithaba tse di kgatlhang thata. Mo Basuping ba ga Jehofa, go ntse go le motlhofo go rera mo ditoropong le mo mafelong a a seng kwa dithabeng e bile ba ntse ba nna le matswela a a itumedisang gone. Mme jaanong go rera kwa dithabeng ke kgang e nngwe.

DITHABA tse dintle tsa naga eo ga di tshwane gotlhelele le dintshi tsa lewatle tse di tletseng motlhaba, dithotana tsa maje a korale, metse e batho ba yone ba itshedisang ka go tshwara ditlhapi le ditoropo tse di tlhanaselang tse di mo dipoeng tsa ditlhaketlhake tseno. Gape dithaba tseno di dira gore tiro ya go rera “dikgang tse di molemo” tsa Bogosi jwa Modimo e nne bokete tota.—Mathaio 24:14.

Ditlhaketlhake tsa Philippine di fa dipoleite tse pedi tse di ikadileng le boalo jwa lefatshe di kopanang gone. Go thulana ga dipoleite tseno mo lefelong leno go dirile gore go nne le dithota tse di motsu tsa dithaba mo ditlhaketlhakeng tse dikgolwane. Ditlhaketlhake tse di fetang 7 100 tse di bopang naga ya Philippine di mo karolong e e kwa bophirima ya Pacific Ring of Fire. Ka gone, ditlhaketlhake tseno di tletse ka makgwamolelo, ao le one a dirang gore lefelo leno le nne le dithaba tse dintsi. Dithabathaba tseno di dirile gore batho ba ba nnang kwa go tsone ba nne kgakala le batho ba bangwe. Go thata go fitlha kwa go bone ka gonne ditsela tse di ka tsamayang dikoloi di mmalwa fela.

Le fa go na le dikgoreletsi tseno, Basupi ba ga Jehofa ba itse gore ba tshwanetse go rerela “batho ba mefuta yotlhe.” (1 Timotheo 2:4) Ka gone, Basupi ba kwa ditlhaketlhakeng tsa Philippine ba ile ba dira tumalanong le ntlha e e mo go Isaia 42:11, 12: “A banni ba lefika le legolo ba goe ka boipelo. A batho ba goele kwa godimo ba le kwa godimo ga dithaba. A ba neye Jehofa kgalalelo, ba bo ba bolele pako ya gagwe mo ditlhaketlhakeng.”

Go setse go fetile dingwaga di le 50 maiteko a magolo a go rerela batho ba kwa dithabeng tseno a simolotse. Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, barongwa ba ne ba thusa go fefosa tiro. Banni ba le bantsi ba lefelo leno ba ne ba amogela boammaaruri jwa Baebele mme le bone ba thusa go anamisetsa boammaaruri jono kwa metseng e e kwa godimo kwa dithabeng. Seno se ne sa nna le matswela a mantle. Ka sekai,  mo dithabeng tsa Cordillera Central tse di kwa bokone jwa Luzon, go na le baboledi ba dikgang tse di molemo ba feta 6 000. Bontsi jwa bone ke batho ba merafe ya koo, go akaretsa Ba-Ibaloi, Ba-Ifugao le Ba-Kalinga.

Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le mafelo a go leng thata go fitlha kwa go one kwa godimo kwa dithabeng. Batho ba ba nnang koo ga ba a lebalwa. Bangwe ba bone ba fitlheletswe jang, mme ba ile ba arabela jang?

Ngwao e Tseelwa Sebaka ke Tumelo ya Boammaaruri

Mo setlhaketlhakeng se se kwa bokone sa Luzon, kwa mafelong a a tletseng dithaba a kgaolo ya Abra go nna Ba-Tinggi. Leina leno le ka tswa le tlholegile mo lefokong la Se-Malay sa bogologolo e leng tinggi, le le rayang “thaba.” A leina le le tshwanelang jang ne! Batho ba teng gape ba ipitsa Ba-Itneg, le puo ya bone ba e bitsa ka leina leo. Ba dumela mo modimong o o bidiwang Kabunian, mme botshelo jwa bone jwa letsatsi le letsatsi bo laolwa thata ke go dumela ga bone mo botlhoding. Ka sekai, fa motho yo o ikaeletseng go ya felo gongwe a ka ethimola, ga twe o tsenwe ke sefifi. O tshwanetse a leta diura di se kae pele gore sefifi se fele.

Ka 1572, Ba-Spain ba ne ba tlisa Bokatoliki, mme ga ba a ka ba ruta Ba-Tinggi Bokeresete jwa boammaaruri. Ba ba neng ba fetoga Bakatoliki ga ba a ka ba kgaotsa go dumela mo go Kabunian le go dira dingwao tsa setso. Kitso ya boammaaruri ka ga Baebele e ne ya fitlha mo bathong bano la ntlha ka bo1930 fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola go anamisa molaetsa wa Bogosi kwa dithabeng tseo. Fa e sa le ka nako eo Ba-Tinggi ba le bantsi ba ba peloephepa ba ile ba simolola go galaletsa Jehofa “ba le kwa godimo ga dithaba.”

Ka sekai, Lingbaoan o kile a bo a le moeteledipele yo o tlotlegang wa morafe mo lefelong leo. O ne a tseneletse thata mo setsong tsa Ba-Tinggi. “Ke ne ke latela dingwao tsa Se-Tinggi fela jaaka di ntse. Fa motho a ne a bolailwe, e ne e re fa a sena go fitlhwa re bo re bina ka tsela ya teng e bile re letsa ditshipi. Gape re ne re ntsha diphologolo ditlhabelo. Re ne re dumela mo go Kabunian, mme ke ne ke sa itse Modimo  wa Baebele.” Aitse mme o ne a ipitsa Mokatoliki.

Badiredi ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tla go rera mo lefelong leo. Ba ne ba kopana le Lingbaoan mme ba mo kgothaletsa go bala Baebele. O gakologelwa jaana: “Baebele ke yone e e neng ya ntlhatswa pelo gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri.” Go tswa foo Lingbaoan o ne a rutiwa Baebele ke Mosupi mongwe mme a dira tshwetso ya gore o batla go direla Modimo wa boammaaruri. O ne a tlogela ditsela tsa gagwe tsa pele, mmogo le maemo a gagwe a go nna moeteledipele wa morafe, mme seo sa galefisa moruti wa mo motseng le batho ba Lingbaoan a neng a dirisana le bone pele. Le fa go ntse jalo, Lingbaoan o ne a feditse mogopolo gore o tla latela boammaaruri jo a neng a bo bone mo Baebeleng. Jaanong ke mogolwane mo phuthegong.

Malatsi a le Supa le Masigo a le Marataro

Le fa dikarolo dingwe tsa Abra jaanong di utlwa dikgang tse di molemo ka metlha, tse dingwe di kgakala mme di neelwa bosupi ka sewelo fela. Nakonyana e e fetileng, go ne ga dirwa boiteko jwa go fitlhelela nngwe ya dikarolo tseo. Basupi ba le 35 ba ne ba tsaya mosepele ba ya go rera kwa tshimong e e sa abiwang ya Tineg, kwa Abra, lefelo le le sa leng le etetswe la bofelo dingwaga tse 27 tse di fetileng.

Mo letsholong leno la go rera go ne ga tsamaiwa ka maoto malatsi a le supa. Akanya o tsamaya mo marogong a a tshwerweng ka megala, o kgabaganya dinoka tse di boteng o bo o tsamaya diura tse dintsi go palamela le dithaba mme kafa o tshwere dilwana tsa gago—e le fela gore o ye go rera dikgang tse di molemo kwa bathong ba ba di utlwang sewelo! Mo masigong a marataro a a tserweng mo mosepeleng ono, ka a le manè go ne go robalwa kwa ntle fela mo dithabeng.

Le fa Basupi ba digatlhamelamasisi ba ba neng ba le mo letsholong leno ba ne ba itshwaretse dijonyana, ba ne ba sa kgone go tshwara tse di lekaneng mosepele otlhe. Le fa go ntse jalo, seo e ne e se bothata ka gonne batho ba ne ba itumelela thata go ba abela dijo fa bone ba amogela dibuka tse di theilweng mo Baebeleng. Basupi ba ne ba fiwa dijo tse dintsi tse di tswang kwa dipolasing, tlhapi le nama ya diphologolo tsa naga. Le fa go ne go le thata, batho ba setlhopha seno ba ne ba re: “Re ne ra itumela thata ra ba ra lebala ka mathata ao.”

Mo malatsing ao a a supileng, badiredi bano ba ne ba rera mo metseng e le lesome, ba tsamaisa dibuka di le 60, dimakasine di le 186, diboroutšhara di le 50 le dipampitshana di le dintsi. Ba ne ba bontsha ditlhopha tsa batho di le 74 kafa thuto ya Baebele e tshwarwang ka teng. Kwa toropong ya Tineg, badiredibagolo ba motse le baagi bangwe ba ba nang le maemo mo motseng ba ne ba kopa gore go tshwarwe pokano ya phuthego, mme ga tla batho ba le 78. Bontsi jwa batho ba ba neng ba le teng e ne e le barutabana le mapodise. Re solofela gore go sa ntse go tla nna le Ba-Tinggi ba bangwe ba bantsi ba ba tla kopanelang le batho ba ba ‘goelang kwa godimo’ ba baka Jehofa ba le kwa godimo ga dithaba.

Sengwe se se Botoka Go na Le Gouta

Go ela kwa teng kwa borwa jwa ditlhaketlhake tsa Philippine go na le ditlhaketlhake dingwe tse Ba-Spain ba ileng ba fitlhela gouta kwa go tsone. Leina Mindoro le simologile jalo, e le lefoko le le bopilweng ka go golaganya polelwana ya Se-Spain e leng mina de oro, kgotsa “moepo wa gouta.” Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se se botoka go na le gouta se se fitlhelwang mo ditlhaketlhakeng tseo—batho ba ba batlang go direla Modimo wa boammaaruri, Jehofa. Batho ba ka nna 125 000 ba naga eo ba ba bidiwang Ba-Mangyan ba nna kwa teng ga sekgwa sa Mindoro. Ba tshela botshelo jo bo sa raraanang, ga ba dirisane thata le ditšhaba tse dingwe e bile ba na le puo ya bone fela. Bontsi jwa bone ba obamela dilo tsa tlholego, ba na le medimo e mentsi, e bile ba dumela gore go na le meya e e farologaneng ya tlholego.

Fa ba tlhoka dijo kgotsa dilo tse dingwe, bangwe ba Ba-Mangyan ba a tle ba fologele kwa mafelong a a fa losing ba tla go batla tiro. Pailing, yo e leng wa setlhotshwana sa Ba-Batangan se e leng karolo ya Ba-Mangyan, le ene o ne a dira jalo. O goletse mo setšhabeng sa gagabo kwa dikgweng tse di mo dithabeng, a na le ditumelo le mekgwa ya Ba-Batangan. Diaparo tsa bone e ne e le letsela fela le le bofiwang mo lothekeng. Ngwao ya Ba-Batangan e ne e re baobamedi ba tshwanetse ba bolaya koko, ba rothisetsa madi a yone mo metsing ba ntse ba rapela, gore dijalo tsa bone di tle di gole sentle.

Pailing ga a tlhole a latela dingwao tseo. Ka ntlha yang? E rile a ile kwa metseng e e seng mo dithabeng, a bona tiro mo malapeng a Basupi ba ga Jehofa. Lengwe la malapa ano le ne la dirisa sebaka seno mme la bontsha Pailing boammaaruri jwa Baebele. O ne a arabela sentle mme a anaanela thata go ithuta ka se Jehofa a se ikaeletseng ka motho le lefatshe. Ba ne ba rulaganya gore a ye go simolola go tsena sekolo le gore a ithute Baebele. Pailing o ne a kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a na le dingwaga di le 24. Fa a na le dingwaga di le 30, o ne a le mo ngwageng wa gagwe wa bobedi a le mo sekolong se segolwane, mme o ne a dira tiro ya go rera kwa sekolong. Jaanong o bidiwa Rolando (leina le le tlwaelegileng mo bathong ba kwa go se nang dithaba).

Fa o kopana le Rolando, ke modiredi yo o apereng sentle yo o nang le monyenyo, yo o direlang e le moreri wa nako e e tletseng gape e le motlhanka wa bodiredi mo go nngwe ya diphuthego tsa kwa Mindoro. Bosheng jaana, Rolando o ne a boela kwa dithabeng, a sa ye go kopanela le Ba-Bantangan mo dingwaong tsa bone, mme a ya go ba abela boammaaruri jwa Baebele jo bo nayang botshelo.

Ba Tlhoafaletse go Nna le Holo ya Bogosi

Kgaolo ya Bukidnon—leina le le kayang “Batho ba Dithaba” ka Se-Cebuano—e mo setlhaketlhakeng se se kwa borwa sa Mindanao. Eno ke kgaolo ya dithaba, mangope, mekgatšha e e nang le dinoka le ditlhaba. Mo nageng eno e e ungwang sentle go lemilwe dipeinapole, mmidi, kofi, raese le dipanana. Merafe ya Ba-Talaandig le Ba-Higaonon e nna kwa dithabeng tseo. Batho bano le bone ba tlhoka go ithuta kaga Jehofa. Bosheng jaana, gaufi le toropo ya Talakag, sebaka sa go dira jalo se ne sa ba bulegela ka tsela e e kgatlhang thata.

Basupi ba ba neng ba ya kwa dithabeng tseo ba ne ba fitlhela go le tsiditsana mme gone ba amogelwa ka lorato. Batho ba metse eo ba ne ba bolela gore ba dumela gore go na le Modimo yo o mothatayotlhe, Rara, mme ba ne ba sa itse leina la gagwe. E re ka ba nna thata mo sekgweng, e ne e le la ntlha ba kopana le Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba itsisiwe leina la Modimo, mmogo le boikaelelo jwa gagwe jo bo molemo malebana le Bogosi. Batho ba ne ba itumela, ka jalo go ne ga swediwa gore motse wa bone o etelwe gape.

Ba ne ba etelwa kgapetsa morago ga moo. Go ne ga felela ka gore batho ba motse ba fe Basupi ba ga Jehofa setsha gore ba ikagele “ntlo.” Basupi ba ne ba amogela mpho eo ka diatla tsoopedi. Setsha seno se ne se le kwa godimo ga thota e e goletseng kwa godimo go di gaisa tsotlhe tsa lefelo leo, e le kwa godimonyana fela ga tsela e e fetang fa gaufi. Ba ne ba e aga ka logong, matlhaka a bampuse le matlhare a mokolane. Kago eno e ne ya wediwa mo lobakeng lwa dikgwedi tse tharo le malatsi a le lesome. Letshwao le le reng “Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa” le ne le bonala sentle fa pele ga kago. Akanya fela, Holo ya Bogosi e agiwa pele go tlhomiwa phuthego!

Morago ga moo, mogolwane mongwe wa phuthego yo e leng modiredi wa nako e e tletseng o ne a fudugela teng, ene le motlhanka mongwe wa bodiredi. Bone mmogo le Basupi ba mafelo a a fa gaufi ba ne ba berekela mo go tlhomeng phuthego. E ne ya tlhomiwa ka August 1998. Go na le phuthego e potlana e ga jaanong e dirisang Holo eno ya Bogosi ka botlalo, ba thusa batho ba kwa dithabeng go ithuta boammaaruri jwa Baebele.

Ee ruri, Jehofa o dirisitse batlhanka ba gagwe ba ba pelo e ratang ba ba kwa ditlhaketlhakeng tsa Philippine go anamisa boammaaruri jwa Bogosi tota le kwa dithabeng tse go seng motlhofo go fitlha kwa go tsone. Seno se re gakolola Isaia 52:7, e e reng: “A bo di le dintle jang ne mo dithabeng dinao tsa yo o tlisang dikgang tse di molemo.”

[Dimmapa mo go tsebe 11]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

ABRA

MINDORO

BUKIDNON

[Motswedi wa Setshwantsho]

Globe: Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Go rera kwa dithabeng go tlhoka gore batho ba tsamaye diura tse dintsi mo nageng e e makgawekgawe

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Kolobetso mo molatswaneng o o mo thabeng