Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nnang lo Tsogile, lo Gatele Pele Ka Bopelokgale! Pego Ya Dipokano Tse di Kgethegileng

Nnang lo Tsogile, lo Gatele Pele Ka Bopelokgale! Pego Ya Dipokano Tse di Kgethegileng

 Nnang lo Tsogile, lo Gatele Pele Ka Bopelokgale! Pego Ya Dipokano Tse di Kgethegileng

KE MANG yo o ka ganetsang gore re tshela mo dinakong tsa “mathata tse go leng boima go lebana le tsone”? Jaaka Basupi ba ga Jehofa, le rona re amiwa ke mathata a go tshela mo “metlheng ya bofelo.” (2 Timotheo 3:1-5) Mme re lemoga gore batho ba tlhoka thuso. Ga ba tlhaloganye gore ditiragalo tsa lefatshe di kaya eng. Ba tlhoka kgomotso le tsholofelo. Seabe sa rona sa konokono sa go thusa bangwe ka rona ke sefe?

Re na le thomo e re e neilweng ke Modimo ya go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng. (Mathaio 24:14) Batho ba tshwanetse go itse gore Bogosi jono jwa selegodimo ke jone fela tsholofelo e batho ba nang le yone. Le fa go ntse jalo, ga se ka metlha molaetsa wa rona o amogelwang sentle. Mo mafelong a mangwe tiro ya rona e thibetswe mme bakaulengwe ba rona ba a bogisiwa. Le fa go ntse jalo, ga re itlhoboge. Ka gonne re ikanya Jehofa ka botlalo, re ititeile sehuba gore re tla nna re tsogile mme re gatela pele ka bopelokgale, re bolela dikgang tse di molemo re sa kgaotse.—Ditiro 5:42.

Boikemisetso jo bo ntseng jalo jo bo nitameng bo ne bo bonala kwa dipokanong tse di kgethegileng tse di neng tsa tshwarwa ka October 2001. Ka Matlhatso, October 6, go ne ga tshwarwa pokano ya ngwaga le ngwaga ya Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania kwa Jersey City, New Jersey, kwa Holong ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa kwa United States. * Mo letsatsing le le latelang, go ne ga tshwarwa dipokano tse dingwe tsa yone tsa tlaleletso kwa mafelong a le manè, tse tharo kwa United States le e le nngwe kwa Canada. *

Fa modulasetulo, Samuel F. Herd, yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, a ne a bula pokano ya ngwaga le ngwaga, o ne a umaka Pesalema 92:1, 4 mme a bolela jaana: “Re batla go itshupa re na le tebogo.” Eleruri go ne ga ntshiwa mabaka a go nna le tebogo mo dipegong tse tlhano mo lefatsheng lotlhe.

Dipego Tse di Tswang Gongwe le Gongwe

Mokaulengwe Alfred Kwakye o ne a bega ka kgatelopele ya tiro ya go rera kwa Ghana, e pele e neng e itsiwe e le Gold Coast. Tiro ya rona mo nageng eo e ne e thibetswe ka dingwaga tse dintsi. Batho ba ne ba na le go botsa ba re: “Ke ka ntlha yang fa lo  thibetswe? Lo dirile eng?” Mokaulengwe Kwakye o ne a tlhalosa gore seno se ne sa bula sebaka sa go neela bosupi. Ka 1991 fa thibelo e ne e tlosiwa, go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le 34 421 kwa Ghana. Ka August 2001, palogotlhe e ne e le 68 152—koketsego ya diperesente di le 98. Go dirwa dithulaganyo tsa go aga Holo ya Kopano e e nang le ditulo di le 10 000. Go phepafetse gore bakaulengwe ba rona kwa Ghana ba dirisa kgololesego ya bone ya bodumedi ka tsela e e molemo ka mo ba ka kgonang ka teng.

Go sa kgathalesege dikgaruru tsa dipolotiki, bakaulengwe ba rona kwa Ireland ba nna le seabe ka matlhagatlhaga mo bodireding mme ba a tlotlwa ka gonne ba sa tseye letlhakore mo dipolotiking. Mookamedi wa Komiti ya Lekala, Peter Andrews, o ne a bolela gore Ireland e na le diphuthego di le 115 mo dipotologong di le 6. Mokaulengwe Andrews o ne a bolela maitemogelo ka Liam, mosimane yo o nang le dingwaga di le lesome, yo o neelang bosupi a sa boife kwa sekolong. Liam o ne a tsamaisetsa bana ba le 25 ba a tsenang le bone mo tlelaseng le morutabana wa gagwe Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Liam o ne a batla go kolobediwa, mme mongwe o ne a botsa gore a o ne a se mmotlana thata. Liam o ne a araba jaana: “Ga se dingwaga tsa me tse di tshwanetseng go laola seo, mme ke lorato lwa me mo go Jehofa. Kolobetso ya me e tla bontsha gore ke mo rata go le kana kang.” Mokgele wa ga Liam ke go nna morongwa.

Ka 1968 go ne go na le baboledi ba dikgang tse di molemo ba le 5 400 kwa Venezuela. Mookamedi wa Komiti ya Lekala, Stefan Johansson o ne a bolela gore jaanong go na le ba ba fetang 88 000. Mme go sa ntse go ka kgonega gore go nne le koketsego e e fetang eo ka gonne go ne go na le batho ba ba fetang 296 000 kwa Segopotsong ka 2001. Ka December 1999, dipula tsa merwalela di ne tsa dira gore seretse se gosomane mme se bolaye batho ba go fopholediwang gore ba ne ba le 50 000, go akaretsa le Basupi ba le mmalwa. Holo nngwe ya Bogosi e ne ya tlala seretse go fitlha go setse dimetara di le tlhano gore se kgome siling. Fa mongwe a ne a akantsha gore kago eo e tlogelwe, bakaulengwe ba ne ba arabela jaana: “Legoka! Holo eno ya Bogosi ke ya rona mme ga re batle go e tlogela jaanong.” Ba ne ba simolola go bereka, ba tlosa seretse se sentsi, matlapa le malele a mangwe. Kago eo e ne ya tlhabololwa, mme bakaulengwe ba bolela gore jaanong e ntle go feta kafa e neng e ntse ka teng pele ga kotsi ya masetlapelo!

Mokaulengwe Denton Hopkinson, mookamedi wa Komiti ya Lekala, o bolela gore go buiwa dipuo di le 87 kwa Philippines. Mo ngwageng o o fetileng wa tirelo, Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e ne ya gololwa ka dipuo tse  tharo tse di buiwang thata kwa nageng eo—Se-Cebuano, Se-Iloko le Se-Tagalog. Mokaulengwe Hopkinson o ne a bolela maitemogelo a mosimane wa dingwaga tse robongwe yo o neng a bala buka ya Mafoko a a Molemo—Go go Itumedisa, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. O ne a amogela dikgatiso tse dingwe kwa lekaleng, tse le tsone a neng a di bala, mme ba lelapa la gagabo ba ne ba mo ganetsa. Dingwaga tse dintsi morago ga moo fa a le kwa sekolong sa bongaka, o ne a ikgolaganya le lekala mme a kopa thuto ya Baebele. O ne a kolobediwa ka 1996 mme go ise go ye kae a tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng. Jaanong o direla le mosadi wa gagwe kwa ofising ya lekala.

Mookamedi wa Komiti ya Lekala Ronald Parkin o ne a tlhalosa gore ‘Puerto Rico e “romela Basupi kwa ntle ga naga.”’ Go na le baboledi ba ka nna 25 000 mo setlhaketlhakeng seo, mme palo eo e sa le e eme gone foo ka dingwaga tse dintsi. Ka ntlha yang? Go akanyediwa gore Puerto Rico e “romela kwa ntle ga naga” baboledi ba ka nna 1 000 ka ngwaga e ba isa United States, ba bantsi ba bone ba fuduga ka ntlha ya mabaka a itsholelo. Mokaulengwe Parkin o ne a bua ka tshwetso ya botlhokwa thata ya kgotlatshekelo e e neng e ama Luis, Mosupi yo o nang le dingwaga tse 17 yo o neng a na le lukemia. Ka gonne Luis o ne a gana go tshelwa madi, kgang ya gagwe e ne ya isiwa kgotlatshekelo. Moatlhodi o ne a batla go bua le ene ka tlhamalalo ka jalo o ne a mo etela kwa sepatela. Luis o ne a mmotsa jaana: “Ke ka ntlha yang e re fa nkabo ke dirile tlolomolao nngwe e e masisi, o ne o tla nkatlhola jaaka motho yo mogolo mme fa ke batla go utlwa Modimo, o ntshwara jaaka ngwana?” Moatlhodi o ne a tlhatswega pelo gore ke ngwana yo o godileng sentle mme o kgona go itirela ditshwetso.

Morago ga dipego tse di tswang kwa dinageng tse di kgakala, Harold Corkern, wa Komiti ya Lekala ya United States, o ne a botsolotsa batho ba le banè ba nang le nako e telele e le batlhanka ba ga Jehofa. Arthur Bonno o na le dingwaga di le 51 mo tirelong ya nako e e tletseng mme jaanong o direla mo Komiting ya Lekala ya Ecuador. Angelo Catanzaro o na le dingwaga di le 59 mo tirelong ya nako e e tletseng, mme bontsi jwa tsone e ne e le molebedi yo o etang. Richard Abrahamson o alogile kwa Sekolong sa Gileade ka 1953, mme o ne a nna le tshiamelo ya go okamela tiro kwa Denmark ka dingwaga tse 26 pele ga a boela kwa Bethele ya Brooklyn. La bofelo, botlhe ba ne ba itumelela go reetsa Carey W. Barber yo o nang le dingwaga tse 96. Mokaulengwe Barber o kolobeditswe ka 1921, mme o dirisitse dingwaga di le 78 mo tirelong ya nako e e tletseng e bile e ntse e le leloko la Setlhopha se se Laolang fa e sa le go tloga ka 1978.

Dipuo Tse di Tshikinyang Maikutlo

Pokano ya ngwaga le ngwaga e ne e akaretsa dipuo tse di tshikinyang maikutlo. Mokaulengwe Robert W. Wallen o ne a bua ka setlhogo se se reng “Batho ba Leina la Gagwe.” Re batho ba leina la Modimo, mme re fitlhelwa mo dinageng tse di fetang 230. Jehofa o re neile “isagwe le tsholofelo.” (Jeremia 29:11) Re tshwanetse go tswelela re itsise Bogosi jwa Modimo, re bolela molaetsa o o molemolemo wa kgomotso le nametso. (Isaia 61:1) Mokaulengwe Wallen o ne a konela ka go re: “E kete letsatsi le letsatsi, re ka tswelela re tshelela leina le re bidiwang ka lone la Basupi ba ga Jehofa.”—Isaia 43:10.

Karolo ya bofelo ya thulaganyo e ne e le simphosiamo se se neng se neelwa ke maloko a mararo a Setlhopha se se Laolang. Se ne se na le setlhogo se se reng “Ke Nako ya go Nna lo Tsogile, lo Nitame le go Nna Thata.”—1 Bakorintha 16:13.

Pele, Mokaulengwe Stephen Lett o ne a bua ka setlhogo se se reng “Nnang lo Tsogile mo Nakong Eno ya Bofelo.” Mokaulengwe Lett o ne a tlhalosa gore boroko jwa mmatota ke mpho. Bo a re nonotsha. Le fa go ntse jalo, boroko jwa semoya jone ga bo a siama. (1 Bathesalonika 5:6) Ka jalo, re ka nna jang re tsogile semoyeng? Mokaulengwe Lett o ne a bua ka “dipilisi” tse tharo tsa semoya: (1) Go nna le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena. (1 Bakorintha 15:58) (2) Go tshwenyega ka se re se tlhokang semoyeng. (Mathaio 5:3) (3) Go arabela sentle fa re newa kgakololo e e theilweng mo Baebeleng gore re tle re dire dilo ka botlhale.—Diane 13:20.

Mokaulengwe Theodore Jaracz o ne a neela puo e e nang le setlhogo se se reng “Ema o Nitame fa o Lekwa.” Fa Mokaulengwe Jaracz a ne a bua ka Tshenolo 3:10, o ne a botsa jaana: “‘Nako ya teko’ ke eng?” Teko eo e tla “mo letsatsing la Morena,” le re leng mo go lone. (Tshenolo 1:10) Teko eo e amana le kgang ya botlhokwa—a re mo letlhakoreng la Bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng  kgotsa re mo letlhakoreng la tsamaiso ya ga Satane e e boikepo ya dilo? Go fitlha nako eo ya teko e fela, re tla lebana le diteko kgotsa mathata. A re tlile go nna re ikanyega mo go Jehofa le mo phuthegong ya gagwe? Mokaulengwe Jaracz o ne a bolela jaana: ‘Mongwe le mongwe wa rona o tla tshwanelwa ke go bontsha boikanyego joo.’

La bofelo, Mokaulengwe John E. Barr o ne a bua ka setlhogo se se reng “Nna Thata Jaaka Motho wa Semoya.” Fa a ne a bua ka Luke 13:23-25, o ne a tlhalosa gore re tshwanetse go iteka ka tlhagafalo gore re ‘tsene ka kgoro e tshesane.’ Batho ba bantsi ba palelwa ke go dira jalo ka gonne ba sa tlhoafala mo go lekaneng gore ba nne thata. Gore re nne Bakeresete ba ba godileng sentle, re tshwanetse go ithuta go dirisa melaometheo ya Baebele mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo. Mokaulengwe Barr o ne a kgothatsa jaana: “Ke tlhomamisegile gore lo tla dumela gore eno ke nako ya go (1) baya Jehofa kwa pelepele; (2) go nna thata; le (3) go iteka ka tlhagafalo go dira thato ya ga Jehofa. Ka tsela eno re tla kgona go tsena ka kgoro e tshesane e e isang kwa botshelong jo bo molemolemo jo bo se nang bokhutlo.”

Fa pokano ya ngwaga le ngwaga e ne e le gaufi le go fela, go ne go ise go arabiwe potso e le nngwe fela: Temana ya ngwaga wa tirelo wa 2002 ya reng? Potso eo e ne ya arabiwa mo letsatsing le le latelang.

Pokano e Nngwe ya Tlaleletso

Ka Sontaga mo mosong, botlhe ba ne ba iketleeleditse go reetsa fa thulaganyo ya pokano e nngwe ya tlaleletso e ne e simolola. E ne ya simolola ka tshobokanyo ya Tora ya Tebelo ya beke eo, mme ya latelwa ke dintlhakgolo tse dikhutshwane tsa pokano ya ngwaga le ngwaga. Morago ga moo, botlhe ba ne ba itumelela go utlwa puo e e neng e theilwe mo temaneng ya ngwaga ya 2002: “Tlang mo go nna, . . . mme ke tla lo lapolosa.” (Mathaio 11:28) Puo eo e ne e theilwe mo ditlhogong tse di ithutiwang tse di neng tsa gatisiwa moragonyana mo go Tora ya Tebelo ya December 15, 2001.

Morago ga moo, bangwe ba e neng e le batlakopanong ba Dikopano tse di kgethegileng tsa “Barutisi ba Lefoko la Modimo” kwa Fora le kwa Italy ka August 2001 ba ne ba bolela se ba se utlwileng. * La bofelo, dibui tse di etileng go tswa kwa Bethele ya Brooklyn di ne tsa baya dipuo tse pedi tsa bofelo tse e neng e le tsone tsa konokono tsa letsatsi leo.

Ya ntlha e ne e na le setlhogo se se reng “Go Ikanya Jehofa ka Bopelokgale mo Metlheng Eno e e Thata.” Sebui se ne sa tlhomolola dintlha tse di latelang tsa konokono: (1) Go Ikanya Jehofa ka bopelokgale ga go bolo go nna botlhokwa thata mo bathong ba Modimo. Baebele e na le dikai tse dintsi tsa batho ba ba ileng ba bontsha bopelokgale le tumelo fa ba lebane le kganetso. (Bahebera 11:1–12:3) (2) Jehofa o re naya mabaka a a utlwalang a gore re mo ikanye ka botlalo. Ditiro tsa gagwe le Lefoko la gagwe di tlhomamisa gore o kgathalela batlhanka ba gagwe le gore le ka motlha a ka se ba lebale. (Bahebera 6:10) (3) Bopelokgale le boikanyo di a tlhokega gompieno. Re “ba ba tlhoilweng,” jaaka Jesu a ne a bolelela pele. (Mathaio 24:9) Gore re tle re kgone go itshoka, re tlhoka go ikaega ka Lefoko la Modimo, le go tshepa gore moya wa gagwe o na le rona, le bopelokgale jwa go tswela pele re bolela dikgang tse di molemo. (4) Dikai di bontsha gore re lebane le kganetso gone jaanong. Botlhe ba ne ba amegile maikutlo fa sebui se ne se bolela kafa bakaulengwe ba rona ba itshokileng ka teng kwa Armenia, Fora, Georgia, Kazakhstan, Russia, le Turkmenistan. Ruri eno ke nako ya gore re bontshe bopelokgale le go ikanya Jehofa!

Sebui sa bofelo se ne sa bua ka setlhogo se se reng “Go Gatela Pele Mmogo le Phuthego ya ga Jehofa.” Puo eo e ne e tlhomolola dintlha di le mmalwa tse di mo nakong. (1) Kgatelopele ya batho ba ga Jehofa e bonwa ke batho botlhe. Tiro ya rona ya go rera le dikopano tsa rona di dira gore re bonwe ke mang le mang. (2) Jehofa o tlhomile phuthego e e kopaneng. Ka 29 C.E., Jesu o ne a tlodiwa  ka moya o o boitshepo gore a tle a tlise “dilo tsotlhe”—ba ba nang le tsholofelo ya go ya go tshela kwa legodimong mmogo le ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng—mo lelapeng le le kopaneng la Modimo. (Baefeso 1:8-10) (3) Dikopano ke pontsho e e tlhomologileng thata ya kutlwano ya ditšhabatšhaba. Seno se ne se bonala sentle kwa dikopanong tse di kgethegileng tse di neng di tshwaretswe kwa Fora le kwa Italy ngogola ka August. (4) Go ne ga dirwa maitlamo a a tshikinyang maikutlo kwa Fora le kwa Italy. Sebui se ne sa bua dintlha dingwe tsa maitlamo ao a a tshikinyang maikutlo. Mokwalo o o feletseng wa maitlamo ao o fitlhelwa fa tlase.

Kwa bokhutlong jwa puo ya bofelo, sebui se se etileng se ne sa bala kitsiso e e amang maikutlo e e tswang kwa Setlhopheng se se Laolang. Bontlhanngwe jwa yone bo ne bo balega jaana: “Eno ke nako ya go nna re tsogile le go nna re lebeletse, re lemoga kafa ditiragalo di tswelang pele ka teng mo lefatsheng . . . Re rata go lo bolelela kafa Setlhopha se se Laolang se amegileng ka lorato ka teng ka lona le ka batho botlhe ba Modimo. E kete a ka lo segofatsa thata gore lo dire thato ya gagwe ka moya otlhe.” Batho ba ga Jehofa gongwe le gongwe ba ititeile sehuba gore ba nne ba tsogile mo metlheng eno e e thata le go gatela pele ka bopelokgale le phuthego ya ga Jehofa e e kopaneng.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Thulaganyo ya pokano ya ngwaga le ngwaga e ne e golagantswe le mafelo a mangwe a le mmalwa, mme palo ya botlhe ba ba nnileng teng e ne e le 13 757.

^ ser. 4 Dipokano tse dingwe tsa tlaleletso di ne di tshwaretswe kwa Long Beach, kwa California; Pontiac, kwa Michigan; Uniondale, kwa New York; le Hamilton, kwa Ontario. Palogotlhe ya ba ba neng ba le teng, go akaretsa ba ba neng ba golantswe le thulaganyo eno mo mafelong a mangwe, e ne e le 117 885.

^ ser. 22 Go ne ga tshwarwa dikopano tse tharo tse di kgethegileng kwa Fora—kwa Paris, Bordeaux le Lyons. Kwa Italy batlakopanong ba ba neng ba tswa kwa United States ba ne ba abelwa go ya kwa Roma le kwa Milan, le fa go ne ga tshwarwa palogotlhe ya dikopano di le robongwe ka nako e le nngwe.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 29-31]

Maitlamo

Ka August 2001, go ne go tshwerwe Dikopano tse di kgethegileng tsa “Barutisi ba Lefoko la Modimo” kwa Fora le kwa Italy. Kwa dikopanong tseo, go ne ga dirwa maitlamo a a tshikinyang maikutlo. Mokwalo wa maitlamo ao ke ono o a latela.

“JAAKA BASUPI BA GA JEHOFA , rotlhe ba re kopaneng mo Kopanong eno ya ‘Barutisi ba Lefoko la Modimo’ re rutilwe thuto e e mosola thata. Motswedi wa thuto eno o tlhalositswe sentle. Thuto eno ga e tswe mo mothong. E tswa mo go Yo moporofeti wa bogologolo Isaia a mo tlhalosang e le ‘Motlhatlheledi yo Mogolo.’ (Isaia 30:20) Ela tlhoko kgakololo ya ga Jehofa jaaka e boletswe mo go Isaia 48:17: ‘Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone.’ O dira seno jang? Tsela ya konokono e a dirang jalo ka yone ke ka go dirisa buka e e ranolwang le e e phasaladiwang go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng, Baebele, e mo go yone re bolelelwang jaana ka phepafalo: ‘Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola.’—2 Timotheo 3:16.

“Gompieno batho ba tlhoka thata thuto e e ntseng jalo e e mosola. Ke ka ntlha yang fa go ka buiwa jalo? Fa re sekaseka pono ya lefatshe leno e e fetogang, e e akabatsang, ke eng se batho ba ba nang le temogo ba se dumelang? Ba dumela gore: Le fa dimilione tsa batho di rutilwe ke ditsamaiso tsa lefatshe tsa thuto, mekgwa e mentle e tlhaela ka selekanyo se segolo ka tsela e e utlwisang botlhoko e bile batho ba palelwa ke go farologanya se se siameng le se se phoso. (Isaia 5:20, 21) Ba bantsi ga ba itse Baebele. Le fa gone boranyane jwa saense bo na le tshedimosetso e ntsi ka tiriso ya dikhomputara, di kae dikarabo tsa dipotso tsa botlhokwa tse di jaaka, Boikaelelo jwa botshelo ke bofe? Re tshwanetse go tlhaloganya jang ditiragalo tsa motlha wa rona? A go na le tsholofelo e e nonofileng ya isagwe? A kagiso le polokesego di tla tsamaya di nna teng? Mo godimo ga moo, mo dishelefong tsa dilaeborari go fitlhelwa dibuka tse dintsi tse di buang ka kgang nngwe le nngwe ya maiteko a batho. Le fa go ntse jalo, batho ba ntse ba boeletsa diphoso tsa mo nakong e e fetileng. Bokebekwa bo a gola. Malwetse a pele go neng go tsewa gore a fedisitswe a boile gape, fa a mangwe one, jaaka AIDS, a anama ka selekanyo se se tshosang. Botshelo jwa lelapa bo senyega ka selekanyo se se akabatsang.  Kgotlelo e senya tikologo. Borukutlhi le dibetsa tsa polao ya kgailo di tshosetsa kagiso le polokesego. Mathata a a se nang tharabololo a nna a ntse a oketsega. Seabe sa rona se se tshwanetseng ke sefe go thusa batho mo metlheng eno e e thata? A go na le thuto e e tlhalosang se se bakang bothata jwa batho, mme e sa bontshe fela tsela e e isang botshelong jo bo botoka, mme gape e naya batho tsholofelo e e tlhomameng ya bokamoso?

“Thomo ya rona ya Dikwalo ke gore re ‘tsamaye re dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, re ba rute go boloka dilo tsotlhe tse Keresete a di laetseng.’ (Mathaio 28:19, 20) Thomo eno e ne ya dirwa ke Jesu Keresete morago ga loso lwa gagwe le tsogo ya gagwe, fa a ne a amogela taolo yotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng. E feta ditiro tsotlhe tse di buelelwang ke batho. Go ya ka pono ya Modimo, thomo ya rona, e e tsepameng mo dilong tse batho ba ba tshwerweng ke tlala ya tshiamo ba di tlhokang semoyeng, e tla pele. Re na le mabaka a a utlwalang a Dikwalo a go tsaya thomo eno masisi.

“Seno se tlhoka gore re beye tiro eno kwa pele mo matshelong a rona. Ka tshegofatso ya Modimo le thuso ya gagwe, tiro e tla wediwa, le mororo go na le ditlhotlheletso tse dintsi tse di itayang tsebe, dikgoreletsi, le kganetso e e tswang mo mekgatlhong ya bodumedi le ya sepolotiki, tse boikaelelo jwa tsone e leng go kgoreletsa thulaganyo eno ya go ruta e e ntseng e gatela pele mo lefatsheng lotlhe. Re tlhomamisegile e bile re na le tumelo ya gore tiro eno e tla tswelela e atlega go fitlha e wediwa ka botlalo. Ke eng se se dirang gore re tlhomamisege thata jaana? Ka ntlha ya gore Morena Jesu Keresete o solofeditse gore o tla bo a na le rona go fitlha kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo mo bodireding jwa rona jo re bo neilweng ke Modimo

“Batho ba ba mo matshwenyegong ba feletswe ke nako. Thomo ya rona ya gone jaanong e tshwanetse go diragadiwa pele ga bokhutlo bo tla. Ka jalo, rona jaaka Basupi ba ga Jehofa, re dira maitlamo ano:

“Sa ntlha: Jaaka badiredi ba ba ineetseng, re ikemiseditse go baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo matshelong a rona le go tswelela re gola semoyeng. Gore re kgone go dira jalo, re rapela tumalanong le mafoko a Pesalema 143:10: ‘Nthuta go dira thato ya gago, gonne o Modimo wa me.’ Seno se tlhoka gore re nne diithuti tse di tlhagafetseng, re dire maiteko a go bala Baebele letsatsi le letsatsi, re nne le thuto ya botho gape re dire patlisiso. Go dira gore botswelelopele jwa rona bo bonale mo bathong botlhe, re tla dira maiteko ka mo re ka kgonang ka teng go baakanyetsa thuto ya puso ya Modimo le go solegelwa molemo ke yone e re e newang kwa dipokanong tsa phuthego, kwa dikopanong tsa potologo, tsa kgaolo, tsa setšhaba le tsa ditšhabatšhaba.—1 Timotheo 4:15; Bahebera 10:23-25.

“Sa bobedi: Gore re rutwe ke Modimo, re tla ja fela mo tafoleng ya gagwe le go nna kelotlhoko gore re tseye tsia tlhagiso ya Baebele e e malebana le dithuto tse di tsietsang tsa madimona. (1 Bakorintha 10:21; 1 Timotheo 4:1) Re tla itisa ka tsela e e kgethegileng go tila dilo tse di kotsi, go akaretsa maaka a bodumedi, dikakanyo tse di se nang mosola, boitsholo jwa tlhakanelodikobo jo bo maswe jwa matlhabisaditlhong, sebetso sa ditshwantsho tse di hepisang, boitlosobodutu jo bo sa siamang, le sengwe le sengwe se se sa tsamaisaneng le ‘thuto e e itekanetseng.’ (Baroma 1:26, 27; 1 Bakorintha 3:20; 1 Timotheo 6:3; 2 Timotheo 1:13) Ka ntlha ya go tlotla ‘dimpho tse e leng banna,’ ba ba tshwanelegang go ruta se se siameng, re tla tlotla maiteko a bone le go dirisana sentle le bone ka pelo yotlhe go tlotlomatsa melao e e siameng ya boitsholo le ya semoya ya Lefoko la Modimo.—Baefeso 4:7, 8, 11, 12; 1 Bathesalonika 5:12, 13; Tito 1:9.

“Sa boraro: Jaaka batsadi ba Bakeresete, re tla dira maiteko ka pelo yotlhe go ruta bana ba rona e seng ka lefoko fela mme le ka sekao. Re tshwenyegile thata ka go ba thusa go tloga boseeng jwa bone ‘go ithuta mekwalo e e boitshepo gore ba tlhalefe mme ba bone poloko.’ (2 Timotheo 3:15) Re tla nna re gopotse gore go ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa go tla ba bulela sebaka sa gore ba bone tsholofetso ya bomodimo ya gore ‘dilo di ba tsamaele sentle le gore ba tshele nako e telele mo lefatsheng.’—Baefeso 6:1-4.

“Sa bonè: Fa re nna le ditlhobaelo kgotsa re kopana le mathata a a masisi, sa ntlha, re tla ‘itsise Modimo dikopo tsa rona,’ re tlhomamisegile gore ‘kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe ya motho’ e tla re dibela. (Bafilipi 4:6, 7) E re ka re le kafa tlase ga jokwe ya ga Keresete, re tla bona tapologo. Ka gonne re itse gore Modimo o a re tlhokomela, ga re na go okaoka go latlhela ditlhobaelo tsa rona mo go ene.—Mathaio 11:28-30; 1 Petere 5:6, 7.

“Sa botlhano: Ka go bontsha gore re leboga Jehofa ka tshiamelo ya go nna barutisi ba Lefoko la gagwe, re tla ntšhafatsa maiteko a rona a go ‘tshwara lefoko la boammaaruri sentle’ le go ‘wetsa bodiredi jwa rona ka botlalo.’ (2 Timotheo 2:15; 4:5) Ka gonne re itse sentle gore seno se kopanyeletsang, keletso ya rona e e tswang mo pelong ke go batla ba ba tshwanelegang le go tlhagolela peo e e jadilweng. Mo godimo ga moo, re tla tokafatsa tsela e re rutang ka yone ka go tshwara dithuto tse di oketsegileng tsa Baebele tsa magae tse di nang le matswela. Seno se tla dira gore re dumalane thata le thato ya Modimo ya gore ‘batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.’—1 Timotheo 2:3, 4.

“Sa borataro: Mo lekgolong le le fetileng la dingwaga le mo go le re leng mo go lone, Basupi ba ga Jehofa mo dinageng tse dintsi ba ile ba lebana le mefuta e e farologaneng ya kganetso le ya pogiso. Mme Jehofa o itshupile a na le rona. (Baroma 8:31) Lefoko la gagwe le le se nang phoso le re tlhomamisetsa gore ga go na ‘sebetsa le fa e ka nna sefe se se tla bopiwang kgatlhanong le rona’ se se tla atlegang go re kgoreletsa kgotsa go re dira bonya, kgotsa go emisa tiro ya rona ya go rera ka Bogosi. (Isaia 54:17) Le fa re le mo pakeng e e dumelang kgotsa mo go ya matshwenyego, ga re na go emisa go bua boammaaruri. Re ikemiseditse go diragatsa thomo ya rona ya go rera le ya go ruta ka potlako. (2 Timotheo 4:1, 2) Maikaelelo a rona ke go nna le seabe ka botlalo ka mo re ka kgonang ka teng go bolelela batho ba ditšhaba tsotlhe ka Bogosi jwa Modimo. Ka jalo, ba tla tswelela ba bulegetswe ke sebaka sa go ithuta ka se re se rulaganyeditsweng gore re bone botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la tshiamo. Jaaka barutisi ba ba kopaneng ba Lefoko la Modimo, re ikemiseditse go tswelela re setse morago sekao sa Morutisi yo Mogolo, Jesu Keresete, le go bontsha dinonofo tsa gagwe tsa bomodimo. Seno sotlhe re se dira go tlotla le go baka Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo le Moneibotshelo, Jehofa Modimo.

“Tsweetswee a botlhe ba ba leng teng mo kopanong eno ba ba dumalanang le maitlamo ano, ba re EE!”

Fa batho ba ba 160 000 ba ba neng ba le teng kwa dikopanong tse tharo kwa Fora le ba ba 289  000 ba ba neng ba le kwa dikopanong tse robongwe kwa Italy ba ne ba bodiwa potso e e konelang ya maitlamo, ba ne ba goa ka “Ee” yo o kwa godimo ka dipuo tse dintsi tsa batlakopanong bano.