Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batla Modimo ka Pelo Le Mogopolo wa Gago

Batla Modimo ka Pelo Le Mogopolo wa Gago

 Batla Modimo ka Pelo Le Mogopolo wa Gago

Bokeresete jwa boammaaruri bo re kgothaletsa go dirisa pelo le mogopolo gore re nne le tumelo e e itumedisang Modimo.

TOTA e bile, mothei wa Bokeresete, Jesu Keresete, o ne a ruta gore re tshwanetse go rata Modimo ka ‘mogopolo wa rona otlhe,’ kana tlhaloganyo, mo godimo ga gore re mo rate ka “pelo yotlhe” le ka “moya otlhe.” (Mathaio 22:37) Ee, maatla a rona a go akanya a tshwanetse go nna le karolo e e botlhokwa mo kobamelong ya rona.

Gantsi fa Jesu a ne a kopa bareetsi ba gagwe gore ba akanye ka thuto ya gagwe, o ne a tle a re: “O akanyang?” (Mathaio 17:25; 18:12; 21:28; 22:42) Ka tsela e e tshwanang, moaposetoloi Petere o ne a kwalela badumedi ka ene gore a ‘kuruse bokgoni jwa bone jwa go akanya.’ (2 Petere 3:1) Morongwa wa bogologolo yo o etetseng mafelo a mantsi thata, e bong moaposetoloi Paulo, o ne a kgothaletsa Bakeresete go dirisa “maatla a [bone] a go akanya” le gore “[ba] iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” (Baroma 12:1, 2) Ke fela ka go sekaseka tumelo ya bone ka botlalo le ka kelotlhoko jalo Bakeresete ba ka kgonang go nna le tumelo e e itumedisang Modimo le e e ka dirang gore ba kgone go emelana le diteko tsa botshelo.—Bahebera 11:1, 6.

Go thusa ba bangwe go nna le tumelo e e ntseng jalo, bareri ba bogologolo ba Bakeresete ba ne ba “bontsha mabaka go tswa mo Dikwalong [ba] tlhalosa e bile [ba] ntsha bosupi” ka dilo tse go rutilweng ka tsone. (Ditiro 17:1-3) Go dira dilo ka tsela e e utlwalang jalo go ile ga dira gore batho ba ba dipelo tse di ikanyegang ba arabele sentle. Ka sekai, batho ba le mmalwa kwa motseng mongwe wa Makedonia wa Berea “ba ne ba amogela lefoko [la Modimo] ka mogopolo o o tlhagafetseng thata, ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno [tse  Paulo le ditsala tsa gagwe ba neng ba di tlhalosa] di ne di ntse jalo.” (Ditiro 17:11) Go na le dilo tse pedi tse re ka di elang tlhoko fano. Sa ntlha, Baberea ba ne ba tlhagafetse go reetsa Lefoko la Modimo; sa bobedi, ba ne ba sa amogele fela ba sa akanye ka dilo tse ba neng ba di utlwa gore a di siame, mme ba ne ba sekaseka gore a go ntse jalo mo Dikwalong. Morongwa wa Mokeresete e bong Luke o ne a akgola Baberea ka boikokobetso ka ntlha ya go dira seno, a re ba “na le mogopolo o o bulegileng.” A o itshupa o na le mogopolo o o bulegileng jalo ka tsela e o akanyang ka dilo tsa semoya ka yone?

Mogopolo le Pelo di Dirisana Mmogo

Jaaka go umakilwe pelenyana, kobamelo ya boammaaruri e akaretsa mogopolo le pelo. (Mareko 12:30) Akanya gape ka setshwantsho se se mo setlhogong se se fetileng sa motho yo o hirilweng go penta yo o neng a dirisa mebala e e sa siamang fa a ne a penta ntlo. Fa a ka bo a ile a reetsa ditaelo tsa mothapi wa gagwe sentle, o ka bo a ile a dira tiro ya gagwe ka peloyotlhe mme a tlhatswegile pelo gore mong wa gagwe o tla itumelela tiro ya gagwe. Go ntse fela jalo le mo kobamelong ya rona.

Jesu o ne a re “baobamedi ba boammaaruri ba tla [obamela] Rara ka moya le boammaaruri.” (Johane 4:23) Ka jalo, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Gape ke gone ka moo rona, . . . re sa kgaotsang go lo rapelela le go kopa gore lo tladiwe ka kitso ya boammaaruri ya thato ya gagwe ka botlhale jotlhe le go tlhaloganya ga semoya, gore lo tsamaye kafa go tshwanetseng Jehofa gore lo mo itumedise ka botlalo.” (Bakolosa 1:9, 10) “Kitso ya boammaaruri” e e ntseng jalo e dira gore batho ba ba tlhoafetseng ba dire ka peloyotlhe mo kobamelong ya bone ba na le tshepo e e feletseng gonne ba “obamela [se ba] se itseng.”—Johane 4:22.

Ka ntlha ya mabaka ano, Basupi ba ga Jehofa ga ba kolobetse masea kana batho ba ba sa tswang go kgatlhega ba ba sa ithutang Dikwalo ka kelotlhoko. Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe jaana: “Lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, . . . lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di laetseng.” (Mathaio 28:19, 20) Ke fela fa baithuti ba Baebele ba ba tlhoafetseng ba sena go nna le kitso ya boammaaruri ba ka kgonang go dira tshwetso e e utlwalang ka kgang ya kobamelo. A o leka go nna le kitso e e ntseng jalo ya boammaaruri?

Go Tlhaloganya Thapelo ya Morena

Go bona pharologano e e fa gare ga go nna le kitso ya boammaaruri ya Baebele le go itse fela se e se buang, a re sekasekeng se gantsi go tweng ke Rara wa Rona, kana Thapelo ya Morena, e e mo go Mathaio 6:9-13.

Dimilione di bua thapelo ya sekao ya ga Jesu ka tlhogo ka metlha kwa kerekeng. Mme ke ba le kae ba ba ileng ba rutiwa gore e kaya eng, segolobogolo karolo ya ntlha ya thapelo e e buang ka leina la Modimo le Bogosi jwa gagwe? Dintlha tseno di botlhokwa thata jaana mo e leng gore Jesu o ne a di baya kwa pele mo thapelong eno.

E simolola jaana: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe,” se se rayang go itshekisa kana go dira gore le nne boitshepo. Ela tlhoko gore Jesu o ne a re go rapelwe gore leina la Modimo le itshepisiwe. Mo bathong ba le bantsi, seo se tsosa bobotlana dipotso di le pedi. Sa ntlha, leina la Modimo ke mang? Sa bobedi, ke ka ntlha yang fa le tshwanetse go itshepisiwa?

Karabo ya potso ya ntlha e ka bonwa mo mafelong a a fetang 7 000 mo Baebeleng mo dipuong tse e neng e kwadilwe ka tsone la ntlha. Lefelo le lengwe ke mo go Pesalema 83:18: “Gore batho ba tle ba itse gore wena, yo leina la gago e leng Jehofa, Wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” Ekesodo 3:15 e bolela jaana malebana le leina la Modimo, Jehofa: “Leno ke leina la me ka bosakhutleng, mme seno ke segopotso sa me go tswa kokomaneng go ya kokomaneng.” * Mme ke ka ntlha yang fa leina la Modimo le le emelang boitsheko le boitshepo, le tlhoka go itshepisiwa? Ka gonne le ile la kgobiwa  le go tlhapadiwa go tloga fela kwa tshimologong ya hisitori ya batho.

Kwa Edena, Modimo o ne a raya Adame le Efa a re ba tla swa fa ba ka ja ga leungo le le ileditsweng. (Genesise 2:17) Satane ka lonyatso o ne a ganetsa Modimo, a raya Efa a re: “Ruri ga lo kitla lo swa.” Ka jalo, Satane o ne a latofatsa Modimo ka gore o bua maaka. Le fa go ntse jalo, ga a ka a felela foo. O ne a kgobelela kgobo e e oketsegileng mo leineng la Modimo, a bolelela Efa gore Modimo ga a dire sentle ka go mo kganela go bona kitso e e botlhokwa. “Gonne Modimo o a itse gore mo go lone letsatsi le lo jang [setlhare sa kitso ya molemo le bosula] ka lone ruri matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.” A bo e le go mo senya leina jang ne!—Genesise 3:4, 5.

Ka go ja leungo le le ileditsweng, Adame le Efa ba ne ba tsaya letlhakore la ga Satane. Fa e sa le ka nako eo, batho ba le bantsi, ba itse kana ba sa itse, ba ile ba oketsa kgobo eo ya ntlha ka go gana melao ya Modimo e e siameng. (1 Johane 5:19) Batho ba sa ntse ba senya Modimo leina ka go mo pega molato wa go bo ba boga—le fa gone e ka tswa e le ka ntlha ya ditsela tsa bone tse di bosula. Diane 19:3 ya re: “Bosilo jwa motho bo senya botshelo jwa gagwe, mme a bo a tshwara Morena ka pelo.” (The New English Bible) A o lemoga gore ke ka ntlha yang fa Jesu, yo o neng a rata Rraagwe tota, a ne a rapela gore leina la Gagwe le itshepisiwe?

“A Bogosi Jwa Gago bo Tle”

Fa Jesu a sena go rapela gore leina la Modimo le itshepisiwe, o ne a bolela jaana: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Re ka nna ra ipotsa jaana malebana le temana eo: ‘Bogosi jwa Modimo ke eng? Mme go tla ga jone go amana jang le go diragadiwa ga thato ya Modimo mo lefatsheng?’

Mo Baebeleng, lefoko “bogosi” totatota le raya “bobusi jwa kgosi.” Ka mo go utlwalang he, Bogosi jwa Modimo bo raya bobusi, kana puso ya Modimo, e e nang le kgosi e a e tlhophileng. Kgosi eno ga se ope fa e se Jesu Keresete yo o tsositsweng—“Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena.” (Tshenolo 19:16; Daniele 7:13, 14) Moporofeti Daniele o ne a kwala jaana malebana le Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia jo bo mo maatleng a ga Jesu Keresete: “Mme mo metlheng ya dikgosi tseo [mebuso ya batho e e busang gone jaanong] Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng,” se se rayang gore bo tla nnela ruri.—Daniele 2:44.

Ee, Bogosi jwa Modimo bo tla laola lefatshe ka botlalo, bo tlosa batho botlhe ba ba boikepo mme bo tla busa “ka bosakhutleng,” e leng goyagoile. Ka tsela eno, Bogosi jwa Modimo ke tsela e ka yone Jehofa a tla itshepisang leina la gagwe ka yone, a tlosa kgobo yotlhe ya maaka a ga Satane le batho ba ba boikepo mo go lone.—Esekiele 36:23.

Jaaka mebuso e mengwe yotlhe, Bogosi jwa Modimo bo na le babusiwa. Ke bomang? Baebele e araba jaana: “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, Ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” (Pesalema 37:11) Ka mo go tshwanang, Jesu o ne a bolela jaana: “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.” Mme batho bano ba na le kitso ya boammaaruri kaga Modimo, e leng selo se se tlhokegang go bona botshelo.—Mathaio 5:5; Johane 17:3.

A o ka kgona go akanya ka nako ya fa lefatshe lotlhe le tla bo le tletse ka batho ba ba bonolo, ba ba pelonomi ba ba ratang Modimo tota ba bile ba ratana bone ka bobone? (1 Johane 4:7, 8) Ke se Jesu a neng a se rapelela fa a ne a re: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” A o tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela ka tsela eno? Se se botlhokwa le go feta, a o bona kafa go diragadiwa ga thapelo eo go ka go amang ka namana ka teng?

Gone Jaanong Dimilione di Bontsha Mabaka ka Dikwalo

Jesu o ne a bolelela pele ka letsholo la thuto ya semoya ya lefatshe lotlhe le le neng le tla itsise ka Bogosi jwa Modimo jo bo tlang. O ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e  nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo [jwa lefatshe leno, kana tsamaiso eno] bo tla tla.”—Mathaio 24:14.

Go ralala lefatshe Basupi ba ga Jehofa ba ba ka nnang dimilione di le thataro ba bolelela baagelani ba bone ka dikgang tse di molemo tseo. Ba go laletsa gore o ithute mo go oketsegileng ka Modimo le ka Bogosi jwa gagwe ka “go tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko,” o dirisa maatla a gago a go akanya. Go dira jalo go tla nonotsha tumelo ya gago e bile go tla dira gore o itumelele tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng la paradaise, le le tla bong le “[tletse] kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”—Isaia 11:6-9.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 14 Bakanoki bangwe ba rata thanolo ya “Yahweh” go na le “Jehofa.” Le fa go ntse jalo, bontsi jwa baranodi ba Baebele ba bosheng ba ile ba tlosa leina la Modimo mo dithanolong tsa bone ka ditsela tsotlhe tsa lone ba le emisetsa ka direto tsa kakaretso tsa “Morena” kana “Modimo.” Go bona tlhaloso e e tseneletseng ya leina la Modimo, tsweetswee bona boroutšhara jwa Leina la Modimo Leo le Tla Nnelang Ruri, jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

 [Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]

Etsa Morutisi Yo Mogolo

Gantsi Jesu o ne a ruta ka go bua ka dikgang dingwe tse di rileng tsa Baebele. Ka sekai, morago ga tsogo ya gagwe o ne a tlhalosetsa barutwa ba babedi ba ba neng ba akabaditswe ke loso lwa gagwe seabe sa gagwe mo maikaelelong a Modimo. Luke 24:27 ya re: “A simolola kwa go Moshe le Baporofeti botlhe a ba phuthololela dilo tse di ka ga gagwe mo Dikwalong tsotlhe.”

Tlhokomela gore Jesu o ne a tlhopha kgang nngwe e e rileng—a bua “ka ga gagwe,” jaaka Mesia—e bile gape o ne a nopola mo “Dikwalong tsotlhe” mo puisanong ya gagwe. Totatota, Jesu o ne a golaganya ditemana tse di tsamaisanang tsa Baebele sentle jaaka malepa, se se neng se dira gore barutwa ba gagwe ba kgone go bona boammaaruri jwa semoya ka phepafalo. (2 Timotheo 1:13) Ka ntlha ya seo, ba ne ba sa newe tshedimosetso fela mme gape ba ne ba amiwa maikutlo. Pego eo e re bolelela jaana: “Mme ba raana ba re: ‘A dipelo tsa rona di ne tsa se ka tsa tuka fa a ne a ntse a bua le rona mo tseleng, fa a ne a ntse a re bulela Dikwalo ka botlalo?’”—Luke 24:32.

Basupi ba ga Jehofa ba leka ka thata go etsa mekgwa ya ga Jesu mo bodireding jwa bone. Didirisiwa tsa bone tsa konokono tsa go ithuta ke boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? le buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Dibuka tseno di bua ka ditlhogo tse dintsi thata tse di kgatlhang tsa Baebele, tse di jaaka “Modimo ke Mang?,” “Ke Eng fa Modimo o Letlile Pogo Gore e Tswelele?,” “O ka Bona Jang Bodumedi Jwa Boammaaruri?,” “Eno ke Metlha ya Bofelo!,” le “Go Aga Lelapa le le Tlotlang Modimo.” Thuto nngwe le nngwe e na le dikwalo di le mmalwa.

O ka kwalela Basupi ba ga Jehofa mo lefelong la gaeno kgotsa wa kwalela kwa atereseng e e mo tsebeng ya 2 ya makasine ono gore o tshwarelwe thuto ya mahala ya legae ya Baebele ka ditlhogo tseno le tse dingwe.

[Setshwantsho]

Fitlhelela pelo ya seithuti sa gago ka go bua ka dikgang tse di rileng tsa Baebele

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

A o tlhaloganya bokao jwa thapelo ya ga Jesu ya sekao?

“Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe . . . ”

“A bogosi jwa gago [jwa Bomesia] bo tle . . . ”

“A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong”