Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boeteledipele jo bo Molemo Kgwetlho ya Lefatshe Lotlhe

Boeteledipele jo bo Molemo Kgwetlho ya Lefatshe Lotlhe

 Boeteledipele jo bo Molemo Kgwetlho ya Lefatshe Lotlhe

Monna yoo e ne e le mokwadi le mmoki. O ne a na le tsholofelo e ntle ka isagwe. Dingwaga tse di ka nnang 90 tse di fetileng, o ne a akanya ka lefelo “le mo go lone motho a sa akanyeng ka go boifa; mo motho a akanyang fela ka dilo tse dintle; mo motho a sa tlhokeng go duelela go bona kitso; mo lefatshe le sa kgaoganngwang ke melelwane ya boditšhaba teng; mo go buiwang boammaaruri gone; [le] moo fa batho ba dira matsapa ba ka kgonang go atamela thata botshelo jwa go itekanela.”

MME morago ga foo mokwadi yono o ne a tlhalosa fa a solofela gore ka letsatsi lengwe naga ya gagwe le lefatshe lotlhe le tla iphitlhela le le mo maemong a a ntseng jalo. Fa mmoki yono yo o ileng a gapa Sekgele sa Nobel a ne a sa ntse a tshela gompieno, o ka bo a ile a kgobega marapo thata. Le mororo lefatshe le gatetse pele thata e bile le na le dilo tse dintsi tse le di fitlheletseng, le kgaoganye go feta le fa e le leng pele. Mme tebelelo e batho ka kakaretso ba nang le yone ka isagwe e letobo.

Fa molemirui mongwe a ne a bodiwa gore thubakanyo e e ileng ya tlhagoga ka tshoganyetso mo dikarolong dingwe tsa naga ya gaabo di bakilwe ke eng, o ne a tlhalosa se a neng a akanya e le lengwe la mabaka a gone. O ne a bolela jaana: “Ke ka ntlha ya baeteledipele ba ba sa siamang.” Mo bukeng ya gagwe ya Humanity—A Moral History of the Twentieth Century, mokwalahisitori Jonathan Glover o ne a tlhalosa boikutlo jo bo tshwanang, ka go bolela jaana: “Kgailo ya morafe [mo go yone naga eo] ga ya bakiwa ke letlhoo la setso le le simologileng ka tshoganyetso fela, e ne e rulagantswe ke batho ba ba neng ba sa batle go latlhegelwa ke maatla a bone.”

 Fa ntwa e ne e runya gareng ga direpaboliki tsa se pele e neng e le Yugoslavia mo tshimologong ya bo1990, mokwadi mongwe wa dikgang o ne a kwala jaana: “Re ne re tshela mmogo ka boitumelo ka dingwaga di le dintsi mme gone jaanong maemo a senyegile thata jaana mo e bileng re bolaanelanang masea a rona. Go diragala eng ka rona?”

Dikilometara di le dintsi go tloga kwa Yuropa le mo Afrika ke naga ya India, lefelo le mmoki yo o umakilweng kwa tshimologong a tsholetsweng gone. Mo thutong nngwe ya tlhatlhelelo ya setlhogo se se reng “A India e ka Falola e le Setšhaba se le Sengwe?,” mokwadi Pranay Gupte o ne a bolela jaana: ‘Diperesente tse di ka nnang 70 tsa baagi ba bantsi ba India ba kafa tlase ga dingwaga tse 30, le fa go ntse jalo, ga go na baeteledipele ba ba ka ba tlhomelang sekao.’

Kwa dinageng dingwe, baeteledipele ba ne ba tshwanela go rola marapo ka ntlha ya go bonwa molato wa tsietso. Ka gone, ka ntlha ya mabaka a a farologaneng, go bonala lefatshe le na le mathata a boeteledipele. Maemo a bontsha gore mafoko a moporofeti mongwe yo o kileng a tshela dingwaga tse di ka nnang 2 600 tse di fetileng a boammaaruri. O ne a re: “Tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.”—Jeremia 10:23.

A go na le tsela nngwe ya go rarabolola tlalelo eno ya lefatshe? Ke mang yo o ka etelelang batho pele go dira gore lefatshe le se ka la farafarwa ke dintwa kana ba se ka ba tshela ka poifo, lefatshe le le tletseng ka kitso ya boammaaruri e e bonwang mahala e bile e le ntsi le mo go lone batho ba nnang ba itekanela kgato ka kgato?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Fatmir Boshnjaku