Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kolobetso ya ga Clovis Dingwaga di le 1 500 Tsa Bokatoliki Kwa Fora

Kolobetso ya ga Clovis Dingwaga di le 1 500 Tsa Bokatoliki Kwa Fora

 Kolobetso ya ga Clovis Dingwaga di le 1 500 Tsa Bokatoliki Kwa Fora

MOLAETSA o o neng o tsamaya le bomo ya maitirelo e e fitlhetsweng kwa kerekeng ya Fora e Mopapa John Paul II a neng a tlile go e etela ka September 1996 o ne o re, “Mo leineng la Mopapa, thuu.” Seno e ne e le sekai se se feteletseng sa go ema kgatlhanong le loeto lwa gagwe lwa botlhano kwa nageng ya Fora. Le fa go ntse jalo, mo ngwageng oo go ne ga tla batho ba ka nna 200 000 kwa toropong ya Fora ya Reims go tla go keteka le mopapa segopotso tsa bo1 500 sa go sokologela ga ga Kgosi ya Mo-Frank, e bong Clovis, mo Bokatoliking. Kgosi eno e kolobetso ya yone e bidiwang kolobetso ya Fora e ne e le mang? Mme ke ka ntlha yang fa go ketekwa ga yone go tsositse kganetsano e kana kana?

Mmusomogolo o o Wang

Clovis o tshotswe mo e ka nnang ka 466 C.E., e le morwa Childeric I, kgosi ya Salian Franks. Morago ga gore ba fenngwe ke Baroma ka 358 C.E., lotso lono lwa Bajeremane lo ne lwa letlwa go thibelela kwa nageng e gone jaana e leng Belgium, fa fela ba ne ba ka sireletsa molelwane le go naya mophato wa sesole wa Baroma masole. Go amana thata ga Bafora le Baroma mo go neng ga latela go ne ga felela ka gore ka bonya ka bonya Ba-Frank bano ba fetoge Baroma. Childeric I e ne e le mothusi wa Baroma, a lwa le ditso tsa Bajeremane, tse di jaaka Ba-Visigoth le Ba-Saxon. Seno se ne sa dira gore Bafora le Baroma ba mo leboge.

Porofense ya Roma ya Gaul e ne e simolola kwa Nokeng ya Rhine, kwa bokone, go ya kwa Pyrenees, kwa borwa. Le fa go ntse jalo, morago ga loso lwa Mojenerale Aetius ka 454 C.E., go ne go se na puso mo nageng eo. Mo godimo ga moo, go wa ga ga Romulus Augustulus, mmusimogolo wa bofelo wa Roma, ka 476 C.E. le go khutla ga karolo e e kwa bophirima ya Mmusomogolo wa Roma di ne tsa dira gore go nne le dikhuduego tse dikgolo tsa sepolotiki mo kgaolong eo. Ka ntlha ya seo, Gaul o ne a tshwana le leungo le le buduleng la feige le le emetseng go kgetlwa ke longwe lwa ditso tse di neng di thibeletse mo melelwaneng ya gagwe. Ga go gakgamatse gore fa Clovis a sena go tlhatlhama rraagwe, o ne a simolola go batla go atolosa melelwane ya bogosi jwa gagwe. Ka 486 C.E., o ne a fenya moemedi wa bofelo wa Roma kwa Gaul kwa ntweng e e neng e lwelwa gaufi le motse wa Soissons. Phenyo eno e ne ya mo naya taolo mo kgaolong yotlhe e e fa gare ga noka ya Somme, kwa bokone, le noka ya Loire, kwa bogare le bophirima jwa Gaul.

Monna Yo o Neng a Tlile go Nna Kgosi

Go farologana le ditso tse dingwe tsa Bajeremane, Ba-Frank ba ne ba ntse e le baheitane. Le fa go ntse jalo, fa Clovis a ne a nyala morwadiakgosi ya Burgundy, e bong Clotilda, seo se  ne sa ama botshelo jwa gagwe thata. E re ka Clotilda e ne e le Mokatoliki yo o tlhoafetseng, o ne a sa ipone tsapa ka go batla go sokolola monna wa gagwe. Go ya ka hisitori e e neng ya kwalwa mo lekgolong la borataro la dingwaga C.E. ke Gregory wa kwa Tours, Clovis o ne a solofetsa go tlogela boheitane fa Modimo wa ga Clotilda a ne a ka dira gore a fenye ka 496 C.E., kwa ntweng ya Tolbiac (Zülpich, kwa Jeremane). Le fa masole a ga Clovis a ne a batlile a fenngwa, kgosi ya Alemanni e ne ya bolawa mme masole a yone a ineela. Mme go ya ka Clovis, Modimo wa ga Clotilda o ne o mo neile phenyo. Go ya ka polelo ya bogologolo, Clovis o ne a kolobediwa ke “Moitshepi” Remigius kwa kerekeng ya Reims, ka December 25, 496 C.E. Le fa go ntse jalo, bangwe ba dumela gore go lebega a kolobeditswe moragonyana ka 498/9 C.E.

Maiteko a ga Clovis a go gapa bogosi jwa Burgundy go ela kwa borwabotlhaba a ne a itaya se fololetse. Mme letsholo la gagwe kgatlhanong le Ba-Visigoth le ne la atlega fa a ne a ba fenya kwa Vouillé gaufi le Poitiers, ka 507 C.E., e leng phenyo e e neng ya mo naya taolo ya karolo e kgolo ya borwabophirima jwa Gaul. E le go tlotla phenyo eno, mmusimogolo wa Mmusomogolo wa Roma wa Botlhaba, e bong Anastasius o ne a naya Clovis maemo a go nna moemedi wa puso. Ka jalo o ne a na le maemo a a fetang a dikgosi tse dingwe tsotlhe tsa bophirima, mme puso ya gagwe e ne ya dirwa gore e nne kafa molaong mo bathong ba Fora le ba Roma.

Clovis o ne a dira Paris motsemogolo wa gagwe, ka gonne a ne a beile karolo ya naga ya Ba-Frank ba ba neng ba nna go bapa le noka ya Rhine kafa tlase ga taolo ya gagwe. Mo dingwageng tsa bofelo tsa botshelo jwa gagwe, o ne a nonotsha bogosi jwa gagwe ka go bo direla thulaganyo ya melawana ya semolao, e bong Lex Salica, le ka go bitsa lekgotla la dikereke kwa Orléans go tla go tlhalosa tirisano fa gare ga Kereke le Puso. Fa a ne a tlhokafala, mo go tshwanetseng ga bo go diragetse ka November 27, 511 C.E., e ne e le ene fela mmusi wa kgaolo ya dikwatara tse tharo tsa Gaul.

The New Encyclopædia Britannica e bitsa go sokologela tumelong ya Bokatoliki ga ga Clovis e re ke “tiragalo ya botlhokwa thata mo hisitoring ya Yuropa bophirima.” Ke ka ntlha yang fa go sokologa ga kgosi eno ya moheitane go ne go le botlhokwa go le kalo? Go botlhokwa ka ntlha ya gore Clovis o ne a tlhopha Bokatoliki e seng Bo-Arius.

Kganetsanyo ya Bo-Arius

Mo e ka nnang ka 320 C.E., Arius, moruti wa Alexandria, kwa Egepeto, o ne a simolola go anamisa megopolo e e feteletseng malebana le Tharonngwe. Arius o ne a sa dumele gore Morwa o ne a tshwana le Rara. Morwa e ka se nne Modimo kgotsa a lekana le Rara, ka gonne ene o na le tshimologo. (Bakolosa 1:15) Arius o ne a dumela gore  moya o o boitshepo one ke motho mme o kwa tlase ga Rara le Morwa. Thuto eno e e neng ya ratwa thata, e ne ya tsosa kganetso e e mahehe mo teng ga kereke. Ka 325 C.E., kwa Lekgotleng la Nicea, Aruis o ne a isiwa botshwarwa mme dithuto tsa gagwe tsa kgalwa. *

Le fa go ntse jalo, seno ga se a ka sa emisa kganetsano. Kganetsano ka dithuto tsa motheo e ne ya tswelela ka dingwaga di ka nna 60, mme babusibagolo ba ba neng ba ntse ba tlhatlhamana ba ne ba ema nokeng diphathi ka go farologana ga tsone. La bofelo, ka 392 C.E., Mmusimogolo Theodosius I o ne a dira gore tumelokgolo ya Bokatoliki, le thuto ya jone ya Tharonngwe, e nne bodumedi jwa Puso jwa Mmusomogolo wa Roma. Go ntse go le jalo, bishopo wa Mojeremane e bong Ulfilas o ne a sokololetse Ba-Goth mo tumelong ya Bo-Arius. Ditso tse dingwe tsa Bajeremane di ne tsa potlakela go amogela mofuta ono wa “Bokeresete.” *

Ka motlha wa ga Clovis, Kereke ya Katoliki kwa Gaul e ne e le mo mathateng. Ba-Visigoth ba Arius ba ne ba leka go gatelela Bokatoliki ka go gana go dumela gore bobishopo ba ba tlhokafetseng ba emisediwe ka ba bangwe. Mo godimo ga moo, kereke e ne e kgaratlha fa gare ga makoko a mabedi a bomopapa, mme baruti ba makoko a a ganetsanang ba ne ba bolaana kwa Roma. Mo godimo ga tlhakantsuke eno, bakwadi bangwe ba Bakatoliki ba ne ba bolela gore bokhutlo jwa lefatshe bo ne bo tla tla ka ngwaga wa 500 C.E. Ka jalo, go sokololelwa ga mofenyi wa Mo-Frank mo Bokatoliking go ne go lejwa e le tiragalo e e molemo thata e e neng e eteletse pele “mileniamo o mosha wa baitshepi.”

Mme gone maikaelelo a ga Clovis e ne e le eng? Le fa go ka se tlhokomologiwe gore o ne a na le maitlhomo ka tsa bodumedi, ga go na pelaelo gore o ne a akantse ka mekgele ya bopolotiki. Ka go tlhopha Bokatoliki, Clovis o ne a amogelwa ke batho ba Fora le ba Roma ba bontsi jwa bone e leng Bakatoliki e bile o ne a engwe nokeng ke ditlhopha tsa baruti tsa kereke. Seno se ne sa dira gore a fenye baba ba gagwe ba sepolotiki. The New Encyclopædia Britannica e bolela gore “go fenya ga gagwe Gaul e ne ya nna ntwa ya go gololesega mo jokweng ya bakgelogi ba ba tlhoilweng ba Ba-Arius.”

Tota Clovis E ne E le Motho yo o Ntseng Jang?

Pele ga mokete wa 1996, bishopomogolo wa Reims, Gérard Defois o ne a tlhalosa Clovis a re ke “sekai sa motho yo go sokololwa ga gagwe go neng go akanyeditswe ka kelotlhoko.” Le fa go ntse jalo, rahisitori wa Mofora Ernest Lavisse o ne a akgela jaana: “Go sokololwa ga ga Clovis ga go a ka ga fetola botho jwa gagwe ka gope, thuto e  e bonolo e e kagiso ya Efangele ga e a ka ya ama pelo ya gagwe.” Rahisitori yo mongwe o ne a bolela jaana: “Go na le go rapela Odin [modimo wa Scandinavia], o ne a rapela Keresete mme ga a fetoga mo go se a neng a le sone pele.” Boitshwaro jwa ga Clovis bo tshwana le jwa ga Constantine fa go sena gotwe o sokologetse mo Bokereseteng, ka gonne o ne a ikemisetsa go nonotsha bobusi jwa gagwe ka go re ka bonya ka bonya a bolaye baganetsi botlhe ba ba neng ba ka busa. O ne a fedisa “batho botlhe ba losika lwa gagwe le ba e neng e le masika a a kgakala.”

Fa Clovis a sena go tlhokafala, go ne ga simololwa go dira dikinane tse di neng di tlile go mo dira moitshepi go na le go nna motlhabani yo o setlhogo. Pego ya Gregory wa kwa Tours, e e kwadilweng mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo moragonyana, e lejwa e le maiteko a go amanya Clovis le Constantine, yo e neng e le mmusimogolo wa ntlha wa Moroma go amogela “Bokeresete.” Mme go lebega Gregory a leka go mo tshwantshanya le Keresete ka go bolela gore Clovis o ne a na le dingwaga di le 30 fa a ne a kolobediwa.—Luke 3:23.

Tiragalo eno e ne ya tsweledisiwa mo lekgolong la borobongwe la dingwaga ke Hincmar, bishopo wa Reims. Fa dikereke tse dikgolo di ne di kgaratlhela go nna le baeti ba sedumedi, go bonala maikaelelo a polelo ya botshelo jwa motho yo a neng a busa pele ga gagwe, e bong “Moitshepi” Remigius, e ne e le go oketsa botumo jwa kereke ya gagwe le go e humisa. Mo pegong ya gagwe, fa Clovis a ne a kolobediwa go ne ga tla lephoi le lesweu le tlisitse kurwana ya leokwane go mo tlotsa—e ka phepafalo e amanang le go tlodiwa ga ga Jesu ka moya o o boitshepo. (Mathaio 3:16) Ka jalo Hincmar o ne a amanya Clovis, Reims, le bogosi mme a dira gore go dumelwe gore Clovis e ne e le motlodiwa wa Morena. *

Segopotso sa Dikganetsano

Poresidente wa pele wa Fora Charles de Gaulle o kile a re: “Go ya ka pono ya me, hisitori ya Fora e simolola ka Clovis, fa a ne a tlhophiwa go nna kgosi ya Fora ke lotso lwa Ba-Frank, ba ba neileng Fora leina la bone.” Le fa go ntse jalo, ga se mongwe le mongwe yo o bonang dilo ka tsela e e ntseng jalo. Go ne go na le dikganetsano ka go ketekwa ga segopotso sa bo1 500 sa kolobetso ya ga Clovis. Mo setšhabeng se mo go sone Kereke le Puso di kgaogantsweng semolao fa e sa le go tloga ka 1905, batho ba bantsi ba ile ba tshwaya phoso go tsaya karolo ga Puso mo go se ba neng ba se tsaya e le mokete wa bodumedi. Fa lekgotla la toropo ya Reims le ne le itsise maikaelelo a lone a go duelela serala se se neng se tlile go dirisiwa ka nako ya loeto lwa mopapa, lekgotla lengwe le ne la dira gore tshwetso eo e tshololwe kwa kgotlatshekelo jaaka e e seng kafa molaong. Ba bangwe ba ne ba na le maikutlo a gore kereke e ne e leka gape go simolola go laola Fora mo go tsa boitsholo le tsa botshelo. Se se neng sa dira gore kgang ya mokete oo e raraane le go feta ke go tsewa ga ga Clovis e le letshwao la phati ya bogateledi ya National Front le ditlhopha tsa bangangatlela tumelo ba Bakatoliki.

Ba bangwe ba ne ba tshwaya mokete oo phoso go ya ka pono ya hisitori. Ba ne ba re kolobetso ya ga Clovis ga e a sokololela Fora mo Bokatoliking, ka gonne bodumedi jono bo ne bo setse bo jadilwe mo bathong ba Fora le ba Roma. Gape ba ne ba bolela gore kolobetso ya gagwe ga e tshwaye go tsalwa ga setšhaba sa Fora. Ba ne ba tsaya seno se tshwanetse go tsewa se diragetse fa bogosi jwa ga Charlemagne bo ne bo kgaoganngwa ka 843 C.E., se se dirang Charles the Bald, e seng Clovis, kgosi ya ntlha ya Fora.

 Dingwaga Tse 1 500 Tsa Bokatoliki

Bokatoliki bo tsweletse jang kwa Fora gompieno morago ga dingwaga di feta 1 500 e le “morwadi yo mogolo wa Kereke”? Go fitlha ka 1938, Fora e ne e na le palo e kgolo go di feta tsotlhe mo lefatsheng ya Bakatoliki ba ba kolobeditsweng. Jaanong e mo boemong jwa borataro, fa morago ga dinaga tse di tshwanang le Philippines le United States. Mme le fa go na le Bakatoliki ba le dimilione tse 45 kwa Fora, ke ba le dimilione tse 6 fela ba ba yang Mmiseng ka metlha. Patlisiso ya bosheng mo Bakatoliking ba Bafora e ne ya senola gore diperesente di le 64 tsa bone “ga ba tseye tsiya dithuto tsa Kereke mo dikgannyeng tsa tlhakanelodikobo,” mme mo diperesenteng di le 5 tsa bone, Jesu ga a emele “sepe gotlhelele.” Mekgwa e e ntseng jalo e e maswe ke yone e neng ya dira gore mopapa a botse jaana fa a ne a etetse kwa Fora ka 1980: “Fora, o dirileng ka ditsholofetso tsa kolobetso ya gago?”

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 12 Bona Tora ya Tebelo, August 1, 1984, tsebe 24 (ka Seesemane).

^ ser. 13 Bona Tora ya Tebelo, May 15, 1994, ditsebe 8-9.

^ ser. 19 Leina Louis le tsewa mo go Clovis, yo dikgosi tse 19 tsa Fora (go akaretsa Louis XVII le Louis-Philippe) di teeletsweng ka ene.

[Mmapa mo go tsebe 27]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

BA-SAXON

Noka ya Rhine

Noka ya Somme

Soissons

Reims

Paris

GAUL

Noka ya Loire

Vouillé

Poitiers

PYRENEES

BA-VISIGOTH

Roma

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Kolobetso ya ga Clovis go ya ka mokwalo wa seatla wa lekgolo la bo14 la dingwaga

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Cliché Bibliothèque nationale de France, Paris

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Leje le le betlilweng la kolobetso ya ga Clovis (fa gare) ka fa ntle ga Reims Cathedral, kwa Fora

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Loeto lwa ga John Paul II kwa Fora go ya go keteka kolobetso ya ga Clovis le ne la baka kganetsano