Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefelo la go Iphitlhela Phefo

Lefelo la go Iphitlhela Phefo

 Lefelo la go Iphitlhela Phefo

KWA godimo mo dithabeng tsa Yuropa tse go tlhogang dimela tsa alpine mo go tsone, o tla fitlhela go na le ditlhatshana tse di kitlaneng tse di bidiwang alpine rose. Semela seno se sekhutshwane se se bidiwang rhododendron gantsi se gola mo ditlhatshaneng tse di kitlaneng tse di golelang fa fatshe gore di itshireletse mo diphefong tse di bogale tse di tswang mo gare ga dithaba. Phefo e e sa kgaotseng e tshosetsa botshelo jwa dimela tsa alpine ka gonne e dira gore themperetšha e ye kwa tlase le go omeletsa phefo le mmu, e bile e a di kumola.

Gantsi semela sa alpine rose ga se senngwe ke phefo ka gonne se golela mo teng ga mapharo a mafika. Le fa mmu o se montsi mo mafelong ao, mapharo a mafika a se sireletsa mo phefong mme a dira gore semela se kgone go tshwara metsi lobaka lo loleele. Dimela tseno tsa rhododendron ga di bonale nako e ntsi mo ngwageng, mme ka selemo di kgabisa thaba ya tsone ka dithunya tse di bohibidu jo bo galotseng.

Moporofeti Isaia o ne a tlhalosa gore Modimo o ne a tla tlhoma “dikgosana,” mme mongwe le mongwe wa tsone o ne a tla nna “lefelo la go iphitlhela phefo.” (Isaia 32:1, 2) Kafa tlase ga kaelo ya Kgosi, Keresete Jesu, dikgosana tseno tsa semoya, kgotsa balebedi, ba ne ba tla nna jaaka mafika a a tlhomameng, a a nitameng mo dinakong tsa matshwenyego kgotsa tsa pogisego. Ba ne ba tla sireletsa ba ba lebanweng ke pitlagano mme ba thuse ba ba tlhokang gore ba dibele dipolokelo tsa bone tsa metsi a semoya tse di tswang mo Lefokong la Modimo.

Diphefo tsa pogiso, go kgobega marapo, kgotsa bolwetse di ka tlhasela Mokeresete gantsintsi, di dira gore tumelo ya gagwe e koafale fa a sa sirelediwe. Bagolwane ba Bakeresete ba ka mo naya tshireletso ka go reetsa mathata a gagwe ka kelotlhoko, ka go mo naya kgakololo e e theilweng mo Baebeleng, le ka go mo kgothatsa kgotsa go mo naya thuso e e ka mo solegelang molemo. Jaaka Kgosi ya bone e e tlhomilweng, Jesu Keresete, ba batla go thusa ba ba “gasameng.” (Mathaio 9:36) Mme ba rata go thusa ba bangwe ba ba gobaditsweng ke diphefo tsa dithuto tsa maaka. (Baefeso 4:14) Thuso e e ntseng jalo e ka nna botlhokwa thata fa e fitlha ka nako e e tshwanetseng.

Miriam o tlhalosa jaana, “Ke ne ka tlelwa ke nako e e hutsafatsang thata mo botshelong jwa me fa ditsala tsa me tse dikgolo di ne di tlogela phuthego, mme ka yone nako eo, rre a tshwarwa ke bolwetse jwa go tshologa madi a mantsi thata mo bobokong. Ke ne ka leka go fenya go tshwenyega thata mo maikutlong ka go simolola go intsha le mosimane wa lefatshe. Go ise go ye kae morago ga moo, ka go bo ke ne ke ikutlwa ke se motho wa sepe, ke ne ka itsise bagolwane ba phuthego gore ke dirile tshwetso ya go tlogela boammaaruri, ka gonne ke ne ke tlhomamisegile gore Jehofa ga a nthate.

“Mo nakong eno e e thata, mogolwane mongwe yo o kutlwelobotlhoko o ne a nkgakolola dingwaga tse ka tsone ke neng ke direla ke le modiredi wa mmulatsela wa ka metlha. O ne a mpolelela gore o ne a tlhola a kgatlhwa ke boikanyego jwa me, mme o ne a nkopa ka bopelonomi gore ke letle bagolwane ba nthuse, gore ba ntlhomamisetse gore Jehofa o a nthata. Go amega ga bone mo go lorato ka nako eno e e botlhokwa thata go ne go tshwana le ‘lefelo la go iphitlha’ ka nako ya fa matsubutsubu a semoya a ne a mpotile kafa le kafa. Mo lobakeng lwa kgwedi, ke ne ka fedisa botsalano jwa me le mosimane yo ke neng ke ratana le ene, mme fa e sa le go simolola ka nako eo, ke ntse ke tsamaya mo tseleng ya boammaaruri.”

Bagolwane ba ikutlwa ba duelwa fa ba bona Bakeresete mmogo le bone ba tsweletse sentle semoyeng, ka ntlha ya tshireletso e ba e neilweng ka nako e e tshwanetseng. Mme ‘mafelo ano a go iphitlha’ a re naya tshono ya gore gone jaanong re latswe thuso ya semoya e e tla bong e le ntsi e re tla itumelelang go nna le yone ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete.