Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba ne Ba Itshokela Mebitlwa mo Nameng

Ba ne Ba Itshokela Mebitlwa mo Nameng

 Ba ne Ba Itshokela Mebitlwa mo Nameng

“Ke ne ka tsenngwa mutlwa mo nameng, moengele wa ga Satane, gore a nne a mphantse.”—2 BAKORINTHA 12:7.

1. Mangwe a mathata a batho ba lebaneng nao gompieno ke afe?

A GO na le teko nngwe e e sa feleng e o e itshoketseng? Fa go ntse jalo, ga o esi. Mo ‘dinakong tseno tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone,’ Bakeresete ba ba ikanyegang ba lebane le kganetso e e botlhoko, mathata a lelapa, malwetse, go tlhobaela ka tsa itsholelo, go tshwenyega mo maikutlong, go swelwa ke baratiwa ba bone le mathata a mangwe. (2 Timotheo 3:1-5) Mo dinageng dingwe, batho ba le bantsi ba mo kotsing ka ntlha ya ditlhaelo tsa dijo le dintwa.

2, 3. Mathata a e keteng mutlwa a re lebanang le one a ka tsala boikutlo bofe jo bo sa siamang, mme seo se ka nna kotsi ka tsela efe?

2 Mathata a a ntseng jalo a ka dira gore motho a ikutlwe e kete o fekeeditswe gotlhelele, bogolo jang fa a welwa ke mathata a le mmalwa ka nako e le nngwe fela. Ela tlhoko gore Diane 24:10 ya reng: “A o itshupile o kgobegile marapo mo letsatsing la matshwenyego? Maatla a gago a tla tlhaela.” Ee, fa re kgobiwa marapo ke diteko tse re nang le tsone re ka felelwa ke maatla a re a tlhokang thata e bile maikemisetso a rona a go itshoka go fitlha kwa bokhutlong a ka koafala. Jang?

3 Ebu, go kgobega marapo go ka dira gore re se ka ra leba dilo sentle. Ka sekai, go motlhofo gore re tshwenyege mo go feteletseng ka mathata a rona re bo re simolola go ikutlwela botlhoko. Bangwe ba ka nna ba bo ba ikuela kwa Modimong ba re, “Ke eng fa o ntlogela ke boga jaana?” Fa boikutlo jono jo bo sa siamang bo ka nwelelela mo pelong ya motho, bo ka dira gore a felelwe ke boitumelo le tsholofelo. Motlhanka wa Modimo a ka kgobega marapo mo e leng gore a ka ba a tlogela go tlhabana “tlhabano e e molemo ya tumelo.”—1 Timotheo 6:12.

4, 5. Mo mabakeng a mangwe, Satane o na le seabe sefe mo mathateng a rona, mme re ka tlhomamisega ka eng?

4 Ruri Jehofa Modimo ga se ene a re bakelang diteko. (Jakobe 1:13) Diteko dingwe di re tlela fela ka gonne re leka go ikanyega mo go ene. E bile, batho botlhe ba ba direlang Jehofa ba ipaya mo kotsing ya go tlhaselwa ke mmaba wa gagwe yo mogolo, Satane Diabolo. Mo nakong e khutshwane e e saletseng ‘modimo oo wa tsamaiso eno ya dilo’ yo o boikepo, o leka go dira gore ope fela yo o ratang Jehofa a tlogele go dira thato ya Gagwe. (2 Bakorintha 4:4) Satane o bogisa bakaulengwe ba rona botlhe go dikologa lefatshe thata kafa a ka kgonang ka teng. (1 Petere 5:9) Gone ke boammaaruri gore Satane ga se ene a re bakelang mathata otlhe a re nang nao ka tlhamalalo, mme a ka dirisa mathata a re lebanang nao go leka go re koafaletsa pele.

5 Mme gone, le fa Satane kgotsa dibetsa tsa gagwe di ka boifisa jang, re ka mo fenya! Re ka tlhomamisega jang ka seo? Ka gonne Jehofa Modimo o a re lwela. O tlhomamisitse gore batlhanka ba gagwe ba nna ba itse ka maano a ga Satane. (2 Bakorintha 2:11) E bile tota, Lefoko la Modimo le re bolelela go le gontsi ka diteko tse di amang Bakeresete ba boammaaruri. Mo kgannyeng ya ga moaposetoloi Paulo, Baebele e ne ya dirisa polelwana “mutlwa mo nameng.” Ka ntlha yang? A re tlhatlhobeng kafa Lefoko la Modimo le tlhalosang polelwana eo ka teng. Foo re tla bona gore tota ga se rona fela re tlhokang thuso ya ga Jehofa go fenya diteko.

Lebaka La go Bo Diteko di Tshwana le Mebitlwa

6. Paulo o ne a kaya eng fa a re “mutlwa mo nameng,” mme mutlwa oo e ka tswa e ne e le eng?

6 Paulo, yo o neng a kile a lekwa mo go botlhoko  thata, o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Ke ne ka tsenngwa mutlwa mo nameng, moengele wa ga Satane, gore a nne a mphantse, gore ke se ka ka godisiwa go feta selekanyo.” (2 Bakorintha 12:7) Mutlwa ono mo nameng ya ga Paulo e ne e le eng? Ebu, ruri mutlwa o o totometseng kafa tlase ga letlalo o ka nna botlhoko tota. Ka jalo tshwantshiso eno e kaya gore e ne e le sengwe se se utlwisang Paulo botlhoko—e ka tswa e le mo mmeleng, mo maikutlong kgotsa gotlhe. Paulo a ka tswa a ne a na le bothata jwa leitlho kgotsa bokoa bongwe mo mmeleng. Kgotsa mutlwa e ka tswa e ne e le batho ba ba neng ba ganetsa gore Paulo ga a tshwanelege go nna moaposetoloi e bile ba belaela mosola wa tiro ya gagwe ya go rera le go ruta. (2 Bakorintha 10:10-12; 11:5, 6, 13) Le fa mutlwa oo e ka tswa e ne e le eng, o ne wa nna fela foo o sa kgone go tlhomolwa.

7, 8. (a) Polelwana e e reng ‘go nna o phantsa’ e bontsha eng? (b) Ke eng fa go le botlhokwa gore re itshokele mebitlwa epe e e ka tswang e re tshwenya gone jaanong?

7 Ela tlhoko gore mutlwa ono o ne o nna o phantsha Paulo. Se se kgatlhang ke gore, lediri la Segerika le Paulo a le dirisitseng fano le tswa mo lefokong le le kayang “malokololo.” Lefoko leo le dirisitswe ka tlhamalalo mo go Mathaio 26:67 mme le dirisitswe ka tsela ya tshwantshetso mo go 1 Bakorintha 4:11. Mo ditemaneng tseo, le na le kgopolo ya go itewa ka mabole. E re ka Satane a tlhoile Jehofa le batlhanka ba Gagwe thata jaana, re ka tlhomamisega gore Diabolo o ne a itumelela gore Paulo o ne o nnela go phantshiwa ke mutlwa. Gompieno, Satane o itumela fela jalo fa le rona re tshwenngwa ke mutlwa mo nameng.

8 Ka jalo, re tshwanetse ra itse gore jaaka Paulo re ka itshokela mebitlwa e e ntseng jalo jang. Botshelo jwa rona bo ikaegile ka go e itshokela! Gakologelwa, Jehofa o batla gore re tshele nako e telele mo lefatsheng la gagwe le lesha, kwa re se kitlang re tlhola re tshwenngwa ke mathata a a ntseng jaaka mutlwa gape. Go re thusa gore re fitlhelele mokgele ono o o molemolemo, Modimo o re neile dikai di le dintsi mo Lefokong la gagwe le le boitshepo eleng Baebele, tse di bontshang gore batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba ile ba kgona go itshokela mebitlwa mo nameng. E ne e le batho fela ba ba sa itekanelang jaaka rona. Go tlhatlhoba bangwe ba ‘leru leno le legolo la basupi’ go ka nna ga re thusa go ‘taboga ka boitshoko lobelo lo re lo tlhomilweng pele.’ (Bahebera 12:1) Go tlhatlhanya ka se ba se itshoketseng go ka re thusa gore re tshepe gore re ka itshokela mebitlwa epe fela e Satane a ka e dirisang mo go rona.

Mebitlwa e e Neng e Tshwenya Mefiboshethe

9, 10. (a) Go ne ga tla jang gore Mefiboshethe a nne le mutlwa mo nameng? (b) Kgosi Dafide o ne a bontsha Mefiboshethe bopelonomi jang, mme re ka etsa Dafide jang?

9 Akanya ka Mefiboshethe, morwa tsala ya ga Dafide, Jonathane. E rile Mefiboshethe a le dingwaga di le tlhano, ga utlwelwa gore rraagwe e bong Jonathane le rraagwemogolo e bong Kgosi Saulo ba ne ba bolailwe. Motlhokomedi wa mosimanyana yono o ne a tshoga. O ne “a mo tsaya . . . , mme ga diragala gore fa a ntse a siana ka letshogo a tshaba, foo mosimane a wa mme a golafala.” (2 Samuele 4:4) Bogole jono e tshwanetse ya bo e ile ya nna mutlwa o o botlhoko tota o Mefiboshethe a neng a tshwanelwa ke go o itshokela fa a ntse a gola.

10 Dingwaga moragonyana Kgosi Dafide o ne a bontsha Mefiboshethe bopelonomi jo bo lorato ka gonne o ne a rata Jonathane thata. Dafide o ne a mo naya naga yotlhe ya ga Saulo a bo a abela motlhokomedi wa ga Saulo e bong Siba gore a tlhokomele naga eno. Gape Dafide o ne a raya Mefiboshethe a re: ‘O tla ja senkgwe mo tafoleng ya me ka metlha.’ (2 Samuele 9:6-10) Kwantle ga pelaelo bopelonomi jo bo lorato jwa ga Dafide bo ile jwa gomotsa Mefiboshethe mme jwa thusa go okobatsa botlhoko jwa bogole jwa gagwe. A thuto e e molemo! Le rona re tshwanetse ra nna pelonomi mo bathong ba ba itshoketseng mutlwa mo nameng.

11. Siba o ne a bolelang ka ga Mefiboshethe, mme re itse jang gore seno e ne e le maaka? (Bona ntlhanyana e e kwa tlase.)

11 Moragonyana, Mefiboshethe o ne a tshwanelwa ke go itshokela mutlwa o mongwe gape mo nameng. Motlhanka wa gagwe e bong Siba o ne a mo senya leina mo go Kgosi Dafide, yo ka nako eo a neng a sia kwa Jerusalema ka ntlha ya botsuolodi jwa ga Abesalome, morwa Dafide. Siba o ne a bolela gore Mefiboshethe o ne a setse kwa Jerusalema ka gonne a sa ikanyege e bile a solofetse go itseela  bogosi. * Dafide o ne a dumela maaka a ga Siba mme a naya moaki yoo naga yotlhe ya ga Mefiboshethe!—2 Samuele 16:1-4.

12. Mefiboshethe o ne a itshwara jang ka seemo sa gagwe, mme o re tlhometse sekao se se molemo jang?

12 Le fa go ntse jalo, fa kgabagare Mefiboshethe a tla go kopana le Dafide, o ne a bolelela kgosi gore tota go ne go diragetseng. O ne a ntse a ipaakanyetsa go ya go kopana le Dafide fa Siba a tla mo tsietsa a bo a ithaopa go tsamaya mo boemong jwa gagwe. A Dafide o ne a baakanya phoso eno? E seng gotlhegotlhe. O ne a kgaoganya banna ba babedi bano naga. Seno e ne e ka nna mutlwa o mongwe mo nameng ya ga Mefiboshethe. A seno se ne sa mo utlwisa botlhoko thata? A o ne a ganetsa tshwetso ya ga Dafide, a ngongorega gore o tsieditswe? Nnyaa, ka boikokobetso o ne a dumalana le se kgosi e neng e batla se dirwa. O ne a tlhoma mogopolo mo dilong tse di siameng, a itumelela gore kgosi e e tshwanetseng ya Iseraele e ne e boile ka pabalesego. Ruri Mefiboshethe o ne a re tlhomela sekao se sentle thata sa go itshokela bogole, go senngwa leina le go utlwisiwa botlhoko thata.—2 Samuele 19:24-30.

Nehemia O ne A Itshokela Diteko Tsa Gagwe

13, 14. Nehemia o ne a tshwanelwa ke go itshokela mebitlwa efe fa a ne a boa a ya go aga dipota tsa Jerusalema sesha?

13 Akanya ka mebitlwa ya tshwantshetso e Nehemia a neng a e itshokela fa a boela kwa motseng o o se nang dipota wa Jerusalema mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E. O ne a fitlhela motse o se na tshireletso epe, mme Bajuda ba ba boetseng gae ba ba neng ba le koo ba ne ba se seoposengwe, ba kgobegile marapo, e bile ba se phepa mo matlhong a ga Jehofa. Le fa Nehemia a ne a laetswe ke Kgosi Aretaserese gore a age dipota tsa Jerusalema sesha, go ise go ye kae o ne a utlwa gore babusi ba dinaga tse di fa gaufi ba ne ba ferosiwa sebete ke mosepele wa gagwe. “Mo go bone ga lebega e le selo se se bosula thata gore motho o ne a tlile go batlela bomorwa Iseraele sengwe se se molemo.”—Nehemia 2:10.

14 Baganetsi bao ba dinaga tse dingwe ba ne ba leka ka natla go emisa tiro ya ga Nehemia. Matshosetsi a bone, maaka a bone, go mo senya leina, go mo tsenya letshogo—go akaretsa le go romela ditlhola gore di mo kgobe marapo—go tshwanetse ga bo go ile ga nna jaaka mebitlwa e e tsunyetsang nama ya gagwe e sa kgaotse. A o ile a ineela go fenngwa ke maano a baba bao? Nnyaa! O ne a ikanya Modimo ka pelo yotlhe, a sa kgobege marapo. Ka gone, fa dipota tsa Jerusalema kgabagare di ne di agiwa sesha, di ne tsa nna bosupi jo bo nnetseng ruri jwa gore Jehofa o ne a tshegeditse Nehemia ka lorato.—Nehemia 4:1-12; 6:1-19.

15. Nehemia o ne a utlwisiwa botlhoko ke mathata afe mo Bajudeng?

15 Le fa Nehemia e ne e le mmusi, o ne a tshwanelwa ke go itshokela mathata a mantsi mo gare ga batho ba Modimo. Mathata ano a ne a ntse jaaka mebitlwa e e neng e mo tshwenya thata ka gonne  a ne a ama kamano ya batho bano le Jehofa. Batho ba ba humileng ba ne ba batla morokotso o mogolo, mme bakaulengwe ba bone ba ba humanegileng ba ne ba tshwanelwa ke go amogwa naga ya bone le e leng go rekisetsa bana ba bone mo bokgobeng gore ba duele dikoloto le lekgetho la mmusi wa Peresia. (Nehemia 5:1-10) Bajuda ba le bantsi ba ne ba roba molao wa Sabata e bile ba sa tshegetse Balefi le tempele. Gape bangwe ba bone ba ne ba nyetse “basadi ba Baashedoda, ba Baamona le ba Bamoabe.” A bo seno se ne sa utlwisa Nehemia botlhoko jang ne! Mme ga go ope wa mebitlwa eno o o neng wa dira gore a tlogele. Gangwe le gape o ne a thulana le kgwetlho eo jaaka mongwe yo o tshegetsang melao ya Modimo e e siameng ka tlhoafalo. Jaaka Nehemia, a re se letleng boitshwaro jwa batho ba ba sa ikanyegeng bo re kgoreletsa go direla Jehofa ka boikanyegi.—Nehemia 13:10-13, 23-27.

Ba Bangwe Gape ba Bantsi ba ba Ikanyegang Ba ne Ba Itshoka

16-18. Mathata a lelapa a ile a wela Isake le Rebeka, Hana, Dafide le Hosea jang?

16 Baebele e na le dikai tse dingwe gape tse dintsi tsa batho ba ba ileng ba itshokela maemo a a botlhoko a a neng a ntse jaaka mebitlwa. Gantsi mebitlwa eno e ne e bakwa ke mathata a lelapa. Basadi ba babedi ba ga Esau “ba ne ba utlwisa moya wa ga Isake le Rebeka botlhoko,” batsadi ba ga Esau. Rebeka o ile a bo a re o ila botshelo jwa gagwe ka ntlha ya basadi bao. (Genesise 26:34, 35; 27:46) Akanya le ka Hana le kafa mogadikane wa gagwe e bong Penina a neng a mo “tshwenya mo go botlhoko” ka teng ka gonne Hana o ne a le moopa. Gongwe gantsi Hana o ne a boga jaana a le kwa lapeng. Mme Penina o ne a mo tshwenya le fa pele ga batho—kwantle ga pelaelo fa pele ga ba losika le ditsala—fa lelapa le ne le ile moletlong kwa Shilo. Go ne go tshwana le go totometsa mutlwa kwa teng mo nameng ya ga Hana.—1 Samuele 1:4-7.

17 Akanya ka se Dafide a neng a se itshokela ka ntlha ya lefufa le le feteletseng la ga ratsalaagwe, Kgosi Saulo. Gore Dafide a iphalotse, o ne a patelesega go nna mo dikgageng mo nageng ya Ene-gedi, kwa a neng a tshwanelwa ke go palamela diphata tse di mokong le tse di kotsi tse di tletseng maje. Tshiamololo eno e tshwanetse ya bo e ne e le botlhoko thata, ka gonne o ne a sa direla Saulo sepe se se bosula. Le fa go ntse jalo Dafide o ne a tshwanelwa ke go tshela dingwagangwaga e le motshabi—e le fela ka ntlha ya lefufa la ga Saulo.—1 Samuele 24:14, 15; Diane 27:4.

18 Akanya ka mathata a lelapa a a ileng a wela moporofeti Hosea. Mosadi wa gagwe o ne a nna seaka. Boitshwaro jwa gagwe jo bo sa siamang bo tshwanetse jwa bo bo ile jwa nna jaaka mebitlwa mo pelong ya ga Hosea. Mme a bo a tshwanetse a bo a ile a utlwa botlhoko le go feta jang ne fa mosadi yono a tshola bana ba babedi ba dikgora ka ntlha ya kgokafalo ya gagwe!—Hosea 1:2-9.

19. Moporofeti Mikaia o ne a bogisega jang?

19 Mutlwa o mongwe mo nameng ke pogiso. Akanya ka se se diragaletseng moporofeti Mikaia. Moya o o siameng wa ga Mikaia o tshwanetse wa bo o ile wa tlhorontshiwa ke gore Kgosi Ahabe yo o boikepo o ne a ikokoanyetsa baporofeti ba maaka le gore Ahabe o ne a dumela maaka a bone. Go tswa foo, fa Mikaia a bolelela Ahabe gore baporofeti  bao botlhe ba ne ba bua ka “moya o o tsietsang,” moetapele wa batsietsi bao o ne a dirang? A “itaya Mikaia mo lerameng”! Se se maswe le go feta ke tsela e Ahabe a neng a itshwara ka yone fa a utlwa tlhagiso ya ga Jehofa ya gore ntwa ya go gapa Ramothe-gileade gape e ne e ka se atlege. Ahabe o ne a laela gore Mikaia a latlhelwe mo kgolegelong a fokoleditswe selekanyo sa dijo. (1 Dikgosi 22:6, 9, 15-17, 23-28) Gakologelwa gape ka Jeremia le tsela e babogisi ba gagwe ba ba setlhogo ba neng ba mo tshwara ka yone.—Jeremia 20:1-9.

20. Naomi o ne a tshwanelwa ke go itshokela mebitlwa efe, mme o ne a duelwa jang?

20 Go swelwa ke ba o ba ratang ke boemo jo bongwe jo bo botlhoko jo bo ka tshwanang le mutlwa mo nameng. Naomi o ne a tshwanelwa ke go itshokela botlhoko jwa go swelwa ke monna le barwa ba gagwe ba babedi. O ne a boela kwa Bethelehema a ntse a utlwa manokonoko a ditiragalo tse di botlhoko tseo. O ne a kopa ditsala tsa gagwe gore di se ka tsa mmitsa Naomi mme di mmitse Mara, leina le le neng le bontsha botlhoko jwa se se mo diragaletseng. Le fa go ntse jalo, kwa bofelong, Jehofa o ne a duela boitshoko jwa gagwe ka go mo naya setlogolwana sa mosimane se se neng sa nna karolo ya losika lo Mesia a neng a tla tsalwa mo go lone.—Ruthe 1:3-5, 19-21; 4:13-17; Mathaio 1:1, 5.

21, 22. Jobe o ne a latlhegelwa jang ka ditsela tse dintsi, mme o ne a itshwara jang?

21 Akanya fela gore Jobe o tshwanetse a bo a ile a garoga pelo jang fa a utlwela ka go swa setlhogo e bile e le ka tshoganetso ga bana ba gagwe ba a ba ratang ba ba lesome, mo godimo ga go latlhegelwa ke diruiwa tsa gagwe tsotlhe le go swelwa ke batlhanka. Ka tshoganetso, go ne ga lebega e kete botshelo jwa gagwe bo eme tsi! Go tswa foo, fa Jobe a ntse a le mo kutlobotlhokong ya dipetso tseo, Satane o ne a mo tlhasela ka bolwetse. Jobe o ka tswa a ne a akantse gore bolwetse jo bo botlhoko jono bo ne bo tlile go mmolaya. Bo ne bo le botlhoko mo a neng a akanya gore a ka namolwa fela ke loso.—Jobe 1:13-20; 2:7, 8.

22 Jaaka e kete seo se ne se sa lekana, mosadi wa gagwe, a utlwile botlhoko e bile a le mo tlalelong e kgolo, o ne a tla kwa go ene mme a tlhaeletsa a re: “Tlhapatsa Modimo mme o swe!” A mutlwa o o botlhoko mo nameng ya gagwe e e setseng e le botlhoko gale! Go tswa foo, ditsala tse tharo tsa ga Jobe, mo boemong jwa go mo gomotsa, di ne tsa mo tlhasela ka dipuo tsa maaka, di mo latofatsa ka gore o na le maleo a sephiri e bile di bolela gore ke one a mmaketseng bomadimabe. Go ne go ntse jaaka e kete dipuo tsa bone tsa maaka di ntse di totomeletsa mebitlwa kwa teng mo nameng ya gagwe. Gakologelwa gape gore Jobe o ne a sa itse gore ke eng fa a diragalelwa ke dilo tse di botlhoko tseno; le gone o ne a sa itse gore ene o tla tshela. Le fa go ntse jalo, “mo go seno sotlhe Jobe ga a ka a leofa kgotsa a kaya fa Modimo a dirile sepe se se sa tshwanelang.” (Jobe 1:22; 2:9, 10; 3:3; 14:13; 30:17) Le fa a ile a welwa ke mebitlwa e mentsi ka nako e le nngwe fela, ga a ise a ke a tlogele tsela ya gagwe ya boikanyegi. A bo go kgothatsa jang ne!

23. Ke ka ntlha yang fa batho ba ba ikanyegang ba re tlotlileng ka bone ba ile ba kgona go itshokela mebitlwa e e farologaneng mo nameng?

23 Ruri dikai tse di fa godimo fano ga se tsone tsotlhe. Baebele e na le tse dingwe gape tse dintsi. Batlhanka bano botlhe ba ba ikanyegang ba ile ba tshwanelwa ke go itshokela mebitlwa ya bone ka namana ya tshwantshetso. Mme a bo ba ile ba kopana le mathata a a farologaneng jang ne! Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se ba neng ba tshwana ka sone. Ga go ope wa bone yo o ileng a tlogela go direla Jehofa. Le fa ba ile ba lebana le diteko tseo tsotlhe tse dikgolo, ba ne ba fenya Satane ka maatla a Jehofa a neng a ba neile one. Jang? Setlhogo se se latelang se tla araba potso eno mme se re bontshe gore le rona re ka itshokela jang sepe fela se se ntseng jaaka mutlwa mo nameng ya rona.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Monna yo o ikokobeditseng, yo o nang le kanaanelo jaaka Mefiboshethe o ne a ka ronwa ke leano le le ntseng jalo la go rata maemo. Kwantle ga pelaelo o ne a itse sentle ka boikanyegi jo bogolo jo rraagwe e bong Jonathane a neng a bo bontshitse. Le fa Jonathane e ne e le morwa Kgosi Saulo, o ne a ile a ikokobetsa mme a amogela Dafide e le ene yo o tlhophilweng ke Jehofa go nna kgosi ya Iseraele. (1 Samuele 20:12-17) E re ka Jonathane e ne e le motsadi yo o boifang Modimo e bile e le tsala e e ikanyegang ya ga Dafide, o ne a ka se ka a ruta morwawe yo mmotlana gore a gwalalele maemo a segosi.

O ne O ka Araba Jang?

• Ke ka ntlha yang fa mathata a re lebanang nao a ka tshwantshiwa le mebitlwa mo nameng?

• Mengwe ya mebitlwa e Mefiboshethe le Nehemia ba ileng ba tshwanelwa ke go e itshokela ke efe?

• Mo dikaing tsa Dikwalo tsa banna le basadi ba ba neng ba itshokela mefuta e e farologaneng ya mebitlwa mo nameng, ke dife tse o fitlhetseng di go ama maikutlo thata, mme ka ntlha yang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Mefiboshethe o ne a tshwanelwa ke go itshokela bogole, go senngwa leina le go utlwisiwa botlhoko thata

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Nehemia o ne a itshoka le fa a ne a ganediwa