Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Motse mo Godimo ga Thaba

Motse mo Godimo ga Thaba

 Motse mo Godimo ga Thaba

JESU o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana mo Therong ya gagwe e e tumileng ya mo Thabeng: “Lona lo lesedi la lefatshe. Motse ga o ka ke wa fitlhega fa o tlhomilwe mo godimo ga thaba.”—Mathaio 5:14.

Metse e mentsi ya Bajuda le ya Bagalalea e ne e le mo godimo ga dithaba go na le gore e nne kwa tlase mo mekgatšheng. Lebaka le legolo la go bo ba ne ba tlhopha mafelo a a kwa godimo ga dithota e ne e le ka go bo go ne go sireletsegile. Kwantle ga masole a a neng a tlhasela, ditlhopha tsa dirukutlhi di ne di a tle di thukhuthe metse ya Iseraele. (2 Dikgosi 5:2; 24:2) Baagi ba ba pelokgale ba ne ba ka kgona go femela matlo a a kitlaneng a a mo godimo ga dithaba motlhofo, go na le fa motse o ne o le kwa tlase, e leng se se neng se tlhoka lebota le legolo gore o sireletsege.

E re ka mabota a matlo a Bajuda gantsi a ne a rethefaditswe ka kalaka, motho o ne a ka kgona go bona matlo ao a a tshwaraganeng a a tshasitsweng kalaka a a kgobokaneng mo thoteng a sa ntse a le bokgakala jwa dikilometara di le dintsi. (Ditiro 23:3) Mo letsatsing le le phatsimang la Palesetina, metse eno e e mo thoteng e ne e phatsima jaaka lesedi la letshwao, fela jaaka go ntse ka metse ya Mediterranean le mo motlheng wa rona.

Jesu o ne a dirisa karolo eno e e kgatlhang ya naga ya Galalea le Judea go ruta balatedi ba gagwe seabe sa Mokeresete wa boammaaruri. O ne a ba raya a re: “Ka tsela e e tshwanang a lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho, gore ba tle ba bone ditiro tsa lona tse di molemo mme ba neye Rraalona yo o kwa magodimong kgalalelo.” (Mathaio 5:16) Le mororo Bakeresete ba sa dire ditiro tse dintle gore ba bakwe ke batho, boitsholo jwa bone jo bontle bo a lemogiwa.—Mathaio 6:1.

Boitsholo jo bo ntseng jalo jo bontle bo bonala thata ka nako ya dikopano tsa kgaolo tsa Basupi ba ga Jehofa. Lokwalodikgang longwe lwa kwa Spain, lo ne lwa bega jaana fa lo bua ka kopano ya kgaolo ya bosheng jaana: “Le fa go kgatlhegela dikgang tsa bodumedi go fokotsega mo ditumelong tse dintsi, ga go a na jalo ka Basupi ba ga Jehofa. E re ka ba sa batle gore Baebele e latlhegelwe ke botlhokwa jwa yone, ba dirisa Lefoko la Modimo.”

Thomas, yo e leng motlhokomedi wa setadiamo se Basupi ba se dirisang ka metlha kwa bokonebophirima jwa Spain, o ne a anaanela go nna gareng ga batho ba ba dirisang Lefoko la Modimo. O ne a busetsa nako ya gagwe ya go tlogela tiro kwa morago ka dibeke di le mmalwa gore a tle a nne teng mo kopanong ya kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa. Fa batlakopanong ba le bantsi, go akaretsa le basha ba tla kwa go ene morago ga kopano go tla go mo lebogela tirisanommogo ya gagwe mo dingwageng tse di fetileng ba bo ba mo eleletsa masego mo nakong ya fa a tla bo a tlogetse tiro, o ne a tsholola dikeledi. O ne a re: “Go lo itse e nnile sengwe sa dilo tse di molemolemo tse di ileng tsa ntiragalela mo botshelong jwa me.”

Motse o o mo thabeng o gapa kgatlhego ya motho yo o o lebileng ka gonne o bonala o tlhomologile mo loaping mme matlo ape a one a masweu a phatsimisa lesedi la letsatsi. Bakeresete ba boammaaruri le bone ba bonala sentle gore ba farologane le batho ba bangwe ka gonne ba leka go latela melao ya Dikwalo ya maemo a a kwa godimo ya boikanyegi, boitsholo jo bontle le kutlwelobotlhoko.

Mo godimo ga moo, Bakeresete ba phatsimisa lesedi la boammaaruri ka tiro ya bone ya go rera. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana ka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga: “Ke gone ka moo re sa ineeleng, e re ka re na le bodiredi jono go ya ka kutlwelobotlhoko e re neng ra e bontshiwa . . . mme ka go dira gore boammaaruri bo bonatshege re itshupa re tshwanelega mo segakoloding sengwe le sengwe sa motho mo ponong ya  Modimo.” (2 Bakorintha 4:1, 2) Le mororo ba ne ba lebana le kganetso gongwe le gongwe koo ba neng ba rera gone, Jehofa o ne a segofatsa bodiredi jwa bone, mo e leng gore ka ngwaga wa 60 C.E., Paulo o ne ka kgona go kwala gore dikgang tse di molemo di rerilwe “mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.”—Bakolosa 1:23.

Gompieno, Basupi ba ga Jehofa le bone ba tsaya boikarabelo jwa bone jwa go ‘dira gore lesedi la bone le phatsime mo bathong botlhe’ masisi, jaaka Jesu a ile a laela. Basupi ba ga Jehofa ba anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka go rera ka molomo le ka dikgatiso mo dinageng di le 235 go ralala lefatshe. Gore lesedi la boammaaruri jwa Baebele le kgone go fitlhelela batho ba bantsi ka mo go ka kgonegang ka teng, ba ile ba dira gore dikgatiso tsa bone tsa Baebele di nne gone ka dipuo tse di ka nnang 370.—Mathaio 24:14; Tshenolo 14:6, 7.

Mo mafelong a le mantsi, Basupi ba ile ba dira matsapa a go ithuta dipuo tsa batho ba ba ileng ba fuduga go tswa kwa dinageng tse tiro ya go rera e thibetsweng kwa go tsone. Ka sekai, mo metseng e sekae e megolo ya kwa Amerika Bokone, go nnile le batho ba le bantsi ba ba fudugetseng koo ba tswa kwa China le Russia. Basupi ba koo ba ne ba leka go ithuta Se-China, Se-Russia le dipuo tse dingwe gore ba tle ba kgone go rerela batho bano ba ba sa tswang go fudugela koo dikgang tse di molemo. Tota e bile, go tshwarwa dikhoso tsa ka bonako ka dipuo di le mmalwa gore dikgang tse di molemo di tle di rerelwe ba bangwe ba bantsi fa masimo a sa ntse a le “masweu go ka rojwa.”—Johane 4:35.

Moporofeti Isaia o ne a bolelela pele jaana: “Go tla diragala gore go ela kwa bofelong jwa metlha thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tlhomamisiwe thata kwa godimo ga ditlhoa tsa dithaba, eleruri e tla tsholelediwa kwa godimo ga dithota; mme ditšhaba tsotlhe di tla ologela kwa go yone.” Basupi ba ga Jehofa ba thusa batho gongwe le gongwe ka boitsholo jwa bone le ka bodiredi jwa bone gore ba tle mo ‘thabeng ya ntlo ya ga Jehofa,’ go tla go rutiwa ka ditsela tsa Modimo le gore ba ithute go tsamaya mo tseleng ya Modimo. (Isaia 2:2, 3) Matswela a a itumedisang ke gore, jaaka Jesu a ile a tlhalosa, ba seoposengwe go ‘naya Rraabone wa selegodimo, Jehofa Modimo kgalalelo.—Mathaio 5:16; 1 Petere 2:12.