Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bophepa bo Botlhokwa go le Kana Kang?

Bophepa bo Botlhokwa go le Kana Kang?

 Bophepa bo Botlhokwa go le Kana Kang?

BOPHEPA bo kaya dilo tse di farologaneng mo bathong ba ba farologaneng. Ka sekai, fa mosimanyana a tewa ke mmaagwe gore a ye go tlhapa diatla le sefatlhego, a ka nna a akanya gore go tsenya menwana kafa tlase ga tepe e e tswang metsi le go kolobetsa dipounama go lekane. Mme Mmè o itse se se tlhokegang. O mmusetsa gape kwa metsing mme a bo a mo gotlha diatla le sefatlhego ka sesepa se sentsi le metsi—le fa a ka goa go le kae!

Gone ke boammaaruri gore ditekanyetso tsa bophepa ga di tshwane mo lefatsheng lotlhe, mme batho ba gola ka megopolo e e farologaneng ka bophepa. Mo nakong e e fetileng, mo dinageng di le dintsi tikologo ya sekolo e e phepa e ne e thusa baithuti gore ba nne le mekgwa e mentle ya bophepa. Gompieno, mabala mangwe a dikolo a tletse ka leswe le matlakala mo e leng gore a tshwana le dithothobolo go na le gore e nne lefelo la go tshameka kana la go ikatisa. Mme go tweng ka diphaposi tsa borutelo? Darren, yo e leng mophepafatsi kwa sekolong sengwe se segolwane kwa Australia, o bolela jaana: “Jaanong re bona leswe le mo diphaposing tsa borutelo.” Baithuti bangwe ba tsaya gore taelo e e reng “Olela” kana “Phepafatsa” e raya gore ba a otlhaiwa. Mathata ke gore barutabana bangwe ba ba otlhaya ka go ba dirisa tiro ya go phepafatsa.

Kafa letlhakoreng le lengwe, ga se gantsi bagolo ba tlhomang sekao se sentle sa bophepa, e ka tswa e le mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi kana mo go tsa kgwebo. Ka sekai, mafelo a le mantsi a batho botlhe a tlogelwa a kgamathetse e bile a sa lebege. Madirelo mangwe a kgotlela tikologo. Mme gone, madirelo le dikgwebo ga di kgotlele tikologo ka botsone fela, e kgotlelwa ke batho. Le fa gone bogagapa e ka tswa e le jone selo sa konokono se se bakang bothata jwa lefatshe lotlhe jwa kgotlelo le ditlamorago tsa yone tse dintsi tse di sa itumediseng, bontlhanngwe jwa bothata jono bo bakwa ke go se nneng phepa ga batho. Motho yo e kileng ya bo e le mokaedimogolo wa Dinaga Tsa Kgolagano ya Australia o ne a dumalana le kgang eno ka go bolela jaana: “Dilo tsotlhe tse di amanang le botsogo jwa setšhaba di tlhoka gore monna mongwe le mongwe, mosadi mongwe le mongwe le ngwana mongwe le mongwe a tseye bophepa bo le botlhokwa.”

Le fa go ntse jalo, bangwe ba akanya gore bophepa ke kgang ya motho ka namana mme ga go ope o sele yo o tshwanetseng go itshwenya ka gone. A tota go ntse jalo?Kgang ya bophepa e botlhokwa thata fa go tla mo dijong—e ka tswa e le gore re di reka kwa marekisetsong, re di ja kwa resetšhurenteng kana re di ja kwa ntlong ya tsala. Go lebeletswe gore batho ba ba apayang kana ba ba  tsholang dijo tse re di jang ba nne le ditekanyetso tse di kwa godimo tsa bophepa. Diatla tse di leswe—tsa bone kana tsa rona—di ka baka malwetse a mantsi. Go tweng ka dikokelo—mafelo a re lebeletseng gore e nne one a a phepa go a gaisa otlhe? The New England Journal of Medicine e ile ya bega gore kgang ya go bo dingaka le baoki ba sa tlhape diatla e ka thusa go tlhalosa lebaka la go bo balwetse ba dikokelo ba tshwaediwa ke malwetse a a jang diranta di le dimilione di le dikete tse 90 ka ngwaga go a alafa. Re na le tshwanelo ya go lebelela gore go se ka ga nna le ope yo o tsenyang botsogo jwa rona mo kotsing ka ntlha ya mekgwa ya gagwe ya go se nne phepa.

Mme e bile ke kgang e e masisi fa mongwe—ka boomo kana ka go sa akanyetse—a kgotlela metswedi ya rona ya metsi. Mme go babalesegile go le kana kang go tsamaya mo lotshitshing lwa lewatle o sa rwala ditlhako koo go ka nnang ga bo go na le dinalete tse di dirisitsweng tse di tlogetsweng ke batho ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi le ba bangwe? Gongwe potso e e botlhokwa thata e mongwe le mongwe a tshwanetseng go ipotsa yone ke eno: A re phepa mo lelapeng la rona?

Suellen Hoy, mo bukeng ya gagwe ya Chasing Dirt, o botsa jaana: “A re phepa ka tsela e re neng re le ka yone pele?” O araba jaana: “Gongwe ga go a nna jalo.” O umaka go fetofetoga ga ditekanyetso tsa loago e le lebaka la konokono la seno. Fa batho ba ntse ba fokotsa thata nako e ba nnang mo gae ka yone, ba duela fela motho o sele gore a ba direle tiro ya go phepafatsa. Ka ntlha ya seo, go boloka tikologo e le phepa ga e tlhole e le kgang e e botlhokwa mo bathong. Monna mongwe o ne a bolela jaana: “Ga ke tlhatswe shawara—go tlhapa nna.” “Fa ntlo ya me e le leswe, bobotlana nna ke phepa.”

Le fa go ntse jalo, bophepa, ga se fela kgang ya tebego ya kafa ntle. Ke mokgwa wa go tshela sentle o o akaretsang dilo tse dintsi. Mme gape ke boemo jwa tlhaloganyo le pelo jo bo amang boitsholo le kobamelo ya rona. A re bone gore go ntse jang jalo.