Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ikanya Modimo Yo e Leng wa Mmatota?

A o Ikanya Modimo Yo e Leng wa Mmatota?

 A o Ikanya Modimo Yo e Leng wa Mmatota?

Go ne go dulwe letsholo le le neng le laetswe ke American Museum of Natural History la go sekaseka naga nngwe ya Arctic e mmatlisisi Robert E. Peary a neng a begile gore o e bone dingwaga tse di ka nnang supa pelenyana ga foo, ka 1906.

GO TSWA Cape Colgate kwa bokonebophirima jo bo kgakala jwa Amerika Bokone, Peary o ne a bone se se neng se bonala e kete ke ditlhoa tse ditshweu tsa naga e e kgakala. O ne a e bitsa Crocker Land e a neng a e reelela ka mongwe wa batho ba ba neng ba mo tshegetsa ka madi. A bo babatlisisi ba ba neng ba latela ba tshwanetse ba bo ba ile ba itumela jang ne fa ba bona go tlhaga lefelo lengwe kwa pele ga bone le le nang le dithota, mekgatšha le ditlhoa tse di apesitsweng ke kapoko! Mme go ise go ye kae ba ne ba lemoga gore se ba neng ba se bona tota e ne le moenene fela wa Arctic. Moenene ono o ile wa tsietsa Peary, mme gone jaanong ba setse ba sentse nako, maatla le dithoto go batlisisa selo se e seng sa mmatota.

Gompieno, batho ba le bantsi ba dirisa maatla a bone le nako ya bone go obamela medimo e ba akanyang gore ke ya mmatota. Mo metlheng ya baaposetoloi ba ga Jesu, go ne go obamelwa medimo e e jaaka Heremese le Seuse. (Ditiro 14:11, 12) Gompieno, go na le medimo e le dimilione e e obamelwang ke batho ba bodumedi jwa Seshinto, Sehindu le madumedi a mangwe a lefatshe. Ebu, jaaka Baebele e bolela, “go na le ‘medimo’ e le mentsi le ‘barena’ ba le bantsi.” (1 Bakorintha 8:5, 6) A medimo eno yotlhe e ka nna ya mmatota?

Medimo E e “Ka se Kang ya Boloka”

Ka sekai, akanya ka go dirisa ditshwantsho le matshwao mo kobamelong. Batho ba ba ikanyang medingwana kana ba ba e rapelang, e bonala mo go bone e le dilo tse di ka ba bolokang tse di nang le maatla a a fetang a batho, tse di ka kgonang go duela batho kana go ba golola mo kotsing. A mme tota e ka kgona go boloka? Mopesalema o ne a opela jaana malebana le dilo tse di ntseng jalo: “Medingwana ya ditšhaba ke selefera le gouta, tiro ya diatla tsa motho wa mo lefatsheng. E na le melomo, mme ga e kgone go bua sepe; e na le matlho, mme ga e kgone go bona sepe; e na le ditsebe, mme ga e kgone go sekegela sepe tsebe. Gape  ga go na moya ope mo molomong wa yone.” Ebu, ke medimo e e “ka se kang [ya] boloka.”—Pesalema 135:15-17; Isaia 45:20.

Ke boammaaruri gore batho ba ba dirang medingwana eno ba ka nna ba tlotlomatsa tiro eno ya diatla tsa bone gore e na le botshelo le maatla. Mme ba ba obamelang medingwana ba a e tshepa. Moporofeti Isaia o ne a re: ‘Ba rwala modingwana mo legetleng, ba o sikara ba bo ba o baya mo lefelong la one gore o eme fela.’ O ne a oketsa jaana: “Ga e tswe mo lefelong la yone la go ema. Motho e bile o goela kwa go yone, mme ga e arabe; ga e boloke motho mo matshwenyegong a gagwe.” (Isaia 46:7) Boammaaruri ke gore modingwana ono ga o ka ke wa tshela go sa kgathalesege gore batho ba ba o tshepang ba tlhoafetse go le kana kang. Ditshwantsho tse di ntseng jalo tse di setilweng le difikantswe tse di thetsweng, ke “medimo e e se nang mosola.”—Habakuke 2:18.Go obamela, go galaletsa kana go tlotlomatsa megaka ya boitlosobodutu, bagale ba metshameko, dithulaganyo tsa bopolotiki le baeteledipele bangwe ba bodumedi le gone go tlwaelegile gompieno. Mo godimo ga moo, madi ke modimo wa batho ba le bantsi. Mo kgannyeng nngwe le nngwe, medingwana eno e tsewa e na le bokgoni jo tota e se nang jone. Ga e kgone go naya batho ba ba dumelang mo go yone sepe sa dilo tse ba di solofetseng. Ka sekai, khumo e ka nna ya lebega e le tharabololo ya mathata a le mantsi, mme le fa go ntse jalo maatla a dikhumo a a tsietsa. (Mareko 4:19) Mmatlisisi mongwe o ne a botsa jaana: “Re ka re ke eng se se dirang gore sengwe se batho ba le bantsi ba se eletsang thata jaana le se ba dumelang gore ke sone se se tla rarabololang mathata otlhe, fa ba setse ba se bone se bo se nna le ditlamorago tse di farologaneng go tloga ka tse di swabisang go ya go tse di utlwisang botlhoko?” Ee, go gagamalela dikhumo go ka nna ga tlhoka gore motho a latlhegelwe ke dilo tse di botlhokwa, tse di jaaka, botsogo jo bo siameng, botshelo jwa lelapa jo bo kgotsofatsang, botsala jo bogolo kana kamano e e botlhokwa le Mmopi. Modimo wa gagwe e nna ‘modingwana fela o e seng wa boammaaruri’!—Jona 2:8.

“Go se Na Ope yo o Arabang”

Ke boeleele go tsaya selo se e seng sa mmatota jaaka sa mmatota. Baobamedi ba modimo Baale mo motlheng wa ga moporofeti Elija ba ne ba ithuta seno morago ga go diragalelwa ke sengwe se se botlhoko. Ba ne ba dumela tota gore Baale o na le maatla a go dira gore molelo o fologe go tswa kwa legodimong go tla go fisa tshupelo ya phologolo. Tota e bile, “ba nna ba bitsa leina la ga Baale go tloga mosong go fitlha motshegare o mogolo, ba re: ‘Baale, re arabe tlhe!’” A Baale o ne a na le ditsebe go utlwa le molomo o o ka buang? Pego e tswelela pele jaana: “Go ne go se na lentswe lepe, e bile go se na ope yo o arabang.” Ebu, “go ne go se na ope yo o reetsang.” (1 Dikgosi 18:26, 29) Baale e ne e se modimo wa mmatota, o ne a sa tshele kana go tshikinyega.

A bo go le botlhokwa jang ne gore re itse Modimo yo e leng wa mmatota re bo re mo obamele! Mme gone ke mang? E bile go mo ikanya go ka re solegela molemo jang?

[Ditshwantsho mo go tsebe 3]

Tsala ya ga Peary e bong Egingwah o sekaseka boatlhamo go bona naga

Robert E. Peary

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Egingwah: From the book The North Pole: Its Discovery in 1909 Under the Auspices of the Peary Arctic Club, 1910; Robert E. Peary: NOAA

[Ditshwantsho mo go tsebe 4]

Ba le bantsi ba tsiediwa ke dilo tse di obamelwang mo lefatsheng leno