Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Masego a Dikgang Tse di Molemo

Masego a Dikgang Tse di Molemo

 Masego a Dikgang Tse di Molemo

“Jehofa o ntloleditse go bolelela ba ba pelonolo dikgang tse di molemo. O nthomile go tla go hapa ba ba dipelo di phatlogileng, . . . go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng.”—ISAIA 61:1, 2.

1, 2. (a) Jesu o ne a itshenola a le eng, mme o dirile seo jang? (b) Dikgang tse di molemo tse Jesu a neng a di itsise di ne tsa tlisa masego afe?

JESU o ne a le mo sinagogeng kwa Nasaretha letsatsi lengwe go le Sabata fa a ne a sa ntse a simolola bodiredi jwa gagwe. Go ya ka pego, o ne “a newa lokwalo lwa momeno lwa ga moporofeti Isaia, mme a bula lokwalo lwa momeno a bona fa go neng go kwadilwe go twe: ‘Moya wa ga Jehofa o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go [bolela] dikgang tse di molemo.’” Jesu o ne a tswelela a bala go ya pele mo temaneng eo ya boporofeti. Go tswa foo a nna fa fatshe mme a re: “Gompieno lokwalo lono lo lo sa tswang go lo utlwa lo diragaditswe.”—Luke 4:16-21.

2 Ka tsela eno, Jesu o ne a bontsha gore ke ene moreri yo go boleletsweng pele ka ene, mmoledi wa dikgang tse di molemo le mogomotsi. (Mathaio 4:23) Mme a bo Jesu a ne a tshotse dikgang tse di molemo jang ne! O ne a itsise bareetsi ba gagwe jaana: “Ke nna lesedi la lefatshe. Yo o ntshalang morago ga a kitla a tsamaya mo lefifing ka gope, mme o tla rua lesedi la botshelo.” (Johane 8:12) Gape o ne a re: “Fa lo nnela ruri mo lefokong la me, ruri lo barutwa ba me, mme lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” (Johane 8:31, 32) Ee, Jesu o ne a na le “mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 6:68, 69) Lesedi, botshelo, kgololesego—ruri ano ke masego a a tshwanetseng a tseelwa kwa godimo!

3. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba rera dikgang dife tse di molemo?

3 Morago ga Pentekosete 33 C.E., barutwa ba ne ba tswelela pele ka tiro ya ga Jesu ya go rera. Ba  ne ba rera “dikgang tse di molemo . . . tsa bogosi” ba rerela Baiseraele le batho ba ditšhaba. (Mathaio 24:14; Ditiro 15:7; Baroma 1:16) Ba ba neng ba amogela molaetsa ba ne ba simolola go itse Jehofa Modimo. Ba ne ba gololwa mo bokgobeng jwa bodumedi mme ba nna karolo ya setšhaba se sesha sa semoya, “Iseraele wa Modimo,” se maloko a sone a nang le tebelelo ya go busa kwa legodimong ka bosakhutleng ba busa le Morena wa bone, Jesu Keresete. (Bagalatia 5:1; 6:16; Baefeso 3:5-7; Bakolosa 1:4, 5; Tshenolo 22:5) Ao e ne e le masego a magolo ruri!

Go Rera Gompieno

4. Thomo ya go rera dikgang tse di molemo e diragadiwa jang gompieno?

4 Gompieno, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ntse ba diragatsa thomo ya boporofeti e lantlha e neng e neilwe Jesu ba tshegediwa ke “boidiidi jo bogolo” jo bo ntseng bo gola jwa “dinku tse dingwe.” (Tshenolo 7:9; Johane 10:16) Ka ntlha ya seo, dikgang tse di molemo di rerwa ka selekanyo se se iseng se ke se bonwe pele. Basupi ba ga Jehofa mo dinageng di le 235 ba ile ba tswa ba ya “go bolelela ba ba pelonolo dikgang tse di molemo . . . , go hapa ba ba dipelo di phatlogileng, go bolela kgololego mo go ba ba isitsweng botshwarwa le go bulela magolegwa matlho thata; go bolela ngwaga wa kamogelo wa ga Jehofa le letsatsi la pusoloso la Modimo wa rona; go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng.” (Isaia 61:1, 2) Ka ntlha ya seo, tiro ya Bokeresete ya go rera e ntse e tlisetsa batho ba le bantsi masego mme e tlisa le kgomotso ya boammaaruri mo go “ba ba leng mo mofuteng ofe fela wa pitlagano.”—2 Bakorintha 1:3, 4.

5. Basupi ba ga Jehofa ba farologana jang le dikereke tsa Labokeresete mo ntlheng ya go rera dikgang tse di molemo?

5 Ke boammaaruri gore dikereke tsa Labokeresete di duelela mefuta e e farologaneng ya go rera. Tse dintsi di romela barongwa go ya go sokolola batho kwa dinageng tse dingwe. Ka sekai, The Orthodox Christian Mission Center Magazine e bega ka tiro ya barongwa ba Orthodox kwa Madagascar, borwa jwa Afrika, Tanzania le Zimbabwe. Le fa go ntse jalo, mo Kerekeng ya Orthodox, fela jaaka mo dikerekeng tse dingwe tsa Labokeresete, bontsi jo bogolo jwa maloko a yone ga ba dire tiro eno. Mme Basupi botlhe ba ba ineetseng ba ga Jehofa bone ba leka go nna le seabe mo tirong ya go rera. Ba lemoga gore go rera dikgang tse di molemo ke bosupi jwa gore tumelo ya bone ke ya mmatota. Paulo o ne a re: “Motho o supa tumelo ka pelo go bona tshiamo, mme o dira polelo phatlalatsa ka molomo go bona poloko.” Tota tumelo e e sa tlhotlheletseng motho go tsaya kgato, e sule.—Baroma 10:10; Jakobe 2:17.

Dikgang Tse di Molemo Tse di Tlisang Masego A a Sa Feleng

6. Go rerwa dikgang dife tse di molemo gompieno?

6 Basupi ba ga Jehofa ba rera dikgang tse di molemo go gaisa tsotlhe. Ba bula Dibaebele tsa bone ba bo ba bontsha batho ba ba ratang go reetsa gore Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo a naya batho tsela ya go atamela Modimo, go itshwarelwa maleo le tsholofelo ya go tshelela ruri. (Johane 3:16; 2 Bakorintha 5:18, 19) Ba itsise batho gore Bogosi jwa Modimo bo tlhomilwe kwa legodimong mme Kgosi e e tloditsweng, Jesu Keresete o a busa mo go jone, le gore go ise go ye kae bo tla tlosa boikepo mo lefatsheng mme bo tlhomamise gore Paradaise e boa e nna teng gape. (Tshenolo 11:15; 21:3, 4) Ba diragatsa boporofeti jwa ga Isaia ka go itsise baagelani ba bone gore jaanong ke “ngwaga wa kamogelo wa ga Jehofa” o mo go one batho ba sa ntseng ba ka amogela dikgang tse di molemo. Gape ba tlhagisa batho gore go ise go ye kae go tla tla “letsatsi la pusoloso la Modimo wa rona” fa Jehofa a tla bo a fedisa badirabosula ba ba sa ikwatlhayeng.—Pesalema 37:9-11.

7. Ke boitemogelo bofe jo bo bontshang kutlwano ya Basupi ba ga Jehofa, mme ke ka ntlha yang fa ba utlwana jalo?

7 Mo lefatsheng le le aparetsweng ke bomadimabe le masetlapelo, tseno ke tsone fela dikgang tse di molemo tse di solegelang molemo ka bosakhutleng. Ba ba di amogelang ba nna karolo ya bokaulengwe jo bo utlwanang jwa lefatshe lotlhe jwa Bakeresete ba ba sa itetleng go kgaoganngwa ke dipharologanyo tsa bosetšhaba, bomorafe kgotsa ikonomi. Ba ‘apere lorato gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.’ (Bakolosa 3:14; Johane 15:12) Seno se ne sa bontshiwa ngogola kwa nageng nngwe ya Afrika. Moso mongwe motsemogolo o ne wa tsosiwa ke modumo wa ditlhobolo. Batho bangwe ba ne ba leka go thankgola puso.  Fa kgotlhang e setse e nna ya bomorafe, lelapa lengwe la Basupi le ne la pegwa molato ka gore le ile la sireletsa Basupi ka bone ba e leng ba morafe o sele. Lelapa leo le ne la araba ka go re: “Batho ba ba nnang mo ntlong ya rona ke Basupi ba ga Jehofa fela.” Mo go bone, dipharologanyo tsa bomorafe di ne di se botlhokwa; sa botlhokwa e ne e le lorato lwa Bokeresete—go gomotsa ba ba tlhokang. Mongwe wa losika lwa lelapa leo yo e seng Mosupi o ne a akgela jaana: “Maloko a ditumelo tsotlhe a itatotse badumedi ka bone. Ke Basupi ba ga Jehofa fela ba ba sa dirang jalo.” Ditiragalo di le dintsi tse di tshwanang le tseo tse di begilweng kwa dinageng tse di kgautlhantsweng ke dintwa tsa selegae di bontsha gore ruri Basupi ba ga Jehofa ba ‘rata bakaulengwe botlhe.’—1 Petere 2:17.

Dikgang Tse di Molemo di Fetola Batho

8, 9. (a) Batho ba ba amogelang dikgang tse di molemo ba dira diphetogo dife? (b) Ke maitemogelo afe a a bontshang maatla a dikgang tse di molemo?

8 Dikgang tse di molemo di amana le se Paulo a neng a se bitsa ‘botshelo jwa jaanong le jo bo tla tlang.’ (1 Timotheo 4:8) Ga di neye fela tsholofelo e ntle e e tlhomamisegileng ka isagwe mme gape di dira gore ‘botshelo jwa jaanong’ bo nne botoka. Mongwe le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o kaelwa ke Lefoko la Modimo, Baebele, gore a tshele go dumalana le thato ya Modimo. (Pesalema 119:101) Botho jwa bone bo a ntšhafadiwa fa ba ntse ba ithuta go nna le dinonofo tse di jaaka tshiamo le boikanyegi.—Baefeso 4:24.

9 Akanya ka sekai sa ga Franco. O ne a na le bothata jwa go galefa. Nako le nako fela fa dilo di sa tsamaye sentle, o ne a galefa thata a bo a thubakaka dilo. Mosadi wa gagwe o ne a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, mme ka iketlo sekao sa bone sa Bokeresete se ne sa thusa Franco go bona gore o ne a tshwanetse go fetoga. O ne a ithuta Baebele le bone mme kgabagare a kgona go bontsha maungo a moya o o boitshepo a kagiso le boikgapo. (Bagalatia 5:22, 23) E ne e le mongwe wa ba ba 492 ba ba neng ba kolobediwa kwa Belgium ka ngwaga wa tirelo wa 2001. Akanya gape ka Alejandro. Lekawana leo le ne la tshwakgolwa ke diokobatsi mo le neng la felela le ja mo dithotobolong tsa matlakala, le selasela sengwe le sengwe se le neng le ka se rekisa gore le nne le madi a go reka diokobatsi. E rile Alejandro a le dingwaga di le 22, Basupi ba ga Jehofa ba mo laletsa gore a ithute Baebele, mme a dumela. O ne a bala Baebele letsatsi le letsatsi a bo a nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. O ne a phepafatsa botshelo jwa gagwe ka bofefo mo e leng gore e rile dikgwedi tse thataro di ise di wele a bo a setse a kgona go nna le seabe mo tirong ya go rera—e le mongwe wa ba ba 10 115 ba ba neng ba dira jalo ngogola kwa Panama.

Dikgang Tse di Molemo—Masego mo Bathong ba ba Pelonolo

10. Ke bomang ba ba amogelang dikgang tse di molemo, mme tsela e ba lebang dilo ka yone e fetoga jang?

10 Isaia o ne a porofeta gore dikgang tse di molemo  di ne di tla rerelwa batho ba ba pelonolo. Batho bano ba ba pelonolo ke bomang? Ke ba ba tlhalositsweng mo bukeng ya Ditiro e le ‘ba ba nang le tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.’ (Ditiro 13:48) Ke batho ba ba ikokobeditseng ba maemo otlhe mo setšhabeng ba ba amogelang molaetsa wa boammaaruri. Bano ba ithuta gore go dira thato ya Modimo go tla tlisa masego a a fetang kgakala sepe fela se lefatshe le ka se tlisang. (1 Johane 2:15-17) Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba fitlhelela dipelo jang mo tirong ya bone ya go rera?

11. Go ya ka Paulo, dikgang tse di molemo di tshwanetse tsa rerwa jang?

11 Ebu, akanya ka sekai sa ga moaposetoloi Paulo, yo o neng a kwalela Bakorintha a re: “E rile ke tla kwa go lona, bakaulengwe, ka se ka ka tla ka puo e e feteletseng kgotsa botlhale jo bo feteletseng ke lo bolelela sephiri se se boitshepo sa Modimo. Gonne ke ne ka dira tshwetso ya gore ke se ka ka itse sepe mo gare ga lona fa e se Jesu Keresete, mme ene, e le yo o bapotsweng.” (1 Bakorintha 2:1, 2) Paulo ga a ka a leka go kgatlha bareetsi ka thutego ya gagwe. O ne a sa rute sepe fa e se dintlha tse di tlhomamisitsweng ke Modimo, dintlha tse gompieno di kwadilweng mo Baebeleng. Ela tlhoko gape kgothatso e Paulo a neng a e naya moreri ka ene e bong Timotheo: “Rera lefoko, dira jalo ka potlako.” (2 Timotheo 4:2) Timotheo o ne a tshwanetse go rera “lefoko,” molaetsa wa Modimo. Gape Paulo o ne a kwalela Timotheo a re: “Dira bojotlhe jwa gago go itlhagisa o amogelwa ke Modimo, modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong, o tshwere lefoko la boammaaruri sentle.”—2 Timotheo 2:15.

12. Basupi ba ga Jehofa gompieno ba ikobela jang mafoko a ga Paulo le sekao sa gagwe?

12 Basupi ba ga Jehofa ba sala sekao sa ga Paulo morago mmogo le mafoko a a neng a a bolelela Timotheo. Ba dumela gore Lefoko la Modimo le maatla mme ba le dirisa ka botlalo fa ba ntse ba leka go bontsha baagelani ba bone mafoko a a tshwanelang a tsholofelo le kgomotso. (Pesalema 119:52; 2 Timotheo 3:16, 17; Bahebera 4:12) Ee, ba dirisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng sentle gore ba ba kgatlhegang ba kgone go bapala kitso e e oketsegileng ya Baebele ka nako e e ba siametseng. Mme ka metlha ba leka go bontsha batho mafoko a Dikwalo. Ba a itse gore Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le tla rotloetsa dipelo tsa ba ba ikokobeditseng. Mme go le dirisa jaana le bone go ba nonotsha tumelo.

“Go Gomotsa Botlhe ba ba Hutsafetseng”

13. Ka ngwaga wa 2001, ke ditiragalo dife tse di ileng tsa dira gore batho ba le bantsi ba ba hutsafetseng ba tlhoke go gomodiwa?

13 Ngwaga wa 2001 o ne wa nna le masetlapelo a a boitshegang, mme batho ba le bantsi ba ne ba tlhoka kgomotso ka ntlha ya one. Ka September o o fetileng go ne ga nna le sekai se se tlhomologileng sa seno kwa United States, fa dirukutlhi di ne di tlhasela World Trade Center kwa New York le Pentagon gaufi le Washington, D.C. Ditlhaselo tseo di ne tsa gamaregisa naga eo yotlhe fela thata! Fa maemo a ntse jaana, Basupi ba ga Jehofa ba leka go diragatsa thomo e ba e neilweng ya go ‘gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng.’ Maitemogelo a sekae a tla bontsha gore ba dira seno jang.

14, 15. Basupi mo makgetlhong a mabedi a a farologaneng ba ne ba kgona jang go dirisa ditemana go gomotsa ba ba hutsafetseng?

14 Mosupi mongwe yo e leng moreri wa nako e e tletseng o ne a ya kwa mosading mongwe yo o neng a tsamaya fa thoko ga tsela a bo a mmotsa gore o akanyang ka ditlhaselo tsa bosheng tsa dirukutlhi. Mosadi yono o ne a simolola go lela. O ne a bolela gore o utlwile botlhoko e bile o eletsa e kete a ka thusa ka tsela nngwe. Mosupi o ne a mmolelela gore Modimo o re kgatlhegela thata rotlhe fela, mme a mmalela Isaia 61:1, 2. Mosadi yono, yo o neng a bolela gore batho botlhe ba hutsafetse, o ne a utlwa mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a na le tlhaloganyo. O ne a amogela pampitshana mme a kopa Mosupi gore a mo etele kwa legaeng la gagwe.

15 Basupi ba le babedi ba ne ba le mo tirong ya go rera fa ba tla kopana le monna mongwe a dira mo leobong la gagwe. Ba ne ba kopa go mmontsha mafoko a a gomotsang mo Dikwalong ka ntlha ya masetlapelo a bosheng a kwa World Trade Center. O ne a dumela mme ba mmalela 2 Bakorintha 1:3-7, e e nang le mafoko a a reng: “Kgomotso . . . e tota ka Keresete.” Monna yono o ne a itumelela gore baagelani ba gagwe ba Basupi ba ne ba abela ba bangwe sengwe se se gomotsang  mme a re: “E kete Modimo a ka segofatsa tiro e ntle e lo e dirang.”

16, 17. Ke maitemogelo afe a mabedi a a bontshang maatla a Baebele a go ka thusa batho ba ba hutsafaditsweng kgotsa ba tshwentsweng ke masetlapelo?

16 Mosupi mongwe o ne a boela kwa bathong ba ba kgatlhegang mme a kopana le morwa wa mosadi yo o neng a kile a bontsha kgatlhego mme a tlhalosa gore o ne a tshwenyegile ka baagelani ba gagwe gore ba tsogile jang morago ga masetlapelo a bosheng. Monna yo o ne a gakgamadiwa ke gore Mosupi o ne a iphile nako ya go etela batho le go ba tlhola. O ne a bolela gore o ne a bereka gaufi thata le World Trade Center fa go tlhaselwa mme a bona tiragalo yotlhe. Fa a botsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letla pogo, Mosupi o ne a bala ditemana tse di tswang mo Baebeleng, go akaretsa Pesalema 37:39, e e reng: “Poloko ya basiami e tswa kwa go Jehofa; ke kago ya bone ya phemelo mo motlheng wa matshwenyego.” Ka bopelontle, monna yono o ne a botsa Mosupi gore ene le lelapa la gagwe ba tsogile jang, a mo kopa gore a boe a ete gape a bo a lebogela thata gore a bo a mo etetse.

17 Mongwe wa diketekete tsa batho ba ba hutsafetseng ba ba ileng ba gomodiwa ke Basupi ba ga Jehofa mo malatsing a morago ga ditlhaselo tsa dirukutlhi ke mosadi mongwe yo Basupi ba neng ba kopana le ene fa ba ntse ba etela baagelani ba bone. O ne a utlwisitswe botlhoko thata ke se se neng se diragetse mme a reetsa fa ba ntse ba bala Pesalema 72:12-14: “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka. O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong, mme madi a bone a tla nna tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe.” Mafoko ao a ne a utlwala tota! Mosadi yono o ne a kopa Basupi gore ba bale ditemana tseo gape mme a ba laletsa kwa ntlong ya gagwe gore ba tswelele pele le motlotlo. Fa motlotlo o fela, ba ne ba setse ba simolotse thuto ya Baebele.

18. Mosupi mongwe o ne a thusa baagelani ba gagwe jang fa a ne a kopiwa gore a ba rapelele?

18 Mosupi mongwe o bereka mo resetšhurenteng e e mo lefelong la batho ba ba emeng sentle koo pele batho ba neng ba sa kgatlhegele dikgang tse di molemo tsa Bogosi go le kalo. Morago ga ditlhaselo tsa dirukutlhi, batho ba lefelo leno ba ne ba lebega ba tshogile. Mo maitseboeng a Labotlhano wa morago ga tlhaselo, manejara wa resetšhurente o ne a kopa batho botlhe gore ba tswele  kwa ntle ba tshole dikerese, ba bo ba didimala ka nakwana go gopola batswasetlhabelo. Ka gonne Mosupi o ne a tlotla maikutlo a bone, o ne a tswela kwa ntle mme a ema ka tidimalo fa thoko ga tsela. Manejara o ne a itse gore e ne e le modiredi wa Basupi ba ga Jehofa, ka jalo morago ga nakwana eo ya go gopola batswasetlhabelo, o ne a mo kopa gore a rapelele batho botlhe. Mosupi o ne a dumela. Mo thapelong ya gagwe, o ne a umaka kafa batho ba bantsi ba hutsafetseng ka teng mme a re ba ba hutsafetseng ba se ka ba lela jaaka ba ba se nang tsholofelo. O ne a bua ka nako e ka yone ditiragalo tse di botlhoko jaana di se kitlang di tlhola di diragala a bo a bontsha gore botlhe ba ka atamela gaufi le Modimo wa kgomotso ka go nna le kitso ya boammaaruri e e tswang mo Baebeleng. Fa go sena go twe “Amen,” manejara—a setswe morago ke batho ba feta 60 ba ba neng ba le kwa ntle ga resetšhurente—o ne a ya kwa Mosuping, a mo leboga, a mo tlamparela, a bolela gore thapelo eno e ne e gaisa tsotlhe tse a kileng a di utlwa.

Lesego mo Setšhabeng

19. Ke boitemogelo bofe jo bo bontshang gore batho bangwe ba lemoga ditekanyetso tse di kwa godimo tsa Basupi ba ga Jehofa?

19 Mo metlheng eno segolobogolo, ditšhaba tse Basupi ba ga Jehofa ba tlhoafetseng mo go tsone di solegelwa molemo ke go nna teng ga bone mo go tsone—jaaka batho ba le bantsi ba ile ba umaka. Tota batho ba ba kgothaletsang gore go nne le kagiso, boikanyegi le maitshwaro a mantle ba ka tlhoka jang go tlhotlheletsa batho ka tsela e e siameng? Mo nageng nngwe kwa Asia Bogare, Basupi ba ne ba kopana le motlhankedi yo o tlogetseng tiro wa kemedi ya pele ya pabalesego ya puso. O ne a bolela gore o ne a kile a abelwa gore a tlhotlhomise mekgatlho e e farologaneng ya bodumedi. Fa a tlhatlhoba Basupi ba ga Jehofa, o ne a gapiwa maikutlo ke boikanyegi jwa bone le boitshwaro jwa bone jo bo siameng. O ne a kgatlhiwa ke tumelo ya bone e e nonofileng le gore dithuto tsa bone di tswa mo Dikwalong. Monna yo o ne a dumela go ithuta Baebele.

20. (a) Tiro e e begilweng ke Basupi ba ga Jehofa ngogola e supa eng? (b) Ke eng se se bontshang gore go sa ntse go na le tiro e ntsi e e tshwanetseng go dirwa, mme re leba jang tshiamelo e re nang nayo ya go rera?

20 Maitemogelo a a seng kae fela a a anetsweng mo setlhogong seno, a e leng mangwe a maitemogelo a le diketekete a a neng a ka anelwa, a bontsha gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhoafetse tota mo ngwageng wa tirelo wa 2001. * Ba ne ba bua le dimilione tsa batho, ba gomotsa ba le bantsi ba ba neng ba hutsafetse, le tiro ya bone ya go rera e ne ya nna le matswela. Batho ba le 263 431 ba ne ba tshwantshetsa boineelo jwa bone go Modimo ka go kolobediwa. Mo lefatsheng lotlhe, palo ya bareri e ne ya oketsega ka diperesente di le 1,7. Mme lebaka la go bo batho ba le 15 374 986 ba ne ba tla Segopotsong sa ngwaga le ngwaga sa loso lwa ga Jesu le bontsha gore go sa ntse go na le tiro e ntsi e e tshwanetseng go dirwa. (1 Bakorintha 11:23-26) E kete re ka tswelela pele re batla batho ba ba pelonolo ba ba ratang dikgang tse di molemo. Mme fa fela ngwaga wa ga Jehofa wa kamogelo o ntse o tswelela pele, a re nneng re gomotseng “ba ba dipelo di phatlogileng.” A bo re na le tshiamelo e ntle jang ne! Eleruri rotlhe re bua jaaka Isaia re re: “Ruri ke tla itumela mo go Jehofa. Moya wa me o tla ipela mo Modimong wa me.” (Isaia 61:10) E kete Modimo a ka tswelela pele a re dirisa jaaka a diragatsa mafoko ano a boporofeti: “Morena Molaodimogolo Jehofa o tla dira gore tshiamo le pako di tlhoge fa pele ga ditšhaba tsotlhe.”—Isaia 61:11.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 20 Tšhate e e mo go tsebe 19 go ya go 22 e bega ka tiro ya Basupi ba ga Jehofa mo ngwageng wa tirelo wa 2001.

A o A Gakologelwa?

• Batho ba ba pelonolo ba ne ba solegelwa molemo jang ke dikgang tse di molemo tse Jesu a neng a di rera?

• Batho ba ba neng ba amogela tiro ya go rera ya barutwa ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba nna le masego afe?

• Batho ba ba amogelang molaetsa gompieno ba ile ba solegelwa molemo jang ke dikgang tse di molemo?

• Re leba jang tshiamelo ya rona ya go nna bareri?

[Dipotso Tsa Thuto]

 [Tšhate mo go tsebe 19-22]

PEGO YA BASUPI BA GA JEHOFA LEFATSHE KA BOPHARA YA NGWAGA WA TIRELO WA 2001

 (See bound volume)

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Basupi ba ga Jehofa ga ba lebale boikarabelo jwa bone jwa go rera

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Ba ba amogelang dikgang tse di molemo ba nna karolo ya bokaulengwe jo bo utlwanang jwa lefatshe lotlhe