Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ruri Batho ba ka Tshela ba sa Tlhaolane?

A Ruri Batho ba ka Tshela ba sa Tlhaolane?

 A Ruri Batho ba ka Tshela ba sa Tlhaolane?

JOHN ADAMS, yo o neng a nna poresidente ya bobedi ya United States, e ne e le mongwe wa batho ba ba neng ba saena Maikano a Boipuso, a a nang le mafoko ano a a molemo: “Re dumela boammaaruri jono jo bo mo pepeneneng jwa gore batho botlhe ba bopilwe ba lekana.” Le fa go ntse jalo, go bonala fa John Adams a ne a belaela gore a tota batho ba a lekana, ka gonne o ne a kwala jaana: “Go sa lekane mo Mogopolong le mo Mmeleng go tlhomilwe jaana ke Modimo Mothatayotlhe mo Molaong wa gagwe wa Tlholego ya Motho mo e leng gore ga go na thulaganyo epe kana molao o o ka dirang gore go fedisiwe.” Go farologana le seo, rahisitori wa kwa Boritane H. G. Wells o ne a akanya a bona go na le setšhaba se se lekalekanang ka dilo tseno tse tharo: bodumedi jwa lefatshe lotlhe jo bo dumalanang le jo bo sa leswafalang, thuto e e tshwanang mo bathong botlhe e bile go se na masole.

Go fitlha jaanong, mo hisitoring ga go ise go ke go direge gore go nne le setšhaba se se lekalekanang se Wells a neng a se akanya. Batho ga ba lekane gotlhelele, mme go tlhaola batho ka  maemo e sa ntse e le bothata jo bogolo mo setšhabeng. A go tlhaola batho jalo go ile ga dira gore setšhaba sotlhe se solegelwe molemo? Nnyaa. Dithulaganyo tsa go tlhaola batho ka maemo di kgaoganya batho, mme seo se dira gore go nne le lefufa, letlhoo, mahutsana le go tshololwa ga madi a le mantsi. Kgopolo e e kileng ya bo e le teng ya go itseela kwa godimo ga basweu mo dinageng tsa Afrika, Amerika Bokone le Australia e ile ya tlisetsa batho ba e seng basweu masetlapelo—go akaretsa le go gailwa ga morafe wa Ba-Aborigine kwa Van Diemen’s Land (e jaanong e leng Tasmania). Kwa Yuropa, go tlhaola Bajuda ka gore ke batho ba maemo a a kwa tlase ke gone go ileng ga baka Polao ya Kgailo. Go huma thata ga setlhopha se se busang le go sa kgotsofala ga batho ba maemo a a kwa tlase le ba maemo a a fa gare e ne ya nna mabaka a a neng a dira gore go nne le Phetogo e Kgolo ya kwa Fora ya lekgolo la bo18 la dingwaga le Phetogo e Kgolo ya Ba-Bolshevik mo lekgolong la bo20 la dingwaga kwa Russia.

Monna yo o botlhale wa bogologolo o ne a kwala jaana: ‘Motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Mafoko a gagwe a boammaaruri go sa kgathalesege gore a batho ba ba gatelelang ba bangwe ke batho ka bongwe kana ke ditlhopha. Fa setlhopha sengwe se ikgodisa mo go se sengwe, ditlamorago tsa gone e nna mahutsana le go boga.

Batho Botlhe ba a Lekana fa Pele ga Modimo

A ka tlholego fela ditlhopha tse dingwe tsa batho di kwa godimo ga tse dingwe? E seng mo matlhong a Modimo. Baebele e bolela jaana: “[Modimo] o dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe.” (Ditiro 17:26) Mo godimo ga moo, Mmopi ‘ga a supe tlhaolele mo dikgosaneng e bile ga a akanyetse motlotlegi go feta motho wa maemo a a kwa tlase, gonne botlhe ke tiro ya diatla tsa gagwe.’ (Jobe 34:19) Batho botlhe ba a amana, mme fa pele ga Modimo botlhe ba tshotswe ba lekana.

Gape se lebale gore, fa motho a swa, maiphako otlhe a gore o mogolo go feta ba bangwe a a nyelela. Baegepeto ba bogologolo ba ne ba sa dumele seo. Fa mongwe wa Bofaro a swa, ba ne ba baya dilwana tse di tlhwatlhwakgolo mo lebitleng la gagwe gore a tle a kgone go di dirisa e re ka a tswelela a le mo maemong a gagwe a a kwa godimo mo botshelong jwa morago ga loso. A go ne go ntse jalo? Nnyaa. Bontsi jwa dikhumo tseo di ne di felela di tserwe ke dinokwane tse di neng di thukhutha mabitla mme bontsi jwa dilo tse di neng di sa tsewe ke dinokwane di sa ntse di ka bonwa gompieno kwa dimusiamong.

E re ka Faro yoo a ne a sule, o ne a sa kgone go dirisa sepe sa dilo tseo tse di tlhwatlhwakgolo. Mo losong ga go na batho ba maemo a a kwa godimo kana ba maemo a a kwa tlase, ga go na khumo kana lehuma. Baebele e bolela jaana: “Batho ba ba botlhale ba tla swa; batho ba ba dieleele, ba ba setlhogo ba swa botlhe. Gonne batho ba tshwana le dikgomo tse botshelo jwa tsone di se kitlang di nnela ruri, ba tshwana le metlhape e nako ya yone e leng khutshwane.” (Pesalema 49:10, 12, The New English Bible) Le fa re ka tswa re le dikgosi kana makgoba, mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a boammaaruri mo go rona rotlhe: “Fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele, le gone ga ba tlhole ba na le tuelo,  . . . Ga go na tiro le fa e le go loga maano le fa e le kitso le fa e le botlhale kwa Sheole, lefelo le o yang kwa go lone.”—Moreri 9:5, 10.

Rotlhe re tshotswe re lekana mo matlhong a Modimo, mme rotlhe re felela mo losong re lekana. A bo go se na mosola jang ne go tlotlomatsa setlhopha se se rileng sa batho mo godimo ga se sengwe mo nakong eno e khutshwane e re e tshelang!

Batho ba ka Tshela Jang ba sa Tlhaolane?

Le fa go ntse jalo, a go na le tsholofelo ya gore letsatsi lengwe go tla bo go na le setšhaba se mo go sone maemo a a batho a sa tseweng a le botlhokwa? Ee, e teng. Mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, go ne ga theiwa motheo wa setšhaba se se ntseng jalo. Jesu o ne a ntsha botshelo jwa gagwe go nna setlhabelo sa thekololo sa batho botlhe ba ba dumelang gore “mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.

Jesu o ne a bolela jaana go bontsha gore ga go ope wa balatedi ba gagwe yo o tshwanetseng go ikgodisetsa badumedi ka ene: “Lona, lo se ka lwa bidiwa Rabi, gonne moruti wa lona o mongwe, mme lona  lotlhe lo bakaulengwe. Mo godimo ga moo, lo se ka lwa bitsa ope rraalona mo lefatsheng, gonne Rraalona o mongwe, Wa selegodimo. Le gone lo se ka lwa bidiwa ‘baeteledipele,’ gonne Moeteledipele wa lona o mongwe, e bong Keresete. Mme yo mogolo thata mo go lona o tshwanetse go nna modiredi wa lona. Le fa e le mang yo o ikgodisang o tla kokobediwa.” (Mathaio 23:8-12) Mo matlhong a Modimo, barutwa botlhe ba ga Jesu ba boammaaruri ba a lekana mo tumelong.

A Bakeresete ba bogologolo ba ne ba ipona ba lekana? Ba ba neng ba tlhaloganya thuto ga ya Jesu ba ne ba itsaya jalo. Ba ne ba bona ba lekana mo tumelong mme ba bontsha seno ka go bitsana ba re “mokaulengwe.” (Filemone 1, 7, 20) Go ne go sa rotloediwe ope gore a ipone a le botoka mo go ba bangwe. Ka sekai, akanya ka tsela ya boikokobetso e Petere a neng a itlhalosa ka yone mo lekwalong la gagwe la bobedi: “Simone Petere, motlhanka e bile e le moaposetoloi wa ga Jesu Keresete, ke kwalela ba ba amogetseng tumelo, ba ba tsewang ba na le tshiamelo e e lekanang le ya rona.” (2 Petere 1:1) Petere o ne a rutilwe ka namana ke Jesu, mme jaaka moaposetoloi, o ne a na le maemo a a botlhokwa a maikarabelo. Le fa go ntse jalo, o ne a itsaya e le motlhanka mme a lemoga gore Bakeresete ba bangwe ba ne ba na le tumelo ka tshiamelo e e lekanang le ya gagwe.

Bangwe ba ka nna ba bolela gore kgang ya go lekana e ganediwa ke lebaka la go bo mo metlheng ya pele ga Bokeresete Modimo o ne a dira gore Iseraele e nne setšhaba se se kgethegileng. (Ekesodo 19:5, 6) Ba ka nna ba bolela gore seno ke sekai sa gore go na le ditso tse di kwa godimo ga tse dingwe, mme gone ga go a nna jalo. Gone ke boammaaruri gore, Baiseraele ba e neng e le ditlogolwana tsa ga Aborahame, ba ne ba na le botsalano jo bo kgethegileng le Modimo mme ba ne ba dirisiwa go nna bone ba Modimo a neng a naya batho ditshenolo ka bone. (Baroma 3:1, 2) Mme boikaelelo jwa seno e ne e se go ba tlotlomatsa. Go na le moo, e ne e le gore ‘ditšhaba tsotlhe di segofadiwe.’—Genesise 22:18; Bagalatia 3:8.

Go ne ga direga gore bontsi jwa Baiseraele ba se ka ba etsa tumelo ya rrabonemogolo Aborahame. Ga ba a ka ba ikanyega mme ba ne ba gana go dumela gore Jesu ke Mesia. Ka ntlha ya seo, Modimo o ne a ba latlha. (Mathaio 21:43) Le fa go ntse jalo, batho ba ba pelonomi ga ba a ka ba latlhegelwa ke masego a a solofeditsweng. Ka Pentekosete ya 33 C.E., phuthego ya Bokeresete e ne ya tlhomiwa. Phuthego eno ya Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya o o boitshepo e ne ya bidiwa “Iseraele wa Modimo,” mme e ne ya nna yone e masego ao a tla tlang ka yone.—Bagalatia 6:16.

Maloko mangwe a phuthego eo a ne a tlhoka go rutiwa ka kgang ya go lekalekana. Ka sekai, morutwa Jakobe o ne a kgalemela ba ba neng ba tshwara Bakeresete ba ba humileng ka tlotlo go feta ba ba humanegileng. (Jakobe 2:1-4) Seo se ne se sa siama. Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha gore Bakeresete ba Baditšhaba ba ne ba se kwa tlase ga Bakeresete ba Bajuda ka tsela epe le gore Bakeresete ba basadi ba ne ba se kwa tlase ka tsela epe mo go ba banna. O ne a kwala jaana: “Tota e bile, lona lotlhe lo bana ba Modimo ka tumelo ya lona mo go Keresete Jesu. Gonne lona lotlhe ba lo neng lwa kolobediwa mo go Keresete lo apere Keresete. Ga go na Mojuda le fa e le Mogerika, ga go na motlhanka le fa e le mogololesegi, ga go na motho wa monna le fa e le motho wa mosadi; gonne lotlhe lo motho a le mongwe yo o seoposengwe le Keresete Jesu.”—Bagalatia 3:26-28.

Batho Ba ba Sa Tlhaolaneng ka Maemo Gompieno

Basupi ba ga Jehofa gompieno ba leka go tshela go ya ka melaometheo ya Dikwalo. Ba a lemoga gore Modimo ga a tseye maemo a motho mo setšhabeng a le botlhokwa. Ka gone, ga ba na setlhopha sa baruti le sa ba e seng baruti e bile ga ba tlhaolane  go ya ka mmala kana ka khumo. Le mororo bangwe ba bone ba ka tswa ba humile, ga ba tlhome mogopolo mo ‘go bontsheng ka mabela se ba nang le sone mo botshelong,’ ka gonne ba lemoga gore dilo tse di ntseng jalo ke tsa nakwana fela. (1 Johane 2:15-17) Go na le moo, botlhe ba seoposengwe mo kobamelong ya bone ya Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe, Jehofa Modimo.

Mongwe le mongwe wa bone o amogela boikarabelo jwa go nna le seabe mo tirong ya go rerela mong ka ene dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Jaaka Jesu, ba tlotla batho ba ba gateletsweng le ba ba tlhokomologiwang ka go ba etela kwa matlong a bone, ba ithaopa go ba ruta Lefoko la Modimo. Batho ba maemo a a kwa tlase ba dira mmogo le ba ba ka tswang ba tsewa ke bangwe e le ba maemo a a kwa godimo. Ke dinonofo tsa semoya tse di leng botlhokwa, e seng maemo a motho mo setšhabeng. Jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, botlhe ke bakaulengwe le bokgaitsadi mo tumelong.

Go Lekana go Letla go sa Tshwane

Le gale, go lekana ga go reye gore batho ba tshwane gotlhelele. Phuthego eno ya Bokeresete e akaretsa banna le basadi, bagolo le basha ba botlhe ba godisitsweng ka ditso, dipuo, ditšhaba le maemo a itsholelo a mantsintsi a a farologaneng. Ba na le bokgoni jo bo farologaneng jwa tlhaloganyo le jwa mmele. Mme go farologana goo ga go dire gore ba bangwe ba nne kwa godimo kana kwa tlase ga ba bangwe. Go na le moo, go farologana goo go dira gore go nne le go sa tshwane go go kgatlhang. Bakeresete bao ba a lemoga gore ditalenta dipe tse ba nang le tsone ke dimpho tse ba di filweng ke Modimo mme ga go ba neye lebaka lepe la gore ba ikutlwe ba le kwa godimo ga ba bangwe.

Go kgaoganya batho ka maemo go nnile teng ka ntlha ya go leka ga batho go ipusa go na le gore ba latele kaelo ya Modimo. Go ise go ye kae, Bogosi jwa Modimo bo tla tseela puso ya lefatshe leno maemo, mme bo tla fedisa go tlhaolana ga batho go ya ka maemo le dilo tse dingwe tsotlhe tse di bakileng go boga go ralala dingwaga. Mme ka nako eo, ‘ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe’ ka tsela ya mmatota. (Pesalema 37:11) Mabaka otlhe a a dirang gore motho a ipelafatse ka ntlha ya go akanya gore o kwa godimo ga ba bangwe a tla bo a fedile. Ga go kitla go tlhola go direga gore go nne le go tlhaolana ga batho go ya ka maemo go go kgaoganyang bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe mo bathong.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Mmopi ga a “akanyetse motlotlegi go feta motho wa maemo a a kwa tlase, gonne botlhe ke tiro ya diatla tsa gagwe.”—Jobe 34:19.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Basupi ba ga Jehofa ba tlotla baagelani ba bone

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Dinonofo tsa semoya ke tsone tse di botlhokwa mo Bakereseteng ba boammaaruri