Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ke Ikuela Kwa go Kaesara!”

“Ke Ikuela Kwa go Kaesara!”

 Ke Ikuela Kwa go Kaesara!”

SEGOPA se tshwara monna yo o sa kgoneng go iphemela se bo se simolola go mo itaya. Ba akanya gore o tshwanetse go swa. Fela fa go lebega e kete ba tlile go mmolaya, go tlhaga masole mme ba namola monna yono ka bothata mo segopeng se se dikgoka. Monna yono ke moaposetoloi Paulo. Batlhasedi ba gagwe ke Bajuda ba ba ganetsang thata go rera ga ga Paulo mme ba mo latofatsa ka gore o leswafatsa tempele. O namolwa ke Baroma ba ba eteletsweng pele ke molaodi wa bone, Kalaudio Lisiase. Mo tlhakatlhakanong eo, Paulo o tshwarwa jaaka mmelaelwa wa gore ke sekebekwa.

Dikgaolo tse supa tsa bofelo tsa buka ya Ditiro di tlhalosa ka botlalo kgetsi e e simolotseng ka go tshwarwa gono. Go tlhaloganya hisitori ya ga Paulo mo go tsa molao, se a neng a latofadiwa ka sone, kafa a neng a iphemela ka teng, le sengwe ka mokgwa wa kotlhao wa Roma go dira gore re tlhaloganye dikgaolo tseno ka mo go oketsegileng.

O Tshwerwe ke Kalaudio Lisiase

Tiro ya ga Kalaudio Lisiase e ne e akaretsa go boloka tolamo kwa Jerusalema. Molaodi wa Moroma wa Judea yo o neng a mo feta ka maemo, o ne a nna kwa Kaesarea. Tsela e Lisiase a neng a dira dilo ka teng mo kgannyeng ya ga Paulo e ka lejwa e le go sireletsa motho mo thubakanyong le go tshwara motho yo o neng a kgoreletsa kagiso. Tsela e Bajuda ba neng ba arabela ka yone e ne ya tlhotlheletsa Lisiase gore a ise legolegwa la gagwe kwa bonnong jwa masole kwa Toreng ya Antonia.—Ditiro 21:27–22:24.

Lisiase o ne a tshwanetse go batlisisa gore Paulo o ne a dirile eng. Ka nako ya tlhakatlhakano, o ne a sa utlwa sepe. Ka jalo, kwantle ga go senya nako, o ne a laela gore Paulo a ‘botsolotswe a kgwathisiwa, gore a tle a itse gore ke ka ntlha yang fa ba ne ba goelela Paulo ka tsela eno.’ (Ditiro 22:24) Eno e ne e le tsela e e tlwaelegileng  ya go batla bosupi mo dikebekweng, mo makgobeng le mo bathong ba bangwe ba maemo a a kwa tlase. Seme (flagrum) se ka tswa se ne se thusa mo ntlheng eo, mme e ne e le sedirisiwa se se maswe thata. Dingwe tsa dime tseno di ne di na le dikgolokwe tsa tshipi di lepelela mo dikeetaneng. Tse dingwe di ne di na le dikgole tsa letlalo tse di logagantsweng le marapo a a tlhabang le ditshipinyana. Di ne di baka dintho tse di maswe thata, di gagola nama.

Ka nako eo Paulo o ne a senola gore ke moagi wa Roma. Moroma yo o sa bonwang molato o ne a ka se kgwathisiwe, ka jalo go buelela ga ga Paulo ditshwanelo tsa gagwe go ne ga nna le matswela gone fela foo. Go sotla kgotsa go otlhaya moagi wa Roma go ne go ka dira gore modiredimogolo wa Moroma a latlhegelwe ke maemo a gagwe. Go a utlwala gore go simologa foo go ya pele, Paulo ga a ka a tshwarwa jaaka legolegwa le le tlwaelegileng, ka gore o ne a kgona go amogela baeng.—Ditiro 22:25-29; 23:16, 17.

Ka gonne Lisiase o ne a sa tlhomamisege ka ditatofatso, o ne a isa Paulo fa pele ga Sanehederine gore a newe tlhaloso ya se se dirileng gore batho ba shakgale. Paulo o ne a tsosa kganetsano fa a ne a tlhalosa gore o ne a atlholelwa go bua ka kgang ya tsogo ya baswi. Kganetsano eo e ne e le kgolo mo Lisiase a neng a tshaba gore Paulo o ne a tla kgaoganngwa dikarolwana, mme Lisiase o ne a patelesega go mo tlosa gape mo Bajudeng ba ba neng ba galefile.—Ditiro 22:30–23:10.

Lisiase o ne a sa batle go ikarabelela ka ntlha ya loso lwa Moroma. Fa a ne a utlwa ka leano la polao, o ne a dira gore legolegwa la gagwe le tsewe ka bonako le isiwe kwa Kaesarea. Molao o ne o batla gore magolegwa a tsamaisiwe le dipego tse di buang ka kgetsi ya bone kwa balaoding ba bagolwane ba katlholo. Dipego tseo di ne di akaretsa diphelelo tsa dipatlisiso tse di neng tsa dirwa la ntlha, mabaka a kgato e e tserweng, le kafa motlhotlhomisi a bonang kgetsi ka teng. Lisiase o ne a bega gore Paulo o ne a “latofadiwa kaga dikgang tsa Molao wa bone, mme a sa latofadiwe ka selo le fa e le se le sengwe fela se se tshwanetseng loso kgotsa dikgole,” mme o ne a laela batho ba ba neng ba latofatsa Paulo gore ba bolelele moemedi wa molaodi, e bong Felise, dingongorego tsa bone.—Ditiro 23:29, 30.

Molaodi Felise o Palelwa ke go Ntsha Katlholo

Taolo ya porofense e ne e theilwe mo maatleng a ga Felise le mo bolaoding jwa gagwe. O ne a ka nna a latela ngwao ya mo lefelong leo fa a ne a rata kgotsa a itlhophela go latela molao o o malebana di dikebekwa—o o tlwaetsweng ke batho ba maemo a a kwa godimo mo setšhabeng le badiredibagolo ba puso. Molao oo o ne o bidiwa ordo, kgotsa lenaane. Gape o ne a ka nna a dirisa molao wa extra ordinem, o o neng o ka dirisediwa tlolomolao nngwe le nngwe. Go ne go lebeletswe gore molaodi wa porofense a ‘se ka a dira se se neng se dirwa kwa Roma, mme a dire se ka kakaretso se neng se tshwanetse go dirwa.’ Ka jalo, dilo tse dintsi di ne di tlogelelwa ene gore a di dire kafa a neng a bona go tshwanetse ka teng.

Molao wa bogologolo wa Roma ga o itsiwe ka botlalo, mme kgetsi ya ga Paulo e tsewa e le “sekai sa pego ya porofense ya kotlhao, e leng extra ordinem.” Molaodi, yo o neng a thusiwa ke bagakolodi, o ne a reetsa ditatofatso tse di tlisiwang ke batho. Molatofadiwa o ne a bidiwa gore a tle go lebana le molatofatsi wa gagwe, mme o ne a iphemela, mme molatofatsi ke ene a neng a tshwanela go supa gore o molato. Mmakaseterata o ne a ntsha kotlhao nngwe le nngwe e a neng a bona e tshwanela. O ne a kgona go dira tshwetso ka bonako kgotsa a busetse katlholo kwa morago, mme fa go dirwa jalo, molatofadiwa o ne a tshwarwa. Mokanoki Henry Cadbury o ne a re, “Ga go na pelaelo gore ka gonne moemedi wa molaodi a ne a na le maatla, o ne a ka ineela go ‘tlhotlhelediwa ka tsela e e sa siamang’ le go newa pipamolomo—ya gore a golole motho a sa mmona molato, a mmone molato, kgotsa a busetse kgetsi kwa morago.”

Moperesiti yo Mogolo Ananiase, banna ba bagolo ba Bajuda, le Teretulo ba ne ba latofatsa Paulo fa pele ga ga Felise mo nakong e e fetileng ba re ke ‘motho yo o letshwenyo e bile o tlhotlheletsa go tsuologela taolo ga Bajuda.’ Ba ne ba bolela gore ke ene a neng a di goga kwa pele “mo lekokong la Banasaretha” le gore o ne a leka go itshepolola tempele.—Ditiro 24:1-6.

Batlhasedi ba ga Paulo ba pele ba ne ba akanya gore o ne a tlisitse Moditšhaba yo o neng a bidiwa Terofimo mo lelapeng le e neng e le la Bajuda  fela. * (Ditiro 21:28, 29) Totatota, motho yo o neng a le molato e ne e le Terofimo. Mme fa e le gore Bajuda ba ne ba tsaya se Paulo a se dirileng e le go tlola molao, le gone go ne go ka tsewa e le molato o o tshwanelwang ke gore motho a o bolaelwe. Mme go lebega Roma e ne e ntshitse tetla ya gore go dirisiwe katlholo ya loso ka ntlha ya tlolomolao eno. Ka jalo fa Paulo a ka bo a ne a tshwerwe ke mapodise a tempele ya Bajuda go na le gore a bo a tshwerwe ke Lisiase, Sanehederine e ka bo e ne ya mo sekisa le go mo atlholela loso kwantle ga mathata.

Bajuda ba ne ba ntsha mabaka a gore se Paulo a neng a se ruta e ne e se Bojuda, kgotsa bodumedi jo bo letleletsweng (religio licita). Go na le moo, se ne se tshwanetse go tsewa se se kafa molaong, e bile e le go tsogologela bodumedi jwa sejuda.

Gape ba ne ba bolela gore Paulo o ne a “tlhotlheletsa go tsuologela taolo ga Bajuda botlhe mo lefatsheng le le nang le banni.” (Ditiro 24:5) Molaodimogolo Kalaudio o ne a sa tswa go kgala Bajuda ba kwa Alexandria ka “go baka sebetso mo lefatsheng lotlhe.” Tsela e ditiragalo tseno di tshwanang ka yone e a gakgamatsa. Rahisitori A. N. Sherwin-White o bolela jaana: “Eno ke yone tatofatso e Bajuda ba neng ba latofadiwa ka yone mo Pusokgolong ya ga Kalaudio kgotsa mo dingwageng tsa ntlha tse Nero a neng a simolola go busa ka tsone. Bajuda ba ne ba leka go rotloetsa molaodi gore a dire gore e nne e kete go rera ga ga Paulo e ne e le go baka dipheretlhego mo setšhabeng sa Bajuda le mo Mmusomogolong wa bone. Ba ne ba itse gore balaodi ba ne ba sa rate go golega batho fela ka go bo ba pegwa molato ka dilo tsa bodumedi mme ka jalo, ba ne ba leka go dira gore molato ono wa bodumedi o fetolwe e nne wa sepolotiki.”

Paulo o ne a iphemela mo ntlheng nngwe le nngwe. ‘Ga ke a baka pheretlhego epe. Ke boammaaruri gore ke mo go se se bidiwang “lekoko,” mme seno se raya gore ke tsamaisana le melao ya Sejuda. Dipheretlhego di bakilwe ke Bajuda bangwe ba Asia. Fa ba na le ngongorego, ba tshwanetse ba ka bo ba le fano ba e bolela.’ Paulo o ne a kgona go dira gore ditatofatso tseno e nne dikganetsano ka bodumedi mo gare ga Bajuda, tse Roma e neng e sa itshwenye ka tsone. Gore a se ka a tena Bajuda ba ba neng ba setse ba sa laolesege, Felise o ne a busetsa tsheko kwa morago go dira gore go nne le maemo a boatlhodi a a thibelang go atlholwa ga ga Paulo. Paulo ga ka a neelwa Bajuda ba ba neng ba bolela gore o tshwanetse go atlholwa, e bile ga a atlholwa ka molao wa Baroma, e bile ga a ka a gololwa. Felise o ne a ka se patelediwe go ntsha katlholo, mme mo godimo ga go batla go amogelwa ke Bajuda, o ne a na le maikaelelo a mangwe gape a go bo a ne a diega—o ne a batla gore Paulo a mo neye pipamolomo.—Ditiro 24:10-19, 26. *

Phetogo e Kgolo Kafa Tlase ga Porekio Feseto

Kwa Jerusalema dingwaga tse pedi moragonyana, Bajuda ba ne ba ntšhafatsa ditatofatso tsa bone fa go tla Porekio Feseto, molaodi yo mosha, ba kopa gore Paulo a tlisiwe kafa tlase ga taolo ya bone. Mme Feseto o ne a araba jaana ka bogale: “Ga se mokgwa wa tsamaiso ya Roma go neela motho ope e le thuso pele ga motho yo o latofadiwang a kopana le balatofatsi ba gagwe go lebanwe difatlhego mme a bone sebaka sa go bua a iphemela ka ga ngongorego.” Rahisitori Harry W. Tajra o bolela jaana: “Feseto o ne a lemoga gone foo gore ba ne ba rera go bolaya moagi wa Roma.” Ka jalo Bajuda ba ne ba bolelelwa gore ba ye go pega kgetsi ya bone kwa Kaesarea.—Ditiro 25:1-6, 16.

Fa ba le koo, Bajuda ba ne ba gatelela gore Paulo “ga a tlhole a tshwanela go tshela,” mme le fa go ntse jalo ba se ka ba ntsha bosupi, mme Feseto o ne a lemoga gore Paulo o ne a sa dira sepe se se tshwanelwang ke loso. Feseto o ne a tlhalosetsa modiredimogolo yo mongwe jaana: “Ba ne fela ba na le dikganetsano dingwe le ene ka ga kobamelo ya bone ya modimo le ka ga Jesu mongwe yo o neng a sule mme yo Paulo a neng a nna a gatelela gore o a tshela.”—Ditiro 25:7, 18, 19, 24, 25.

Go ne go bonala sentle gore Paulo o ne a se na  molato ope wa sepolotiki, mme mo kganetsanong eo ya bodumedi, Bajuda ba ka tswa ba ne ba bolela gore kgotlatshekelo ya bone e ne e le yone fela e e neng e tshwanelega go rarabolola kgetsi eo. A Paulo o ne a tla ya Jerusalema go ya go atlholelwa dikgang tseno? Feseto o ne a botsa Paulo gore a o ne a ka dira jalo, mme tota e ne e le kakantsho e e sa tshwanelang. Go romelwa kwa Jerusalema kwa balatofatsi ba neng ba tla nna baatlhodi teng go ne go raya gore Paulo o ne a tla neelwa Bajuda. Paulo o ne a bolela jaana: “Ke eme fa pele ga setulo sa katlholo sa ga Kaesara, fa ke tshwanetseng go atlholelwa gone. Ga ke a direla Bajuda phoso epe . . . Ga go na motho ope yo o ka nneelang bone e le thuso. Ke ikuela kwa go Kaesara!”—Ditiro 25:10, 11, 20.

Fa Moroma a bua mafoko ano go ne go beelwa taolo yotlhe ya porofense kwa thoko. Tshwanelo ya gagwe ya go dira boikuelo (provocatio) e ne e le “ya mmatota, e e utlwalang sentle e bile e na le matswela.” Ka jalo fa a sena go gakololana le bagakolodi ba gagwe Feseto one a bolela jaana: “O ikuetse kwa go Kaesara; o tla ya kwa go Kaesara.”—Ditiro 25:12.

Feseto o ne a itumeletse go tlosa Paulo fa pele ga gagwe. Jaaka a ile a bolelela Herode Ageripa II malatsi moragonyana, kgetsi eo e ne e mo tlhakanya tlhogo. Feseto o ne a tshwanelwa ke gore a kwalele mmusimogolo pego ya kgetsi eo, mme mo go Feseto, ditatofatso di ne di akaretsa molao o o raraaneng o o sa tlhaloganyegeng wa Bajuda. Le fa go ntse jalo, Ageripa e ne e le mankge mo dikgannyeng tse di ntseng jalo, ka jalo e ne ya re fa a bontsha kgatlhego, a kopiwa ka bonako gore a kwale lekwalo leo. E re ka Feseto a ne a sa kgone go lemoga gore go tswa foo Paulo o ne a tlile go bua a reng fa pele ga ga Ageripa, o ne a re: “O a tsenwa Paulo! Go ithuta mo gogolo go go tsenya botsenwa!” Mme Ageripa o ne a tlhaloganya sentle fela. O ne a re: “Mo nakong e khutshwane o tla ntlhotlheletsa gore ke nne Mokeresete.” Go sa kgathalesege gore Feseto le Ageripa ba ne ba ikutlwa jang ka mabaka a a neng a ntshiwa ke Paulo, ba ne ba dumalana gore Paulo o ne a se na molato le gore o ka bo a golotswe fa a ne a sa ikuelwa kwa go Kaesara.—Ditiro 25:13-27; 26:24-32.

Bokhutlo Jwa Loeto lwa Katlholo

Fa Paulo a goroga kwa Roma, o ne a bitsa banna ba bagolo ba Bajuda, e seng fela gore a ba rerele, mme le gore gape a bone gore ke eng se ba neng ba se itse ka ene. Seo se ka tswa se senotse sengwe ka maikaelelo a basekisi ba gagwe. Go ne go tlwaelegile gore balaodi ba Jerusalema ba batle thuso ya Bajuda ba Roma fa ba tshwere kgetsi, mme Paulo o ne a utlwa gore ba ne ba sa laelwa sepe ka ene. Fa Paulo a ne a emetse tsheko, o ne a letlelelwa go hira ntlo le go rera ka kgololesego. Go tshwarwa bonolo jalo mo matlhong a Baroma go ka tswa go ne go raya gore Paulo o ne a se na molato.—Ditiro 28:17-31.

Paulo o ne a nna a tshwerwe dingwaga tse dingwe tse pedi. Ka ntlha yang? Baebele ga e re neye kgang eno ka botlalo. Ka tlwaelo motho yo o ikuelang o ne a tshwarwa go fitlha basekisi ba gagwe ba tla go mo latofatsa, mme gongwe Bajuda ba Jerusalema ba ne ba se ka ba tla gotlhelele fa ba ne ba lemoga gore kgetsi ya bone e ne e sa nonofa. Gongwe tsela e e neng e tla bereka ya go didimatsa Paulo ka nako e telele ka mo go neng go ka kgonega ka teng e ne e le gore ba se ka ba tla. Se se salang ke gore go lebega Paulo a ne a tla fa pele ga ga Nero, a se ka a bonwa molato, mme la bofelo a gololwa gore a boele kwa ditirong tsa gagwe tsa borongwa—dingwaga di ka nna tlhano morago ga gore a tshwarwe.—Ditiro 27:24.

Baganetsi ba boammaaruri ga ba bolo go ‘loga maano ba dirisa molao’ go kgoreletsa tiro ya Bokeresete ya go rera. Seno ga se a tshwanela go re gakgamatsa. Jesu o ne a re: “Fa ba mpogisitse, le lona ba tla lo bogisa.” (Pesalema 94:20, King James Version; Johane 15:20) Le fa go ntse jalo, Jesu gape o re naya kgololesego ya go bolelela lefatshe lotlhe dikgang tse di molemo. (Mathaio 24:14) Ka jalo, fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a emelana le pogiso le kganetso, Basupi ba ga Jehofa gompieno ba ‘sireletsa le go tlhomamisa dikgang tse di molemo semolao.’—Bafilipi 1:7.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 14 Lebota le legolo la maje, le le boleele jwa dikubita tse tharo, le ne le kgaoganya Lolwapa lwa Baditšhaba le lolwapa lo lo mo teng. Mo dikarolong dingwe mo loboteng lono go ne go kwadilwe ditlhagiso, tse dingwe di kwadilwe ka Segerika mme tse dingwe di kwadilwe ka Selatine: “Go se ka ga tsena motswakwa ope mo teng ga legora le le dikologileng lefelo le le boitshepo. Le fa e le mang yo o tla tshwarwang o tla tsewa a ikarabelela loso lwa gagwe lo lo tla latelang.”

^ ser. 17 Seno se ne se sa letlelelwa ka fa molaong. Buka nngwe e bolela jaana: “Mo molaong o o malebana le tsietso, e bong Lex Repetundarum, motho mongwe le mongwe yo o mo boemong jwa taolo kgotsa tsamaiso o ne a ilediwa go batla kgotsa go amogela pipamolomo ya gore a golege kgotsa a golole motho, a atlhole motho kgotsa a se ka a mo atlhola kgotsa go golola legolegwa.”