Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Gololesega mo Matshwenyegong—Tharabololo e e Thusang

Go Gololesega mo Matshwenyegong—Tharabololo e e Thusang

 Go Gololesega mo Matshwenyegong—Tharabololo e e Thusang

“Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa.”—MATHAIO 11:28.

1, 2. (a) Ke eng se Baebele e nang naso se se thusang go fokotsa matshwenyego a a feteletseng? (b) Dithuto tsa ga Jesu di ne di le mosola go le kana kang?

GONGWE o ka dumela gore go tshwenyega thata ga go a siama; go tshwana le go ngomoga pelo. Baebele e bontsha gore batho botlhe ba imelwa ke mathata mo e leng gore ba le bantsi ba emetse ka tlhoafalo gore ba gololwe mo botshelong jwa gompieno jo bo tletseng matshwenyego. (Baroma 8:20-22) Mme Dikwalo gape di bontsha kafa re ka tswang ka teng mo matshwenyegong a mantsi gone jaanong. Seo re ka se kgona ka go latela kgakololo le sekao sa lekawana le le tshedileng makgolo a le 20 a dingwaga a a fetileng. E ne e le mmetli, mme se a neng a se rata thata e ne e le batho. O ne a ama dipelo tsa batho, a ba naya se ba se tlhokang, a thusa ba ba bokoa le go gomotsa ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong. Mo godimo ga moo, o ne a thusa ba le bantsi gore ba gole semoyeng. Ka jalo ba ne ba gololesega mo matshwenyegong a a feteletseng, fela jaaka le wena o ka gololesega mo go one.—Luke 4:16-21; 19:47, 48; Johane 7:46.

2 Monna yono, Jesu wa Nasaretha, o ne a sa kaelwe ke thutego e e raraaneng ya lefatshe e bangwe ba neng ba e batla kwa mafelong a bogologolo a Roma, Athena kgotsa Alexandria. Le fa go ntse jalo, dithuto tsa gagwe di a itsege. Di ne di na le setlhogo: puso e Modimo a tla busang lefatshe la rona ka yone ka katlego. Gape Jesu o ne a tlhalosa melaometheo ya konokono ya go tshela—melaometheo e e mosola tota gompieno. Ba ba ithutang ba bo ba dirisa se Jesu a neng a se ruta ba solegelwa molemo ka bonako, e bile ba gololesega mo matshwenyegong a a feteletseng. A o ne o ka se rate seo?

3. Jesu o ne a ntsha taletso efe ya botlhokwa?

3 O ka tswa o na le dipelaelo. ‘A motho yo o tshedileng bogologolo jaana a ka ama botshelo jwa me gone jaanong?’ Mme utlwa mafoko ano a ga Jesu a taletso: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.” (Mathaio 11:28-30) O ne a raya goreng? A re tlhatlhobe mafoko ano ka boleelenyana mme re bone gore a ka re thusa jang go gololesega mo matshwenyegong a a gatelelang.

4. Jesu o ne a bua le bomang, mme ke eng fa bareetsi ba gagwe ba ka tswa ba fitlhetse go le thata go dira se se neng se batliwa mo go bone?

4 Jesu o ne a bua le batho ba bantsi ba ba neng ba batla ka tlhoafalo go dira se se kafa molaong mme ba ‘imelwa’ ka gonne baeteledipele ba Bajuda ba ne ba dira gore bodumedi e nne sengwe se se imelang. (Mathaio 23:4) Ba ne ba lateletse melao e mentsintsi e e amanang le mo e batlang e nna dikarolo tsotlhe tsa botshelo. A o ne o ka se fitlhele go tshwenya gore o nne o tewa go twe “o se ka wa” dira seno kgotsa sele? Jesu ene o ne a sa dire jalo, o ne a laletsa batho gore ba tle mo boammaaruring, mo tshiamong, ba tshele botshelo jo bo botoka ka go mo reetsa. Ee, tsela ya go itse Modimo wa boammaaruri  e ne e akaretsa go ela Jesu Keresete tlhoko, ka gonne batho ba ne ba ka bona gore Jehofa o ntse jang fa ba leba ene, mme le gompieno ba ntse ba ka kgona go dira jalo. Jesu o ne a re: “Yo o mponeng o bone le Rara.”—Johane 14:9.

A Botshelo Jwa Gago bo Tletse Matshwenyego Thata?

5, 6. Maemo a tiro le dituelo tsa motlha wa ga Jesu di tsamaisana jang le tsa rona gompieno?

5 Kgang eno e ka nna ya go ama ka gonne seemo sa kwa tirong kgotsa kwa lapeng se ka tswa se go tshwenya thata. Kgotsa maikarabelo a mangwe a ka lebega a go fekeetsa. Fa go le jalo, o tshwana le batho ba ba peloephepa ba Jesu a neng a kopana le bone a bo a ba thusa. Ka sekai, tsaya bothata jwa go itshedisa. Batho ba le bantsi ba mekamekane le bothata joo gompieno, mme go ne go ntse jalo le mo motlheng wa ga Jesu.

6 Mo metlheng eo, mmereki o ne a dira ka natla diura tse 12 ka letsatsi, malatsi a le 6 ka beke, gantsi a direla denario e le nngwe fela letsatsi lotlhe. (Mathaio 20:2-10) Madi ao a farologana go le kana kang le dituelo tsa gago kgotsa tsa ditsala tsa gago? Go ka nna thata go tshwantsha dituelo tsa bogologolo le tsa metlha ya gompieno. Tsela e nngwe ke ka go akanyetsa se madi a a rileng a ka se rekang. Mokanoki mongwe a re mo motlheng wa ga Jesu, lofo ya borotho e e dirilweng ka dikopi tse nnè tsa bupi jwa korong e ne e ka ja mo e ka nnang tuelo ya ura e le nngwe fela. Mokanoki yo mongwe a re kopi ya beine e e monate e ne e ka rekwa ka tuelo ya diura tse pedi. Dintlha tseo di bontsha gore ka nako eo batho ba ne ba semelela ka thata nako e telele gore ba itshedise. Ba ne ba tlhoka go gololwa le go lapolosiwa fela jaaka rona. Fa o hirilwe o ka nna wa ikutlwa o tshwanetse go dira ka thata go feta pele. Gantsi ga re bone nako e e lekaneng ya go dira ditshwetso tse di akanyeditsweng sentle. O ka nna wa dumela gore o eletsa go gololesega.

7. Batho ba ne ba ikutlwa jang ka molaetsa wa ga Jesu?

7 Go bonala sentle gore bareetsi ba le bantsi ba motlha oo ba ne ba ka kgatlhegela thata taletso e Jesu a neng a e naya botlhe ba ba neng ba ‘dira ka natla e bile ba imelwa.’ (Mathaio 4:25; Mareko 3:7, 8) Mme gakologelwa gore Jesu o ne a ba a solofetsa jaana: “Ke tla lo lapolosa.” Tsholofetso eo e a dira le gompieno. E ka dira mo go rona fa e le gore re ‘dira ka natla e bile re a imelwa.’ Mme e ka dira mo baratiweng ba rona ba ba ka tswang ba le mo seemong se se ntseng jalo.

8. Go godisa bana le botsofe di oketsa matshwenyego jang?

8 Go na le dilo tse dingwe tse di imelang batho. Go godisa bana ke kgwetlho e kgolo. Tota le gone  go nna ngwana e ka nna kgwetlho. Batho ba dingwaga tse di farologaneng ba palo e e ntseng e oketsega ba na le mathata a botsogo jwa tlhaloganyo le jwa mmele. Mme le mororo batho ba ka tshela lobaka lo loleelenyana, batsofe ba na le mathata a bone a ba tshwanetseng ba lebana le one, le fa tsa kalafi di gatetse pele jaana.—Moreri 12:1.

Go Dira o Rwele Jokwe

9, 10. Mo metlheng ya bogologolo, jokwe e ne e tshwantshetsa eng, mme ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a laletsa batho gore ba rwale jokwe ya gagwe?

9 A o etse tlhoko gore mo mafokong a a nopotsweng mo go Mathaio 11:28, 29, Jesu o ne a re: “Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna.” Mo motlheng oo, motho fela o ka tswa a ne a ikutlwa e kete o dira a rwele jokwe. Go tswa metlheng ya bogologolo, jokwe e ne e tshwantshetsa bokgoba le botlhanka. (Genesise 27:40; Lefitiko 26:13; Duteronome 28:48) Badiri ba le bantsi ba ba neng ba amogela ka letsatsi ba Jesu a neng a kopana le bone ba ne ba bereka ba rwele jokwe ya mmatota mo magetleng, ba sikere merwalo e e bokete. Jokwe e ne e ka kgona go nna sentle mo molaleng le mo magetleng, mme gape e ne e ka kgobola, go ikaegile ka gore jokwe ya teng e dirilwe jang. E re ka Jesu e ne e le mmetli, gongwe o ne a dira dijokwe, mme o tshwanetse a bo a ne a itse go dira e e “bopelonomi.” Gongwe o ne a bofa dikarolo tsa jokwe tse di kgomang motho ka letlalo kgotsa ka letsela gore jokwe e se ka ya mo kokonela.

10 Fa Jesu a ne a re, “Rwalang jokwe ya me,” a ka tswa a ne a itshwantsha le mongwe yo o neng a dira dijokwe tse di dirilweng sentle tse di neng di ka nna “bopelonomi” mo molaleng le mo magetleng a modiri. Ka gone, Jesu o ne a oketsa jaana: “Morwalo wa me o motlhofo.” Seno se ne se supa gore jokwe e ne e sa kokonele fa e dirisiwa, le tiro e ne e se ya bokgoba. Ke boammaaruri gore, fa Jesu a ne a laletsa bareetsi ba gagwe gore ba rwale jokwe ya gagwe, o ne a sa re o tla fedisa mathata otlhe a ba neng ba na le one ka yone nako eo. Le fa go ntse jalo, go leba dilo ka tsela e ntšha e a neng a tla ka yone go ne go tla lapolosa tota. Go fetola tsela ya bone ya botshelo le tsela e ba dirang dilo ka yone le gone go ne go tla ba golola. Sa botlhokwa le go feta, tsholofelo e e nonofileng e ne e tla ba thusa gore botshelo jwa bone bo se ka jwa tlala matshwenyego thata.

O ka Bona Tapologo

11. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a sa akantshe fela gore ba tlogele jokwe ba tseye e nngwe?

11 Tsweetswee, ela tlhoko gore Jesu o ne a sa re batho ba ne ba tla tlogela jokwe mme ba tseye e sele. Roma e ne e ntse e tla laola naga, fela jaaka dipuso tsa gompieno di ntse di laola kwa Bakeresete ba nnang teng. Lekgetho la Roma ya lekgolo la ntlha la dingwaga le ne le tla nna le le teng. Mathata a botsogo le a ikonomi a ne a tla tswelela a le teng. Batho ba ne ba tla tswelela pele ba amiwa ke bosaitekanelang le boleo. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ka lapologa ka go amogela thuto ya ga Jesu, fela jaaka re ka lapologa gompieno.

12, 13. Jesu o ne a bontsha gore ke eng se se neng se tla tlisa tapologo, mme bangwe ba ne ba arabela jang?

12 Tiriso ya konokono ya setshwantsho sa ga Jesu sa jokwe e ne ya bonala sentle mo tirong ya go dira barutwa. Ga go pelaelo gore tiro e kgolo ya ga Jesu e ne e le go ruta ba bangwe, mme a bua thata ka Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 4:23) Ka jalo fa a ne a re, “Rwalang jokwe ya me,” seo ruri se tshwanetse sa bo se ile sa akaretsa go mo latela mo go yone tiro eo. Pego ya Efangele e bontsha gore Jesu o ne a tlhotlheletsa banna ba ba peloephepa gore ba fetole tiro ya bone ya boitshediso, sengwe se batho ba le bantsi ba neng ba tshwenyega thata ka sone mo botshelong. Gakologelwa kafa a ileng a laletsa Petere, Anderea, Jakobe le Johane ka teng: “Ntshalang morago, mme ke tla dira gore lo nne batshwari ba batho.” (Mareko 1:16-20) O ne a bontsha batshwari bao ba ditlhapi kafa go neng go ka kgotsofatsa ka teng fa ba ne ba ka dira tiro e a neng a e baya kwa pele mo botshelong jwa gagwe, ba dira jalo ka kaelo le ka thuso ya gagwe.

13 Bangwe ba Bajuda ba ba neng ba mo reeditse ba ne ba tshwara ntlha mme ba e dirisa. Akanya ka seemo sa fa thoko ga lewatle se re balang ka sone mo go Luke 5:1-11. Batshwaraditlhapi ba le banè ba ne ba dirile ka natla bosigo jotlhe mme ba sa tshwara sepe. Ka tshoganetso, matloa a bone a ne a tlala! Go ne go sa itiragalela fela; Jesu ke ene a neng a thusitse. Fa ba leba kwa losing lwa lewatle, ba ne ba bona matshutitshuti a batho ba ba neng ba kgatlhegela dithuto tsa ga Jesu thata. Seo se ne sa thusa go tlhalosa se Jesu a neng a se bolelela batho ba banè bao: “Go tloga jaanong go ya pele o tla bo o tshwara batho ba tshela.” Ba ne ba arabela jang? “Ba busetsa mekoro morago kwa lefatsheng,  mme ba tlogela sengwe le sengwe ba mo sala morago.”

14. (a) Re ka bona tapologo jang gompieno? (b) Jesu o ne a bolela dikgang dife tse di molemo tse di lapolosang?

14 Tota le wena o ka arabela ka tsela e e tshwanang. Tiro ya go ruta batho boammaaruri jwa Baebele e ntse e tsweletse pele. Basupi ba ga Jehofa ba ka nna dimilione tse thataro lefatshe ka bophara ba amogetse taletso ya ga Jesu ya gore ba ‘rwale jokwe ya gagwe’; ba fetogile “batshwari ba batho.” (Mathaio 4:19) Bangwe ba dira gore e nne tiro ya bone ya botshelo jotlhe; ba bangwe ba dira bojotlhe jo ba ka bo kgonang ka nakwana. Botlhe ba e fitlhela e lapolosa, ka jalo botshelo jwa bone ga bo tlale matshwenyego. E akaretsa go dira se ba se itumelelang, go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo—“dikgang tse di molemo tsa bogosi.” (Mathaio 4:23) Ka metlha go a itumedisa go bua ka dikgang tse di molemo, segolobogolo dikgang tseno tse di molemo. Baebele e na le tshedimosetso ya botlhokwa e re e tlhokang go dira gore batho ba le bantsi ba bone gore ba ka tshela botshelo jo bo se nang matshwenyego a mantsi.—2 Timotheo 3:16, 17.

15. Dithuto tsa ga Jesu ka ga botshelo di ka go solegela molemo jang?

15 Ka selekanyo se se rileng, tota le batho ba ba sa tswang go simolola go ithuta ka Bogosi jwa Modimo ba ile ba solegelwa molemo ke dithuto tsa ga Jesu malebana le kafa re tshwanetseng ra tshela ka teng. Batho ba le bantsi ba ka bolela ka boammaaruri gore dithuto tsa ga Jesu di ba lapolositse e bile di ba thusitse go fetola matshelo a bone gotlhelele. O ka iponela seo ka go tlhatlhoba mengwe ya melaometheo ya go tshela e e bontshitsweng mo dipegong tsa botshelo le bodiredi jwa ga Jesu,  segolobogolo Diefangele tse di kwadilweng ke Mathaio, Mareko le Luke.

Tsela ya go Bona Tapologo

16, 17. (a) O ka bona kae dingwe tsa dithuto tsa ga Jesu tsa konokono? (b) Ke eng se re se tlhokang gore re bone tapologo ka go dirisa dithuto tsa ga Jesu?

16 Ka letlhabula la 31 C.E., Jesu o ne a neela thuto e e sa ntseng e itsege lefatshe lotlhe le gompieno. Gantsi e bidiwa Thero ya mo Thabeng. E begilwe mo go Mathaio kgaolo 5 go ya go 7 le Luke kgaolo 6, mme e sobokanya bontsi jwa dithuto tsa gagwe. O ka bona dithuto tse dingwe tsa ga Jesu mo Diefangeleng tse dingwe. Bontsi jwa dilo tse a di buileng di a itlhalosa, le fa go di dirisa mo botshelong go ka nna thata. Ke eng fa o sa bale dikgaolo tseo ka kelotlhoko, o tlhatlhanya ka tsone? Letla maatla a mogopolo wa gagwe a tlhotlheletse tsela e o akanyang le e o ikutlwang ka yone.

17 Go bonala sentle gore dithuto tsa ga Jesu di ka rulaganngwa ka ditsela tse di farologaneng. A re kgaoganye dithuto tsa konokono gore letsatsi lengwe le lengwe la kgwedi le nne le thuto e le nngwe, gore o tle o di dirise mo botshelong jwa gago. Jang? O se ka wa feta fela mo go tsone ka bonako. Gakologelwa mmusi wa mohumi yo o neng a botsa Jesu Keresete jaana: “Ke tla rua botshelo jo bosakhutleng ka go dira eng?” E rile Jesu a mo nankolela dilo tsa botlhokwa tse di batlegang mo Molaong wa Modimo, monna yono o ne a arabela ka gore o setse a di diragatsa. Le fa go ntse jalo, o ne a lemoga gore o tshwanetse a dira mo go oketsegileng. Jesu o ne a mo kgothaletsa gore a leke ka natla go dirisa melaometheo ya Modimo ka ditsela tse di mosola, a nne morutwa yo o tlhoafetseng. Go bonala gore monna yono o ne a sa ikemisetsa go dira go le gontsi jalo. (Luke 18:18-23) Ka gone, motho yo o batlang go ithuta dithuto tsa ga Jesu  gompieno o tshwanetse a gakologelwa gore go na le pharologanyo fa gare ga gore motho a dumalane le tsone le gore a di amogele ka tlhagafalo, ka go rialo a iphokoletsa matshwenyego.

18. Tshwantsha kafa o ka dirisang lebokose le le tsamayang le setlhogo seno ka tsela e e mosola ka teng.

18 Re ka simolola go tlhatlhoba dithuto tsa ga Jesu le go di dirisa ka go leba ntlha ya pele mo lebokoseng. E umaka Mathaio 5:3-9. Eleruri, mongwe le mongwe wa rona a ka dirisa nako e ntsi thata a tlhatlhanya ka kgakololo e e molemo e e mo ditemaneng tseo. Le fa go ntse jalo, fa o di leba tsotlhe, seo se dira gore o akanye eng ka boikutlo? Fa ruri o batla go fenya ditlamorago tsa go tshwenyega thata mo botshelong jwa gago, o tla thusiwa ke eng? O ka solegelwa molemo jang fa o ka oketsa tsela e o tlhokomelang dilo tsa semoya ka yone, o dira gore e nne tsone o akanyang thata ka tsone? A go na le sengwe mo botshelong jwa gago se o tshwanetseng wa fokotsa go se tlhokomela gore o tlhokomele thata dilo tsa semoya? Fa o dira jalo, o tla oketsa boitumelo jwa gago gone jaanong.

19. O ka dira eng gore o nne le temogo le tlhaloganyo tse di oketsegileng?

19 Jaanong tsaya kgato ya bobedi. Ke eng fa o sa tlotle ka ditemana tseo le motlhanka yo mongwe wa Modimo, gongwe molekane wa gago wa lenyalo, mongwe yo o gaufi nao ka losika, kgotsa tsala? (Diane 18:24; 20:5) Gakologelwa gore mmusi yo o humileng o ne a botsa mongwe o sele—Jesu—ka kgang nngwe e e amanang le eno. Tsela e a arabetseng ka yone e ne e ka dira gore a kgone go bona boitumelo le botshelo jo bo sa khutleng. Modumedi ka wena yo o tla tlhatlhobang ditemana tseo le ene o tla bo a sa lekane le Jesu; le fa go ntse jalo, go tlotla ka dithuto tsa ga Jesu go tla lo solegela molemo ka bobedi jwa lona. Leka go dira jalo ntle le go senya nako.

20, 21. Ke thulaganyo efe e o ka e dirisang go ithuta ka dilo tse Jesu a neng a di ruta, mme o ka tlhatlhoba kgatelopele ya gago jang?

20 Leba lebokose leno gape la “Dithuto Tse Di ka Go Thusang.” Dithuto tseno di kgaogantswe ka tsela ya gore o nne le thuto e le nngwe ka letsatsi e o ka e tlhatlhobang. O ka simolola ka go bala se Jesu a neng a se bolela mo ditemaneng tse di umakilweng. Go tswa foo o bo o akanya ka mafoko a gagwe. Tlhatlhanya ka tsela e o ka a dirisang ka yone mo botshelong jwa gago. Fa o akanya gore o setse o dira jalo, tlhatlhanya go bona gore ke eng gape se o ka se dirang gore o tshele go dumalana le thuto eo ya Modimo. Leka go e dirisa mo letsatsing leo. Fa e le gore o tshwara bothata go e tlhaloganya kgotsa go bona kafa o ka e dirisang ka teng, e leke gape letsatsi le le latelang. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore ga o patelesege go e kgona sentle pele o ka fetela pele. Letsatsi le le latelang, o ka tlhatlhoba thuto e nngwe. Fa beke e fela, o ka sekaseka go bona kafa o ileng wa atlega ka teng go dirisa dithuto di le nnè kgotsa di le tlhano tsa ga Jesu. Oketsa ka e nngwe mo bekeng e e latelang, letsatsi le letsatsi. Fa o fitlhela gore o paletswe ke go dirisa thuto nngwe, o se ka wa kgobega marapo. Mokeresete mongwe le mongwe o tla diragalelwa ke selo se se ntseng jalo. (2 Ditiragalo 6:36; Pesalema 130:3; Moreri 7:20; Jakobe 3:8) Tswelela pele jalo mo bekeng ya boraro le ya bonè.

21 Morago ga kgwedi kgotsa go feta foo, gongwe o tla bo o setse o tlhatlhobile dintlha tsotlhe tse 31. Le fa boemo e ka tswa e le bofe, seo se tla dira gore o ikutlwe jang? A o tla bo o sa itumela go feta pele, gongwe o ritibetse go feta pele? Tota le fa o dirile kgatelopele e se kae fela, o tla ikutlwa o sa tshwenyega thata jaaka pele, kgotsa, bogolo o tla bo o kgona go itshokela matshwenyego botoka e bile o tla bo o na le mokgwa o o ka o dirisang wa go fetela kwa go e nngwe. O se ka wa lebala gore go na le  dintlha tse dingwe tse dintsi tse di molemo tsa dithuto tsa ga Jesu tse di seyong mo lenaaneng leno. Ke eng fa o sa batle dingwe tsa tsone mme o leke go di dirisa?—Bafilipi 3:16.

22. Go latela dithuto tsa ga Jesu go ka felela ka eng, mme ke ntlha efe e nngwe e re tshwanetseng go e tlhatlhoba?

22 O ka bona gore le fa jokwe ya ga Jesu e se motlhofo thata, mme gone ruri e bopelonomi. Morwalo wa go reetsa dithuto tsa gagwe le go nna barutwa ba gagwe o motlhofo. Morago ga maitemogelo a dingwaga di feta 60, moaposetoloi Johane, tsala e kgolo ya ga Jesu, o ne a dumela jaana: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.” (1 Johane 5:3) Le wena o ka nna le tshepo e e tshwanang. Fa o ntse o dirisa dithuto tsa ga Jesu nako e telele, o tla lemoga gore se se bakelang batho ba bantsi matshwenyego mo matshelong a bone gompieno se ka se go tshwenye go le kalo. O tla bona gore o gololesegile tota. (Pesalema 34:8) Le fa go ntse jalo, go na le ntlha e nngwe malebana le jokwe e e bopelonomi ya ga Jesu e o tshwanetseng wa e ela tlhoko. Jesu o ile a umaka le gore o ‘bonolo e bile o boikokobetso mo pelong.’ Seo se amana jang le go ithuta mo go Jesu le go mo etsa ga rona? Re tla tlhatlhoba seno mo setlhogong se se latelang.—Mathaio 11:29.

O Araba o Reng?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leba kwa go Jesu fa re batla go gololesega mo matshwenyegong a a feteletseng?

• Jokwe e ne e tshwantshetsa eng, mme ka ntlha yang?

• Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a laletsa batho gore ba rwale jokwe ya gagwe?

• O ka lapologa jang semoyeng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Mafoko a a mo go tsebe 14]

Temana ya ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ka 2002 e tla bo e le: “Tlang mo go nna . . . mme ke tla lo lapolosa.”—Mathaio 11:28.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 12, 13]

Dithuto Tse Di ka Go Thusang

Ke dilo dife tse di molemo tse o ka di fitlhelang mo go Mathaio kgaolo 5 go ya go 7? Dikgaolo tseno di na le dithuto tse di neng di rutwa ke Morutisi wa Setswerere, Jesu, mo mohapheng wa thaba nngwe kwa Galalea. Tsweetswee bala ditemana tse di bontshitsweng fa tlase fano, o dirisa Baebele ya gago, o bo o ipotsa dipotso tse di bapileng le tsone.

1. 5:3-9 Seno se nthuta eng ka boikutlo jwa me ka kakaretso? Nka dira jang gore ke nne le boitumelo jo bogolwane? Nka tokafatsa jang tsela e ke tlhokomelang dilo tse ke di tlhokang tsa semoya ka yone?

2. 5:25, 26 Ke eng se se botoka go na le go etsa moya wa go tatalala o batho ba le bantsi ba nang le one?—Luke 15:58, 59.

3. 5:27-30 Mafoko a ga Jesu a gatelela eng malebana le go ijesa dijo tsa ditoro ka tlhakanelodikobo? Go tila go dira jalo go tla nthusa jang gore ke itumele ke bo ke nne le kagiso ya mogopolo?

4. 5:38-42 Ke eng fa ke tshwanetse ka leka go tila moya o lefatshe le o gatelelang wa go nna bogale?

5. 5:43-48 Ke tla solegelwa molemo jang ke go tlwaelana thata le batho ba nka tswang ke ne ke ba tsaya e le baba? Seno se ka nna sa thusa jang go fokotsa kgotsa go fedisa kgotlhang?

6. 6:14, 15 Fa ka dinako tse dingwe ke sa itshwarele, a seo se ka tswa se bakwa ke lefufa kgotsa letlhoo? Nka fetola seo jang?

7. 6:16-18 A ke na le go amega thata ka tebego ya me go na le go amega ka se ke leng sone kafa teng? Ke tshwanetse ka amega ka eng thata?

8. 6:19-32 Matswela e ne e ka nna afe fa ke ne nka tshwenyega ka madi le dithoto ka tsela e e feteletseng? Nka kgona go nna tekatekano mo ntlheng eno fa nka akanya ka eng?

9. 7:1-5 Ke ikutlwa jang fa ke le mo gare ga batho ba ba ratang go kgala le go tshwayatshwaya diphoso? Ke eng fa go le botlhokwa gore ke se ka ka nna motho yo o ntseng jalo?

10. 7:7-11 Fa e le gore go siame go kopa ke sa kgaotse fa ke kopa dilo dingwe mo Modimong, go tweng ka dikarolo tse dingwe tsa botshelo?—Luke 11:5-13.

11. 7:12 Le fa ke itse Molao wa Sekagouta, a ke atisa go dirisa kaelo eno fa ke dirisana le ba bangwe?

12. 7:24-27 E re ka ke tshwanetse ka kaela botshelo jwa me, ke dira jang gore ke ipaakanyetse mathata a magolo le matshwenyego a a boitshegang? Ke eng fa ke tshwanetse go akanya ka seno gone jaanong?—Luke 6:46-49.

Dithuto tse dingwe gape tse nka di tlhatlhobang:

13. 8:2, 3 Nka bontsha batho ba ba sotlegang bopelotlhomogi jang, jaaka Jesu a ne a tlhola a dira?

14. 9:9-38 Ke bontsha bopelotlhomogi go le kana kang mo botshelong jwa me, mme nka bo bontsha jang ka tsela e kgolwane?

15. 12:19 A ke leka go tila dikganetsano, ke latela boporofeti jo bo buang ka Jesu?

16. 12:20, 21 Nka dira molemo ofe ka go se gatelele ba bangwe ka mafoko le fa e le ka ditiro?

17. 12:34-37 Ke rata go bua ka eng thata? Ke a itse gore fa ke tamosa namune go tswa matute a namune, ka jalo ke eng fa ke tshwanetse go ela tlhoko se se mo teng ga me, mo pelong ya me?—Mareko 7:20-23.

18. 15:4-6 Go ya ka dikakgelo tsa ga Jesu, ke bona eng malebana le go tlhokomela bagolo ka lorato?

19. 19:13-15 Ke tshwanetse ka ipha nako ya go dira eng?

20. 20:25-28 Ke eng fa go se na mosola go dirisa dithata fela ka gonne re na le tsone? Nka etsa Jesu jang mo ntlheng eno?

Dintlha tse dingwe, tse di kwadilweng ke Mareko:

21. 4:24, 25 Tsela e ke tshwarang ba bangwe ka yone e botlhokwa go le kana kang?

22. 9:50 Fa se ke se buang le se ke se dirang se siame, matswela e ka nna afe?

La bofelo, tlhatlhoba dithuto di le mmalwa tse di kwadilweng ke Luke:

23. 8:11, 14 Fa ke letla matshwenyego, khumo le go ijesa monate go laola botshelo jwa me, seo se ka felela ka eng?

24. 9:1-6 Le fa Jesu a ne a na le maatla a go fodisa balwetse, o ne a tsaya eng se le botlhokwa thata?

25. 9:52-56 A ke kgopisega motlhofo? A ke tila moya wa go ipusolosetsa?

26. 9:62 Ke tshwanetse ka leba jang boikarabelo jwa me jwa go bua ka Bogosi jwa Modimo?

27. 10:29-37 Nka supa jang gore ke moagelani, ga ke motho fela yo o sa kgathaleng?

28. 11:33-36 Nka dira diphetogo dife gore botshelo jwa me bo se ka jwa raraana?

29. 12:15 Botshelo bo amana jang le dithoto?

30. 14:28-30 Fa ke ipha nako ya go tlhatlhoba mabaka sentle pele ke dira ditshwetso, nka tila eng, mme nka solegelwa molemo jang?

31. 16:10-12 Nka bona melemo efe ka go ikanyega botshelo jotlhe?

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Go dira tiro e e bolokang matshelo re sikere jokwe ya ga Jesu go a lapolosa