Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Tila go Ema Pelo ga Semoya

O ka Tila go Ema Pelo ga Semoya

 O ka Tila go Ema Pelo ga Semoya

Moatleletiki wa maemo a a kwa godimo thata mo lefatsheng, yo o nang le bokgoni e bile a lebega a itekanetse sentle mo mmeleng, o ne a wa mme a swa ka nako ya fa a ne a ikatisa. Moatleletiki yoo e ne e le Sergei Grinkov, yo o kileng a gapa metlele wa gouta gabedi kwa metshamekong ya Olimpiki ya go relela mo aeseng, yo bokgeleke jwa gagwe bo neng jwa kgaupediwa fela fa bo sa ntse bo simolola go atlega—fa a ne a na le dingwaga di le 28 fela. Masetlapelo ruri! Go bakilwe ke eng? Go ema pelo. Go ne ga bolelwa gore loso lwa gagwe lo ne lo sa lebelelwa le e seng ka gonne go ne go se na letshwao la mofuta ope le le neng le bontsha gore o ne a na le bolwetse jwa pelo. Le fa go ntse jalo, batlhatlhobi ba ne ba fitlhela pelo ya gagwe e rurugile mme ditshika tsa gagwe tsa pelo di tswalegile.

LE FA go ka lebega e kete gantsi go itiragalela fela gore pelo e eme kwantle ga go re tsibosa pele, ba tsa kalafi ba bolela gore ga go a nna jalo ka metlha. Boammaaruri ke gore gantsi matshwao a a ntseng jalo a a tsibosang le mabaka a mangwe a a go bakang a a jaaka go hupela, go nna mokima, le go nna le ditlhabi mo sehubeng a a tlhokomologiwa. Ka lebaka leo, le fa batho ba teng ba sa swe ka nako e pelo ya bone e emang, ba bantsi ba nna ba golafetse botshelo jwa bone jotlhe.

Gone jaana, baeteledipele ba bantsi ba tsa kalafi ba bolela gore go thibela go ema pelo go tlhoka gore motho a tlhokomele thata se a se jang le mokgwa wa gagwe wa botshelo mme a tlhatlhobiwe ka metlha ke ba kalafi. * Go dira jalo, mmogo le go ikemisetsa tota go dira diphetogo fa go tlhokegang teng, go tla thusa thata gore motho a se ka a welwa ke diphelelo tsa masetlapelo tse di bakiwang ke go ema pelo.

Le fa go ntse jalo, go na le karolo e nngwe ya pelo ya rona e e tshwanetseng go tlhokomelwa thata. Baebele e a re tlhagisa: “Go feta tsotlhe tse dingwe tse di tshwanetseng go disiwa, dibela pelo ya gago, gonne metswedi ya botshelo e tswa mo go yone.” (Diane 4:23) Ee, lokwalo lono lo bua thatathata ka pelo ya tshwantshetso. Go tlhokega go itisa gore re dibele dipelo tsa rona tsa mmatota, mme go botlhokwa le go feta go nna re ntshitse matlho dinameng fa re batla go tlhokomela  dipelo tsa rona tsa tshwantshetso mo malwetseng a a ka gogelang kwa losong lwa semoya.

Go Sekaseka Bolwetse Jwa Pelo ya Tshwantshetso

Jaaka go ntse ka bolwetse jwa mmatota jwa pelo, nngwe ya ditsela tse o ka tlhomamisegang thata ka tsone gore o thibela go ema pelo ka tsela ya semoya ke go ithuta gore go bakwa ke eng le go tsaya dikgato tsa go dira sengwe ka gone. Ka jalo, a re sekasekeng mangwe a mabaka a konokono a a bakang mathata a pelo—ya mmatota le ya tshwantshetso.

Dijo. Go dumelwa gore le fa dijo tse di sa otleng mmele di le monate, ga di thuse ka sepe mo boitekanelong jwa motho. Ka tsela e e tshwanang, dijo tsa mogopolo tse di sa otleng di nna di le teng ka bontsi mme di tswisa pelo, mme di kotsi mo botsogong jwa motho jwa semoya. Mo metsweding ya tshedimosetso go tletse tlhakanelodikobo le diokobatsi tse di seng kafa molaong, thubakanyo le masaitsiweng, tse di bontshiwang ka botlhale. Go iphepa ka dijo tse di ntseng jalo go kotsi thata mo pelong ya tshwantshetso. Lefoko la Modimo le a re tlhagisa: “Sengwe le sengwe se se mo lefatsheng—keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong—ga se tswe mo go Rara, mme se tswa mo lefatsheng. Mo godimo ga moo, lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Johane 2:16, 17.

Dijo tse di itekanetseng, jaaka maungo le merogo e metala, gantsi ga di kgatlhe go le go kalo mo mothong yo o tlwaetseng go ja dijo tse di sa otleng. Ka tsela e e tshwanang, dijo tse di agang le tse di tiileng tsa semoya di ka nna tsa se ka tsa kgatlha go le kalo mo mothong yo o tlwaetseng go fepa mogopolo wa gagwe le pelo ka dijo tsa lefatshe. O ka nna a tshela ka nakwana ka “mashi” a Lefoko la Modimo. (Bahebera 5:13) Fa nako e ntse e tsamaya, ga a gole mo go lekaneng semoyeng mo a ka sikarang maikarabelo mo phuthegong ya Bokeresete le mo bodireding. (Mathaio 24:14; 28:19; Bahebera 10:24, 25) Ba bangwe ba ba mo boemong joo ba ile ba tlogela nonofo ya bone ya semoya e fokotsega thata mo ba neng ba nna Basupi ba ba tsidifetseng!

Kotsi e nngwe ke gore ponalo ya kafa ntle e ka tsietsa. Go dira ditiro tsa Bokeresete ka go itshema fela go ka nna ga dira gore bolwetse jwa pelo ya tshwantshetso e e koafadiwang ke gore motho mo sephiring a tsene thata mo difilosofing tsa go rata dilo tse di bonalang kgotsa boitlosobodutu jo bo bontshang boitsholo jo bo maswe, thubakanyo le masaitsiweng bo se ka jwa bonala. Dijo tseno tsa semoya tse di sa siamang di ka nna tsa lebega di sa ame bomoya jwa motho, mme di ka golafatsa pelo ya tshwantshetso fela jaaka dijo tse di sa lekanang di ka thatafatsa ditshika tsa pelo mme tsa senya pelo ya mmatota. Jesu o ne a tlhagisa kgatlhanong le gore motho a letle dikeletso tse di sa siamang gore di tsene mo pelong ya gagwe. O ne a re: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” (Mathaio 5:28) Ee, go sa je dijo tsa semoya sentle go ka emisa pelo ka tsela ya semoya. Le fa go ntse jalo, go na le  dintlha tse dingwe tse di tshwanetseng go akanyediwa.

Go ikatisa. Go a itsege gore mokgwa wa botshelo wa go sa nne matlhagatlhaga o ka dira gore motho a eme pelo ka tsela ya mmatota. Ka mo go tshwanang, mokgwa wa botshelo wa semoya wa go sa nne matlhagatlhaga o ka lere ditlamorago tse di kotsi. Ka sekai, motho o ka nna a nna le seabe se se rileng mo bodireding jwa Bokeresete mme a dira ka tsela e e sa kgoreletseng dilo tse dingwe tsa gagwe tsa botho tse a batlang go di dira, a sa iteke ka natla kgotsa a sa iteke gotlhelele go nna ‘modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong, a tshwere lefoko la boammaaruri sentle.’ (2 Timotheo 2:15) Kgotsa motho o ka nna a nna teng kwa dipokanong dingwe tsa Bokeresete mme a sa di baakanyetse ka botlalo kgotsa a sa nne le seabe ka botlalo mo go tsone. O ka tswa a se na mekgele ya semoya kgotsa a sa eletse dilo tsa semoya e bile a se matlhagatlhaga mo go tsone. Go tlhoka go ikatisa ka tsela ya semoya la bofelo go koafatsa e bile go bolaya tumelo e a ka tswang a ne a na le yone. (Jakobe 2:26) Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka kotsi eno fa a ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera, ba go bonalang bangwe ba bone ba ne ba wetse mo mokgweng wa botshelo wa semoya wa go sa nne matlhagatlhaga. Tlhokomela kafa a neng a tlhagisa ka teng ka tsela e seno se neng se ka omeletsa bomoya jwa bone ka teng. “Elang tlhoko bakaulengwe, gore ope wa lona a se ka a nna le pelo e e boikepo e e se nang tumelo ka go katogela kgakala le Modimo yo o tshelang; mme nnang lo rotloetsane letsatsi lengwe le lengwe, fa fela go sa ntse go ka bidiwa ‘Gompieno,’ e se re kgotsa mongwe wa lona a kgwaraladiwa ke maatla a a tsietsang a boleo.”—Bahebera 3:12, 13.

Go ngomoga pelo. Lebaka le lengwe le legolo le le bakang go ema pelo ka tsela ya mmatota ke go ngomoga pelo mo go feteletseng. Ka tsela e e tshwanang, go ngomoga pelo, kgotsa “ditlhobaelo tsa botshelo,” go ka bolaya pelo ya tshwantshetso motlhofo fela e bile go ka dira gore motho yo o ikutlwang jalo a tlogele go direla Modimo gotlhelele. Tlhagiso ya ga Jesu mo ntlheng eno e mo nakong: “Itlhokomeleng gore dipelo tsa lona di se ka le ka motlha tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe le ke ditlhobaelo tsa botshelo, mme ka tshoganyetso letsatsi leo la lo wela ka ponyo ya leitlho jaaka seru.” (Luke 21:34, 35) Go ngomoga pelo le gone go ka ama pelo ya rona ya tshwantshetso thata fa re tshwenngwa ke boleo bongwe jo re bo fitlhileng ka lobaka lo loleele. Kgosi Dafide o ne a ithuta ka se se mo diragaletseng, kafa go leng botlhoko ka teng go amiwa ke go ngomoga pelo mo go kotsi jalo, fa a ne a re: “Ga go na kagiso mo marapong a me ka ntlha ya boleo jwa me. Gonne ditlolo tsa me di fetile mo godimo  ga tlhogo ya me; di boima thata mo go nna jaaka morwalo o o boima.”—Pesalema 38:3, 4.

Go itshepa go feta tekanyo. Batho ba bantsi ba ba emang pelo ba ne ba tshepile botsogo jwa bone thata pele ga ba ema pelo. Gantsi ba ne ba sa itshwenye ka go ya go tlhatlhobiwa ke ba kalafi kgotsa ba tshega fela fa go buiwa ka seo ba akanya gore ga go tlhokege le e seng. Ka tsela e e tshwanang, bangwe ba ka nna ba akanya gore e re ka ba na le nako e e rileng e le Bakeresete, ga go na sepe se tota se ka ba diragalelang. Ba ka nna ba itlhokomolosa go itlhatlhoba ka tsela ya semoya kgotsa go itlhatlhoba bone ka bobone go fitlha ba welwa ke masetlapelo. Go botlhokwa thata go gakologelwa kgakololo e e molemo e e kgatlhanong le go itshepa go feta tekanyo ya ga moaposetoloi Paulo: “A yo o akanyang gore o eme a tlhokomele gore a se ka a wa.” Go botlhale go dumela gore ka tlholego ga re a itekanela mme re itlhatlhobe semoyeng ka metlha.—1 Bakorintha 10:12; Diane 28:14.

O se Ka wa Itlhokomolosa Matshwao A a Go Tsibosang

Go na le lebaka le le utlwalang la go bo Dikwalo di tseela boemo jwa pelo ya tshwantshetso kwa godimo. Mo go Jeremia 17:9, 10, re bala jaana: “Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang. Ke mang yo o ka e itseng? Nna, Jehofa, ke hukutsa pelo, ke tlhatlhoba diphilo, le go naya mongwe le mongwe go ya ka ditsela tsa gagwe, go ya ka maungo a ditiro tsa gagwe.” Mme kwantle ga go tlhatlhoba dipelo tsa rona, Jehofa gape o dira thulaganyo e e lorato ya go re thusa gore rona ka borona re itlhatlhobe kafa go tlhokegang ka teng.

Re newa dikgakololo tse di mo nakong ka “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45) Ka sekai, nngwe ya ditsela tse dikgolo tse dipelo tsa rona tsa tshwantshetso di ka re tsietsang ka yone ke ka go dira gore re tsenelele mo go ijeseng dijo tsa ditoro ga lefatshe. Seno ke go akanya ka dilo tse di ka se diregeng, go tlhatlhanya ka dilo tse o di eletsang, go pholetha ka mogopolo ka dilo tse di se nang mosola. Go dira dilo tseo go ka nna kotsi thata, segolobogolo fa go tsosa dikakanyo tse di seng phepa. Ka jalo, re tshwanetse go di gana gotlhelele. Fa re tlhoile go tlhoka molao jaaka Jesu a ne a go tlhoile, re tla dibela dipelo tsa rona gore di se ka tsa ijesa dijo tsa ditoro tsa lefatshe.—Bahebera 1:8, 9.

Mo godimo ga moo, re na le thuso e e lorato ya bagolwane mo phuthegong ya Bokeresete. Le fa go amega ga ba bangwe go anaanelwa, boikarabelo jwa go tlhokomela dipelo tsa rona tsa tshwantshetso ke jwa mongwe le mongwe wa rona motho ka namana. Go ikaegile ka rona motho ka namana go “tlhomamisa dilo tsotlhe,” le go ‘nna re leka gore a re mo tumelong.’—1 Bathesalonika 5:21; 2 Bakorintha 13:5.

Dibela Pelo

Molaomotheo wa Baebele o o reng “le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape” o ama gape le botsogo jwa pelo ya rona ya tshwantshetso. (Bagalatia 6:7) Gantsi go senoga gore se go lebegang e le masetlapelo a semoya a a tlileng ka tshoganetso e ne e le matswela a ditiragalo tse dintsi tsa sephiri tsa go dira ditiro tse di senyang bomoya jaaka go lebelela ditshwantsho tse di hepisang, go tshwenyega mo go feteletseng ka dilo tse di bonalang kgotsa go gagamalela go tuma kgotsa maatla.

Ka jalo, go botlhokwa gore motho a tlhokomele dijo tsa semoya tse a di jang gore a sireletse pelo ya gagwe. Otla mogopolo le pelo ka go iphepa ka Lefoko la Modimo. Gana dijo tsa mogopolo tse di sa otleng tse di leng teng ka bontsi e bile di ipiletsa mo nameng mme e le tse di felelang fela ka go dira gore pelo ya tshwantshetso e kgwaralale. Mopesalema o tlhagisa ka go tshwantshanya ka tsela e e tshwanetseng—mo go dumalanang le tsa kalafi—jaana: “Pelo ya bone ga e utlwe sepe fela jaaka mafura.”—Pesalema 119:70.

Fa go na le diphoso tsa sephiri tse o sa bolong go nna o di dira, leka ka natla go di fedisa gore di se ka tsa tswala ditshika tsa gago tsa pelo ya tshwantshetso. Fa lefatshe le simolola go lebega le kgatlha  e bile go lebega le na le menate e mentsi, tlhatlhanya ka kgakololo e e botlhale ya ga moaposetoloi Paulo. O ne a kwala jaana: “Seno ke a se bua, bakaulengwe, nako e e setseng e khutshwafetse. Go tloga jaanong a ba ba . . . dirisang lefatshe [ba nne] jaaka ba ba sa le diriseng ka botlalo; gonne seemo sa lefatshe leno se a fetoga.” (1 Bakorintha 7:29-31) Mme fa khumo ya dilo tse di bonalang e simolola go go gogela, o utlwe mafoko a ga Jobe: “Fa ke beile gouta jaaka tshepo ya me, kgotsa ke reile gouta ka re, ‘O boikanyo jwa me!’ seo le sone e ne e tla nna tlolo e e tla tlhokomelwang ke baatlhodi, gonne ke ne ke tla bo ke itatotse Modimo wa boammaaruri yo o kwa godimo.”—Jobe 31:24, 28; Pesalema 62:10; 1 Timotheo 6:9, 10.

Baebele e tlhagisa jaana fa e tlhalosa bomasisi jwa go itlwaetsa go itlhokomolosa kgakololo e e theilweng mo Baebeleng: “Motho yo o kgalemelwang kgapetsa mme a thatafatsa thamo ya gagwe o tla robega ka tshoganyetso, mme ga a na go fola.” (Diane 29:1) Go fapaana le seo, ka go tlhokomela dipelo tsa rona tsa tshwantshetso sentle, re ka ipelela monate le kagiso ya mogopolo tse di nnang teng ka ntlha ya go tshela botshelo jo bo motlhofo, jo bo rulaganyeng sentle. Eno ga e bolo go nna tsela e e buelelwang ya Bokeresete jwa boammaaruri. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa gore a kwale jaana: “Eleruri, boineelo jono jwa bomodimo mmogo le thetebalo ke tsela ya papadi e kgolo. Gonne ga re a tlisa sepe mo lefatsheng, mme le gone re ka se ka ra tswa re tshotse sepe. Jalo, e re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.”—1 Timotheo 6:6-8.

Ee, go ithapisa le go ikatisa mo tseleng ya boineelo jwa bomodimo go tla tlhomamisa gore re nne le pelo e e itekanetseng, e e nonofileng ya tshwantshetso. Ka go nna re tlhokometse thata dijo tsa semoya tse re di jang, re ka se letle ditsela tse di senyang tsa lefatshe le go akanya ga lone gore di gobatse kgotsa di senye bomoya jwa rona. Mo godimo ga tsotlhe, ka go amogela dithulaganyo tsa ga Jehofa ka phuthego ya gagwe, e kete ka metlha re ka tlhatlhoba dipelo tsa rona tsa tshwantshetso. Go dira jalo ka tlhoafalo go tla thusa thata gore re tile diphelelo tse di hutsafatsang tsa go ema pelo ka tsela ya semoya.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, tsweetswee bona ditlhogo tse di buang ka go ema pelo le se se ka dirwang ka gone mo Tsogang! ya December 8, 1996, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 10]

DIJO TSA SEMOYA TSE DI SA SIAMANG DI KA GOLAFATSA PELO YA TSHWANTSHETSO FELA JAAKA DIJO TSE DI SA SIAMANG DI KA OMELETSA DITSHIKA TSA PELO MME TSA SENYA PELO YA MMATOTA

[Mafoko a a mo go tsebe 10]

BOTSHELO JWA SEMOYA JWA GO SA NNE MATLHAGATLHAGA BO KA NNA LE DIPHELELO TSE DI MASISI

[Mafoko a a mo go tsebe 11]

GO MOTLHOFO GORE “DITLHOBAELO TSA BOTSHELO” DI NNE KOTSI MO DI KA BOLAYANG PELO YA TSHWANTSHETSO

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Go tlhokomologa boitekanelo jwa rona jwa semoya go ka gogela bohutsaneng jo bogolo

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Go tlhagolela mekgwa e e molemo ya semoya go dibela pelo ya tshwantshetso

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 9]

AP Photo/​David Longstreath