Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Amogela Ditaletso Tsa ga Jehofa go a Duela

Go Amogela Ditaletso Tsa ga Jehofa go a Duela

 Polelo ya Botshelo

Go Amogela Ditaletso Tsa ga Jehofa go a Duela

JAAKA GO BOLETSE MARIA DO CÉU ZANARDI

“Jehofa o itse se a se dirang. Fa a go romeletse taletso o tshwanetse go e amogela ka boikokobetso.” Mafoko ao a rre a a boletseng dingwaga di ka nna 45 tse di fetileng, a ne a nthusa gore ke amogele taletso ya ntlha e ke neng ka e amogela e tswa mo phuthegong ya ga Jehofa, ya go direla jaaka modiredi wa nako e e tletseng. Gompieno, ke sa ntse ke leboga kgakololo eo ya ga rre thata ka gonne go amogela ditaletso tse di ntseng jalo go ntliseditse maduo a a humisang.

KA 1928 Rre o ne a dira peeletso ya makasine wa Tora ya Tebelo mme a simolola go kgatlhegela Baebele. E re ka a ne a nna kwa bogare jwa Portugal, tsela e le nngwe fela ya go golagana le phuthego ya Modimo e ne e le ka dikgatiso tse a neng a di amogela ka poso le ka Baebele e e neng e le ya ga rremogolo le mmèmogolo. Ka 1949, fa ke ne ke na le dingwaga di le 13, lelapa la gaetsho le ne la fudugela kwa Brazil, kwa nageng ya gagabo Mmè, mme la nna ka kwa ntle ga Rio de Janeiro.

Baagelani ba rona ba basha ba ne ba re laletsa gore re etele kereke ya bone, mme re ne ra ya makgetlho a sekaenyana. Rre o ne a rata go ba botsa dipotso ka molelo wa dihele, moya le isagwe ya lefatshe—mme ba ne ba se na dikarabo. Rre o ne a tle a ba reye a re, “Re tla tshwanelwa ke go leta Baithuti ba boammaaruri ba Baebele.”

Letsatsi lengwe, monna mongwe wa sefofu o ne a tla kwa legaeng la rona a tshotse Tora ya Tebelo le Tsogang! Rre o ne a mmotsa ka tsone dilo tseno, mme a re naya dikarabo tse di utlwalang tse di theilweng mo Baebeleng. Mo bekeng e e latelang, re ne ra etelwa ke Mosupi yo mongwe wa ga Jehofa. Fa a sena go araba dipotso tse dingwe, o ne a kopa go tsamaya a re o ya kwa “tshimong.” Fa Rre a ne a gakgamadiwa ke gore Basupi ba ne ba na le seabe  mo metshamekong, o ne a mmalela Mathaio 13:38: “Tshimo ke lefatshe.” Rre o ne a botsa jaana: “A le nna nka ya?” Karabo ya re, “Ee.” Re ne re itumeletse thata go bona boammaaruri jwa Baebele gape! Rre o ne a kolobediwa kwa kopanong e e latelang, mme nna ke ne ka kolobediwa morago ga moo, ka November 1955.

Go Amogela Taletso Ya me Ya Ntlha

Ngwaga le halofo moragonyana, ke ne ka amogela enfelopo e kgolo e thokwa go tswa kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Rio de Janeiro e na le taletso ya gore ke tsenele tiro ya go rera ya nako e e tletseng. Mmè o ne a se na botsogo jo bontle le e seng ka nako eo, ka jalo ke ne ka kopa kgakololo mo go rre. O ne araba jaana, “Jehofa o itse se a se dirang. Fa a go romeletse taletso o tshwanetse go e amogela ka boikokobetso.” Ka gonne ke ne ke kgothaditswe ke mafoko ao, ke ne ka tlatsa foromo ya kopo mme ka tsenela tirelo ya nako e e tletseng ka July 1, 1957. Kabelo ya me ya ntlha e ne e le Três Rios, toropo e e kwa Rio de Janeiro State.

La ntlha, banni ba Três Rios ba ne ba sa rate go reetsa molaetsa wa rona ka gonne re ne re sa dirise thanolo ya Katoliki ya Baebele. Re ne ra bona thuso fa re ne re simolola thuto ya Baebele le Geraldo Ramalho, yo e neng e le Mokatoliki. Ka thuso ya gagwe ke ne ka kgona go bona Baebele e e neng e na le mosaeno wa moruti wa mo lefelong leo. Go simolola ka nako eo, e ne e re fa motho ope fela a belaela, ke ne ke mmontsha mosaeno wa moruti mme o ne a sa botse dipotso dipe tse dingwe. Moragonyana Geraldo o ne a kolobediwa.

Ke ne ka itumela thata fa go ne go tshwarelwa kopano ya potologo mo bogareng jwa Três Rios ka 1959. Moeteledipele wa mapodise, yo o neng a ithuta Baebele ka nako eo, o ne a rulaganya gore go pegwe difolaga tse di neng di phasalatsa thulaganyo eo mo toropong yotlhe. Morago ga gore ke direle kwa Três Rios ka dingwaga di le tharo, ke ne ka lalediwa gore ke simolole kabelo e ntšha kwa Itu, mo e ka nnang dikilometara di le 110 kwa bophirima jwa São Paulo.

Dibuka Tse di Khibidu, Tse di Pududu le Tse di Serolwana

E ne ya re nna le molekane wa me yo ke neng ke bula tsela le ene re sena go batla, re ne ra bona marobalo a a siameng kwa bogareng jwa toropo kwa ga Maria, motlholagadi yo o pelonomi. Maria o ne a re tshwere jaaka bomorwadie. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, bishopo wa Roma Katoliki wa Itu o ne a mo etela mme a mmolelela gore a re kobe, mme o ne a gana: “Fa monna wa me a se na go swa, ga o a ka wa dira sepe go nkgomotsa. Basupi bano ba ga Jehofa ba nthusitse le fa ke se leloko la bodumedi jwa bone.”

Mo e ka nnang ka yone nako eo, mosadi mongwe o ne a re bolelela gore baruti ba Katoliki ba Itu ba ne ba iditse maloko a phuthego ya bone gore a se ka a amogela dikhopi tsa “buka e khibidu e e buang ka Diabolo.” Ba ne ba bua ka buka e e reng, “Let God Be True,” e e leng kgatiso ya Baebele e re neng re e tsamaisetsa batho mo gare ga beke. E re ka buka e khibidu e ne e “thibetswe” ke baruti, re ne ra baakanyetsa tsenyeletso ya go tsamaisa buka e pududu (“New Heavens and a New Earth”). Moragonyana fa baruti ba utlwa ka phetogo eo, re ne ra simolola go tsamaisa buka e e serolwana (What Has Religion Done for Mankind?), jalo jalo. Go ne go le molemo go bo re ne re na le dibuka tse di  farologaneng tse di nang le dikhabara tsa mebala e e farologaneng!

Morago ga ngwaga ke le kwa Itu, ke ne ka amogela thelekerama e e neng e ntaletsa go ya go direla ka nakwana kwa Bethele, e leng ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Rio de Janeiro, go baakanyetsa kopano ya setšhaba. Ke ne ka e amogela ka boitumelo.

Ditshiamelo Tse di Oketsegileng le Dikgwetlho

Kwa Bethele, tiro e ne e sa tlhaele, mme ke ne ke itumela go thusa ka tsela nngwe le nngwe e ke neng ke ka kgona ka yone. Go ne go le molemo thata go nna teng kwa puisanong ya temana ya letsatsi mo mosong mongwe le mongwe le kwa Thutong ya Tora ya Tebelo maitseboa mangwe le mangwe ka Mantaga! Dithapelo tse di tswang pelong tsa ga Otto Estelmann le maloko a mangwe a a nang le maitemogelo a lelapa la Bethele di ne di nkama thata.

Morago ga kopano ya setšhaba, ke ne ka paka dikgetsi tsa me mme ka boela kwa Itu, mme ke ne ka gakgamala fa motlhanka wa lekala, Grant Miller a ne a nnaya lekwalo le le neng le ntaletsa go nna leloko la nako e e tletseng la lelapa la Bethele. Mo kamoreng ke ne ke nna le Kgaitsadi Hosa Yazedjian, yo o sa ntseng a direla mo Bethele ya Brazil. Mo metlheng eo lelapa la Bethele le ne le le lebotlana thata—re ne re le 28 fela—mme rotlhe re ne re le ditsala tse di atamalaneng thata.

Ka 1964, João Zanardi, modiredi wa nako e e tletseng yo mmotlana, o ne a tla kwa Bethele go tla go thapisiwa. Ka nako eo o ne a abetswe go nna motlhanka wa potologo, kgotsa molebedi yo o etang mo diphuthegong tse di fa gaufi. Ka dinako tse dingwe re ne re kopana fa a tlile Bethele a tlisitse dipego tsa gagwe. Motlhanka wa lekala o ne a naya João tetla ya go nna teng kwa thutong ya lelapa ka Mantaga maitseboa, mme ka jalo re ne ra kgona go dirisa nako e ntsi re le mmogo. Nna le João re ne ra nyalana ka August 1965. Ka boitumelo ke ne ka amogela taletso ya go dira mmogo le monna wa me mo tirong ya go potologa.

Mo metlheng eo tiro ya go eta mo bogare jwa Brazil e ne e le ya bogatlhamelamasisi. Le ka motlha nka se lebale makgetlho a re neng re etela setlhopha sa baboledi kwa Aranha Minas Gerais State. Re ne re tshwanelwa ke go palama terena mme re bo re tsamaya sekgala se se setseng ka maoto—re tshotse dikgetsi, motšhine wa go thaepa, motšhine wa go tshameka diselaete, dikgetsi tsa dibuka le dibuka. A bo re ne re itumela jang fa ka metlha re ne re fitlhela Lourival Chantal, mokaulengwe yo o godileng, a eme kwa seteisheneng gore a re thuse ka merwalo ya rona.

Kwa Aranha dipokano di ne di tshwarelwa mo ntlong e e hirisiwang. Re ne re robala mo kamoreng e potlana kwa morago. Mo letlhakoreng le lengwe la yone, go ne go na le molelo wa dikgong o re neng re o dirisa go apaya le go thuthafatsa metsi a bakaulengwe ba neng ba a re tlisetsa ka diemere. Ntlwana ya rona ya boithomelo e ne e le khuti e e neng e le fa gare ga polasi ya ditlhare tsa bamboo. Bosigo re ne re tlogela lebone la gase le tuka gore le kobe dikhukhwane—ditshenekegi tse di ka tshelang bolwetse jwa Chagas. Mo mosong mongwe le mongwe maroba a dinko tsa rona a ne a le mantsho ka ntlha ya mosi. E ne e le selo se se kgatlhang thata!

Fa re ne re direla mo potologong kwa Paraná State, re ne ra amogela dienfelopo tse pedi tse dikgolo tse dithokwa di tswa kwa ofising ya lekala. E ne e le taletso e nngwe gape e e tswang mo phuthegong ya ga Jehofa—mme mo lekgetlhong leno e ne  e le ya gore re ye go direla kwa Portugal! Lekwalo leo le ne la re gakolola gore re akanyetse molaomotheo o o mo go Luke 14:28 mme re bale ditshenyegelo pele ga re amogela kabelo eno ka gonne tiro ya rona ya Bokeresete e ne e thibetswe koo, mme puso ya Portugal e ne e setse e tshwere bakaulengwe ba le bantsi.

A re ne re tla ya kwa nageng e re neng re tla bogisiwa go le kalo kwa go yone? João o ne a re, “Fa bakaulengwe ba rona ba Portugal ba kgona go nna teng mme ba direla Jehofa ka boikanyego, ke ka ntlha yang fa rona re ka se dire jalo?” E rile ke gakologelwa mafoko a ga rre a kgothatso ke ne ka dumela: “Fa Jehofa a re romelela taletso, re tshwanetse go e amogela mme re mo ikanye.” Ka bonako morago ga moo, re ne re le kwa Bethele kwa São Paulo, re newa ditaelo tse di oketsegileng e bile re baakanya makwalo a rona a mosepele.

João Maria le Maria João

Seketswana sa rona, Eugênio C, se ne sa tloga kwa boemakepeng jwa Santos, São Paulo State ka September 6, 1969. Morago ga malatsi a le robongwe re le mo lewatleng, re ne ra goroga kwa Portugal. Kwa tshimologong, re ne ra nna dikgwedi di le mmalwa re dira le bakaulengwe ba ba nang le maitemogelo mo mebileng e mesesane ya Alfama le Mouraria, mo kgaolong ya bogologolo ya Lisbon. Ba ne ba re thapisa gore re nne kelotlhoko gore re se ka ra tshwarwa ke mapodise motlhofo.

Dipokano tsa phuthego di ne di tshwarelwa mo magaeng a Basupi. Fa re ne re lemoga gore baagelani ba simolola go belaela, re ne re fudusetsa dipokano ka bonako kwa lefelong le lengwe gore ntlo eo e se ka ya tlhaselwa kgotsa bakaulengwe ba tshwarwa. Dikopano tsa rona, tse re neng re di bitsa dipikiniki, di ne di tshwarelwa kwa Monsanto Park, e e ka kwa ntle ga Lisbon, le kwa Costa da Caparica, e leng lefelo le le fa lotshitshing le le nang le ditlhare tse di golang. Re ne re sa apare jaaka batho ba ya dipokanong, mme batlhokomedi ba ba ntshitseng matlho dinameng ba ne ba nna ba lebeletse ba ntse mo mafelong a ba ka re bonang mo go one. Fa go ne go atamela mongwe yo o belaetsang, re ne re na le nako ya go itira e kete re ne re tshameka motshameko mongwe, re dire e kete re mo pikiniking kgotsa re simolola go opela pina nngwe ya setso.

Re ne re sa dirise maina a rona a mmatota gore re thatafaletse mapodise a tshireletsego go re itse. Bakaulengwe ba ne ba re itse re le João Maria le Maria João. Maina a rona a ne a sa dirisiwe mo makwalong ape kgotsa mo direkotong dipe. Go na le moo, re ne re abetswe dinomoro. Ke ne ka ikemisetsa ka boomo gore ke se ka ka tshwara diaterese  tsa bakaulengwe ka tlhogo. Ka tsela eo, fa ke ne nka tshwarwa, ke ne ke tla palelwa ke go ba rekisa.

Go sa kgathalesege dithibelo, nna le João re ne re ikemiseditse go dirisa sebaka sengwe le sengwe go neela bosupi, ka gonne re ne re itse gore re ka nna ra latlhegelwa ke kgololesego ya rona ka nako nngwe le nngwe. Re ne ra ithuta go ikaega ka Rraarona wa selegodimo, Jehofa. Jaaka Mosireletsi wa rona, o ne a dirisa baengele ba gagwe ka tsela e e leng gore re ne re utlwa e kete re “bona Ene yo o sa bonaleng.”—Bahebera 11:27.

Mo lekgetlhong le lengwe, fa re ne re rera ka ntlo le ntlo kwa Porto, re ne ra kopana le monna yo o neng a batla go re laletsa gore re tsene mo ntlong. Kgaitsadi yo ke neng ke tsamaya le ene o ne a dumela a sa okaoke, mme go ne go se na se ke neng nka se dira fa e se gore ke tsene le ene. Ke ne ka tshosiwa ke go bona senepe sa mongwe a apere seaparo sa bosole mo phasitšhing. Re ne re tlile go dira jang jaanong? Mong wa ntlo o ne a re kopa gore re nne fa fatshe mme a mpotsa jaana: “A o ne o ka letla morwao gore a direle mo bosoleng fa a ne a ka bilediwa go dira jalo?” E ne e le boemo jo bo thata. Ke ne ka araba jaana ke wetse dibete ke sena go rapela ka tidimalo: “Ga ke na bana, mme ke tlhomamisegile gore fa ke ne nka go botsa potso e e ntseng jalo ya go akanyetsa o ne o tla nkaraba ka tsela e e tshwanang.” O ne a didimala. Ka jalo ka tswelela ka re: “Fa o ne o ka mpotsa gore go ntse jang go tlhokafalelwa ke kgaitsadiake kgotsa rre, nka araba ka gonne kgaitsadiake le rre ba tlhokafetse.” Matlho a me a ne a tlala dikeledi fa ke ne ke bua, mme ke ne ka lemoga gore le ene o ne a sekile dikeledi. O ne a tlhalosa gore mosadi wa gagwe o tlhokafetse bosheng. O ne a reetsa ka kelotlhoko fa ke ne ke tlhalosa tsholofelo ya tsogo. Go tswa foo re ne ra mo sadisa sentle ka maitseo mme ra tsamaya re bolokesegile, re tlogela kgang mo diatleng tsa ga Jehofa.

Le fa go ne go na le thibelo, batho ba ba dipelo di phepa ba ne ba thusiwa go bapala kitso ya boammaaruri. E ne e le kwa Porto fa monna wa me a ne a simolola thuto le Horácio, rakgwebo yo o neng a dira kgatelopele ka bonako. Morago ga moo morwawe e bong Emílio, yo e neng e le ngaka e e molemo thata ya kalafi, le ene o ne a ema mo letlhakoreng la ga Jehofa mme a kolobediwa. Eleruri, ga go na sepe se se ka thibelang moya o o boitshepo wa ga Jehofa.

“Lo ka Se Itse Gore Jehofa o Tla Dumelela Eng”

Ka 1973 nna le João re ne ra lalediwa go nna teng kwa Kopanong ya Ditšhabatšhaba ya “Phenyo ya Bomodimo” kwa Brussels, Belgium. Diketekete tsa bakaulengwe ba Spain le ba Belgium ba ne ba le teng, mmogo le baemedi go tswa Mozambique, Angola, Cape Verde, Madeira le Azores. Fa Mokaulengwe Knorr, go tswa ntlokgolo kwa New York a ne a konela, o ne a kgothatsa jaana: “Tswelelang lo direla Jehofa ka boikanyego. Lo ka se itse gore Jehofa o tla dumelela eng. Go itse mang, gongwe kopano e e latelang ya ditšhabatšhaba lo tla e ya kwa Portugal!”

Mo ngwageng o o latelang tiro ya go rera e ne ya letlelelwa semolao kwa Portugal. Mme go dumalana le mafoko a ga Mokaulengwe Knorr, ka 1978, re ne ra tshwara kopano ya rona ya ntlha ya ditšhabatšhaba  kwa Lisbon. A bo e ne e le tshiamelo jang ne go gwanta mo mebileng ya Lisbon, re neela bosupi ka dipampiri tsa phasalatso, dimakasine le ditaletso tsa puo ya phatlalatsa! Keletso ya rona e ne e diragadiwa.

Re ne re rata bakaulengwe ba rona ba kwa Portugal, ba bontsi jwa bone ba ileng ba tsenngwa mo kgolegelong mme ba itewa ka ntlha ya go sa tseye letlhakore ga bone ga Bokeresete. Keletso ya rona e ne e le go tswelela re direla kwa Portugal. Le fa go ntse jalo, ga go a ka ga nna jalo. Ka 1982, João o ne a nna le bothata jo bo masisi thata jwa pelo, mme ofisi ya lekala e ne ya akantsha gore re boele kwa Brazil.

Nako e e Lekang

Bakaulengwe kwa ofising ya lekala la Brazil ba ne ba re eme nokeng tota mme ba re abela gore re direle le Phuthego ya Quiririm kwa Taubaté, kwa São Paulo State. Botsogo jwa ga João bo ne jwa nna maswe thata ka bonako, mme go ise go ye kae o ne a sa kgone go tswa mo ntlong. Batho ba ba kgatlhegang ba ne ba tla kwa legaeng la rona go tla go ithuta Baebele, mme go ne go na le dipokano tsa tirelo ya tshimo letsatsi le letsatsi, mmogo le thuto ya buka beke le beke. Dithulaganyo tseno di ne tsa re thusa go boloka bomoya jwa rona.

João o ne a tswelela a dira se a neng a kgona go se dira mo tirelong ya ga Jehofa go fitlha a tlhokafala ka October 1, 1985. Ke ne ke utlwile botlhoko e bile ka tsela nngwe ke tshwenyegile thata mo maikutlong, mme ke ne ke ikemiseditse go tswelela mo kabelong ya me. Poelomorago e nngwe e ne ya nna ka April 1986 fa magodu a ne a thuba mo legaeng la me mme a batla a utswa sengwe le sengwe. E le la ntlha mo botshelong jwa me, ke ne ka ikutlwa ke na le bodutu e bile ke boifa. Banyalani bangwe ba ne ba nkopa ka lorato gore ke tle go nna le bone sebakanyana, mme ke ne ka itumelela seo thata.

Gape loso lwa ga João le go utswelwa di ne tsa ama tirelo ya me mo go Jehofa. Ke ne ke sa tlhole ke ikutlwa ke le sebete mo tirelong. Fa ke sena go kwalela ofisi ya lekala ka bothata jono, ke ne ka amogela taletso ya go ya go nna nakonyana kwa Bethele gore ke ritibale gape mo maikutlong. Eo e ne e le nako e e nonotshang thata!

E ne ya re fela fa ke ikutlwa ke le botoka go se kae, ka amogela kabelo ya go direla kwa Ipuã, toropo e e kwa São Paulo. Tiro ya go rera e ne e dira gore ke nne ke tshwaregile, mme go na le dinako tse ke neng ke ikutlwa ke kgobegile marapo. Ka dinako tse di ntseng jalo, ke ne ke leletsa bakaulengwe ba kwa Quiririm mogala, mme lelapa lengwe le ne le tla go nketela malatsi a sekae. Maeto ao a ne a kgothatsa eleruri! Mo ngwageng wa me wa ntlha ke le kwa Ipuã, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba farologaneng ba le 38 ba ne ba tsaya loeto lo loleele ba tla go mpona.

Ka 1992, dingwaga di le thataro João a sena go tlhokafala, ke ne ka amogela taletso e nngwe gape go tswa mo phuthegong ya ga Jehofa, mme mo lekgetlhong leno e ne e le ya gore ke fudugele kwa Franca, São Paulo State, kwa ke sa ntseng ke direla teng ke le modiredi wa nako e e tletseng. Tshimo eno e na le matswela thata. Ka 1994 ke ne ka simolola thuto ya Baebele le ratoropo. Ka nako eo o ne a le mo letsholong la go bona setulo mo kongerese ya Brazil, mme le fa a ne a tshwaregile thata jalo re ne re ithuta Mantaga mongwe le mongwe thapama. O ne a tima founu ya gagwe gore a se ka a iteega tsebe. Ke ne ka itumela tota fa ke ne ke mmona a tswa mo dipolotiking ka bonya ka bonya mme, ka thuso ya boammaaruri, a aga lenyalo la gagwe gape! Ene le mosadi wa gagwe ba ne ba kolobediwa ka 1998.

Fa ke leba kwa morago, nka re botshelo jwa me ke le modiredi wa nako e e tletseng bo ntse bo na le masego a magolo thata le ditshiamelo. Go amogela ditaletso tse Jehofa a di nneileng ka phuthego ya gagwe ruri go nteretse dituelo tse dikgolo. Mme ke ikemiseditse go feta le fa e le leng pele gore ke tla amogela ditaletso le fa e le dife tse di ka tlang mo isagweng.

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Ka 1957, fa ke ne ke tsenela tirelo ya nako e e tletseng, le gompieno

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Re na le lelapa la Bethele la Brazil ka 1963

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Lenyalo la rona ka August 1965

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Kopano kwa Portugal fa tiro e ne e sa ntse e thibetswe

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Go neela bosupi mo mmileng kwa Lisbon ka nako ya Kopano ya Ditšhabatšhaba ya “Tumelo e e Fenyang” ka 1978