Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tumelo ya ga Noa e Atlhola Lefatshe

Tumelo ya ga Noa e Atlhola Lefatshe

 Tumelo ya ga Noa e Atlhola Lefatshe

AO KILE wa utlwa ka Noa, monna yo o boifang Modimo yo o neng a aga araka gore a boloke matshelo a batho ka nako ya morwalela wa lefatshe lotlhe? Le fa polelo eno e le ya bogologolo thata, batho ba bantsi ba a e itse. Le fa go ntse jalo, se batho ba bantsi ba sa se lemogeng ke gore botshelo jwa ga Noa bo na le bokao mo go rona rotlhe.

Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go kgatlhegela pego eno ya bogologolo jaana? A go na le go tshwana gongwe mo gare ga boemo jwa ga Noa le jwa rona? Fa go ntse jalo, re ka solegelwa molemo jang ke sekao sa gagwe?

Lefatshe la Motlha wa ga Noa

Tatelano ya ditiragalo tsa Baebele e bontsha gore Noa o tshotswe ka 2970 B.C.E.—dingwaga di le 126 morago ga loso lwa ga Adame. Mo motlheng wa ga Noa, lefatshe le ne le tletse thubakanyo, mme bontsi jwa ditlogolwana tsa ga Adame di ne tsa tlhopha go sala morago sekao sa ga rrabonemogologolwane sa go tswa mo tseleng. Ka jalo, “Jehofa o ne a bona gore bosula jwa motho bo ne bo le bogolo mo lefatsheng le tshekamelo nngwe le nngwe ya dikakanyo tsa pelo ya gagwe e ne e le bosula fela ka dinako tsotlhe.”—Genesise 6:5, 11, 12.

Go tsuologa ga batho ga se gone fela mo go neng go sa itumedise Jehofa. Pego ya Genesise e tlhalosa gore: “Bomorwa Modimo wa boammaaruri ba simolola go bona bomorwadia batho, gore ba ne ba le bantle; mme ba itseela basadi, e leng, botlhe ba ba neng ba ba tlhopha. . . . Banefilime ba ne ba le mo lefatsheng mo metlheng eo, mme gape morago ga moo, fa bomorwa Modimo wa boammaaruri ba ne ba robala le bomorwadia batho mme ba ba tsholela bana ba basimane, e ne e le ba ba thata ba bogologolo, banna ba ba tumileng.” (Genesise 6:2-4) Fa o bapisa ditemana tseno le se se kwadilweng ke moaposetoloi Petere go a bonala gore “bomorwa Modimo wa boammaaruri” e ne e le baengele ba ba se nang kutlo. Banefilime e ne e le bana ba diganka ba basadi le baengele ba ditsuolodi ba ba neng ba iphetoletse mo mebeleng ya batho.—1 Petere 3:19, 20.

“Banefilime,” le le rayang “Badigi,” le raya batho ba ba neng ba diga ba bangwe. E ne e le ditshimega tse di patikang ba bangwe mme boleo jwa borraabone ba ba neng ba rata menate bo tshwantshiwa le go kgopama ga kwa Sodoma le Gomora. (Jude 6, 7) Ba ile ba tlhotlheletsa bosula jo bo feteletseng mo lefatsheng mmogo.

 “A se Na Molato Mo go Ba ba Neng ba Tshela ka Nako ya Gagwe”

Bosula bo ne bo atile mo e leng gore Modimo o ne a ikemiseditse go senya batho. Mme pego e e tlhotlheleditsweng e bolela gore: “Noa o ne a bona kamogelo mo matlhong a ga Jehofa. . . . Noa e ne e le monna yo o siameng. O ne a itshupa a se na molato mo gare ga ba ba neng ba tshela ka nako ya gagwe. Noa o ne a tsamaya le Modimo wa boammaaruri.” (Genesise 6:8, 9) Go ne go ka kgonega jang go “tsamaya le Modimo” mo lefatsheng le le neng le se na bomodimo le le neng le tshwanetse go senngwa?

Ga go na pelaelo gore Noa o ne a ithutile dilo tse dintsi mo go rraagwe, Lameke, yo e neng e le monna yo o nang le tumelo yo o neng a tshela ka nako ya ga Adame. Fa a ne a naya morwawe leina Noa (le go neng go akanngwa gore le raya “Boikhutso” kgotsa “Kgomotso”) Lameke o ne a porofeta jaana: “Yono o tla re tlisetsa kgomotso mo tirong ya rona le mo botlhokong jwa diatla tsa rona jo bo tswang mo mmung o Jehofa a o hutsitseng.” Boporofeti joo bo ne jwa diragadiwa fa Modimo a ne a tlosa phutso ya gagwe e e neng e le mo mmung.—Genesise 5:29; 8:21.

Go nna le batsadi ba ba boifang Modimo ga go reye gore le wena o motho wa semoya, ka gonne motho mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela botsalano jwa gagwe le Jehofa. Noa o ne a “tsamaya le Modimo” ka go tshela ka tsela e Modimo a neng a e amogela. Se Noa a neng a se ithutile ka Modimo se ne sa mo tlhotlheletsa gore a Mo direle. Tumelo ya ga Noa ga e a ka ya tshikinyega fa a ne a bolelelwa ka maikaelelo a Modimo a go ‘senya nama yotlhe ka morwalela.’—Genesise 6:13, 17.

Ka gonne Noa o ne a tlhomamisegile gore masetlapelo ano a magolo a ne a tlile go direga o ne a ikobela taelo eno ya ga Jehofa: “Itirele araka ka dikgong tsa setlhare sa boroku. O dire diphaposana mo arakeng, mme o e bipe ka tere kafa teng le kafa ntle.” (Genesise 6:14) Go dira go ya ka ditaelo tsa Modimo go ne go se motlhofo. Le fa go ntse jalo, “Noa a dira kafa go sotlhe se Modimo a neng a se mo laetse.” Tota e bile, o ne “a dira fela jalo.” (Genesise 6:22) Noa o ne a dira seno a thusiwa ke mosadi wa gagwe le bomorwaabone Sheme, Hame le Jafethe le basadi ba bone. Jehofa o ne a segofatsa tumelo ya bone. Ke sekao se se ntle jang mo malapeng gompieno!

Go aga araka go ne go tla akaretsa eng? Jehofa o ne a laela Noa gore a age kago ya matlhatlaganyane a mararo e e sa tsenyeng metsi ya logong, e e boleele jwa dimetara di le 133, ya boatlhamo jwa dimetara di le 22, le ya boleele jwa dimetara di le 13. (Genesise 6:15, 16) Sekepe sa mofuta o o ntseng jalo se ne se tla nna bogolo jo bo tshwanang le jwa dikepe tsa segompieno tsa dithoto.

A bo e ne e le tiro e kgolo thata jang! Go bonala ba ne ba tshwanela go rema ditlhare di le diketekete, ba di gogele kwa lefelong la kago, mme ba di reme go dira mapolanka kgotsa mesipuri. Go ne go raya go dira mapalamo, go dira dimapo, go batla tere e e neng e tla thibela metsi gore a se ka a tsena, go batla ditshodi le didirisiwa, jalo jalo. Tiro eo e ka tswa e ne ya tlhoka gore a buisane le bagwebi le go duelela dithoto le ditiro tse a di direlwang. Go lebega go ne go tlhokega bokgoni jwa go itse go betla gore dikota di kopanngwe sentle gore a age kago e e nonofileng. Mme ako o akanye fela—go e aga go ka tswa go tsere lobaka lwa dingwaga di ka  nna 50 kgotsa 60!

Go tswa foo Noa o ne a tshwanetse go tlhomamisa gore go na le dijo tse di lekaneng le furu. (Genesise 6:21) O ne a tla tshwanelwa ke go kopanya le go laola diphologolo tse dintsi a di tsenya mo arakeng. Noa o ne a dira sotlhe se Modimo a neng a se mo laetse, mme tiro ya wela. (Genesise 6:22) Tshegofatso ya ga Jehofa e ne ya dira gore tiro e wele ka katlego.

“Moreri wa Tshiamo”

Kwantle ga go aga araka, Noa o ne a ntsha tlhagiso mme a direla Modimo ka boikanyego e le “moreri wa tshiamo.” Mme batho “ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o bo o ba gogola botlhe.”—2 Petere 2:5; Mathaio 24:38, 39.

Fa o akanya ka boemo jo bo kwa tlase jwa semoya le jwa boitshwaro mo metlheng eo, go motlhofo go tlhaloganya kafa lelapa la ga Noa le ka tswang le ne le jewa ditshego ka teng e bile le sotlwa ke baagelani ba ba sa batleng go dumela. Batho ba tshwanetse ba bo ba ne ba tsaya gore ba a tsenwa. Le fa go ntse jalo, Noa o ne a atlega go naya ba lelapa la gagwe kgothatso ya semoya le go ba ema nokeng, ka gonne ga ba ka ba ithuta mekgwa ya thubakanyo, ya boitsholo jo bo maswe le botsuolodi jwa batho ba ba neng ba tshela le bone ba ba neng ba se na bomodimo. Ka puo ya gagwe le ditiro tsa gagwe, tse di neng di bontsha tumelo ya gagwe, Noa o ne a atlhola lefatshe la nako eo.—Bahebera 11:7.

Ba Bolokilwe go Falola Morwalela

Sebaka se sekhutshwane pele ga pula e simolola go na, Modimo o ne a bolelela Noa gore a tsene mo arakeng e e neng e weditswe. Fa lelapa la ga Noa le diphologolo ba sena go tsena mo teng, “Jehofa a tswala kgoro,” a tswalela ditshego tsa basotli kwa ntle. Fa Morwalela o goroga, go lebega baengele ba ba seng kutlo ba ne ba iphetolela mo mebeleng ya semoya mme ba se ka ba senngwa. Gotweng ka ba bangwe? Sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang mo lefatsheng le le omileng kwa ntle ga araka, go akaretsa Banefilime, ba ne ba fedisiwa! Go ne ga falola fela Noa le ba lelapa la gagwe.—Genesise 7:1-23.

Noa le ba lelapa la gagwe ba ne ba nna ngwaga wa dikgwedi tsa modikologo wa ngwedi le malatsi a le lesome mo arakeng. Ba ne ba tshwaregile ka go fepa le go naya diphologolo metsi, go tlosa leswe la diphologolo, le go tlhokomela gore nako e tsamaya fa kae. Genesise e bolela matlha otlhe a ditiragalo tsa Morwalela fela jaaka a ntse, jaaka rekoto  e e bolokiwang ya go tsamaya ga sekepe, mo go bontshang kafa pego ya eno e leng boammaaruri ka teng.—Genesise 7:11, 17, 24; 8:3-14.

Fa Noa a le mo arakeng, ga go na pelaelo gore o ne a etelela lelapa la gagwe pele mo dipuisanong tsa semoya le go leboga Modimo. Go bonala hisitori ya pele ga Morwalela e ile ya bolokiwa ke Noa le lelapa la gagwe. Dithuto tse di boammaaruri tse di rutilweng ka molomo kgotsa makwalo a a kwadilweng a hisitori a ba neng ba na le one a ne a na le tshedimosetso e e mosola e ba neng ba ka buisana ka yone ka nako ya Morwalela.

A bo Noa le ba lelapa la gagwe ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumetse jang ne go gata lefatshe le le omileng gape! Selo sa ntlha se a neng a se dira e ne e le go aga sebeso le go direla jaaka moperesiti mo boemong jwa lelapa la gagwe, a ntshetsa Yo o ba bolokileng ditlhabelo.—Genesise 8:18-20.

“Fela Jaaka Malatsi a ga Noa A ne A Ntse”

Jesu Keresete o ne a re: “Fela jaaka malatsi a ga Noa a ne a ntse, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo.” (Mathaio 24:37) Gompieno ka tsela e e tshwanang Bakeresete ke bareri ba tshiamo, ba kgothaletsa batho gore ba ikwatlhaye. (2 Petere 3:5-9) Fa re ela tlhoko go tshwana ga ditiragalo tseno, re ka nna ra ipotsa gore Noa o ne a akanya eng pele ga Morwalela. A o ne a kile a nna le maikutlo a gore go rera ga gagwe go ne go se na mosola? A ka dinako tse dingwe o ne a lapa? Baebele ga e bue. Re bolelelwa fela gore Noa o ne a utlwa Modimo.

A o bona kafa boemo jwa ga Noa bo amanang le jwa rona ka teng? O ne a utlwa Jehofa go sa kgathalesege kganetso le mathata. Ke sone se Modimo a neng a mo atlhola e le mosiami. Lelapa la ga Noa le ne le sa itse gore Modimo o ne a tlile go tlisa Morwalela leng, mme ba ne ba itse gore o ne o tla tla. Tumelo mo lefokong la Modimo e ne ya nonotsha Noa mo dingwageng tse dintsi tsa fa a ne a dira ka thata le go rera mo go neng go lebega go se na matswela. Eleruri, re bolelelwa jaana: “Ka tumelo Noa, fa a sena go newa tlhagiso ya bomodimo ya dilo tse di iseng di bonwe, o ne a bontsha poifo ya bomodimo a ba a aga araka gore go bolokwe ba ntlo ya gagwe; mme ka tumelo eno o ne a bontsha fa lefatshe le le molato, mme a nna moruaboswa wa tshiamo e e leng kafa tumelong.”—Bahebera 11:7.

Noa o tsere kae tumelo e e ntseng jalo? Go lebega a ne a ipha nako ya go tlhatlhanya ka sengwe le sengwe se a neng a se itse ka Jehofa mme a itetla go kaelwa ke kitso eo. Kwantle ga pelaelo Noa o ne a bua le Modimo ka thapelo. Tota e bile, o ne a tlwaelana thata le Jehofa mo e leng gore o ne a ‘tsamaya le Modimo.’ Noa jaaka tlhogo ya lelapa o ne a naya ba lelapa la gagwe nako le tlhokomelo e e lorato ka boitumelo. Seno se ne se akaretsa go tlhokomela dilo tsa semoya tse di amanang le mosadi wa gagwe, bomorwawe ba bararo le betsi ba gagwe.

Jaaka Noa, Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba itse gore go ise go ye kae Jehofa o tla fedisa tsamaiso eno ya dilo e e se nang bomodimo. Ga re itse letsatsi kgotsa ura, mme re itse gore go etsa tumelo le go nna kutlo ga “moreri [yono] wa tshiamo” go tla felela ka “go boloka moya o tshela.”—Bahebera 10:36-39.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

A Tota o Nnile Teng?

Baithutasaense ya motho ba phuthile ditlhamane tse di ka nnang 270 mo e batlileng e nna mo merafeng yotlhe le ditšhaba. Mokanoki Claus Westermann a re: “Hisitori ya morwalela e bonwa go ralala lefatshe lotlhe. Jaaka polelo ya popo, ke karolo ya boswa jwa rona jo re bo neilweng. Go a gakgamatsa eleruri: gongwe le gongwe mo lefatsheng re fitlhela dipolelo tsa morwalela o mogolo wa bogologolo.” Seno se raya goreng? Moakgedi Enrico Galbiati o bolela jaana: “Lebaka la go bo mo ditšhabeng tse di farologaneng tse di gasagasameng le lefatshe lotlhe ka metlha go bo go ntse go na le thuto eno ka morwalela le bontsha gore thuto eno e bua ka selo sa mmatota se se kileng sa direga mo hisitoring.” Mo Bakereseteng, se se botlhokwa go feta dikakgelo tsa bakanoki ke go itse gore Jesu ka boene o ne a bua ka Morwalela e le tiragalo ya mmatota e e diragetseng mo hisitoring ya batho.—Luke 17:26 27.

[Lebokoso mo go tsebe 30]

A Banefilime ke Ditlhamane?

Dipolelo tsa go kopana ga medimo le batho—le “bagaka” kgotsa “medingwana” ba ba tshotsweng ka ntlha ya bokopano joo—di ne di tlwaelegile mo thutabodumeding ya Gerika, Egepeto, Ugari, Hurria le Mesopotamia. Medimo ya masaitseweng ya Gerika e ne e na le sebopego sa batho e bile e le mentle thata. E ne e ja, e nwa, e robala, e tlhakanela dikobo, e omana, e lwa, e raelwa, e bile e betelela. Le fa go ne go twe e boitshepo, e ne e kgona go tsietsa le go tlola molao. Go ne go bolelwa gore bagaka ba ba tshwanang le Achilles e ne e le ba losika lwa bomodimo le lwa batho e bile ba ne ba neilwe bokgoni jo bo fetang jwa motho mme e le batho ba ba swang. Ka jalo, se Genesise a se bolelang ka Banefilime se dira gore re tlhaloganye gore ditlhamane tseno di ka tswa di tlholega kae.