Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sireletsa Segakolodi sa Gago

Sireletsa Segakolodi sa Gago

 Sireletsa Segakolodi sa Gago

GO AKANYA ka go palama sefofane se se nang le thulaganyo e e phoso ya khomputara go a tshosa. Mo boemong jwa seo, akanya mongwe a ile a kgotlakgotlana le thulaganyo ya kaelo ya sefofane kana a ile a tsenya tshedimosetso e e phoso mo go yone ka boomo! Ebu, ka tsela ya tshwantshetso, ke sone se mongwe a lekang go se dira ka segakolodi sa gago. O ikaeletse go senya thulaganyo ya gago ya kaelo ya boitsholo. O ikaeletse go dira gore o thulane le Modimo!—Jobe 2:2-5; Johane 8:44.

Motlhasedi yono yo o bosula ke mang? Mo Baebeleng, o bidiwa “noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane, yo o tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni.” (Tshenolo 12:9) O ne a dira seno kwa tshimong ya Edene fa ka tsietso a ne a tlhotlheletsa Efa go itlhokomolosa se a neng a itse se siame le gore a tsuologele Modimo. (Genesise 3:1-6, 16-19) Fa e sa le ka nako eo, Satane o ile a laola ditsamaiso tsotlhe tsa tsietso go dira gore batho botlhe ba nne baba ba Modimo. Tsamaiso e e molato go di feta tsotlhe ke bodumedi jwa maaka.—2 Bakorintha 11:14, 15.

Bodumedi Jwa Maaka bo Senya Segakolodi

Mo bukeng ya Baebele ya Tshenolo, bodumedi jwa maaka bo tlhalosiwa e le seaka sa tshwantshetso se se bidiwang Babelona o Mogolo. Dithuto tsa gagwe di sokamisitse tsela e batho ba le bantsi ba ikutlwang ka teng ka boitsholo jo bo siameng mme bo dirile gore ba tlhoe le go tshwara batho ba ba sa akanyeng jaaka bone makgwakgwa. Tota e bile, go ya ka Tshenolo, Modimo o bona bodumedi jwa maaka molato ka ntlha ya madi “a botlhe ba ba bolailweng mo lefatsheng,” go akaretsa le baobamedi ba Modimo.—Tshenolo 17:1-6; 18:3, 24.

Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe ka tsela e bodumedi jwa maaka bo neng bo tla sokamisa kaelo ya boitsholo thata ka teng fa a ne a bolela jaana: “Nako e etla fa mongwe le mongwe yo o lo bolayang o tla ithayang a re o diretse Modimo tirelo e e boitshepo.” A bo batho bano ba ba ratang thubakanyo ba tsieditswe jang ne malebana le boitsholo jo bo siameng! Jesu o ne a re: “Ga ba ise ba itse Rara lefa e le nna.” (Johane 16:2, 3) Go ise go ye kae fa Jesu a sena go bua mafoko ano, ene ka boene o ne a bolawa ka taelo ya baeteledipele bangwe ba bodumedi, ba ba neng ba kgona go dira gore digakolodi tsa bone di amogele molato wa bone. (Johane 11:47-50) Go farologana le seo, Jesu o ne a bolela gore balatedi ba gagwe ba boammaaruri ba bonwa ka lorato lo ba ratanang ka lone. Mme lorato lwa bone ba a lo atolosa, ka gonne ba lo bontsha le batho ba e leng baba ba bone.—Mathaio 5:44-48; Johane 13:35.

Tsela e nngwe e bodumedi jwa maaka bo senyang segakolodi sa batho ba le bantsi ka yone ke ka go dumelela boitsholo bongwe le bongwe, kana go buelela go tlhoka boitsholo go go leng teng. Fa moaposetoloi Paulo a ne a bolelela pele ka seno, o ne a re: “Go tla nna le lobaka lwa nako lo ba tla se keng ba iteseletse go amogela thuto e e itekanetseng,  mme, tumalanong le dikeletso tsa bone, ba tla ikokoanyetsa barutisi gore ditsebe tsa bone di tsikitliwe.”—2 Timotheo 4:3.

Gompieno, baeteledipele ba bodumedi ba tsikitla ditsebe tsa batho ka go bolela gore Modimo o amogela go tlhakanela dikobo ga batho ba ba sa nyalanang. Ba bangwe ba rotloetsa ditiro tsa bosodoma. Tota e bile, baruti bangwe ka bobone ke basodoma ba ba itsegeng. Setlhogo sengwe sa lokwalodikgang lwa Boritane lwa The Times se ne sa bolela gore “baruti ba le sometharo ba ba itsegeng e le basodoma” ba tlhophilwe go nna maloko a Phuthego ya Batsamaisi ba Kereke ba Engelane. Fa baeteledipele ba kereke ba sa latele boitsholo jwa Baebele mme dikereke tsa bone di sa dire sepe ka gone, batsenakereke ba bone ba tshwanetse go latela melao efe ya boitsholo? Ga go gakgamatse go bo dimilione di tlhakane tlhogo tota.

A bo go le botoka jang ne go latela kaelo e e bonalang sentle ya boammaaruri jo bo rutwang mo Baebeleng malebana le boitsholo jo bo siameng le dilo tsa semoya! (Pesalema 43:3; Johane 17:17) Ka sekai, Baebele e ruta gore bagokafadi le baakafadi “ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” (1 Bakorintha 6:9, 10) E re bolelela gore banna le basadi ba ba fetolang “go dirisiwa ga bone ga tlholego ba go dira mo go fapaaneng le tlholego” ba “dira se se ferosang sebete” mo matlhong a Modimo. (Baroma 1:26, 27, 32) Boammaaruri jono jo bo malebana le boitsholo ga bo a tlhomiwa ke batho ba ba sa itekanelang; ke melao e e tlhotlheleditsweng ke Modimo, e a iseng a ko a e fetole. (Bagalatia 1:8; 2 Timotheo 3:16) Mme Satane o na le ditsela tse dingwe tsa go senya segakolodi.

Tlhopha Boitlosobodutu

Ga go a siama go pateletsa motho go dira selo se se bosula, mme ke selo se se maswe le e leng go feta fa o mo dira gore a batle go dira selo se se ntseng jalo. Seno ke se “mmusi wa lefatshe,” Satane a ikaeletseng go se dira. Gore a tle a kgone go gatelela megopolo ya gagwe e e bosula mo ditlhaloganyong le mo dipelong tsa batho ba ba dieleele le ba ba seng kelotlhoko—segolobogolo basha ba ba ka tlhaselwang motlhofo—o dirisa dilo tse di jaaka dikgatiso tse di belaetsang, dibaesekopo, mmino, metshameko ya khomputara le dithulaganyo tse di hepisang mo Internet.—Johane 14:30; Baefeso 2:2.

Pego nngwe mo lokwalopakeng lwa Pediatrics, e bolela jaana: “Basha [ba United States] ba leba ditiro tsa thubakanyo tse di ka nnang 10000 ngwaga le ngwaga, dithulaganyo tsa bana e le tsone tse di tletseng tirisodikgoka go feta tsotlhe.” Pego eo e ile ya bontsha gape gore “ngwaga le ngwaga basha ba dingwaga tsa bolesome ba leba ditshupiso, dikakantsho le metlae ya tlhakanelodikobo e e ka nnang 15000.” E ile ya bolela gore tota le dithulaganyo tsa nako ya maitiso tsa thelebishene, “di na le dipono tse di fetang 8 tsa tlhakanelodikobo ka ura, selekanyo se se fetang sa 1976 ganè.” Ga go gakgamatse go bo patlisiso eno e ile ya lemoga gape le gore “puo ya matlhapa le yone e oketsega thata.” Le fa go ntse jalo, Baebele le dipatlisiso tse dintsi tsa saense di tlhagisa gore go lebelela dilo tse di ntseng jalo thata go senya batho. Ka gone fa e le gore ruri o batla go itumedisa Modimo le gore o solegelwe molemo ka bowena, tsaya tsia Diane 4: 23,  e e bolelang jaana: “Dibela pelo ya gago, gonne metswedi ya botshelo e tswa mo go yone.”—Isaia 48:17.

Bontsi jwa mmino o o tumileng le one o senya segakolodi. Pego nngwe go lokwalodikgang lwa kwa Australia lwa The Sunday Mail e tlhagisa gore seopedi sengwe se dipina tsa sone di tumileng thata e bile di tseelwang kwa godimo thata mo dinageng di le mmalwa tsa Bophirima se “leka ka bojotlhe go garola batho dipelo.” Setlhogo seo se bolela gore “dipina tsa gagwe di tlotlomatsa diokobatsi, go tlhakanela dikobo le wa losika le petelelo” le gore o “opela ka go bolaya mosadi wa gagwe mme a bo a latlhela setopo sa gagwe mo letsheng.” Mafoko a mangwe a dipina tseno a a umakiwang a maswe thata mo re ka sekang ra a boeletsa fano. Le fa go ntse jalo, mmino wa gagwe o dirile gore a amogele sekgele sa maemo a a kwa godimo. A o ka rata go jala megopolo e e bosula jalo mo tlhaloganyong le mo pelong ya gago, le fa e ka tswa e natetshwa ka mmino? Re solofela gore o ka se ka wa dira jalo, ka gonne ba ba dirang jalo ba leswafatsa digakolodi tsa bone mme kgabagare ba dira gore ba nne le “pelo e e boikepo” ba itira baba ba Modimo.—Bahebera 3:12; Mathaio 12:33-35.

Ka jalo nna botlhale fa o tlhopha boitlosobodutu. Baebele e re kgothatsa jaana: “Dilo le fa e le dife tse di boammaaruri, dilo le fa e le dife tse di tsewang ka masisi, dilo le fa e le dife tse di siameng, dilo le fa e le dife tse di itshekileng, dilo le fa e le dife tse di rategang, dilo le fa e le dife tse di buiwang molemo, le fa e le molemo ofe o o gone le selo le fa e le sefe se se tshwanelwang ke pako se se gone, tswelelang lo akanya ka dilo tseno.”—Bafilipi 4:8.

Botsala bo Ama Segakolodi

Fa Neil le Franz ba sa le bannye ba ne ba na le botsala jo bontle le Bakeresete ba ba tlhoafetseng. * Neil o bolela gore fa nako e ntse e tsamaya “ke ne ka simolola go tsalana le batho ba ba sa siamang.” Ka maswabi, kwa bofelong, o ne a felela a dirile bokebekwa a ba a ya kgolegelong. Kgang ya ga Franz le yone e a tshwana. O bolela jaana a hutsafetse: “Ke ne ke akanya gore nka kgona go tsalana le basha ba lefatshe kwantle ga gore ba ntlhotlheletse. Mme jaaka Bagalatia 6:7 e bolela: ‘Modimo ga se yo o ka sotliwang. Gonne le fa e le eng se motho a se jalang, o tla se roba sone seno gape.’ Ke ne ka ithuta ka tsela e e botlhoko gore ke ne ke le phoso mme Jehofa o ne a nepile. Ke lebane le katlholo ya botshelo jotlhe mo kgolegelong ka ntlha ya molato wa me.”

Batho ba ba tshwanang le Neil le Franz ga ba simolole bokebekwa ka tshoganyetso fela; kwa tshimologong, ba ka akanya gore go ka se ka ga ba diragalela. Ba fapoga mo tseleng kgato ka kgato, gantsi kgato ya ntlha e le go itsalanya le batho ba ba bosula. (1 Bakorintha 15:33) Morago ga moo go ka nna ga latela ya go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang le bojalwa. Tota e bile, segakolodi se tlhalosiwa sentle e le “karolo ya botho e e tlhaologang mo bojalweng.” Go tswa foo, go nna motlhofo go dira bokebekwa kana boitsholo jo bo sa siamang.

Ka gone he, ke eng fa o ka tsaya kgato eo ya  ntlha? Go na le go dira jalo, itsalanye le batho ba ba botlhale ba ruri ba ratang Modimo. Ba tla go thusa go nonotsha segakolodi sa gago gore se go kaele sentle, se go thuse gore o se ka wa welwa ke bohutsana jo bogolo. (Diane 13:20) Le mororo Neil le Franz ba sa ntse ba le mo kgolegelong, gone jaanong ba a lemoga gore segakolodi ke mpho e e tswang go Modimo e e tshwanetseng go thapisiwa sentle, ebu, se tshwanetse go ngomaelwa. Mo godimo ga moo, ba dira ka natla gore ba age botsala jo bo molemo le Modimo wa bone, Jehofa. Nna botlhale mme o ithute mo diphosong tsa bone.—Diane 22:3.

Sireletsa Segakolodi sa Gago

Re supa fa re batla go sireletsa segakolodi sa rona fa re godisa lorato le tumelo mo Modimong le go mmoifa ka tsela e e tshwanetseng. (Diane 8:13; 1 Johane 5:3) Baebele e senola gore segakolodi se se se nang dilo tseno gantsi ga se kgone go tlhomama mo boitsholong. Ka sekai, Pesalema 14:1 e bua ka batho ba ba bolelang jaana mo dipelong tsa bone: “Ga go na Jehofa.” Go tlhoka tumelo gono go ama jang boitshwaro jwa bone? Temana eno e tswelela jaana: “Ba dirile bosula, ba dirile ka tsela e e makgapha mo ditirong tsa bone.”

Batho ba ba se nang tumelo ya mmatota mo Modimong ga ba na tsholofelo e e nitameng ka isagwe e e botoka. Ka gone, ba rata go tshelela gompieno fela, ba kgotsofatsa dikeletso tsa bone tsa nama. Ba na le boikutlo jwa gore: “A re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa.” (1 Bakorintha 15:32) Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba tlhomileng mogopolo wa bone mo sekgeleng sa botshelo jo bo sa khutleng ga ba faposiwe mo tseleng ke dikgatlhego tse di fetang tsa lefatshe. Jaaka khomputara e e tlhomameng e e kaelang motsamai, digakolodi tsa bone tse di thapisitsweng di dira gore ba nne ba tlhomame mo tseleng ya go ikobela Modimo ka boikanyegi.—Bafilipi 3:8.

Gore segakolodi sa gago se kgone go boloka maatla a sone a go tlhomama, se tlhoka kaelo ya ka metlha go tswa mo Lefokong la Modimo. Baebele e re bolelela gore kaelo e e ntseng jalo e teng fa e bolela jaana ka puo ya tshwantshetso: “Ditsebe tsa lona di tla utlwa lefoko kwa morago ga lona le re: ‘Tsela ke e. Tsamayang ka yone,’ fa go direga gore lo ye kafa mojeng kgotsa go direga gore lo ye kafa molemeng.” (Isaia 30:21) Ka jalo beela nako kwa thoko go bala Baebele letsatsi le letsatsi. Se se tla go nonotsha le go go kgothatsa fa o kgaratlhela go dira se se siameng kana fa o tshwenyegile kana o tlhobaela thata. Tlhomamisega gore Jehofa o tla go kaela mo boitsholong le mo semoyeng fa o mo ikanya ka botlalo. Ee, etsa mopesalema yo o neng a kwala jaana: “Ke beile Jehofa fa pele ga me ka metlha. Ka gonne o kafa seatleng sa me sa moja, ga ke na go reketlisiwa.”—Pesalema 16:8; 55:22.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 16 Maina a fetotswe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Bodumedi jwa maaka, jo bo tlhalosiwang mo Baebeleng e le “Babelona o Mogolo,” bo na le molato wa go bolaya digakolodi tsa ba le bantsi

[Motswedi wa Setshwantsho]

Priest blessing troops: U.S. Army photo

[Ditshwantsho mo go tsebe 6]

Go leba thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang go tla senya segakolodi sa gago

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Kaelo ya ka metlha go tswa mo Lefokong la Modimo e tla sireletsa segakolodi sa gago