Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Metsi a Botshelo a Elela Kwa Andes

Metsi a Botshelo a Elela Kwa Andes

 Metsi a Botshelo a Elela Kwa Andes

Dithaba tsa Andes di ralala bogare jwa Peru, mme di kgaoganya naga eo ka bogare letlhakore le lengwe e le kgaolo e e omeletseng e e iphaphathileng le lebopo kafa bophirima mme le lengwe e le kgaolo e e tletseng dikgwa tse ditala tse di golelang kwa godimo kafa botlhaba. Mo kgaolong eno ya dithaba go nna nngwetharong ya dimilione di le 27 tsa batho ba Peru. Ba na le go nna kafa ntlheng ya dipoa tse di kwa godimo le mo mekgokoloseng ya dithaba tsa Andes kana mo megogorong e e kwa tlasetlase le mo mekgatšheng e e nonneng ya dithaba tseo.

 DITHABA tse di makgawekgawe tsa Andes di dira gore go se ka ga nna motlhofo go tsena go tswa ka kwa ntle. Ka ntlha ya seo, dimilione tse di nnang moo di kwa thoko, mme gantsi ga di amiwe ke dilo tse di diragalang kwa ntle ga lefelo la bone.

Batho ba ile ba tlhoma metsana e mennye fa thoko ga melatswana go bona metsi a a tlhokegang mo dimeleng, le metlhape ya di-llama, di-alpaca, di-vicuña le dinku. Le fa go ntse jalo, go na le mofuta o mongwe wa metsi a a botlhokwa a a elelang kwa Andes—metsi a a lapolosang a semoya a a tswang kwa go Jehofa, “motswedi wa metsi a a tshelang.” (Jeremia 2:13) Modimo o dirisa Basupi ba gagwe go thusa batho mo metseng e e ikadileng kwa godimo ga dithaba tsa Andes gore ba bone kitso e e tlhomameng kaga gagwe le ka boikaelelo jwa gagwe.—Isaia 12:3; Johane 17:3.

E re ka e le thato ya Modimo gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri,” badiredi bano ba dira matsapa a magolo go fitlhelela metse ka molaetsa wa botshelo o o tswang mo Baebeleng. (1 Timotheo 2:4) Molaetsa ono o o theilweng mo Baebeleng o a sedifatsa e bile ke o o tlotlegang. O ile wa golola batho ba ba peloephepa ba lefelo leo mo tumelabotlhoding, mo dingwaong le mo megopolong e e neng e dira gore ba boife baswi, meya e e bosula le maatla a tlholego. Se se botlhokwa le go feta, molaetsa ono o ba naya tsholofelo e e itumedisang ya go bona botshelo jo bo sa feleng mo lefatsheng la paradaise.

Go Dira Maiteko

Bareri ba Bogosi ba ba etelang mafelo ano a a kgakala ba tshwanetse go dira diphetogo di le dintsi. Gore barutisi ba Baebele ba kgone go fitlhelela dipelo tsa batho, ba tshwanetse go itse dipuo tse pedi tse di buiwang mo lefelong leno tsa Se-Quechua kana Se-Aymara.

Ga go motlhofo go ya kwa metsaneng eno ya Andes. Ga go na diporo tse dintsi tsa terena mo mafelong ao. Dipalangwa ga di a tlhomama mme maemo a bosa ga a itumedise le tebego ya naga ga e a tlwaelega. Mme he, Basupi ba kgona jang go fitlhelela batho go ba tlisetsa molaetsa wa Bogosi?

Bareri ba ba pelokgale ba dikgang tse di molemo ba ile ba lebana le kgwetlho eno mme ba arabela ba na le moya o o tshwanang le wa ga moporofeti Isaia: “Ke fano! Roma nna.” (Isaia 6:8) Ba ile ba dirisa dikoloi tse tharo tsa dikharabane go ya kwa bokone, bogare le kwa borwa. E re ka babulatsela bano ba ba tlhagafetseng, kana badiredi ba nako e e tletseng, ba ne ba na le mabokoso a mantsi a Dibaebele le dikgatiso tsa Baebele, ba ile ba jala dipeo tsa boammaaruri jwa Baebele mo bathong ba ba botsalano, ba ba ratang go amogela baeng le ba ba dipelo di phepa ba ba nnang koo.

Matsoketsane a ditsela tsa mo dithabeng tseno a kotsi thata. Go kgona go feta ka katlego mo go dingwe tsa ditsela tseno, dikoloi di tshwanelwa ke go tsamaya ka tsela e e manyokenyoke. Ka nako nngwe fa koloi e ntse e tsamaya jalo, morongwa mongwe yo o neng a dutse kwa setulong se se kwa morago sa bese o ne a leba ka fensetere mme a lemoga gore maotwana a a kwa morago a ne a le mo godimo ga mokgokolosa o o fetang dimetara di le 190! O ne a tswala matlho go fitlha bese e feta moo.

Ditsela dingwe di maswe mme e bile di ditshesane thata. Ka nako nngwe fa koloi nngwe ya kharabane e ntse e leka go feta mo ditseleng tse di makgawekgawe jalo, e ne ya kopana le teraka e e tlang. Koloi ya kharabane e ne ya tshwanela gore e busediwe kwa morago mo thabeng go fitlha mo lefelong le dikoloi tse pedi tseno di neng di ka kgona go fetana fela ka letshoba la mogodu mo go lone.

Le fa go ntse jalo, matswela a maiteko a a ntseng jalo a bopelotelele a ile a nna a a tlhomologileng tota. A o ka rata go utlwa mo go oketsegileng ka maiteko ao?

“Go Nosetsa” Letsha la Titicaca

Letsha la Titicaca e e ikgarileng mo mokgatsheng wa Dithaba tsa Andes mo e ka nnang ka bogodimo jwa dimetara di le 3 800 go tswa mo boalong jwa lewatle, ke nagagare e e kwa godimo thata go gaisa tsotlhe mo lefatsheng, e e nang le metsi a go tsamaegang mo go one. Ditlhoa tsa dithaba tse di apesitsweng ka kapoko, tse dingwe tsa tsone di leng bogodimo jo bo fetang dimetara di le 6 400, ke motswedi wa bontsi jwa dinoka tse 25 tse di tshelang metsi a tsone mo letsheng la Titicaca. Ka ntlha ya bogodimo jono, tlelaemete e tsididi, mme batho ba ba sa tlholegeng teng ba tshwanetse go itshokela bolwetse jo bo bakwang ke bogodimo.

 Ka nako nngwe setlhopha sa babulatsela ba ba buang Se-Quechua le Se-Aymara ba ne ba ya kwa ditlhaketlhakeng tsa Amantani le Taquile kwa Letsha la Titicaca. Ba ne ba tla ba tshotse puo ya diselaete tse di nang le setlhogo se se reng: “Go Tlhatlhoba Dikereke,” e le tshekatsheko e e tseneletseng ya maaka a Labokeresete. Batho ba ne ba itumelela seno thata. Monna mongwe o ne a amogela bakaulengwe mme a ba naya kamore e e bulegileng mo ntlong ya gagwe moo ba neng ba kgona go nna gone le go ruta Baebele.

Pokano ya ntlha kwa Amantani e ne ya ngoka batho ba le 100; kwa pokanong ya kwa Taquile go ne ga nna le batho ba le 140. Puo e ne ya neelwa ka Se-Quechua. Banyalani bangwe ba pele ba neng ba nna kwa nagakgolong ba ne ba bolela jaana: “Nako e ne e fitlhile gore lona Basupi ba ga Jehofa lo re gopole. Re ntse re rapela gore lo tle.”

Kwantle ga ditlhaketlhake tseno tse pedi tse di kgolwane, dingwe tsa ditlhaketlhake tse di “kokobetseng mo metsing” tse go fopholediwang gore di ka nna 40 mo Letsha la Titicaca le tsone di fitlheletswe ka dikgang tse di molemo. Ditlhaketlhake tse di kokobetseng mo metsing? Ee, di dirilwe ka matlhaka a totoras, a a tlhogang mo dikarolong tse di seng boteng tsa mokgatšha ono. Matlhaka a totoras a gola go tswa mo metsing mme a bo a tswela ka kwa godimo. Go dira setlhaketlhake, batho ba ba nnang foo ba oba matlhaka a a sa ntseng a le ka kwa tlase ga mokgatšha mme ba bo ba a logaganya go dira serala. Go tswa foo serala seo se bitielwa ka seretse se bo se thatafadiwa ka matlhaka a mangwe a a segilweng. Batho ba nna mo matlwaneng a a agilweng ka matlhaka mo godimo ga serala seno.

Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bona mokoro o ba ka rerelang batho ba ba mo ditlhaketlhakeng tsa Letsha la Titicaca ka one. Mokoro ono o kgona go rwala batho ba le 16. Fa Basupi ba sena go ema mo ditlhaketlhakeng tse di kokobetseng mo metsing, ba tsamaya mo seraleng sa matlhaka go tswa mo lefelong le lengwe go ya go le lengwe. Ba re gantsi ba utlwa go tshikinyega go sekae kafa tlase ga maoto a bone. Lefelo leno ga le a siamela batho ba ba boifang bophadiphadi jwa metsi!

Baagi ba ba buang Se-Aymara ba nna mo metseng le metsaneng e e fa thoko ga lewatle le mo ditlhaketlhakeng tse di tsenelelang mo letsheng. Go motlhofo go fitlha mo mafelong ano ka mokoro go na le go tsamaya mo mmung o o omileng. Go fopholediwa gore palo ya batho botlhe ba ba nnang mo karolong eno e go dirisiwang mekoro go tlisa molaetsa wa Bogosi mo go yone e ka nna 400 000. Mekoro eno e sa ntse e tla fetsa sebakanyana se seleele teng.

Go Timola Lenyora la Semoya

Flavio o ne a nna mo motsaneng wa Santa Lucía, gaufi le Juliaca, kwa Andes. Mo Kerekeng ya gagwe ya Evangelical o ne a rutiwa thuto ya molelo wa dihele. Ka dingwaga di le dintsi o ne a ntse a tshela a na le poifo ya kotlhao e e ntseng jalo ya molelo. Gantsi o ne a tle a ipotse gore go tla jang gore Modimo yo o lorato a tlhokofatse batho ka bosakhutleng mo molelong. Fa Tito, modiredi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa a ne a etetse motsana oo, o ne a etela Flavio.

Nngwe ya dipotso tsa ntlha tse Flavio a neng a di botsa e ne e le gore, “A bodumedi jwa lona bo ruta gore batho ba tla tlhokofadiwa mo molelong wa dihele?” Tito o ne a araba ka gore kgopolo e e ntseng jalo e ferosa Mmopi sebete e bile e senya leina la ga Jehofa, Modimo wa lorato. Ka go dirisa Baebele ya ga Flavio, Tito o ne a mmontsha gore baswi ga ba utlwe sepe le gore ba letetse go tsogela mo lefatsheng kafa tlase ga Bogosi jwa Modimo. (Moreri 9:5; Johane 5:28, 29) Se se ile sa bula Flavio matlho. O ne a amogela thuto ya Baebele ka yone nako eo mme go ise go ye kae a nna Mokeresete yo o kolobeditsweng.

Motsana o o Nang le Tebogo

Akanya fela gore go itumedisa jang go tlisetsa baagi ba ba iseng ba ko ba bone khopi ya Baebele Dikwalo kana go rera mo metsaneng e mo go yone batho ba iseng ba ko ba utlwe Basupi ba ga Jehofa kana dikgang tse di molemo tse ba di rerang! Joo ke boitemogelo jo bokgaitsadi ba bararo ba babulatsela ba ileng ba nna le jone—Rosa, Alicia le Cecilia—ba ba neng ba rera mo metsaneng ya Izcuchaca le Conayca, e e bogodimo jwa dimetara di le 3 600 kwa bogare jwa Peru.

 Fa ba fitlha kwa motsaneng wa ntlha, ba ne ba se na mo ba ka nnang teng. Ba ne ba bua le molaodi wa mapodise wa lefelo leo, ba tlhalosa lebaka la go bo ba etile. Matswela? O ne a ba dumelela gore ba robale mo seteisheneng sa mapodise. Letsatsi le le latelang, babulatsela ba ne ba kgona go iponela manno a ba tla nnelang ruri mo go one mme a nna lefelo le ba direlang ditiro tsa bone mo go one.

Go ise go ye kae e ne ya nna nako ya Segopotso sa loso lwa ga Keresete sa ngwaga le ngwaga. Babulatsela ba ne ba etetse matlo otlhe mo motsaneng wa Izcuchaca, mme ba tsamaisitse Dibaebele di le dintsi, e bile ba simolotse dithuto tsa Baebele di le mmalwa. Pele ga Segopotso, ba ne ba romela ditaletso tsa tiragalo eno, ba tlhalosa lebaka la moletlo ono le gore ditshwantshetso tse di tla dirisiwang ka nako ya moletlo di emela eng. Go ne go na le setlhopha sa bakaulengwe ba ba neng ba laleditswe go tla go thusa ka tiragalo eno mme mongwe wa bone o ne a neela puo. A bo go ne go itumedisa jang ne go bona batho ba le 50 go tswa mo motsaneng ono ba le teng mo tiragalong eno e e kgethegileng! E ne e le la ntlha ba kgona go tlhaloganya gore totatota Sejo sa Morena sa Maitseboa se kaya eng. Mme go ne go ba itumedisa jang go bo ba na le Lefoko la Modimo!

Go Imololwa Mekgweleo e e Boima

Go tlisetsa batshwarwa ba bodumedi jwa maaka metsi a a lapolosang a boammaaruri jwa Baebele go itumedisa tota. Pisac e ne e le boremelelo jwa Mmusomogolo wa Inca. Bontsi jwa batho ba gompieno ba nnang koo ba ile ba rutiwa thuto e e seng ya dikwalo ya molelo wa dihele. Baruti ba bone ba ba bolelela gore ba ka kgona go ya legodimong ka go bulelwa ditsela fela ke moruti.

Go a utlwala go bo batho bao ba nyoretswe metsi a a lapolosang a boammaaruri jwa Baebele. Fa Santiago, modiredi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa, a ntse a rera ka ntlo le ntlo, o ne a nna le sebaka sa go tlhalosetsa monna mongwe gore batho ba ba siameng ba tla tshela mo lefatsheng la paradaise. (Pesalema 37:11) Santiago o ne a supa go tswa mo Baebeleng gore baswi ba tla tsosiwa le gore batho ba tla rutiwa ditsela tse di itekanetseng tsa ga Jehofa ba lebeletse botshelo jo bo sa khutleng. (Isaia 11:9) Go fitlha ka nako eo, monna yoo, e ne e le Mokatoliki yo o ineetseng, yo o neng a inaakantse le tirisabadimo mme e bile a nwa bojalwa thata. Mme gone jaanong o ne a na le tsholofelo e e theilweng mo Baebeleng e bile a na le mokgele mo botshelong—go tshela mo Paradaiseng. O ne a fisa dilo tsa gagwe tsotlhe tse di amanang le bodimona mme a tlogela go nwa bobe. O ne a phutha lelapa la gagwe mme a amogela thuto ya Baebele. Fa nako e ntse e tsamaya, botlhe mo lelapeng la gagwe ba ile ba ineela mo go Jehofa Modimo mme ba kolobediwa.

Go Amogelwa ka Moya wa go Amogela Baeng

Batho ba ba nnang kwa dithabeng ba rata go amogela baeng thata. Le mororo matlo a bone e le a maemo a a kwa tlase e bile ba humanegile, ba rata go abela baeng se ba nang le sone. Pele ga motho a ithuta ditekanyetso tsa maemo a a kwa godimo tsa Baebele, o ne a ka abela moeng matlhare a coca gore a a tlhafune fa ba ntse ba tlotla. Mme fa a nna Mosupi, a ka mo abela leswana le le tletseng la sukiri, le boleng jwa lone bo lekanang le matlhare ao mo diporofenseng tse di kwa thoko.

Mokaulengwe mongwe o ne a kopa morongwa gore a tsamaye le ene go ya loetong lwa go boela. Fa ba sena go palamela mo tseleng e e kwa godimo e e lapisang ya thaba, ba ne ba opa diatla go itsise mong wa ntlo gore ba fitlhile. Ba ne ba lalediwa go tsena mo ntlong e e ruletsweng ka bojang, ba tshwanelwa ke go oba ditlhogo fa ba tsena mo botsenong jo bo kwa tlase. Ba ne ba tsena ka kelotlhoko gore ba fete mo gare ga boalo jwa mmu, mo mmangwana a epileng khuti teng, a tsentse kobo mme a beile lesea la gagwe gone. E re ka lesea leno le ne le sa kgone go tswa foo, le ne le kgotsofalela go nna le goloketsa ka boitumelo fa bagolo ba ntse ba tlotla. Fa ba sena go nna le motlotlo o o monate ka masego a Bogosi, mosadi yoo o ne a tla le senwelo se setelele sa senō sa lefelo leo. Go ise go ye kae ke fa bakaulengwe ba fologa mo thabeng go ya go dira maeto a mangwe.

Thobo e Kgolo

Gone jaanong mo kgaolong eno, go na le ditlhopha tse di kwa thoko di ka nna lekgolo teng tse mo go tsone go nang le batho ba ba fetang sekete ba ba ithutang Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Baalogi ba Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi ba kwa Lima ba romelwa koo go ya go aga ditlhopha tseo gore e nne diphuthego. Batho ba ba nang le dipelo tse di siameng ba e ntseng e le batshwarwa ba bodumedi jwa maaka le ba tumelabotlhodi ka nako e telele jaanong dikgang tse di molemo tsa Bogosi di ba golotse! (Johane 8:32) Lenyora la bone la metsi a boammaaruri le timotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Go neela bosupi mo ditlhaketlhakeng tsa Letsha la Titicaca tse di “kokobetseng mo metsing”