Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dibela Pelo ya Gago

Dibela Pelo ya Gago

 Dibela Pelo ya Gago

“Go feta tsotlhe tse dingwe tse di tshwanetseng go disiwa, dibela pelo ya gago, gonne metswedi ya botshelo e tswa mo go yone.”—DIANE 4:23.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dibela pelo ya rona?

MONNAMOGOLO mongwe mo go sengwe sa ditlhaketlhake tsa Caribbean o tswa mo ntlong ya gagwe morago ga kgwanyape. Fa a ntse a lebile tshenyo e kgwanyape eno e e dirileng go mo dikologa, o ne a lemoga gore setlhare se segolo thata se se nang le masomesome a dingwaga se eme gaufi le heke e e kwa pele ya ntlo ya gagwe se ne se seo. ‘Go tla jang,’ o ne a ipotsa, ‘ka gonne ditlhare tse dinnye tse di neng di le gaufi le sone tsone di sa ntse di eme?’ E ne ya re fa a leba sesana sa setlhare seno se se oleng o ne a kgona go bona karabo. Karolo e e mo teng ya setlhare seno se se neng se bonala e kete ga se ka ke sa tshikhinyega e ne e bodile, mme se setsuatsue seno se se dirileng fela e nnile go senola go bola gono mo go neng go sa bonwe ke ope.

2 A bo go utlwisa botlhoko jang ne fa moobamedi wa boammaaruri yo o bonalang a itsetsepetse mo tseleng ya Bokeresete ya botshelo a ineela fa tumelo ya gagwe e lekwa. Baebele e bua ka tshwanelo e re “tshekamelo ya pelo ya motho e bosula go tloga bosheng jwa gagwe go ya pele.” (Genesise 8:21) Seno se bolela gore fa motho a se kelotlhoko, tota le pelo e e molemo thata e ka raelesega go dira se se sa siamang. E re ka go se na pelo epe ya motho yo o sa itekanelang e go ka tweng e ka se ka ya senyega, re tshwanetse go tsaya kgakololo eno tsiya thata: “Go feta tsotlhe tse dingwe tse di tshwanetseng go disiwa, dibela pelo ya gago.” (Diane 4:23) Ka jalo re ka dibela jang pelo ya rona ya tshwantshetso?

Re Tshwanetse go Itlhatlhoba ka Dinako Tsotlhe

3, 4. (a) Go ka bodiwa dipotso dife malebana le pelo ya mmatota? (b) Ke eng se se ka re thusang go tlhatlhoba pelo ya rona ya tshwantshetso?

3 Fa o ya kwa ngakeng gore e go tlhatlhobe mo mmeleng, go ka direga thata gore o tla tlhatlhoba pelo ya gago. A botsogo jwa gago ka kakaretso, go akaretsa le pelo ya gago, bo bontsha gore o bona dikotla tse di lekaneng? Kgatelelo ya gago ya madi yone e ntse jang? A go itaya ga pelo ya gago go tlhomame le gone a e itaya sentle? A o ikatisa mo go lekaneng? A pelo ya gago e gateletswe thata?

4 Fa pelo ya gago ya mmatota e tlhoka go nna e tlhatlhobiwa ka metlha yotlhe, go tweng ka pelo ya gago ya tshwantshetso? Jehofa o a e tlhatlhoba. (1 Ditiragalo 29:17) Le rona re tshwanetse go nna re e tlhatlhoba. Jang? Ka go ipotsa dipotso tse di tshwanang le tseno: A pelo ya me e bona dijo tse di lekaneng tsa semoya ka go ithuta ka metlha le go nna gone kwa dipokanong? (Pesalema 1:1, 2; Bahebera 10:24, 25) A mo pelong ya me ke amegile thata ka molaetsa wa ga Jehofa mo e bileng o ntse jaaka “molelo o o tukang o tswaletswe mo marapong a me,” o ntlhotlheletsa go nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa? (Jeremia 20:9; Mathaio 28:19, 20; Baroma 1:15, 16) A ke tlhotlheletsega go iteka ka natla, ke nna le seabe mo karolong nngwe ya bodiredi jwa nako e e tletseng fa go kgonega? (Luke 13:24) Ke baya pelo ya me ya tshwantshetso mo tikologong ya mofuta mang? A ke batla go itsalanya le batho ba bangwe ba dipelo tsa bone di kopaneng mo kobamelong ya boammaaruri? (Diane 13:20; 1 Bakorintha 15:33) E kete re ka nna bonako go lemoga le fa e le gope fela fa re tlhaelang gone mme re tseye dikgato tsa go baakanya seemo ka bonakonako.

5. Diteko tsa tumelo di ka nna le boikaelelo bofe jo bo molemo?

5 Gantsi re a tle re tlelwe ke diteko tsa tumelo ya rona. Diteko tseno di re naya dibaka tsa go ela tlhoko seemo sa pelo ya rona. Fa Moshe a ne a bua le Baiseraele ba ba neng ba tloga ba tsena mo Nageng e e Solofeditsweng, o ne a ba raya a re: “Jehofa Modimo wa gago [o ne] a dira gore o tsamaye . . . dingwaga tseno tse di masome a manè mo nageng, gore a go kokobetse, a go leke gore a itse se se neng  se le mo pelong ya gago, gore a o ne o tla boloka ditaelo tsa gagwe kgotsa nnyaa.” (Duteronome 8:2) A gantsi ga re ke re gakgamalela maikutlo a a tlhagang mo go rona, dikeletso kgotsa tsela e re tsibogang ka yone fa re lebana le maemo mangwe kgotsa dithaelo tse re sa di lebelelang? Eleruri diteko tse Jehofa a di letlang gore di re diragalele di ka re thusa go bona makoa a rona, di re naya sebaka sa gore re tokafatse. (Jakobe 1:2-4) A le ka motlha re se ka ra palelwa ke go akanyetsa ka thapelo tsela e re tsibogelang diteko ka yone!

Se re Se Buang se Senolang?

6. Dilo tse re ratang go bua thata ka tsone di ka senolang ka pelo ya rona?

6 Re ka bona jang gore ke eng se re se bolokileng mo dipelong tsa rona? Jesu o ne a re: “Motho yo o molemo o ntsha molemo mo letlotlong le le molemo la pelo ya gagwe, mme motho yo o boikepo o ntsha se se boikepo mo letlotlong la gagwe la boikepo; gonne molomo wa gagwe o bua se se tletseng mo pelong.” (Luke 6:45) Se gantsi re buang ka sone se bontsha sentle gore pelo ya rona e sekametse kae. A gantsi re bua thata ka dilo tse di bonalang le ka dilo tsa lefatshe tse re kgonneng go di fitlhelela? Kgotsa a gantsi dilo tse re tlotlang ka tsone di remeletse mo dilong tsa semoya le mekgele ya dilo tsa puso ya Modimo? Go na le gore re nnele go phatlalatsa diphoso tsa ba bangwe, a ka lorato re leka go di bipa? (Diane 10:11, 12) A re rata thata go bua ka batho le dilo tse di diregang mo matshelong a bone go na le go bua ka dilo tse di molemo le tse dintle? A seno se ka tswa se bontsha gore re kgatlhegela thata dilo tsa batho ba bangwe ka mo go sa tshwanelang?—1 Petere 4:15.

7. Pego e e malebana le bomogolowe Josefa ba ba lesome e re ruta thuto efe ka go dibela pelo ya rona?

7 Akanyetsa se se neng sa direga mo lelapeng le lengwe le legolo. Bana ba le lesome ba bagolo ba basimane ba ga Jakobe “ba ne ba sa kgone go bua . . . ka kagiso” le monnaabone e bong Josefa. Ka ntlha yang? Ba ne ba mo fufegela ka gonne rraabone a ne a mo rata thata. Moragonyana fa Josefa a ne a segofatswa ka ditoro go tswa kwa Modimong, go bontsha gore o ne a amogelwa ke Jehofa, ba ne ba nna le “lebaka le lengwe gape la go mo tlhoa.” (Genesise 37:4, 5, 11) Ka bosetlhogo, ba ne ba rekisa monnaabone go nna lekgoba. Go tswa foo, go leka go bipa molato wa bone, ba ne ba tsietsa rraabone gore a akanye gore Josefa o ne a bolailwe ke phologolo nngwe e e tlhaga. Mo kgannyeng eno bomogolowe Josefa ba ba lesome ba ne ba palelwa ke go dibela dipelo tsa bone. Fa re itlhaganelela go tshwayatshwaya ba bangwe diphoso, a seno se ka tswa se bontsha gore re tswa pelo kgotsa re na le lefufa mo dipelong tsa rona? Re tshwanetse  go nna tlhaga go tlhatlhoba se se tswang mo melomong ya rona mme re nne bonako go kumola ditshekamelo dipe tse di sa siamang.

8. Ke eng se se tla re thusang gore re tlhatlhobe dipelo tsa rona fa re ineela go bua maaka?

8 Le fa ‘go sa kgonege gore Modimo a ake,’ batho ba ba sa itekanelang bone go direga gantsi gore ba bue maaka. (Bahebera 6:18) “Motho mongwe le mongwe ke moaki,” mopesalema o ne a lela jalo. (Pesalema 116:11) Tota le moaposetoloi Petere o ne a itatola Jesu gararo, a bua maaka. (Mathaio 26:69-75) Go a bonala he gore re tshwanetse go leka ka natla go tlogela maaka, ka gonne Jehofa o tlhoile “loleme lo lo maaka.” (Diane 6:16-19) Fa go ne go ka direga gore re ineele go bua maaka, go ne go ka nna molemo gore re sekaseke se se re tlhotlheleditseng go bua maaka. A e ne e le ka gonne re tshaba motho? A e ne e le ka gonne re tshaba go otlhaiwa? A kgotsa gongwe e ne e le ka gonne re sa batle go tshegwa ke batho kgotsa ka ntlha ya bopelotshetlha? Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, a bo go tshwanela jang ne gore re akanye ka ntlha eno, re amogele bokoa jwa rona ka boikokobetso, mme re kope Jehofa gore a re itshwarele, re kope gore a re thuse go fenya bokoa jwa rona! “Banna ba bagolwane ba phuthego” ke bone ba ka kgonang thata go go naya thuso eo.—Jakobe 5:14.

9. Dithapelo tsa rona di ka senolang ka pelo ya rona?

9 Fa Jehofa a ne a arabela kopo ya ga Kgosi Solomone yo mmotlana yo o neng a kopa botlhale le kitso, o ne a re: “Ka lebaka la gore pelo ya gago e ne ya rata seno thata e bile o sa kopa khumo, dithoto le tlotlo . . . , o newa botlhale le kitso; gape ke tla go naya khumo le dithoto le tlotlo.” (2 Ditiragalo 1:11, 12) Go tswa mo go se Solomone a neng a se kopa le se a se kileng a se kopa, Jehofa o ne a kgona go bona gore ke eng se pelo ya ga Solomone e neng e se rata thata. Dipuisano tsa rona le Modimo di senolang ka pelo ya rona? A dithapelo tsa rona di senola gore re nyoretswe kitso, botlhale le temogo? (Diane 2:1-6; Mathaio 5:3) A pelo ya rona e rata dilo tse di amanang le Bogosi? (Mathaio 6:9, 10) Fa e le gore dithapelo tsa rona e setse e le seomodiro fela e bile e le go diragatsa molao fela, seno se ka tswa se bontsha gore re tlhoka go tsaya nakonyana go tlhatlhanya ka ditiro tsa ga Jehofa. (Pesalema 103:2) Bakeresete botlhe ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba lemoge se dithapelo tsa bone di se senolang.

Ke Eng se Ditiro Tsa Rona di se Buang?

10, 11. (a) Boaka le kgokafalo di simolola kae? (b) Ke eng se se tla re thusang gore re se ka ra ‘dira boaka mo pelong’?

10 Go a tle go buiwe go twe ditiro tsa motho di bua go le gontsi go feta mafoko a gagwe. Ditiro tsa rona di ka bolelela batho ba bangwe go le gontsi ka se re leng sone mo teng. Ka sekai, mo kgannyeng ya boitshwaro, go dibela pelo ya rona ga se kgang fela ya go se dire kgokafalo kgotsa boaka. Mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, Jesu o ne a bolela jaana: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” (Mathaio 5:28) Re ka dira jang gore re se ka ra dira boaka le eleng mo dipelong tsa rona?

11 Monna mongwe wa bogologolo yo o neng a ikanyega e bong Jobe o ne a tlhomela banna le basadi ba ba nyetseng ba Bakeresete sekao. Ga go na pelaelo gore Jobe o ne a kgona go dirisana sentle le basadi ba babotlana mo gongwe e bile a ba thusa ka bopelonomi fa ba ne ba tlhoka thuso. Mme monna yono yo o neng a ikanyega o ne a sa akanye le go akanya ka kgang ya go ba kgatlhegela gore a ratane le bone. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a ikemiseditse gore a se ka a leba basadi ka go ba eletsa. “Ke dirile kgolagano le matlho a me,” o ne a rialo. “Ka jalo nka ela kgarebane tlhoko jang?” (Jobe 31:1) E kete le rona re ka dira kgolagano e e tshwanang le matlho a rona mme re dibele dipelo tsa rona.

12. O ne o ka dirisa jang Luke 16:10 malebana le go dibela pelo ya gago?

12 “Motho yo o ikanyegang mo go se sebotlana thata o ikanyega le mo go se segolo,” Morwa Modimo o ne a rialo, “le motho yo o sa siamang mo go se sebotlana thata ga a a siama le mo go se segolo.” (Luke 16:10) Ee, re tshwanetse go tlhatlhoba boitshwaro jwa rona le mo dilong tse go ka lebegang e kete di dinnye tsa letsatsi le letsatsi, tota le tse di diregang mo teng ga matlo a rona. (Pesalema 101:2) Fa re ntse mo ntlong ya rona, re lebeletse thelebishene, kgotsa re tlholatlhola mo teng ga Internet, a re tlhokomela gore re dire tumalanong le kgakololo eno ya Dikwalo: “A kgokafalo le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe kgotsa bogagaru di se ka tsa ba tsa umakwa mo go lona, fela jaaka go tshwanela batho ba ba boitshepo; le fa e le boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong  kgotsa puo ya boeleele kgotsa nyao e e ferosang sebete, dilo tse di sa tshwanelang”? (Baefeso 5:3, 4) Mme go tweng ka thubakanyo e e ka nnang ya bo e bontshiwa mo thelebisheneng kgotsa mo metshamekong ya bidio? “Jehofa ka boene o tlhatlhoba mosiami le moikepi,” mopesalema o ne a rialo, “mme moya wa Gagwe o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.”—Pesalema 11:5.

13. Ke eng se re tshwanetseng go se ela tlhoko fa re tlhatlhoba se se tswang mo dipelong tsa rona?

13 Jeremia o ne a tlhagisa gore “pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang.” (Jeremia 17:9) Re kgona go bona gore pelo e boferefere go le kana kang fa re dira diipato tsa diphoso tse re di dirileng, re leka go nyenyefatsa ditlhaelo tsa rona, re leka go ntsha mabaka a makoa mangwe a a masisi a re nang le one, kgotsa re feteletsa dilo tse re di fitlheletseng. Pelo e e batlang go gagamalela se e se batlang gape e kgona go nna maphata mabedi—dipounama tse di borethe tse di buang se sele, mme ditiro tsone di bua se sele. (Pesalema 12:2; Diane 23:7) A bo go le botlhokwa jang ne gore re se fitlhe sepe fa re tlhatlhoba se se tswang mo pelong!

A Leitlho la Rona Ga le A Raraana?

14, 15. (a) Leitlho le le ‘sa raraanang’ ke eng? (b) Go nna le leitlho le le sa raraanang go re thusa jang go dibela pelo?

14 “Lobone lwa mmele ke leitlho,” Jesu o ne a rialo. Go tswa foo o ne a oketsa jaana: “Ka jalo, fa leitlho la gago le sa raraana, mmele otlhe wa gago o tla tlala lesedi.” (Mathaio 6:22) Leitlho le le sa raraanang le tlhomile tlhokomelo mo mokgeleng o le mongwe fela, kgotsa boikaelelo, mme ga le tloge mo go one. Ee, leitlho la rona le tshwanetse go tsepiwa fela mo go ‘batleng pele bogosi le tshiamo ya Modimo.’ (Mathaio 6:33) Ke eng se se ka diregang mo pelong ya rona ya tshwantshetso fa leitlho la rona le raraane?

15 Akanya ka kgang ya go leka go bona madi a go itshedisa. Mokeresete o lebeletswe go tlamela ba lelapa la gagwe ka se ba se tlhokang. (1 Timotheo 5:8) Mme go tweng fa re raelwa ke keletso ya go batla gore fa go tliwa mo dilong tse di jaaka dijo, diaparo, ntlo le dilo tse dingwe re nne le tse di mo fesheneng, tse di gaisang tsotlhe e bile e le tse di ratiwang thata? A seo tota ga se ne se tsenya pelo le mogopolo wa rona mo bokgobeng, se dira gore re se ka ra obamela ka pelo yotlhe? (Pesalema 119:113; Baroma 16:18) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go senya nako e ntsi re leka go tlhokomela se re se tlhokang mo mmeleng mo e leng gore matshelo a rona a remelela fela mo lelapeng, mo kgwebong le mo dilong tse di bonalang? Gakologelwa kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng: “Itlhokomeleng gore dipelo tsa lona di se ka le ka motlha tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe le ke ditlhobaelo tsa botshelo, mme  ka tshoganyetso letsatsi leo la lo wela ka ponyo ya leitlho jaaka seru. Gonne le tla tlela botlhe ba ba nnang mo godimo ga lefatshe lotlhe.”—Luke 21:34, 35.

16. Jesu o ne a ntsha kgakololo efe malebana le leitlho, mme ka ntlha yang?

16 Leitlho ke karolo e e botlhokwa thata e e fetisetsang tshedimosetso kwa mogopolong le kwa pelong. Se le tlhongwang mo go sone se ka tlhotlheletsa dikakanyo tsa rona, maikutlo a rona le ditiro tsa rona fela thata. Jesu o ne a dirisa puo ya tshwantshetso go tlhalosa kafa se re se bonang se ka nnang le maatla a go raela ka gone a re: “Jaanong, fa e le gore leitlho leo la gago la moja le a go kgopisa, le gonye mme o le latlhele kgakala le wena. Gonne go molemo thata mo go wena gore o latlhegelwe ke e le nngwe ya ditokololo tsa gago go na le gore mmele otlhe wa gago o latlhelwe mo Gehena.” (Mathaio 5:29) Leitlho le tshwanetse go thibelwa gore le se ka la nnela go leba dilo tse di sa siamang. Ka sekai, ga le a tshwanela go letlwa go leba dilo tse di diretsweng go tsosa dikgotelo kgotsa dikeletso tse di sa siamang.

17. Go dirisa Bakolosa 3:5 go re thusa jang go dibela pelo?

17 Gone mme, pono ga se yone fela tsela e mmele o dirisanang ka yone le dilo tse di kwa ntle. Ditemosi dingwe, tse di tshwanang le go ama le go utlwa di na le seabe sa tsone, mme re tshwanetse go nna re etse tlhoko le dikarolo tsa tsone tsa mmele. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola jaana: “Jalo, bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele tse di mo lefatsheng ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha, se e leng kobamelo ya medingwana.”—Bakolosa 3:5.

18. Re tshwanetse go tsaya dikgato dife malebana le megopolo e e sa siamang?

18 Go ka nna ga tlhaga dikeletso tse di sa siamang mo dikarolong tse di fitlhegileng tsa mogopolo wa rona. Go nnela go akanya thata ka tsone gantsi go gakatsa dikeletso tseno tse di sa siamang, mme go tlhotlheletsa pelo. “Go tswa foo keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo.” (Jakobe 1:14, 15) Ba le bantsi ba a dumela gore gantsi go tsosa keletso ya tlhakanelodikobo ka go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo go simologa fela jalo. A bo go le botlhokwa jang ne gore re nne re tlatse megopolo ya rona ka dilo tsa semoya! (Bafilipi 4:8) Mme fa go ka direga gore kakanyo nngwe e e sa siamang e tle mo mogopolong, re tshwanetse go leka go e tlosa.

‘Direla Jehofa ka Pelo e e Feletseng’

19, 20. Re ka atlega jang go direla Jehofa ka pelo e e feletseng?

19 Kgosi Dafide yo o neng a tsofetse o ne a bolelela morwawe jaana: “Solomone morwaaka, itse Modimo wa ga rrago mme o mo direle ka pelo e e feletseng le ka moya o o itumetseng; gonne Jehofa o hukutsa dipelo tsotlhe, e bile o lemoga tshekamelo nngwe le nngwe ya dikakanyo.” (1 Ditiragalo 28:9) Ene Solomone o ne a rapelela “pelo e e utlwang.” (1 Dikgosi 3:9) Le fa go ntse jalo, o ne a lebana le kgwetlho ya go boloka pelo eo botshelo jotlhe jwa gagwe.

20 Fa re batla go atlega mo ntlheng eo, ga re a tshwanela go felela fela ka go bapala pelo e e amogelwang ke Jehofa, mme gape re tshwanetse go e dibela. Gore re kgone go fitlhelela seno re tshwanetse go boloka dikgakololo tsa Lefoko la Modimo mo pelong—‘mo gare ga yone.’ (Diane 4:20-22) Gape re tshwanetse go itlwaetsa go tlhatlhoba pelo ya rona, ka thapelo re sekaseke se mafoko a rona le ditiro tsa rona di se senolang. Go sekaseka dilo tseno go ka thusa ka eng fa re sa kope Jehofa ka tlhoafalo gore a re thuse go baakanya makoa le fa e le ape a re a lemogang? Mme a bo go le botlhokwa jang ne gore re ele tlhoko thata se re se tsenyang mo go rona ka ditemosi tsa rona! Fa re dira jalo, re ka tlhomamisega gore “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa [rona] le maatla a [rona] a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Ee, a re ikemisetseng go dibela pelo ya rona go gaisa dilo tsotlhe tse di tshwanetseng go dibelwa mme re direle Jehofa ka pelo e e feletseng.

A o A Gakologelwa?

• Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go dibela pelo?

• Go sekaseka se re se buang go re thusa jang go dibela pelo ya rona?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go boloka leitlho la rona le ‘sa raraana’?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Ke eng se gantsi re buang ka sone mo tirelong ya tshimo, kwa dipokanong le kwa gae?

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Leitlho le le sa raraanang ga le iteege tsebe