Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bapala Pelo e e Amogelwang ke Jehofa

Bapala Pelo e e Amogelwang ke Jehofa

 Bapala Pelo e e Amogelwang ke Jehofa

“Bopa pelo e e itshekileng mo go nna, tlhe Modimo, mme o tsenye moya o mosha mo teng ga me, o o nitameng.”—PESALEMA 51:10.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go kgatlhegela dipelo tsa rona?

E NE e le lekawana le le katogileng monyo e bile a le montle go lejwa. E ne ya re fa moporofeti Samuele a mmona, a kgatlhega jaana mo a neng a fetsa ka gore morwa yono yo mogolo wa ga Jese e ne e le ene yo Modimo a neng a mo tlhophile go nna kgosi morago ga ga Saulo. Mme Jehofa o ne a bolela jaana: “O se ka wa leba ponalo ya [morwa yoo] le boleele jwa gagwe, gonne ke mo ganne. . . . Motho fela o bona se se bonalang mo matlhong; mme Jehofa ene, o bona se pelo e leng sone.” Go ne ga bonala gore Jehofa o tlhophile morwa yo monnye thata wa ga Jese, e bong Dafide—“monna yo o amogelwang ke pelo ya gagwe.”—1 Samuele 13:14; 16:7.

2 Modimo o kgona go bala dipelo tsa batho, jaaka fa a ne a bontsha moragonyana: “Nna, Jehofa, ke hukutsa pelo, ke tlhatlhoba diphilo, le go naya mongwe le mongwe go ya ka ditsela tsa gagwe, go ya ka maungo a ditiro tsa gagwe.” (Jeremia 17:10) Ee, “Jehofa ke . . . motlhatlhobi wa dipelo.” (Diane 17:3) Le fa go ntse jalo, pelo e Jehofa a e tlhatlhobang mo mothong ke eng? Mme re ka dirang go bapala pelo e e amogelwang ke ene?

“Motho wa Sephiri wa Pelo”

3, 4. Lefoko “pelo” le dirisitswe segolobogolo ka kgopolo efe mo Baebeleng? Ntsha dikai.

3 Lefoko “pelo” le tlhaga mo e ka nnang makgetlho a le sekete mo Dikwalong Tse di Boitshepo. Go le gantsi le a bo le dirisitswe ka tsela ya tshwantshetso. Ka sekai, Jehofa o ne a bolelela moporofeti Moshe jaana: “Bua le bomorwa Iseraele, gore ba ntseele moneelo: Lo tseye moneelo wa me mo mothong mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e mo tlhotlheletsang.” Mme ba ba neng ba ntsha meneelo “ba tla, mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e neng e mo tlhotlheletsa.” (Ekesodo 25:2; 35:21) O kgona go bona fano gore karolo nngwe ya pelo eno ya tshwantshetso ke tlhotlheletso—maatla a a mo teng a a re rotloetsang go dira sengwe. Pelo ya rona ya tshwantshetso gape e bontsha maikutlo a rona, dikeletso tsa rona le lorato lwa rona. Pelo e ka galefa thata kgotsa ya tlala poifo, ya ngomolwa ke khutsafalo kgotsa ya phephetha ka boitumelo. (Pesalema 27:3; 39:3; Johane  16:22; Baroma 9:2) E ka kgona go ikgodisa kgotsa ya ikokobetsa, ya rata kgotsa ya tlhoa.—Diane 16:5; Mathaio 11:29; 1 Petere 1:22.

4 Ka gone he, “pelo” gantsi e amanngwa le tlhotlheletso le maikutlo, mme “mogopolo” one o amana thata le go akanya. Ke kafa mafoko ano a tshwanetseng go tlhaloganngwa ka teng fa a tlhaga mo karolong e le nngwe mo Dikwalong. (Mathaio 22:37; Bafilipi 4:7) Mme le fa go ntse jalo, pelo le mogopolo di a tsamaisana. Ka sekai, Moshe o ne a kgothatsa Baiseraele jaana: “O gakologelwe mo pelong ya gago [kgotsa “o gakologelwe mo mogopolong wa gago,” ntlhanyana e e kwa tlase mo NW] gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri.” (Duteronome 4:39) Jesu o ne a raya bakwadi ba ba neng ba loga leano la go mmolaya a re: “Ke ka ntlha yang fa lo akanya dilo tse di boikepo mo dipelong tsa lona?” (Mathaio 9:4) “Go tlhaloganya,” “kitso,” le “go akanya” le tsone di ka amanngwa le pelo. (1 Dikgosi 3:12; Diane 15:14; Mareko 2:6) Ka gone, pelo ya tshwantshetso e ka akaretsa gape le tsela ya rona ya go akanya—dikakanyo tsa rona kgotsa tlhaloganyo ya rona.

5. Pelo ya tshwantshetso e emelang?

5 Go ya ka buka nngwe ya ditshupiso, pelo ya tshwantshetso e emela “karolo ya konokono, bokwateng, mme ka gone e emela motho wa kafa teng jaaka fa a itshupa mo ditirong tsotlhe tsa gagwe tse di farologaneng, dikeletso tsa gagwe, lorato lwa gagwe, maikutlo a gagwe, diphisego tsa gagwe, maikaelelo a gagwe, dikakanyo tsa gagwe, tlhaloganyo ya gagwe, botlhale jwa gagwe, kitso ya gagwe, bokgoni jwa gagwe, ditumelo tsa gagwe le ditsela tsa gagwe tsa go baya mabaka, megopolo ya gagwe le temogo ya gagwe.” E bontsha se tota re leng sone mo teng, “motho wa sephiri wa pelo.” (1 Petere 3:4) Ke sone se Jehofa a se bonang le se a se tlhatlhobang. Ka gone Dafide o ne a ka kgona go rapela jaana: “Bopa pelo e e itshekileng mo go nna, tlhe Modimo, mme o tsenye moya o  mosha mo teng ga me, o o nitameng.” (Pesalema 51:10) Re ka bapala jang pelo e e itshekileng?

“Tlhomang Dipelo Tsa Lona” mo Lefokong la Modimo

6. Moshe o ne a naya Baiseraele kgothatso efe fa ba ne ba thibeletse mo Dipoeng Tsa Moabe?

6 Fa Moshe a ne a gakolola bomorwa Iseraele ba ba neng ba phuthegile mo Dipoeng Tsa Moabe pele ga ba tsena mo Nageng e e Solofeditsweng, o ne a bua jaana: “Tlhomang dipelo tsa lona mo mafokong otlhe a ke a buang le lona ke lo tlhagisa gompieno, gore lo tle lo laele bomorwaalona gore ba tlhokomele go dira mafoko otlhe a molao ono.” (Duteronome 32:46) Baiseraele ba ne ba tshwanetse ba “reetsa sentle.” (Knox) Ba ne ba ka kgona go tsenya melao ya Modimo mo baneng ba bone fela fa ba ne ba e itse sentle.—Duteronome 6:6-8.

7. Go ‘tlhoma pelo ya rona’ mo Lefokong la Modimo go re tlhoka eng?

7 Selo sa konokono se se tla go thusang go bapala pelo e e itshekileng ke gore o nne le kitso e e leng yone ka thato ya Modimo le maikaelelo a gagwe. Motswedi wa kitso eo o mongwe fela, Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo. (2 Timotheo 3:16, 17) Le fa go ntse jalo, go nna le kitso fela ya mo tlhogong ga go na go re thusa go bapala pelo e e itumedisang Jehofa. Gore kitso e ame se tota re leng sone mo teng, re tshwanetse ‘go tlhoma pelo ya rona’ mo go se re se ithutang, kgotsa re “se tseye tsiya.” (Duteronome 32:46, An American Translation) Re ka dira seno jang? Mopesalema Dafide o tlhalosa jaana: “Ke gakologetswe malatsi a bogologolo; ke tlhatlhantse ka tiro ya gago yotlhe; ke ne ka itlhophela go nna ke tlhatlhanya ka tiro ya diatla tsa gago.”—Pesalema 143:5.

8. Ke dipotso dife tse re ka di akanyetsang kwa teng fa re ntse re ithuta?

8 Le rona re tshwanetse go tlhatlhanya ka ditiro tsa ga Jehofa mme re di anaanele. Fa re bala Baebele kgotsa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng, re tshwanetse go akanyetsa kwa teng dipotso tse di tshwanang le tse di reng: ‘Seno se nthutang ka Jehofa? Ke dinonofo dife tsa ga Jehofa tse ke bonang di bontshiwa fano? Pego eno e nthuta eng ka se Jehofa a se ratang le se a sa se rateng? Matswela a go latela tsela e Jehofa a e ratang ke afe fa a bapisiwa le a go latela tsela e a e tlhoileng? Tshedimosetso eno e amana jang le se ke setseng ke se itse?’

9. Go ithuta ka namana le go tlhatlhanya go botlhokwa go le kana kang?

9 Lisa * wa dingwaga di le 32 o tlhalosa gore go ne ga tla jang gore a anaanele botlhokwa jwa go ithuta ka boikaelelo le go tlhatlhanya: “Fa ke sena go kolobediwa ka 1994, ke ne ka tlhagafala thata mo boammaaruring ka dingwaga di ka nna pedi. Ke ne ke nna teng mo dipokanong tsotlhe tsa Bokeresete, ke dira diura di le 30 go ya go di le 40 ka kgwedi mo tirelong ya tshimo, e bile ke kopanela le Bakeresete mmogo le nna. Go tswa foo ke ne ka simolola go katogela kgakala. Ke ne ka totomelela kwa tlase thata jaana mo e leng gore ke ne ka ba ka tlola molao wa Modimo. Mme ke ne ka itharabologelwa mme ka swetsa ka gore ke baakanye botshelo jwa me. A bo ke itumela thata jang ne gore Jehofa o lemogile boikwatlhao jwa me mme o nkamogetse gape! Gantsi ke tle ke ipotse gore: ‘Go tlile jang gore ke we tota?’ Nako le nako fa ke ipotsa potso eno go tla karabo ya gore ke ile ka tlhokomologa tsela e e molemo ya go ithuta le go tlhatlhanya. Tota boammaaruri jwa Baebele bo ne bo ise bo fitlhelele pelo ya me. Go tloga jaanong go ya pele, go ithuta ka namana le go tlhatlhanya e tla nna e ntse e le karolo e e botlhokwa ya botshelo jwa me ka dinako tsotlhe.” Fa re ntse re gola mo go itseng ga rona Jehofa, Morwawe, le Lefoko la gagwe, a bo go le botlhokwa jang ne gore re ipeele nako ya go tlhatlhanya ka tsela e e molemo!

10. Ke ka ntlha yang fa go potlakile gore re dire nako ya go ithuta ka namana le go tlhatlhanya?

10 Mo lefatsheng leno le le kakegileng, go bona nako ya go ithuta le go tlhatlhanya ke kgwetlho e le tota. Le fa go ntse jalo, Bakeresete gompieno ba eme mo serepoding sa Naga e ntlentle e e Solofeditsweng—lefatshe le lesha le le tshiamo la Modimo. (2 Petere 3:13) Go ise go ye kae re tla bo re bona go diragala ga ditiragalo tse di tshosang, tse di jaaka go senngwa ga “Babelona o Mogolo” le go tlhasela ga ga “Gogo wa lefatshe la Magogo” a tlhasela batho ba ga Jehofa. (Tshenolo 17:1, 2, 5, 15-17; Esekiele 38:1-4, 14-16; 39:2) Se se tlogang se direga se ka nna sa leka lorato lo re ratang Jehofa  ka lone. Go potlakile gore gone jaanong re reke nako e e re siametseng mme re tlhome pelo ya rona mo Lefokong la Modimo!—Baefeso 5:15, 16.

‘Etleetsa Pelo ya Gago go Lopa Kgakololo mo Lefokong la Modimo’

11. Pelo ya rona e ka tshwantshiwa jang le mmu?

11 Pelo ya tshwantshetso e ka tshwantshiwa le mmu o peo ya boammaaruri e ka jalwang mo go one. (Mathaio 13:18-23) Gantsi mmu wa mmatota o a lengwa go tlhomamisa gore dimela di gola sentle mo go one. Ka tsela e e tshwanang, pelo e tshwanetse go lengwa, kgotsa go baakanngwa, gore e kgone go amogela Lefoko la Modimo. Esera wa moperesiti “o ne a etleeditse pelo ya gagwe go lopa kgakololo mo molaong wa ga Jehofa le go o dira.” (Esera 7:10) Re ka etleetsa pelo ya rona jang?

12. Ke eng se se tla re thusang go etleetsa pelo fa re ithuta?

12 Tsela e e molemolemo ya go etleetsa pelo ya rona fa re batla kgakololo mo Lefokong la Modimo ke ka go rapela go tswa pelong. Dipokano tsa Bokeresete tsa baobamedi ba boammaaruri di simolola le go tswala ka thapelo. A bo go tshwanela jang gore re simolole nako nngwe le nngwe ya go ithuta Baebele ka thapelo e e tswang pelong mme re nne re ntse re na le boikutlo jwa thapelo fa re ntse re ithuta!

13. Gore re bapale pelo e e amogelwang ke Jehofa, ke eng se re tshwanetseng go se dira?

13 Pelo ya tshwantshetso e tshwanetse go etleetswa gore e kgaphele kwa thoko dikgopolo dipe tse motho a ntseng a na le tsone ka botlhokakitso. Baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa ga Jesu ba ne ba sa batle go dira seno. (Mathaio 13:15) Kafa letlhakoreng le lengwe, mmaagwe Jesu, e bong Marea, o ne a dira ditshwetso “mo pelong ya gagwe” a di theile mo boammaaruring jo a bo utlwileng. (Luke 2:19, 51) O ne a nna morutwa yo o ikanyegang wa ga Jesu. Lidia wa Thiatira o ne a reetsa Paulo, “mme Jehofa o ne a bula pelo ya gagwe thata gore a [tlhwaye] tsebe.” Le ene o ne a nna modumedi. (Ditiro 16:14, 15) A le ka motlha re se ka ra tatalalela fela go boloka megopolo e re nang le yone kgotsa dithuto tsa motheo tse re di ratang thata. Go na le moo, a re nneng re iketleeditse go nta “Modimo a [fitlhelwe] a le boammaaruri, le fa motho mongwe le mongwe a fitlhelwa a le moaki.”—Baroma 3:4.

14. Re ka etleetsa dipelo tsa rona jang gore di reetse kwa dipokanong tsa Bokeresete?

14 Go etleetsa pelo gore re reetse kwa dipokanong tsa Bokeresete go botlhokwa fela thata. Dilo dingwe di ka nna tsa re itaya tsebe mme tsa dira gore re se ka ra reetsa se se buiwang. Mafoko a a buiwang a ka nna a se ka a re tlhotlheletsa go le kalo fa re akantse thata ka dilo tse di diregileng mo letsatsing leo kgotsa re tshwenyegile ka se se tla diregang ka moso. Re tshwanetse go ikemisetsa ka nitamo go reetsa le go ithuta fa re batla go solegelwa molemo ke se se buiwang. A bo re ka amogela melemo e mentsi jang ne fa re ikemiseditse go tlhaloganya dikwalo tse di tlhalosiwang mmogo le ditlhaloso tsa tsone!—Nehemia 8:5-8, 12.

15. Boikokobetso bo re thusa jang go nna batho ba ba kgonang go rutega motlhofo?

15 Fela jaaka fa go tshela menontshane e e tshwanetseng go ka nontsha mmu wa mmatota, ka tsela e e tshwanang go tlhagolela boikokobetso, tlala ya semoya, tshepo, poifomodimo, le go rata Modimo go ka nonotsha pelo ya rona ya tshwantshetso. Boikokobetso bo nolofatsa pelo, bo re thusa go nna batho ba ba kgonang go rutwa motlhofo. Jehofa o ne a raya Kgosi Josia wa Juda jaana: “Ka lebaka la gore pelo ya gago e ne e le bonolo mo o neng wa ikokobetsa ka ntlha ya ga Jehofa fa o utlwa se ke se buileng . . . mme . . . wa simolola go lela fa pele ga me, nna, ee nna ke utlwile.” (2 Dikgosi 22:19) Pelo ya ga Josia e ne e ikokobeditse e bile e kgona go amogela se a se utlwang. Boikokobetso bo ne jwa kgontsha barutwa ba ga Jesu “ba ba sa rutegang e bile e le batho fela” go tlhaloganya le go dirisa boammaaruri jwa semoya jo banna “ba ba botlhale le ba ba bonokopela” ba sa kgonang go bo tlhaloganya. (Ditiro 4:13; Luke 10:21) E kete re ka ‘ikokobetsa fa pele ga Modimo wa rona’ fa re ntse re leka go bapala pelo e e amogelwang ke Jehofa.—Esera 8:21.

16. Ke ka ntlha yang fa go tlhokega boiteko go tlhagolela tlala ya dijo tsa semoya?

16 Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) Le fa gone re neilwe bokgoni jwa go nna le dinonofo tsa semoya, dikgatelelo tsa lefatshe leno le le boikepo kgotsa mekgwa e e tshwanang le botshwakga e ka nna ya dira gore re se ka ra lemoga se re se tlhokang. (Mathaio 4:4) Re tshwanetse go  nna le keletso e e tshwanetseng ya dijo tsa semoya. Tota le fa pele re sa go fitlhele go itumedisa go bala Baebele le go ithuta ka namana, fa re ka nna re le pelotelele re tla fitlhela gore kitso e tla ‘nna monate mo moyeng wa rona,’ mo e leng gore re tla nna re gakaletse gore dinako tsa rona tsa go ithuta di tle.—Diane 2:10, 11.

17. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a tshwanelwa ke gore re mo ikanye ka botlalo? (b) Re ka dira jang gore re kgone go ikanya Modimo?

17 “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago,” go ne ga gakolola jalo Kgosi Solomone. (Diane 3:5) Pelo e e ikanyang Jehofa e a itse gore sengwe le sengwe se A se lopang kgotsa a kaelang gore se dirwe ka Lefoko la gagwe ka metlha se siame. (Isaia 48:17) Eleruri Jehofa o tshwanelwa ke gore re mo ikanye ka pelo yotlhe. O kgona go diragatsa gotlhe mo a ikaeletseng go go dira. (Isaia 40:26, 29) Ebu, leina la gagwe tota le kaya “O Dira Gore go Diragale,” e leng se se dirang gore re tshepe gore o tla kgona go diragatsa se a se solofeditseng! O “siame mo ditseleng tsa gagwe tsotlhe e bile o ikanyega mo ditirong tsa gagwe tsotlhe.” (Pesalema 145:17) Gone mme, gore re kgone go mo ikanya, re tshwanetse go ‘leka mme re bone gore Jehofa o molemo’ ka go dirisa se re se ithutang mo Baebeleng mo matshelong a rona ka namana le ka go akanya ka molemo o go dira jalo go o lereng.—Pesalema 34:8.

18. Poifo ya bomodimo e re thusa jang go amogela kaelo ya Modimo?

18 Fa Solomone a ne a bontsha nonofo e nngwe gape e e dirang gore pelo ya rona e amogele kaelo ya Modimo, o ne a bolela jaana: “Boifa Jehofa mme o fapoge bosula.” (Diane 3:7) Jehofa o ne a bua jaana ka Iseraele wa bogologolo: “Fa fela ba ne ba ka dira gore pelo eno ya bone e mpoife le go boloka ditaelo tsotlhe tsa me ka metlha, gore dilo di ba tsamaele sentle le bomorwaabone ka bosakhutleng!” (Duteronome 5:29) Ee, ba ba boifang Modimo ba a mo utlwa. Jehofa o kgona go ‘bontsha ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe’ le go otlhaya ba ba sa mo utlweng. (2 Ditiragalo 16:9) E kete go boifa go itumolola Modimo ka tshisimogo go ka laola ditiro tsa rona tsotlhe, megopolo ya rona yotlhe le maikutlo a rona otlhe.

‘O Rate Jehofa ka Pelo Yotlhe ya Gago’

19. Lorato lo na le seabe sefe mo go direng gore pelo ya rona e amogele kaelo ya ga Jehofa?

19 Go feta dinonofo tse dingwe tsotlhe, lorato eleruri lo dira gore pelo ya rona e amogele kaelo ya ga Jehofa. Pelo e e tletseng lorato lwa go rata Modimo e dira gore motho a tlhoafalele go ithuta se se itumedisang Modimo le se se sa mo itumediseng. (1 Johane 5:3) Jesu o ne a re: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.” (Mathaio 22:37) E kete re ka godisa lorato lo re ratang Modimo ka lone ka go go dira mokgwa go akanya ka molemo wa gagwe, ka go bua le ene ka metlha jaaka re ka bua le tsala e re ntshanang seinong le yone, le ka go bua le ba bangwe ka ene ka tlhagafalo.

20. Re ka dira jang gore re bapale pelo e e amogelwang ke Jehofa?

20 Fa re sobokanya: Go bapala pelo e e amogelwang ke Jehofa go akaretsa gore re letle Lefoko la Modimo le tlhotlheletse se re leng sone mo teng ga rona, motho wa sephiri wa pelo. Go botlhokwa gore re ithute Dikwalo ka tsela e e mosola motho ka namana re bo re tlhatlhanye ka go anaanela se re se ithutang. Re ka kgona go dira seno botoka fa re etleeditse dipelo tsa rona—re se na megopolo epe ya botlhokakitso mo dipelong tsa rona, mme di tletse ka dinonofo tse di dirang gore re nne motlhofo go rutega! Ee, ka thuso ya ga Jehofa, re ka kgona go bapala pelo e e molemo. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go dirang go dibela pelo ya rona?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Leina leno le fetotswe.

O ne O ka Arabela Jang?

• Pelo ya tshwantshetso e Jehofa a e sekasekang ke eng?

• Re ka ‘tlhoma pelo ya rona’ jang mo Lefokong la Modimo?

• Re tshwanetse go etleetsa pelo ya rona jang go lopa kgakololo mo Lefokong la Modimo?

• Morago ga go sekaseka setlhogo seno, o utlwa o tlhotlheletsega go dirang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Dafide o ne a tlhatlhanya ka dilo tsa semoya ka go di anaanela. A wena o dira jalo?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Etleetsa pelo ya gago pele ga o ithuta Lefoko la Modimo