Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Botshelo jwa Dilo Tse di Sa Lebelelwang mo Tirelong ya ga Jehofa

Botshelo jwa Dilo Tse di Sa Lebelelwang mo Tirelong ya ga Jehofa

 Kgang ya Botshelo

Botshelo jwa Dilo Tse di Sa Lebelelwang mo Tirelong ya ga Jehofa

JAAKA GO BOLETSE ERIC LE HAZEL BEVERIDGE

“Ke go atlholela dikgwedi di le thataro mo kgolegelong.” Mafoko ao a ne a sa ntse a duma mo ditsebeng tsa me fa ke ne ke isiwa kwa Kgolegelong ya Strangeways kwa Manchester, kwa Engelane. E ne e le ka December 1950 mme ke ne ke le dingwaga di le 19. Ke ne ke sa tswa go lebana le teko e kgolo go gaisa mo botshelong jwa me jwa bosha—ke ne ke ganne go kwadisiwa mo tirelong ya sesole.—2 Bakorintha 10:3-5.

K E NE ke le modiredi wa mmulatsela wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa, e leng selo se se neng se tshwanetse sa dira gore ke se ka ka akarediwa mo tirelong ya sesole, mme le fa go ntse jalo, molao wa Boritane o ne o sa amogele boemo jwa rona. Ka jalo ke ne ka iphitlhela ke le nosi mo seleng ya kgolegelo. Mme ke ne ka akanya ka rre. Ka tsela nngwe, ke ne ke le mo kgolegelong ka ntlha ya gagwe.

Rre, yo e neng e le modiredimogolo wa kgolegelo, e ne e le Mo-Yorkshire wa ditekanyetso le melao e e gagametseng. Ka ntlha ya se se mo diragaletseng kwa bosoleng le mo tirelong ya kgolegelo, o ne a tlhoile Bokatoliki thata. O ne a kopana le Basupi la ntlha bogologolo ka bo1930 fa a ne a ya kwa lebating go ya go ba koba—mme a boa a tshotse dibuka tsa bone! Moragonyana o ne a dira peeletso ya makasine wa Consolation (e jaanong e leng Tsogang!). Basupi ba ne ba tle ba mo etele ngwaga mongwe le mongwe go mo kgothatsa gore a tsosolose peeletso ya gagwe. Fa ke ne ke le dingwaga di ka nna 15, ba ne ba tlotla gape le Rre, mme ke ne ka kopanela mo motlotlong mme ka ema le Basupi. Ke ne ka simolola go ithuta Baebele ka nako eo.

Fa ke le dingwaga di le 17, ke ne ka bontsha boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa ka March 1949. Moragonyana mo go one ngwaga oo ke ne ka kopana le John le Michael Charuk, ba ba neng ba sa tswa go aloga kwa Sekolong sa Gileate sa borongwa ba le mo tseleng ya go ya kwa Nigeria. Moya wa bone wa borongwa o ne wa nkgatlha thata. Go ka direga gore ga ba a lemoga gore ba ne ba ntsenya moya oo.

 Fa ke ntse ke ithuta Baebele, ke ne ka felelwa ke kgatlhego ya go batla phatla kwa yunibesithing. Morago ga ngwaga ke sena go tswa kwa gae go ya go bereka kwa ofising ya Dithoto le Lekgetho kwa Lontone, ke ne ka ikutlwa gore ga ke diragatse boineelo jwa me mo Modimong fa ke le mo tirelongsetšhaba. Fa ke tlogela tiro ya me ya ofisi, modiri ka nna mongwe yo e neng e le kgale a dira mo ofising eo o ne a nkakgola go bo ke tlogela tiro eno e e “senyang moya wa motho.”

Pele ga seno ke ne ka lebana le teko e nngwe—gore ke tla bolelela rre jang gore ke batla go tlogela tiro ya boitshediso go nna modiredi wa nako e e tletseng. Maitseboa mangwe fa ke le kwa gae ka nako ya boikhutso, ke ne ka phunya kgang. Ke ne ka leta gore Rre a nkgarume ka bogale. Ke ne ka gakgamala tota fa a ne a bolela fela jaana: “Moipolai ga a lelelwe. Mme fa go senyega, o se ka wa tla o ntabogetse.” Buka ya me ya ditiro tsa letsatsi e kwadilwe jaana mo go January 1, 1950: “Ke ne ka bolelela Rre ka bobulatsela. Ke ne ka gakgamadiwa thata ke boikutlo jwa gagwe jo bo molemo jwa go akanyetsa. Ke ne ka palelwa ke go itshwara mme ka lela fa ke akanya ka bopelonomi jwa gagwe.” Ke ne ka tlogela tirelosetšhaba mme ka amogela tiro ya go nna mmulatsela wa nako e e tletseng.

Kabelo e e Nang le “Ntlwana”

Morago ga foo go ne ga latela teko e nngwe e e neng ya leka boineelo jwa me mo Modimong. Ke ne ka fiwa kabelo ya bobulatsela, e mo go yone ke neng ke tla nna mo “ntlwaneng” kwa Lancashire le Lloyd Griffiths, Mokeresete ka nna yo o tswang kwa Wales. Ke ne ka fitlha mo toropong ya Bacup e e hutsafatsang e go neng go na pula thata mo go yone, ke na le ditoro tse dintsi ka ntlwana eno. Ke ne ka itharabologelwa ka bonako fa ke bona gore tota ntlwana eno ke phaposi e e kafa tlase ga lefatshe! Bosigo re ne re potapotwa ke dipeba le mafele. Ke ne ka batla ke boela gae. Mme go na le moo, ke ne ka rapela ka tidimalo ke kopa nonofo ya go lebana le teko eno. Ka bonako fela, ke ne ka ikutlwa ke ritibala mme ka simolola go leba boemo ka tsela e e siameng. Seno e ne e le kabelo e ke e filweng ke phuthego ya ga Jehofa. Nka ikanya Jehofa gore a nthuse. A bo ke leboga jang ne go bo ke ile ka itshoka, ka gonne fa nka bo ke ile ka tlogela go ka bo go ile ga fetola botshelo jwa me go ya go ile!—Isaia 26:3, 4.

Ke ne ka fetsa dikgwedi di le robongwe ke rera kwa Rossendale Valley, e ka nako eo e neng e humanegile thata, pele ga ke isiwa kgolegelong ka go bo ke ne ke gana tirelo ya bosole. Morago ga dibeke di le pedi kwa Kgolegelong ya Strangeways, ke ne ka fudusediwa kwa Kgolegelong ya Lewes kwa lobopong lwa borwa jwa Engelane. Kgabagare re ne ra felela re le Basupi ba le tlhano koo mme re ne ra kgona go keteka Segopotso sa loso lwa ga Keresete mo seleng ya kgolegelo.

Rre o ne a tla go ntlhola gangwe. Seo se tshwanetse sa bo se ile sa gwetlha seriti sa gagwe tota—modiredimogolo yo o itsegeng a etela morwawe wa legolegwa! Ke tla nna ke anaanela ketelo eo. Kgabagare letsatsi la gore ke gololwe le ile la fitlha ka April 1951.

Fa ke gololwa kwa Lewes, ke ne ka palama terena e e yang kwa Cardiff, kwa Wales, koo rre a neng a direla gone e le molebedimogolo wa kgolegelo. E ne e le nna leitibolo la bana ba le banè—basimane ba le bararo le mosetsana a le mongwe. Ke ne ka tshwanela gore ke bone tiro ya nakwana gore ke tle ke kgone go itlamela le go tswelela ke ntse ke le mmulatsela. Ke ne ka ya go bereka kwa lebenkeleng la diaparo mme mokgele wa me o o botlhokwatlhokwa e ne e le bodiredi jwa me jwa Bokeresete. Mo e ka nnang ka nako eno, mmaarona o ne a re tlogela. Seo e ne ya nna selo se se utlwisang botlhoko thata mo go Rre le mo go rona bana, ba dingwaga tsa go tloga ka tse 8 go ya go tse 19. Ka maswabi, batsadi ba rona ba ne ba tlhalana.

Yo o Boneng Mosadi yo o Molemo . . .

Go ne go na le babulatsela ba le mmalwa mo phuthegong. Gareng ga bone go ne go na le kgaitsadi mongwe yo o neng a tla go tswa kwa moepong wa magala wa kwa Rhondda Valley letsatsi le letsatsi a tla tirong ya boitshediso le go tla go dira tiro ya go rera. Leina la gagwe e ne e le Hazel Green—mmulatsela yo o molemo. Hazel o ne a na le dingwaga tse dintsi a itse boammaaruri go mpheta—batsadi ba gagwe ba ne ba kopanela mo dipokanong tsa Baithuti ba Baebele (ba gone jaanong ba itsegeng e le Basupi ba ga Jehofa) go tloga ka bo1920. Mme a e nne ene yo o bolelang kgang ya gagwe.

“Ke ne ke sa tseye Baebele masisi go fitlha ka 1944 fa ke ne ke bala bukana ya Religion Reaps the Whirlwind. Mmè o ne a nkgothaletsa gore ke ye kopanong ya potologo kwa Cardiff. Ke sa itse sepe ka Baebele, ke ne ka iphitlhela ke le mo gare ga  borekelo jo bogolo ke tsentse polakate mo thamong e e neng e itsise ka puo ya phatlalatsa. Ke ne ka kgona go dira tiro eno le fa re ne re tshwenngwa ke baruti le ba bangwe. Ke ne ka kolobediwa ka 1946 mme ka simolola go nna mmulatsela ka December wa one ngwaga oo. Mme ka 1951 go ne ga fitlha mmulatsela yo mosha mo Cardiff, a sa tswa go gololwa kwa kgolegelong. E ne e le Eric.

“Re ne re rera mmogo. Re ne re utlwana thata. Re ne re na le mekgele e e tshwanang mo botshelong—go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi jwa Modimo. Ka gone re ne ra nyalana ka December 1952. Le mororo re ne re le mo tirelong ya nako e e tletseng ya bobulatsela ka bobedi jwa rona mme re na le madi a mannye, ga re ise re ko re tlhoke sepe sa dilo tse di botlhokwa. Ka dinako tse dingwe re ne re a tle re fiwe mpho ke Mosupi mongwe yo o neng a otarile jeme kana sesepa se se ntsi mo korosaring ya gagwe—mme e nna fela ka nako e re neng re di tlhoka ka yone! Re ne re anaanela thuso e e ntseng jalo thata. Mme go ne go sa ntse go tlile go tlhaga dilo tse dikgolo tse re sa di lebelelang.”

Sengwe Se se Sa Lebelelwang se se Neng sa Fetola Botshelo Jwa Rona

Ka November 1954, nna le Hazel re ne ra amogela sengwe se re neng re sa se lebelela—foromo e e tswang kwa ofising ya lekala la Basupi ba ga Jehofa kwa Lontone ya gore ke ikwadise go nna molebedi yo o etang, ke etela diphuthego tse di farologaneng beke nngwe le nngwe. Re ne re tlhomamisega gore go dirilwe phoso, ka jalo ga re a ka ra bolelela ope mo phuthegong. Le fa go ntse jalo, ke ne ka tlatsa foromo ka e romela, mme ra nna re letile ka tsholofelo. Malatsi a le mmalwa morago ga moo karabo e ne ya tla: “Tlaa Lontone gore o tle go thapisiwa”!

Kwa ofising ya Lontone, ke ne ke sa dumele gore nna, ke na le dingwaga di le 23 fela, ke ne ke le koo le bakaulengwe ba ba tlhomologileng ba ba neng ba bonala e le mekaloba ya semoya—Pryce Hughes, Emlyn Wynes, Ernie Beavor, Ernie Guiver, Bob Gough, Glynn Parr, Stan le Martin Woodburn, le ba bangwe ba bantsi, ba bontsi jwa bone ba setseng ba tlhokafetse. Ba ne ba thaya motheo o o nonofileng wa tlhoafalo le bothokgami kwa Boritane bogologolo koo ka bo1940 le bo1950.

Tiro ya Potologo Kwa Engelane—Ga e Ise E ko E Lapise

Tiro ya rona ya go eta e ne ya simolola ka nako ya mariga e go neng go wa kapoko ka yone ka 1954/55. Re ne ra abelwa kwa East Anglia, lefelo le le se nang dithaba la kwa Engelane le le ratwang ke diphefo tse di tsididi tsa Lewatle la Bokone. Go ne go na le Basupi ba le 31 000 fela kwa Boritane ka nako eo. Potologo eo ya ntlha e ne e le selo se se boima se re neng ra tshwanela go se ithuta; mme go ne go se motlhofo le mo bakaulengweng ba re neng re ba etela. Ka ntlha ya go tlhoka maitemogelo le mokgwa wa me wa go phatloga o ke o tsereng kwa Yorkshire, ke ne ke tle ke kgopise bakaulengwe bangwe. Fa dingwaga di ntse di tsamaya, ke ne ka tshwanela go ithuta gore go nna pelonomi go botlhokwa thata go gaisa go dira dilo sentle le gore batho ba botlhokwa thata go gaisa dithulaganyo. Ke sa ntse ke leka go latela sekao sa ga Jesu sa go nna motho yo o lapolosang mo go ba bangwe, mme ga se ka metlha ke atlegang.—Mathaio 11:28-30.

Morago ga gore re nne dikgwedi di le 18 kwa East Anglia, re ne ra abelwa go ya go direla kwa potologong e e kwa bokonebotlhaba jwa Engelane, kwa Newcastle e e kwa Tyne le Northumberland. Ke ne ke rata batho ba ba lorato ba kwa lefelong le lentle leno. Ke ne ka thusiwa thata ke loeto lwa molebedi wa kgaolo e bong Don Ward, go tswa kwa Seattle, kwa Washington, kwa U.S.A. E ne e le moalogi wa setlhopha sa bo20 sa Gileate. Ke ne ke le sebui se se buang ka go peteketsa tshedimosetso ka lobelo lo lo gakgamatsang. O ne a nthuta gore ke fokotse lobelo, ke kgwe moya le go ruta.

 Selo se Sengwe Se re Sa se Lebelelang se se Ileng sa Fetola Matshelo a Rona

Ka 1958 re ne ra amogela lekwalo le le ileng la fetola matshelo a rona. Re ne ra lalediwa go ya Sekolong sa Gileate kwa South Lansing, kwa New York, kwa U.S.A. Re ne ra rekisa koloi ya rona e nnye ya 1935 Austin Seven mme ra reka dithekete tsa rona tsa go tsamaya ka sekepe go ya New York. Re ne ra ya pele kwa kopanong ya ditšhabatšhaba ya Basupi ba ga Jehofa kwa New York City. Go tloga moo re ne ra ya kwa Peterborough, Ontario, go ya go nna babulatsela ka dikgwedi di le thataro pele ga re ya kwa borwa kwa Sekolong sa Gileate.

Batlhatlheledi ba sekolo e ne e le Albert Schroeder, yo gone jaanong e leng leloko la Setlhopha se se Laolang, mmogo le Maxwell Friend le Jack Redford, yo gone jaanong a tlhokafetseng. Go kopana le baithuti ba le 82 go tswa kwa dinageng di le 14 go ne ga re nonotsha tota. Re ne ra simolola go tlhaloganya go sekae ka ditso tsa ba bangwe. Go kopakopana le baithuti ba dinaga di sele ba ba neng ba na le bothata ka Seesemane go ne ga dira gore re tlhaloganye bothata jo re neng re tlile go lebana najo fa re ithuta puo e nngwe. Re ne ra fetsa thapiso ya rona mo dikgweding di le tlhano mme ra abelwa kwa dinageng di le 27. Morago ga moo go ne ga latela kalogo mme mo malatsing a sekae re ne re le kwa New York City, re letile sekepe sa rona sa Queen Elizabeth, gore se re busetse kwa Yuropa.

Kabelo ya Rona ya Ntlha ya Naga e Sele

Re ne re filwe kabelo efe? Ya Portugal! Re ne ra fitlha kwa Lisbon ka November 1959. Morago ga moo go ne ga latela teko ya gore re itlwaetse puo le setso se sesha. Ka 1959 go ne go na le Basupi ba le 643 ba ba tlhagafetseng kwa Portugal, mo gare ga baagi ba ba ka nnang dimilione di le 9. Mme tiro ya rona ya go rera e ne e sa dumelelwa semolao. Le mororo re ne re na le Diholo Tsa Bogosi, go ne go se na matshwao ka kwa ntle ga tsone.

Fa morongwa mongwe e bong Elsa Piccone a sena go re ruta Sepotokisi, nna le Hazel re ne ra etela diphuthego le ditlhopha gaufi le Lisbon, kwa Faro, Evora le Beja. Mme ka 1961 dilo di ne tsa simolola go fetoga. Ke ne ke ithuta Baebele le lekawana lengwe le go tweng ke João Gonçalves Mateus. O ne a dira tshwetso ya gore a tseye boemo jwa go nna Mokeresete yo o itlhaotseng mo kgannyeng ya tirelo ya bosole. Ka bonako morago ga moo, ke ne ka isiwa kwa ntlokgolo ya mapodise go ya go botsolodiwa. Go ne ga tlhaga selo se sengwe se ke neng ke sa se lebelela! Malatsi a le mmalwa moragonyana, re ne ra itsisiwe gore re filwe malatsi a le 30 fela gore re tswe mo nageng eo! Barongwa ka rona e bong Eric le Christina Brittnen le Domenick le Elsa Piccone le bone ba ne ba laelwa jalo.

Ke ne ka dira boikuelo jwa gore ba re neye sebaka sa go itlhalosa, mme re ne ra letlelelwa go bona mookamedi wa mapodise a sephiri. O ne a re bolelela a menne phatla gore ke ka ntlha yang fa re ne re kopiwa go tsamaya mme a umaka leina—João Gonçalves Mateus—seithuti sa me sa Baebele! O ne a bolela gore Portugal, go farologana le Boritane, e ka se ka ya letlelela motho go gana go dira dilo dingwe ka ntlha ya segakolodi. Ka gone, re ne ra tshwanela gore re tswe kwa Portugal, mme ke ne ka se ka ka tlhola ke kopana le João. Go tswa foo, dingwaga di le 26 moragonyana, a bo e ne e le boitumelo jang ne go mmona a na le mosadi wa gagwe le bomorwadie ba bararo fa Bethele e ntšha ya Portugal e ne e kgakolwa! Tirelo ya rona kwa Portugal ga ya ka ya nna ya lefela!—1 Bakorintha 3:6-9.

Kabelo ya rona e e latelang e ne ya nna kwa kae? E ne ya nna sengwe se re neng re sa se lebelela!  Spain e e fa gaufi. Ka February 1962, re ne ra palama terena kwa Lisbon mme re ya kwa Madrid re geletse dikeledi.

Go Tlwaela Setso se Sengwe

Kwa Spain re ne ra tshwanela gore re tlwaele tsela ya go rera le go tshwara dipokano ka sephiri. Fa re rera, re ne re se nke re etela matlo a mabedi a a latelanang. Fa re sena go neela bosupi mo ntlong e nngwe, re ne re a tle re ye kwa seterateng se sengwe, kwa moagong o mongwe. Se se ne se dira gore go nne boima gore mapodise—kana baruti—ba re tshware. Se lebale, re ne re le kafa tlase ga puso ya bobusaesi ya Bo-Fascist jwa Bokatoliki mme tiro ya rona ya go rera e ne e thibetswe. E re ka re ne re le batswakwa, re ne ra ipha maina a Se-Spain go itshireletsa gore re se ka ra itsiwe. Nna ke ne ka nna Pablo mme Hazel a nna Juana.

Morago ga dikgwedi di le mmalwa re le kwa Madrid, re ne ra abelwa tiro ya potologo kwa Barcelona. Re ne ra etela diphuthego tse di farologaneng mo motseng oo, gantsi re nna dibeke di le pedi kana di le tharo mo go nngwe le nngwe ya tsone. Loeto lo ne lo tsaya nako e telele jalo ka go bo re ne re tshwanelwa ke go etela setlhopha sengwe le sengwe sa thuto ya buka e kete ke phuthego mme gantsi seo se ne se raya gore re etela ditlhopha di le pedi ka beke.

Kgwetlho E re Sa e Lebelelang

Ka 1963 re ne ra lalediwa go ya go dira tiro ya kgaolo kwa Spain. Gore re tle re etele Basupi ba ba ka nnang 3 000 ba ba tlhagafetseng, re ne ra tshwanela gore re ralale naga yotlhe, re etele dipotologo di le robongwe tse di neng di le teng ka nako eo. Re ne ra tshwara dikopano tsa rona tsa potologo tsa sephiri tse re se kitlang re di lebala mo sekgweng gaufi le Seville, mo polaseng nngwe gaufi le Gijon, le gaufi le dinoka gaufi le Madrid, kwa Barcelona le Logroño.

Re ne re nna kelotlhoko fa re ntse re rera ka ntlo le ntlo, re ne re tle re sekaseke gore diterata tse di gaufi di ntse jang gore re tle re bone tsela e re ka tshomogang ka yone fa go ka senyega. Ka lekgetlo lengwe fa re ntse re rera kwa Madrid, nna le Mosupi yo mongwe re ne re le mo botlhatlhaganyaneng jo bo kwa godimo jwa moago mme ka tshoganyetso ra utlwa batho ba omanya e bile ba goa ka kwa tlase. Fa re fitlha kwa tlase, go ne go na le setlhopha sa basetsana ba dingwaga tsa bolesome, ba e leng maloko a Katoliki a setlhopha se se bidiwang Hijas de María (Bomorwadia Marea). Ba ne ba tlhagisa baagelani ka rona. Re ne re sa kgone go buisana le bone mme re ne re itse gore re ne re tla tshwanela gore re tsamaye ka bonako go seng jalo mapodise a tla re tshwara. Ka jalo re ne ra tshomoga—ka bonako!

Mo dingwageng tseo go ne go le monate go nna kwa Spain. Re ne re leka go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba molemo koo, mmogo le badiredi ba babulatsela ba ba kgethegileng. Ba ne ba ipaya mo kotsing ya go ya kgolegelong mme gantsi ba ne ba itshokela go tlhoka dilo dingwe gore ba tle ba rere dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo le go tlhoma diphuthego le go di aga.

Ka nako eno re ne ra amogela dikgang tse di bosula. Hazel o tlhalosa jaana: “Ka 1964 mmè, yo e neng e le Mosupi yo o ikanyegang, o ne a tlhokafala. Go ne go utlwisa botlhoko go bo re kgaogane ke sa bona le sebaka sa go mo dumedisa. Ke bongwe jwa mathata a barongwa ba bangwe ba bantsi le bone ba kopanang le one mo tirong ya borongwa.”

Kgabagare ra Bona Kgololesego

Morago ga go bogisiwa ka dingwaga di le dintsi, ka July 1970 kgabagare tiro ya rona e ne ya amogelwa semolao ke puso ya ga Franco. Nna le Hazel re ne ra itumela thata fa Diholo Tsa Bogosi di bulwa, ya ntlha e ne ya bulwa kwa Madrid mme ya bobedi kwa Lesseps, kwa Barcelona. Ka metlha di ne di na le matshwao a magolo a gantsi a neng a boneswa. Re ne re batla gore batho ba itse gore re dumeletswe  kafa molaong mme re ikaeletse go nnela ruri! Ka nako eno, ka 1972, go ne go setse go na le Basupi ba ba ka nnang 17 000 kwa Spain.

Mo e ka nnang ka nako eno, ke ne ka amogela dikgang tse di kgothatsang go tswa kwa Engelane. Rre o ne a re etela kwa Spain ka 1969. O ne a kgatlhwa thata ke tsela e Basupi ba kwa Spain ba neng ba mo tshwara ka yone mo e leng gore fa a boela Engelane, o ne a simolola go ithuta Baebele. Mme ka 1971, ke ne ka bolelelwa gore Rre o kolobeditswe! E ne e le nako e e amang maikutlo fa re etela kwa gae mme e nna ene yo o lebogelang dijo, jaanong e le mokaulengwe wa me wa Mokeresete. Ke ne ke na le dingwaga tse di fetang 20 ke letetse letsatsi leo. Morwarre e bong Bob le mosadi wa gagwe Iris, ba ile ba nna Basupi ka 1958. Morwaabo, Phillip, ke molebedi wa potologo gone jaanong kwa Spain le mosadi wa gagwe e bong Jean. Go re itumedisa thata go ba bona ba direla kwa nageng e ntle eo.

Sengwe se re Neng Re sa Se Lebelela sa Bosheng Jaana

Ka February 1980, leloko lengwe la Setlhopha se se Laolang le ne la etela Spain e le molebedi wa makala. Ke ne ka gakgamala, ka go bo o ne a batla go tsamaya le nna mo bodireding. Ke ne ke sa itse gore o batla go ntlhatlhoba! Mme ka September, re ne ra lalediwa go fudugela kwa ntlokgolo kwa Brooklyn, kwa New York! Re ne re gamaregile. Re ne ra amogela taletso, le fa gone go tlogela bakaulengwe ba rona tsa kwa Spain go ne go utlwisa botlhoko. Ka nako eo go ne go na le Basupi ba le 48 000!

Fa re tsamaya, mokaulengwe mongwe o ne a nnaya mpho ya watšhe e e nnang mo pateng. Mo go yone o ne a kwadile ditemana di le pedi—“Lucas 16:10; Lucas 17:10.” O ne a re ke ditemana tsa me tsa setlhogo. Luke 16:10 e gatelela gore re tshwanetse go ikanyega mo dilong tse dinnye mme Luke 17:10 yone e bolela gore re “batlhanka ba ba se nang molemo wa sepe” mme ka gone ga re na lebaka la go ipelafatsa. Ka dinako tsotlhe ke ne ke lemoga gore le fa re ka tswa re dira eng mo tirelong ya ga Jehofa tota ya bo e le fela se re tshwanetseng go se dira jaaka Bakeresete ba ba ineetseng.

Se re Sa se Lebelelang Malebana le Botsogo

Ka 1990, ke ne ka simolola go nna le bothata jwa pelo. Kgabagare, ke ne ka tshwanela gore ke tsenngwe selo se se bidiwang stent gore se bule ditshika tsa madi tse di tswalegileng. Ka nako eno ya fa ke ne ke le bokoa mo mmeleng, Hazel o ne a nkema nokeng ka ditsela tse dintsi, gantsi a rwala dikgetsi le disutukheise tse ke neng ke sa kgone go di rwala ka go bo ke le bokoa thata. Mme ka May 2000, ke ne ka tsenngwa pacemaker. A bo seo se ile sa fetola dilo thata jang ne!

Mo dingwageng di le 50 tse di fetileng, nna le Hazel re ile ra bona gore Jehofa o pelotshweu le gore maikaelelo a gagwe a diragadiwa ka nako e ene a e beileng e seng ka nako ya rona. (Isaia 59:1; Habakuke 2:3) Go ile ga diragala dilo tse dintsi tse di itumedisang tse re neng re sa di lebelela mo botshelong jwa rona le di le mmalwa tse di hutsafatsang, mme le fa go ntse jalo, mo go tsone tsotlhe Jehofa o ile a re tshegetsa. Mono mo ntlokgolo ya batho ba ga Jehofa, re na le lesego la gore letsatsi le letsatsi re kopana le maloko a Setlhopha se se Laolang. Ka dinako tse dingwe ke ipotsa gore, ‘A tota re fano?’ Ke bopelonomi jo bo sa re tshwanelang. (2 Bakorintha 12:9) Re solofela gore Jehofa o tla tswelela a re sireletsa kgatlhanong le maano a ga Satane le go re babalela gore re tle re itumelele letsatsi le ka lone a tla busang ka tshiamo mo lefatsheng.—Baefeso 6:11-18; Tshenolo 21:1-4.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Kgolegelo ya Strangeways, kwa Manchester, koo ke neng ka simolola katlholo ya me ya kgolegelo gone

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Ka Austin Seven ya rona mo tirong ya potologo kwa Engelane

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Kopano ya sephiri kwa Cercedilla, kwa Madrid, kwa Spain ka 1962

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Tafole ya rona ya dikgatiso tse re neelang bosupi ka tsone kwa Brooklyn