Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng se se Mosola Tota?

Ke Eng se se Mosola Tota?

 Ke Eng se se Mosola Tota?

Go nna le sengwe se se mosola tota go ka itumedisa thata. Mme e ka tswa e le eng seo? Madi a mantsi? Dibenyane tse di turang kgotsa tse di sa tlwaelegang? Tumo le tlotlomalo? Batho ba le bantsi ba tseela dilo tseno kwa godimo thata. Motho fa a na le tsone a ka di dirisa go itshedisa, go dira gore botshelo bo nne le bokao, kgotsa go kgotsofatsa keletso ya go batla go amogelwa le go fitlhelela dilo dingwe. A re leka ka thata go nna le dilo tse di ntseng jalo, re solofela gore di tla diragatsa mekgele ya rona le dilo tse re di eletsang mo isagweng?

GO LE gantsi, batho ba leba bomosola jwa sengwe go ya ka gore se fitlhelela dilo tse ba di tlhokang go le kana kang kgotsa se diragatsa jang dilo tse bone ba di eletsang. Re rata thata dilo tse di dirang gore re ikutlwe re ritibetse e bile di dira gore re solofele go nna le isagwe e e sireletsegileng. Re rata dilo tse di re namolang ka bonako, tse di re gomotsang, kgotsa tse di dirang gore re amogelwe. Le fa go ntse jalo, ga go utlwale go leba mosola wa dilo go ya ka dikeletso tsa rona tse di fetofetogang kgotsa dilo tse re di kgatlhegelang. Totatota, mosola wa mmatota o ikaegile ka se re bonang re se tlhoka go feta dilo tse dingwe tsotlhe.

Ke eng se re se tlhokang go feta dilo tse dingwe tsotlhe? Ga go na sepe se se nang le mosola ope fa se se na sengwe sa konokono—botshelo. Kwantle ga botshelo re ka se ka ra nna teng. Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo o ne a kwala jaana: “Fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele . . . Ga go na tiro le fa e le go loga maano le fa e le kitso le fa e le botlhale kwa Sheole [lebitla le le tlwaelegileng la batho].” (Moreri 9:5, 10) Fa re swa, re patelesega go tlogela sengwe le sengwe se re nang le sone. Ka gone, selo se re se tlhokang thata ke go nna le sengwe se se tla bolokang matshelo a rona. Ke eng se se tla dirang jalo?

Ke Eng se se Tla Bolokang Matshelo a Rona?

‘Madi ke tshireletso,’ go ne ga bolela jalo Kgosi Solomone. (Moreri 7:12) Fa re na le madi a a lekaneng, re ka nna le dijo le legae le le phuthologileng. Madi a ka dira gore re kgone go itumelela go etela mafelo a a kwa kgakala. A ka re naya dilo tse re di tlhokang fa re sa tlhole re  kgona go bereka ka ntlha ya botsofe kgotsa bokoa. Go nna le madi go na le melemo e mentsi. Mme madi a ka se boloke matshelo a rona. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Timotheo jaana: “Naya ba ba humileng mo tsamaisong ya jaanong ya dilo ditaelo tsa gore ba se ka ba itseela kwa godimo, le gore ba se ka ba solofela mo dikhumong tse di sa tlhomamang, mme ba solofele mo Modimong.” (1 Timotheo 6:17) Le fa re ka nna le madi otlhe mo lefatsheng a ka se ka a re rekela botshelo.

Akanya ka se se diragaletseng monna mongwe yo o bidiwang Hitoshi. E re ka Hitoshi a ne a goletse mo lehumeng, o ne a na le keletso e kgolo ya go huma. O ne a dumela thata gore madi a ka mo direla dilo mo a neng a akanya gore le batho ba ka rekwa ka one. Seo se ne sa fetoga fa monna mongwe a ne a etela Hitoshi a bo a mmotsa gore a o itse gore Jesu Keresete o mo swetse. Potso eno e ne ya dira gore Hitoshi a batle go itse mo go oketsegileng ka gonne o ne a akanya gore go ne go se ope yo o neng a ka swela motho wa go tshwana le ene jaana. O ne a nna teng kwa puong ya phatlalatsa e e theilweng mo Baebeleng mme a gakgamalela go utlwa kgakololo ya gore ‘re nne le leitlho le le sa raraanang.’ Sebui se ne sa tlhalosa gore leitlho ‘le le sa raraanang’ le bonela kgakala e bile le tsepame mo dilong tsa semoya. (Luke 11:34) Mo boemong jwa gore Hitoshi a fufulele madi, o ne a simolola go baya dilo tsa semoya kwa pele mo botshelong jwa gagwe.

Dithoto gape di ka dira gore re ikutlwe re itsetsepetse e bile re sireletsegile. Go nna le dithoto tse dintsi go ka dira gore re se ka ra tlhobaela ka se re se tlhokang letsatsi le letsatsi. Fa re na le legae le lentle mo tikologong e e rategang re ka ikutlwa re fitlheletse sengwe. Diaparo tse di mo fesheneng le koloi e ntle di ka dira gore batho ba re tseele kwa godimo.

Go a itumedisa gore re ‘bone molemo ka ntlha ya tiro yotlhe ya rona ya bonatla.’ (Moreri 3:13) Gape go nna le dilwana tse dintsi go ka dira gore baratiwa ba rona ba kgone go ‘nna ka phuthologo, ba je ba nwe ba bo ba ijese monate.’ Le fa go ntse jalo, dithoto di na le mosola o o felang. Jesu Keresete o ne a bolela jaana a tlhagisa ka bopelotshetlha: “Le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” (Luke 12:15-21) Dithoto ga di ka ke tsa re naya botshelo, go sa kgathalesege bontsi kgotsa boleng jwa tsone.

Ka sekai, Liz o ne a nyetswe ke monna yo o itsholetseng. O anela jaana: “Re ne re na le legae le lentle le dikara tse pedi, mme ka madi a re neng re na le one re ne re kgona go itumelela sengwe le sengwe fela se se leng teng mo lefatsheng sa dilo tse di bonalang . . . Se se gakgamatsang ke gore, ke ne ke tshwenyega ka madi go ntse go le jalo.” O tlhalosa jaana: “Re ne re na le dilo tse dintsi thata tse di ka re latlhegelang. Go bonala e kete fa o na le dithoto tse dintsi, ga o ikutlwe o sireletsegile.”

Batho ba le bantsi ba tseela go tuma le maemo kwa godimo ka gonne di ka tlisa pako le tlotlo. Mo lefatsheng la gompieno batho ba eletsa go nna le tiro ya botshelo e e atlegileng. Go nna le ditalenta kgotsa bokgoni jo bo sa tlwaelegang go ka re thusa go itirela leina. Ba bangwe ba ka re bua bontle, ba tseela maikutlo a rona kwa godimo ba bo ba rata gore re ba amogele. Sotlhe seno se ka itumedisa le go kgotsofatsa. Le fa go ntse jalo, kgabagare go a fela. Solomone o ne a na le kgalalelo yotlhe le maatla a kgosi e ka nnang nao, mme o ne a bolela jaana ka bohutsana: “Yo o botlhale ga a tlhole a gakologelwa go feta sematla . . . Mongwe le mongwe ruri o a lebalwa.” (Moreri 2:16) Go tuma kgotsa maemo ga se tsone di nayang motho botshelo.

Mmetli mongwe yo o bidiwang Celo o ne a simolola go anaanela sengwe se se mosola go feta go tuma. E re ka a ne a na le talenta, o ne a tshwanelega go tsena sekolo se se neng sa lootsa bokgoni jwa gagwe. Go ise go ye kae tiro ya gagwe e ne ya bakwa mo metsweding ya dikgang le ke batshwayadiphoso ba ditiro tsa bokgabisi. Bontsi jwa dilo tse a neng a di betlile di ne tsa supiwa mo ditoropong tse dikgolo tsa Yuropa. Celo o anela jaana: “Boammaaruri ke gore go na le nako e tota tiro ya bokgabisi e neng e le yone selo se segolo go di gaisa tsotlhe mo botshelong jwa me. Le fa go ntse jalo, ke ne ka lemoga gore fa ke ne nka tswelela le tiro e ya me go ne go tla tshwana le go leka go direla beng ba babedi. (Mathaio 6:24) Ke ne ke tlhatswegile pelo gore selo sa botlhokwa go di  gaisa tsotlhe se ke neng nka se dira e ne e le go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Ka jalo ke ne ka itirela tshwetso ya gore ke tlogele tiro ya me ya bobetli.”

Ke Eng se se Mosola go Gaisa Tsotlhe?

E re ka go se na sepe se se mosola fa se se na botshelo, ke eng se re ka nnang le sone se se ka tlhomamisang gore re tswelela pele re tshela? Botshelo jotlhe bo tswa kwa go Jehofa Modimo. (Pesalema 36:9) Eleruri, “ka ene re na le botshelo mme re a tshikhinyega e bile re gone.” (Ditiro 17:28) O naya batho ba a ba ratang mpho ya botshelo jo bo sa khutleng. (Baroma 6:23) Re tshwanetse ra dira eng gore re tshwanelege go fiwa mpho eno?

Gore re amogele mpho ya botshelo jo bo sa khutleng re tshwanetse ra bo re na le kamano e e gaufi le Jehofa. Ka gone, go amogelwa ke ene go mosola fela thata go feta le fa e ka nna eng se re ka nnang naso. Fa a re amogela, re ka solofela go bona boitumelo jwa mmatota jo bo nnelang ruri. Mme fa Modimo a sa re amogele, re tla fedisediwa ruri. Go phepafetse he gore, sepe fela se se ka re thusang go nna le kamano e e siameng le Jehofa se mosola thata.

Se re Tshwanetseng ra se Dira

Re tlhoka go bapala kitso gore re atlege. Lefoko la ga Jehofa e leng Baebele ke lone motswedi wa kitso ya boammaaruri. Ke lone fela le re bolelelang gore re tshwanetse ra dira eng gore re itumedise Modimo. Ka gone re tlhoka go ithuta Dikwalo ka tlhoafalo. Fa re leka ka tlhoafalo go ithuta sotlhe se re ka se kgonang kaga Jehofa Modimo le Jesu Keresete re tla nna le ‘kitso e e rayang botshelo jo bo sa khutleng.’ (Johane 17:3) Kitso e e ntseng jalo e botlhokwa mme e tshwanetse ya ngomaelwa!—Diane 2:1-5.

Kitso e re e tsayang mo Lefokong la Modimo e dira gore re kgone go tsaya kgato e e latelang—go nna le tumelo mo go Jesu Keresete. Jehofa o ntshitse molao wa gore botlhe ba ba tlang mo go ene ba tshwanetse ba dira jalo ka Jesu. (Johane 14:6) Tota e bile, “ga go na poloko mo go ope o sele.” (Ditiro 4:12) Kgabagare re tla falola e seng ka ntlha ya ‘selefera kgotsa gouta . . . , mme ka madi a a tlhokegang a ga Keresete.’ (1 Petere 1:18, 19) Re tshwanetse ra bontsha tumelo ya rona ka go dumela dithuto tsa ga Jesu le ka go latela sekao sa gagwe. (Bahebera 12:1-3; 1 Petere 2:21) Mme a bo setlhabelo sa gagwe se le mosola jang ne! Go dirisiwa ga melemo ya sone go tlhomamisa isagwe e batho ba tla nnang le yone ka bosakhutleng. Fa e dirisiwa ka botlalo mo go rona, re fiwa mpho e e leng mosola tota ya botshelo jo bo sa khutleng.—Johane 3:16.

Jesu o ne a re: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.” (Mathaio 22:37) Go rata Jehofa go raya gore “re boloke ditaelo tsa gagwe.” (1 Johane 5:3) Ditaelo tsa gagwe di batla gore re nne re farologane le lefatshe, re itshware sentle mme re tshegetse Bogosi jwa gagwe ka boikanyegi. Ke yone tsela e re ka ‘tlhophang botshelo’ go na le loso ka yone. (Duteronome 30:19) Fa re ‘atamela Modimo, le ene o tla re atamela.’—Jakobe 4:8.

Go tlhomamisega gore o amogelwa ke Modimo go mosola thata go feta matlotlo otlhe a lefatshe. Batho ba Modimo a ba amogelang ke bone ba humileng go feta batho botlhe mo lefatsheng! Ka gone, a re lekeng go nna le letlotlo le le mosola tota—go amogelwa ke Jehofa. Ruri re tshwanetse ra tsaya kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo tsia: “Latelela tshiamo, boineelo jwa bomodimo, tumelo, lorato, boitshoko, bonolo. Tlhabana tlhabano e e molemo ya tumelo, tshwara botshelo jo bo sa khutleng ka thata.”—1 Timotheo 6:11, 12.

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Ke eng se o se tseelang kwa godimo? Madi, dithoto, tumo kgotsa sengwe se sele?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Re tshwanetse go ithuta Dikwalo ka kelotlhoko