Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikopano Tsa Kgaolo—Dipaka Tse di Itumedisang Tse di Tlhomamisang Bokaulengwe Jwa Rona

Dikopano Tsa Kgaolo—Dipaka Tse di Itumedisang Tse di Tlhomamisang Bokaulengwe Jwa Rona

 Lo Eme lo Feletse Le ka Go Tlhatswega Pelo mo go Nitameng

Dikopano Tsa Kgaolo—Dipaka Tse di Itumedisang Tse di Tlhomamisang Bokaulengwe Jwa Rona

JOSEPH F. RUTHERFORD, wa dingwaga di le 50, yo o neng a le sekoa morago ga gore a tsenngwe mo kgolegelong go sa tshwanela sebaka sa ngwaga, o direla ka boitumelo e le motshwaradithoto. O rwala disutukheise ka matlhagatlhaga le go thusa Bakeresete ka ene go ya kwa dikamoreng tsa bone tsa hotele. Ba le babedi ba e neng e le bagolegwa mmogo le ene—Baithuti ka ene ba Baebele—ba abela boidiidi jo bogolo jo bo letileng dikamore tse ba yang go robala kwa go tsone. Ba ne ba tshwaregile go fitlha bosigogare. Botlhe ba ne ba tletse ka moya wa boitumelo o o neng o tshwaetsana. Go ne go diragala eng?

Ke ngwaga wa 1919, mme Baithuti ba Baebele (bao ba itsegeng e le Basupi ba ga Jehofa gompieno) ba sa tswa go tswa mo nakong e e botlhoko ya dipogiso. Go tsosolosa bokaulengwe jwa bone, ba tshwara kopano ya kgaolo kwa Cedar Point, Ohio, U.S.A., go tloga ka September 1 go ya go 8, 1919. Mo letsatsing la bofelo la kopano, boidiidi jo bogolo jo bo itumetseng jwa batho ba le 7 000 ba reetsa ka tlhoafalo fa Mokaulengwe Rutherford a ntse a kgothaletsa mongwe le mongwe wa batlakopanong ka mafoko ano: “O moemedi wa Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena, yo o bolelelang batho . . . ka bogosi jo bo galalelang jwa Morena wa rona.”

Mo bathong ba ga Jehofa, dikopano tsa kgaolo di ile tsa simolola bogologolo kwa mo motlheng wa Iseraele wa bogologolo. (Ekesodo 23:14-17; Luke 2:41-43) Dikokoano tse di ntseng jalo e ne e le dinako tse di itumedisang, tse di neng di thusa botlhe ba ba neng ba le teng go tlhoma megopolo ya bone mo Lefokong la Modimo. Ka mo go tshwanang, dikopano tsa kgaolo tsa Basupi ba ga Jehofa tsa motlha wa rona di remeletse thata mo dilong tsa semoya. Mo bathong ba ba etseng tlhoko ka tlhoafalo dikokoano tse di ntseng jalo tse di itumedisang ke bosupi jo bo sa ka keng jwa ganediwa jwa gore Basupi ba dirwa seoposengwe ke dikamano tse di nonofileng tsa bokaulengwe jwa Bokeresete tse ba nang natso.

Maiteko a go Nna Teng Kwa go Tsone

Bakeresete ba motlha wa rona ba lemoga gore dikopano tsa bone ke dinako tsa go lapolosiwa mo semoyeng le go rutwa ka Lefoko la Modimo. Ba tsaya dipokano tse dikgolo tseno e le tsela e e botlhokwa thata ya go ba thusa gore ba ‘eme ba feletse le ka go tlhatswega pelo mo go nitameng mo thatong yotlhe ya Modimo.’ (Bakolosa 4:12) Ka gone, Basupi ba tshegetsa dikokoano tseno ka pelo yotlhe, ba dira maiteko a mogolo go nna teng kwa go tsone.

Mo go ba bangwe, go nna teng mo dikopanong tse di ntseng jalo go tlhoka gore ba bontshe tumelo le go fenya dikgoreletsi tse dikgolo. Ka sekai, akanya ka Mosupi mongwe yo o godileng wa kwa Austria. Le fa a tshwerwe ke bolwetse jwa sukiri mme a tlhoka go tlhabiwa insulin letsatsi le letsatsi, o ne a tlhomamisa gore o nna teng ka malatsi otlhe a kopano ya kgaolo kwa nageng ya gaabo. Kwa India, go ne go le boima thata gore lelapa lengwe la Basupi le le humanegileng thata le ye kopanong. Leloko lengwe la lelapa le ne la thusa. O bolela jaana: “E re ka ke ne ke sa batle go fosa kopano, ke ne ka rekisa manyena a me a gouta go duelela loeto. Maiteko ao a ile a duela thata, ka gonne go kopana mmogo le ba bangwe le maitemogelo a ile a nonotsha tumelo ya rona.”

Kwa Papua New Guinea, setlhopha sa batho ba ba sa kolobediwang ba ba kgatlhegang ba ne ba ititeile sehuba gore ba tla nna teng kwa kopanong ya kgaolo kwa motsemoshate. Ba ne ba bua le monna mongwe mo motsaneng wa bone yo o neng a na le sepalangwa sa botlhe mme ba mmotsa gore o tla ba duedisa bokae go ba isa kopanong. E re ka madi a ba neng ba a kopiwa a ne a le mantsi thata go feta a ba ka kgonang go a duelela, ba ne ba dira dithulaganyo tsa gore ba bereke mo ntlong ya monna yoo, ba baakanye phaposiboapeelo ya gagwe. Ka tsela eo ba ne ba kgona go ya kopanong  ya kgaolo mme ba solegelwa molemo ke go nna gone mo thulaganyong yotlhe.

Bokgakala ga se bothata jo bo ka se kang jwa rarabololwa mo Basuping ba ga Jehofa ba ba batlang go nna gone kwa dikopanong. Ka 1978, motlakopanong yo mosha go tswa kwa Poland o ne a tsamaya sekgala sa dikilometara di le 1 200 ka baesekele ka malatsi a le marataro go nna teng kwa kopanong e e neng e tshwaretswe kwa Lille, kwa Fora. Ka selemo sa 1997, Basupi ba le babedi go tswa kwa Mongolia ba ne ba tsaya loeto lwa dikilometara di le 1 200 go nna teng kwa kokoanong ya Bokeresete kwa Irkutsk, kwa Russia.

Bokaulengwe Jwa Mmatota bo a Dira

Kutlwano le bokaulengwe jwa Basupi kwa dikopanong tsa bone di bonala sentle mo bathong ba ba lebeletseng fela se se diregang. Ba le bantsi ba ile ba kgatlhwa ke gore ga go na go tlhaolwa ga batho mo gare ga batlakopanong le gore go na le lorato lwa mmatota le e leng mo gare ga bao e leng gone ba bonanang.

Mo kopanong nngwe ya bosheng ya ditšhabatšhaba kwa Australia, mosupatsela mongwe yo o neng a tsamaya le batlakopanong ka sebaka sa beke o ne a batla go nna le bone nakonyana e e oketsegileng gore a itumelele botsala jwa bone. O ne a kgatlhwa ke lorato le kutlwano ya bone, o ne a sa dumele gore ba kgona go utlwana jaana, e re ka bontsi jwa bone ba ne ba sa itsane. Fa nako ya gore a tsamaye e fitlha, o ne a ba kopa gore ba mo reetse. Ka go ba bitsa “bakaulengwe le bokgaitsadi,” o ne a simolola go ba leboga mme ga a ka a kgona go fetsa ka gonne o ne a amega thata mo maikutlong mme a lela.

Ka 1997, Sri Lanka e ne ya tshwara kopano ya yone ya kgaolo ya ntlha ya dipuo tse tharo kwa setediamong se segolo. Thulaganyo yotlhe e ne ya tshwarwa ka nako e le nngwe ka Seesemane, Se-Sinhalese le ka Se-Tamil. Mo lefatsheng le kgotlhang gare ga ditso e ntseng e gola, kokoano e e ntseng jalo ya ditlhopha tsa dipuo tse tharo ga ya ka ya tlhoka go elwa tlhoko. Lepodise lengwe le ne la botsa mokaulengwe mongwe jaana: “Ke bomang ba ba laolang kopano eno—a ke Ba-Sinhalese, Ba-Tamil kana Baesemane?” Mokaulengwe o ne a araba jaana: “Ga go na setlhopha sepe se se laolang kopano eno. Rotlhe re dira mmogo.” Lepodise leno le ne la gakgamala. Fa ditlhopha tsa dipuo tse tharo tseno di sena go kopanela mmogo mo thapelong ya bofelo le “Amen” yo o builweng ka gangwe fela mo setadiamong, batlakopanong ba ne ba phatloga fela ka go opa diatla. Ba le bantsi gare ga bareetsi ba ne ba rothisa keledi. Ee, ruri dikopano ke dipaka tse di itumedisang tse di re tlhomamisetsang bokaulengwe jwa rona.—Pesalema 133:1. *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 Bona ditsebe 66-77, 254-82 tsa buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.