Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna le Tumelo e e Jaaka ya ga Aborahame!

Nna le Tumelo e e Jaaka ya ga Aborahame!

 Nna le Tumelo e e Jaaka ya ga Aborahame!

“Ba ba ngaparelang tumelo ke bone ba e leng bomorwa Aborahame.”—BAGALATIA 3:7.

1. Aberame o ne a lebana jang le diteko tse disha kwa Kanana?

ABERAME o ne a ikobela taelo ya ga Jehofa ka go tlogela botshelo jwa manobonobo jwa Ure. Mathata a o neng a lebana le one mo dingwageng tse di neng tsa latela a ne a mo thusa go ipaakanyetsa go lekwa ga tumelo ya gagwe go a neng a lebana le gone kwa Egepeto. Pego ya Baebele ya re: “Jaanong ga tsoga leuba mo lefatsheng.” Go ne go ka nna motlhofo jang ne gore Aberame a hutsafadiwe ke maemo a o neng a le mo go one! Go na le moo, o ne a tsaya dikgato tsa go tlamela lelapa la gagwe. “Aberame [o ne] a fologela kwa Egepeto go ya go aga gone e le moeng, ka gonne leuba le ne le le botlhoko thata mo lefatsheng.” Batho ba Egepeto ba ne ba ka lemoga lelapa le legolo la ga Aberame motlhofo fela. A Jehofa o ne a tla diragatsa dilo tse a di solofeditseng Aberame le gore o tla mo sireletsa?—Genesise 12:10; Ekesodo 16:2, 3.

2, 3. (a) Ke eng fa Aberame a ne a loba gore o amana jang le mosadi wa gagwe? (b) Aberame o ne a dirisana jang le mosadi wa gagwe fa a ne a tsibogela boemo jo a neng a le mo go jone?

2 Re bala jaana mo go Genesise 12:11-13: “Mme go ne ga diragala gore fela fa a le gaufi le go tsena mo Egepeto, foo a raya Sarai mosadi wa gagwe a re: ‘Jaanong, tsweetswee! ke itse sentle gore o mosadi yo montle. Ka jalo go tlile go diragala gore Baegepeto ba go bone mme ba tla re, “Yono ke mosadi wa gagwe.” Mme ruri ba tla mpolaya, mme wena ba tla go boloka o ntse o tshela. Tsweetswee o re o kgaitsadiake, gore dilo di tle di ntsamaele sentle ka ntlha ya gago, mme ruri moya wa me o tla tshela ka ntlha ya gago.’” Le fa Sarai a ne a le dingwaga tse di fetang 65, o ne a sa ntse a le montle tota. Seo se ne se baya botshelo jwa ga Aberame mo kotsing. * (Genesise 12:4, 5; 17:17) Selo se se botlhokwa le go feta ke gore, seo se ne se amana le maikaelelo a ga Jehofa ka gonne o ne a boletse gore ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di ne di tla itshegofatsa ka losika lwa ga Aberame. (Genesise 12:2, 3, 7) E re ka Aberame a ne a ise a nne le ngwana, go ne go le botlhokwa thata gore a nne a tshela.

3 Aberame o ne a bua le mosadi wa gagwe ka leano le ba neng ba dumalane ka lone pele, e leng gore a re ke kgaitsadie. Ela tlhoko gore le mororo e ne e le tlhogo ya lotso, o ne a se ka a dirisa maemo ao a gagwe ka tsela e e sa siamang, go na le moo, o ne a kopa mosadi wa gagwe go mo ema nokeng. (Genesise 12:11-13; 20:13) Mo kgannyeng eno, Aberame o ne a tlhomela banna sekao se se molemo gore ba dirise botlhogo jwa bone ka lorato, mme Sarai ene ka go ikoba jalo o tlhomela basadi ba ba nyetsweng sekao se se molemo gompieno.—Baefeso 5:23-28; Bakolosa 4:6.

4. Batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba tshwanetse go itshwara jang gompieno fa botshelo jwa bakaulengwe ba bone bo le mo kotsing?

4 Sarai o ne a ka re ke kgaitsadie Aberame ka gonne tota e ne e le kgaitsadie ka rraagwe. (Genesise 20:12) Mo godimo ga moo, o ne a sa patelesege go ntsha tshedimosetso eo mo bathong ba e sa ba tshwanelang. (Mathaio 7:6) Batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo gompieno ba ikobela taelo ya Baebele ya gore ba ikanyege. (Bahebera 13:18) Ka sekai, ba ka se ka ba bua maaka morago ga go ikana mo kgotlatshekelong. Le fa go ntse jalo, fa bomoya kana botshelo jwa bakaulengwe ba bone bo le mo kotsing ka dinako tse di jaaka tsa dipogiso kana dintwa tsa semorafe, ba ikobela kgakololo ya ga Jesu ya gore ba nne ‘botlhajana jaaka dinoga mme le fa go ntse jalo e le ba ba se nang molato jaaka maphoi.’—Mathaio 10:16; bona Tora ya Tebelo, November 1, 1996, tsebe 18, serapa 19.

5. Ke eng fa Sarai a ne a iketleeleditse go ikobela kopo ya ga Aberame?

 5 Sarai o ile a tsibogela kopo ya ga Aberame jang? Moaposetoloi Petere o tlhalosa basadi ba ba tshwanang le ene a re “ba solofetse mo Modimong.” Ka gone Sarai o ne a kgona go lemoga dilo tsa semoya tse kgang eo e neng e amana le tsone. Kwantle ga moo, o ne a rata monna wa gagwe e bile a mo tlotla. Ka gone, Sarai o ne a tlhopha go ‘ipaya mo taolong ya monna wa gagwe’ mme a loba gore ke banyalani. (1 Petere 3:5) Ke boammaaruri, gore go dira jalo go ne go mo tsenya mo kotsing. “Fela fa Aberame a tsena mo Egepeto, Baegepeto ba bona mosadi, gore o ne a le montle thata. Dikgosana tsa ga Faro le tsone tsa mmona mme tsa simolola go mmaka mo go Faro, mo e leng gore mosadi yono o ne a isiwa kwa ntlong ya ga Faro.”—Genesise 12:14, 15.

Jehofa o a Golola

6, 7. Aberame le Sarai ba ne ba iphitlhela ba le mo maemong afe a a ngomolang pelo, mme Jehofa o ile a namola Sarai jang?

6 A bo seno se tshwanetse sa bo se ile sa ngomola Aberame le Sarai pelo jang ne! Go bonala ba batlile ba betelela Sarai. Mo godimo ga moo, e re ka Faro a ne a sa itse gore Sarai o nyetswe, o ne a naya Aberame dimpho tse dintsi, mo e leng gore o ne “a nna le dinku le dikgomo le diesele le batlhanka le malata le diesele tse di namagadi le dikamela.” * (Genesise 12:16) Dimpho tseo di tshwanetse tsa bo di ile tsa tena Aberame tota! Jehofa o ne a sa latlha Aberame, le fa maemo a ne a lebega a le maswe.

7 “Morago ga moo Jehofa a ama Faro le ba ntlo ya gagwe ka dipetso tse dikgolo ka ntlha ya ga Sarai, mosadi wa ga Aberame.” (Genesise 12:17) Ka tsela nngwe e e sa tlhalosiwang, Faro o ne a senolelwa se tota se neng se bakile “dipetso” tseno. O ne a tsaya kgato ka yone nako eo: “Foo Faro a bitsa Aberame mme a re: ‘Ke eng seno se o se ntirileng? Ke ka ntlha yang fa o sa ka wa mpolelela gore ke mosadi wa gago? Ke ka ntlha yang fa o ne o re, “Ke kgaitsadiake,” mo ke neng ka batla ke mo tsaya go nna mosadi wa me? Mme jaanong mosadi wa gago ke yoo. Mo tseye o tsamaye!’ Mme Faro a naya banna ditaelo kaga gagwe, mme ba mmuledisa le mosadi wa gagwe le tsotlhe tse a neng a na le tsone.”—Genesise 12:18-20; Pesalema 105:14, 15.

8. Gompieno Jehofa o solofetsa go sireletsa Bakeresete ka tsela efe?

8 Gompieno, Jehofa ga a re solofetse gore o tla re sireletsa mo losong, mo bokebekweng, mo leubeng kana mo masetlapelong a tlholego. Re solofediwa gore ka metlha Jehofa o tla re sireletsa mo dilong tse di ka bayang bomoya jwa rona mo kotsing. (Pesalema 91:1-4) O dira jalo segolobogolo ka go re neela ditlhagiso tse di tshwanelang a dirisa Lefoko la gagwe le “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45) Go tweng fa re le mo kotsing ya go bolawa fa re bogisiwa? Le fa gone Modimo a ka nna a letla gore bangwe ba batho ba gagwe ba swe, ga a kitla a letla batho ba gagwe ba bolawa botlhe. (Pesalema 116:15) Mme fa go direga gore bangwe ba ba ikanyegang ba swe, re ka tshepa gore ba tla tsosiwa.—Johane 5:28, 29.

Go Intsha Setlhabelo go Boloka Kagiso

9. Ke eng se se bontshang gore Aberame o ne a nna a fuduga fa a le kwa Kanana?

9 Go bonala e rile fa leuba le sena go fela kwa Kanana, “Aberame a tlhatloga a tswa mo Egepeto, ene le mosadi wa gagwe le tsotlhe tse a neng a na le tsone, le Lote a na le ene, a ya Negebe [karolo e e omeletseng go sekae e e kwa borwa jwa dithaba tsa Juda]. Mme Aberame o ne a na le leruo le lentsi la metlhape le selefera le gouta.” (Genesise 13:1, 2) Ka gone, baagi ba koo ba ne ba ka mo tsaya e le monna yo o nang le taolo le kgosana e e nang le maatla a magolo. (Genesise 23:6) Aberame o ne a se na keletso ya go aga mo Kanana a nna le seabe mo dipolotiking tsa teng. Go na le moo, o ne “a tsamaya go tswa bothibelelong go ya bothibelelong jo bongwe a tswa mo Negebe a ba a ya Bethele, kwa lefelong le mogope wa gagwe o neng o le kwa go lone la ntlha fa gare ga Bethele le Ai.” Jaaka ka metlha, gongwe le gongwe kwa Aberame a neng a nna gone o ne a fitlha a dira gore kobamelo ya ga Jehofa e nne yone e tlang pele.—Genesise 13:3, 4.

10. Ke bothata bofe jo bo neng jwa tlhaga gareng ga badisa ba ga Aberame le ba ga Lote, mme ke eng fa go ne go le botlhokwa gore bo rarabololwe ka bonako?

 10 “Jaanong Lote, yo o neng a tsamaya le Aberame, le ene o ne a na le dinku le dikgomo le megope. Ka jalo lefatshe ga le a ka la ba lekana gore ba nne botlhe ba le mmogo, ka gonne dithoto tsa bone di ne di ntsifetse mme ba sa kgone go nna botlhe ba le mmogo. Mme ga tsoga komano fa gare ga badisa ba diruiwa tsa ga Aberame le badisa ba diruiwa tsa ga Lote; ka nako eo Mokanana le Moperise ba ne ba nna mo lefatsheng leo.” (Genesise 13:5-7) Naga eo e ne e se na metsi le mafulo a a lekaneng diruiwa tsa ga Aberame le Lote. Ka gone go ne ga nna le dikgotlhang gareng ga badisa ba bone. Go ne go sa siama gore baobamedi ba Modimo wa boammaaruri ba nne le dikgotlhang tse di ntseng jalo. Fa dikgogakgogano tseo di ne di ka tswelela, go ne go ka nna ga baka go se utlwaneng go go nnelang ruri. Ka jalo Aberame o ne a tla rarabolola bothata joo jang? O ne a itseetse Lote go nna ngwana wa gagwe morago ga loso lwa ga rraagwe Lote, gongwe a mo ikgodisetsa jaaka ngwana wa gagwe tota. E re ka Aberame e ne e le ene yo mogolo, a o ne a se na tshwanelo ya go itlhopela naga e e nonneng?

11, 12. Ke bopelotshweu bofe jo Aberame a neng a bo direla Lote, mme ke eng fa tshwetso ya ga Lote e ne e se botlhale?

11 Mme “Aberame a raya Lote a re: ‘Tsweetswee, o se ka wa letla gore go nne le komano epe fa gare ga me le wena le fa gare ga badisa ba me le badisa ba gago, gonne re bana ba motho. A lefatshe lotlhe ga le mo taolong ya gago? Tsweetswee, kgaogana le nna. Fa o ya kwa molemeng, nna ke tla ya kwa mojeng; mme fa o ya kwa mojeng, nna ke tla ya kwa molemeng.’” Gaufi le Bethele go ne go na le se se ileng sa bidiwa gore ke “bobogelo jwa Palesetina jo bo a gaisang otlhe.” Gongwe ke go tswa fano “Lote [a neng] a tsholetsa matlho mme a bona Kgaolo yotlhe ya Joredane, gore yotlhe fela e ne e le kgaolo e e nang le metsi a mantsi pele ga Jehofa a senya Sodoma le Gomora, e tshwana le tshingwana ya ga Jehofa, e tshwana le lefatshe la Egepeto go ya go fitlha kwa Soare.”—Genesise 13:8-10.

12 Le fa Baebele e tlhalosa Lote e le motho “yo o siameng,” ka ntlha ya mabaka mangwe o ne a se ka a ikokobeletsa Aberame mo kgannyeng eno, e bile ga go bonale a ile a senka kgakololo ya gagwe. (2 Petere 2:7) “Lote [o ne] a itlhophela Kgaolo yotlhe ya Joredane, mme Lote a fudusetsa bothibelelo jwa gagwe kwa botlhaba. Ka jalo ba kgaogana. Aberame a nna mo lefatsheng la Kanana, mme Lote a nna mo metseng ya Kgaolo eo. La bofelo a tlhoma mogope gaufi le Sodoma.” (Genesise 13:11, 12) Naga ya Sodoma e ne e nonne e bile e na le dikhumo tse dintsi. (Esekiele 16:49, 50) Le fa tshwetso e Lote a neng a e tsere e ne e lebega e le molemo go ya ka tsela ya dikhumo, e ne e se molemo ka tsela ya semoya. Ka ntlha yang? Genesise 13:13 ya re: “Banna ba Sodoma ba ne ba le bosula e bile e le baleofi ba bagolo thata kgatlhanong le Jehofa.” Kgabagare go fudugela ga ga Lote koo go ne go tla bakela lelapa la gagwe mathata a magolo.

13. Sekao sa ga Aberame se ka thusa jang Bakeresete ba go ka diregang gore ba nne le kgotlhang e e amanang le madi?

13 Le fa go ntse jalo, Aberame o ne a bontsha go tshepa tsholofetso ya ga Jehofa ya gore kgabagare naga eo yotlhe e ne e tla nna ya losika lwa gagwe; o ne a se ka a nganga ka karolonyana eo e nnye ya yone. Ka bopelotshweu o ne a dira go dumalana le molaomotheo ono o o neng wa kwalwa moragonyana mo go 1 Bakorintha 10:24: “A mongwe le mongwe a nne a batle, e seng molemo wa gagwe, fa e se wa motho yo mongwe.” Eno ke kgakololo e e molemo e e ka thusang badumedi mmogo ba ba ka nnang le kgotlhang ka ntlha ya madi. Bangwe mo boemong jwa gore ba latele kgakololo e e mo go Mathaio 18:15-17, ba ile ba isa bakaulengwe ba bone kwa dikgotlatshekelong. (1 Bakorintha  6:1, 7) Sekao sa ga Aberame se bontsha gore go botoka go latlhegelwa ke madi go na le go dira gore leina la ga Jehofa le nyadiwe kana go senya kagiso ya phuthego ya Bokeresete.—Jakobe 3:18.

14. Aberame o ne a tlile go segofadiwa jang ka ntlha ya bopelotshweu jwa gagwe?

14 Aberame o ne a tlile go duelelwa bopelotshweu jwa gagwe. Modimo o ne a re: “Ke tla dira gore losika lwa gago lo nne jaaka lorole lwa lefatshe, gore, fa motho a ne a ka kgona go bala lorole lwa lefatshe, foo losika lwa gago lo ne lo ka kgona go balwa.” A bo seno se tshwanetse sa bo se ile sa kgothatsa Aberame thata jang ne yo o neng a se na bana! Go tswa foo Modimo o ne a mo laela jaana: “Nanoga, o tsamayetsamaye mo lefatsheng o ralale boleele jwa lone le bophara jwa lone, ka gonne ke tlile go le go naya.” (Genesise 13:16, 17) Nnyaa, Aberame o ne a se kitla a letlwa go aga mo gare ga motse. O ne a tshwanetse go nna a itlhaotse mo Bakananeng. Bakeresete le bone gompieno ba tshwanetse go nna ba itlhaotse mo lefatsheng. Ga ba itseele kwa godimo ga batho ba bangwe, mme gone ga ba itsalanye thata le batho bape fela ba ba ka ba tlhotlheletsang go nna le boitshwaro jo bo sa siamang.—1 Petere 4:3, 4.

15. (a) Go tsamayatsamaya ga ga Aberame go ka tswa go ne go kaya eng? (b) Aberame o tlhometse malapa a Bakeresete sekao sefe gompieno?

15 Mo metlheng ya Baebele, pele ga motho a newa naga, o ne a na le tshwanelo ya go e sekaseka pele. Ka gone go nna Aberame a tsamayatsamaya mo nageng eo go ka tswa go ne go mo gopotsa gore letsatsi lengwe e tla bo e le ya bana ba gagwe. Ka boikobo “Aberame a tswelela a nna mo megopeng. Moragonyana a tla a nna mo gare ga ditlhare tse dikgolo tsa Mamere, tse di leng mo Heberone; mme a agela Jehofa sebeso gone.” (Genesise 13:18) Aberame o ne a boa gape a bontsha kafa a tsayang kobamelo e le botlhokwa thata ka teng. A mo lelapeng la lona lo tsaya thuto ya lelapa, go rapela lo le lelapa le go nna gone mo dipokanong e le selo se se tlang pele?

Go Tlhaselwa ke Baba

16. (a) Ke eng fa mafoko a a simololang a Genesise 14:1 a amana le sengwe se se bosula? (b) Ke eng fa dikgosi tse nnè tsa kwa botlhaba di ile tsa tlhasela?

16 “Jaanong go ne ga diragala mo metlheng ya ga Amerafele kgosi ya Shinare, Arioke kgosi ya Elasare, Kedorelaomere kgosi ya Elama, * le Tidale kgosi ya Goime, gore bano ba lwe.” Mo Sehebereng sa ntlhantlha, mafoko a a simololang ka gore (“Jaanong go ne ga diragala mo metlheng ya ga . . . ”) ke mafoko a a amanang le sengwe se se sa itumediseng, a a umakang “nako ya teko e e felelang ka masego.” (Genesise 14: 1, 2, mokwalo o o kwa tlase mo NW) Teko eno e simologile fa dikgosi tseno tse nnè tsa kwa botlhaba le masole a tsone di ne di tlhasela Kanana. Boikaelelo jwa tsone e ne e le eng? Go fedisa botsuolodi jwa dikgosi tse tlhano tsa Sodoma, Gomora, Adema, Seboima le Bela. Morago ga go di fenya tsotlhe “ba ne ba gwanta jaaka ditsala go ya kwa Lebaleng le le Kwa Tlase la Sidima, ke gore, Lewatle la Letswai.” Lote le lelapa la gagwe ba ne ba nna gaufi le foo.—Genesise 14:3-7.

17. Ke eng fa go gapiwa ga ga Lote go ile ga leka tumelo ya ga Aberame?

17 Dikgosi tsa Kanana di ne tsa leka go itwela ka natla mo batlhaseding, mme gone, di ne tsa fenngwa ka tsela e e tlhabisang ditlhong. “Morago ga moo bafenyi ba tsaya dithoto tsotlhe tsa Sodoma le Gomora le dijo tsotlhe tsa bone mme ba tsamaya. Ba tsaya le Lote morwa wa ga morwarraagwe Aberame le dithoto tsa gagwe mme ba tswa ba tsamaya. O ne a nna kwa Sodoma ka nako  eo.” Go ise go ye kae Aberame o ne a tla go bolelelwa ka tiragalo eno e e sa itumediseng: “Morago ga moo monna yo o neng a falotse a tla mme a bolelela Aberame wa Mohebera. Ka nako eo o ne a nna mo motlaaganeng mo gare ga ditlhare tse dikgolo tsa ga Mamere wa Moamore, morwarraagwe Eshekole le morwarraagwe Anere; mme ba ne ba na le kgolagano le Aberame. Ka gone Aberame a utlwa gore morwarraagwe o ne a isitswe botshwarwa.” (Genesise 14:8-14) A bo go ne go mo leka tumelo thata jang ne! A Aberame o ne a tla bontsha go kgotswela morwamonnawe ka ntlha ya go bo a ne a tsere naga e e nonneng? Se lebale le gore batlhasedi bano ba ne ba tswa kwa nageng ya gaabo ya Shinare. Go ya go tlhabana le bone go ne go tla senya tshono epe fela ya go ka tlhola a boetse gae. Kwantle ga moo, Aberame o ne a ka dira eng mo batlhabaning ba ba neng ba paletse masole a a kopaneng a Kanana?

18, 19. (a) Aberame o ne a kgona jang go namola Lote? (b) Ke mang yo o neng a tshwanelwa ke phenyo eno?

18 Aberame gape o ne a bontsha go tshepa Jehofa a sa belaele. “Foo a phutha banna ba gagwe ba ba thapisitsweng, batlhanka ba le makgolo a mararo lesome le borobedi ba ba tsholetsweng mo ntlong ya gagwe, mme ba ba latelela go ya go fitlha kwa Dana. Bosigo a kgaoganya mephato ya gagwe, ene le batlhanka ba gagwe, kgatlhanong le bone, mme ka gone a ba fenya a ba a nna a ba latelela go fitlha kwa Hoba, o o kwa bokone jwa Damaseko. Mme a golola dithoto tsotlhe, a ba a golola le Lote morwarraagwe le dithoto tsa gagwe le basadi le batho.” (Genesise 14:14-16) Ka go bontsha tumelo e e nonofileng mo go Jehofa, Aberame o ne a etelela pele batlhabani ba gagwe ba ba neng ba le palo e nnye thata mme a fenya, a namola Lote le lelapa la gagwe. Go tswa foo Aberame o ne a kopana le Melekisedeke yo e neng e le kgosi le moperesiti wa Salema. “Melekisedeke kgosi ya Salema a ntsha senkgwe le beine, mme e ne e le moperesiti wa Modimo Mogodimodimo. Foo a mo segofatsa a re: ‘A Aberame a segofadiwe ke Modimo Mogodimodimo, Modiri wa legodimo le lefatshe; mme a go bakwe Modimo Mogodimodimo, yo o tsentseng bagateledi ba gago mo seatleng sa gago!’ Foo Aberame a mo naya nngwesomeng ya sengwe le sengwe.”—Genesise 14:18-20.

19 Ee, phenyo e ne e le ya ga Jehofa. Jehofa o ne a boa gape a golola Aberame ka ntlha ya tumelo ya gagwe. Gompieno batho ba ga Jehofa ga ba lwe ntwa ya mmatota, mme gone ba lebana le diteko le dikgwetlho di le dintsi. Setlhogo sa rona se se latelang se tla re bontsha kafa sekao sa ga Aberame se ka re thusang ka teng go lebana le tsone ka katlego.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Go ya ka Insight on the Scriptures (e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa), “lokwalo longwe lwa bogologolo lo bua ka Faro yo o neng a laela gore masole a gagwe a gape mosadi mongwe yo montle mme ba bolaye monna wa gagwe.” Ka gone poifo ya ga Aberame e ne e se ya lefela.

^ ser. 6 Go ka direga gore Hagare yo moragonyana a neng a nna mogadingwana wa ga Aberame e ne e le mongwe wa batlhanka bano ba ba neng ba newa Aberame ka nako eno.—Genesise 16:1.

^ ser. 16 Batshwayadiphoso ba kile ba bolela gore Elama ga e ise e ko e tsamaye e nne le tlhotlheletso e e ntseng jalo mo Shinare le gore pego ya go tlhasela ga ga Kedorelaomere ga se boammaaruri. Go bona bosupi jwa baithutamarope jo bo tshegetsang pego eno ya Baebele, bona Tora ya Tebelo ya July 1, 1989, ditsebe 4-7.

A o Etse Tlhoko?

• Leuba la kwa Kanana le ne la leka tumelo ya ga Aberame jang?

• Aberame le Sarai ba ile ba tlhomela banna le basadi ba ba nyetseng sekao se se molemo jang gompieno?

• Re ka ithuta dithuto dife go tswa mo tseleng e Aberame a ileng a rarabolola kgotlhang ya batlhanka ba gagwe le ba ga Lote ka yone?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Aberame o ne a itima ditshwanelo tsa gagwe mme a dira gore dikeletso tsa ga Lote e nne tsone di tlang pele ga tsa gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Aberame o ne a bontsha go ikaega ka Jehofa ka go namola Lote morwamonnawe