Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Kgona go ‘Farologanya se se Siameng Le se Se sa Siamang’?

A o Kgona go ‘Farologanya se se Siameng Le se Se sa Siamang’?

 A o Kgona go ‘Farologanya se se Siameng Le se Se sa Siamang’?

“Nnang lo tlhomamise se se amogelesegang mo Moreneng.”—BAEFESO 5:10.

1. Gompieno botshelo bo katla tlhogo ka tsela efe, mme ka ntlha yang?

“KE ITSE sentle, tlhe Jehofa, gore tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Kgang eno e e botlhokwa e Jeremia a ileng a e lemoga e botlhokwa le e leng go feta mo motlheng wa rona. Ka ntlha yang? Ka gonne jaaka fa Baebele e ile ya bolelela pele, re tshela ‘mo dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.’ (2 Timotheo 3:1) Letsatsi le letsatsi re lebana le maemo a a katlang tlhogo a a re tlhokang gore re dire ditshwetso. E ka ne ditshwetso tseno ke tse dikgolo kana ke tse dinnye, di ka re ama fela thata—mo mmeleng, mo maikutlong le semoyeng.

2. Ke ditshwetso dife tse di ka tsewang di se masisi, mme gone, Bakeresete ba ba ineetseng ba di leba jang?

2 Bontsi jwa ditshwetso tse re di dirang letsatsi le letsatsi mo botshelong di ka tsewa di se masisi go le kalo. Ka sekai, letsatsi le letsatsi re tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore re tla apara eng, re tla ja eng, re tla kopana le bomang, jalo le jalo. Go itlela fela gore re dire ditshwetso tseno, re sa di akanyetse thata go le kalo. Mme gone, a ruri dilo tseno ga di masisi? Rona Bakeresete ba ba ineetseng, re go tsaya go le botlhokwa thata gore ditshwetso tse re di dirang malebana le moaparo le ditebego, dijo le dino, mokgwa wa rona wa go bua le boitshwaro, ka metlha e nne tse di bontshang gore re batlhanka ba Mogodimodimo, Jehofa Modimo. Re gakololwa mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “E ka ne lo a ja kgotsa lo a nwa kgotsa lo dira sepe fela, dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.”—1 Bakorintha 10:31; Bakolosa 4:6; 1 Timotheo 2:9, 10.

3. Ke ditshwetso dife tse di leng masisi tota?

3 Mme go na le ditshwetso tse dingwe tse di masisi le go feta. Ka sekai, tshwetso ya gore a o nyale kana o nne o sa nyala, ruri e ka ama botshelo jwa gago thata le ka tsela e e nnelang ruri. Tota go tlhopha motho yo o go tshwanetseng, yo o tla nnang molekane wa gago wa lenyalo wa botshelo jotlhe ke selo se se masisi. * (Diane 18:22) Mo godimo ga moo, se re se tlhophang malebana le ba re tsalanang le bone le ba re dirisanang le bone, thutego ya rona, tiro ya rona, le boitlosobodutu le boitapoloso, se ka nna le tlhotlheletso e kgolo mo bomoyeng jwa rona—ka gone se re ama go ya go ile.—Baroma 13:13, 14; Baefeso 5:3, 4.

4. (a) Go ka nna molemo fa re ka kgona go dira eng? (b) Ke dipotso dife tse di tlhokang go sekasekwa?

4 Fa re lebane le ditshwetso tseno, ruri go ka nna  molemo fa re ka kgona go farologanya se se siameng le se se sa siamang kana go farologanya se se lebegang se siame le se tota se siameng. Baebele e tlhagisa jaana: “Go na le tsela e e thokgameng fa pele ga motho, mme bokhutlo jwa yone morago ga moo ke ditsela tsa loso.” (Diane 14:12) Ka gone, re ka ipotsa jaana: ‘Re ka dira jang gore re kgone go farologanya se se siameng le se se sa siamang? Re ka bona kae kaelo e re e tlhokang fa re dira ditshwetso? Ke eng se batho ba nako e e fetileng le ba gone jaanong ba ileng ba se dira mo kgannyeng eno, mme go ne ga felela ka eng?’

“Botlhajana le Tsietso e e Lolea” ya Lefatshe

5. Bakeresete ba pele ba ne ba tshela le batho ba ba ntseng jang?

5 Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tshela le batho ba ba neng ba tlhotlhelediwa thata ke mekgwa le megopolo ya Baroma le Bagerika. Mo letlhakoreng le lengwe, botshelo jwa Baroma e ne e le jwa letlepu le jwa manobonobo jo batho ba bantsi ba neng ba bo meletsa mathe. Kafa letlhakoreng le lengwe batlhalefi ba nako eo ba ne ba sa gapiwe maikutlo fela ke megopolo ya filosofi ya ga Plato le Aristotle, ba ne ba gapiwa maikutlo le ke megopolo e mesha e e jaaka ya Baepikuria le Basetoika. Fa moaposetoloi Paulo a ne a tla kwa Athena mo loetong lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa, o ne a kopana le borafilosofi ba Baepikuria le Basetoika ba ba neng ba ikutlwa ba gaisa “mmalabadi yono,” e bong Paulo.—Ditiro 17:18.

6. (a) Bakeresete bangwe ba pele ba ile ba raelesega go dira eng? (b) Paulo o ile a ntsha tlhagiso efe?

6 Ka gone, ga go thata go tlhaloganya gore ke eng fa Bakeresete bangwe ba pele ba ne ba gapiwa ke ditsela tse di feteletseng le mekgwa ya go tshela ya batho ba ba neng ba tshela le bone. (2 Timotheo 4:10) Batho ba e neng e le karolo ya tsamaiso eo ba ne ba bonala ba na le dilo tse dintsi tse di molemo le ditshwetso tse ba neng ba di dira di ne di bonala di siame. Go ne go bonala lefatshe le na le sengwe se se botoka go feta se ba neng ba ka se bona mo tseleng ya botshelo ya go nna Bakeresete ba ba ineetseng. Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ile a tlhagisa jaana: “Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka ba a ba tsomileng a dirisa botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho, go ya ka dilo tsa tshimologo tsa lefatshe mme e seng go ya ka Keresete.” (Bakolosa 2:8) Ke eng fa Paulo a ne a rialo?

7. Totatota botlhale jwa lefatshe bo mosola go le kana kang?

7 Paulo o ile a ntsha tlhagiso eo ka gonne o ne a bona kotsi e e neng e le gone mo tseleng ya go akanya ya batho bao ba ba neng ba gapiwa ke lefatshe. Tsela e a neng a dirisa mafoko a a reng “botlhajana le tsietso e e lolea” ka yone e botlhokwa thata. Lefoko “botlhajana” totatota le kaya “go rata botlhale le go bo senka.” Seo ka bosone se ka nna mosola. Tota e bile, Baebele, segolobogolo mo bukeng ya Diane, e re kgothaletsa go senka mofuta o o siameng wa kitso le botlhale. (Diane 1:1-7; 3:13-18) Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a amanya “botlhajana” le “tsietso e e lolea.” Ka mafoko a mangwe, Paulo o ne a tsaya botlhale jwa lefatshe bo le lolea e bile bo tsietsa. Fela jaaka balunu e e budulogileng, bo ne bo lebega bo tlhomame, mme gone bo ne bo se na thuso epe. Go ne go se kitla go thusa sepe, tota e bile go ne go tla nna kotsi, fa motho a ne a ka ikaega ka selo se se se nang thuso epe se se jaaka “botlhajana le tsietso e e lolea” ya lefatshe fa a dira tshwetso ya se se siameng le se se sa siamang.

Ba ba Reng “Molemo ke Bosula le Bosula ke Molemo”

8. (a) Batho ba senka kgakololo kae? (b) Batho ba neelwa kgakololo ya mofuta ofe?

8 Go ntse fela jalo le gompieno. Mo e batlang e le mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa batho, go na le bomankge ba bantsintsi. Bagakolodi ba lenyalo le ba lelapa, bakwaladikgang, batho ba ba itlhomileng go nna baalafi, balepadinaledi, baphekodi le ba bangwe ba neela batho kgakololo—ka go ba duedisa. Mme gone, ba ba neela kgakololo e e ntseng jang? Gantsi, ba ba neela se go tweng ke boitsholo jo bosha mme ba tlhokomologa melao ya Baebele e e malebana le boitshwaro. Ka sekai, fa mokwadi mongwe wa lekwalodikgang le le rategang thata kwa Canada la The Globe and Mail a ne a bua ka kgang ya go bo puso e gana go kwadisa “manyalo a batho ba bong jo bo tshwanang,” o ne a re: “Mo ngwageng ono wa 2000 go swabisa tota go bo batho ba babedi  ba ba ratanang e bile ba ineetse mongwe go yo mongwe ba ganelwa ka keletso ya bone e e botlhokwatlhokwa fela ka gonne e le batho ba bong jo bo tshwanang.” Tshekamelo ya gompieno ke gore batho ba itshokelane ba se ka ba tshwaana diphoso. Sengwe le sengwe se ya ka gore motho ene o se leba jang; ga go tlhole go na le selo se se siameng gotlhelele le se se phoso gotlhelele.—Pesalema 10:3, 4.

9. Gantsi ke eng se se dirwang ke batho ba ba tsewang ba tlotlega mo setšhabeng?

9 Ba bangwe fa ba dira ditshwetso, ba tsaya malebela mo bathong ba ba atlegileng mo setšhabeng le mo go tsa madi—ba ba humileng le ba ba tumileng. Le fa batho ba ba humileng le ba ba tumileng ba tsewa ba tlotlega gompieno, gantsi ba ikanyega ka molomo fela. Bontsi jwa bone fa ba batla go nna le taolo le go bona dipoelo tsa madi, ga ba tshabe go tsietsa le go itlhokomolosa melao e e siameng ya boitsholo. Bangwe ba senka go tuma le go itsege ka go itlhokomolosa melao e e tlhomilweng ba tlhopha go tshela ka boitshwaro jo bo maswe le jo bo gakgamatsang. Seno se dira gore batho e nne ba ba ratang madi bobe, le ba ba letlelelang sengwe le sengwe ba moono wa bone e leng, “Dira se o se ratang.” A go a gakgamatsa go bo batho ba tlhakane tlhogo e bile ba sa itse gore se se siameng le se se sa siamang ke eng?—Luke 6:39.

10. Mafoko a ga Isaia malebana le molemo le bosula a ile a nna boammaaruri jang?

10 Re faraferwe ke matswela a a botlhoko a go dira ditshwetso tse di sa siamang ka ntlha ya go latela kaelo e e phoso—go thubega ga manyalo le malapa, go se dirise diokobatsi le bojalwa sentle, digopa tsa basha tse di ratang dikgoka, boitsholo jo bo botlhaswa, malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, fa re umaka a se kae fela a one. Tota re ka solofela matswela afe a a farologaneng fa e le fano batho ba itlhokomolosa melao yotlhe kana dilo tse di ba kaelang malebana le se se siameng le se se sa siamang? (Baroma 1:28-32) Go ntse fela jaaka moporofeti Isaia a ile a bolela jaana: “A bo go latlhega ba ba reng molemo ke bosula le bosula ke molemo, ba ba bayang lefifi mo boemong jwa lesedi le lesedi mo boemong jwa lefifi, ba ba bayang bogalaka mo boemong jwa botshe le botshe mo boemong jwa bogalaka! A bo go latlhega ba ba botlhale mo matlhong a bone le ba ba bonokopela mo difatlhegong tsa bone!”—Isaia 5:20, 21.

11. Ke eng fa go se botlhale go ikaega ka rona ka borona fa re dira tshwetso ya se se siameng le se se sa siamang?

11 Kgang ya go bo Modimo a ile a dira gore Bajuda ba bogologolo ba ba neng ba le “botlhale mo matlhong a bone” ba ikarabelele e dira gore go nne botlhokwa le e leng go feta gore re tile go ikaega ka rona ka borona fa re dira tshwetso ya se se siameng le se se sa siamang. Batho ba le bantsi gompieno ba ya le mogopolo wa go re “dira se pelo ya gago e se ratang,” kana “dira se o akanyang gore se siame.” A go botlhale go dira jalo? E seng go ya ka Baebele, e e buang jaana ka tlhamalalo: “Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang. Ke mang yo o ka e itseng?” (Jeremia 17:9) A o ne o ka ikanya motho yo o boferefere le yo o gagamalelang se a se batlang gore a go kaele fa o dira ditshwetso? Legoka! Bogolo o ne o ka dira se se farologaneng gotlhelele le se motho yoo a reng o se dire. Ke gone ka moo Baebele e re gakololang jaana: “Yo o ikanyang pelo ya gagwe  o sematla, mme yo o tsamayang ka botlhale ke ene yo o tla falolang.”—Diane 3:5-7; 28:26.

Go Ithuta se se Amogelesegang mo Modimong

12. Ke eng fa re tshwanetse go iponela se “thato ya Modimo” e leng sone?

12 E re ka re sa tshwanela go ikaega ka botlhale jwa lefatshe kana jwa rona ka borona fa re dira tshwetso ya se se siameng le se se sa siamang, re tshwanetse go dira eng? Ela tlhoko kgakololo eno e e tlhamaletseng ya ga moaposetoloi Paulo: “Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo, mme lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” (Baroma 12:2) Ke eng fa re tshwanetse go iponela se thato ya Modimo e leng sone? Jehofa mo Baebeleng o ntsha lebaka leno le le tlhamaletseng mme e le le le nonofileng, a re: “Jaaka magodimo a le kwa godimo ga lefatshe, fela jalo ditsela tsa me di kwa godimo ga ditsela tsa lona, le dikakanyo tsa me di kwa godimo ga dikakanyo tsa lona.” (Isaia 55:9) Ka gone, go na le gore re ikaege ka tsela ya rona ka namana ya go atlhola dilo kgotsa ka maikutlo a rona, re gakololwa jaana: “Nnang lo tlhomamise se se amogelesegang mo Moreneng.”—Baefeso 5:10.

13. Mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Johane 17:3 a gatelela jang botlhokwa jwa go itse se se amogelesegang mo Modimong?

13 Jesu Keresete o ile a gatelela botlhokwa jwa seno fa a ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Polelwana e e reng, “go tsenya kitso” e na le bokao jo bo masisi go feta “go itse” fela. Go ya ka Vine’s Expository Dictionary, e “bontsha kamano gareng ga motho yo o itseng le selo se a se itseng; mo kgannyeng eno, selo se se itseweng ke sa botlhokwa thata mo mothong yono yo o se itseng mme ka gone go nna le kamano gareng ga ene le sone.” Go nna le kamano le motho ga go kaye go itse fela gore motho yoo ke mang kana go itse leina la gagwe fela. Go akaretsa le go itse dilo tse motho yoo a di ratang le tse a sa di rateng, go itse dilo tse a di tsayang di le botlhokwa le ditekanyetso tsa gagwe—mme o bo o di tlotla.—1 Johane 2:3; 4:8.

Go Thapisa Bokgoni Jwa Rona Jwa go Lemoga

14. Paulo o ne a re ke eng se se farologanyang thata batho ba e leng masea semoyeng le ba ba godileng sentle?

14 Mme gone, re ka kgona jang go farologanya se se siameng le se se sa siamang? Mafoko a Paulo a neng a a kwalela Bakeresete ba Bahebera ba lekgolo la ntlha la dingwaga a re naya karabo. O ne a re: “Mongwe le mongwe yo o nwang mashi ga a a tlwaelana le lefoko la tshiamo, gonne ke lesea. Mme dijo tse di tiileng ke tsa batho ba ba godileng sentle, ba bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisiwang ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.” Fano Paulo o ne a supa pharologano gareng ga “mashi,” a mo temaneng e e tlang pele ga eo a a tlhalosang e le “dilo tsa tshimologo tsa ditaelo tse di boitshepo tsa Modimo,” le “dijo tse di tiileng,” tse e leng tsa “batho ba ba godileng sentle,” ba ‘bokgoni jwa bone jwa  go lemoga bo thapisitsweng ka go dirisiwa gore ba farologanye se se siameng le se se sa siamang.’—Bahebera 5:12-14.

15. Ke eng fa go re tlhoka gore re dire ka natla gore re nne le kitso e e boammaaruri ka Modimo?

15 Seno se kaya gore sa ntlha re tshwanetse go leka ka natla gore re tlhaloganye sentle melao ya Modimo e e mo Lefokong la gagwe, Baebele. Seno ga se bolele gore re batla lenaane la melao e mentsintsi e e re laelang gore re direng kana re se ka ra dira eng. Baebele ga se buka e e ntseng jalo. Go na le moo, Paulo o ile a tlhalosa jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.” (2 Timotheo 3:16, 17) Re tshwanetse go dirisa megopolo ya rona le bokgoni jwa rona jwa go akanya gore re solegelwe molemo ke thuto eno, kgalemelo le kotlhao. Seno se tlhoka matsapa, mme maduo a gone a magolo—re tla ‘tshwanelega ka botlalo, re tlhomeletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.’—Diane 2:3-6.

16. Go thapisa bokgoni jwa go lemoga go kaya eng?

16 Go tswa foo Paulo o bolela gore batho ba ba godileng sentle ‘bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisiwa ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.’ Jaanong re fitlha mo go se e leng kgangkgolo fano. Mafoko a a reng “ba bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisiwang” totatota a kaya “go thapisa dirwe tsa kutlo (jaaka mojiminasi).” (Kingdom Interlinear Translation) Mojiminasi yo o setswerere mo sedirisiweng sengwe, a ka kgona go tsapoga ka ponyo ya leitlho ka tsela e go bonalang e sa kgorelediwe ke maatlakgogedi kana melao e mengwe ya tlholego. O kgona go laola ditokololo tsa gagwe ka botlalo, e bile o kgona go lemoga sentle tsela e a tshwanetseng go tsapoga ka yone gore a wetse motshameko wa gagwe ka katlego. O kgona go dira dilo tseno tsotlhe ka go ithapisa le go nna a ikatisa a sa kgaotse.

17. Re tshwanetse go nna jaaka bajiminasi ka tsela efe?

17 Le rona re tshwanetse go ithapisa semoyeng fela jaaka mojiminasi, fa e le gore re batla go tlhomamisa gore ditshwetso tse re di dirang ka metlha e nna tse di molemo. Re tshwanetse go kgona go laola maikutlo a rona le ditokololo tsa rona ka dinako tsotlhe. (Mathaio 5:29, 30; Bakolosa 3:5-10) Ka sekai, a o laola matlho a gago gore a se ka a leba dilo tsa boitsholo jo bo maswe, kana ditsebe tsa gago gore di se ka tsa reetsa mmino kana motlotlo o o leswe? Ke boammaaruri gore re faraferwe ke dilo tse di ntseng jalo tse di maswe. Le fa go ntse jalo, go ntse go ikaegile ka rona gore a re tla letla di nwelelela mo megopolong le mo dipelong tsa rona. Re ka etsa mopesalema yo o ileng a re: “Ga nkitla ke tlhoma selo se se se nang molemo wa sepe fa pele ga matlho a me. Ke tlhoile se se dirwang ke batho ba ba wang; ga se nngaparele. . . . Fa e le ope fela yo o buang maaka, ga a kitla a tlhomamisiwa ka thata fa pele ga matlho a me.”—Pesalema 101:3, 7.

Thapisa Bokgoni Jwa Gago Jwa go Lemoga Ka go Bo Dirisa

18. Mafoko a a mo tlhalosong ya ga Paulo e e malebana le go thapisa bokgoni jwa go lemoga a a reng “ka go dirisiwa” a kaya eng?

18 Se lebale gore bokgoni jwa rona jwa go lemoga bo thapisiwa go farologanya se se siameng le se se sa siamang ka “go dirisiwa.” Ka mafoko a mangwe, nako le nako fa re tshwanetse go dira tshwetso, re tshwanetse go ithuta go dirisa bokgoni jwa rona jwa go akanya go lemoga gore seo se amana le melaometheo efe ya Baebele le kafa e ka dirisiwang ka teng. Itlwaetse go dira dipatlisiso mo dikgatisong tsa Baebele tse re di newang ke “motlhanka  yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45) Ke boammaaruri gore re ka kopa thuso mo Bakereseteng ba ba godileng sentle. Le fa go ntse jalo, maiteko a re a dirang ka namana go ithuta Lefoko la Modimo fa a kopana le go rapela Jehofa gore a re kaele le go re abela moya wa gagwe, kgabagare a tla nna le matswela a magolo.—Baefeso 3:14-19.

19. Re ka bona masego afe fa re nna re thapisa bokgoni jwa rona jwa go lemoga kgato ka kgato?

19 Fa re ntse re thapisa bokgoni jwa rona jwa go lemoga kgato ka kgato, boikaelelo jwa rona ke gore “re tle re se ka ra tlhola re nna masea, re heheutlelwa kwa le kwa jaaka e kete re heheutlwa ke makhubu e bile re akgaakgelwa kwa le kwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto ka tsietso ya batho, ka boferefere ka go loga leano le le tsietsang.” (Baefeso 4:14) Go na le moo, re dire ditshwetso tse di molemo, tse dinnye kana tse dikgolo, tse di tla re solegelang molemo rona ka borona, tse di tla agang badumedikarona, mme mo godimo ga tsotlhe, e le tse di tla itumedisang Rraarona wa selegodimo ka gonne e le tse di theilweng mo kitsong le tse di supang fa re tlhaloganya se se amogelesegang mo Modimong. (Diane 27:11) A bo seo se le molemo e bile se sireletsa jang ne mo dinakong tseno tsa mathata!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Mo lenaaneng la dilo di feta 40 tse di ngomolang batho tlhogo go gaisa tsotlhe mo botshelong le le neng la kwalwa ke Dr. Thomas Holmes le Dr. Richard Rahe, go swelwa ke molekane, go tlhalana le go kgaogana, di beilwe mo maemong a ntlha a mararo a lenaane leno. Go nyala go beilwe mo maemong a bosupa.

A o Ka Tlhalosa?

• Re tshwanetse ra kgona go dira eng gore re dire ditshwetso tse di molemo?

• Ke eng fa go se botlhale go tsaya malebela mo bathong ba ba tumileng kana go ikaega ka maikutlo a rona fa re dira tshwetso ya se se siameng le se se phoso?

• Ke eng fa re tshwanetse go tlhomamisega ka se se amogelesegang mo Modimong fa re dira ditshwetso, mme re ka dira seo jang?

• Go ‘thapisa bokgoni jwa rona jwa go lemoga’ go kaya eng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Ke boeleele go senka kaelo ya batho ba ba humileng le ba ba tumileng

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Re tshwanetse go kgona go laola maikutlo a rona le ditokololo tsa rona tsa mmele fela jaaka mojiminasi