Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se Letle Dipelaelo di Senya Tumelo ya Gago

Se Letle Dipelaelo di Senya Tumelo ya Gago

 Se Letle Dipelaelo di Senya Tumelo ya Gago

Letsatsi lengwe o akanya gore o tsogile sentle. Le le latelang o ikutlwa o lwala. Ka tshoganetso fela, o ikutlwa o se na nonofo kana maatla ape. Tlhogo ya gago e a opa le mmele wa gago o tletse ditlhabi. Go diragetseng? Megare e e kotsi e koafaditse thulaganyo ya mmele wa gago ya go lwantsha malwetse e bile e tlhasetse dirwe tse di botlhokwa. Fa e sa alafiwe, megare eno e e tlhaselang e ka senya botsogo jwa gago go ya goile—le e leng go go bolaya.

GONE e bile, fa o ka tsenwa ke megare o se na botsogo jo bontle, o mo kotsing le go feta. Fa, ka sekai, mmele wa gago o le bokoa ka ntlha ya go sa je dijo tse di siameng, tsela e mmele wa gago o lwantshang bolwetse ka yone “e koafala thata mo e leng gore go tshwaetsega go le gonnye fela go ka go bolaya,” go bolela jalo mokwadi wa tsa kalafi Peter Wingate.

Fa e le gore go ntse jalo, tota ke mang yo o ka tlhophang go tshelela mo tlaleng? O tshwanetse wa bo o dira sengwe le sengwe se o ka se kgonang gore o je sentle le go itekanela mo mmeleng. Gongwe gape o dira sengwe le sengwe se o ka se kgonang gore o se ka wa tsenwa ke megare. Le fa go ntse jalo, a o kelotlhoko ka tsela e e tshwanang gore o “itekanele mo tumelong”? (Tito 2:2) Ka sekai, a o ntshitse matlho dinameng go bona dikotsi tsa go nna le dipelaelo tse di bofitlha? Dipelaelo tseno di ka go tsena mo tlhaloganyong le mo pelong motlhofo fela, di senye tumelo ya gago le kamano ya gago le Jehofa. Go lebega batho bangwe ba sa lemoge kotsi eno. Ba ipaya mo kotsing ya go tsenwa motlhofo ke dipelaelo ka go ipolaisa tlala ya semoya. A o ka tswa o dira sone seo?

Go Belaela—A go Bosula ka Dinako Tsotlhe?

Gone mme, ga se dipelaelo tsotlhe tse di leng bosula. Ka dinako tse dingwe o tshwanetse go akanya thata ka sengwe go fitlhela o tlhomamisega ka sone. Dikgakololo tsa bodumedi tsa gore o tshwanetse go dumela fela mme o sa belaele sepe di kotsi e bile di a tsietsa. Gone ke boammaaruri, Baebele ya re lorato lo “dumela dilo tsotlhe.” (1 Bakorintha 13:7) Mokeresete yo o lorato o iketleeleditse go tshepa batho ba ba ileng ba itshupa ba ka ikanngwa mo nakong e e fetileng. Mme Lefoko la Modimo gape le re tlhagisa gore re se ka ra ‘dumela lefoko lengwe le lengwe.’ (Diane 14:15) Ka dinako tse dingwe dilo tse motho a di dirileng mo nakong e e fetileng di dira gore a belaelwe. Baebele e tlhagisa jaana: “Le fa [mmui yo o tsietsang] a dira lentswe la gagwe monate o se ka wa mo dumela.”—Diane 26:24, 25.

Moaposetoloi Johane le ene o tlhagisa Bakeresete gore ba se ka ba dumela dilo tsotlhe fela. O kwala jaana: “Lo se ka lwa dumela dipolelwana dingwe le dingwe tse di tlhotlheleditsweng, mme tlhatlhobang dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng go bona gore a di tswa mo Modimong.” (1 Johane 4:1) ‘Polelwana’  nngwe, thuto kgotsa kgopolo nngwe e ka bonala e tswa kwa Modimong. A mme gone e ne e tswa kwa go ene tota? Go belaela kana go se dumele ka bonako, go ka sireletsa thata ka go bo, jaaka moaposetoloi Johane a bolela, “batsietsi ba le bantsi ba tswetse mo lefatsheng.”—2 Johane 7.

Dipelaelo Tse di sa Utlwaleng

Ee, gantsi go a tlhokega gore motho ka boikanyegi le ka boikokobetso a tlhatlhobe dintlha go bona gore a di boammaaruri. Le fa go ntse jalo, seno ga se tshwane le go letla gore dipelaelo tse di sa utlwaleng le tse di gobatsang di gole mo ditlhaloganyong le mo dipelong tsa rona—dipelaelo tse di ka senyang dilo tse re di dumelang thata le dikamano tsa rona. Go belaela ka tsela e e ntseng jalo go tlhalosiwa e le “go sa tlhomamisege ka sengwe se o se dumelang kana kgopolo nngwe mo gantsi go kgoreletsang motho go dira tshwetso.” A o gakologelwa tsela e Satane a neng a tshwaetsa tlhaloganyo ya ga Efa ka yone gore a nne le dipelaelo ka ga Jehofa? O ile a botsa a re: “A tota go ntse jalo gore Modimo o rile lo se ka lwa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana?” (Genesise 3:1) Go sa tlhomamisega go go ileng ga bakiwa ke potso eo e e neng e bonala e se na molato go ile ga mo kgoreletsa go dira tshwetso e e siameng. Ke yone tsela e Satane a dirang dilo ka yone. Fela jaaka motho yo o senyang batho maina ka go kwala dilo tsa maaka, ke setswerere mo go diriseng magatwe, dilo tse di seng boammaaruri tota le maaka. Satane o sentse dikamano di le dintsi tse dintle le tse di ikanyegang ka go jala dipelaelo tse di bofitlha ka tsela e e ntseng jalo.—Bagalatia 5:7-9.

Morutwa Jakobe o ne a tlhaloganya ka botlalo tshenyo e e ka bakwang ke dipelaelo tse di tshwanang le tseno. O kwala ka tshiamelo e e molemo e re nang le yone ya go atamela Modimo ka kgololesego fa re le mo tekong. Mme Jakobe o tlhagisa gore fa o rapela Modimo, o ‘nne o kope ka tumelo, o sa belaele ka gope.’ Go nna le dipelaelo mo kamanong ya rona le Modimo go dira gore re tshwane le “lekhubu la lewatle le le kgweediwang ke phefo e bile le phailakwa.” Re nna jaaka “motho yo o sa kgoneng go dira tshwetso, yo o sa nitamang mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe.” (Jakobe 1:6, 8) Re simolola go belaela se re se dumelang re bo re sala re sa kgone go dira ditshwetso. Mme fela jaaka go ile ga diragalela Efa, re simolola go amiwa ke mefuta yotlhe ya dithuto tsa bodimona le difilosofi.

Go Nna o Itekanetse Sentle Semoyeng

Ka jalo, re ka itshireletsa jang mo dipelaelong tse di senyang? Karabo e tlhamaletse: ka go gana maaka a ga Satane ka nitamo le go dirisa dilo tsotlhe tse Modimo a re rulaganyeditseng tsone gore re nne re “nonofile mo tumelong.”—1 Petere 5:8-10.

Se se botlhokwa thata ke go ja sentle semoyeng. Mokwadi Peter Wingate yo o umakilweng pelenyana o tlhalosa jaana: “Le fa mmele o ikhuditse tota o tlhoka go nna o ntse o bona maatla gore o tle o kgone go dira le gore dirwe tsa one tse di botlhokwa di nne di bereke; le dilo tse dithishu tse dintsi di dirilweng ka tsone di tlhoka go nna di ntse di emisediwa.” Go a tshwana le ka botsogo jwa rona jwa semoya. Fa re sa je dijo tsa semoya ka metlha, fela jaaka mmele o o sa boneng dijo, tumelo ya rona e tla senyega ka bonya ka bonya go fitlhela e swa. Jesu Keresete o ne a gatelela seno fa a ne a re: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.”—Mathaio 4:4.

Akanya ka seo. Go tlile jang gore re nne le tumelo e e nonofileng mo tshimologong? Moaposetoloi Paulo o kwala jaana: “Tumelo e latela selo se se utlwilweng.” (Baroma 10:17) O raya gore re simolotse re aga tumelo ya rona le go ikanya Jehofa, ditsholofetso tsa gagwe le phuthego ya gagwe ka go ikotla ka Lefoko la Modimo. Gone mme, re ne re sa dumele sengwe le sengwe fela se re se utlwang. Re ile ra dira se batho ba ba neng ba nna mo motseng wa Berea ba ileng ba se dira. Re ile ra “tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno di ne di ntse jalo.” (Ditiro 17:11) Re ile ra ‘iponela se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone,’ mme ra tlhomamisa gore se re neng re se utlwile se ne se le boammaaruri. (Baroma 12:2; 1 Bathesalonika 5:21) Fa e sa le ka nako eo, gongwe re ile ra nonotsha tumelo ya rona fa re ntse re bona sentle gore Lefoko la Modimo le ditsholofetso tsa gagwe ga di ke di tlhoka go diragala.—Joshua 23:14; Isaia 55:10, 11.

 Tila go Bolawa ke Tlala ya Semoya

Jaanong re na le kgwetlho ya go boloka tumelo ya rona le go tila go belaela ka gope dilo tse re di dumelang tse di ka koafatsang tsela e re ikanyang Jehofa le phuthego ya gagwe ka yone. Gore re kgone go dira seno re tshwanetse go tswelela pele re tlhatlhoba Dikwalo letsatsi le letsatsi. Moaposetoloi Paulo o tlhagisa gore “mo dipakeng tsa moragonyana tsa nako bangwe [ba kwa tshimologong ba bonalang ba na le tumelo e e nonofileng] ba tla wa mo tumelong, ba tlhokomela dipolelo tse di tlhotlheleditsweng tse di tsietsang le dithuto tsa madimona.” (1 Timotheo 4:1) Dipolelo le dithuto tseno tse di tsietsang di jala dipelaelo mo ditlhaloganyong tsa bangwe mme di ba kgaoganya le Modimo. Re ka itshireletsa ka eng? Ka go tswelela pele re “[otliwa] ka mafoko a tumelo le a thuto e e molemo e [re] e lateletseng gaufi thata.”—1 Timotheo 4:6.

Mme ka maswabi, gompieno bangwe ba tlhopha go se ‘otliwe ka mafoko a tumelo’—le e leng fa go otliwa jalo go bonwa mahala. Jaaka mongwe wa bakwadi ba buka ya Diane a bontsha, motho a ka kgona go nna le dijo tse dintsi tse di molemo tsa semoya, mokete wa dijo tsa semoya, jaaka go ka tualo, mme le fa go ntse jalo a bo a sa je le go sila dijo tseo.—Diane 19:24; 26:15.

Seno se kotsi. Mokwadi Peter Wingate a re: “Fela fa mmele o simolola go dirisa diporoteine tsa one, o simolola go nna bokoa.” Fa o bolawa ke tlala, mmele o simolola go dirisa mafura a o a ipeetseng mo mmeleng. Fa a fela, mmele o simolola go dirisa poroteine e e thusang gore dithishu di tswelele di gola le go baakanngwa. Dirwe tse di botlhokwa di simolola go senyega. Go tswa foo botsogo jwa gago bo simolola go koafala ka bonako.

Seno ke se se ileng sa diragalela bangwe mo phuthegong ya pele ya Bokeresete ka tsela ya semoya. Ba ile ba leka go tshela ka dilo tsa semoya tse ba neng ba di ithutile kgale. Go ka direga gore ba ile ba tlodisa thuto ya bone ya ka namana matlho mme ba koafala semoyeng. (Bahebera 5:12) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa kotsi ya go dira seno fa a ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera jaana: “Go [a tlhokega] gore re ele tlhoko thata dilo tse re di utlwileng go feta kafa go tlwaelegileng ka teng, gore le ka motlha re se ka ra katogela go sele ka bonya.” O ne a itse gore go ne go ka nna motlhofo jang go tsena mo mekgweng e e bosula fa re “tlhokomolog[a] poloko ya bogolo jo bo kalo.”—Bahebera 2:1, 3.

Se se gakgamatsang ke gore motho yo o nang le phepelotlase ga se gantsi a lebegang a lwala kana a le mosesane. Ka tsela e e tshwanang, go ka se bonale ka bonako gore motho o bolawa ke tlala ya semoya. O ka nna wa bonala o itekanetse semoyeng le fa gone o sa otliwe sentle—mme e le ka lobakanyana fela! Ruri o tla koafala semoyeng, o nne le dipelaelo tse di sa utlwaleng mme o palelwe ke go lwa ntwa ka thata o lwela tumelo. (Jude 3) Wena o a itse—le fa go sa itse ope o sele—kafa tota o jang ka gone semoyeng.

Ka jalo, tswelela o ithuta ka namana. Lwantsha dipelaelo ka tlhoafalo. Go itlhokomolosa se se lebegang e le go tshwaetsega go le gonnye fela, o sa dire sepe ka dipelaelo tse di tlhobaetsang, go ka nna le diphelelo tse di maswe tota. (2 Bakorintha 11:3) ‘A ruri re tshela mo malatsing a bofelo? A o ka dumela sengwe le sengwe se se mo Baebeleng? A ruri eno ke phuthego ya ga Jehofa?’ Satane a ka rata thata go jala dipelaelo tse di ntseng jaana mo tlhaloganyong ya gago. O se ka wa letla gore go nna le mokgwa wa go itlhokomolosa go iphepa semoyeng go go dire gore o tsiediwe motlhofo ke dithuto tsa gagwe tsa maaka. (Bakolosa 2:4-7) Latela kgakololo e e ileng ya newa Timotheo. Nna moithuti yo o molemo wa “mekwalo e e boitshepo” gore o kgone go “tswelela mo dilong tse o di ithutileng wa ba wa tlhotlhelediwa go di dumela.”—2 Timotheo 3:13-15.

O ka nna wa tlhoka thuso gore o dire seno. Mokwadi yo o nopotsweng pelenyana o tswelela ka  go re: “Fa motho a bolailwe ke tlala thata dirwe tse di silang dijo di ka gobala thata ka ntlha ya go tlhoka dibitamine le dilo tse dingwe tse di botlhokwa mo di sa tlholeng di kgona go sila dijo tse di tlwaelegileng. Batho ba ba mo seemong seno ba ka nna ba tlhoka go newa dijo tse di sa tlhokeng go silwa thata ka nako e e rileng.” Go tlhokega tlhokomelo e e kgethegileng go fodisa matswela a go bolaisa mmele tlala. Ka tsela e e tshwanang, motho yo o ileng a tlhokomologa thuto ya gagwe ya Baebele thata a ka nna a tlhoka thuso le kgothatso e ntsi gore a boe a nne le keletso ya dijo tsa semoya. Fa o le mo boemong joo, senka thuso o bo o amogele ka boitumelo thuso epe e o ka e newang gore o boe o itekanele o bo o nonofe semoyeng.—Jakobe 5:14, 15.

O se Ka wa “Reketla ka Ntlha ya go Tlhoka Tumelo”

Ka ntlha ya maemo a tlhogo ya lotso e bong Aborahame, bangwe ba ka nna ba akanya gore o ne a na le mabaka a a utlwalang a go nna le dipelaelo. Go ka bonala go utlwala go swetsa ka gore ‘o ne a ka se ka a nna le tsholofelo ya go nna rraagwe ditšhaba tse dintsi’—go sa kgathalesege gore Modimo o ne a solofeditse eng. Ka ntlha yang? Gone mme, fa re akanya ka tsela ya batho fela, dilo di ne di sa solofetse go le kalo. ‘O ne a akanya ka mmele wa gagwe o o neng o setse o sule le popelo ya ga Sara e e neng e setse e sule,’ Baebele ya rialo. Mme gone, o ne a gana ka tlhoafalo gore dipelaelo ka ga Modimo le ditsholofetso tsa gagwe di gole mo tlhaloganyong le mo pelong ya gagwe. Moaposetoloi Paulo o kwala jaana: “[O] ne a se ka a nna bokoa mo tumelong,” kana “a reketla ka ntlha ya go tlhoka tumelo.” Aborahame o ne a nna “a tlhatswegile pelo ka botlalo gore se [Modimo] a neng a se solofeditse gape o ne a ka kgona go se dira.” (Baroma 4:18-21) O ne a feditse dingwaga di le dintsi a aga botsala jo bo kitlaneng jo bo nonofileng le Jehofa e bile a mo ikanya. O ne a lwantsha dipelaelo dipe fela tse di neng di ka koafatsa kamano eo.

Le wena o ka dira se se tshwanang fa o “nna o tshegeditse sekao sa mafoko a a itekanetseng”—fa o iphepa sentle semoyeng. (2 Timotheo 1:13) Tsaya kotsi ya go nna le dipelaelo e le kgang e e masisi. Satane o lwa se re ka reng ke ntwa ya semoya ya dibaketeria. Fa o itlhokomolosa go ja dijo tse di otlang tsa semoya ka go nna le thuto ya gago ka namana ya Baebele le ka go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete, o ipaya mo kotsing ya go tlhaselwa ka tsela e e ntseng jalo. Dirisa ka botlalo dijo tse dintsi tsa semoya le tse di mo nakong tse re di newang ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45) Tswelela o “dumalane le mafoko a a itekanetseng” mme o nne o “itekanele mo tumelong.” (1 Timotheo 6:3; Tito 2:2) O se ka wa letla dipelaelo di senya tumelo ya gago.

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

O ja sentle go le kana kang semoyeng?