Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Fa e Le Gore Modimo o Kafa go Rona, ke Mang yo o Tla Nnang Kgatlhanong le Rona?”

“Fa e Le Gore Modimo o Kafa go Rona, ke Mang yo o Tla Nnang Kgatlhanong le Rona?”

 “Fa e Le Gore Modimo o Kafa go Rona, ke Mang yo o Tla Nnang Kgatlhanong le Rona?”

“Jaanong, re tla reng ka dilo tseno? Fa e le gore Modimo o kafa go rona, ke mang yo o tla nnang kgatlhanong le rona?”—BAROMA 8:31.

1. Ke bomang ba ba neng ba tsamaya le Baiseraele go tswa kwa Egepeto mme ke eng se se neng sa ba dira gore ba dire jalo?

FA BAISERAELE ba tloga ba bona kgololesego morago ga go fetsa dingwaga di le 215 kwa Egepeto, bontsi jwa nako eo ba le mo bokgobeng, “batho ba bantsi ba ba kopakopaneng le bone ba tsamaya le bone.” (Ekesodo 12:38) Batho bano ba e seng Baiseraele ba ne ba bone dipetso tse di lesome tse di gakgamatsang tse di neng tsa tlela Egepeto le go nyenyefatsa medimo ya teng ya maaka. E bile gape, ba ne ba bone—segolobogolo go tloga ka petso ya bonè go ya pele—gore Jehofa o kgona go sireletsa batho ba gagwe. (Ekesodo 8:23, 24) Le fa ba ne ba sa itse maikaelelo a ga Jehofa go le kalo, ba ne ba se na pelaelo ka kgang ya gore: Medimo ya Egepeto e paletswe ke go sireletsa Baegepeto fa Jehofa ene a ile a supa gore o nonofile go sireletsa Baiseraele.

2. Ke eng fa Rahabe a ile a ema ditlhodi tsa Iseraele nokeng, mme ke eng fa tsela e a neng a tshepa Modimo wa bone ka yone e se kile ya nna ya lefela?

2 Dingwaga di le 40 moragonyana, pele fela ga gore Baiseraele ba tsene mo nageng e e Solofeditsweng, motlhatlhami wa ga Moshe e bong Joshua o ne a romela banna ba babedi gore ba ye go tlhola naga eo. Ba ile ba kopana le Rahabe, moagi wa Jeriko. Go tswa mo go se a neng a se utlwile ka ditiro tse di maatla tsa ga Jehofa tsa go sireletsa Baiseraele mo dingwageng tse 40 fa e sa le ba tswa kwa Egepeto, o ne a itse gore fa e le gore o batla go segofadiwa ke Modimo, o ne a tshwanetse go ema batho ba Modimo nokeng. Ka ntlha ya tshwetso e e molemo e a ileng a e dira, ene le lelapa la gagwe ba ile ba se ka ba bolawa fa Baiseraele moragonyana ba ne ba gapa motse. Tsela e e gakgamatsang e ba neng ba sireleditswe ka yone ka boyone fela e ne e le bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore Modimo o ne a eme Baiseraele nokeng. Ka gone, tsela e Rahabe a neng a tshepa Modimo wa Baiseraele ka yone e ne ya se ka ya nna ya lefela.—Joshua 2:1, 9-13; 6:15-17, 25.

3. (a) Ke kgakgamatso efe e Jesu a neng a e dira fa a ne a le gaufi le motse o o neng o agilwe sesha wa Jeriko, mme baruti ba Bajuda ba ne ba itshwara jang? (b) Bajuda bangwe, moragonyana le bontsi jwa batho ba e neng e se Bajuda ba ne ba simolola go lemoga eng?

3 Makgolo a dingwaga a ka nna 15 moragonyana, Jesu Keresete  o ne a fodisa mokopi yo o foufetseng gaufi le motse o o neng o agilwe sesha wa Jeriko. (Mareko 10:46-52; Luke 18:35-43) Monna yono o ne a kopa Jesu gore a mo utlwele botlhoko, a bontsha gore o ne a lemoga gore Jesu o ne a thusiwa ke Modimo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda le balatedi ba bone, gantsi ba ne ba gana go dumela dikgakgamatso tsa ga Jesu tse e neng e le bosupi jwa gore o ne a dira tiro ya Modimo. Go na le moo, ba ne ba mo tshwayatshwaya diphoso. (Mareko 2:15, 16; 3:1-6; Luke 7:31-35) Tota le fa ba ne ba bona bosupi jwa gore Jesu o ne a tsositswe morago ga go bolawa, ba ne ba sa batle go dumela gore ke Modimo yo o dirileng jalo. Go na le moo, ba ile ba etelela pele mo go bogiseng balatedi ba ga Jesu, ba leka go kganela tiro ya bone ya go “bolela dikgang tse di molemo tsa Morena Jesu.” Mme Bajuda bangwe, moragonyana le batho ba bantsi ba e neng e se Bajuda, ba ile ba ela ditiragalo tseno tlhoko mme ba di sekaseka sentle. Ba ne ba kgona go bona sentle gore Modimo o ne a sa amogele baeteledipele ba Bajuda ba ba neng ba ipona ba le tshiamo mme o ne a ema balatedi ba ga Jesu Keresete ba ba boikokobetso nokeng.—Ditiro 11:19-21.

Gompieno ke Bomang ba ba Amogelwang ke Modimo?

4, 5. (a) Batho bangwe ba ikutlwa jang malebana le go tlhopha bodumedi? (b) Potso e e botlhokwa e e ka thusang motho go tlhopha bodumedi jwa boammaaruri ke efe?

4 Malebana le kgang ya bodumedi jwa boammaaruri, moruti mongwe o ile a bua jaana mo potsolotsong ya thelebishene bosheng jaana: “Ke dumela gore bodumedi ke jwa boammaaruri fa bo dira gore motho wa jone a nne yo o botoka fa a tshela go ya ka melao ya jone.” Ke boammaaruri gore bodumedi jwa boammaaruri bo dira gore batho ba nne ba ba botoka. Mme gone, a kgang ya go bo bodumedi bongwe bo dira gore batho ba jone ba nne ba ba botoka e supa gore Modimo o a bo amogela? A ke yone fela tsela e re tshwanetseng go bona ka yone gore a bodumedi ke jwa boammaaruri?

5 Mongwe le mongwe o anaanela go bo a na le tshwanelo ya go itlhophela, go akaretsa le go itlhophela bodumedi jo a bo ratang. Le fa go ntse jalo, go nna le tshiamelo ya go itlhophela ga go bolele gore motho o tla tlhopha jo bo siameng. Ka sekai, batho bangwe ba tlhopha bodumedi go ya ka bogolo jwa jone, khumo ya jone, mekete ya jone kana go ya ka ba losika. Ga go sepe sa dilo tseno se se ka thusang motho go bona gore a bodumedi jo bo rileng ke jwa boammaaruri kana nnyaa. Potso ya botlhokwa mo kgannyeng eno ke gore: Ke bodumedi bofe jo bo tlhotlheletsang balatedi ba jone go dira thato ya Modimo e bile bo neela bosupi jo bo nonofileng jwa gore bo amogelwa ke Modimo mo e leng gore balatedi ba jone ba ka bua ba se na pelaelo ba re, “Modimo o kafa go rona”?

6. Ke mafoko afe a ga Jesu a a re nayang lesedinyana malebana le bodumedi jwa boammaaruri le jwa maaka?

6 Jesu o ile a tlhoma molao wa go tlhaola kobamelo ya boammaaruri mo go ya maaka fa a ne a re: “Itiseng mo baporofeting ba maaka ba ba tlang mo go lona ba le mo diaparong tsa dinku, mme mo teng e le diphiri tse di garolakang. Lo tla ba lemoga ka maungo a bone.” (Mathaio 7:15, 16; Malaki 3:18) A re sekasekeng mangwe a “maungo” kana matshwao a a senolang bodumedi jwa boammaaruri e le gore re tle re kgone go lemoga sentle  gore tota ke bomang gompieno ba ba amogelwang ke Modimo.

Matshwao a a Tlhaolang ba ba Amogelwang ke Modimo

7. Go ruta fela dilo tse di theilweng mo Baebeleng go bolela eng?

7 Dithuto tsa bone di theilwe mo Baebeleng. Jesu o ile a re: “Se ke se rutang ga se sa me, mme ke sa yo o nthomileng. Fa mongwe a eletsa go dira thato ya Gagwe, o tla itse ka ga thuto eno gore a e tswa kwa Modimong kgotsa ke bua mo go tswang mo go nna.” Gape o ne a re: “Yo o tswang mo Modimong o reetsa mafoko a Modimo.” (Johane 7:16, 17; 8:47) Ga go pelaelo gore fa motho a batla go amogelwa ke Modimo o tshwanetse go ruta fela dilo tse Modimo a di senotseng mo Lefokong la gagwe le go gana dithuto tse di theilweng mo botlhaleng jwa batho kana mo dingwaong tsa bone.—Isaia 29:13; Mathaio 15:3-9; Bakolosa 2:8.

8. Ke eng fa go le botlhokwa go dirisa leina la Modimo mo kobamelong?

8 Ba dirisa leina la Modimo, Jehofa, le go le itsise batho. Isaia o ile a bolelela pele jaana: “Mo letsatsing leo ruri lo tla re: ‘Ntshetsang Jehofa ditebogo! Bitsang leina la gagwe. Itsiseng ditšhaba ditiro tsa gagwe. Umakang gore leina la gagwe le godisitswe. Leletsang Jehofa pina, gonne o dirile ka tsela e e gaisang. Seno se itsisiwe mo lefatsheng lotlhe.” (Isaia 12:4, 5) Jesu o ile a ruta balatedi ba gagwe go rapela jaana: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.” (Mathaio 6:9) Ka gone, Bakeresete ba ne ba tshwanetse go nna “batho ba leina la [Modimo]” e ka ne e le Bajuda kana e se Bajuda. (Ditiro 15:14) Ga go pelaelo gore Modimo o itumelela go amogela batho ba ba leng motlotlo go bo e le “batho ba leina la gagwe.”

9. (a) Ke eng fa batho ba bodumedi jwa boammaaruri ba lemogwa ka go nna batho ba ba itumetseng? (b) Isaia o farologanya jang bodumedi jwa boammaaruri le jwa maaka?

9 Ke batho ba ba itumetseng fela jaaka Modimo. E re ka Jehofa e le ene mong wa “dikgang tse di molemo” ke “Modimo yo o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11) Ka gone go ka tla jang gore baobamedi ba gagwe e nne batho ba ba sa itumelang kana ba ka metlha ba se nang tsholofelo? Le fa Bakeresete ba boammaaruri ba tshela mo lefatsheng le le nang le mathata e bile bone ka bobone ba na le mathata, ke batho ba ba nnang ba itumetse ka gonne ba iphepa ka metlha ka dijo tse dintsi tsa semoya. Isaia o ba farologanya jaana le batho ba bodumedi jwa maaka: “Morena Molaodimogolo Jehofa o buile jaana: ‘Bonang! Batlhanka ba me ba tla ja, mme lona lo tla tshwarwa ke tlala. Bonang! Batlhanka ba me ba tla nwa, mme lona lo tla tshwarwa ke lenyora. Bonang! Batlhanka ba me ba tla ipela, mme lona lo tla tlhajwa ke ditlhong. Bonang! Batlhanka ba me ba tla goa ka boipelo ka ntlha ya seemo se se molemo sa pelo, mme lona lo tla lela ka ntlha ya botlhoko jwa pelo mme lo tla bokolela ka ntlha ya go hutsafala thata ga moya.’”—Isaia 65:13, 14.

10. Batho ba ba mo bodumeding jwa boammaaruri ba thusiwa ke eng gore ba se ka ba ithuta dilo ka go lekeletsa?

10 Boitshwaro le ditshwetso tsa bone di ikaegile ka melaometheo ya Baebele. Mokwadi wa Diane o re gakolola jaana: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.” (Diane 3:5, 6) Modimo o amogela batho ba ba ikanyang kaelo ya gagwe go na le go ikanya dikgopolo tse di ganetsanang tsa batho ba ba itlhokomolosang botlhale jwa Modimo. Fa motho a rata thata go tshela go ya ka Lefoko la Modimo o tla kgona go tila go tshela botshelo jwa go lekeletsa.—Pesalema 119:33; 1 Bakorintha 1:19-21.

11. (a) Ke eng fa maloko a bodumedi jwa boammaaruri a ka se ikgaoganye ka go nna le setlhopha sa baruti le sa ba e seng baruti? (b) Batho ba ba etelelang pele mo bathong ba Modimo ba tshwanetse go nna sekao se se ntseng jang mo letsomaneng?

11 Ba rulagantswe go ya ka tsela ya phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya Bokeresete. Jesu o ne a tlhoma molaomotheo o o reng: “Lo se ka lwa bidiwa Rabi, gonne moruti wa lona o mongwe, mme lona lotlhe lo bakaulengwe. Mo godimo ga moo, lo se ka lwa bitsa ope rraalona mo lefatsheng, gonne Rraalona o mongwe, Wa selegodimo. Le gone lo se ka lwa bidiwa ‘baeteledipele,’ gonne Moeteledipele wa lona o mongwe, e bong Keresete. Mme yo mogolo thata mo go lona o tshwanetse go nna modiredi wa lona.” (Mathaio 23:8-11) Phuthego ya batho ba e leng bakaulengwe ga e nne le setlhopha se se ikgogomosang  sa baruti se se iphang direto tsa maemo le go itlotlomaletsa batho ba e seng baruti. (Jobe 32:21, 22) Batho ba e leng badisa ba letsomane la Modimo ba laelwa gore ba dire jalo “e seng ka go patelelwa, mme e nne ka go rata; e bile e seng ka go rata poelo ya go sa ikanyege, mme e nne ka tlhagafalo; gape e seng ka go rena mo go ba e leng boswa jwa Modimo, mme e nne ka go nna dikao mo letsomaneng.” (1 Petere 5:2, 3) Badisa ba Bakeresete ba boammaaruri ba tila go laola tumelo ya batho ba bangwe. E re ka re le badirimmogo le bone mo tirong ya Modimo, ba leka fela go nna sekao se se molemo mo go bone.—2 Bakorintha 1:24.

12. Ke pono efe e e lekalekaneng malebana le dipuso tsa batho e Modimo a batlang batho ba ba batlang a ba amogela ba nna le yone?

12 Ba ikokobeletsa dipuso tsa batho mme gone ga ba tseye letlhakore. Batho ba ba sa batleng go ‘nna mo taolong ya balaodi ba bagolo,’ ba ka se ka ba lebelela gore Modimo a ba amogele. Ka ntlha yang? Ka gonne “balaodi ba ba leng gone ba eme ba tlhomilwe ke Modimo mo maemong a bone a a lekanyeditsweng. Jalo yo o ganetsang taolo o ganetsana le thulaganyo ya Modimo.” (Baroma 13:1, 2) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a itse gore go ka direga gore go nne le go thulana fa a ne a re: “Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” (Mareko 12:17) Batho ba ba batlang go amogelwa ke Modimo ba tshwanetse go ‘nna ba batla pele bogosi [jwa Modimo] le tshiamo ya gagwe,’ fa ka fa letlhakoreng le lengwe ba ntse ba ikobela melao ya naga ya bone e e sa thulaneng le maikarabelo a bone a magolwane mo Modimong. (Mathaio 6:33; Ditiro 5:29) Jesu o ile a gatelela kgang ya go se tseye letlhakore fa a ne a bua jaana ka barutwa ba gagwe: “Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” Moragonyana o ile a oketsa jaana: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.”—Johane 17:16; 18:36.

13. Lorato lo na le seabe sefe mo go tlhaoleng batho ba Modimo?

13 Ga ba tlhaole mo go “direng se se molemo mo go botlhe.” (Bagalatia 6:10) Lorato lo Bakeresete ba nang le lone ga lo tlhaole batho, ba amogela batho botlhe ba sa lebe mmala wa motho, khumo ya gagwe kana maemo a thutego, setšhaba kana puo. Go dira ga bone se se molemo mo go botlhe mme segolobogolo mo go ba ba amanang le bone ka tumelo go thusa motho go bona gore ke bomang ba ba amogelwang ke Modimo. Jesu o ile a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.”—Johane 13:35; Ditiro 10:34, 35.

14. A batho ba ba amogelwang ke Modimo ba ratwa ke batho botlhe? Tlhalosa.

14 Ba iketleeleditse go bogisiwa ka ntlha ya go dira thato ya Modimo. Jesu o ile a tlhagisa balatedi ba gagwe jaana go sa le gale: “Fa ba mpogisitse, ba tla lo bogisa le lona; fa ba bolokile lefoko la me, ba tla boloka le la lona.” (Johane 15:20; Mathaio 5:11, 12; 2 Timotheo 3:12) Batho ba ba amogelwang ke Modimo ga ba bolo go nna ba sa ratwe ke batho, fela jaaka go ne go ntse ka Noa, yo o neng a atlhola lefatshe ka tumelo ya gagwe. (Bahebera 11:7) Gompieno, batho ba ba batlang go amogelwa ke Modimo ga ba nyenyefatse lefoko la Modimo kana go itlhokomolosa melaometheo ya gagwe e le fela gore ba se ka ba bogisiwa. Fa fela ba direla Modimo ka boikanyegi, ba a itse gore batho ba tla ‘akabala  e bile ba tswelela ba bua ka bone ka go kgoba.’—1 Petere 2:12; 3:16; 4:4.

Nako ya go Sekaseka Mabaka

15, 16. (a) Ke dipotso dife tse di ka re thusang go tshwaya bodumedi jo bo amogelwang ke Modimo? (b) Ke tshwetso efe e dimilione tsa batho di e dirileng mme ka ntlha yang?

15 Ipotse jaana, ‘Ke bodumedi bofe jo bo itsegeng ka go kgomarela Lefoko la Modimo tota le fa dithuto tsa jone di farologana le ditumelo tsa bontsi jwa batho? Ke bomang ba ba gatelelang botlhokwa jwa leina la Modimo, tota e bile ba ipitsa ka lone? Ke bomang ba ka tsholofelo yotlhe ba bolelang fa Bogosi jwa Modimo e le jone fela jo bo tla rarabololang mathata otlhe a batho? Ke bomang ba ba latelang melao ya boitshwaro ya Baebele ka go ipaya mo kotsing ya go tsewa e le batho ba ba sa tlhabologang? Ke setlhopha sefe se se itsegeng se se na baruti ba ba duelwang, se maloko a sone otlhe e leng bareri? Ke bomang ba ba akgolelwang go nna baagi ba ba ikobelang molao, tota le fa ba sa nne le seabe mo dipolotiking? Ke bomang ba lorato lwa bone lo ba tlhotlheletsang go dirisa nako le madi a bone go thusa batho ba bangwe go ithuta ka Modimo le maikaelelo a gagwe? Ke bomang ba le mororo go na le dilo tseno tse di molemo ka bone, ba sa ntseng ba nyadiwa, ba sotlwa e bile ba bogisiwa?’

16 Dimilione tsa batho mo lefatsheng lotlhe ba ile ba sekaseka mabaka mme ba ile ba tlhatswega pelo gore Basupi ba ga Jehofa ke bone fela ba ba leng mo bodumeding jwa boammaaruri. Ba dirile tshwetso eno ka ntlha ya se Basupi ba ga Jehofa ba se rutang le tsela e ba itshwarang ka yone le melemo e bodumedi jwa bone bo e dirileng. (Isaia 48:17) Tota e bile, dimilione tsa batho di bua jaana jaaka go boleletswe pele mo go Sekaria 8:23: “Re tla tsamaya le lona, gonne re utlwile gore Modimo o na le lona.”

17. Ke eng fa e se go ikgodisa fa Basupi ba ga Jehofa ba bolela gore bodumedi jwa bone ke jwa boammaaruri?

17 A Basupi ba ga Jehofa ba a ikgodisa fa ba bolela gore ke bone fela ba ba amogelwang ke Modimo? Tota ga go a nna jalo, go ntse fela jaaka fa Baiseraele kwa Egepeto ba ne ba bolela gore ke bone ba Modimo a ba amogelang e seng bodumedi jwa Baegepeto, kana fa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba bolela gore Modimo o amogela bodumedi jwa bone e seng jwa Bajuda. Mabaka a supa boammaaruri jwa seno. Mo dinageng tse 235, Basupi ba ga Jehofa ba dira tiro e Jesu a ileng a bolelela pele gore balatedi ba gagwe ba boammaaruri ba ne ba tla e dira mo motlheng wa bokhutlo: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore  e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Mathaio 24:14.

18, 19. (a) Ke eng fa go se na lebaka la gore Basupi ba ga Jehofa ba kgaotse go dira tiro ya bone ya go rera le mororo ba ganediwa? (b) Pesalema 41:11 e tshegetsa jang kgang ya gore Basupi ba amogelwa ke Modimo?

18 Basupi ba ga Jehofa ba tla tswelela pele ba dira tiro eno ba sa letle gore go bogisiwa kana go ganediwa go kgoreletse tiro ya bone. Tiro ya ga Jehofa e tshwanetse ya dirwa mme e bile e tla dirwa. Maiteko otlhe a batho bangwe ba a dirileng mo lekgolong la dingwaga le le fetileng go kgoreletsa Basupi gore ba se ka ba wetsa tiro ya Modimo ga a atlega le e seng, ka gonne Jehofa o solofeditse jaana: “Sebetsa le fa e ka nna sefe se se tla bopiwang kgatlhanong le wena ga se kitla se atlega, mme loleme le fa e ka nna lofe lo lo tla emang kgatlhanong le wena mo katlholong o tla lo bona molato. Seno ke se se ruilweng boswa sa batlhanka ba ga Jehofa, mme tshiamo ya bone e tswa mo go nna.”—Isaia 54:17.

19 Kgang ya go bo Basupi ba ga Jehofa ba nonofile e bile ba tlhagafetse go feta le fa e le leng pele—le mororo ba ganediwa thata mo lefatsheng lotlhe—ke bosupi jwa gore Jehofa o itumelela se ba se dirang. Kgosi Dafide o ile a re: “Ke itse ka seno gore o a nkgatlhegela, ka gonne mmaba wa me ga a goe ka phenyo mo go nna.” (Pesalema 41:11; 56:9, 11) Baba ba ga Jehofa ga ba kitla ba tlhola ba goa batho ba ga Jehofa ka phenyo, ka gonne Moeteledipele wa bone, Jesu Keresete, o gatela pele go ya phenyong ya makgaolakgang!

A o Kgona go Araba?

• Dingwe tsa dikai tsa bogologolo tsa batho ba ba neng ba amogelwa ke Modimo ke dife?

• Dingwe tsa dilo tse di tshwayang bodumedi jwa boammaaruri ke dife?

• Ke eng fa wena ka bowena o tlhatswegile pelo gore Basupi ba ga Jehofa ba amogelwa ke Modimo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Batho ba ba batlang go amogelwa ke Modimo ba tshwanetse go thaya dithuto tsa bone mo Lefokong la gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Bagolwane ba Bakeresete ke dikao mo letsomaneng