Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Ka Botlhale Malatsi a Rona a Tla Nna Mantsi’

‘Ka Botlhale Malatsi a Rona a Tla Nna Mantsi’

 ‘Ka Botlhale Malatsi a Rona a Tla Nna Mantsi’

KE MANG yo o ka ganelang gore tota botlhale bo botlhokwa thata mo go rarabololeng mathata a botshelo? Botlhale jwa mmatota ke bokgoni jwa go dirisa kitso le tlhaloganyo ka tsela e e tshwanetseng. Bo farologana thata le boeleele, bomatla le botsenwa. Ka gone Dikwalo di re kgothaletsa gore re bapale botlhale. (Diane 4:7) Tota e bile, buka ya Baebele ya Diane e ile ya kwalwa thatathata go naya botlhale le go kgalemela. Mafoko a yone a a simololang a balega jaana: “Diane tsa ga Solomone morwa Dafide, kgosi ya Iseraele, gore motho a itse botlhale le kotlhao, a lemoge mafoko a tlhaloganyo.”—Diane 1:1, 2.

Akanya fela ka dithuto tse di utlwalang tsa dikgaolo tsa ntlha tsa Diane. Jaaka rre yo o lorato yo o kgothatsang morwawe, Solomone o ikuela mo babading ba gagwe gore ba tseye botlhale tsia. (Dikgaolo 1 le 2) O re bontsha kafa re ka nnang le botsalano jo bogolo le Jehofa ka teng le kafa re ka sireletsang dipelo tsa rona ka teng. (Dikgaolo 3 le 4) Re gakololwa gore re nne re le phepa mo boitshwarong. (Dikgaolo 5 le 6) Ee, tsela e ditiro tsa motho yo o nang le boitsholo jo bo maswe di senolwang ka yone e botlhokwa thata mo go rona. (Kgaolo 7) Mme a bo boikuelo jwa botlhale jo bo mothofaditsweng bo kgatlha mongwe le mongwe jang ne! (Kgaolo 8) Pele ga Kgosi Solomone a fetela kwa dianeng tse dikhutshwane mo dikgaolong tsa moragonyana, o dira tshobokanyo e e tlhotlheletsang ya se a setseng a se buile go fitlha fano.—Kgaolo 9.

‘Tla o je Senkgwe sa me Mme o Nwe Beine ya Me’

Konelo ya karolo ya ntlha ya Diane ga se tshobokanyo e e lapisang e e tlhalosang fela kgakololo e e umakilweng pelenyana. Go na le moo, e tlhalosiwa ka tsela e e kgatlhang le e e molemo ya go tshwantsha, e e tlhotlheletsang mmadi go batla botlhale.

Kgaolo ya borobongwe ya buka ya Baebele ya Diane e simolola ka mafoko ano: “Botlhale jwa boammaaruri bo agile ntlo ya jone; bo betlile dipilara tsa jone tse supa.” (Diane 9:1) Mokanoki mongwe o akantsha gore polelwana “dipilara tse supa,” e “amana le kago e kgolo e e agiwang mo lelwapeng, kago eno e tshegeditswe ke dipilara di le tharo mo letlhakoreng lengwe le lengwe le e le nngwe mo gare mo letlhakoreng la boraro le le lebaganeng le lebala le e neng e le botseno.” Gone mme, botlhale jwa mmatota bo agile ntlo e e nitameng go amogela baeng ba bantsi.

Go baakantswe sengwe le sengwe gore moletlo o simolole. Nama le beine di teng. Botlhale ka bojone bo ile jwa apaya nama le go baakanya tafole. “Bo rulagantse go tlhaba phologolo; bo tlhakantse beine ya jone; go feta moo, bo rulagantse tafole ya jone.” (Diane 9:2) Ga go na pelaelo gore go na le dijo tse di kgatlhang tsa semoya tse di tlhokang go elwa tlhoko mo tafoleng eno ya tshwantshetso.—Isaia 55:1, 2.

Ke bomang ba ba laleditsweng go tla moletlong o o rulagantsweng ke botlhale jwa boammaaruri? “Bo rometse bahumagatsana ba jone ba ba bo tlhokomelang, gore bo tle bo tlhaeletse kwa godimo ga motse: ‘Le fa e le mang yo o se nang maitemogelo, a a fapogele fano.’ Le fa e le mang yo o seng botlhale—o mo reile a re: ‘Tlang, lo iphepe ka senkgwe sa me lo bo lo nne le seabe mo go nweng beine e ke e tlhakantseng. Tlogelang ba ba se nang maitemogelo mme lo tswelele lo tshela, lo tsamaye lo tlhamaletse mo tseleng ya tlhaloganyo.’”Diane 9:3-6.

Botlhale bo rometse basetsana ba jone go ya go laletsa batho. Ba ile kwa mafelong a botlhe koo ba ka kgonang go laletsa batho ba bantsi teng. Mongwe le mongwe o a lalediwa—ba ba  “seng botlhale,” kana ba ba tlhokang tlhaloganyo le ba ba se nang maitemogelo. (Diane 9:4) Mme ba solofediwa botshelo. Botlhale jo bo mo Lefokong la Modimo, go akaretsa jo bo mo bukeng ya Diane, bo ka bonwa mo e ka nnang ke mongwe le mongwe. Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba e leng barongwa ba botlhale jwa boammaaruri, ba tshwaregile ka go laletsa batho, gongwe le gongwe koo ba ka bonwang teng, gore ba ithute Baebele. Ebu, go nna le kitso eno, go ka dira gore motho a bone botshelo jo bo sa khutleng.—Johane 17:3.

Ka boikokobetso Bakeresete ba tshwanetse go amogela kgalemelo e botlhale bo ba neelang yone. Basha le batho ba ba sa tswang go ithuta ka Jehofa bosheng jaana ke bone segolobogolo ba tshwanetseng go dira jalo. E re ka ba se na maitemogelo a a kalo ka ditsela tsa Modimo, ba ka nna ba bo ba ‘se botlhale.’ Ga se gore maitlhomo a bone otlhe a bosula, mme go tsaya nako le maiteko go dira gore pelo e nne mo boemong jo bo itumedisang Jehofa Modimo tota. Se se tlhoka gore megopolo, dikeletso, dilo tse motho a di ratang le mekgele e dumalanngwe le se Modimo a se amogelang. A bo go le botlhokwa jang ne gore ba “[tlhologelelwe] mashi a a sa tswakanngwang a e leng a lefoko.”—1 Petere 2:2.

Tota e bile, a rotlhe ga re a tshwanela gore re bo re fetile “thuto ya motheo”? Eleruri re tshwanetse go dira gore re kgatlhegele “dilo tse di boteng tsa Modimo” mme re ikotle ka dijo tse di tiileng tsa batho ba ba godileng. (Bahebera 5:12–6:1; 1 Bakorintha 2:10) “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” yo Jesu Keresete a mo okametseng ka tlhamalalo, o abela botlhe dijo tse di tshwanetseng tsa semoya ka tlhoafalo. (Mathaio 24:45-47) E kete re ka ja mo tafoleng ya botlhale ka go ithuta Lefoko la Modimo le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse re di filweng ke setlhopha sa motlhanka ka tlhoafalo.

“O se Ka wa Kgalemela Mosotli”

Dithuto tsa botlhale gape di akaretsa go siamisa le go kgalemela. Karolo eno ya botlhale ga e amogelwe ke mongwe le mongwe. Ka jalo, konelo ya karolo ya ntlha ya buka ya Diane e na le tlhagiso eno: “Yo o siamisang mosotli o itlisetsa tlontlologo, mme yo o kgalemang mongwe yo o boikepo—o itlisetsa bogole. O se ka wa kgalemela mosotli, gore a se ka a go tlhoa.”Diane 9:7, 8a.

Mosotli o boloka sekgopi le letlhoo ka motho yo o lekang go mo thusa go tlhamalatsa tsela ya gagwe. Motho yo o boikepo ga a lemoge botlhokwa jwa go kgalemelwa. A bo go se botlhale jang ne go leka go ruta mongwe yo o tlhoileng boammaaruri kana yo o batlang fela go sotla ka jone, o mo ruta boammaaruri jo bontle jwa Lefoko la Modimo! Fa moaposetoloi Paulo a ne a rera kwa Antioka, o ne a kopana le setlhopha sa Bajuda ba ba neng ba sa rate boammaaruri. Ba ne ba leka go mo tsenya mo kganetsanong ka go mo tlhapatsa le go mo ganetsa, mme le fa go ntse jalo Paulo o ne a bolela fela jaana: “E re ka lo [kgorometsa lefoko la Modimo] lo le ntsha mo go lona e bile lo sa ikatlhole lo le ba ba tshwanelang botshelo jo bo sa khutleng, bonang! re retologela kwa ditšhabeng.”—Ditiro 13:45, 46.

Fa re ntse re leka go fitlhelela batho ba ba dipelo di phepa ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi, e kete re ka nna kelotlhoko gore re se ka ra nnela go ngangisana le go ganetsana le basotli. Keresete Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe jaana: “Fa lo tsena mo ntlong, dumedisang ba ntlo eo; mme fa ntlo eo e tshwanetse, a kagiso e lo e e eleletsang e nne mo go yone; mme fa e sa tshwanela, a kagiso e e tswang mo go lona e boele mo go lona. Gongwe le gongwe fela koo ope a sa lo tsholeng gone kgotsa a sa reetseng mafoko a lona, e re lo tswa mo ntlong eo kgotsa mo  motseng oo lo tlhotlhoreng lorole mo dinaong tsa lona.”—Mathaio 10:12-14.

Tsela e motho yo o botlhale a arabelang ka yone fa a kgalemelwa e farologane le ya mosotli. Solomone o bolela jaana: “Kgalemela motho yo o botlhale mme o tla go rata. Naya motho yo o botlhale mme o tla nna botlhale le go feta.” (Diane 9:8b, 9a) Motho yo o botlhale o itse gore “ga go kotlhao epe e mo nakong eno e bonalang e ipedisa, mme e a hutsafatsa; le fa go ntse jalo morago ga moo, ba ba thapisitsweng ka yone e ba ungwela leungo la kagiso, e leng tshiamo.” (Bahebera 12:11) Le fa gone kgakololo e ka nna ya bonala e utlwisa botlhoko, ke eng fa re tshwanetse go e gana kana go leka go itshireletsa fa go e amogela go tla dira gore re nne botlhale le go feta?

Kgosi e e botlhale e tswelela jaana: “Naya mongwe yo o siameng kitso mme o tla oketsa go ithuta.” (Diane 9:9b) Ga go na ope yo o botlhale thata kana yo o tsofetseng thata go ka tswelela a ithuta. A bo go itumedisa jang ne go bona le e leng batho ba ba setseng ba le mo dingwageng tsa bone tsa botsofe ba amogela boammaaruri mme ba ineela mo go Jehofa! E kete le rona re ka tswelela re na le keletso ya go ithuta le go boloka tlhaloganyo e dira.

“O Tla Okelediwa Dingwaga Tsa Botshelo”

Fa Solomone a ne a gatelela ntlha ya botlhokwa mo kgannyeng e go buiwang ka yone o ne a akaretsa selo se se botlhokwa se se tlhokegang gore motho a bone botlhale. O kwala jaana: “Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale, mme kitso ya Yo O Boitshepotshepo ke se tlhaloganyo e leng sone.” (Diane 9:10) Motho a ka se ka a nna le botlhale jwa bomodimo fa a sa boife Modimo wa boammaaruri ka tlotlo e e boteng. Motho a ka nna a bo a tletse ka kitso mo tlhaloganyong, mme fa a sa boife Jehofa, o tla palelwa ke go dirisa kitso eo ka tsela e e tlotlang Mmopi. A ka nna a bo a dira ditshwetso tse di sa siamang ka dilo tse a di itseng, a dira gore a lebege e le seeleele. Mo godimo ga moo, go nna le kitso ka ga Jehofa, Moitshepi yo Mogolo, go botlhokwa gore motho a nne le tlhaloganyo, e leng karolo e e bonalang ya botlhale.

Botlhale bo ungwa maungo afe? (Diane 8:12-21, 35) Kgosi ya Iseraele e bolela jaana: “Malatsi a gago a tla nna mantsi ka nna, mme o tla okelediwa dingwaga tsa botshelo.” (Diane 9:11) Motho o nna le malatsi a mantsi le dingwaga tsa botshelo ka ntlha ya go itsalanya le botlhale. Ee, “botlhale bo boloka beng ba jone ba tshela.”—Moreri 7:12.

Go dira maiteko a go bona botlhale ke maikarabelo a rona ka namana. Fa Solomone a gatelela ntlha eno, o ne a bolela jaana: “Fa o tlhalefile, o itlhalefetse; mme fa o sotlile, o tla go sikara o le esi.” (Diane 9:12) Motho yo o botlhale o botlhale gore ene ka boene a solegelwe molemo mme fa mosotli a boga e tla bo e le molato wa gagwe. Ebu, re roba se re se jalang. Jalo, e kete re ka ‘tlhwaela botlhale tsebe.’—Diane 2:2.

“Mosadi yo o Sematla o Tsosa Modumo”

Morago ga foo, go farologana le kgang ya pele, Solomone o bolela jaana: “Mosadi yo o sematla o tsosa modumo. Ke seeleele mme ga a itse sepe le e seng. Mme o ntse fa botsenong jwa ntlo ya gagwe, mo setulong, mo mafelong a a kwa godimo a motse, gore a tlhaeletse ba ba fetang ka tsela, ba ba tlhamalalang mo ditselaneng tsa bone: ‘Le fa e le mang yo o se nang maitemogelo a fapogele fano.’”Diane 9:13-16a.

Bomatla bo tshwantshiwa le mosadi yo o modumo, yo o sa kgoneng go itshwara le yo o seeleele. Le ene o agile ntlo. O iphile tiro ya go bitsa mongwe le mongwe yo o se nang maitemogelo. Ka jalo, batho ba ba fetang ba ka itlhophela. A ba tla amogela taletso ya botlhale kana ya bomatla?

“Metsi a a Utswilweng a Monate”

Botlhale le bomatla ka bobedi di laletsa bareetsi gore ba “fapogele fano.” Le fa go ntse jalo, mabaka a teng a farologane. Botlhale bo laletsa batho mo moletlong wa beine, nama le senkgwe. Lebaka le bomatla bo laletsang batho ka lone le re gakolola ka ditsela tsa mosadi yo o se nang boitsholo. Solomone o bolela jaana: “Le fa e le mang yo o seng botlhale—le ene o mo reile a re: ‘Metsi a a utswilweng a monate, le senkgwe se se jelwang mo sephiring—se monate.’”Diane 9:16b, 17.

 Go na le gore “mosadi wa Sematla” a neye batho beine e e tlhakantsweng o ba solofetsa metsi a a utswilweng. (Diane 9:13) Mo Dikwalong, go itumelela monate wa tlhakanelodikobo le mosadi wa gago yo o mo ratang go tshwantshiwa le go nwa metsi a a lapolosang. (Diane 5:15-17) Ka gone, metsi a a utswilweng a emela go tlhakanela dikobo go go sa siamang go go dirwang mo sephiring. Metsi a a ntseng jalo a dirwa gore a bonale e kete a monate—a le botoka go gaisa beine—ka gonne a utswilwe mme a naya motho kgopolo ya gore a ka se tshwarwe. Senkgwe sa sephiri se dirwa gore se lebege se le monate go gaisa senkgwe le nama ya botlhale fela ka go bo se ile sa bonwa ka tsela e e sa tshwanelang. Go leba selo se se thibetsweng le se se direlwang mo sephiring e le se se kgatlhang ke bosupi jwa bomatla.

Le fa gone taletso ya botlhale e akaretsa tsholofetso ya botshelo, mosadi yo o sematla ga a bue sepe ka ditlamorago tsa go latela ditsela tsa gagwe. Mme le fa go ntse jalo Solomone o tlhagisa jaana: “Ga a itse gore ba ba se nang maatla mo losong ba teng, gore ba a ba biditseng ba kwa mafelong a a kwa tlasetlase a Sheole.” (Diane 9:18) Mokanoki mongwe o kwala jaana: “Ntlo ya [mosadi wa sematla] ga se legae go na le moo ke lebitla. Fa o tsena mo go yone o ka se ka wa tswa o tshela.” Go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang ga go botlhale; go ka go bolaya.

Jesu Keresete o ne a bolela jaana: “Tsenang ka kgoro e tshesane; ka gonne tsela e e isang tshenyegong e atlhame e bile e bulegile, mme ba ba tsenang ka yone ba bantsi; fa kgoro e e isang botshelong yone e le tshesane le tsela e pitlagane, mme ba ba e bonang ba le mmalwa.” (Mathaio 7:13, 14) E kete ka metlha re ka ja mo tafoleng ya botlhale mme re nne bangwe ba batho ba ba leng mo tseleng e e isang botshelong.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Motho yo o botlhale o amogela go kgalemelwa

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Go bona botlhale ke boikarabelo jwa motho ka namana