Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna o Ipela mo go Direleng Jehofa

Nna o Ipela mo go Direleng Jehofa

 Nna o Ipela mo go Direleng Jehofa

“Ka metlha ipeleng mo Moreneng. Ke tla boa gape ke re, Ipeleng!”—BAFILIPI 4:4.

1, 2. Mokaulengwe mongwe le lelapa la gagwe ba ne ba kgona jang go nna ba itumetse le mororo ba ne ba latlhegetswe ke sengwe le sengwe se ba neng ba na le sone?

JAMES yo e leng Mokeresete wa dingwaga di le 70 yo o nnang kwa Sierra Leone, o ne a ntse a dira ka natla botshelo jotlhe jwa gagwe. Akanya ka boipelo jo a ileng a nna le jone fa kgabagare madi a a neng a ntse a a kgobokanya a lekana go reka ntlonyana e ntle ya diphaposi tse nnè! Le fa go ntse jalo, nakonyana morago ga gore James le lelapa la gagwe ba fudugele mo go yone, go ne ga runya ntwa ya selegae kwa nageng eo mme ntlo ya bone ya jewa yotlhe ka molelo. Ba ne ba latlhegelwa ke ntlo, mme gone, ba se ka ba latlhegelwa ke boipelo jwa bone. Ka ntlha yang?

2 James le lelapa la gagwe ba ne ba nna ba tlhomile mogopolo mo go se ba neng ba sa ntse ba na le sone, e seng mo go se se neng se ba latlhegetse. James o tlhalosa jaana: “Tota le e leng mo masetlapelong ao, re ne re tshwara dipokano, re bala Baebele, re rapela mmogo le go nna re abela batho ba bangwe bonnye jo re neng re na le jone. Re ne ra kgona go nna re ipela ka gonne re ne re tlhomile mogopolo mo kamanong e e molemo e re nang le yone le Jehofa.” Bakeresete bano ba ba ikanyegang ba ne ba kgona go ‘tswelela pele ba ipela’ ka go nna ba akanya ka dilo tse di molemo tse ba neng ba na  le tsone, se segolo go di gaisa mo go tsone e le go nna le botsala jo bogolo le Jehofa. (2 Bakorintha 13:11) Ke boammaaruri gore go ne go se motlhofo go itshokela kutlobotlhoko e ba neng ba le mo go yone. Mme gone, ba ne ba se ka ba tlogela go ipela mo go Jehofa.

3. Bakeresete bangwe ba pele ba ne ba kgona jang go nna ba ipela?

3 Bakeresete ba pele ba ne ba lebana le diteko tse di tshwanang le tse di tlhagetseng James le lelapa la gagwe. Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ile a kwalela Bakeresete ba Bahebera jaana: “[Lo ne lwa] itshokela ka boipelo go gapiwa ga dilo tsa lona.” Go tswa foo Paulo o tlhalosa se se neng se dira gore ba ipele jaana: “Lo itse gore lona ka bolona lo na le thuo e e botoka le e e nnelang ruri.” (Bahebera 10:34) Ee, Bakeresete bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le tsholofelo e e maatla. Ba ne ba letile ka tsholofelo go amogela sengwe se ba neng ba se kitla ba se amogwa—“serwalo sa botshelo” se se sa nyeleleng mo Bogosing jwa Modimo jwa selegodimo. (Tshenolo 2:10) Gompieno, tsholofelo ya rona ya Bokeresete—ya kwa legodimong kana ya mo lefatsheng—e ka re thusa go nna re ipela tota le fa re lebane le dipitlagano.

“Ipeleng mo Tsholofelong”

4, 5. (a) Ke eng fa kgakololo ya ga Paulo ya gore Baroma ba ‘ipele mo tsholofelong’ e ne e le mo nakong tota? (b) Ke eng se se ka dirang gore Mokeresete a se ka a tlhola a tsaya tsholofelo ya gagwe e le botlhokwa?

4 Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa badumedikaene ba Roma go ‘ipela mo tsholofelong’ ya botshelo jo bo sa khutleng. (Baroma 12:12) Kgakololo eo e ne e tlile ka nako mo Baromeng. Mo e ka nnang dingwaga tse di sa feteng lesome morago ga gore Paulo a ba kwalele, ba ne ba welwa ke dipogiso tse di setlhogo mme ba bangwe ba ne ba tlhokofadiwa go fitlha ba swa ka taelo ya Mmusimogolo Nero. Ga go pelaelo gore ba ne ba nonotshiwa go itshokela pogo ya bone ke tsholofelo e ba neng ba na le yone ya gore Modimo o ne a tla ba naya serwalo sa botshelo se a se ba solofeditseng. Go tweng ka rona gompieno?

5 Le rona re lebeletse go bogisiwa ka go bo re le Bakeresete. (2 Timotheo 3:12) Mo godimo ga moo, re a itse gore rotlhe re welwa ke “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) Mongwe yo re mo ratang a ka tlhagelwa ke kotsi a swa. Bolwetse jo bo diphatsa bo ka bolaya motsadi kana tsala ya rona e kgolo. Fa re sa tlhome mogopolo sentle mo tsholofelong ya rona ya Bogosi, re ka koafala semoyeng fa re welwa ke diteko tse di ntseng jalo. Ka gone, go molemo fa re ipotsa gore, ‘A ke “ipela mo tsholofelong”? Ke ipha nako ya go tlhatlhanya ka yone gangwe le gape go le kana kang? A ke tsaya Paradaise e e tlang e le selo sa mmatota? A ke ipona ke le mo go yone? A ke tlhoafaletse go tla ga bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo jaaka fa ke ne ke go tlhoafaletse fa ke ne ke simolola go ithuta boammaaruri?’ Potso eno ya bofelo e re tlhoka gore re e akanyetse ka kelotlhoko. Ka ntlha yang? Ka gonne fa re itekanetse sentle, re tshela botshelo jo bo monate e bile re tshela mo karolong ya lefatshe e e batlang e sa amiwe go le kalo ke dintwa, tlhaelo ya dijo, kana masetlapelo a tlholego, re ka nna ra se ka ra tlhola re bona go tla ga lefatshe le lesha la Modimo go le botlhokwa thata.

6. (a) Fa Paulo le Silase ba ne ba le mo pitlaganong, ba ne ba tlhoma megopolo ya bone mo go eng? (b) Sekao sa ga Paulo le Silase se ka re kgothatsa jang gompieno?

6 Paulo o ile a tswelela ka go gakolola Baroma go ‘itshoka mo pitlaganong.’ (Baroma 12:12) Paulo o ne a tlwaetse dipitlagano. Nako nngwe o ne a bona mo ponatshegelong monna yo o neng a mo kopa gore a ‘tle kwa Makedonia’ a tle go thusa batho ba koo go ithuta ka Jehofa. (Ditiro 16:9) Foo Paulo, a na le Luke, Silase le Timotheo ba ile ba tsaya loeto ka sekepe go ya kwa Yuropa. Barongwa bano ba ba tlhagafetseng ba ne ba tlile go kopana le eng? Pitlagano! Fa Paulo le Silase ba sena go rera mo motseng wa Makedonia wa Filipi, ba ne ba setlakwa le go latlhelwa mo kgolegelong. Ga go pelaelo gore e ne e se fela gore baagi bangwe ba Filipi ba ne ba sa kgatlhegele molaetsa wa Bogosi—ba ne ba le kgatlhanong le one fela thata. A ditiragalo tseno di ne tsa dira gore barongwa bano ba ba tlhagafetseng ba felelwe ke boipelo jwa bone? Nnyaa. Fa ba sena go itewa le go latlhelwa mo kgolegelong, “mo e ka nnang gare ga bosigo Paulo le Silase ba ne ba rapela e bile ba baka Modimo ka pina.” (Ditiro 16:25, 26) Ke boammaaruri gore botlhoko jwa go itewa ga ga Paulo le Silase bo ne bo sa ba leretse boipelo, mme barongwa  bano ba babedi ga ba a ka ba tlhoma mogopolo mo go seo. Ba ne ba tlhomile megopolo mo go Jehofa le ditsela tse a neng a ba segofatsa ka tsone. Paulo le Silase e ne e le dikao tse di molemo mo bakaulengweng ba bone ba Filipi le ba mafelo a mangwe ka go ‘itshoka mo pitlaganong’ ka boipelo.

7. Ke eng fa dithapelo tsa rona di tshwanetse go akaretsa go leboga?

7 Paulo o ile a kwala jaana: “Nnelang ruri mo thapelong.” (Baroma 12:12) A o tle o rapele fa o le mo tlhobaelong? O rapelela eng? O ka tswa o umaka bothata jo o lebaneng le jone le go kopa thuso ya ga Jehofa. Mme o ka akaretsa le mafoko a go lebogela masego a o nang le one. Fa mathata a tlhaga, go akanya ka tsela e e molemo e Jehofa a dirisanang le rona ka yone go ka re thusa go ‘ipela mo tsholofelong.’ Dafide yo botshelo jwa gagwe bo neng bo tletse matshwenyego, o ile a kwala jaana: “O dirile dilo di le dintsi, wena Jehofa Modimo wa me, le eleng ditiro tsa gago tse di gakgamatsang le dikakanyo tsa gago mo go rona; ga go na ope yo o ka tshwantshiwang le wena. Fa ke ne nka sekamela go di bolela le go bua ka tsone, di dintsi go gaisa ka mo ke ka anelang ka teng.” (Pesalema 40:5) Fa ka metlha jaaka Dafide re tlhatlhanya ka masego a re a amogelang go tswa mo go Jehofa, re tla nna le boipelo jo bogolo.

Nna le Maikutlo a a Siameng

8. Ke eng se se thusang Mokeresete go nna a itumetse fa a bogisiwa?

8 Jesu o kgothaletsa balatedi ba gagwe go nna le maikutlo a a siameng ba fa lebana le dipitlagano tsa mefutafuta. A re: “Go itumela lona fa batho ba lo kgoba ba bo ba lo bogisa e bile ba bua ka lona selo le fa e ka nna sepe fela se se boikepo ka ntlha ya me.” (Mathaio 5:11) Ke lebaka lefe le le tshwanetseng go re dira gore re itumele mo maemong a a ntseng jalo? Go kgona ga rona go itshokela kganetso ke bosupi jwa gore moya wa ga Jehofa o na le rona. Moaposetoloi Petere o ne a bolelela Bakeresetekaene ba motlha wa gagwe jaana: “Fa lo kgobelwa leina la ga Keresete, lo itumetse, ka gonne moya wa kgalalelo, one moya wa Modimo, o ntse mo go lona.” (1 Petere 4:13, 14) Jehofa o tla re thusa go itshoka ka moya wa gagwe mme seo se bo se dira gore re nne re ipela.

9. Ke eng se se neng sa thusa bakaulengwe bangwe go nna le mabaka a go ipela fa ba ne ba le mo kgolegelong ka ntlha ya tumelo ya bone?

9 Tota le fa re le mo maemong a a maswe go le kana kang, re ka nna le mabaka a go ipela. Go ne ga nna jalo ka Mokeresete yo o bidiwang Adolf. O nna kwa nageng e go fetileng dingwaga tse dintsi tiro ya Basupi ba ga Jehofa e thibetswe kwa go yone. Adolf le ditsala dingwe tsa gagwe ba ne ba tshwarwa mme ba atlholelwa go nna kwa kgolegelong lobaka lo loleele ka ntlha ya go gana go itatola ditumelo tsa bone tse di thailweng mo  Baebeleng. Botshelo kwa kgolegelong bo ne bo se motlhofo, mme Adolf le ditsala tsa gagwe ba ne ba nna le mabaka a go leboga Modimo, fela jaaka Paulo le Silase. Ba bolela gore go ya ga bone kwa kgolegelong go ne ga ba thusa go nonotsha tumelo ya bone le go nna le dinonofo tse di molemo tsa Bokeresete, tse di jaaka go nna pelotshweu, kutlwelobotlhoko le go nna le lorato lwa bokaulengwe. Ka sekai, fa mogolegwa a ne a romeletswe sephuthelwana go tswa kwa gae, o ne a kgaoganya se a se romeletsweng le badumedikaene ba ba neng ba tsaya dilwana tseo tse di oketsegileng e le tse di tswang kwa go Jehofa yo tota e leng ene Monei wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng.” Ditiro tse di ntseng jalo tsa bopelonomi di ne di dira gore moabi le ba ba abelwang ba ipele. Ka gone selo se go neng go akanngwa gore se tla ba koafatsa tumelo tota e ne ya nna sone se se neng sa ba dira gore ba nonofe semoyeng!—Jakobe 1:17; Ditiro 20:35.

10, 11. Kgaitsadi mongwe o ile a itshokela jang go botsolodiwa go go neng ga felela ka gore a tsenngwe lobaka lo loleele mo kgolegelong?

10 Ella, yo le ene a nnang mo nageng e tiro ya Bogosi e neng e thibetswe mo go yone ka lobaka lo loleele, o ne a tshwarwa ka ntlha ya go bolelela batho ba bangwe tsholofelo ya gagwe ya Bokeresete. O ne a fetsa dikgwedi di le robedi ba mmotsolotsa ba sa fetse. Fa kgabagare a sekisiwa, o ne a atlholelwa dingwaga di le lesome mo kgolegelong e go neng go se na baobamedi ba bangwe ba ga Jehofa kwa go yone. Ella o ne a na le dingwaga di le 24 fela ka nako eo.

11 Ke boammaaruri gore Ella o ne a sa itumelele gore o tlile go fetsa bontsi jwa dingwaga tsa gagwe tsa bosha mo kgolegelong. Le fa go ntse jalo, e re ka a ne a ka se fetole maemo a gagwe, o ne a bona gore a fetole tsela e a lebang dilo ka yone. O ile a simolola go tsaya kgolegelo e le tshimo e a ka neelang bosupi mo go yone. A re: “Go ne go na le tiro e ntsi ya go rera mo e leng gore dingwaga di ne tsa tsamaya ka bonako.” Fa go sena go feta lobaka lo lo fetang dingwaga tse tlhano, Ella o ne a botsolodiwa gape. E ne ya re fa babotsolodi ba gagwe ba lemoga gore kgolegelo e ne e sa koafatsa tumelo ya gagwe, ba ile ba mo raya ba re: “Re ka se ka ra go golola; ga o ise o fetoge.” Ella o ile a ba araba jaana a sa okaoke: “Mme gone ke fetogile!” Jaanong ke na le maikutlo a a molemo go feta fa ke ne ke fitlha la ntlha mo kgolegelong, mme tumelo ya me e nonofile go feta pele!” Mme o ne a oketsa jaana: “Fa lo sa batle go nkgolola, ke tla nna mono go fitlha Jehofa a bona go tshwanela gore a nkgolole.” Dingwaga tse tlhano le sephatlo tse Ella a di feditseng a tswaletswe di ne di sa mo amoga boipelo! O ne a ithuta go kgotsofalela maemo le fa e le afe a o iphitlhelang a le mo go one. A o ka ithuta sengwe mo sekaong sa gagwe?—Bahebera 13:5.

12. Ke eng se se ka dirang gore Mokeresete a ritibale maikutlo fa a lebane le maemo a a thata?

12 O se ka wa tsaya gore Ella o kgona go lebana le dikgwetlho tseno ka go bo a na le bokgoni bongwe jo bo sa tlwaelegang. Ella o ipolela jaana fa a bua ka nako e a neng a botsolodiwa ka yone mo dikgweding tsa pele ga a atlholwa: “Ke sa ntse ke gopola kafa ke neng ke tshogile e bile ke ntaana meno ka teng, e ne e kete ke lemphorwana le tshogile.” Le fa go ntse jalo Ella o na le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa. O ile a ithuta go mo ikanya. (Diane 3:5-7) Ka ntlha ya seo, o tsaya Modimo e le motho wa mmatota go feta pele. O tlhalosa jaana: “Nako le nako fa ke ne ke tsena mo phaposing e ke neng ke botsolodiwa mo go yone, ke ne ke ikutlwa ke ritibala. . . . Nako le nako fa seemo se tshosa go feta pele, ke ne ke ikutlwa ke ritibala le go feta pele.” Jehofa ke ene yo o neng a mo thusa go ritibala jalo. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa jaana: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.”—Bafilipi 4:6, 7.

13. Ke eng se se re tlhomamisetsang gore fa re welwa ke pitlagano re tla nna le nonofo ya go itshoka?

13 Ella, yo o ileng a gololwa, o ne a nna a ipela le fa a ne a lebanwe ke mathata. O ne a dira jalo, e seng ka nonofo ya gagwe mme ka nonofo e a neng a e newa ke Jehofa. Go ne go ntse jalo le ka moaposetoloi Paulo, yo o ileng a kwala jaana: “Ke ka mpa ka ipelafatsa ka makoa a me ka go itumela thata, gore maatla a ga Keresete a tle a nnele ruri mo go nna jaaka mogope. . . . Gonne fa ke  le bokoa, ke gone ke leng maatla.”—2 Bakorintha 12:9, 10.

14. Bontsha kafa Mokeresete a ka nnang le maikutlo a a molemo ka teng fa a lebane le seemo se se gwetlhang le gore matswela e ka nna afe.

14 Mathata a o lebanang le one ka namana a ka tswa a farologane go sekae le a re buileng ka one fano. Mme gone, le fa mathata e ka tswa e le a mofuta ofe, ga go motlhofo go a itshokela. Ka sekai, mothapi wa gago a ka tswa a go tshwayatshwaya diphoso mo tirong ya gago go feta bathapiwa ba madumedi a mangwe. Go ka nna ga se ka ga kgonega gore o senke tiro e nngwe. O ka dira eng gore o nne o na le boipelo? Gopola Adolf le ditsala tsa gagwe ba go tsenngwa ga bone mo kgolegelong go neng ga ba thusa go nna le dinonofo tse di molemo. Fa o leka ka pelo yotlhe go kgotsofatsa mothapi wa gago—tota le “yo o sa kgotsofaleleng sepe”—o tla nna le dinonofo tsa Bokeresete tse di jaaka boitshoko le bopelotelele. (1 Petere 2:18) Mo godimo ga moo, o ka nna mothapiwa yo o botoka e leng se letsatsi lengwe se ka nnang sa go thusa go bona tiro e e kgotsofatsang go feta eno. Jaanong mma re tlotle ka dilo tse dingwe tse di ka re thusang go nna re ipela mo go direleng Jehofa.

Go Tlhofofatsa Dilo go Dira Gore Motho a Itumele

15-17. Banyalani bangwe ba ile ba lemoga eng se se neng se ka ba thusa go ikimolola kgatelelo tota le fa ba ne ba ka se kgone go tlosa se se neng se e baka?

15 O ka nna wa se ka wa kgona go itlhophela tiro e o e batlang kana lefelo le o ratang go bereka kwa go lone, mme gone, go ka tswa go na le dikarolo tse dingwe tsa botshelo jwa gago tse o ka kgonang go di laola. Akanya ka tiragalo e e latelang.

16 Banyalani bangwe ba Bakeresete ba ne ba laletsa mogolwane go tla go ja le bone kwa legaeng la bone. Mo maitsiboeng ao mokaulengwe le mosadi wa gagwe ba ne ba ipobola gore bosheng jaana ba ntse ba ikutlwa ba imelwa ke mathata a botshelo. Le mororo boobabedi ba ne ba na le tiro e e ba tseelang nako e ntsi, ba ne ba ka se kgone go  batla tiro e sele. Ba ne ba ipotsa gore ba ne ba tlile go itshokela seo lobaka lo lokae.

17 Fa ba kopa mogolwane yono kgakololo, o ile a araba ka go re, “Tlhofofatsang Dilo.” Jang? Monna yono le mosadi wa gagwe ba ne ba dirisa diura tse tharo mo mosepeleng wa go ya tirong le go boa letsatsi le letsatsi. Mogolwane yono yo o neng a itse banyalani bano sentle, o ne a akantsha gore ba akanyetse go fudugela gaufi le kwa ba berekang teng gore ba fokotse nako e ba e fetsang mo mosepeleng wa go ya tirong le go boa letsatsi lengwe le lengwe. Nako e e salang ba ne ba ka e dirisetsa dilo tse dingwe tse di botlhokwa—kana le e leng go ikhutsa fela. Fa mathata a botshelo a go amoga boipelo ka tsela nngwe, ke eng fa o sa leke go bona gore a o ka se tlhofofatse dilo ka go dira diphetogo dingwe?

18. Ke eng fa go le botlhokwa go akanyetsa dilo ka kelotlhoko pele ga o dira ditshwetso?

18 Tsela e nngwe e o ka ikimololang kgatelelo ka yone ke go akanya ka kelotlhoko pele ga o dira ditshwetso. Ka sekai, Mokeresete mongwe o ne a dira tshwetso ya go aga ntlo. O ne a tlhopha polane e e raraaneng thata le mororo a ne a ise a ko a tsamaye a age ntlo. Gone jaanong o a lemoga gore a ka bo a ile a tila mathata a a sa tlhokegeng ka go “akanyetsa dikgato tsa gagwe” pele ga a tlhopha polane ya ntlo ya gagwe. (Diane 14:15) Mokeresete yo mongwe o ne a dumela go saenela modumedikaene setlankana sa kadimo ya madi. Go ya ka tumalano eo ya kadimo, fa yo o adimang madi a ne a ka se kgone go duela kadimo, yo o mo saenetseng o ne a tla patelesega go e duela. Kwa tshimologong dilo di ne tsa tsamaya sentle, mme fa nako e ntse e ya yo o adimileng madi o ne a simolola go se duele. Motho yo o mo adimileng madi o ne a simolola go tlhobaela mme a laela yo o saenileng gore a duele madi ao otlhe a kadimo. Seno se ne sa bakela yo o saenileng bothata jo bogolo. A a ka bo a se kile a tila bothata joo fa a ka bo a ile a akanyetsa dilo ka kelotlhoko thata pele ga a dumela go saenela sekoloto sa yo o adimileng madi?—Diane 17:18.

19. Dingwe tsa ditsela tse re ka fokotsang kgatelelo mo botshelong jwa rona ka tsone ke dife?

19 Fa re lapa, a le ka motlha re se akanye gore re ka fokotsa kgatelelo eo le go boa re nna le boipelo ka go fokotsa nako ya thuto ya Baebele ya motho ka namana, ya tirelo ya tshimo le ya go nna gone mo dipokanong. Ebu, tseno ke dilo tsa botlhokwa tse ka tsone re ka amogelang moya o o boitshepo wa ga Jehofa, o boipelo e leng leungo la one. (Bagalatia 5:22) Ka metlha ditiro tsa Bokeresete di a lapolosa e bile gantsi ga di lapise motho ka tsela e e feteletseng. (Mathaio 11:28-30) Go ka direga gore dilo tse di re tsenyang letsapa ke dilo tse e seng tsa semoya kgotsa ke ditiro tsa boitapoloso, e seng dilo tsa semoya. Go itlwaetsa go robala go sa le gale go ka re thusa go lapologelwa. Go ipha nako e e lekaneng ya go ikhutsa go ka thusa fela thata. N. H. Knorr, yo e neng e le leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa go fitlha a tlhokafala, o ne a tlhola a raya barongwa a re: “Fa o kgobega marapo, selo sa ntlha se o tshwanetseng go se dira ke go ikhutsa. O tla gakgamala tota go bona kafa go nnang motlhofo ka teng go rarabolola mo e batlileng e le bothata bongwe le bongwe fa o ile wa robala nako e e lekaneng!”

20. (a) Sobokanya dingwe tsa ditsela tse di ka re thusang go nna re na le boipelo. (b) Ke mabaka afe a o akanyang gore a tshwanetse go re dira gore re ipele? (Bona lebokoso le le mo go tsebe 17.)

20 Bakeresete ba lesego tota go bo ba direla “Modimo yo o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11) Jaaka fa re bone, re ka kgona go nna re ipela le fa re welwa ke mathata a a masisi. A re nneng re akantse ka tsholofelo ya Bogosi, re fetole tsela e re lebang dilo ka yone fa go tlhokega, re bo re tlhofofatse botshelo jwa rona. Fa re dira jalo, le fa re ka iphitlhela re lebane le maemo afe, re tla tsibogela mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “Ka metlha ipeleng mo Moreneng. Ke tla boa gape ke re, Ipeleng!”—Bafilipi 4:4.

Akanya Thata ka Dipotso Tseno:

• Ke eng fa Bakeresete ba tshwanelwa ke go tlhoma mogopolo thata mo tsholofelong ya Bogosi?

• Ke eng se se ka re thusang go nna re ipela fa re le mo mathateng?

• Ke eng fa re tshwanetse go leka go tlhofofatsa botshelo jwa rona?

• Batho bangwe ba ile ba tlhofofatsa botshelo jwa bone mo dilong dife?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Mabaka a Mangwe a go Ipela:

Rona Bakeresete re na le mabaka a mantsi a go ipela. Akanya ka a a latelang:

1. Re itse Jehofa.

2. Re ithutile boammaaruri jwa Lefoko la Modimo.

3. Re ka itshwarelwa maleo a rona fa re dumela mo setlhabelong sa ga Jesu.

4. Bogosi jwa Modimo bo a busa—lefatshe le lesha le gaufi!

5. Jehofa o re tsentse mo paradaiseng ya semoya.

6. Re na le botsala jo bo molemo jwa Bokeresete.

7. Re na le tshiamelo ya go nna le seabe mo tirong ya go rera.

8. Re a tshela e bile re na le nonofo ka selekanyo se se rileng.

Ke mabaka afe a mangwe a go ipela a o ka a umakang?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Paulo le Silase ba ne ba ipela le fa ba le mo kgolegelong

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

A o tlhomile mogopolo wa gago mo tsholofelong e e itumedisang ya lefatshe le lesha la Modimo?